GO ISENG KWA TSHEKATSHEKONG YA DINGWAGA DI LE SOMETLHANO
Kgatelopele go tsweng ka temokerasi – Re lebile pele
Fa kgololosego e goroga ka 1994, batho ba mo Aforika Borwa ba tlhophile puso ya bone ya ntlha ya temokerasi go samagana le ditlamorago tsa tlhaolele – bogolosegolo go se lekalekane, bohuma le tlhaolele. E ne e tshwanetse le go busetsa naga kwa merafeng ya boditšhatšhaba eo e neng e kgapetse thoko Aforika Borwa ya tlhaolele.
Go ya ka Molaotheo o montšhwa wa temokerasi le Lenaneo la Kagosešwa le Tlhabololo (RDP), puso e tlisitse dipholesi go:
•	fitlhelela ditlhokego
•	aga ikonomi
•	dira mmuso le setšhaba gore e nne tsa temokerasi
•	tlhabolola badiri
•	aga setšhaba.
Morago ga dingwaga di le lesome tsa kgololosego
Ka 2004, morago ga dingwa di le 10 tse temokerasi, go nnile le kgatelopele e ntsi, fela go tlhokega go dira go le gontsi. Le fa re samagane le ditlamorago tsa tlhaolele, diphetogo mo nageng ya rona di tlisitse dikgwetlho tse dintšhwa.
Kwa tshimologong ya Pakasome ya Bobedi ya Kgololosego, ba le bantsi ba ne ba sa ntse ba sa akarediwe mo ikonoming ya naga le go fitlhela karolo e e lekalekanang ya maungo a kgolo. Le fa go gontsi go tokafetse fao puso e nang le taolo – jaaka ditirelo tsa loago – dilo di tsamaile ka bonya fao puso e neng e ikaegile ka dikgato tsa ba bangwe, jaaka go tlhola ditiro. Puso ka boyone e tlhoka go nonofa le go neelana ka ditirelo tse di botoka.
Ditlhopho tsa 2004 di laoletse puso go tsenya tirisong mananeo go tsweletsapele – le go potlakisa – ditlhabololo tse di siameng le go rarabolola dikgwetlho. Go goeletswa tirisanommogo ya setšhaba sotlhe, puso e beile maikaelelo a go fokotsa bohuma le botlhokatiro ka halofo ka 2014. Go fitlhelela se, e ipeetse dintlha tseno tse di kwa setlhoeng:
•	go godisa ikonomi, jaaka tsereganyo kgolo
•	mekgwa e mentšhwa go thusa bahumanegi gore ba kgone go tsaya karolo mo ikonoming gore ba tswe mo  
lehumeng
•	go tokafatsa tiragatso ya puso, letsholo kgatlhanong le bosenyi le kamano ya Aforika Borwa le dinaga tse 
dingwe.
Jaanong, morago ga dingwaga di le 15?
Motheo o adilwe ka Pakasome ya Ntlha ya Kgololosego mme diitshimollelo tse dintšhwa go tloga ka 2004 di beile Aforika Borwa mo tseleng ya kgolo e e potlakileng. Ka fa go je lengwe, dikgwetlho di nnile teng. Tse dintšhwa di tlhageletse ka diphetogo mo nageng ya rona le mo lefatsheng le re leng karolo ya lone.
Fa re ya kwa pele, re tlhoka go ithuta dithuto tsa bogologolo.
Mo dingwageng tse di gaufi le 15 tsa kgololosego, kutlwalo ya dipholesi tsa puso e nnile efe mo go thuseng Aforika Borwa gore e nne setšhaba se se ikaegileng ka tekatekano, go se tlhaole ka lotso le bong? Puso e atlegile jang mo go direng seo e rulagantseng go se dira, mme se se ka tokafala jwang? 
Tseno ke dipotso tse puso e di botsang fa e dira Tshekatsheko ya Dingwaga di le Sometlhano. 
Patlisiso e dirilwe ke batho ba kwa ntle ka ga puso. Dipoelo di phasaladitswe jaaka tokomane ya puisano.
Maikaelel ke go rotloetsa mongwe le ongwe go bua ka merero eno fa naga ya rona e tswelela go aga setšhaba se se ntšhwa.
Phamfolete e e ka dirisiwa jang
Mo boagisaneng le baagi bangwe le bangwe, mo lephateng lengwe le lengwe la setšhaba kgotsa mokgatlho, dipotso di ka botsisiwa:
•	Dilo di tokafetse ka tsela efe? Ke dilo dife tse di sa tokafalang?
•	Ke pharologano efe eo baagi le batho ka nosi ba e dirileng? Re ka dira mmogo ka tsela efe go tsweletsa  
dilo pele?
Tokomane e ke tshosobanyo ya Tshekatsheko ya Dingwaga di le Sometlhano tsa puso. Pegelo ka botlalo e mo webosaeteng ya Aforika Borwa (www.gov.za).
RE SEKASEKA KUTLWALO YA TIRO YA PUSO 
Tiro ya maphata a puso
1. Bobusi
Go tloga ka 2004, tsepamo e nnile mo go tiiseng temokerasi le go tokafatsa tiragatso ya puso.
Kagosešwa ya setemokerasi 
•	Temokerasi ya molaotheo – ditheo tse di tiileng tsa kemelo le bosiamisi jo bo ikemtseng di setse di 
tlhomilwe. 
•	Go tiisa temokerasi – go tlhamilwe mekgwatiriso e mentšhwa ditherisano le baagi mo dithulaganyong tsa  
 	tlhabololo e e golaganeng
	– izimbizo, mo kamanong ka tlhamalalo ya puso le batho botlhe
	– dikomiti tsa dikgaolotlopho, jaanong mo 96% ya dikgaolotlhopho
	– Ditheo tsa Tirelo tsaThusong – ditheo di le 125 ka 2008
	– badiredi ba tlhabololo ya baagi – go katisitswe ba feta 3 000.
•	Go dira gore boeteledipele ja setso e nne jwa temokerasi – melao e mentšhwa le ditheo di neela 
 	boeteledipele jwa setso seabe mo thulaganyong ya rona ya temokerasi.
Go tsweletsa bobusi jo bo siameng
•	Go puso e e seng bofitlha ebile e sedifetse: – Molao wa Tsweletso ya Tlhatloso ya Tshedimosetso, 2000 o 
 	neela baagi phitlhelelo ya tshedimosetso e bontsi jwa yone bo tshotsweng ke puso. 
	– Batho Pele "Batho Pele" e le molawana kaelo mo Bodireding Pusong.
•	Go lwantsha bonweenwee – puso e tiisitse seatla ka iketlo go samagana le bonweenwee ka Diyuniti tsa Dipatlisiso tse di Kgethegileng le Molao wa Makgotla a a Kgethegileng, 1996, Leano le le leng kgatlhanong le Bonweenwee la Bodiredipuso (2002) le Molao wa Phediso ya Ditiro tsa Bonweenwee, 2004:
	– dipitsokgolo tse tharo tse di kgatlhanong le bonweenwee di atolositse ntwa kgatlhanong le bonweenwee 
go setšhaba sotlhe.
Bokgoni jwa bodiredi puso le puso selegae
•	Go aga Tirelo Puso – dingwaga tsa ntlha tse di 10 re dirile kgatelopele e e nametshang mo go kopanyeng tirelo puso e e kgaoganeng go nna tirelo puso e e golaganeng. Tirelo Puso jaanong e emela thata setšhaba sotlhe. 
	– Molao wa Taolo ya Matlole a Setšhaba, 1999 le Molao wa Taolo ya Matlole a Bommasepala, 2003 e tokafatsa taolo ya matlole.
•	Kago ya bokgoni – tsepamo e e kgethegileng go tloga ka 2004:
	– Thulaganyo, tebelelo le tlhatlhobo di a tiisiwa. Go na le dithulaganyo tsa botsamaisi jo bo botoka le bodiredi puso bo le bongwe.
	– Thuso e kgolo mo katisong e simolotse fa akatemi ya katiso ya badiredi puso e tlhomiwa ka Phatwe 2008.
	– Go tswa ka 2004, Project Consolidate e tlhodile bokgoni mo bommasepaleng ba le 136 bao ba nang le mathata a a kgethegileng. Ka 2006, mokgwatiro o tseetswe mo Lenanetemeng la Dingwaga di le Tlhano tsa Puso Selegae.
Merero megolo mengwe e e batlang tsibogelo e e kgethegileng
• Koketsego ya boipelaetso e bontsha tlhokego ya go tiisa mekgwatiriso gore go nne le kamano ya ka gale magareng ga dikemedi le baagi.
• Tirelo ya batho e tlhoka tokafatso mo dikarolong tse dintsi.
• Makoa a go tsenya tirisong ditlamorago tsa matsholo a a kgatlhanong le bonweenwee.
• Puso, bogolosegolo bommasepala, ba na le dikgwetlho mo go thapeng le go tsholeng batho ba e ba batlang. 
2. Loago
Mananeo a loago a dirile go le gontsi go tokafatsa matshelo a batho fela go tlhokega ditharabololo tsa paka telele.
Tlhatloso ya lotseno la batho ba ba humanegileng
•	Dikerante tsa loago – se e nnile ntlha e kgolo mo go fokotseng palo ya batho ba lotseno la kwa tlase. Go ne go na le baamogeladitshiamelo ba le 2,5 ka 1999 – jaanong go na le go feta dimilione di le 12.
Phokotsego ya bohuma jwa lotseno
Diperesente tsa batho mo:
1995
2005
Bonnye go R322 ka kgwedi
53%
48%
Bonnye go R174 ka kgwedi
31%
23%
Katoloso ya phitlhelelo ya ditirelo  
•	Ditirelo – kgatelopele e dirilwe go netefatsa gore mongwe le mongwe o fitlhelela metsi a a phepa, 
   kgeleloleswe le motlakase. 
malapa a a humanegileng a amogela ditirelo tsa mahala: dilitara di le 6 000 tsa metsi le 50 kwh ya motlakase ka kgwedi
Merero megolo mengwe e e batlang tsibogelo e e kgethegileng
• Boleng jwa ditirelo tsa loago bo tlhoka go tokafadiwa.
• Kwa ntle ga tekanyetsokabo e kgolo ya thuto, thulaganyo ka kakaretso e na le dikumo tse di bokoa.
• Puso e ikaeletse go fetisetsa diheketara di le dimilione di le 24,9 tsa lefatshe la temo go bantsho ka 2014 –  go fitlha ga jaana dimilione di le 4,8 tsa diheketara di setse di fetisitswe.
• Kwa ntle ga bohuma jo bo welang tlase le kgolo e e potlakileng ya ikonomi, go se lekalekane ga lotseno ga go a fokotsega mme mo maphateng mangwe go oketsegile.
• Koketsego ya ka bonako ya palo ya matlo e lerile tlhokego e kgolo ya ditirelo le thuso ya loago.
Katoloso ya phitlhelelo ya ditirelo
•	Thuto – mekgwa ya go tsweletsa thuto e lebilwe thata. 
	– Go le gontsi go dirisetswa sekolo sa botlhe, Tlhabololo ya Bana ba ba Nnye/ 
	– Thuto le Katiso ya Bagolo le Thuto Katiso e e Tswelelang (FET).
Palo ya baithuti mo Thutong e Kgolwane e godile go tsweng go 300 000 ka 1986 go ya go 750 000 ka 2005. Ikwadiso kwa dikholetšheng tsa FET e godile ka 34% go tswa ka 1998 go fitlha ka 2002.
•	Boitekanelo - mananeo a go aga ditleliniki, maokelo le ditheo tsa tlhokomelo ya boitekanelo a kaya gore 95% ya ma-Aforika Borwa jaanong ba nna bogautshwane jwa dikilometara di le tlhano go tsweng mo ditirelong tsa boitekanelo. 
	– Dikgetse tsa malaria di wetse tlase go tsweng go 50 000 kwa bokhutlong jwa bo 1990 go fitlha ka bokana ka 5 000 ka 2007. Seelo sa katlego ya kalafi ya TB se go 70%.
	– Ka bo 1990, tshwaetso ya HIV e oketsegile ka bonako fela jaanong e wela tlase. Mo basading ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le 20 ba ba tsenelang ditleliniki tsa pelegi, HIV e fokotsegile go tswa go 16% ka 2004 go fitlha go 13,5% ka 2006. Mo bogareng jwa 2008, go feta batho ba le 480 000 ba simolotse go dirisa kalafi ya antiretroviral.
Go atolasa go nna le dithoto
•	Matlo – ka 2008, 3 132 769 ya matlo a a tlhwatlhwatlase e rebotswe, mme diyuniti di le 2 358 667 di konoseditswe. Se se neetse baagi ba le dimilione di le 9,9 matlo. 
Lefatshe – lenaneo la pusetso ya mafatshe le fetiseditse dithoto tse di bokana ka dibilione di le R12,5 billion go baamogeladiatshimelo ba le 1,4 le dikerante tsa tshegetso tse di bokana ka dibilione di le R15,2.
Malapa a a nang le phitlhelelo ya:
1996
2007
Motlakase wa go tshuba
58%
80%
Metsi (bokana ka 200 m go tswa kwa ntlong)
62%
88%
Metsi a badudi
61%
70%
Kgeleloleswe
50%
71%
Ba dingwaga di le tlhano kwa sekolong
23%
81%
Ba dingwaga di le thataro kwa sekolong
49%
91%
3. Ikonomi
Morago ga go siamisa ikonomi, tsepamo e fetogetse go kgolo e e potlakileng e e abelanwang.
Kgolo le go tlhola khumo
•Accelerated and Shared Growth Initiative for South Africa (AsgiSA) – go fokotsa bohuma ka halofo ka 2014, kgolo ya ikonomi e tshwanetse go nna palo gare ya 4,5 ka ngwaga go tswa ka 2004 go fitlha ka 2009 le 6% ka 2014. AsgiSA e tsepametse mo go rarabololeng dilo tse di emisang ikonomi gore e golele ka pele.
•	Kgolo – ikonomi e godile ngwaga mongwe le mongwe go tloga ka 1994, e golela go tswa ka 2006. E godimo ga maikaeleo a 4,5 a 2004-2009.
