Tlhomosemmuso ya Moporesitente – 2009
A re ketekeng tlhomosemmuso ya Moporesitente yo montšhwa wa naga ya rona! 
Dimilione tsa ma-Aforika Borwa di tsere karolo mo ditlhopo kakaretsong ka di 22 Moranang 2009. Ka go tlhopa, batho ba mo Aforika Borwa ba tsere karolo mo tsamaisong ya temokerasi ya go tlhopa Moporesitente yo montšhwa wa naga. Ka jaanong re itse dipoelo tsa ditlhopho, ke nako ya gore Moporesitente yo montšhwa wa Aforika Borwa a tlhongwe semmuso. 
Tlhomosemmuso ke eng? 
Tlhomosemmuso ke moletlo o o bontshang tshimologo ya puso e ntšhwa. Ka letsatsi le, Moporesitente yo montšhwa o ikanesiwa ke Moatlhodimogolo wa Aforika Borwa.
Ditlhogo tsa Mafatshe le Mmuso le baemedi ba mebuso go tswa kwa dinageng tse dingwe ba tsenela tiragalo e e botlhokwa e. Go nna gape le mmino, ditiragatso tsa setso le tse dingwe kwa moletlong go keteka letsatsi le. 
Tlhomosemmuso e diragala leng? 
Monongwaga tlhomosemmuso e diragala ka Lamatlhatso, 9 Motsheganong go tswa ka 11h00 mo mosong kwa Union Buildings kwa Pretoria.
Goreng letsatsi le le botlhokwa? 
Mo letsatsing le re keteka diphitlhelelo tsa temokerasi le ditshwanelo le ditšhono tse jaanong re di itumelelang mo Aforika Borwa ya temokerasi, e e sa tlhaoleng go ya ka lotso le bong. Ke letsatsi le re ka kopanang jaaka setšhaba go tswelela go aga Aforika Borwa eo rotlhe re ka ipelang ka yone.
O ka nna jang karolo ya tlhomosemmuso? 
Diteišene tse mmalwa tsa thelebišene le tsa radio di tla gasa tlhomosemmuso ka tlhamalalo ka di 9 Motsheganong – reetsa!
Go na gape le ditiragalo tse rulaganyeditsweng baagi go ralala naga – nna karolo ya tsone! 
Go bona dintlha ka ga tiragalo mo lefelong la gago, leletsa 1020 (mogala wa mahala go tswa mo mogaleng wa fa gae).  
Re Tshwaragane Mmogo go Tokafatsa matshelo!
