Z-Fold (Leaflet)
[Note: as per previous design, six panels available for content]
Panel 1 (cover)
SE LEBELELE KWA THOKO
TSAYA KGATO KGATLHANONG LE TSHOTLAKAKO
MALATSI A LE 16 A KGARATLHELO E E LENG KGATLHANONG LE TSHOTLAKAKO KGATLHANONG LE BASADI LE BANA
25 Ngwanatsele – 10 Sedimonthole
Panels 2 – 4
LETSHOLO LA MALATSI A LE 16 A KGARATLHELO KE ENG?
Malatsi a le 16 a Kgaratlhelo: E e leng Kgatlhanong le Tshotlakako ya Basadi ke letsholo la boditšhabatšhaba le le diragalang ngwaga le ngwaga go simolola ka di 25 Ngwanatsele (Letsatsi la Boditšhabatšhaba le le Kgatlhanong le Tshotlakako ya Basadi) go fitlha ka di 10 Sedimonthole (Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditshwanelo tsa Botho). 
Ka nako e, Puso ya Aforika Borwa e tsweletsa Letsholo la Malatsi a le 16 a Kgaratlhelo leo le ikaelelang go oketsa tsiboso ka ga kutlwalo e e bosula ya tshotlakako ya basadi le bana. E ikaelela gape go dirisa letsholo le go ngoka maphata otlhe a setšhaba go tsaya kgato kgatlhanong le tshotlakako.
Puso e itlamile go aga setšhaba se se rekegelang le go nna le kagiso, seo se sireletsang basadi le bana kgatlhanong le mefuta yotlhe ya tshotlakako. Fa Letsholo la Malatsi a le 16 a Kgaratlhelo le diragala go tswa ka di 25 Ngwanatsele  – 10 Sedimonthole ngwaga mongwe le mongwe, maitlhomo a lone a tsosoloswa ke Lenaneo la ngwaga otlhe la Malatsi a le 365 le Leano la Bosetšhaba.
Ngwaga mongwe le mongwe, puso, ka tshwaraganelo le mekgatlho ya baagi le lephata la kgwebo, e tswelela go dira mmogo go atolosa kutlwalo ya letsholo. Ka go tshegetsa letsholo le, diketekete tsa ma-Aforika Borwa di thusitse gape go oketsa tsiboso ka ga tshotlakako le go tlhola tshegetso ya batswasetlhabelo le bafalodi ba tshotlakako.
O KA DIRA ENG?
Tshegetsa letsholo ka go apara ribone e tshweu ka paka ya malatsi a le 16: Ribone e tshweu ke sesupo sa kagiso mme e supa maitlamo a moapari gore a ka se dire kgotsa a etegetsa tshotlakako kgatlhanong le basadi le bana.
Tsenela letsholo la Diapuisano ka Khompiutara: Dipuisano ka khompiutara di simolotswe go tsweletsa dipuisano mo inthaneteng magareng ga batho go buisana ka merero e e amanang le tshotlakako ya basadi le bana. Go bona tshedimosetso ka botlalo e ya go: www.genderlinks.org.za kgotsa etela Setheo sa Tirelo ya Thusong ya selegae.
Tsaya karolo mo ditiragalong le ditiro tse di farologaneng tsa Malatsi a le 16 a Kgaratlhelo: Go na le ditiragalo tsa khalentara tse di diragalang go ralala naga go tswa ka di 25 Ngwanatsele go fitlha ka di 10 Sedimonthole. Go bona ditiragalo tsotlhe, e ya go: www.womensnet.org.za/calendar.shtml. 
Ithaope mo go tshegetseng mekgatlho e e seng ya puso le ditlhopha tsa baagi tse di tshegetsang basadi le bana: Mekgatlho e mentsi e e thusang batswasetlhabelo le bafalodi ba tshotlakako e tlhoka thuso go tswa kwa bathong. O ka ithaopa ka nako ya gago le go nna le seabe mo tirong ya go thusa ba bangwe. Batla mokgatlho mo lefelong la gago o o ka tsayang karolo mo go one. O ka nne wa fitlhelela kaedi ya mekgatlho e e thusang go: www.csvr.org.za. 
Dikabelo: O ka aba madi go mekgatlho go fedisa tshotlakako kgatlhanong le basadi le bana ka go nna le seabe mo Mokgatlhong wa Ditshwanelo tsa Botho. Ga go na madi a mantsi kgotsa a mannye a abeilweng go ka abelwa – go tswa mo go wena! Go bona tshedimosetso ka botlalo, e ya go: www.fhr.org.za kgotsa leletsa 012 440 1691.
Bua kgatlhanong le tshotlakako ya basadi le bana: Rotloetsa basadi ba ba didimetseng go gwetlha tshotlakako. Bega tshotlakako ya bana kwa mapodising.     
Tsenela Foramo ya Sepodisi sa baagi (CPFs) kgotsa Diforamo tsa Pabalesego ya Baagi (CSFs): Baagi le diteišene tsa selegae tsa sepodise ke semphatho se se matlhagatlhaga mo go netefatseng pabalesego le tshireletsego ya selegae. Ka go tsenela CPF kgotsa CSF ya selegae, o ka thusa go lwantsha bosenyi mo lefelong la gago. Go bona tshedimosetso ka botlalo ya ka fao o ka tsenelang, ikgolaganye le seteišene sa gago sa selegae.
Panels 5 & 6
Fa o sotlakilwe ka mokgwa mongwe kgotsa fa o itse mongwe yo o sotliwang, thusa – bona thuso.  
TIRELO YA SEPODISI SA AFORIKA BORWA		10111
Mogala wa Tlalelo ya Baipolai		 			0800 567 567
KGAKOLOLO LE TSHEGETSO YA BASADI
Mogala wa Bosetšhaba wa Tlalelo (Lifeline)		 			0861 322 322
Mogalathuso wa Kemiso ya Tshotlakako e e Ikaegileng ka Bong	0800 150 150
Batho ba ba leng Kgatlhanong le Tshotlakako ya Basadi 	011 642 4345 
Mokgatlho wa Balelapa le Manyalo wa Aforika Borwa 		012 460 0733
Kgolagano ya Bosetšhaba Kgatlhanonong le Tshotlakako ya Basadi 			012 321 4959
KGAKOLOLO LE TSHEGETSO YA BANA
Mogala wa Bana						0800 055 555
TSHIRELETSO YA SETŠHABA
Dikerante tsa tlamelo ya bana				0800 601 011 
TLHOKOMELO YA BOITEKANELO
Ditleliniki tsa Marie Stopes					0800 11 77 85
Setlhopha sa Kgatelelo ya Monagano le Ketsaetsego	011 783 1474
Mogalathuso wa AIDS 					0800 012 322
THUSO go AIDS 						0860 100 646
THUSO YA SEMOLAO
Lekgotlha la Thuso ya Semolao				011 845 4311
Babueledi ba Ditshwanelo tsa Botho			011 339 1960
LETSHOLOLO LA BANNA BA BA TSHEGETSANG GO NNA KGATLHANONG LE TSHOTLAKAKO
Porojeke ya Banna jaaka Semphatho 			011 833 0504
TSHEDIMOSETSO
Porojeke ya Thuto ya Kgarakgatsho ya Bong 		011 403 0541
Setheo sa Thutopatlisiso ya Dikhuduego le Poelano 	011 403 5650
