Ka ga webosaete
Tebo le maikaelelo ka ga webosaete
Bogolo jwa tshedimosetso mo webosaeteng
Dipuo
Dipopego tse dingwe tsa webosaete
Poeledi ya go oketsa tshedimosetso e ntšhwa
Go nna mong wa tshedimosetso
Popego ya ditokomane
A o tlhoka thuso fa o rakana le mathata mo webosaeteng?
Tebo le maikaelelo ka webosaete
Tebo ya Ditirelo tsa Aforika Borwa tsa webosaete ke go neela motswedi o le mongwe wa tshedimosetso ka ga ditirelo tse di neelwang ke puso ya Aforika Borwa. Maikaelelo ke go fedisa go se lekalekane magareng ga ba ba matlafaditsweng le ba ba tseetsweng maatla, ekonomi ya pele le ya bobedi. Webosaete ke tsereganyo e e botlhokwa e e dirisiwang ka maikaelelo a go netefatsa gore baagi ba tla kgona go ikgolaganya le puso
Batho ba go ikaeletsweng gore e tla nna badirisi ba webosaete ke baagi ba Aforika Borwa ba ba leng mo dikarolong tsotlha tsa naga ya rona, mekgatlho le dikgwebo tsa ga jaanong kgotsa tse go ikaelelawang go tlhomiwa, le baagi le mekgatlho e e tswang kwa dinageng disele mme e batla ditirelo go tswa mo pusong ya Aforika Borwa.
Karolo e e botlhokwa ya badirisi e bopiwa ke bagolaganyi jaaka Marakanelo a Setšhaba a Tebodintsi , Badiri ba Tlhabololo ya Setšhaba le Marakanelo a Boleletsomogala a Batho Pele Gateway , ba ba tla thusang ka go bontsha bao ba sa kgoneng go dirisa inthanete ka tlhamalalo, gore webosaete e dirisiwa jaang..
Bogolo jwa tshedimosetso mo webosaeteng
Tshedimosetso ka ga ditirelo tsa puso
Webosaete e na le tshedimosetso ka ga ditirelo tsa puso tse di neelwang kwa maemong a setšhaba a puso.
Tshedimosetso ya ditirelo e kgaogantswe go ya ka mefuta e meraro ya ditirelo:
Ditirelo tsa batho: ditirelo tsa baagi ba Aforika Borwa tse di rulaganngwang go ya ka ditiragalo tsa botshelo.
Ditirelo tsa mekgatlho: ditirelo tse di maleba le mekgatlho le dikgwebo
Ditirelo tsa ditšhaba tse di tswang ka kwa ntle: ditirelo tse di diretsweng fela ditšhaba tse di tswang ka kwa dinageng tsa ka kwa ntle tse di batlang ditirelo tse di maleba tsa puso ya Aforika Borwa.
Karolo nngwe le nngwe e tswelela pele ka go rulaganngwa ka tsela e e leng gore e tla tsamaelana le ditiragalo tsa botshelo . Ditiragalo tsa botshelo di kgaoganngwa go ya pele ka dikgato tsa botshelo.
Tshedimosetso ka ga tirelo nngwe le nngwe e rulagantswe go ya ka dikarolo di le supa tsa botlhokwa, e leng, tlhaloso, dikgato tse di tshwanetseng go latelwa, melao e e dirisitsweng, boemo jwa tirelo, tlhotlhwa, diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa le bodirelo, diaterese le megala.
Tshedimosetso e e tsamaelanang
Karolo e ya webosaete, e e tlhagisiwang ka mo letlhakoreng la bara ya go šapa , e na le dikgolagano le diwebosaete tse di tsamaelanang le tiragalo ya botshelo jo bo rileng.
Dipuo
Karolo e ya webosaete, e tlamela ka dipuo di le supa e leng, Sejatlhapi, SeAforikanse, isiXhosa, isiZulu, Sepedi, Sesotho, le Setswana. Go anamisa phitlhelelo ya tshedimosetso mo webosaeteng, go solofelwa fa tshedimosetso e, e tla re kwa bofelong, ya nna teng ka dipuo tsotlhe tse di lesomenngwe tsa semmuso. Phetolelo ya tshedimosetso mo dipuong tsa semmuso tse di setseng, e solofelwa fa e tlabo e feditswe ka Mopitlwe 2007.
Tshedimosetso ya tirelo e kwadilwe lwa ntlha ka Sejatlhapi, mme morago e fetolelwe ka mo dipuong tse dingwe. Tshedimosetso ka ditirelo ka mo dipuong tse dingwe e romelwa morago ga go fetolelwa.
Dipopego tse dingwe tsa webosaete
Dirisa tsebe e e reng Ikgolaganye le rona go tshwaela kgotsa go botsa ka Ditirelo tsa Webosaete tsa Puso.
