Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa
temothuong le kwa sekgweng
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
Polokesego le boitekanelo jwa kwa
tirong kwa temothuong le kwa
sekgweng
Matseno
Dikotsi, dikgobalo le bolwetse di ka senya matshelo le dikgwebo. Ditharabololo
ka gale di bonolo gape di tlhotlhwa-tlase e bile batho ba ba maleba go dira gore
dipolasa di bolokesege ke balemirui le badiri ba bona ba kwa dipolaseng.
Boitekanelo le polokesego ke tlhokego e e botlhokwa ya kgwebo ya temothuo e
e tswelelang. Matsapa a puso ka nosi ga a kitla a dira lephata la temothuo gore
le bolokesege le go itekanela, mme go mo go mongwe le mongwe yo o leng mo
temothuong le mo go tsa dijo go amega.
Ngwaga mongwe le mongwe batho ba a tlhokafala ka ntlha ya ditiro tsa
temothuo le tsa sekgwa. Batho ba le ba ntsi ba gobala thata le go lwala thata
kwa lefelong la bona la tiro. Dikotsi le dikgobalo ga di tlhole fela tshotlego ya
batho; gape go na le ditsnyegelo tsa dithelete tse di amegang tse magareng ga
tse dingwe di akaretsang:
Dituelo tsa khunologo ya bolwetse le ditshenyegelo tsa patlo/katiso malebana
le go dirisa badiri ba bangwe mo boemong jwa ba bangwe
Tatlhegelo ya ntshetsontle
Ditshenyegelo tsa tsamaiso  go batlisisa tiragalo, ditshiamiso, jj
Tshenyego ya methini, dikago le ditlhagisiwa
Ditshenyegelo tsa inorense, ditshenyegelo tsa semolao le phatlalatso e e sa
siamang.
Ditshenyegelo tsotlhe tse di ka tilwa, mme ga okediwa poelo. Ka jalo
pampitshana e, e ikaelela go neelana ka tshedimosetso e e yang go thusa
bathapi le badiri ba temothuo le sekgwa go lebelela boitekanelo le polokesego le
dikgonaglo tsa dikotsi tsa boitekanelo tse di amanang le tiro ya mo lephateng la
bona. Pampitshana e, ga e akaretse ditlhokego tsa peomolao mo indasetering.
Tshedimosetso eo e ka fitlhelwa mo websaeteng e ya Lefapha la Badiri:
www.labour.gov.za.
Go laola boitekanelo, polokesego le tshekatsheko ya kgonagalo ya
dikotsi
Go laola boitekanelo le polokesego ya badiri go tshwana le go laola
dithulaganyo go netefatsa gore dijalo le diphologolo di tsholwa di itekanetse, di
dira sentle le go go kgontsha go nna mo kgwebong. Badiri ba tlhoka go
itekanela le go babalesega go dira sentle le go nna ka gale ba le mo tirong.
Mekgatlho yotlhe e tlhoka pholisi go tlhagisa thulaganyo ya yona ya tiro e e
malebana le boitekanelo le polokesego, ka maikaelelo a go lebisa kwa
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
maemong a a botoka a kwa lefelong la tiro. E tshwanetse go kwalwa, go
rulaganngwa sentle le go ikaega ka boineelo kwa kgatong e kgolwane ya
botsamaisi.
Pholisi e tshwanetse:
Go totobala malebana le polasa ya gago
Go tlhagisa maikaelelo a gago a kakaretso malebana le polokesego le
boitekanelo jwa badiri ba gago. Mothapi o tshwanetse go saena pholisi le go
e neela letlha go bontsha sentle boineelo jwa gagwe mo go yona
Go supa fa maikarabelo ka kakaretso a boitekanelo le polokesego a le mo go
wena jaaka mothapi
Go tlhalosa dithulaganyo le ditsela tse di leng teng go netefatsa boitekanelo
le polokesego ya badiri ba gago
Go sekasekiwa gangwe le gape le go sekasekiwasewa fa mokgatlho wa
gago o fetoga kgotsa mathata manthwa a nna teng.
Tshekatsheko ya kgonagalo ya dikotsi
Go lemoga mathata le go sekaseka kgonagalo ya dikotsi a di a tlhagisang go
botlhokwa. Fa fela o itse gore ke mathata afe a a leng teng mo lefelong la gago,
le maemo a kgonagalo ya kotsi a e a tlhagisang, o ka se kgone go itse gore di
batla go laolwa kgotsa ka mo o tshwanetseng go dira ka teng.
Tshekatsheko ya kgonagalo ya dikotsi ke go lebelela ka kelotlhoko gore ke eng
mo kgwebong ya gago se se ka tlholang bothata mo bathong, gore o tle o
kgone go lekanyetsa gore o nnile kelotlhoko mo go lekaneng kgotsa o
tshwanetse go dira go feta. Fa fela o sweditse ka ga kgato ya kgonagalo ya
kotsi, o ya go tlhoka go tsenya dikgato tse di tlhokagalang tsa thibelo le tsa
tshireletso.