•	Tiro – botlhokatiro bo oketsegile morago ga 1994, ka 31% ka 2003. Morago ga foo, ya wela fatshe, mme e ne e le 23% ka 2007.
Tshiamiso ya ikonomi e kgolo
•	Sekoloto le infoleišene – puso e fokoditse sekoloto sa yone go tsweng gaufi le halofo ya dikumo tsa naga ka ngwaga ka 1994 go ya tlase ga 20%. 
	– infoleišene e ne e le 19% ka 1991. Go tloga ka 1994, e nnile ka fa tlase ga 10% go fitlhelela ka 2008.
•	Dipeeletso le dipoloko - dipeeletso di oketsegile mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng. Puso e beeletsa dibilione di le R482 mo mafaratlhatlheng magareng ga 2008 le 2011. Peeletso ya setlamo sa poraefete e kwa godimo go feta ka fao e neng ele. 
Ntšhwafatso ya ikonomi e kgolo – go aga sešwa ikonomi
•	Pholesi ya madirelo – Letlhomeso la Bosetšhaba la Pholesi ya Bosetšhaba le Thulaganyo ya Tiro ya Ikonomi ya 2007 e tla potlakisa bokgoni jwa Ikonomi go tlamela ka dithoto le ditirelo.
•	Kgaisano - go tloga ka 2002, Khomišene ya Ikonomi e tshotse kgato e e thata go netefatsa gore kgaisano e e tlhamaletseng le peotlhwatlhwa ya madirelo a magolo e sa ntse e gatelela madirelo a rona.
•	Matlafatso – Molao wa Matlafatso ya Ikonomi e e Atolositsweng ya Bantsho o amogetswe ka 2003 mme Melawana ya Tiragatso e e Siameng ka 2007. 
	– Kemedi ya bantsho e fitlheletse 22% mo botsamaising bogolo ka 2006, mme 27% mo botsamaising bogolwane.
•	Tlhabololo ya bokgoni – bothati jwa maphata a thuto le katiso le Letlole la Bosetšhaba la thuto le katiso le Letlole la Bosetšhaba la Bokgoni le tshisintse ditsereganyo tsa tlhabololo ya bokgoni go thusa bašwa ba ba sa direng le ba ba nang le bokgoni jo bo kwa tlase.
	– Joint Initiative for Priority Skills Acquisition (Jipsa) e lerile dialogane tse dintsi tsa boenjenere le ikwadiso ya babetli/baitseanape go thapa dialogane di le 15 000 mo ditlamong.
•	Ikonomi ya Maemo a Bobedi – Lenaneo le le Atolositsweng la Ditirelo tsa Setšhaba (EPWP) le tlhodile ditšhono tsa ditiro di le milione o le mongwe – ngwaga kwa pele ga maikaelelo a lone a 2009.
	– Puso e atolositse le go tshegetsa dikgwebo-potlana.
	– Leano le le Golaganeng la Tshireletso ya Dijo le mananeo mangwe a porofense go thusa temothuo ya kwa gae a bontshitse tokafalo e e bonya. 
	– Mananeo a a farologaneng a golagane le beng ka fa tsweletsong ya metseletsele ya temotheo mo dikgweng, tshukiri le maokwane.
Merero megolo mengwe e e batlang tsibogelo e e kgethegileng
• Dingwaga di le tlhano di beile fa mpaananeng makoa mo ikonoming ya rona ao a e thibelang gore e gole ka fao re batlang. AsgiSA e lemogile mathata a fela go tlhokega gore re dire go le gontsi.
• Botlhokatiro e sa ntse e le kgwetlho mme batho ba le mmalwa ba mo tirong kgotsa ba batla tiro fa go bapisiwa le dinaga dingwe tse di golang.
• Lephata la rona la kgwebo-potlana le lennye fa go bapisiwa le dinaga dingwe tse di golang.
• Re tlhoka go fitlhelela mananeo a ikonomi ya maemo a bobedi ka kutlwalo e ntsi go na le dingwe tsa sekale tlase.
4. Bosiamisi, thibelo ya bosenyi le tshireletsego
Morago ga go aga sešwa ditheo tsa bosiamisi le bosenyi, tsepamo e nnile mo go di direng gore di nonofe go isa bosenyi tlase.
Kagosešwa
•	Go aga sešwa le go tiisa mafapha – Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), dikgotlatshekelo le Dikgolegelo go fetogile go nna didiriswa tsa tlhaolele go neelana ka pabalesego le tshireletsego go botlhe.
	– Go tlhabolola thekenoloji le go oketsa badiri go thusa go ba dira gore ba nonofe. Ka 2010, SAPS e tla nna le maloko a le 193 240.
