

Go tlile go thatafala 


Ikonomi ya lefatshe e mo seemong se se masisi go feta mo dingwageng tse di fetileng. Go ya ka pego ya International Labour Organisation batho ba le dimilione di le 18 ba lebagane le go latlhegelwa ke ditiro tsa bona mo ngwageng o. Palo e go bonala e ka tlhatlhogela kwa godimo. Lefatshe lotlhe le amilwe ke seemo se sa ikonomi e e koafetseng. Fa go lejwa mafatshe a 
mantsi go kaya United States, Brithani le France go tota go boifisa. Afrika 
Borwa yona ga e a amega thata mme e bile re ikaelela go netefatsa gore maemo a nna fela jalo. Maikaelelo a rona ke gore re dire botoka gore re kgone go tlamela ditlhokego tsa batho ba rona. Re ikaelela go dirisa nako e e tlang go lebagana le mathata a a re tobileng. 
Jaaka lefatshe lotlhe, ikonomi ya rona e gola ka bonya. Le rona re lebagane 
le go latlhegelwa ke ditiro mme batho ba le bantsi ba tlile go fitlhela go le 
boima go tlamela magae a bona. Ga ikonomi e koafetse mmuso o kgobokanya lekgetho le le kwa tlase. Se se kaya gore mmuso o tshwanetse go adima madi 
go fitlhelela ditlhokego tsotlhe tsa ona. 
Mmuso o tlile go tswelela ka go godisa ditirelo go thusana le batho ba ba humanegileng mme ditiro tsa setshaba di tla atisa dithono tsa go dira. Go feta dibilione di le 780 tsa diranta di tlile go dirisiwa mo diporojekeng tsa ditiro mo dingwageng tse tlhano tse di latelang. Tse di akaretsa diteishene tsa motlakase, ditsela le mmila wa terene, go tlhabolola mafaratlhatlha a metsi le go aga matlo. Re tlile go dira le mekgatlho ya kgwebo le mekgatlho ya badiri go netefatsa gore ga go latlhege ditiro tse dintsi. 
Dinaga tse dintsi ga di kgone go tsibogela maemo a jaaka rona. Afrika 
Borwa e kgona go tsaa dikgato tsa go sireletsa ikonomi ya rona le bao ba humanegileng ka gonne mo dingwageng tse di fetileng re tshwere madi a rona ka manontlhotlho. Re bolokile madi ga ikonomi ya rona e ne e dira sentle. Ke ka goo re kgonang go oketsa madi a go lere ditirelo mo setshabeng. 
Dintlha-kgolo ke tse: 
 	
R45 bilione e tla abelwa diporofensi go tlhabolola thuto, bophelo le ditsela le go tlhabolola magae 

 	
R10.9 bilione a beetswe matlo, metsi le ditirelo tsa masepala 

 	
R5.4 bilione e okeleditswe go tlhabolola tsa bosiamisi 

 	
R6.4 bilione e tla abelwa go lebagana le teranseporoto ya botlhe, le mafaratlhatlha a mebila le seporo 


Le ga mmuso o tlile go semelela go leka go lebagana le ditirelo tsa maAfrika 
Borwa, go tlile go nna boima. Badiredi ba mmuso ba tshwanetse go lemoga 
gore ditlamelo tsa puso ke tsa batho ba Afrika Borwa botlhe. Batho botlhe 
ba na le maikarebelo a go netefatsa gore madi ga a senngwe ke badiredi ba mmuso. Re tshwanetse go dira mmogo go tlhabolola maemo a ikonomi ya rona. 




Puso e dira ka natla go thusa batho ba ba sa direng ka ditiro. Lenaneo la ditiro tse di atolositsweng le simolotse ka 2004/05. Mo dingwageng tse tlhano lenaneo le le tlhotse ditiro di le 70 000 go bao ba se nang boitseanape ba tiro. Ditiro tse di tlhotswe ka go oketsa palo ya badiri ba ba dirang mo diporejekeng tsa mmuso mo go tliseng ditirelo tsa sethaba. Le ga ditiro tse e le tsa nakwana batho ba bone boitseanape ba go dira. Go tloga ka 2009 mmuso 


o tla atolosa ditiro. Go beetswe thoko madi a a kana ka R4.1 bilione go tlhola ditiro tse dintsi mo dingwageng tse tlhano tse di tlang. Ditiro tse di tlile go nna jaana: 
 	
