12. OHS-AGRIC/SETSWANA/SHOLE
BOITEKANELO LE PABALESEGO YA BODIRELO 
MO LEPHATENG LA TEMOTHUO
Pamfolete eno e go naya tshedimosetso ka ga dikwetsa tsa boitekanelo tse di amanang le bodiri jwa temothuo, ditshingwana le dikgwa. Re itlamile go thibela dikotsi le malwetse, mme go a re itumedisa go golagana le batho le ditlamo tse di diranang le boitekanelo le pabalesego mo lephateng la temothuo, ditshingwana le dikgwa.
Boitekanelo le Pabalesego mo lephateng la temothuo
Tiro ya temothuo, ditshingwana le dikgwa e ka nna matshosetsi mo boitekanelong jwa gago ka mabaka a le mantsinyana, a a akaretsang:
Kamego ya mmele wa modiri
Kamego ya maemo a loapi, leratla le dithoromiso
Kamano le diphologolo
Kamego ya mmele mo tirong
Go fa sekao, go mekamekana le merwalo e e bokete kgotsa go bereka o sokasokamisega mmelego ka baka pherekano ya mesifa le marapo. Seno se raya manokonoko le ditlhabi tsa maoto le matsogo, malokololo le mokwatla, tse di ka tlisiwang ke go phetsega kgotsa go kakamala mesifa, go tsiboga marapo a mokokotlo, go kakatlega ditlhafu, atraitise ya dinoka, mangole le ditokololo tse dingwe.
Tila merwalo e e bokete fa go kgonega, kgotsa o dirise metšhini ya go kuka
Dirisa ditegeniki tse di siameng tsa go kuka: tsepamisa maoto sentle, o tlhamalatse mokwatla, o kukele morwalo gaufi le mmele
Netefatsa gore bodirelo bo rulagane mo  e leng gore dilo di fitlhelega bonolo ntle le go gabalalelwa, mme o leke go fetofetola ditiro le dikarolo gore o kgone go dirisa dikarolo tsa mmele ka go farologana
Tiriso e e babalesegileng ya metšhini ya dipolase
Tlhomamisa gore metšhini e o e dirisang:
Ke e e lebaneng tiro
E a phekolwa gore e dirisege ka pabalesego
E tsenngwa disireletsi tse di tlhokegang semolao, mme o netefatse gore:
Di kwenne sentle, mme fa di itsenyeditswe, e nne tse di ka se tlosegeng bonolo
Di dirilwe ka dire tse di tshwanetseng; plastiki le fa e galalela, e senyega ka pele
Ga se tse di ka tlhatlhamolwang bonolo
Fa disireletsi e le dilotlelani, mme kgotsa o ka rata go fitlhelela karolwana nngwe e e kotsi gantsinyana mo letsatsing, tlhotlhomisa gore:
A motšhini ga o ne o tsamaya sesireletsi se ise se simololwe
A go bula sesireletsi go ka emisa motšhini kgotsa karolwana eo
Switšhe kgotsa valofo ya totlelani e nonofetse tiro, le gore mokgwa o e berekang ka ona o ka ketefalela motho go o tlhatlhamolola.