	– Tlhabololo ya thulaganyo ya bosiamisi le bosenyi ke puso le kgwebo go lerile ka 2008 dikgato tse dingwe go tiisa thulaganyo. 
•	Kagosešwa ya bosiamisi – mo bogareng jwa 2007, baatlhodi ba le 52% le bomagiseterata e ne e le bantsho mme 30% e le basadi. 
	– Dikatlholo tsa Kgotlatshekelo ya Molaotheo di gokagantswe le Molaotheo wa temokerasi. Dikgotlatshekelo tse dintšhwa di tlhamilwe go tokafatsa phitlhelelo ya bosiamisi, jaaka dikgotlatshekelo tsa tekatekano; dikgotlatshekelo tsa ditleleimi tse di nnye; le dikgotlatshekelo tsa tikologo.
Go fokotsa bosenyi le go kgontsha pabalesego
•	Mekgwa ka kakaretso – bosenyi jo bontsi bo a siama kgotsa boa fokotsega fa go bapisiwa le 1994. Fela go nnile le tshuto go ya kwa bosenying jwa dikhuduego.
	– Go samagana le kgwebeleano kwa dikgolegelong, matsapa a a jaaka go aga dikgolegelo tse dintšhwa; porojeke ya ba ba emetseng go sekisiwa; le parolo go setse go dirilwe – fela bothata bo godile.
	– Semphatho le puso jaaka diforamo tsa sepodise sa baagi le Kgwebo Kgatlhanong le Bosenyi se godile – fela go sa ntse go tlhokega go le gontsi.
•	Bosenyi jwa dikhuduego kgatlhanong le basadi le bana – go fedisa bosenyi jo bo jaana e nnile selo sa pele. Dikgotlatshekelo di le 63 tse di kgethegileng le Ditheo tsa tlhokomelo tsa Thuthuzela tse di tshegetsang batswasetlhabelo di tlhomilwe. 
	– Dikatlholopotlana le diphetogo tsa ga jaana go Molao wa Ditlolomolao tsa Thobalano le Molao wa Bana o tiisa seatla sa puso mo go lwantsheng tshotlako. 
	– Letsholo la malatsi a le 16 a Kgatlhanong le Dikhuduego mo Basading le Bana le thusitse go tsibosa baagi kgatlhanong le tshotlako.
•	Bosenyi jo bo rulagantsweng – diyuniti tse di kgethegileng di tlhamilwe go lwantsha bosenyi jo bo rulagntsweng: 
	– ka 2007,Yuniti ya Bosenyi jo bo Rulagantsweng e fedisitse digongwana di le 738 mme Bokaedi: Ditiro tse di Kgethegileng (DSO) bo tshisintse go feta dikatlholo di le 1000 ka seelo sa dikatlholo di le 85% 
	– Ka 2008, molao o tlhagisitswe go kopanya Diyuniti tsa Bosenyi tsa DSO le SAPS go nna Lekala le le nosi ka fa gare ga SAPS.
•	Dithunya tse di seng mo molaong – SAPS e sentse go feta 500 000 ya dithunya tse di seng ka fa molaong go tloga ka 2000. Molao o o gagametseng wa dilaesense tsa dithunya o tokafaditse taolo ya dithunya.
Tshireletsego
•	Dikhuduego tsa sepolotiki – dikhuduego tsa sepolotiki di fokoditswe mo dingwageng tsa ntlha tsa temokerasi. Khomišene ya Nnete le Poelano e thusitse thata go samagana le kgatako ya ditshwanelo tsa botho ka fa tlase ga tlhaolele.
• Taolo ya melalwane - komiti tsa mafapha a a farologaneng le thekenoloji e e botoka di tokafaditse taolo ya melalwane ya naga.
Merero megolo mengwe e e batlang tsibogelo e e kgethegileng
• sepodisi, dikgotlatshekelo le dikgologelo di tlhoka didiriswa tse dingwe, tiriso e e botoka ya tsone le kgato e e golaganeng thata.
• Dikhuduego le bosenyi jo bo rulagantsweng ke dikgwetlho tse di kgethegileng. 
• Tlhaelo ya pholesi ya khudugo e nyatsa kgokaganyo e e nonofileng. 
• Go tlhokega letsholo le le golo la gore setšhaba se tseye karolo mo go lwantsheng bosenyi.
• Kamogelesego ya dingwe tsa ditheo tsa tshaimiso ya bosenyi di ka fa kgatelelong ya mekgwa ya dipuo phatlhalatsa le matsholo kgatlhanong le batlhankedi ba bagolwane.
5. Kamano ya boditšhabatšhaba, kagiso le tshireletsego
Aforika Borwa e nnile karolo ya dinaga tsa boditšhabatšhaba, e direla dikgatlhegelo tsa naga, tsa Aforika le tsa lefatshe le le tlhabologang.
