Kaedi ya Polokesego le Boitekanelo mo Kagong
Laola
Fa o laola kgwebo ya gago, a o:
●  Itsise Lefapha la Badiri jaaka Molao wa Polokesego le Boitekanelo mo Tirong o kopa jalo?
●  Nna le nako e e lekaneng ya go baakanya, ya go rulaganya le ya go laola tiro ya gago?
●  Keleka se se diragalang le go tsaya kgato mabapi le ditiro tse dikotsi?
●  Na le motho yo o ka lebang kwa go ena fa o batla kgakololo ka ga boitekanelo le polokesego?
●  Neela badiri kgololosego ya go bega ditiro tse di sa bolokesegang kgotsa maemo le go samagana le dipegelo tse?
Bega dikotsi
Fa mongwe yo o mo thapang, kgotsa yo o dirang kwa lefelong la gago, a na le kotsi, netefatsa gore o:v 
●  Itsise Setheo se se fa gaufi le wena sa Badiri ka bonako fa kotsi e le masisi kgotsa e ama kgobalo e kgolo, jaaka go robega, kgaogo kgotsa tatlhegelo ya go bona  
●  Bega kotsi nngwe le nngwe e e amanang le tiro e e diragalang mo malatsing a a fetang a le 14 mo tirong
●  Bega fa leloko la setšhaba le bolailwe kgotsa le rometswe kwa bookelong ka ntlha ya kotsi mo lefelong la gago kgotsa e e amanang le ditiro tsa kwa lefelong la gago la tiro.
Go thapa
Fa o thapa batho kgotsa o laola batho ba ba go direlang, a o netefatsa gore: 
●  Ba katisitswe le go nna le bokgoni jwa go dira tiro ka polokesego ntle le go tsenya boitekanelo jwa bona mo kotsing?
●  Ba tlhokomelwa sentle le go neelwa ditaelo tse di siameng le gore ba itse se se batliwang mo go bona? 
●  Ba kgona go fitlhelela dibebofatsi le go tlhapa le ntlwanaboithusetso? 
●  Ba na le didirisiwa tse di maleba, ditlamelo, polante le diaparo tsa tshireletso?
●  O sekaseka dintlha tsa boitekanelo le polokesego le bona le kgotsa baemedi ba bona?
Go naya tiro
Fa o neela ba bangwe tiro, a o:
●  Sekaseka gangwe le gape ditiro tsa boitekanelo le polokesego tsa batho ba o rulaganyang go ba dirisa?
●  Ba neela tshedimosetso ka ga boitekanelo le polokesego e ba e tlhokang malebana le tiro le go netefatsa gore ba na le bokgoni pele ba simolola tiro?
●  Sekaseka tiro le bona pele ba simolola?
●  Netefatsa gore o neelane ka sengwe le sengwe se lo dumelaneng ka ga sona (sk dikhafole tse di bolokesegileng, polante e e maleba, phitlhelelo ya katlaatlelo, jj)
●  Keleka tiro ya bona le go fedisa mathata?
Phitlhelelo ya kwa lefelong la tiro
●  A mongwe le mongwe a ka kgona go fitlha kwa lefelong la tiro ka polokesego-le go dira koo ka polokesego?
●  A ditsela tsa phitlhelelo di mo maemong a a siameng le go tshwaiwa sentle?
●  A dilwana tse batho ba ka wang go tswa mo go tsona di na le direili tsa tlhokomelo tse di lekaneng kgotsa tshireletso e nngwe e e maleba ya selwana?
●  A mesima e khupeditswe, e sireleditswe, e na le legora le go tshwaiwa sentle go thibela go wa? 
●  A lefelo le phepa le gore didirisiwa di bolokilwe sentle?
●  A mabone a lekane?
Katlaatlelo
●  A mantlwanaboithusetso ka gale a teng le gore a tsholwa a le phepa le go tshuma ka tshwanelo?