Disireletsi tsa motlakase tsa dišafote
Mabapi le disireletsi tsa motlakase tsa dišafote, tlhotlhomisa gore a sisireletsi:
Se dirilwe go ya ka dielo tse di dumeletsweng
Ke sa bogolo le boleele jo bo lebaneng šafote, se butswe kgotsa se otlolotswe
Ga se sa modikologa, mme se na le setshwari (jaaka tšhaene ya tshireletso)
Se dirisega le go lolamisiwa ka tshwanelo, se phepafadiwa le go logetswa gangwe-le-gape
Fa se sa tlhomelwa, se tshegeditswe sentle; o se ka wa se emisa fela mo sekgwagetsong kgotsa wa se latlhela fa fatshe kgotsa wa se lepeletsa mo setshwaring
Se sireletsegile mo se ka se keng sa senngwa teng (ke diruiwa, jalojalo) fa motšhine o beilwe
Theko kgotsa khiro ya metšhine
Go ya ka molao, fa o reka kgotsa o hira metšhine, morekisi/mohirisi wa metšhine eo o tshwanetse a go tlamela ka disireletsi. Wena le badiri baeno, netefatsang gore:
Lo dirisa metšhine go ya ka dikaelo tsa batlamedi
Lo tlhomela disireletsi ka tshwanelo, lo tlhatlhoba pabalesego ya ditlamelwana tsotlhe, lo be lo phekola makoa a tsona otlhe pele di dirisiwa
Dikgweedisi di tshwailwe sentle go supa gore di dira eng, ke tsa metšhine efe, le gore di rulagantswe mo di ka sekang tsa kgotlhiwa ka phoso mme tsa baka kotsi
Fa metšhine e emisitswe, e nna e bonesitswe sentle
Metšhine ya motlakase e tlhaotswe mme ya lotlelwa fa disireletsi di tlositswe
Lo katisitswe sentle go bereka ka pabalesego, lo na le diaparo tsa maitshireletso tse di batlegang, e bile lo a di dirisa
Diphekolo/ditolamiso le dikabololo
Mathata a mantsi a a bakwang ke metšhine a tlhagelela ka nako ya ditolamiso le dikabololo. Gakologelwa ‘dikemisi tsa pabalesego’ mme o netefatse gore:
Badiri ba katiseditswe tiro sentle
Go nna le dithulusu le dikaelo tse di batlegang tsa go lolamisa, go baakanya, go phepafatsa le go kabolola metšhine
Maatla a moduto (maatla a a dutilweng), jaaka a a tswang mo direng tsa mekatelo kgotsa diporeng kgotsa dihaedroliki, a a fokodiwa pele tiro e simololwa
Metšhine le dikarolwana tse di tsholediwang ka haedroliki  ga di ikuse, ka go dirisa dikemisi le dijeke fa batho ba berekela ka fa tlase ga tsona
Badirisa-metšhine botlhe ba tshwanetse ba netefatsa gore:
Ba itse gore motšhine o emisiwa jang pele o kgotlhiwa
Ba kgotlha motšhine o le maemong a a tshwanetseng
Disireletsi di tsentswe sentle mme di dira ka tshwanelo
Lefelo le le dikologileng metšhine le faphegile, le phepa, mme ga le na dikgoreletsi
Mookamedi o lemosiwa ka bonakonako fa go na le phoso ka mongwe wa metšhine
Ba dirisa diaparo le ditlamelwana tsa maitshireletso
O SE KA WA BO:
Wa dirisa motšhini o sa fiwa tetla kgotsa katiso ya go o dirisa
Wa leka go kabolola kgotsa go phepafatsa motšhine setsamaisi sa ona se sa kgwagololwa kgotsa ona motšhine o sa emisiwa
Wa tla o kgabile ka ditšhaene, maseka, dipalamonwana, ditlelafo kgotsa meriri le diaparo tse di malepelepe, tse di ka tlogang tsa tshwarega mo dikarolwaneng tsa metšhine
Wa tshwenyana le badirisa-metšhine fa ba theogetse
Go photsa metšhine ya dikoloi e ntse e tsamaya
Tiriso ya motlakase ka pabalesego
Motlakase o kotsi, o ka bolaya motho. Ngwaga-le-ngwaga motlakase o bolaya batho ba ka nna 3-4 mo lephateng la temothuo. Seno gantsi se dirwa ke fa batho ba kgomana le dithapo tsa motlakase tsa dikaletso. Dikotsi tse dingwe di bakwa ke go dirisa ditlamelwana tsa matsogo kgotsa dikheibole tsa kotlololo tse di sa lolamisegang. Ditlamelwana tsa motlakase fa di sa tsenngwa ka tshwanelo, le tsona di kotsi.
Dikaletso tsa motlakase (OHPL)
Maatla a motlakase a kgona go tlolela metšhine kgotsa ditlamelwana fa di o atametse thata; Di-OHPL di kgona go go tlhagisetsa kotsi le fa o sa di kgoma. Fa go na le di-OHPL tse di ralalang polase kgotsa setsha sa gaeno, o ka rerisana le motlamedi waeno wa motlakase gore di faposiwe, di epelwe kgotsa di tlhatlosiwenyana gape. Fa seo se sa kgonege, dira gore o nne le mmepe wa ditsela tsa tsona (o ka o kopa mo go motlamedi), mme o tlhomamise gore badiri ba bafeti, jaaka bakonteraka, ba na le dikhophi tsa ona.