Tshiamiso ya dikamano le lefatshe
•	Dikamano tsa sedipolomate – ka 1994, Aforika Borwa e nnile fela le baemedi ba le 65 kwa moseja – ka 2008 go ne go na le Borongwa bo le 121. Borongwa mo Aforika bo godile go tswa ka 17 go fitlha ka 45. 
•	Ditiragalo tsa boditšhabatšhaba – Aforika Borwa e tshotse ditiragalo tse dintsi tse kgolo go tloga ka 1994, jaaka Sejana sa Lefatshe sa Rugby (1995), Non-Aligned Movement Summit (1998), World Summit on Sustainable Development (2002) and World Association of Newspapers Conference (2007), ebile e gapile tetla ya go tshola Sejana sa FIFA sa Lefase sa 2010. 
Kgokaganyo ya Lenanetema la Aforika
•	Ditheo tsa kontinente – Aforika Borwa e nnile seabe mo kgabaganyong go tsweng go Organisation of African Unity go ya go African Union, e tshotse Pan African Parliament le go thusa go dira gore African Union (AU) le Khansele ya Kagiso le Tshireletsego e dire.
•New Partnership for Africa’s Development – Nepad e nnile letlhomeso la puisano ya lefatshe lotlhe le Aforika.
•	African Peer Review Mechanism (APRM) – Aforika Borwa ke nngwe ya dinaga di le supa tse di dirileng tshekatsheko ya bankane. E akgoletswe go nna le ditiragatso di le 18 tse di tokafetseng mme e amogetse Thulaganyo ya Tiro e e utlwagalang go rarabolola makoa a a supilweng mo tsehekatshekong.
•	Kagiso – Aforika Borwa e nnile le seabe mo tharabololong ya dikgotlhang le go tlisa kagiso kwa Democratic Republic of Congo, Burundi, Sudan, Ethiopia-Eritrea, Côte D’Ivoire, Liberia, the Comoros le Zimbabwe.
•	Dipeeletso le kgwebisano le dinaga tsa Aforika - Aforika jaanong ke lefelo la bone le le golo la thomelontle.
•	Go tiisa Dinaga tse di Tlhabologang tsa Borwa jwa Aforika (SADC) – puso e dira le dinaga tsa SADC gore go nne le kgolagano e kgolo. Go tlhomiwa ga SADC Free Trade Area ka Phatwe 2008 go tla lere kopano ya makgetho le mebaraka e e tshwanang. Tirisanommogo mo Tshireletsong e oketsegile ka Lekala la Kagiso le Tshireletsego, Thulaganyo ya go sale Gale ya Tsiboso ya Kgaolo, Setheo sa Katiso sa go Tshola Kagiso sa Kgaolo le Mokgatlho wa SADC.
Go tsaya karolo mo maemong a boditšhabatšhaba
•	Go tlhola dikamano tsa tlhabololo le lefatshe le le botoka - Aforika Borwa e dirile go tiisa tirisanommogo magareng ga dinaga tse di tlhabologang, go dira botsalano le dinaga tse di jaaka Brasil, India le China. 
	– Dikamano le dinaga tse di tlhabologileng di a tokafatswa go tsweletsa Aforika Borwa le Aforika go tsweletsa go ya kwa thulaganyong e e siameng. 
	– Aforika Borwa e nnile leloko le e seng la leruri la Khansele ya Tshireletsego ya Ditšhaba Kopano (UN) mo dingwageng di le pedi. E diretse go amogela UN Charter, dikamano tsa bontsi le dikamano tse di thata magareng ga UN le AU. 
•	Go bapatsa Aforika Borwa le Aforika - go nnile letsholo go tloga ka bo 1990 go tsweletsa Aforika Borwa. Bojanala bo goletse ka bonako, bo tlhola go feta ditiro tse di sa tlhamalalang di le 400 000.
Kgolo ya bojanala
1998 
2001 
2004 
2007
Kgorogo ya baditšhaba 
5,73m 
5,79m 
6,68m 
9,10m
– Sejana sa Lefatshe sa 2010 ke tšhono e kgolo ya go bapatsa naga, go dira le Aforika yotlhe go tokafatsa seriti sa kontinente.
Merero megolo mengwe e e batlang tsibogelo e e kgethegileng
• Go tsenya tirisong go go potlakileng ga Nepad le maemo a a botoka a kgaolo e nna kgwetlho e kgolo.
• Go na le tlhokego ya tepatepanyo e e botoka ya bodipolomate jwa sepolotiki le ikonomi le pholesi e e tiileng ya boditšhabatšhaba ka fa gare ga Aforika Borwa.
Ditlhopha tse di ikaeletsweng 
Tsepamo e e kgethegileng mo maphateng ao bontsi a amilweng ke ditlamorago tsa tlhaolele a thusitse go tokafatsa matshelo a bone.
