Ditona tsotlhe
Ditokololo tsotlhe tsa Palamente
Ditokololo tsotlhe tsa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense
Ditonakgolo tsotlhe
Ditokololo tsotlhe tsa makgotla a khuduthamaga
Ditokololo tsotlhe tsa dipeomolao tsa diporofense
Modirammogo yo o tlotlegang
LEROBOROBO LA MOKGOTLHWANE WA A (H1N1) 2009 
Jaaka Tona ya Boitekanelo, ke go kwalela jaana mabapi le bolwetse jo bo fa godimo ka mabaka a le mabedi:
go go naya tshedimosetso e e tla go thusang go lwantsha bolwetse jo
go kopa thuso ya gago le gore o nne le seabe  le gore ofisi ya gago e e kwa godimo e tlhaeletsane ka nonofo melaetsa e megolo ya Mokgotlhwane wa A (H1N1) 2009 mo setšhabeng sa eno.
Leina la semmuso la saense la bolwetse jo ke leroborobo la mokgotlhwane wa A (H1N1). Bo simolotse kwa Mexico le Dinaga tse di Kopaneng tsa Amerika ka Moranang ngwaga o. Bo ne bo itsege pele e le mokgotlhwane wa dikolobe, gonne go ne go akanngwa gore bo simolotse mo dikolobeng. Ga jaana go dumelwa gore ke motswako wa dielemente tsa batho le maeba. Ka jalo bolwetse ga bo ikamaganye ka gope le go ja nama ya kolobe kgotsa dikumo tsa kolobe. Jaanong e kaiwa fela e le leroborobo la mokgotlhwane kgotsa go ka itlhophelwa leina la lone la semmuso, A (H1N1).
Go tloga ka Moranang monongwaga, mogare o ne wa  anama ka bonako mo dinageng di le 166 lefatshe ka bophara. Mo Aforika, bo aname fela mo dinageng di le 16 go fitlha jaana. Ka nako e ke neng ke kwala lekwalo le ka yona, mogare o o ne o amile batho ba le 177 457 (tlhomamiso ya laboratori) lefatshe ka bophara ka maso a le 1 457 a a tlhomamisitsweng.
Mo Aforika Borwa re na le dikgetsi di le 2 844 tse di tlhomamisitsweng le maso a le marataro ga jaana. 
Morago ga kopano ya bone ya Komiti ya Potlako e e neng e tshwerwe ka 11 Seetebosigo 2009, Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo (WHO) o ne wa fetsa ka gore maemo a leroborobo a lefatshe ka bophara a fitlheletswe mme Mokaedi-Kakaretso, Dr Margaret Chan, o ne a goeletsa leroborobo (kgato ya 6). Seno se kaya gore bolwetse jo bo ntse bo anametse kwa dinageng mo dikgaolong tsa WHO mme bo anama ka bonako. Fela, ke rata go gatelela gore go itsise leroborobo ga go kae gore bolwetse jo bo kotsi thata. Go kaya fela gore bo anama gotlhe.   
Ka di 6 tsa Phukwi, WHO e ne ya tlhalosa go anama ga leroborobo le mo dinageng tse di amegileng le dinaga tse dintšhwa le sa fenyege kgotsa go se thibege. Ka lesego, fa go ka nna jalo, ba tlhokometse gore batho ba le bantsi ba ba nnang le tshwaetso ya mogare o ba tla nna bokoa. Fela jaaka badiredi ba boitekanelo, ba fa gae le ba lefatshe ka bophara, re ntse re tshwenyegile ka maso a a tlhagileng go fitlha ga jaana (lefatshe ka bophara ke 0,8% mme mo Aforika Borwa ke 0,2% ya batho ba ba amegileng). Mogare o ama thata batho ba ba tlogang ka dingwaga di le 10 go fitlha 29 – bontsi jwa batho ba ba kwa dikolong kgotsa ditheo tsa thuto e e kgolwane.
WHO e gakolotse gore dinaga di tshwanetse go lebisa mogopolo mo go bebofatseng bogale jwa bolwetse jo mo setšhabeng. Ka go dira seno, go tlhokega tlhaeletsano e e nonofileng. 
Mokgwa wa go anama
Bolwetse jo bo anama ka lerothodi la tshwaetso (ke gore fa motho yo o nang le tshwaetso a gotlhola kgotsa a ethimola mme o bo o hema mowa o a ethimotseng kgotsa a gotlholetseng mo go ona, le fa a ka gotlholela mo phatlhalatseng mme o bo o hema mowa o o dikadikileng fao o ka tshwaetsega).
Matshwao a bolwetse jo
Matshwao a a ka  kgaoganngwa ka dintlhakgolo tsa ditlhopa di le tharo
botsatsa
bogareng
feteletseng.
Matshwao a a botsatsa a akaretsa:
go nna le mamina kgotsa go thibana dinko
go gotlhola 
go tshabelwa ke phefo
go opelwa ke mesifa le go opelwa 
maikutlo a go se itekanele ka kakaretso 
Palo e e kwa godimo ya batho e na le matshwao a a botsatsa mme ga ba na go tlhoka tlhokomelo ya kalafo e e kgethegileng. Ka jalo, matshwao a go nna jalo a tshwanetse go alafiwa jaaka matshwao a a tlwaelegileng a mokgotlhwane kwa ntle fela ga batho ba ba nang le maemo a a latelang ba ba tshwanetseng go bona kalafo ka bonako le fa ba na le matshwao a a botsatsa: 
batho ba ba nang le bolwetse jo bogolo jwa pelo kgotsa jwa makgwafo
basadi ba ba imileng
batho ba ba phelang ka HIV le AIDS
batho ba ba nang le boletswe jwa tshukiri.