O SE KA WA BO: 
Wa berekela ka fa tlase ga OHPL go se na maranyane a pabalesego, kgotsa wa dumelela karolwana ya motšhini (dikgatshi, matipane, dinosetsi, jalojalo) go atamela OHPL bogaufi jwa 15m. Dirisa dimametlana tsa tsiboso mo metšhineng ya digwataladi (high-reach machines)
Wa tsenya legora la bothale (terata) mo ditseleng tsa OHPL, kgotsa wa gogela terata mo e ka tlolang mme ya kgomana le OHPL. Go ala terata le lefatshe le le etang kodukodumela le gona go kotsi
Wa tlhoma ditotoma tsa dithoto le dikago fa tlase ga OHPL
Wa tshegetsa metšhine ka dipale kgotsa ditorio tsa OHPL
Go kgoma OHPL go ka nna ga kgaosetsa tsamao ya motlakase nakwana, fela o ka wa tsoselediwa ke sebusetsi sa othomathiki. O se ka wa leka go tshwasolola dilo mo ditleneng tsa motlakase pele mong wa dithapo tsa OHPL a go netefaletsa gore di timilwe motlakase. Fa o pateletsega go berekela gaufi le OHPL, kopa motlamedi wa motlakase gore a o kgaosetse nakwana.
Dikheibole tsa dikepelwa
Fa o tlamega go berekela gaufi le dikheibole tsa dikepelwa, kopa ba setlamo saeno sa tlamelo ya motlakase go go rebolela tshedimosetso mabapi le ditsela tsa tsona. Kopa mankge yo o maleba go tlhotlhomisa fa go se na dikheibole pele o epa mesima mo ditseleng kgotsa dikago tse o di berekang.
Maranyane a motlakase a gaeno
Netefatsa gore:
Gaufi le fa go tlhomilweng metšhine teng go nna le diswitšhe tse di bonalang sentle tsa go tima motlakase mo mabakeng a tshoganyetso
Dikheibole tse di yang mo metšhineng di sireleditswe (ka dikhurumetsi, diapesi tsa raba e kima kgotsa neoprine, kgotsa ka go tsenngwa ngatana mo sekopantshong), mme di efilwe (earthed) ka tshwanelo
Dibalbo tsa mabone di sireletsegile (sekao, di tsenngwe ka disomedi tsa diarogantshi)
Go nna le diphatlha tse di lekaneng tsa disokete. Go tlhatlaganya disokete ka go dirisa diadaptara go na le kwetsa ya go baka molelo. Mo mafelong a a maleba (jaaka ofisi ya polase) o ka nna wa dirisa sokete ya dipolaka-dintsi
Foleke ya dipolaka tsa matsenyo-mararo e tlamelelwa sentle gore megala (bogolobogolo mogala wa seefi) e se ka ya tšhomoga mo ditheminaleng
Difiuse, dikgopa-moela, jalojalo, ke tsa selekanyo se se maleba le moela o di o sireleditseng
O nna le diplaka le disokete tse di maleba le ditlamelwana tse di gogang motlakase o o bokete (jaaka metšhine ya diweletara)
Ditshomelo tsa disokete tsa kwa nageng, jaaka mo maemong a a bokgola, a a ka jang ditlamelwana, a go dirisa setimi kgotsa metsi, e nne tse di maleba (kopa kgakololo: o se ka wa dirisa disokete tsa mo ntlong), mme di sirelediwe ka Sekgwatlhi sa Masaledi a Motlakase kgotsa RCD (Residual Current Device).
Dikhurumetsi tsa ditlamelwana tsa motlakase di nna di tswetswe e bile di lotletswe fa go kgonega, mme selotlolo sa tsaona se tshotswe ke motho yo o maikarabelo
Bo-mmadiswitšhe ba nna ka segaufi mo go bonalang, mme mongwe le mongwe a itse gore ba dirisiwa jang mo mabakeng a tshoganyetso
Megala e tsenngwa ka sekopantsho gore e se ka ya jewa ke magotlo
Ditsenngwa di nna di ntse di tlhatlhobiwa gangwe-le-gape di bo di baakanngwa ke mankge wa ramotlakase
Dikheibole fa di senyegile di baakanngwe kgotsa di ntshiwe go tsenngwe tse dingwe ka bonako
Ditlamelwana tsa ditsholegi
Dithulusu tsa motlakase tse di dirisiwang kwa nageng kgotsa kwa go nang le dimetale tse di efilweng ka bontsi, di tshwanetse go dirisiwa ka volteiji e potlana go tswa mo transfomareng/phetosaneng ya sekganela-kotsi (sekao, go efisa kgari ya divolte tse 110), kgotsa di golaganngwe ka RCD  e e tlaa kgaosetsang motlakase ka bonako fa go na le phoso ya go efa. Sekaseka kgonego ya go bereka ntle le motlakase: go fa sekao, o ka dirisa dithulusu tsa niumatiki (maatla a mowa) tsa bodirelo (mme o tlhotlhomise seelo sa leratla).
Wena le badiri baeno, netefatsang gore:
Lo dirisa dipolaka le ditlhomelo tse di nonofetseng maemo a a bongola le lerole a a atileng mo lephateng la temothuo
Dithulusu tsa ditsholegi di nna di tlhatlhobiwa gangwe-le-gape, lo sa lebale le dithulusu tse di hirilweng kgotsa tse di adimilweng
Lo phutha dithulusu tse di senyegileng kgotsa tsa maemo a a belaetsang, lo di tswalela mo go babalesegileng, gore ope a se ka a bo a di dirisa pele di baakanngwa ke maitseanape yo o maleba
Lo tlhoma mongwe go rwala maikarabelo a go nna a kgotlha konopo ya “teko” ya RCD gangwe-le-gape go netefatsa gore e a bereka
Lo tima dithulusu le sokete pele o tsenya dipolaka
Lo polakolola kgotsa lo tlhaola didirisiwa pele lo di phepafatsa kgotsa lo di baakanya
Lo nna le ditshomelo tse di lekaneng tsa disokete gore lo fokotse tiriso ya diotlolosi. Fa lo pateletsega go dirisa seotlolosi, netefatsang gore se lolame mme se sireletsegile mo se ka se kang sa senngwa
Mo ditlamelwaneng tsa go weleta, dirisa fela diotlolosi tse di khupeditsweng le ditshwari tse di sa senyegang gope
Motlakasego (Electric shock)
Go botlhokwa thata go itse se se tshwanelwang ke go dirwa fa mongwe a ka tlakasega. Sa ntlha, gakologelwa go tima motswedi wa motlakase, mme fa seo se sa kgonege, o se ka wa kgoma motho yo o tlakasegileng ka sepe sa metale; mo kgome fela ka sengwe se e seng sefetisi sa motlakase. Go rudisa motho go batla katiso, ka moo netefatsa gore badiri baeno ba newa katisonyana ya Thusoyantlha. Manega khophi ya ‘Plakate ya tshedimosetso mabapi le motlakasego’ googongwe, e e tlhalosang gore go dirwe eng.
Leratla
Go berekela mo leratleng go ka baka tshusufalo ya leruri. Tlhotlhomiso kgonagalo ya:
Go berekela kgakala le tikologo e e leratla
Go fokotsa leratla, sekao, ka go le khupetsa
Go dirisa disireletsi tsa ditsebe
Thoromiso
Ke bothata jo bo ka amang maoto le matsogo (bogolo mo tirisong ya disaga-tšhaene le digwai), kgotsa mmele otlhe (jaaka mo bakgweetsing ba diterekere le diteraka). Go thibela ngalo/kgolafalo ya mokwatla, dinoka le mangole e e bakwang ke thoromiso ya mmele otlhe kgotsa WBV (Whole Body Vibration):
Dirisa ditlamelwana tse di maleba, jaaka terekere ya segompieno ya setulo se se lolamisegileng
Kgweetsa ka lebelo le le lekanetseng go ya ka maemo a tsela, o efoga dikhuti
Go efoga tshenyego ya ditshika, methapo, mesifa le marapo a matsogo ka ntlha ya thoromiso ya matsogo (HAV):
Rulaganya ditiro gore lo efoge tiriso ya dithulusu tse di roromisang
Tlhopha dithulusu tsa thoromiso e potlana, jaaka saga-tšhaene e e nang le ditimola –thoromiso
Dirisa mokgwa wa thefosano ya tiro, mme lo ntse lo ipha maikhutsonyana gangwe-le-gape
Thhuthufatsa matsogo pele o theogela, mme o a tshole bothitho ka metlha
Maemo a bosa
Go berekela momaemong a a bogale a bosa, jaaka letsatsi le serame se se feteletseng, go kotsi mo mmeleng. Gakologelwa gore:
Fa go leletsatsi o apare botlhošwana mme o rwale hutshe e e moriti o sephara; o se ka nna legwete. Itshase setlolo se se loileng disiratsatsi mo letlalong le le sa aparang
Fa o ka bona o tswa ditshubaba le dikakana, kgotsa o tlhafega sebala, o itlhokomele. Fa o ka bona dikakana le ditshubaba di gola, di baba kgotsa di tswa madi, akofa o bonane le ngaka 
O apare diaparo tsa pula gore o se ka wa koloba; go koloba go gakatsa mathata a serame
Diphologolo
Go kopakopana le diphologolo go ka baka zuunosise/sefologolo (a diphologolo di a tshelang batho), jaaka orofo (a letlalo), dibokwana le leptospirosise ya dikgomo le magotlo. Matshwao a teng a akaretsa malwetsi a letlalo le diphikelo tse di iphetolang malwetse a leruri fa di sa phekolwe ka pele.
Ka gale tlhapa matsogo fa o sena go dirana le diphologolo le kgotsa o tswa mo go tletseng magotlo teng
Fapa mangapo le masego ka matsela a disirametsi
Apara maitshireletsong a a etsang ditlelafo ka gale
Mere e e borai
Go amana le dikhemikale le mere e mengwe e e borai jaaka diupi, melemo ya diphologolo (jaaka tipi ya dinku), marole, sesi, marere a dikgelelo, dinontshammu; go hema sesi sa plastiki kgotsa mmoko le menkgo ya dinontshammu, letlhaka kgotsa leswabo; diretse, maloko le mmutele; go tshelegelwa ke diupi le ditipi; gotlhe moo go ka baka malwetse.
Bathapi le baipereki/baithapi ba tshwanelwa ke go tlhotlhomisa gore a bona le badiredi ba bona ba nonofetse:
Go ka dirana le mere e e riling
Go ka dirisa dikgweedisi tse di etsang metšhine ya dipolašeboto, dihopara le digopalerole
Mo mabakeng mangwe bathapi le baipereki ba tshwanetlwa ke go tlamela badiri ditlamelwana tsa maitshireletso mme ba netefatse gore ba a di dirisa
Pego ya malwetse a a tsalegang mo madirelong 
Malwetse mangwe a a bakegang mo tirong a tshwanelwa ke go begelwa Lefapha la Badiri. Malwetse a go nna jalo a ka go tsena fa o dirana le:
Diphologolo: Malwetse a sefologolo jaaka bruselosise, strepokokase, le a mangwe a a tshelwang batho ke diphologolo
Diupi: Go tsenwa ke botlhole mere ya fosforase le bromaete 
Mere ya tlholego: Asma ya bodirelo e ka bakwa ke mmoko le ditshenekegi tse di dirisediwa go upa; bolwetse jwa makgwafo jwa balemirui jo bo tsalwang ke go hema menkgo ya letlhaka, leswabo kgotsa mmutele; tetanuse
Mere e mengwe: Malwetse a letlalo a a bakwang ke go dirana le metswako ya dipolaamegare
Metšhine: Thoromiso ya matsogo (HAV) e e bakwang ke tiriso ya ditlamelwana tse di etsang disaga-tšhaene
Tshedimosetso ya tlaleletso
Fa o batla tshedimosetso ya tlaleletso o ka ikgolaganya le diofisi tse di latelang tsa Lefapha la Badiri:
