FRONT
Ke na le maikarabelo.
Re na le maikarabelo.
Aforika Borwa e tsaya maikarabelo.
BACK
Mabaka a le 10 a gore goreng JAANONG e le nako ya go dira diteko…
HIV e ka alafiwa le go thibelwa. Tsaya maikarabelo mme o dire diteko gompieno.
Go dira diteko tsa HIV le kalafi ke mahala kwa ditleliniking TSOTLHE tsa mmuso.
Fa o na le mogare wa HIV, o ka tshela botshelo jo bo itekanetseng.
Fa o se na mogare wa HIV, o ka itshireletsa kgatlhanong le tshwaetso.
O ka itshireletsa le ba bangwe kgatlhanong le tshwaetso ya HIV – ka gale dirisa mesomelwana mme o fokotse palo ya barobalani.
Go dira diteko mmogo le molekane wa gago go tlhola botshepegi le tlotlo.
Nna sekai mo go balelapa le ditsala tsa gago. Dira diteko gompieno mme o rotloetse ba bangwe go dira jalo.
Ga go na ngwana yo o tshwanetseng go belegwa a na le HIV. Go na le molemo o o ka thibelang se, FELA o tshwanetse go itse kemo ya gago ya HIV go sa le gale mo boimaneng jwa gago.
Fa o na le TB, o ka tswa gape o na le HIV. Netefatsa gore o dira diteko tsa HIV. Fa o na le HIV, netefatsa gore o dira diteko tsa TB.
Aforika Borwa e tsaya maikarabelo a boitekanelo jwa gago. O ya go tsaya leng maikarabelo mme o dire diteko?
Fa o sa tshwaetsega itshireletse mme o ikilele – mme o nne fela jalo. 
Go fitlhela tikwatikwe ya diteko e e gaufi le wena, romela SMS ya lefoko HIV le khoutu ya poso go 31771 
Leletsa Mogala wa Thuso wa AIDS mo go 0800 012 322
Go buisa ka ga mekgwa yotlhe e o ka dirisang selefounu ya gago go bona tshedimosetso ya HIV le thuso:
( tobetsa *120*923# (disente di le 20 go metsotswana e le 20)