Matshwao a a bogareng a akaretsa matshwao a a botsatsa le:
go felelwa ke mowa
setlhabi mo mafatlheng
go tlhatsa phetelela
letshoroma le matshwao a go felelwa ke metsi mo mmeleng.
Matshwao a a feteletseng a akaretsa matshwao a a botsatsa le a a bogareng:
go retelelwa ke go hema (kgatelelo ya khemo) 
dipounama tse di mmala wa legodimo, leleme kgotsa dikarolo dingwe tsa mmele
go dikelelwa go go feteletseng le idibala.
Mongwe le mongwe yo o nang le matshwao a a bogareng le a a feteletseng o tshwanetse go batla le go amogela thuso ya bonako ya kalafi.
Go anama ga bolwetse jo mo diporofenseng
Go anama ga bolwetse jo mo diporofenseng tsa rona e le palogotlhe ya diperesente tsa tshwaetso mo nageng ya rona ke tse di latelang:
Gauteng		50% 	
Kapa Bophirima	31%	
KwaZulu-Natal	7%	
Kapa Botlhaba	4%	
Limpopo		2,4%	
Mpumalanga		1,9%	
Bokone Bophirima	1,8%	
Foreisetata		0,7%	
Kapa Bokone	0,1%	
Maso a marataro:
Kapa Bophirima:	tharo
Kapa Botlhaba         nngwe
Foreisetata:		nngwe
KwaZulu-Natal         nngwe.
Go dira diteko tsa twatsi
Diteko tsa semmuso di diriwa ke Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang, se se kwa Gauteng fela ga jaana se atoloseditswe kwa Kapa Bophirima. Go dira diteko go tla dirwa ka katlanegiso ya ngaka. Balwetse ba ba batlang tlhokomelo mo setheong sa setšhaba sa boitekanelo ga ba tshwanela go kopa diteko tsa laboratori. Re lemogile gore go ntse jalo kwa maphateng a boitekanelo a poraefete fela se ga se atlanegisiwe ke WHO. Dingaka di tshwanetse go alafa dikgetsi tse di belaelwang go ya ka dintlha tsa diporotokolo tse di tlametsweng ke Lefapha la bosetšhaba la Boitekanelo.
Kalafo
Kalafi e tlhopilweng ke Tamiflu. E tshwanetse go kaelwa ke ngaka mme e atlanegisetswa fela bao ba nang le:
matshwao a a botsatsa mo ditlhopeng tse di kgethegileng tsa masula a a tlhagisitsweng mo godimo
matshwao a a bogareng
matshwao a a feteletseng.
Kalafi ya mogoso ka Tamiflu e tla lere gore mogoso o lwantshe seretibatsi se mme o se dire gore se dire le mo bathong ba se ka bolokang matshelo a bona.
Go tswalwa ga ditheo
Maitemogelo a lefatshe lotlhe a supile gore go tswalwa ga ditheo tsa thuto le mafelo a mangwe a a jaaka marekelo ga go a thusa sepe go emisa go anama ga bolwetse jo. Fela bo tlhodile kgoreletso e kgolo mo baaging.
Re le gakolola gore morutwana mongwe le mongwe,  morutabana kgotsa modiri yo o nang le matshwao a a botsatsa a nne kwa gae. Fa go na le barutwana ba le ba ntsi le/kgotsa barutabana ba ba ntseng kwa gae, setheo se se amegileng se tshwanetse go ikgolaganya le Lefapha la Thuto, mme lona mmogo le bothati jwa boitekanelo bo tla gakolola gore go tlhokwa  gore  go tsewe dikgato dife.
Boitekanelo jo bo bonolo
Go ya ka mokgwa o bolwetse jo bo anamang ka gone jaaka go tlhalositswe pele, go atlenegisiwa boitekanelo jo bo latelang:
tlhapa diatla ka sesepe ka gale
gotlholela kgotsa ethimolela mo pampiring e e botsatsa kgotsa mo khaing ya letsogo
o se gotlholele mo diatleng tsa gago, o ka mpe wa gotlholela mo sejabaneng.
fa o pateletsega go gotlholela mo diatleng, o se tshware sepe sa dilo tse di jaaka setshwaro sa setswalo, matlhabaphefo, bogodimo jwa tafole kgotsa dijana go fitlha o tlhapa diatla ka sesepa.
Fa o itemogela  matshwao a a botsatsa, itunne gae, mme o se kopane le batho.
Ke rata go go netefaletsa gore borasaense ba dira sengwe le sengwe lefatshe lotlhe, ba dira le WHO go leka go dira molemo, fa dilo di ka tsamaya sentle, molemo wa go nna jalo o tla nna teng mo dikgweding tse di mmalwa tse di tlang. Fela go ka nna le tlhokego e e kwa godimo ya molemo ka go se na bokgoni jo bo lekaneng jwa go o dira – bokgoni joo ga bo teng mo Aforika.
.
Ke rata go go lebogela go tsaya nako go buisa lekwalo le, mme ke rata go go leboga di sa tloga ka ga botsayakarolo jwa matlhagatlhaga jwa go tlhaeletsana le go bebofatsa bogale jwa bolwetse.
Ka ditumediso
DR A MOTSOALEDI, MP
TONA YA BOITEKANELO
LETLHA: 