Kgolagano ya www.gov.za e go neela phitlhelelo ya tsebe ya Aforika Borwa ya go goroga ka "Oneline" e e go neelang phitlhelelo mo webosaeteng e. le Webosaete ya Tshedimosetso ya puso .
Mmapa wa saete o go neela popego ya webosaete ka tlhagiso ya pono. E neelwa go ya ka bogolo/botlhokwa, mme e kgaoganya tshedimosetso e e mo saeteng go ya ka setlhogo se se rileng. Ka jalo, e go kgontsha go ithuta le go itlwaetsa popego ya diteng tsa webosaete.
Tsebegae e neela lenaneo la ditirelo tse fitlhelelwang ka bontsi . Go tsena mo karolong e, go kgontsha go fitlhelela ditirelo tse tlhano tse ditona tse di etelwang ke badirisi. Lenaneo leo le tlwaetswa go ya ka dipalo tsa ditsebe tse di etetsweng.
Lebokoso la go batla le teng mo ditsebeng tsotlhe tsa webosaete. Fa o tsenya lereo le o batlang ka lona, webosaete yotlhe e tla tlhotlhomisiwa go batla mafoko ao. O ka nna gape wa dira patlo ya kgolagano e e gatetseng kwa pele ka go tlhopha . Patlo e e gatetseng kwa pele Patlo e, tiro ya yona ke go tlhotlhomisa mo diwebosaeteng tse dingwe tsa puso
Kgolagano le diwebosaete tsa kwa ntle di supiwa ka mafoko a 'outside link' a a tla tlhagelelang ka mo lebokosong fa khesara ya gago e tsamaisiwa fa godimo ga kgolagano . Webosaete e tla bulega mo widowse e ntšhwa e e tsamatsamayang .
Poeledi ya go oketsa tshedimosetso e ntšhwa
Webosaete e okediwa tshedimosetso e ntšhwa go ya go ile. Molao wa rona ke go neela tshedimosetso jaaka e tsena le fa e le teng. Le fa go ntse jalo, batlhabolodi ba webosaete ya Ditirelo tsa Puso ga ba kgone go netefatsa bontšhwa jwa tshedimosetso e e gatisitsweng mo webosaeteng e nngwe e re golaganeng le yona. Bona Tebo le Maemo mo temaneng ya 4.3..
Go nna mong wa tshedimosetso
Mafapha a puso ke one beng ba tshedimosetso e e leng mo webosaeteng. Tiro e, e neetswe batsamaisi ba go ikgolaganngwang le bone ba mafapha, ba ba nang le boikarabelo jwa tshedimosetso e e phasaladiwang mo webosaeteng.
Ditlhaeletsano tsa Puso ke tsona e nang le maikarabelo a tsamaiso ka kakaretso le go nyalanya diteng tsa webosaete.
Popego ya ditokomane
Popego e kgolo ya tshedimosetso mo webosaeteng ke HTML. Le fa go ntse jalo, mefuta ya ditokomane tsa PDF di a neelwa go somarela thulaganyokalo ya yona ya tlhago.are
Fa o batla go bula ditokomane tsa PDF, o tshwanetse go nna le Adobe Acrobat Reader 4 kgotsa e kgolwane mme e tsenngwe mo khomputareng ya gago. E tla bula ditokomane ka tlhamalalo ka mo boraoseng ya gago.
Ka dinako dingwe, go tsaya nako e telele go bula ditokomane tsa PDF. Mo ntlheng e, re go eletsa gore o e sitlhomolole ka mo khomputareng ya gago mme o e bule go tswa moo.
O dirisa legotlo/mmaoso wa gago, tobetsa ka mo letsogong la moja fa godimo ga tokomane e o batlang go e sitlhomolola.
Mo go window, 'Save as' . tlhopha lefelo mo teraefeng e e thata fa o batlang go bolokela tokomane ya gago teng mme o tobetse konopo e e reng 'Save' . Faele e tla sitlhomolelwa kwa lEfelong le le rileng le o le kaileng.
Bula Puiso ya Akherobete morago o buLe ditokomane tse o di sitlhomolotseng.
O dirisa legotlo/mmaoso wa gago, gatelela sutisa o be o tobetsa legotlo/mmaoso ka mo letsogong la molema mo kgolaganong ya tokomane e o ratang go e boloka.
Mo go windose 'Save As' , tlhopha lefelo mo teraebeng ya gago e e thata fa o batlang go boloka tokomane teng mme o tobetse mo konopong ya 'Save' . Faele eo e tla sitlhomolelwa kwa lefelong le o le kaileng.
Bula Tiriso ya Puiso ya Akerobete mme o bule ditokomane tse o di sitlhomolotseng .
A o tlhoka thuso fa o rakana le mathata mo webosaeteng?
Tsweetswee, ikgolaganye le rona mo go fa o rakana le mathata mabapi le webosaete.