●  A go na le dibeisene tsa go tlhapa, metsi a a elelang, sesepa le ditoulu tse e reng morago ga go dirisiwa tsa latlhiwa?
●  A go na le sepeisi sa go fetola, sa go omisa le sa go boloka diaparo?
●  A go na le metsi a a nwewang le dikopi?
●  A go na le sebebofatsi mo badiri ba ka kgonang go nna le go rulaganya dino tse di bolelo jj.?
●  A mongwe le mongwe yo o tlhokang go dirisa dibebofatsi tsa katlaatlelo a ka kgona go di fitlhelela bonolo le ka polokesego?
Dikhafole
●  A dikhafole di dirilwe, di fetotswe le go tlosiwa ke batho ba ba nang le bokgoni?
●  A dipala tsotlhe tsa kwa godimo di tlametswe ka dipoleiti tsa motheo       (gape fa go tlhokega, dipoleiti sa sola tsa dikota)?
●  A dipala tsotlhe tsa kwa godimo, dilejara, ditshegetsi le dithusi di mo maemong?
●  A sekhafole se sireletsegile mo kagong kgotsa mo moagong ka mo mafelong a a lekaneng go thibela go wa?
●  A go na le direili tsa tlhokomelo tse di lekaneng le diboto tsa maoto, kgotsa tshireletso e nngwe e e maleba, kwa ntlheng nngwe le nngwe go thibela didirisiwa go wa mo dikhafoleng?
●  A dipolatefomo tsa go dira di na le diboto ka botlalo, le gore diboto di rulagantswe go tila go suta kgotsa go wa? 
●  A go na le dikgoreletsi tse di maatla kgotsa dikitsiso tsa temoso go thibela batho go dirisa dikhafole tse di sa felelang, sk mo dipolatefomo tsa go dira di se nang le diboto ka botlalo?
●  A sekhafole se na le maatla a a lekaneng go tshola bokete jwa didirisiwa tse di beeilweng mo go sona le gore a dilo tse beilwe sentle?
●  A dikhafole di tlhokometswe sentle?
●  A go na le motho yo o nang le bokgoni yo o tlhatlhobang sekhafole gangwe le gape, sk gangwe ka beke, gape ka gale morago ga gore se fetolwe, se senyege kgotsa le morago ga bosa jo bo masisi?
●  A dipholo tsa ditlhatlhobo di a rekhodiwa?
●  A dikhafole tse di kwa godimo tsa setlamo di dirilwe le gore di dirisiwa go ya ka ditaelo tsa barebodi?
●  A maotwana a dikhafole tse di kwa godimo a notletswe fa di dirisiwa le gore dipolatefomo ga di na sepe fa di sutisiwa?
Dillere
●  A dillere di dirisiwa sentle go dira tiro?
●  A di mo maemong a a siameng?
●  A dillere di nna mo lefatsheng kgotsa kgatlhanong le lefatshe le le popota e bile e seng mo didirisiweng kgotsa kgatlhanong le didirisiwa tse di bokoa tse di sa sireletsegang?
●  A dillere di sireletsegile go di thibela go relelela kwa dithoko le kwa pele?
●  A dillere di golela kwa bogodimong jo bo lekaneng go feta lefelo la tsona la go fologela? Fa go se jalo, a go na dilo tsa go itshwareletsa tse dingwe?
●  A dillere di mo maemong a a siameng gore badirisi ba se ke ba gagamala go feta?
Tiro ya marulelo
●  A go na le tshireletso ya kwa dintlheng go thibela batho go wa kgotsa didirisiwa go wa?
●  Ka motsi wa go rulela ga indaseteri, a dinnete di tlametswe go thibela batho go wa kwa godimo ga marulelo kgotsa kwa dilwaneng tse siamistsweng fela e seng ka botlalo?
●  Kwa dinnete di dirisiwang, a di pegilwe ka polokesego?
●  A o lemogile didirisiwa tse di masisi jaaka dilwana tsa samente le mabone a marulelo?
