Sejana sa Lefatshe sa FIFA 2010 le Sejana sa Motlhakanelwa sa Aforika Borwa sa 2009 
DINTLHA 
Re naga ya bobedi mo lefatsheng go ka tshola dijana tsa lefatshe tsa kherikhete, rakibi le kgwele ya dinao. 
MABALA A METSHAMEKO 
Mabala a metshameko ke a a itumedisang thata mo lefatsheng mme otlhe a tla tshola go feta 570 000 ya batho. 
• Lebala la Metshameko la Moses Mabhida kwa Thekwini le na le marulelo a tshipi a 105 m kwa godimo ga bogare jwa lebala, mme ka go dirisa koloi ya go tsamaya ka mogala, babogedi ba tla iphina ka pogelo e ntle ya Lewatle la Intia. 
• Soccer City kwa Johannesburg e tshwana le sego, moselo wa     se-Aforika wa go nwela. Karolo ya bontle e ralalaga 43 000 m2 mme e tla dirwa go tsweng go didiriswa tsa tlholego tse di somarelang motlakase. Ke lebala la metshameko le legolo thata mo Aforika, le tshola bontsi jwa 95 000. 
• Lebala la Metshameko la Mbombela kwa Nelspruit le agilwe mo kgaolong e e itsegeng ka bontle jwa tlhago le diphologolo, gaufi le Serapa sa Bosetšhaba sa Kruger. Ponagalo ya sone ya tshaeno ke marulelo a le 18 a a emelang dithutlwa. 
Mabala a metshameko a a tlhabololwa, a mangwe jaaka mafelo a ikatiso. Tseno di akaretsa: 
• Lebala la Metshameko la Orlando, leo le setseng le feditswe pele ga nako e e beilweng le Lebala la Metshameko la Dobsonville kwa Soweto 
• Mabala a metshameko a Rand, Cecil Payne, Rabie Ridge le Ruimsig kwa Johannesburg 
• Mabala a metshameko a HM Pitje, Super le Giant kwa Tshwane/Pretoria 
• Lebala la Metshameko la Sesa Ramabodu Stadium kwa Rocklands, Cape Town 
• Mabala a metshameko a Princess Magogo, King Zwelithini le Sugar Ray Xulu kwa Durban 
• Lebala la Metshameko la Olympia Park kwa Rustenburg. 
O ne o itse? 
• R25 million e tla beeletswa mo tlhabololong ya ditlhopha go kgabaganya mefuta ya metshameko, bogolosegolo mo baaging ba ba humanegileng, go ribolola le go nonotsha ditalente tsa rona tsa metshameko, le go tokafatsa bogaisane jwa rona jwa metshameko. 
• R212 million e beeletswa mo metshamekong ya kwa dikolong le ya setšhaba mo pakeng e e lebisang kwa go 2010. 
• Lenaneo la Dikolo le tla tlisetsa Sejana sa Lefatshe sa FIFA maitsholo a motshameko o o amogelesegang, mekgwa ya botshelo e e itekanetseng le ditsodintsi go bana ba dikolo ba le dimilione di le 12 ka metshameko, botsweretshi le setso. 
DIPALANGWA 
Dibilione dingwe di le R11,7 di beeleditswe mo lenaneong la mafaratlhatlha a dipalangwa go netefatsa go eta go go edileng ga balatedi, ditlhopha le bobegakgang. Diporojeke tsa Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 ke karolo tshwaragano ya peeletso kakaretso mo dipalangweng, tseo di fetolang thulaganyo ya rona ya dipalangwa gore e tswele banamedi le ikonomi mosola wa paka telele. 
Tokafatso ya ditsela tsa rona, seporo le ditsela tsa dibese e tla tlamela ka thulaganyo e e golaganeng ya dipalangwa. Se se akaretsa go tlhama dilo tse dintšhwa jaaka Thulaganyo e e Potlakileng ya Tsamao ya Diterena le Dibese, tseo di akaretsang mela e e kgethegileng ya dipalangwa tsa botlhe le ditsela tsa thefosano tsa bapalami go kgona go fetola mefuta ya dipalangwa. Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010  se tla simolola tiriso ya thekethe ya eleketeroniki e e golagantsweng, eo e tla thusang bapalami go dirisa thekethe e le nngwe go fitlhelela dibese, diterena le dithekisi. 
Dithekenoloji tsa tshedimosetso le tlhaeletsano
Sathalaete ya mafaratlhatlha a lefelo la difounu le tlhaeletsano ya megala ya Sejana sa Lefatshe e tla thusa bokgoni jwa phetiso ya 40 gigabytes ka motsotswana mme e tla dirisiwa morago ga 2010 go tlamela ka ditirelo tsa lekhubu le le atolositsweng. 