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
Go na le metswedi e mentsi ya kgakololo malebana le tsamaiso e e siameng e
e leng teng e e yang go go thusa fa o dira tshekatsheko ya gago ya kgonagalo
ya dikotsi, mme o ka dirisa tsela e, e e bonolo ya dikgato di le tlhano go go
thusa:
Kgato ya 1: Batla mathata
Lebelela go dikologa lefelo la tiro o lebelele gore batho ba dira jang. Gape
keleka direkhoto tsa ditiragalo tse di fetileng, dikotsi kgotsa mathata a
boitekanelo. Maikaelelo a se, ke go lemoga mathata a a botlhokwa a a tlholang
kotsi e e masisi kgotsa a a ka amang batho ba le bantsi.
Kgato ya bo 2: Swetsa ka gore ke mang yo o ka gobalang le gore jang
Lemoga batho ba ba ka gobalang, le gore ba bakae. Fa o sekaseka
jang, o se ke wa lebala dilo di tshwana le tiro ya tlhokomelo, fa mathata a
manthwa a ka tlhagelela.
Kgato ya bo 3: Sekaseka kgonagalo ya dikotsi e e tlhagelelang mo
mathateng o be o tseye kgato go a fokotsa kgotsa go a laola
Sekaseka gore dikgonagalo tsa dikotsi tsa mo bothateng bongwe le bongwe jo
bo botlhokwa di laolwa sentle jang.
Ditaolo di ka lekana sentle kgotsa di ka nna le sekoupu sa go tokafatsa dilo.
Badiri ka gale ba na le dikakanyo tse di nang le mosola, go lebilwe tiro ya bona
ya letsatsi le letsatsi e bile o tshwanetse go ba akaretsa fa o dira ditshwetso ka
ga ditaolo tsa gago.
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
Kgato ya bo 4: Rekhota diphitlhelelo tsa gago
Morago ga go swetsa ka gore ke eng se se tshwanetseng go diriwa, o
tshwanetse go rulaganya gore o ya go se dira jang le gore leng. Go rekhota
diphitlhelelo tsa gago go ya go go thusa go dira se.
Kgato ya bo 5: Lebelelagape tshekatsheko ya gago le go e sekasesewa fa
go tlkokagala
O ya go tlhoka go lebelegape tshekatsheko ya gago fa go nnile le phetogo e e
botlhokwa ka mo o dirang ka teng kgotsa fa o na le lebaka la go akanya gore ga
e sa tlhole e le maleba.
Mathata a boitekanelo mo temothuong le mo sekgweng
Go dira mo temothuong le mo sekgweng go ka tlhagisa matshosetsi mo
boitekanelong jwa badiri ka ntlha ya mabaka a le mantsi, go akaretsa:
Kamano le diphologolo
Go tlhagelela mo dikhemikhaleng tse dikotsi kgotsa mo dilong tse dingwe
Tebego ya yona
Go tlhagelelang mo maemong a bosa, mo modumong le mo thoromong.
Tebego ya tiro
Go tshwara merwalo e e bokete kgotsa go dira mo maemong a a sa siamang go
ka tlhola mathata a mesifa le a marapo. Tse ke botlhoko le ditlhabi mo
ditokololong, mo dijoeneng kgotsa mo mokwatleng go go ka tswang go tlholwa
ke dithinyego kgotsa matsapa.
Ke eng se o tshwanetseng go se dira?
Tila go tshwara merwalo e e bokete mo go ka kgonagalang, kgotsa go dirisa
dilwana tsa methini
Dirisa dithekeniki tse di siameng tsa go tshwara  baya maoto a gago sentle,
tlhamalatsa mokwatla wa gago gape o beye morwalo fa gaufi le mmele wa
gago
Netefatsa gore lefelo la gago la tiro le rulagantswe gore dilwana le
ditlhagisiwa di ka kgona go fitlhelelwa sentle le go gagamala gape leka go
fetola ditiro kgotsa o sute gore o tle o dirise mefuta ya mesifa mo mmeleng
Go tsamaya ka dimela kgotsa dipolankisi dikgala tse ditelele go tshwanetse
go tilwa mo go kgonagalang go sireletsa boitekanelo jwa badiri.
Go dirisa methini sentle
Dikotsi di le dintsi tse di masisi tsa mo dipolaseng di ama methini. Dingwe di
diragala ka gonne mothini o diriseditswe tiro e e sa e lebanang; tse dingwe ka
gonne disireltsi ga di a ka tsa tlamelwa kgotsa di tlogetswe. Go tshwanetse ga
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
nna le thulaganyo ya go lebelela gore ditlamelo, go akaretsa methini, e
bolokesegile go ka dirisiwa. Fa setlamelo se dirisiwa mo maemong a a seng
maleba, se tshwanetse go tlhatlhobiwa gangwe le gape malebana le go onala
go go ka tlholang kotsi, le fa maemo a a sa tlwaelegang a diragetse a a ka
dirang gore setlamelo se se ke sa bolokesega.
