Tuelelopele ya botsietsi jwa 419 le botsietsi jwa lothari
Tlhaloso
Selo se se bidiwang Lekwalo la Botsietsi la Nigeria ke tuelopele e e boteng ya tsietso. Tsietso e gape e itsegeng ka leina la "419 scam" mme e dirisiwa ke motsietsi, gantsi ke tokololo ya sindikheite ya bosenyi.
Botsietsi jo bo simolola ke motsietsi ka go ikgolaganya le setlamo beilweng leitlho, e ka nna ka fekese, poso kgotsa ka emeile. Go le gantsi, tlhagiso ya kgwebo e diraw ke sindikheite e e itirang jaaka e kete ke batlhankedi ba puso ba ba kwa godimo. Batsietsi ba itlhagisa ka gore ba na le madi a a fetang tekanyo, gantsi ba a bitsa ka didolara tsa Amerika. Tlhagiso e bontsha go fetisediwa ga madi a a fetang tekanyo go ya kwa akhaotong mo nageng e e kwa ntle kwa Botsietsi jo bo simolotseng teng. Motho yo go kwalelanwang le ena, o solofetswa go amogela diporosente di le magareng ga 20 go ya go 35 tsa madi a a tla romelwang jaaka morokotso ka ntlha ya fa go dirisitswe akhaoto ya gagwe ya banka
Madi a ka bonwa mo go motswasetlhabelo ka ditsela tse di farologaneng:
Motswasetlhabelo a ka kopiwa go tsenya madi mo akhaotong ya banka e e rileng go thusa go duelela ditshenyegelo go wetsa kgwebisano.
Fa tuelo ya ntlha e setse e duetswe, "mathata "a ka nna a tsoga a a ka dirang gore go duelwe madi a mangwe gape.
Kopano e ka nna ya rulaganngwa mo dinageng tse dingwe, mme fa e le gore motswasetlhabelo o mo nageng e e tlhophilweng, phaseporoto ya gagwe e ka nna ya tsewa, mme ena a tshwarwa go fitlhela madi a a batliwang a duelwa.
Dintlha tsa botlhokwa tsa banka di ka nna tsa dirisiwa go fetisetsa madi go tswa mo akhaotong ya banka ya motswasetlhabelo, mme a tsenngwa ka mo akhaotong ya disenyi tse di mo taolong
Botsietsi jwa lothari bo simololwa ke motsietsi yo o ikgolaganyang le batho bangwe ka bophara, gantsi ka tiriso ya emeile. Motsietsi o itlhagisa jaaka motlhankedi wa Setlamo sa Lothari mme o gakolola batho bongwe ka bongwe gore ba amogetse madi a go tlhophiwa mo lotharing, le fa motho a sa reka thekete. Dinomoro tse di atlegileng di tla bidiwa ka kwalelano le fa go ntse jalo, Setlamo sa Lothari se motsietsi a reng o mo go sona, o ka fitlhela se le teng ka tota, mme dinomoro tse a di bitsang e ka nna tsona tse di atlegileng , se, ke Botsietsi. Ditsela tse, ke tse di dirisiwang le Botsietsi jwa 419 go ntsha madi mo go motswasetlhabelo yo o tlhophilweng A
Tshedimosetso e nngwe gape e tshwaragane le:
http://www.saps.gov.za/crime ... prevention/commercial ... crime/419 ... scams/419 ... index.htmmalebana le botsietsi jo bo leng teng, e ya go webosaete ya Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa mo go nang le dintlha tse di amanang le ditiragalo tse tsa dithulaganyo, ditshupo tsa botsietsi, se se ka diragalang, ditsela tse di farologaneng tse ka tsona madi a ka bonwang go tswa go motswasetlhabelo, ga mmogo le ditsela tse di ka tsewang kwa tshimologong go thibela botsietsi, le tsona di a bontshiwa ka botlalo.
Fa o batla go bona tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Sepodisi sa Ditirelo sa Aforika Borwa.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
Baagi ba mo Aforika Borwa:
Fa o amogetse lekwalo la botsietsi, romela ditokomane tsotlhe, tshedimosetso le makwalo otlhe kwa go tireloboemong jwa semmuso jwa boditšhabatšhaba jo bo golaganyang ditirelo tsa sepodisi tsa setšhaba se e leng tokololo
Bontsha gore "Go na le tshenyegelo ya madi" kgotsa "Ga go na tshenyegelo ya madi" mo ditokomaneng.
Neelana ka bonno, diaterese le megala ya gago kgotsa tsa batho ba ba amegang.
Mo ditirelong tsotlhe tse di amanang le botsietsi, Tireloboemong jwa semmuso jwa boditšhabatšhaba jo bo golaganyang ditirelo tsa sepodisi tsa setšhaba se e leng tokololo se tla ikgokaganya le Yuniti ya Tshenyo ya Kgwebo ya Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa .
Fekesa khopi ya kwalelano ya "419" e o e amogetseng kwa go Mosuporintente wa Yuniti ya Tshenyo ya Kgwebo ya Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa kgotsa kwa Boikanising /Embasing/Lefelo le go nnang moemedi wa Botlhe wa Boditšhaba yo gaufi mo Aforika Borwa go dira phetisetso pele kwa go Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa
Neelana ka dintlha tsa botlhokwa tsa mo o bankang madi a gago teng .
Bontsha gore "Go na le ditshenyegelo" kgotsa "Ga go na ditshenyegelo".
Fa e le gore go na le kgolaganyo ya Aforika Borwa mo tiragalong ya "419" ,neelana ka dintlha tsotlhe tse di nepagetseng.
Neelana ka bonno, diaterese le megala kgotsa tsa batho ba ba amegang.
Molao o o dirisiwang
Boemo jwa Tirelo
Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa se tlhotlhomisa nako e dipegelo di tshwanetseng go ntshiwa ka yona. Dipegelo gantsi di ntshiwa mo bekeng tse pedi tse go ya ka maemo a molato
Dipegelo tsa tswelopele di ka se ke tsa romelwa mo bathong fa e le gore ga go na ditshenyegelo dipe. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore Ditirelo tsa Sepodisi sa Aforika Borwa di newa dikhopi tsa makwalo a Botsietsi a "419" gore a tsenngwe mo dathabeising ya tsona
Bodiredi jwa Boditšhaba jwa Aforika Borwa jo bo leng kwa moseja, bo tshwanetse go romela ditokomane tsa ditiragalo mo e leng gore go na le ditshenyegelo tsa SAPS mo diureng di le 48 morago ga go amogela ditokomane tseo.
Tlhotlhwa
Tirelo e, ga e duelelwe.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Ga go na diforomo, fela go botlhokwa go bontsha mo ditokomaneng fa e le gore go na le madi a a dirisitsweng.
Bodirelo, diaterese le megala
