Bodiredi jwa Boitekanelo le Polokego mo dikolong, ikholetšheng le diyunibesithing
Matseno
Lefelotiro le na le thotloetso e e botlhokwa mo boitekanelong le polokesego ya batho.  Tsamaiso e e bokoa ya boitekanelo le polokesego mo lefelotirong e ka isa kwa malwetseng a a amanang le tiro, dikgobalo le dintsho. 
Dikolo, dikholetšhe le diyunibesithi di tlhoka mafelotiro a a itekanetseng le badiri ba ba kgonang fa e le gore ba tla neelana ka ditirelo tsa boleng bo bo kwa godimo. 
Go tsamaisa ka bokgoni bodiredi jwa boitekanelo le polokesego ke dintlha tsa botlhokwa go fitlhelela se.
Go neelana ka metswedi go thibelela batho go lwatswa ke tiro, kana go se nne teng mo lefelotirong ka mabaka a boitekanelo, le go gatelela tsosoloso le go busetsa batho go dira go ka tswela bathapi le badiri mmogo mosola. 
Go gorosa ditshiamelo tse re tshwanetse go tlhola mafelotiro foo boitekanelo le polokesego di godisiwang le go sirelediwa. 
Ke molao ofe o o dirang?
Molao, 1993 wa Bodiredi jwa Boitekanelo le Polokesego. 
Ke ka ntlha ya eng go na le molao wa boitekanelo le polokesego?
Ka ntlha ya fa boitekanelo le polokesego di le botlhokwa kwa tirong, go na le melawana e e re tlhokang rotlhe go se ipeye le ba bangwe mo kotsing.  Molao o teng gape foo go sireletsa setšhaba mo dikotsing tsa lefelotiro. 
A molao wa boitekanelo le polokesego o a dira mo go nna?
Ee, o dira kwa dikolong, dikholetšheng le diyunibesething tsotlhe. 
Ke mang yo o susumetsang molao wa boitekanelo le polokesego?
Batlhatlhobi go tswa go Lefapha la Badiri. 
Batlhatlhobi ba susumetsa jang molao?
Ba etela mafelotiro go tlhola gore a batho ba itshegetsa ka melawana.  Ba batlisisa dikotsi le dingongorego mme segolo ba thusa bathapi le badiri go tlhaloganya se ba tlhokang go se dira. 
A dikolo, dikholetšhe le diyunibesithi di tshwanetse go nna le baemedi ba boitekanelo  le polokesego le dikomiti? 
Mo go thapilweng badiri ba ba fetang 20, go tshwanetse go nne le kemedi ya boitekanelo le polokesego le bogolo e le nngwe ya badiri bangwe le bangwe ba le 100. 
Mo go tlhomilweng kemedi e e fetang nngwe, go tshwanetse go nne le komiti ya boitekanelo le polokesego.
A ditiragalo di tshwanetse go begiwa?
Ditiragalo dingwe tse di diragalang mo dikolong, dikholetšheng le diyunibesithing, kana ditiro tsa thuto kwa ntle ga sekolo, di tshwanetse go begiwa go Motsamaisi Phetisi wa Porofensi mo porofensing ya gago. Bona lenane la dinomoro tsa kgolagano. 
O ka bona dintlha ka botlalo mo ditiragalong tse di begegang mo dikarolong 24 le 25 tsa Molao wa Bodiredi jwa Boitekanelo le Polokesego.  Ditiragalo tse di amanang le tirisodikgoka ga di begege go Motsamaisi Phetisi wa Porofensi. 
Ke mofuta ofe wa dikotsi o o ka nnang teng mo mafelong a dikolo, dikholetšhe le 
diyunibesithi?
Mofuta wa dikotsi o ka tsenyeletsa tse di latelang: 
Boalo bo bo relelang kana ditsela tsa go tsamaya 
Dikotsi tse di teripang (digang) 
Matlhabaphefo a a thubegileng 
Ditshwara mabone tse di wang le seling 
Lefelo botshamekelo le le sa bolokesegang 
Diteko tsa khemikhale tse di sa laolegeng 
Dilaola motlakase tse di bulegileng di sa sirelediwa
Direpodi tse di robegileng kana di senyegile 
Metšhine e e tsamayang jaaka wa sesega bojang. 
Dikhabinete tse di bulegileng 
Go imetswa ga disokete tsa motlakase 
Go rwalwa ga dilo tse di bokete 
Go se nne teng ga lebone la tshoganyetso 
Dikgoro tse di lelemelang tse di sa bolokesegang 
Ditulo tse di robegileng 
Tlhagisetso kwa dikumong tse di amanang le asebesetose. 
Ke tshwanetse go dira eng ka dikotsi tse?
Fale o lemogile dikotsi tse di kgonegang, o tshwanetse go fedisa kana go fokotsa dikotsi.  Fa go sa kgonege go di fedisa, o tshwanetse go tlhomamisa dikgato tsa tlhokomediso go sireletsa batho kgatlhanong le dikotsi tse. 
Thuso go tswa motlhatlhobing 
Batlhatlhobi ba ka tlhaelediwa kwa diofising tse di latelang tsa Lefapha la Badiri.