O tshwanetse go dira eng?
Netefatsa gore methini e o e dirisang e siametse tiro
Gore methini yotlhe e a tlhokomelwa gore e tle e dirisiwe ka polokesego
Gore methini e tsenngwa le disireletsi tse di batliwang ke molao
Dithulusu tse di dirisediwang go jala dimela di tshwanetse go direlwa tiro eo.
Dithulusu tsa temothuo ka gale ga di maleba malebana le go jala dimela
Matshwaro a dithulusu tsa go jala a tshwanetse go diriwa go fokotsa phetiso
ya molelo fa legare le kgoma letlapa le le fitlhegileng kgotsa modi
Tlhogo ya thulusu ya go sega le go kgaola e tshwanetse go diriwa ka
tshireletsego mo setshwarong ka sedirisiwa se se maatla, sekao, kgapetla,
pipini kgotsa boutu.
Go reka methini kgotsa go e hira
Fa o reka methini kgotsa o e hira molao wa re motlamedi o tshwanetse go
neelana ka disireletsi tse di tlhokegang. Netefatsa gore wena le badiri ba gago:
Lo dirisa methini go ya ka ditaelo tse e tlileng le yona
Tshola disireletsi di le mo maemong gape di le maatla
Sekaseka ditlamelo tsotlhe o be o siamise diphoso tsotlhe pele di ka dirisiwa
Sekaseka gore ditaolo di tshwailwe sentle go bontsha se di se dirang le gore
di laola mothini, le gore di dirilwe le go bewa gore o se ke wa di dirisa ka
phoso
Badiri ba katisitswe go dira ka polokesego e bile ba tlametswe ka diaparo tsa
tshireletso tse di tlhokegang le go di dirisa.
Tshiamiso le Tolamiso
Dikotsi di le dintsi ka methini di diragala ka motsi wa ditiro tsa tshiamiso kgotsa
tsa tolamiso. Netefatsa gore:
Badiri ba katisiwa sentle go dira tiro
Dithulusu tse di lekaneng le ditaelo di tlamelwa malebana le tshiamiso,
paakanyo, phepafatso le tolamiso ya methini
Maatla a a bolokilweng, sekao, go tswa mo sedirisiweng se se kitlantsweng,
metsweding kgotsa mo metsing a a tsamayang ka mo dipeiping, a nyelela
pele o simolola tiro
Methini e e tsholetsang metsi a a tsamayang ka mo dipeiping kgotsa
dikarolo e thibelwa go theoga ka go dirisa dirisiwa tsa methini jaaka diemisi
kgotsa dijeke fa batho ba dira ka fa tlase ga tsona.
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
Badirisi botlhe ba tshwanetse go netefatsa gore:
Ba itse go emisa mothini pele ba o setareta
Ka gale ba o setareta mo maemong a a maleba
Disireletsi tsotlhe di tsentswe le gore di dira sentle
Lefelo le le mo mothining o o tsepamisitsweng le phepa, le siame e bile ga
le na sekgoreletsi
Motlhokomedi o bolelelwa ka gangwe fa e le gore mothini ga o dire sentle
Ba apara diaparo tse di maleba tsa tshireletso le ditlamelo.
O se ke:
Wa dirisa mothini ntle le fa o letleletswe e bile o katisitswe go dira jalo
Wa leka go tlosa dikgoreletsi kgotsa go phepafatsa mothini ntle le fa
setsamaisamolelo se gokolotswe e bile mothini o eme
Apara diketane tse di lekelelang, diaparo tse di loso, ditlelafo kgotsa direng
kgotsa nna le moriri o moleele o o ka tshwarwang mo dikarolong tse di
tsamayang
Fologa terekere e e tsamayang kgotsa mo mothining o mongwe o o
itsamaisang
Wa tshwenya batho ba ba dirisang methini.
Dipalangwa le go tshwarwa ga didirisiwa
Sebakwa se sengwe sa kgobalo mo temothuong ke diterekere tse di menogang.
Dikgobalo tse di masisi le tse di tseneletseng di tlwaelegile, e bile ditiragalo di
ama bakgweetsi, badiri ba bangwe le batsamaya ka-dinao. Ditiragalo tse
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
dingwe di diragala fa batho ba tlogela serori ntle le go netefatsa gore ga se ne
se tsamaya kgotsa se baka kgobalo.
Ka gale lebelela gore:
Bakgweetsi ba katisiwa sentle le gore batho ba ba sa letlelelwang ga ba
letlelelwe go kgweetsa
Dirori le batsamaya ka-dinao ba a kgaoganngwa fa go kgonagalang
Merwalo e siame e bile e sireletsegile
Bakgweetsi ba sirelediwa mo dilong tse di wang
Bakgweetsi ba itekanetse go kgweetsa
Dirori tsa gago kgotsa methini mengwe le mengwe e badiri ba e palamang
kgotsa ba dirang mo go yona e na le dilwana tsa tshireletso tsa go menoga
Dinotlolo di tsholwa sentle fa dirori di sa dirisiwe.