Go thusetsa bao ba lwalang kwa magaeng a bona 

 	
Go aga , go tlhokomela le go sireletsa tsa tlhago 

 	
Mananeo a masha a a tsamaisiwang ke dikopano tsa bao ba sa direleng morokotso, ba tsa sedumedi le badiredisethaba 


Mmuso o ikaeletse go oketsa palo ya ditiro tsa seleruri di le 
400 000 ka ngwaga go fitlha ka 
2014 go thusana le maitlhomo a go lwa le bohuma le botlhokatiro. 
Mmuso o tlile go abela madi a 
katlatleloloago go maAfrika 
Borwa a le dimilione di le lesome le boraro. Lenaneo le tlile go thusa ba o ba humanegileng, bana ba bannye, bao ba sa itekanelang le batsofe. 
Mmuso o tlile go bonelela bao ba sa tswang go latlhegelwa ke ditiro tsa bona, e bile o letla bao ba se nang madi go tsena sekolo, ditirelo tsa maphelo le tsona di ka bonwa mahala go tsenyeletsa metsi le motlakase go bao ba aperweng ke lehuma. Batho ba ba gateletsweng ba ka bona thuso ya nakwana dikgwedi di le 
thataro. Go fitlhela dingwaga tse 
di sometlhano bana bao batsadi ba bona ba amogelang ka fa tlase ga R2 300 ka kgwedi ba ka bona madi a katlaatleloloago. Banna ba ba kwa godimo ga dingwaga tse di 63 le basadi ba dingwaga tsa bona di leng kwa godimo ga 60 ba ka bona madi a phenshene ga ba amogela madi a a kwa tlase ga a a rileng. Go tloga ka Moranang 2009 dingwaga tsa banna tsa go amogela phenshene ya batsofe e tla nna 61 mme ka Moranang 2010 e tla theogela go 

60. 
Madi a katlatleloloago a tla okediwa jaana: 
 	
Ya batsofe, bao ba sa itekanelang le bao ba tlhokomelang bana e tla nna R1 010 ka kgwedi 

 	
Ya bana e tla okediwa go ya go R240 ka kgwedi 

 	
Ya bao ba tlhokomelang dikhutsana e tla okediwa ka R30 go ya go R680 ka kgwedi 


Ka 2009/10 madi a a tla ya go dibilione di le R80 e leng diperesente tse 12 tsa tiriso ya 
madi a mmuso. Se se dira Afrika 
Borwa setshaba se se kwa godimo mo go ba ba tsenyang madi go thusa bao ba sa kgoneng. 
Tsamaiso ya tlhaolele e pateleditse badiri go nna kgakala le diteropo tseo ba dirang kwa go tsona. Go tlhofofaletsa bao ba amegang mmuso o jala madi a mantsi mo teranseporotong ya botlhe. 
Go tlile go agiwa diporo, go be go rekwa le diterene. Dibese tse dintha di tlile go tsenngwa mo mebileng, mme teranseporoto ya dibese le diterene e tlile go abelwa madi. Ditekisi tsa kgale di tlile go ntshiwa mo mebileng. 25 bilione ya diranta e tlile go abelwa ba Rail Commuter Corporation go reka diterene le go oketsa mebila ya diterene kwa mafelong a masha. Mmuso e bile o oketsa tekanyetsokabo go tlisa batlhankedi ba batla tlhokomelang gore dikotsi le go diega ga diterene go fokotsetse. Porojeke ya Gautrain e e bitsang R25 bilione is setse e ya kwa bofelong mme terene e tla bo e tsamaya go tloga kwa boema-fofaneng ba OR Tambo go ya kwa Sandton go sa le gale ka 2010. Mmuso o abela diteropo tse dikgolo R12 bilione mo dingwageng tse tharo tse di tlang go thusa go aga mafaratlhatlha a dibese tsa bonako. Johannesburg is setse e le kwa pele mme e bile e ikaeletse go dirisa R1.2 bilione go tsweletsa Rea Vaya pele. Cape Town yona e setse e ntshitse thendara ya R600 milione go simolola tiro e lebaganeng le lenaneo le la dibese tsa bonako. 
Go netefatsa gore teranseporoto ya botlhe e bolokegesile, R350 dimilione e beetswe thoko go duela boraditekisi gore ba reke dikoloi tse dintsha. Go lebeletswe gore ditekisi di le 17 000 di ntshiwe mo mebileng mo dingwageng di le tharo tse di latelang. 
Madi a go tlamela teranseporoto ya kwa magaeng e teng mo tekanyetsokabong. 



