13.	SILICOSIS/SETSWANA/SHOLE
SE BADIRI BA TSHWANELWANG KE GO SE ITSE 
KA GA SILIKHOSISE
O itse go le kanakang mabapi le Silikhosise?
Silikhosise ke bolwetse jwa makgwafo jo bo kotsi, jo bo golafatsang, jo bo sa phekolegeng, jo bo ka bakang le loso. Bo bakwa ke fa motho a ka gopa/gabola dikristale tse di hemegang tsa silikha. Silikha ke popikgolo ya manya a motlhaba, majwe le diminerale.
Goreng go gopa/gabola lorole lwa silikha go le kotsi go le kanakana?
Go angwa ke lorole lo lo nang le ditšhagarana tse ditshesatshesanyane tsa silikha go ka baka gore go nne le lothanyana lo lo ipopang mo makgwafong, mme lo itse makgwafo go gopa oksijene ya mowa o re o hemang. Batho ba silikhosise ya bona e setseng e gaketse thata, ba ka tsenwa ke fibrosise e e bogalegale mme ba bolawa ke go hupelwa kgotsa go ema pelo. Batho ba ba berekelang mo loroleng lwa silikha, kgotsa ba ba setseng ba tsenwe ke silikhosise, ba mo kotsing ya go tsenwa ke TB (thubakolosise) ya makgwafo. Silikhosise e e kopaneng le TB, kgotsa yona silikha-thubakolosise, ke yona mmaki yo mogolo wa dintsho mo bathong ba ba amilweng ke silikha lobaka lo loleele.
Go tsenwa ke lorole lwa silikha go diragalela kae?
Lorole lwa silikha lo tlholega fa go silwa majwe, motlhaba le konkoreite go nna tšhagarana e tshesane. Go phaphantshiwa ga motlhaba ke nngwe ya dilo tse di dikwetsa bogolo, gonne go dira gore silikha e tlale mo moweng. Go feela kgotsa tlheka motlhaba o o omileng kgotsa konkoreite, go phepafatsa boago ka mowa wa mokatelo go ka kuisa lorole lo lo boitshegang
[Silikha e thothwa ka makokoko mme e tshelwe mo ditankeng gore e tle e dirisiwe mo tlhagisong ya dikuno]
Modiri o tlaa itse jang gore o mo kwetseng ya go tsenwa ke silikhosise?
Badiri botlhe ba ba berekelang mo tikologong e e lorole, mo go tletseng lorole lwa silikha teng, ba ka tsenwa ke silikhosise bonolo.  Silikhosise e tsena motho le go mo gakalela ka bonako fa fela a ntse a amiwa ke lorole lwa silikha (Silikhosise e e bogale), kgotsa e mo tsena ka lobelo (Silikhosise e e tlhaga), kgotsa emo tsene e mo iketletse (Silikhosise e e senyeme). Gape e ka nna ya tlhakatlhakanela pele fa e kopana le fibrosise e e boitshegang kgotsa TB.
Ke mefuta efe ya madirelo e e atisang go tlala lorole lwa silikha?
Mefuta e e latelang ya madirelo ga se yona fela e ntseng jalo, mme go le gantsi ke yona e leng kwetsakgolo ntlheng ya silikha:
Indasteri nngwe le nngwe e e phaphantshang motlhaba kgotsa e rutholola dire tse dingwe tse di nang le silikha fa go kgobolwa pente kgotsa ruse mo meagong le ditanka tsa metale, kgotsa serame mo digalase
Mo meepong le mo dikwaring, mo go epiwang granite kgotsa majwe a motlhaba
Mo Indastering yaBotlhamaganyi e e diranang le go phaphantsha motlhaba, go fata ditonele, go gwaya majwe, go touta dihamore, le go dirisa metšhini go gaila maalo a a tletseng silikha
Mabopelo a metale, phaphantsho ya motlhaba, maruthololo a dire, mabetlelo le magailelo a metale
Mo majwe le granite di segwang, di sagiwang, di kebetlwang, di gailwang kgotsa di gotlhiwang teng
Madirelo a dibenyane
Madirelo a galase
Lephata la Temothuo le le fisang matlakala a dijalo
Maagelo a dikepe
Ralawei (Ditereneng)
Madirelo a disepa le ditlhatswi
[Lerole la bodirelo jo le bonala sentle le mo senepeng, e bile le setlhefatsa le ditshwantsho]
Ke ditshupo dife tse di lemosang kgonagalo ya go silikhosise?
Silikhosise e kgona go tshwara motho dingwaga e sa lemosege; e ka nna 15 dingwaga kgotsa go feta, fa e le senyeme mme e sa tlhakatlhakana. Modiri yo o amiwang ke silikha mme a na le TB a ka tswa a tshwerwe ke silikhosise gape. Silikhosise fa e ntse e tota kgotsa e tlhakatlhakana (jaaka fa e kopane le TB), e ka lemogiwa ka ditshupo tse di latelang:
Kgotlholo e e bogale
Go felelwafelelwa ke mowa
Letsapa
Go tlhoka keletso ya dijo
Letshoroma
Ditlhabi tsa mafatlha
O ka itse jang gore o na le silikhosise?
Fa o ikitse o berekela mo go tletseng lerole la silikha, kgotsa o itse o tsenwe ke lerole leo, eya tleliniking kgotsa kokelong, kgotsa o bonane le ngaka e e nang le maitemogelo ka malwetse a madirelo. Tlhatlhobo ya kalafi e o e newang e tshwanetse go akaretsa histori ya gago ya kwa bodirelong, le diekserei tsa mafatlha, le teko ya makgawafo, go tlhotlhomisa fa o ka ne o tsenwe ke silikhosise.
[Silikhosise e ka thibelwa ka go tsaya magato a go fokotsa selekanyo sa lerole la silikha]
[Lengwe la mafelo a a kotsikotsi ntlheng ya go atelwa ke lerole la silikha, ke Indasteri ya Botlhamaganyi e e diranang le go phaphantsha motlhaba, go fata ditonele, go gwaya majwe, go touta dihamore, le go dirisa metšhini go gaila maalo a a tletseng silikha]
O ka dirang go thibela silikhosise?
Magato a a latelang a ka dirisiwa go thibela silikhosise mo bodirelong:
Thibelo ya kgalantlheng
Magato a a latelang a ka thibela silikhosise mo bodirelong:
Netefatsa gore maranyane a boenjenere le botlhabisaphefo jwa go tlosa lerole mo bodirelong ke jwa maemo a a lolameng
Tsaya magato a go fokotsa selekanyo sa lerole mo bodirelong
Fokotsa kotsinya go tsenwa ke lerole ka go kgatsha boalo ka metsi fa go kgonegang teng, le ka go netefatsa gore maalo otlhe a a phepafadiwa go tlosiwa lerole
Mo dikarolong tsa bodirelo tse di lerole, badiri ba tshwanetse go rwala dihemisi tse di maleba ka dinako tsotlhe
Tsenela mananeo a dikatiso tse di mabapi le thibelo ya silikhosise
Thibelo ya bobeding/kgalapeding
Dira gore mothapi waeno a rulaganye ditlhatlhobo tsa kalafi.
O ka ya kae fa o ka tsenwa ke silikhosise, kgotsa TB ya silikha, kgotsa kankere ya makgwafo ya silikha, e le malwetse a a go tseneng o le mo bodirelong?
Ikopanye le Kantoro ya Profense ya Lefapha la Badiri e e gaufi nao, o kope kgakololo mabapi le ikopela phimolakeledi/ditshuiso tsa Sekgwama sa Ditshuiso
O ka dira jang go bona tshedimosetso e nngwe gape ka ga Silikhosise
Ikopanye le kantoro e e gaufi nao ya Lefapha la Badiri, kgotsa o etele websaete ya Lefapha mo go www.labour.gov.za
[Apara dihemisi ka dinako tsotlhe mo bodirelong]