Ditiro tsa go tsholetsa
Rulaganya le go baakanya tsholetso, ka go dirisa setlamelo tse se maleba le
batho ba ba nang le bokgoni go fokotsa kgonagalo ya go nna teng ga dikotsi.
Netefatsa gore:
Setlamelo sotlhe sa tsholetso se tlhatlhobiwa sentle gangwe le gape ke
motho yo o nang le bokgoni
Meralo ya tiro e e bolokesegileng e a tshwaiwa mo setlamelong sa go
tsholetsa. O se ke wa fetisa merwalo eo ya tiro
Dibontsi tsa merwalo e mentsi malebana le go tshwara methini di dira sentle
Fa o kgweetsa, dirwadi tsa fa pele di tsholeditswe fa di se na sepe le gore di
isiwa kwa tlase fa di tletse, ntle le fa se se ka tlhola kgonagalo ya kotsi, sk:
mo ditseleng tsa botlhe.
Modumo le thoromo
Tlhagelelo mo modumong o o tseneletseng go ka baka go se utlwe ga leruri, ka
gale ntle le gore mosotlegi a itse ka ga se go fitlhela go nna thari thata e bile go
baka modumo mo tsebeng kgotsa bosusu.
Fokotsa tlhagelelo mo modumong:
Tlhopha methini e e se nang modumo kgotsa dilwana fa o tlhopha mefuta ya
ditlhagisiwa kgotsa methini e menthwa
Tswala methini e e nang le modumo kgotsa dilwana ka diphanele tse di
sireletsang modumo kgotsa e beye ka mo diphaposing tse di farologaneng
Fokotsa sebaka sa tlhagelelo ka thefosano ya tiro
Mo ditlhagelelo di fitlhelelang 90 dB kgotsa kwa go dingwana, tshwaya
dikarolo tse jaaka mafelo a tshireletso ka matshwao go kaya fa tshireletso
ya ditsebe e tshwanetse go apariwa e bile netefatsa gore mongwe le
mongwe yo o tsenang mo mafelong a, o apara tshireletso ya ditsebe.
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
Thoromo
Tiriso e e boelediwang kgotsa e e tswelelang ya dithulusu tse di roromang jaaka
disaga tsa diketane, disegi tsa borae kgotsa dikeraendara go ka baka
senteromo ya thoromo ya letsogo  setlhopha sa malwetse go akaretsa
monwana o mosweu wa thoromo, tshika, mosifa kgotsa kgotlhelo ya ditokololo.
Matswao tsiboso a akaretsa bogatsu kgotsa bokidi mo menwaneng, go fetoga
ga menwana go nna e mesweu mo marurung kgotsa mo maemong a a bokgola,
go go latelwang ke go opaopa le go tsholola.
Go kgweetsa diterekere kgotsa methini e mengwe e e itsmaisang go ka dira
gore mmele o rorome kgosa go tsiboga go go amanngwang le botlhoko jwa
mokwatla jo bo tswelelang kgotsa setlhabi mo nokeng le mo lengoleng.
Matshwao a tsiboso a akaretsa setlhabi le go gagamala mo mokwatleng, mo
nokeng kgotsa mo lengoleng morago ga go dira ka terekere.
O ka dira eng?
Dirisa mothini o o siametseng tiro
Tlhokomela ditlamelo sentle, sk: ditsholetso tse di sa roromeng mo disageng
tsa diketane
Dirisa sentle maemo a setulo sa terekere le dipaakanyo tsa tsholetso
Tsamaya ka lobelo lo lo maleba mo ditseleng tse di se nang sekontiri, go tila
mesima, jj.
Go tila kgotlhelo mo tikologong ya gago ya madi, mo ditshikeng, mo mesifeng le
mo marapong mo matsogong le matsogo go tswa mo thoromong ya mo
diatleng:
Rulaganya ditiro go tila go dirisa dithulusu tse di roromang
Tlhopha dithulusu tsa thoromo e e kwa tlase
Dirisa thefosano ya tiro fa go kgonagalang e bile o nne o ikhutsa gangwe le
gape
Thuthufatsa matsogo pele ga tiro o be o a tshole a le bothitho.
Bosa
Go tlhagelela mo maemong a bosa, segolobogolo mo letsatsing kgotsa mo
marurung a a tseneletseng go ka nna kotsi.
Se o tshwanetseng go se dira:
Mo maemong a bosa a a fisang apara diaparo tse di botsatsa le kuane e e
sephara
O se ke wa apola; apara sesireletsa letsatsi se se kwa godimo mo letlalong le
le tlhageletseng
Tlhokomela dirunyi, dikakana kgotsa ditlosa mmala mo letlalong. Bona ngaka
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
ya gago fa dironyi, jj. di nna teng, di tswa madi kgotsa di tlhotlhonya
Diaparo tsa go dira di tshwanetse go diriwa ka didirisiwa tse di tsholang
mmele wa badiri o omile gape mo temphereiteng e e siameng. Malebana le
tiro ya mo tlelaemeteng e e bolelo gape e omile, diaparo tse di maleba di
tshwanetse go dirisiwa go tila tshireletso e e feteletseng ya bolelo e bile go
letlelelwe khemo
Diaparo tse di lekaneng tsa tshireletso di tshwanetse go tlamelwa fa go nang
le kgonagalo ya go nna teng ga kotsi ya phatsimo ya UV kgotsa mathata a
bayoloji, jaaka dimela tse di nang le botlhole, diphologolo tse di nang le
botlhole le ditshwaetsego.
Diphologolo
Go amana le diphologolo go ka tlhola zoonoses (malwetse a a tswang mo
phologolong a fetela motho). Ditshedi tse dinnye jaaka dibaketeria, megare,
diparasiti le fungi di ka baka malwetse ka go tshwaetsa mmele fa di hemiwa, di
mediwa, kgotsa fa di tsenelela mo letlalong. Matshwao ke a mathata a letlalo le
malwetse a a tshwanang le flua a ka bakang bolwetse jo bo tswelelang go
fitlhela bo alafiwa.
Se o tshwanetseng go se dira go fokotsa kgonagalo ya kotsi
Fokotsa kgonagalo ya kotsi ka go tshola leruo le itekanetse. Enta fa go le
maleba
Netefatsa gore go nna le bophepa jo bo siameng jwa sebele. Ka gale tlhapa
matsogo pele o ja, o nwa kgotsa o tsuba
Apara diaparo tse di maleba tsa tshireletso jaaka di-overolo fa o tshwara
diphologolo, segolobogolo fa di lwala, le ditlelafo le khiba e e thibelang metsi
fa o tshwara sedirisiwa se go nang le kgonagalo ya gore se tshwaetsegile
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
jaaka ditlhagisiwa tsa botsalo
Tswala mesego yotlhe le mengapo ka ditswalo tse di thibelang metsi.
Dilwana tse di kotsi
Tlhagelelo mo dikhemikhaleng tse dikotsi kgotsa mo dilwaneng tse dingwe, sk:
go dibolaya-ditshenekegi, melemo ya diphologolo (go akaretsa didipi tsa dinku),
lorole, mosi kgotsa dilwana jaaka seleri, mantle a makima a seretse sa kerisi
kgotsa menontsha; go hema mosi wa polasetiki e e tukang, kgotsa lorole lo lo
nnang teng fa o sutisa tlhaka, menontsha, letlhaka, leswabi la bojang; go ama
seleri, motshutelo jj; kgotsa go gasiwa ka sebolaya-ditshenekegi kgotsa ka dipi
ya dinku, tsotlhe di ka kowafatsa.
Matshwao a tsiboso a akaretsa:
Go baba/matlho a a tletseng metsi le nko e e tletseng metsi
Nko e e thibaneng e e hupetsang mowa
Mometso o o botlhoko
Go gotlhola ka segotlholo kgotsa kwa ntle ga sona
Mesifa e e botlhoko kgotsa letshoroma morago ga tiro ka bokowa jo bo sa
itumediseng
Go hema ka bothata
Go gagamala ga sehuba ka motsi wa tiro, morago ga tiro kgotsa fa o dira
ikatiso e ka tlwaelo o ka e kgotlelelang
Go hupelwa.
Matshwao a, a ka nna a nakwana ka nako ya tiro, kgotsa a ka fetelela le go nna
sebaka se seleele go fitlhela a batla go nna teng ka gale. A ka bakwa ke
tlhagelelo e nnye thata mo selwaneng se se go ganang, kgotsa se se ka go
utlwisang botlhoko. Fa o tsuba, le wena o tlhagelela mo dilwaneng tse e bile go
na le kgonagalo ya gore o ka nna le mathata a a masisi a sehuba.
Go botlhokwa go itshireletsa le go sireletsa badiri ba gago. Tila go
hema dilwana tse di kotsi ka:
Go dirisa dilwana tse dingwe ka moo go ka kgonagalang
Go dira ka dilwana tse di nang le lorole lo lonnye, sk:
dithoro/dikgolokwanyana
Go tswala dibakwa tsa lorole kgotsa sefafatsi
Go vacuuma dilo tse di fa fatshe go na le go di feela dirisa filitara ya
bokgoni jo bo kwa godimo.
Fokotsa bontsi jo o bo hemang ka:
Go dirisa tlhabisaphefo ya selegae ya ekesoso, sk: fa o weleda
Go dirisa difilitara tse di nang le bokgoni mo dikhurumelong tsa
diterekere/dirori
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
Go tlhokomela difilitara go ya ka ditlhokego tsa motlhami
Go tokafatsa tlhabisaphefo mo dikagong
Go apara setlamelo se se maatla sa tshireletso sa khemo. Netefatsa gore o
dirisa maseke o o maleba kgotsa sesireletsa-sefatlhego malebana le lorole,
diphufudi kgotsa di-aerosolo.
Dimaseke le disireletsa-sefatlhego ka gale di tshwanetse go bewa mo lefelong
le le phepa le le omileng  o se ke wa di pega mo dihukung kgotsa mo
dipekereng mo mafelong a a leswe, a a nang le lorole.
Fa o dirisa melemo ya diphologolo, ka gale:
Tlosa ditshedi mo letlalong le mo diaparong ka bonako, o be o tlhape pele o
ja, o nwa kgotsa o tsuba. O se ke wa dira mo diphologolong tse di sa tswang
go alafiwa fa e le gore o ka kgotlelega
Latela dikgato dingwe le dingwe tsa tshoganyetso tse di atlanegisitsweng ke
motlhami, sk: ka meento ya oli
Latela ditaelo tsa matshwao, segolobogolo ao a amanang le PPE
Bega melato yotlhe e e belaelwang ya kgotlelego gore e tle e batlisisiwe ka
tsenelelo.
Go tshwarwa le go jalwa ga dimela tse di tlhatlhobilweng ka
dikhemikhale
Malebana le go tshwara le go jala ditlhare tse di tlhatlhobilweng ka
dikhemikhale tse di kotsi pele ga letlha la bofelo la botlhole, bathapi ba
tshwanetse go neela badiri ditlamelo tsa sebele tsa tshireletso le go dirisiwa
Dimela tse di tlhatlhobilweng di tshwanetse go tshhwarwa ka kelotlhoko go
fokotsa kgotlelego ya sebele. Di tshwanetse go pakiwa le go rwalwa mo
lefelong la tiro ka tsela e phitlhelelo ya dimela e leng bonolo, ka go kgontsha
gore go tilwe go tshwara dimela go feta mo go tlhokagalang
Dikgetse tsa go jala kgotsa ditlamelo kgotsa didirisiwa tse dingwe tsa go
rwala dimela tse di tlhatlhobilweng di tshwanetse go phepafadiwa ka go
tshololwa le go tlhatswiwa letsatsi lengwe le lengwe.
Polokesego ya lefelo la tiro le tlhokomelo
Dikotsi di le dintsi mo temothuong le kwa sekgweng di tlhagelela ka ntlha ya go
thelela, go kgopiwa le go wa. Lebelela gore mafelo a tiro ga a na dikgoreletsi,
jaaka megala e e gogobang, dikgetse kgotsa diphalete le gore go na le sepeisi
se se lekaneng sa go boloka dithulusu le dilwana. Tshola dikago tsa gago di
siame, ka go netefatsa gore madilo ga a tlhakatlhakane, segolobogolo ka mo
dikarolong tsa difuru kgotsa ka mo dikagong tsa bogologolo.
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
Fokotsa kgonagalo ya go wa, ya go kgopiwa le ya go thelela.
O tshwanetse go neelana ka tse di latelang:
Dithusi mo ditepeseng le mo dirempeng mo go tlhokagalang
Kgamolo e e siameng mo ditirong tse di bongola jaaka mafelo a go tlhatswa
merogo kgotsa diteri
Lesedi le lelekaneng e bile le le maleba
Themphereitara e e lekaneng le tlhabisaphefo e e lekaneng go akaretsa
mowa o o itekanetseng ka mo mafelong a tiro a a ka fa gare
Matshwao a polokesego mo kgonagalong e e botlhokwa ya kotsi ya
boitekanelo le polokesego e leng teng morgago ga go tsaya dikgato dingwe
tsa taolo tse di supilweng ke tshekatsheko ya gago ya kgonagalo ya dikotsi.
Thuso ya pele le phaloso ya tshoganyetso
Ka go tlwaelegile gore badiri ba dikgwa le ba temothuo ba dira ka
ditlhotshwana kwa mafelong a a farologaneng, modiri mongwe le mongwe o
tshwanetse go katisediwa thuso ya pele ya motheo. Katiso e, e tshwanetse
go akaretsa kalafo ya dintho tse di bulegileng le thathamologelo. Kwa
mafelong mo tiro e amang go amiwa ke dikhemikhale kgotsa mosi, dinoga,
ditshenekegi kgotsa malomo a digokgo kgotsa dikotsi tse dingwe tse di
rileng, katiso ya thuso ya pele e tshwanetse go atolosiwa ka tshwanelo ka
therisano le motho yo nang le dikwalo tse di maleba kgotsa mokgatlho
Dilwana tse di siameng tsa thuso ya pele kgotsa mabokoso a tshwanetse go
nna teng kwa lefelong la tiro e bile a tshwanetse go sirelediwa kgatlhanong le
go kgotlhelwa ke bokgola kgotsa malele
Tlamelo e tshwanetse go nna teng malebana le phaloso ya bonako ya motho
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
ka motsi wa kgobalo kgotsa bolwetse jo bo batlang thuso ya kalafo
Dipalangwa kgotsa mofuta wa tlhaeletsano o tshwanetse go nna teng kwa
lefelong la tiro go ikgolaganya le ditirelo tsa phaloso ka motsi wa
tshoganyetso.
Difasilithi tsa botlhapelo
Go na le kgonagalo ya kotsi ya bolwetse jwa dilwana tse di kotsi go tswa mo
lesweng kgotsa mo ditlhagisiweng dingwe tsa diphologolo tse di nang le ditshedi
tse dinnye tse di ka nnang teng tse di kotsi. Fa e le gore o na le badiri ba leruri,
ba nakwana, ba paka e khuthwane kgotsa ba go ya go ile, tlamela ka difasilithi
tsa boikhutso tse di akaretsang:
Mantlwanaboithusetso a aphepa, a a tsentshang phefo sentle
Dibeisene tsa go tlhapela tse di nang le metsi a a bolelo le a a maruru,
sesepa le ditoulo (kgotsa seomisa matsogo)
Difasilithi tse di akgiwang tsa go tlhapela, kgotsa diphimodi tsa matsogo tsa
badiri ba ba dirang kgakala le difasilithi tsa go tlhapela
Difasilithi tsa go fetola mo diaparo tse di kgethegileng di apariwang
Thebolo ya metsi a a phepa a a nwewang (e e tshwailweng go e farologanya
le thebolo ya metsi a a sa nweweng).
Go bega malwetse a a amanang le tiro
Malwetse a a riling a a bakiwang ke tiro a tshwanetse go begiwa kwa
Lefapheng la Badiri. O ka nna le molwetse jo bo begegang if e le gore o dira ka:
Diphologolo  malwetse a tswang mo phologolong a fetela motho jaaka
brucellosis, leptospirosis, bolwetse jwa lyme kgotsa streptococcus suis,
kgotsa tshwaetse nngwe fela e e amanang le go dira ka diphologolo
Dibolaya-ditshenekegi- go kgotlhelwa ka organophosphorus compounds
kgotsa methyl bromide
Dilwana tsa tlhago  asema ya kwa tirong go tswa mo loroleng lwa tlhaka
kgotsa ditshenekegi le le diriseditsweng malebana le taolo ya bayoloji ya diji;
motshotelo wa molemirui wa lekgwafo/thuntshwane; kgotsa kitlano ya meno
Dilwana tse dingwe  go gotela ga letlalo ga mo tirong go tswa mo tirong e e
amang tlhagelelo ya mo ditlhaologing kgotsa mo dieeding tse di bolayang
megare
Methini  senteromo ya thoromo ya letsogo go tswa mo tirong ya disaga tsa
diketane, disegi tsa borae kgotsa disaga tse di tshekeletsa tsa letsogo.
Fa o batla tshedimosetso go ya pele, tsweetswee ikgolaganye le setheo sa lona
se se fa gaufi sa badiri kgotsa kantoro ya porofense:
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
Contact details
Provincial Offices of the Department of Labour
Eastern Cape
Aliwal North Tel: (051) 633 2633
Butterworth Tel: (047) 491 0656
Cradock Tel: (048) 881 3010
East London Tel: (043) 702 7500
Fort Beaufort Tel: (046) 645 4686
Graaf-Reinet Tel: (049) 892 2142
Grahamstown Tel: (046) 622 2104
King Williams
Town Tel: (043) 643 4756
Lusikisiki Tel: (039) 253 1996
Maclear Tel: (045) 932 1424
Mdantsane Tel: (043) 761 3151
Mount Ayliff Tel: (039) 254 0282
Mthatha Tel: (047) 501 5600
Port Elizabeth Tel: (041) 582 4472
Queenstown Tel: (045) 807 5400
Uitenhage Tel: (041) 992 4627
Free State
Bethlehem Tel: (058) 303 5293
Bloemfontein Tel: (051) 505 6201
Botshabelo Tel: (051) 534 3789
Ficksburg Tel: (051) 933 2299
Harrismith Tel: (058) 623 2977
Kroonstad Tel: (056) 215 1812
Petrusburg Tel: (053) 574 0932
Phuthaditjhaba Tel: (058) 713 0373
Sasolburg Tel: (016) 970 3200
Welkom Tel: (057) 391 0200
Zastron Tel: (051) 673 1471
Gauteng North
Atteridgeville Tel: (012) 373 4435
Bronkhorstspruit Tel: (013) 932 0197
Garankuwa Tel: (012) 702 4525
Krugersdorp Tel: (011) 955 4420
Mamelodi Tel: (012) 812 9500
Pretoria Tel: (012) 309 5050
Randfontein Tel: (011) 693 3618
Soshanguve Tel: (012) 799 7400
Temba Tel: (071) 871 6509
Gauteng South
Alberton Tel: (011) 861 6130
Benoni Tel: (011) 747 9601
Boksburg Tel: (011) 898 3340