Tsepamelo mo basading, bana, bašwa le batho ba ba nang le bogole
•	Dipholesi le mananeo - melao, dipholesi le mananeo di tlhodilwe - Go na le dithulaganyo tsa kgokaganyo mo Kantorong ya Boporesitente le dikantoro tsa ditona go tsweletsa mananeo a. Mekgatlho e e tsweletsang dikgatlhegelo tsa ditlhopha tse di Ikaeletsweng di akretsa Khomišene ya tekatekano ya Bong, Khansele ya Bogakolodi ya Ditshwanelo tsa bana, Dikhomišene tsa bosetšhaba le tsa diporofense le Letlole la Bašwa le Umsobomvu.
Kutlwalo ya mananeo le dipholesi
•	Tiro le botsaya-tshweetso - ka 2004, Kabinete e nnile le basadi ba le 40%. Kemedi ya basadi mo pusong ya porofense le ya selegae e oketsegile. Go feta 30% ya batsamaisi bagolo mo pusong ke basadi, fela lephata la poraefete le saletse morago tebang le se. 
•	Ditirelo – go ikaelela ditirelo go bahumanegi go kaya gore basadi ba le bantsi le bana ba ungwa mosola. Phitlhelelo ya metsi, motlakase le mafaratlhatlha a tlhaeletsano a dira pharologano e kgolo go basadi le bašwa.
•	Dikerante – go tsweng mo bathong ba le dimilione di le 12 bao ba amogelang dikerante, ba le dimilione di le robedi ba amogela Dikerante tsa Tlamelo ya bana. 53% ya matlo a a tlhwatlhwatlase e ile kwa malapeng a a eteletsweng pele ke basadi.
•	Boitekanelo - phitlhelelo e kgolo mo ditirelong tsa boitekanelo le tlhokomelo ya mahala ya boitekanelo jo bo potlana e tswetse ditlhopha tse di ikaeletsweng mosola.
	– Phepelo tlase e e feteletseng mo baneng ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano e fokotsegile go tsweng go dikgetse di le 88 971 ka 2001 go fitlha go di le 28 165 ka 2007. Palo ya bana ba ba bolawang ke tlala e wetse tlase go tswa go 31% ka 2002 go fitlha go 16% ka 2006.
•	Thuto – thuto e e patelediwang go bana ba dingwaga tsa bogolo jo bo leng magareng ga supa le 15 e dirile gore go nne le bana ba le bantsi kwa dikolong – bokana ka ikwadiso ya 100%.
	– Ditheo tsa FET di tlhankgolotswe ka 1998, di thusa bašwa go tlhabolola bokgoni. Ka 2007, dibilione di le R1,3 di ile kwa National Student Financial Scheme.
•	Ikonomi – basadi, bašwa le batho ba ba nang le bogole e nnile baamogeladitshiamelo bagolo ba thutelatirong ya dialogane, thutelatirong ya barutwana, mananeo a tirelo a bašwa, EPWP, diphisegelo tsa bogwebi le dikgwebo-potlana. 
Ditsereganyo jaaka AsgiSA le Jipsa e tsepametse mo tlhabololong ya basadi le bana.
Merero megolo mengwe e e batlang tsibogelo e e kgethegileng
• Dikhuduego tsa bosenyi mo basading le bana di tswelela go nna kgwetlho e kgolo. 
• Go thapiwa ga batho ba ba nang le bogole mo ditheong tsa botlhe le tsa poraefete e fokotsegile ka fa go tshwanetseng.
• Botlhokatiro bo kwa godimo thata mo basading le bašweng. 
RE LEBELELA KWA PELE
Dingwaga  di le sometlhano mo temokerasing ya rona, go dirilwe go le gontsi go fedisa ditlamorago tsa tlhaolele le go aga setšhaba se se ntšhwa se se siameng. Halofo mo Ngwagasomeng wa Bobedi wa Tokologo, Aforika Borwa e potlaketse ka bonako mo kelong ya kgolo le tlhabololo. 
Fela ga go a lekana.
Ke molebo ofe o mogolo o o tla kgontshang puso le naga go tswelela le go tsweletsa kelo e e sentseng e potlakile ya kgolo le tlhabololo, go na le gore e tswelele mo tseleng ya ga jaana?
A dikgwetlho di ka fitlhelelwa ka matsapa a a oketsegileng a bosetšhaba go ikaegilwe ka tirisanommogo e e anameng ya puso le batho le go tsepamela mo dintlhapeleng di le mmalwa?
Sengwe le sengwe se se dirilweng, go ya kwa pele go tla tlhoka go ikaega mo megopolong mengwe, jaaka: go potlakisa kgolo le go aga ikonomi sešwa, go lwantsha bohuma, go tlhola momagano ya loago, tirisanommogo ya boditšhabatšhaba le go aga naga e e nonofileng e e golang.
Go potlakisa kgolo le go aga ikonomi sešwa
Kgolo e e potlakileng e abelanwa e botlhokwa go fokotsa botlhokatiro le bohuma. Mo go je lengwe, bokgoni jwa ntsho dikumo bo tlhoka go tokafatswa gore re kgone go golela ka bonako, re thape badiri ba bantsi, netefatse kgaisano, re oketse dithomelontle le go netefatsa maemong a a tokafetseng a dikgwebo-potlana. Go tlhokega gape go tlhola mananeo a ikonomi ya maemo a bobedi a a nang le kutlwalo e kgolo. Go tla nna le tlhokego ya go lemoga tshuto mo ditshenyegelong tsa motlakase le go sireletsa tikologo.
Go lwantsha bohuma
Mekgwa ya go fenya bohuma ke pinagare ya leano le le utlwagalang le le leng kgatlhanong le bosenyi leo puso e le tlholang. Go tlhokega go tlosa maparego otlhe ao a dirang gore naga e nne le maphata a a bokoa a dikgwebo-potlana mme batho ba le bantsi ba ba kgonang ba tla se rotloediwe go batlana le tiro.
Go lwantsha bohuma go tlhoka matsapa a le mantsi mo go oketseng dikgonagalo tsa batho gore ba tsene mo mebarakeng ya ditiro le go itirela dikgwebo-potlana. Thuto e na le kgono e kgolo ya go kgaola tshekeletsa ya bohuma.
Go aga momagano ya loago le go amogelesega ga mmuso
Go netefatsa setšhaba se se edileng go tlhoka phokotso ya go tlhoka tekatekano ka phitlhelelo ya ditšhono tsa ikonomi go botlhe ga mmogo le go tsweletsa pele ditshenyegelo tsa puso tse di ikaegileng ka bahumanegi.
Sa ntlha mo momaganong ya loago ke ditheo tsa botlhe tse di amogelesegang. Se se tlhoka tirelo e e botlhokwa ya puso, mekgwatiriso e e tokafetseng ya botsaya karolo jwa botlhe le go fokotsa bosenyi le bogwenegwene. Mo go je lengwe, setšhaba se na le maikarabelo a go tlotla le go sireletsa kamogelesego le bothati jwa ditheo tsa puso.
Go aga setšhaba se se momaganeng gape go tlhoka tsweletso ya kitlano le tlhokomelano magareng ga ma-Aforika Borwa otlhe go na le dielo/mekgwa ya botshikanosi. Go tlhokega gore puso le setšhaba di dirisane mmogo go tlhola thulaganyo ya dielo/mekgwa e mentšhwa.
Go tsweletsa dielo/mekgwa ya tirisanommogo ya boditšhabatšhaba
Tiro e ntsi e dirilwe go tiisa semphatho go ralala lefatshe bogolosegolo mo Aforika le mo Borwa. Go tlhokega gore re tswelele, re ntse re baya kwa pele Aforika le dinaga tsa Borwa re ntse re tsweleditse botsalano le dinaga tsa madirelo. Go tiisa togamaano ya semphatho go tla thusa go tsweletsa dikgatlhegelo tsa rona tsa bosetšhaba, le tiriso ya didiriswa tsa rona go tlhabolola Aforika. 
Go aga naga e e tlhabologang
Go dira dilo tse di tlhagisitsweng fa godimo, puso e tla tlhoka diponagalo tse di akaretsang tse di latelang: 
• e tla tlhoka go ikaega le go tsamaisiwa ke batho 
• e tla tlhoka go kgona go etelela pele maphata otlhe mo lenanetemeng le le tshwanang la bosetšhaba 
• e tla tshwanela ke go nna le bokgoni jwa go tsenya tirisong ka nonofo mananeo le go netefatsa gore e na le dipopotheo le dithulaganyo tsa dikgato tse di golaganeng
• e tshwanetse go kgona go fetolela maikemisetso magolo a a leng ka fa Molaotheong le taolelo ya batlhophi go nna mananeo le diporojeke tse di kgonang go diragala
• e tlhoka gape go tiisa mekgwatiriso gore go nne le kamano ya ka gale magareng ga baagi le dikemedi tsa setšhaba.
Ke dilo dife tse di botlhokwa thata tse o akanyang gore puso e ka di dira ka go dirisana le wena?
Tlhagisa mogopolo wa gago, tsweetswee romela foromo e kwa go:
Aterese: Vuk’uzenzele, Private Bag X745, Pretoria, 0001
Go bona tshedimosetso ka botlalo ka ga mananeo le ditirelo tsa puso, ikgolaganye le: www.gcis.gov.za kgotsa Setheo sa Teletso sa Batho Pele 1020
E tlhagisitswe ke Government Communications (GCIS)