●  A o etse tlhoko go thibela badiri go wela mo didirisiweng tse di masisi fa ba dira mo marulelong? 
●  A go na le dikarolo tse di tshwailweng gape a badiri ba nna kgakala le karolo e e ka fa tlase ga tiro ya marulelo?
Dikepo
●  A go na le tshegetso e e lekaneng ya kepo, kgotsa e dirilwe mokgokolosa, kgotsa e gatilwe kgotsa e dirilwe thata go babalela dienkele?
●  A mokgwa o o bolokesegileng o a dirisiwa go tsenya tshegetso, ntle le gore batho ba dire mo mosimeng o o tshegediwang?
●  A go na le phitlhelelo e e bolokesegileng kwa kepong, sk llere e telele mo go lekaneng e bile e sireletsegile?
●  A go na le dillere kwa dikgaotsang tsa gangwe le gape?
●  A go na le dikgoreletsi kgotsa tshireletso e nngwe go thibela batho le dirori go wela?
●  A go na le diboloko tse di sireleditsweng sentle tsa thibelo go thibela dirori tse di relelang go wela?
●  A dirori di dumelelwa go ya kwa mosimeng mo sekgaleng mo karolong e e bakang go wa?
●  A kepo e ka ama tlhomamo ya dilwana tsa boagisani kgotsa ditirelo?
●  A didirisiwa, masaledi (matlapana) le polante di bolokilwe kgakala le ntlha ya kepo go fokotsa kgonagalo ya go wa?
●  A kepo e tlhatlhobiwa gangwe le gape ke motho yo o nang le bokgoni?
Go tshwara ka diatla
●  A go na le didirisiwa tse di bokete jaaka diterase tsa marulelo, dilentele tsa konkoreiti,  matlapa kgotsa ditlhagisiwa tse di ka mo dikgetseng tse di ka bakang mathata fa e le gore di tshwanetse go tlosiwa ka seatla? 
Fa go le jalo, o ka kgona:
	1.  Go tlhopha didirisiwa tse di botlhofonyana?
		  2.  Go dirisa dikiribana, ditsholetsi, dithelehendelara, le polante e nngwe kgotsa setlamelo se sengwe gore go tsholetsa ka diatla go tle go fokotsege?
		  3.  Go ota didirisiwa jaaka samente le diakerekeiti ka dikgetse sa  25 kg?
		  4.  Go tila go baya gangwe le gape ga diboloko tsa go aga tse di kalang go feta 20 kg? 
●  A batho ba laetswe le go katisiwa go tsholetsa dilo tse di bokete ka polokesego?
Pharakano, dirori le polante
●  A dirori le batsamayakadinao ba kgaosantswe ke dikgoreletsi?
●  Fa go se jalo, a o:
		  1.  Dirisa dikgoreletsi go kgaoganya mafelo a tiro?
		  2.  Tlhagisa temoso ka ga mafelo a a ka tlholang kotsi, le ka mo go ka diriwang ka ga yona?
		  3.  Baya matshwao a temoso?
●  A go na le tshiamiso e e lekaneng go dikologa dirori tse di fapogang?
●  A go boela morago go ka tilwa sk ka go dirisa mokgwa wa tsela e lenngwe kgotsa, fa go se jalo, a bathusi ba ba katisitsweng sentle ba a dirisiwa?
●  A dirori le polante di tlhokomelwa sentle, sk a setering, mabone, poriki ya seatla le ya leoto di dira sentle?
●  A bakgweetsi ba bone katiso e e maleba le ditifikeiti tse di tlhokegang go dira ka mefuta e e rileng ya dirori tse di tsholetsang, kgotsa polante e ba dirang ka yona?
●  A merwalo e sireletsegile sentle?
●  A o netefaditse gore bapalami ba palamisiwa fela mo diroring tse di diretsweng go ba palamisa?
●  A o netefaditse gore polante le dirori ga di dirisiwe mo mekgokoloseng e e kotsi?
Thulusu le metšhini
●  A dithulusu tse di maleba kgotsa metšhini e e maleba e dirisediwa tiro?
●  A dikarolo tsotlhe tse di kotsi di a tlhokomelwa, sk dikere, chain drivers, dišafote tsa dienjene tse di tlhagelelang?
●  A dikate di sireletsegile gape di siamisitswe sentle?
●  A dithulusu le metšhini di tshotswe di le mo maemong a a siameng le gore didirisiwa tsotlhe tsa polokesego di dira sentle?
●  A badirisi botlhe ba katisitswe le gore ba na le bokgoni?
Ditsholetsi
●  A ditlamelo di tsentswe ke motho yo o nang le bokgoni?
●  A badirisi ba katisitswe le gore ba na le bokgoni?
●  A bokgoni jo bo reitilweng bo tshwailwe sentle?
●  A setsholetsi se na le pegelo ya sešweng kgotsa tshekatsheko e e tseneletseng le rekhoto ya tlhatlhobo?
●  A go na le lefelo la motheo le le maleba go thibela batho gore ba se ke ba otliwa ke karolo nngwe le nngwe e e tsamayang ya setsholetsi?
●  Diheke tsa botseno di tsholwa di tswetswe ntle le fa polatefomo e le mo botsenong?
Ditshoganyetso
●  A go na le dithulaganyo tsa tshoganyetso, sk malebana le go  tswa mo lefelong ka motsi wa molelo?
●  A batho mo lefelong ba itse gore dithulaganyo ke dife?
●  A go na le mokgwa wa go letsa alamo, le gore e lekiwa gakae?     
●  A go na le tsela ya go ikgolaganya le ditirelo tsa tshoganyetso go tswa mo lefelong? 
●  A go na le ditsela tse di lekaneng tsa go falola le gore tsona di nna di siame?  
●  A go na le tlamelo ya thuso ya ntlha?
Molelo
●  A dilwana tsa dituki, diedi le digase di tsholwa mo go lekaneng?
●  A di bolokiwa sentle?
●  A disilindara tsa gase tsa dituki di busediwa kwa setorong sa tlhabisaphefo kwa bikhutlong jwa šifiti?
●  A disilindara tse di tletseng le tse di se nang sepe di bolokiwa di kgaogane le go bontshiwa sentle?
●  A metswedi ya go tsuba le e mengwe ya kgotetso e thibetswe kwa mafelong a kwa digase kgotsa diedi tse di tukang di bolokiwang kgotsa di dirisiwang?
●  A disilindara tsa gase, dipeipi tse di amegang le ditlamelo di tlhokomelwa sentle le gore di mo maemong a a siameng?
●  Fa disilindara tsa gase di sa dirisiwe, a dibelofo di tswetswe sentle?
●  A Dilo tse di tukang le tse di tshwarang molelo ka bonako di tlosiwa gangwe le gape le go bolokiwa ka mo dibining tse di maleba kgotsa ka mo dikiping?
●  A ditimamolelo tse di maleba di a tlamelwa?
Dilwana tse di kotsi
●  A o lemogile dilwana tsotlhe tse di kotsi le didirisiwa, jaaka asebesetose, lloto, ditlhaolosi, dipente, samente le lorole?
●  A o kelekile fa mokonteraka yo o nang le laesense a tlhokega go samagana le asebesetose mo lefelong? (Tiro e ntsi ya asebesetose e batla laesense, le fa o ka dira tiro e e lekanyeditsweng ka didirisiwa tse di nang asebesetose ntle le e lenngwe)
●  A o lemogile le go tsenya dithusi go thibela kgotsa go laola tlhagelelo mo dilwaneng tse di kotsi, ka:
		-  go dira tiro ka tsela e e farologaneng, go tlosa kgonagalo ya kotsi 		   gotlhelele?
		-  go dirisa sedirisiwa se se seng kotsi thata?
		-  go dirisa dithulusu tse di tsentsweng setlosa lorole?
●  A badiri ba ne ba bona tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikotsi go tswa kwa dilwaneng tse di kotsi tse di dirisiwang le go tlhagisiwa mo lefelong, le se ba tshwanetseng go se dira go tila dikotsi tseo?
●  A o na le dithulaganyo tsa go thibela go tshwara samente se se metsi ( ka se se ka baka kgotelo ya letlalo le diphiso tsa samente)?
●  A o rulagantse tlhokomelo ya boitekanelo go batho ba ba dirisang dilwana tse di kotsi tse di rileng (sk lloto)
●  A o lemogile dilwana tsotlhe tse di kotsi le didirisiwa, jaaka asebesetose, lloto, ditlhaolosi, dipente, samente le lorole?
●  A o kelekile fa mokonteraka yo o nang le laesense a tlhokega go samagana le asebesetose mo lefelong? (Tiro e ntsi ya asebesetose e batla laesense, le fa o ka dira tiro e e lekanyeditsweng ka didirisiwa tse di nang asebesetose ntle le e lenngwe)
●  A o lemogile le go tsenya dithusi go thibela kgotsa go laola tlhagelelo mo dilwaneng tse di kotsi, ka:
		-  go dira tiro ka tsela e e farologaneng, go tlosa kgonagalo ya kotsi 		   gotlhelele?
		-  go dirisa sedirisiwa se se seng kotsi thata?
		-  go dirisa dithulusu tse di tsentsweng setlosa lorole?
●  A badiri ba ne ba bona tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikotsi go tswa kwa dilwaneng tse di kotsi tse di dirisiwang le go tlhagisiwa mo lefelong, le se ba tshwanetseng go se dira go tila dikotsi tseo?
●  A o na le dithulaganyo tsa go thibela go tshwara samente se se metsi ( ka se se ka baka kgotelo ya letlalo le diphiso tsa samente)?
●  A o rulagantse tlhokomelo ya boitekanelo go batho ba ba dirisang dilwana tse di kotsi tse di rileng (sk lloto)
Modumo
●  A badiri ba ne ba bona tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikotsi go tswa kwa modumong mo lefelong, le se ba tshwanetseng go se dira go tila dikotsi tseo?
●  A o ne wa lemoga le go sekaseka tlhagelelo ya badiri mo modumong?
●  A modumo o ka fokodiwa ka go dirisa mekgwa e e farologaneng ya go dira kgotsa ka go tlhopha polante e e se nang modumo, sk ka go tsenya dithubi le polante e nngwe kgotsa motšhini dithibelamodumo?
●  A batho ba ba sa amegeng mo tirong ba tsholwa kgakala le motswedi wa modumo?
●  A tshireletso e e maleba ya kutlo e a tlamelwa le go apariwa kwa mafelong a a modumo?
●  A dikarolo tsa tshireletso ya kutlo di tshwailwe?
●  A o rulagantse tlhokomelo ya boitekanelo go batho ba ba tlhagelelang mo modumong o montsi?
Thoromo ya seatla
●  A badiri ba ne ba bona tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikotsi go tswa kwa thoromong ya seatla (HAV) mo lefelong, le se ba tshwanetseng go se dira go tila dikotsi tseo?
●  A o ne wa lemoga le go sekaseka dikotsi go badiri go tswa mo tirisong e telele ya dithulusu tse di roromang jaaka dithubi tsa konkoreiti, dikeraendara tsa enkele kgotsa diboro tsa hamore?
●  A tlhagelelo go HAV go fokoditswe ka moo go ka kgonagalang ka go tlhopha mekgwa e e maleba ya tiro le polante?
●  A dithulusu tsa thoromo tse di fokoditsweng di a dirisiwa fa go kgonagalang?
●  A dithulusu tse di roromang di tlhokometswe sentle?
