Ditlhogo tsotlhe le bakaedi botlhe ba mekgatlho e e seng ya puso (NGOs)
Badirediloago botlhe
Badiri botlhe ba tlhabololo ya setšhaba
Badiri botlhe ba boitekanelo jwa setšhaba
Mme/ Rre yo o tlotlegang
LEROBOROBO LA MOKGOTLHWANE WA A (H1N1) 2009 
Jaaka Tona ya Boitekanelo, ke go kwalela jaana mabapi le bolwetse jo bo fa godimo ka mabaka a le mabedi:
go go naya tshedimosetso e e tla go thusang go lwantsha bolwetse
go kopa thuso ya gago le gore o nne le seabe  le gore ofisi ya gago e e kwa godimo e tlhaeletsane ka nonofo melaetsa e megolo ya Mokgotlhwane wa A (H1N1) 2009 mo setšhabeng se o se direlang.
Leina la semmuso la saense la bolwetse jo ke leroborobo la mokgotlhwane wa A (H1N1). Bo simolotse kwa Mexico le Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka Moranang ngwaga o. Bo ne bo itsege pele e le mokgotlhwane wa dikolobe, ka gonne go ne go akanngwa gore bo simolotse mo dikolobeng. Ga jaana go dumelwa gore ke motswako wa dielemente tsa batho le dinonyane. Ka jalo bolwetse ga bo ikamaganye ka gope le go ja nama ya kolobe kgotsa dikumo tsa kolobe. Jaanong bo kaiwa fela e le leroborobo la mokgotlhwane kgotsa go ka itlhophelwa leina la lone la semmuso, A (H1N1) 2009.
Go tloga ka Moranang monongwaga, mogare o ne wa  anama ka bonako mo dinageng di le 166 lefatshe ka bophara. Mo Aforika, bo aname fela mo dinageng di le 16 go fitlha ga jaana. Ka nako e ke neng ke kwala lekwalo le ka yona, mogare o ne o amile batho ba le 177 457 (tlhomamiso ya laboratori) lefatshe ka bophara ka maso a le 1 457 a a tlhomamisitsweng.
Mo Aforika Borwa re na le dikgetsi di le 2 844 tse di tlhomamisitsweng le maso a le marataro ga jaana. 
Morago ga kopano ya bone ya Komiti ya Tshoganyetso e e neng e tshwerwe ka 11 Seetebosigo 2009, Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO) o ne wa fetsa ka gore maemo a leroborobo a lefatshe ka bophara a fitlheletswe mme Mokaedi-Kakaretso, Ngk Margaret Chan, o ne a goeletsa leroborobo (kgato ya 6). Seno se kaya gore bolwetse bo anametse kwa dinageng mo dikgaolong tsotlhe tsa WHO e bile bo ne bo anama ka bonako. Fela, ke rata go gatelela gore go itsise leroborobo ga go kae gore bolwetse jo bo kotsi thata. Go kaya fela gore bo anama gotlhe.   
Ka di 6 tsa Phukwi, WHO e ne ya tlhalosa go anama ga leroborobo mo dinageng tse di amegileng le kwa dinageng tse dintšhwa go sa tilwe gape go sa thibelege. Ka lesego, le fa go ka nna jalo, ba etse tlhoko gore batho ba le bantsi ba ba nnang le tshwaetso ya mogare ba tla nna mathwao a a botsatsa. Fela jaaka batlhankedi ba boitekanelo, ba fa gae le ba lefatshe ka bophara, re ntse re tshwenyegile ka maso a a tlhagileng go fitlha ga jaana (lefatshe ka bophara ke 0,8% mme mo Aforika Borwa ke 0,2% ya batho ba ba amegileng). Mogare o ama thata batho ba dingwaga di le 10 go fitlha go di le 29 – bontsi jwa batho ba ba kwa dikolong kgotsa kwa ditheo tsa thuto e e kgolwane.
WHO e gakolotse gore dinaga di tshwanetse go lebisa mogopolo mo go tlhofofatseng kutlwalo ya bolwetse mo baaging. Ka go dira seno, go tlhokega tlhaeletsano e e nonofileng. 
Mokgwa wa go anama
Bolwetse bo anama ka lerothodi la tshwaetso (ke gore fa motho yo o nang le tshwaetso a gotlhola kgotsa a ethimola mme o bo o hema mowa o a ethimoletseng mo go ona kgotsa a gotlholetseng mo go ona, le fa a ka gotlholela fa fatshe mme o bo o hema mowa o o fao o ka tshwaetsega).
Matshwao a bolwetse
Matshwao a a ka  kgaoganngwa ka dikarolokgolo di le tharo
botsatsa
bogareng
feteletseng.
Matshwao a a botsatsa a akaretsa:
go nna le mamina a a tshologang kgotsa go thibana dinko
go gotlhola 
letshoroma
go opa ga mesifa le setlhabi 
maikutlo a go se itekanele ka kakaretso 
Palo e e kwa godimo ya batho e na le matshwao a a botsatsa mme ga ba na go tlhoka tlhokomelo ya kalafo e e kgethegileng. Ka jalo, matshwao a go nna jalo a tshwanetse go alafiwa jaaka matshwao a a tlwaelegileng a mokgotlhwane kwa ntle fela ga batho ba ba nang le maemo a a latelang ba ba tshwanetseng go bona kalafo ka bonako le fa ba na le matshwao a a botsatsa: 
batho ba ba nang le bolwetse jo bo tswelelang jwa pelo kgotsa jwa makgwafo
basadi ba ba imileng
batho ba ba tshelang ka HIV le AIDS
batho ba ba nang le bolwetse jwa sukiri.