Tikwatikwe ya Boditšhabatšhaba ya Kgaso kwa Johannesburg e tla nna tikwatikwe-kitso ya bobegakgang, e amogela phetiso ya kgaso go tswa kwa mabaleng a metshameko le go e phatllalatsa go ralala lefatshe. 
Tikwatikwe-kitso ya bobegakgang e akaretsa “lefelo” la dikotlolo tsa sathalaete tse di akaretsang sekgala sa 5 000 m². Koketsego ya babogedi ba thelebišene e tla fitlhelela go dibilione di le 26,9. 
O ne o itse? 
Moono wa rona wa Sejana sa Lefatshe sa 2010 ke KE NAKO. Keteka Botho jwa Aforika. “Ke Nako” ke lefoko la Sesotho, Sesotho sa Leboa le Setswana go kaya “ke nako”. Ke boikuelo jwa go keteka Aforika jaaka tshimologo ya botho le go nna le seabe ga yone mo morerong mongwe le mongwe wa tsweletso ya botho. 
BOJANALA LE MAROBALO
La ntlha mo hisetoring, FIFA e dirisa marobalo ao e seng a hotele, jaaka diphaka tsa bosetšhaba, maroko-le-difitlholo, diloje le dintlo tsa baeng. 
Re setse re na le diphaposi tse di tlhabolotsweng di le 80 000 – tse dintsi thata go kgonana le palo ya 55 000 e e tlhokang ke FIFA. 
BOITEKANELO LE DITIRELO TSA KALAFI
Naga e tla nna le tlhokomelo ya kalafi kwa mafelong a semmuso, ditirelo tsa tshoganyetso tsa kalafi tsa diura di le 24 le ditirelo tsa boditšhabatšhaba le tsa selegae tsa bolebeledi jwa  go runya ga malwetse. Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 se tla potlakisa tokafatso ditirelo tsa tshoganyetso tsa kalafi tsa Aforika Borwa: 
• ditikwatikwe tse pedi tse di nang le didiriswa tsa boleng jwa dimilione di le R37 di tlhonngwa mo porofenseng e nngwe le e nngwe go gokaganya dirori tsa tshoganyetso ka gangwe gaufi le tikwatikwe ya tshoganyetso e e leng teng e e leng gaufi 
• dimilione di le R8 di a beeletswa go tokafatsa ditikwatikwe tsa tshoganyetso 
• ditirelo tsa helikopotara ya kalafi di tla atolosetswa kwa diporofenseng tsotlhe 
• go tla refosiwa diamolantshe di le 450. 
PABALESEGO LE TSHIRELETSEGO 
Ga go sepe seo se tla tlogelwang fela mo go sireletseng ditiragalo le naga ya rona. 
Peeletso e e tla tswelela go thusa sepodisi mo maitshimololelong a bone a go lwantsha bosenyi morago ga fa Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 se fela: 
• dimilione di le R665 di tla dirisetswa mo go senkeng didiriswa tsa maemo a a kwa godimo, go akaretsa didiriswa tsa go laola boidiidi, difofane tse di itirisang/iphofisang, dihelikopotara, dikanono di le lesome tsa metsi, di BMW di le 100 go paterola ditsela kgolo le Diaparo tsa go itshireletsa
• ditikwatikwe di le nne tsa thekenoloji ya maemo a a kwa godimo di tla amogela kgaso ya ka gangwe go tswa mo difofaneng le dikhereng dingwe. 
• masole a a boikanyo a batlhankedi ba le 41 000 a tla thapelwa fela Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010. 
O ne o itse? 
Ka Pitsokgolo ya Lefatshe ya Tlhabololo e e sa Kgaotseng, Aforika Borwa e simolotse mokgwa wa tshireletso o o amogetsweng jaaka malebela a mantšhwa a boditšhabatšhaba – mme o setse o amogetswe ke Ditšhaba Kopano jaaka sekai sa yone mo ditiragalong tse kgolo. 
GO FITLHELELA AFORIKA BORWA
• Dibilione di le R1,5 di beeletswa mo go tokafatseng magorogelo, mme dipaakanyo tsa Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 di tokafatsa dithulaganyo tsa bofudugedi go nolofatsa go tsena le go tswa ga batho mo nageng. 
• Re tla nna le di visa tse di ikaeletseng fela tiragalo tseo di tla kgontshang bao ba tshotseng dithekete go tsena mo nageng bonolo. 
• Se se akaretsa go itlhaganedisa thulaganyo ya bofudugedi kwa bogorogelong ka ditsela “potlakiso” le tsweletso ya maemo a a kwa godimo ya bapalami fao baeti ba lekolwang pele ba palama sefofane go ya kwa ba yang gone. 
Go bona tshedimosetso ka botlalo: 
www.sa2010.gov.za 
DINTLHA TSA KA BONAKO 
Dipaakanyo tsa Puso tsa Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 le Sejana sa Motlhakanelwa sa Aforika Borwa 2009 
2010 LE IKONOMI YA RONA E E GOLANG 
Bokana ka ditiro di le 415 000 di tla tlhodiwa ka go tshola dithonamente. 
Go setse go tlhodilwe ditiro tse dintšhwa di le 80 000 mo madirelong a tsholô le 40 000 mo madirelong a boagi. 
Bokana ka dibilione di le R55,7 di tla tlaleletsa dikuno tsotlhe tsa rona tsa selegae ka 2010. 
Bokana ka dibilione di le R2 tsa madi a a dirisiwang mo mabaleng a mantšhwa a metshameko di tla tswela mosola malapa a lotseno le le kwa tlase. 
Bokana ka dibilione di le R8,5 billion di tla dirisiwa ke baeti ba boditšhabatšhaba mo Aforika Borwa ka 2010. Magareng ga 2007 le 2015, Aforika Borwa e tla amogela  baeti ba tlaleletso ba boditšhabatšha ba le dimilione di le pedi ka ntlha ya go tshola dithonamente.
Sejana sa Motlhakanelwa sa FIFA
Aforika Borwa 2009
14 – 28 Seetebosigo 2009
Se itsege jaaka moletlo wa ditshimega, seeledisa Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2010 se tshamekiwa magareng ga bafenyi bangwe le bangwe ba dithonamente tsa kgaolo tsa Sejana sa Motlhakanelwa sa FIFA, bafenyi ba Sejana sa Lefatshe sa FIFA se se fetileng le moamogedi yo o latelang wa Sejana sa Lefatshe sa FIFA. Ka go kopano e e itumedisang ya ditlhopha tsa maemo a lefatshe – go akaretsa ditlhopa di le tharo tsa ditlhopa di le nne tse di itlhomileng kwa godimo –le maatla a setšhaba se se nang le maikutlo a a kwa godimo a kgwele ya dinao, Sejana sa Motlhakanelwa sa FIFA ke maitemogelo a a sa tshwanelang gore a go fete.
EGYPT – Ditshimega tsa Sejana sa Ditšhaba tsa Aforika tsa 2008 CAF
Egypt ke nngwe ya ditlhopha tse di itshupileng mo kgweleng ya dinao ya Aforika Borwa. Ke setlhopha se se atlegileng thata mo hisetoring ya Sejana sa Dinaga tsa Aforika ka dithaetlele di le thataro. Mokatisi: Hassan Shehat. Seelo sa FIFA: 22. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: gangwe. Batshameki ba ba itsegeng: Hossam Hassan, Ahmed Hassan, Amr Zaky, Mohamed Zidan.
IRAQ – Ditshimega tsa 2007 tsa Sejana sa Ešia AFC
Mokgwa wa bone wa go tlhasela le maano a a itsetsepetseng di ba dira gore ba tshwanelwe ke go ipitsa ditshimega tsa Ešia. Mokatisi: Jorvan Vieira. Seelo sa FIFA: 77. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: gangwe. Batshameki ba ba itsegeng: Younis Mahmoud, Noor Sabri, Bassim Abbas, Nashat Akram.
SPAIN_– Ditshimega tsa 2008 tsa UEFA EURO
Ga jaana Spain ke setlhopha sa maemo a ntlha mo seelong sa semmuso sa lefatshe sa FIFA. Mokatisi: Vicente Del Bosque. Seelo sa FIFA: gangwe. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: gangwe. Batshameki ba ba itsegeng: Fernando Torres, Xabi Alonso, Iker Casillas, Sergio Ramos.
UNITED STATES OF AMERICA (USA) – Ditshimega tsa Sejana sa Gauta sa 2007 sa CONCACAF
E setse e tshwanetse ke metshameko e le metlhano e e fetileng mme morago ga go sireletsa thaetlele ya bone ya Sejana sa gauta sa CONCACAF ka go fenya Mexico 2-1, USA e tsewa e le khodumodumo e e robetseng mo lefatsheng la kgwele ya dinao. Mokatisi: Bob Bradley. Seelo sa FIFA: 21. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA:  gararo. Batshameki ba ba itsegeng: Damarcus Beasley, Landon Donovan, Clint Dempsey, Tim Howard.