Brakpan Tel: (011) 744 9000
Carletonville Tel: (018) 788 3281
Germiston Tel: (011) 345 6300
Johannesburg Tel: (011) 223 1000
Kempton Park Tel: (011) 975 9301
Nigel Tel: (011) 814 7095
Randburg Tel: (011) 781 8144
Roodepoort Tel: (011) 766 2000
Sandton Tel: (011) 444 7631
Sebokeng Tel: (016) 592 3825
Soweto Tel: (011) 939 1200
Springs Tel: (011) 365 3700
Vanderbijlpark Tel: (016) 981 0280
Vereeniging Tel: (016) 430 0000
KwaZulu-Natal
Dundee Tel: (034) 212 3147
Durban Tel: (031) 336 1500
Estcourt Tel: (036) 352 2161
Kokstad Tel: (039) 727 2140
Ladysmith Tel: (036) 638 1900
Newcastle Tel: (034) 312 6038
Pietermaritzburg Tel: (033) 341 5300
Pinetown Tel: (031) 701 7740
Eastern Cape
East London Tel: (043) 701 3000
Free State
Bloemfontein Tel: (051) 505 6200
Gauteng North
Pretoria Tel: (012) 309 5000
Gauteng South
Johannesburg Tel: (011) 853 0300
KwaZulu-Natal
Durban Tel: (031) 366 2000
Limpopo
Polokwane Tel: (015) 290 1744
Mpumalanga
Witbank Tel: (013) 655 8700
North West
Mmabatho Tel: (018) 387 8100
Northern Cape
Kimberley Tel: (053) 838 1500
Western Cape
Cape Town Tel: (021) 441 8000
Labour Centres of the Department of Labour
Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
Port Shepstone Tel: (039) 682 2406
Prospecton Tel: (031) 913 9700
Richards Bay Tel: (035) 780 8700
Richmond Tel: (033) 212 2768
Stanger Tel: (032) 551 4291
Ulundi Tel: (035) 879 1439
Verulam Tel: (032) 541 5600
Vryheid Tel: (034) 980 8992
Limpopo
Giyani Tel: (015) 812 9041
Jane Furse Tel: (013) 265 7210
Lebowakgomo Tel: (015) 633 9360
Lephalale Tel: (014) 763 2162
Makhado Tel: (015) 516 0207
Modimolle Tel: (014) 717 1046
Mokopani Tel: (015) 491 5973
Phalaborwa Tel: (015) 781 5114
Polokwane Tel: (015) 299 5000
Seshego Tel: (015) 223 7020
Thohoyandou Tel: (015) 960 1300
Tzaneen Tel: (015) 306 2600
Mpumalanga
Baberton Tel: (013) 712 3066
Bethal Tel: (017) 647 5212
Carolina Tel: (017) 843 1077
Eerstehoek Tel: (017) 883 2414
eMalahleni
Witbank Tel: (013) 653 3800
Ermelo Tel: (017) 819 7632
Groblersdal Tel: (013) 262 3150
Kwamhlanga Tel: (013) 947 3173
KaMhlushwa Tel: (013) 785 0010
Lydenburg Tel: (013) 235 2368
Middelburg Tel: (013) 283 3600
Nelspruit Tel: (013) 753 2844
Piet Retief Tel: (017) 826 1883
Sabie Tel: (013) 764 2105
Secunda Tel: (017) 631 2594
Standerton Tel: (017) 712 1351
Volksrust Tel: (017) 735 2994
Northern Cape
Calvinia Tel: (027) 341 1280
De Aar Tel: (053) 631 0952
Kimberley Tel: (053) 838 1500
Kuruman Tel: (053) 712 3952
Postmasburg Tel: (053) 313 0641
Springbok Tel: (027) 718 1058
Upington Tel: (054) 331 1752
North West
Brits Tel: (012) 252 3068
Christiana Tel: (053) 441 2120
Klerksdorp Tel: (018) 464 8700
Lichtenburg Tel: (018) 632 4323
Mafikeng Tel: (018) 381 1010
Mogwase Tel: (014) 555 5693
Potchefstroom Tel: (018) 297 5100
Rustenburg Tel: (014) 592 8214
Taung Tel: (053) 994 1710
Vryburg Tel: (053) 927 5221
Western Cape
Beaufort West Tel: (023) 414 3427
Bellville Tel: (021) 941 7000
Cape Town Tel: (021) 468 5500
George Tel: (044) 801 1201
Knysna Tel: (044) 382 3150
Mitchells Plain Tel: (021) 391 0591
Mossel Bay Tel: (044) 691 1140
Oudtshoorn Tel: (044) 272 4370
Paarl Tel: (021) 872 2020
Somerset West Tel: (021) 852 2535
Vredenburg Tel: (022) 715 1627
Worcester Tel: (023) 347 0152ttt
Setswana) Layout and design by the Design Studio (Jozann Germishuys)
Directorate of Communication, Department of Labour
Website: www.labour.gov.za