Matshwao a a bogareng a akaretsa matshwao a a botsatsa le:
go felelwa ke mowa
setlhabi mo mafatlheng
go tlhatsa phetelela
letshololo le matshwao a go latlhegelwa ke metsi mo mmeleng.
Matshwao a a feteletseng a akaretsa matshwao a a botsatsa le a a bogareng:
go retelelwa ke go hema (kgatelelo ya khemo) 
dipounama tse di mmala wa legodimo, loleme kgotsa dikarolo dingwe tsa mmele
go otsela go go feteletseng le go idibala.
Mongwe le mongwe yo o nang le matshwao a a bogareng le a a feteletseng o tshwanetse go batla le go amogela thuso ya bonako ya kalafo.
Go anama ga bolwetse mo diporofenseng
Go anama ga bolwetse jo mo diporofenseng tsa rona e le palogotlhe ya diperesente tsa ditshwaetso mo nageng ya rona ke go go latelang:
Gauteng		50% 	
Kapa Bophirima	31%	
KwaZulu-Natal	7%	
Kapa Botlhaba	4%	
Limpopo		2,4%	
Mpumalanga		1,9%	
Bokone Bophirima	1,8%	
Foreisetata		0,7%	
Kapa Bokone	0,1%	
Maso a marataro:
Kapa Bophirima:	tharo
Kapa Botlhaba         nngwe
Foreisetata:		nngwe
KwaZulu-Natal         nngwe.
Go dira diteko tsa twatsi
Diteko tsa semmuso di diriwa ke Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang, se se kwa Gauteng fela ga jaana se atoloseditswe kwa Kapa Bophirima. Go dira diteko go tla dirwa ka katlanegiso ya ngaka. Balwetse ba ba batlang tlhokomelo mo setheong sa setšhaba sa boitekanelo ga ba tshwanela go kopa diteko tsa laboratori. Re lemogile gore go ntse jalo kwa maphateng a boitekanelo a poraefete fela se ga se atlanegisiwe ke WHO. Dingaka di tshwanetse go alafa dikgetsi tse di belaelwang go ya ka dintlha tsa diporotokolo tse di tlametsweng ke Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo.
Kalafo
Kalafo e e tlhophilweng ke Tamiflu. E tshwanetse go kaelwa ke ngaka mme e atlanegisetswa fela bao ba nang le:
matshwao a a botsatsa mo ditlhopeng tse di kgethegileng tse di mo kotsing jaaka go tlhagisitswe fa godimo
matshwao a a bogareng
matshwao a a feteletseng.
Kalafo ya mogoso ka Tamiflu e tla lere gore go nne le kemokgatlhanong ya mogoso go molemo mme go dire gore o se nne mosola le mo bathong ba o ka bolokang matshelo a bona.
Go tswalwa ga ditheo
Maitemogelo a lefatshe lotlhe a supile gore go tswalwa ga dikolo le ditheo tsa thuto e kgolwane, marekelo a magolo le mafelotiro ga go a thusa sepe go fedisa go anama ga bolwetse. Mme go tlhodile dikgoreletso tse dikgolo tsa loago.
Re gakolola gore morutwana mongwe le mongwe,  morutabana kgotsa modiri yo o nang le matshwao a a botsatsa a nne kwa gae. Fa go na le barutwana ba le bantsi le/kgotsa barutabana ba ba ntseng kwa gae, setheo se se amegileng se tshwanetse go ikgolaganya le Lefapha la Thuto, mme lona mmogo le bothati jwa boitekanelo le tla gakolola gore go tlhokwa  gore  go tsewe dikgato dife.
Boitekanelo jo bo bonolo
Go ya ka mokgwa o bolwetse jo bo anamang ka gone jaaka go tlhalositswe pele, go atlenegisiwa boitekanelo jo bo latelang:
tlhapa diatla ka sesepa kgapetsakgapetsa
gotlholela kgotsa ethimolela mo pampiring e e botsatsa kgotsa mo khaing ya letsogo la gago
o se ke wa gotlholela mo diatleng tsa gago, o ka mpe wa gotlholela mo sejabaneng.
fa o pateletsega go gotlholela mo diatleng, o se tshware sepe sa dilo tse di jaaka ditshwaro sa setswalo, matlhabaphefo, bogodimo jwa ditafole kgotsa didirisiwa go fitlha o tlhapa diatla ka sesepa.
Fa o itemogela  matshwao a a botsatsa, itunne gae, mme o se kopane le batho.
Ke rata go go netefaletsa gore borasaense ba dira sengwe le sengwe lefatshe lotlhe, ba dira le WHO go leka go tlhagisa moento. Fa dilo di ka tsamaya sentle, moento wa go nna jalo o tla nna teng mo dikgweding tse di mmalwa tse di tlang. Fela, go ka nna le topo e e kwa godimo ya moento le fa go se na bokgoni jo bo lekaneng jwa go o dira – bokgoni joo ga bo teng mo Aforika.
.
Ke rata go go leboga go tsaya nako go buisa lekwalo le, e bile gape ke rata go go leboga ka tsholofelo ya gago ya kamego ya matlhagatlhaga mabapi le go tlhaeletsana le go tlhofofatsa maatla a bolwetse.
Ka boikokobetso
NGK A MOTSOALEDI, MP
TONA YA BOITEKANELO
LETLHA: 
