Puo ka Mokhuduthamaga wa Lefapha la Pholo le Tlhabololo ya Loago, Mme Onewang R Kasienyane ka nako ya moletlo wa segopotso sa letsatsi la boditshabatshaba la HIV le AIDS
Dingaka tsa setso
Mokgatlo wa Batho ba Rona Bao ba Tshelang ka Mogare wa HIV le AIDS
Badiri ba rona ba Pholo le Katlatlelo Loago ba Selegae
Baagi ba Porofensi ya Bokone Bophirima
Baeng ba tlotlego
Bagaetsho Dumelang!
Ke filwe tshono e go ala phate, ke baakanyetsa Motlotlegi Premier Mme Maureen Modiselle yo e tla reng moragonyana a bo a nela ka puo ya letsatsi le go ama setshaba se se leng fa ka lefoko. Letsatsi la gompieno ke le le golo mo go rona rotlhe. Le le golo thata mo go rona ka gonne ke ketikiwa lefatshe lotlhe jaaka segopotso sa twantsho ya go anama ga mogare wa HIV le AIDS. Ka jalo, Letsatsi la la Boditshaba Tshaba la AIDS eleng di 1 December 2009, le tshwaya segopotso sa bo 22 fa e sa le World AIDS Day e tshwara lantlha ka 1988. Se se go bontsha go re re tswa kgakala mo ntweng ya rona re le Porofensi ya Bokone Bophirima, Naga ya Africa Borwa, Kontinente ya Afrika le Lefatshe ka bophara.
Fa re lebelela ko re tswang teng, re ka dumalana ka bongwe jwa pelo fela go re ke go le gontsi moo lefatshe, Afrika le naga ya rona ya Aforika Borwa e setseng e go dirile go phasalatsa molaetsa le go tsibosa bagaetsho ka bolwetsi jwa HIV le AIDS. Re a dumalana gape go re ke go le gontsi mo re santseng re tshwanelwa ka go go dira go thibela kanamo ya HIV le AIDS.
Maitlhomo magolo ya letsatsi le la gompieno ke godisa seemo sa go tsiboga le tshedimosetso ka HIV le AIDS lefatshe ka bophara. Ke go leka ka thata gape go rotloetsa batho botlhe go nna le seabe le go tsaya maikarabelo a matshelo a rona ka go diragatsa thobalano e e babalesegileng.
Moono wa Letsatsi la Boditshabatshaba la Segopotso sa HIV le AIDS wa monongwaga o totile thata ntlha e ya go tsaya maikarabelo. Re bua gore, "Ke na le Maikarabelo, Re na le Maikarabelo, South Africa e tsaya Maikarabelo". Molaetsa o o tlisiwang ke moono o wa gompieno ke go bontsha go re, le fa re setse re itse rotlhe ka kokwanatlhoko ya HIV le ditlamorago tsa thobalano e e sa sireletsegang, batho ba le bantsi ba santse ba tlhoka go tsaya maikarabelo go fedisa botlhaswa mo thobalanong. Ke solofela go re rotlhe re tla simolola go tsaya molaetsa o tsiya.
Maloba fela pele ga letsatsi la Moletlo wa Partnership Against AIDS, Health Minister, Dr Aaron Motswaledi o ne a ntsha Pegelo ya Bosetshaba ya Ngwaga le Ngwaga ya Dikgetse tsa HIV le AIDS. Pegelo e, e ne e bontsha sentle fela go re re santse re itemogela kanamo ya mogare le dikgetse tse dintshwa tsa HIV le AIDS. Mme le gale, re ka re dipalopalo tse di shwa tse di ntshitsweng ke Minister di bontsha fa maemo a sa etelesege ka lebelo le le ko godimo.
Ke kamo gompieno re gatelelang thata go re, a re nne le maikarabelo!
Moradisi, ke tsaya sebaka se gape go gopotsa setshaba se se leng fa go re re kopana jaana gompieno re le mo nakong ya malatsi a le a 16 Days of Activism for No Violence Against Women and Children. Ntlha e ya go re Bomme ba le bantsi ba itemogela tshwaetsego ya Mogare wa HIV e ka tshwantshangwa fela le tshotlakako ya Basadi le Bana. Bomme ke bona gantsi ba tsayang maikarabelo a tlhokomelo ya malapa le bana mme fa ba setse ba fela ka ntlha AIDS, bana ba le bantsi ba fetoga dikhutsana. Jaanong, a re rotletseng that thibelo ya kanamo ya mogare go fokotsa tshwaetsego ya Bomme.
Moono wa gompieno o gatelela thata yone ntlha e ya go fetola maitsholo a sa siamang segolobogolo mo thobalanong. Go mo go rona Bagaetsho, "A re nneng le Maikarabelo!"
Ke a leboga!