BRAZIL – Ditshimega tsa 2007 tsa Copa America
Ga go na setlhopha sa bosetšhaba se se itumeletseng tswelelopele go gaisa Brazil. Ka e setse e tshitse bangwe  ba maina a a tumileng jaaka Pelé le Ronaldinho, ke setlhopha se le sengwe se setseng se tshamekile mo Sejaneng sengwe le sengwe sa Lefatshe sa FIFA. Mokatisi: Dunga. Seelo sa FIFA: nne. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA:  ga tlhano. Batshameki ba ba itsegeng: Ronaldinho, Adriano, Gilberto, Robinho.
NEW ZEALAND – Ditshimega tsa 2008 tsa Sejana sa Ditšhaba sa OFC
“Basweu botlhe” jaaka  ba itsege, bat sere karolo mo Sejaneng sengwe le sengwe sa Ditšhaba  sa OFC go tloga ka 1973, ba fenya palogotlhe ya makgetlho a le mane.Mokatisi: Ricki Herbert. Seelo sa FiFA: 54. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: gabedi. Batshameki ba ba itsegeng: Simon Elliot, Ryan Nelson, Chris Killen, Shane Smeltz.
AFORIKA BORWA – Naga e e amogelang baeng
Ka Sejana sa Ditšhaba tsa Aforika sa CAF le dithaetlele tse pedi tsa Sejana sa COSAFA, “Bafana Bafana” ba eme sejaro go iponagatsa jaaka baamogedi Mokatisi: Joel Santana. Seelo sa FIFA: 85. Go tlhagelela mo Sejaneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: gangwe. Batshameki ba ba itsegeng: Benni Mcarthy, Aaron Mokoena, Steven Pienaar, Teko Modise.
ITALY – Ditshimega tsa 2006 tsa Sejana sa Lefatshe FIFA
Ba setse ba fentse Dijana tsa Lefatshe tsa FIFA, Italy ke nngwe ya ditshimega tsa kgwele ya dinao mo lefatsheng. Mokatisi: Marcello Lippi. Seelo sa FIFA: pedi. Go tlhagelela mo Sejaneneng sa Motlhakanelwa sa FIFA: la ntlha. Batshameki ba ba itsegeng: Fabio Cannavaro, Andrea Pirlo, Luca Toni, Gianluigi Buffon. 
Thulaganyo ya METSHAMEKO
Itumelele kgwele ya dinao ya maemo a lefatshe go tloga ka R70 – Iponele madulo a gago mo hisetoring mme o nne karolo ya Ditshimega tsa Ditshimega.
Dira kopo mo inthaneteng go www.FIFA.com kgotsa kwa lekaleng lengwe le lengwe la First National Bank go ralala naga. 
Kgwele ya semmuso ya motshameko wa Sejana sa Motlhakanelwa sa FIFA sa Aforika Borwa
Go tswa mo lefokong la Sesotho go kaya “Kopanya”  leina la kgwele  “Kopanya”  le emela lefatshe la kgwele ya dinao le kopana la ntlha mo Aforika ka seetebosigo 2009. Tlhamo ya kgwele e rotloetsa ke tiro ya botsweretshi/bobetli jwa dipopego tsa morafi wa Mabetebele.
“KOPANYA”                                     
Kgwele ya semmuso ya motshameko             
                                                       Setlhopha A                               Setlhopha B
Aforika Borwa   A1           USA         B1
Iraq                  A2            Italy          B2 
New Zealand   A3            Brazil        B3
Spain               A4            Egypt        B4 
THULAGANYO YA METSHAMEKO      
    METSHAMEKO YA DITLHOPHA        DIKA MAKGAOLAKGANG  
LEFELO LA-3 LE-4 LE MAKGAOLAKGANG
Sontaga  14 Seetebosigo
Mosupologo, 15 Seetebosigo
Labobedi, 16 Seetebosigo
Laboraro, 17 Seetebosigo
Labone, 18 Seetebosigo 
Labotlhano, 19 Seetebosigo
Lamatlhatso, 20 Seetebosigo
Sontaga, 21 Seetebosigo
Mosupologo, 22 Seetebosigo
Labobedi, 23 Seetebosigo 
Laboraro, 24 Seetebosigo
Labone, 25 Seetebosigo 
Labotlhano, 26 Seetebosigo
Lamatlhano, 27 Seetebosigo
Sontaga, 28 Seetebosigo
JOHANNESBURG
LEBALA LA METSHAMEKO LA ELLIS PARK
RUSTERNBURG
LEBALA LA METSHAMEKO LA ROYAL BAFOKENG
TSHWANE / PRETORIA
LEBALA LA METSHAMEKO LA LOFTUS VERSVELD
MANGAUNG / BLOEMFONTEIN
LEBALA LA METSHAMEKO LA FREE STATE
[REST DAY] LETSATSI LA GO IKHUTSA 