●  A o rulagantse tlhokomelo ya boitekanelo go batho ba ba tlhagelelang mo thoromong ya seatla e ntsi, segolobogolo fa ba tlhagelela mo dipakeng tse dileele?
Motlakase le ditirelo tse dingwe
●  A ditirelo tsotlhe tse di botlhokwa di tlametswe mo lefelong pele tiro e simolola gape a le wena o lemogile ditirelo tse di leng teng mo lefelong (sk megala ya motlakase kgotsa dimeini tsa gase) le go tsaya dikgato tse di maatla, fa go tlhokega, to thibela kotsi mo go tsona?
●  A o dirisa maatla a motlakase a a kwa tlase mo dithulusung le mo ditlamelong, sk dithulusu tse di dirisiwang ka dibeteri kgotsa dilwana tsa maatla a motlakase a a kwa tlase?
●  A megala le dilloto di sireleditswe kgatlhanong le go senyega?
●  A dikgokaganyo tsotlhe tse di yang kwa dilwaneng di dirilwe sentle le gore dipolaka tse di maleba di a dirisiwa?
●  A dithulusu le ditlamelo di sekasekiwa ke badirisi, di tlhatlhobiwa ka nnete mo lefelong le go sekasekiwa gangwe le gape le go lekiwa ke motho yo o nang le bokgoni?
●  A megala e e fitlhegileng ya motlakase le ditirelo tse dingwe di bonwe (sk ka lokeitara le dithulaganyo) le go tshwaiwa, gape o tsere dikgato mabapi le go dira ka polokesego?
●  Fa go nang le megala ya kwa godimo, a thebolo ya motlakase e timilwe, kgotsa dikgato tse dingwe di tserwe, jaaka go tlamela ka dipala tsa dino kgotsa ditshwai tsa theipi?
Go sireletsa batho
●  A tiro e tsentswe legora go tswa mo bathong?
●  A ditiro tsa tsela di sireleditswe le go tshumiwa?
●  A batho ba sireleditswe mo dilong tse di wang?
●  Fa tiro e khutlile mo letsatsing:
	1.  A tikologo ya lefelo e sireleditswe mo go lekaneng?
	2.  A dillere tsotlhe di tlositswe kgotsa dirang tsa tsona di khurumeditswe 	     gore di se ke tsa dirisiwa?
	3.  A dikepo le mesima di khurumeditswe sentle kgotsa di diretswe 		     legora?	
	4.  A polante yotlhe e dirilwe gore e se ke ya dirisiwa go thibela tiriso e e 	     sa letlelelwang?
	5.  A ditena le didirisiwa di pakilwe ka polokesego?
	6.  A dilwana tse di tukang kgotsa tse di kotsi di notleletswe ka mo 		     mafelong a polokelo a a sireletsegileng?
	CAPTIONS
Kalafo ya lengole le le gobetseng.
Bothata: Sekhafole se, se ne se sa tshwaragantshwa le lobota ka jalo ka e le polatefomo e e emeletseng e e loso, se ne sa tsenya matshelo a badiri mo kotsing.
Sekhafole ga se a tshwanelwa go dirisiwa jaaka llere.
Go dirisa dikiribana, ditsholetsi, dithelehendelara, le polante e nngwe kgotsa setlamelo se sengwe gore go tsholetsa ka diatla go tle go fokotsege?
Diaparo tsa tshireletso ka gale di tshwanetse go apariwa ka motsi wa go tshwara ka diatla. Ela tlhoko modiri a le mongwe yo o se nang ditlelafo le ba le babedi ba ba se nang dikuane tse di popota.
A ditimamolelo tse di maleba di a tlamelwa?
A tshireletso e e maleba ya kutlo e a tlamelwa le go apariwa kwa mafelong a a modumo?
A dithulusu tse di roromang di tlhokometswe sentle?
Mabokoso a a laolang motlakase a tshwanetse ka gale go khurumediwa le go notlelwa sentle.
