Boitekanelo le Polokesego mo dikgwebopotlaneng
Bodiredi jwa boitekanelo le polokesego ke eng?
Ke go thibela dikgobalo mo tirong kana go tlhomamisa gore badiri gaba tsenwe ke malwetse le go tlamela bodirelo jo bo kgotsofatsang.
Boitekanelo le polokesego tsa batho di sireleditswe jang?
Go na le melawana e re e tlhokang rotlhe gore re se ipeye kana go baya ba bangwe mo kotsing.  Molao o teng gape go sireletsa setšhaba mo dikotsing tsa lefelotiro. 
A melao ya boitekanelo le polokesego e dira kwa dikgwebong tse di potlana?
Ee, melao ya boitekanelo le polokesego e dira kwa dikgwebong tsotlhe go sa nyatswe bonnye.  E dira le kwa bathong ba ba ithapileng gape. 
Ke molao ofe o o dirang?
Molao wa Bodiredi jwa Boitekanelo le Polokesego, No. 85 wa 1993.
Ke mang yo o ikarabelelang tsweletso le kgapeletso ya melao ya boitekanelo le polokesego?
Lefapha la Bodiri le ikarabelela tsweletso ya melao ya boitekanelo le polokesego mo Aforika Borwa.  Batlhatlhobi ba tlhomilwe ke Lefapha la Bodiri go gapeletsa gore melao ya boitekanelo le polokesego e tsewa tsia.
Batlhatlhobi ba dira eng?
Ba etela mafelo bodirelo le go tlhola gore batho ba itshegeditse ka melawana.  Ba batlisisa ditiragalo le dingongorego. Ba go thusa gape gore o tlhaloganye se o tlhokang go se dira.  Ba gapeletsa tshegetso ya melawana fa go na le ikgatholoso e e masisi. 
Go tshwanetse go diriwe eng fa kgobalo e tlhagile kwa tirong?
Mothapi kana motho yo o ithapileng o tshwanetse go bega ditiragalo go Lefapha la Bodiri.  Ditiragalo di tshwanetse go begiwa ka bonako, segolo fa di le masisi, kana mo malatsing a le supa. 
A o bone gore boitekanelo le polokesego di nne ka fa tlase ga taolo mo lefelo bodirelong la gago?
Go baya dilo mo mannong go laola dikotsi kwa lefelotirong, Tshekatsheko ya Kotsi e tshwanetse go dirwa go bona tshedimosetso ka dikotsi tse di golaganngwang le lefelotiro.  Dikgato tse di utlwalang di ka bewa mo mannong go laola dikotsi. 
Tshekatsheko ya kotsi ke eng?
Ke tlhatlhobo e e tlhoko ya se se mo lefelotirong la gago se se ka tlholang kotsi e e kgonegang mo bathong. 
Ke dikotsi dife le dikgobalo tse di ka bonwang kwa lefelongtiro?
Go na le palo ya dikotsi tse di ka fitlhelwang kwa tirong mme tse di latelang ke dikao di le mmalwa tsa dikotsi tse di kgonegang : 
•	Go relela kana go kgopega kwa tirong.  Seno ke 
	sebakwa se se tlwaelegileng sa dikgobalo se se diragalang mo mefuteng yotlhe ya mafelo bodirelo 
•	Dikhemikhale 
•	Go wa go tswa bogodimong sekao: dillere 
•	Letsapa, metsipogo le ditlhabi, segolo ka ntlha ya go tshwara ka diatla ka go tshegetsa merwalo e e boima ka matsogo kana kgatelelo ya mmele 
•	Modumo 
•	Tshikinyego, segolo fao batho ba dirang ka didirisiwa tse di tshwarwang ka matsogo
•	Motlakase kwa tirong 
•	Melelo 
Mothapi kana motho yo o ithapileng o na le maikarabelo go tlhomamisa gore ga go motho yo o gobetseng kana a amilwe ke ditiro tse di diragalang kwa lefelotirong. 
Badiri kwa lefelongtiro ba tshwanetse gape go tlhomamisa gore ga go motho yo o gobalang ka ntlha ya botlhaswa jwa  bona kana tlhokego e e bonolo ya tirisanommogo le mothapi. 
Lefapha la Bodiri le ka 
tlhaelediwa kwa diofising tse 
di latelang:
