Tikwatikwe ya 10 111
Tlhaloso
Dikgato tse di latelwang
Molao o dirisiwang
Boemo jwa tirelo
Tlhotlhwa
Diforomo tse tladiwang
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Tlhaloso
E ke tikwatikwe ya diura di le 24 ya go bega bosenyi ka dingongorego go tswa go baagi. Go ka dirisiwa mogala wa telkom kgotsa selula. Megala yotlhe e e yang kwa tikwatikweng e e a gatisiwa.
Ela tlhoko: Leletsa mogala o fela ka maemo a tshoganyetso. Se o dirise botlhaswa ka ntlha ya fa se:
se thibela batho ba ba mo maemong a a kotsi mme ba tlhoka thuso ya sepodisi e le tshenyo ya nako ya sepodisi ka ntlha ya fa batlhankedi ba ka tshwanelwa ke go kgweetsa kgotsa go fofela kwa lefelong le le kailweng tshenye ya didiriswa tsa sepodisi ka ntlha ya fa batlhankedi ba ka bewa kwa mafelong a a senang maemo a tshoganyetso.
Mabapi le dingongorego tse di seng matshosetsi le dipotso ka kakaretso, leletsa seteišene se se gaufi sa sepodisi.
Godimo
Dikgato tse di latelwang
Leletsa mogala wa 10 111 gongwe le gongwe mo Aforika Borwa.
Modiredi wa tikwatikwe ya megala o araba mogala a bo a tsaya dintlha tsotlhe tse di maleba
Tshedimosetso e a gatisiwa mme o newa nomoro ya boitshupo go ka e dirisa mo kgolaganong ya gago le bona mo nakong e e tlang.
Ngongorego e neelwa Tikwatikwe ya Ditirelo tsa Setšhaba tsa SAPS, serori sa karolo eo kgotsa Serori sa Flying Squad e e gaufi.
Godimo
Molao o dirisiwang
Godimo
Boemo jwa tirelo
Megala yotlhe e arabiwa ka bonako jo bo kgonegang.
Godimo
Tlhotlhwa
Fa o letsa ka mogala wa telkom: Tirelo ke ya mahala
Fa o letsa ka selula: Megala e duelewa ka dielo tse di tlwaelegileng tsa sele
Godimo
Diforomo tse tladiwang
Ga go na diforomo tse di tladiwang.
Godimo
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
