14.	H&SFOOD&BEVERAGE/SETSWANA/SHOLE
BOITEKANELO LE PABALESEGO MO INDASTERING YA DIJO LE DINO
Badiri ba indasteri e, ba lebagane dikotsi tsa methalethale tsa bodirelo, tse di akaretsang tse di latelang:
Go wa mo boalong ka ntlha ya maemo a a boreledi go ka baka go phetsega le kakatlega
Go thulana le dikoloi tsa mo bodirelong, jaaka tsa ditsholetsi le tsa dithothi
Go gobadiwa ke go kukana le dithoto, go dira mmereko wa go ipoapoeletsa le go sokasokega mmele. Badiri mo indastering e, ba gobadiwa ke go tlhola ba thotha dilo ka matsogo, go dira tiro ya ipoapoeletso, go sokasokega mmele ka ntlha ya go berekela mo lefelong le le pitlaganeng, le thulagano e e bogole botsamao jwa tiro
Go berekela mo leratleng
Go bereka mo go sailang ditshenekegi le megare e e borai tse di tsalwang ke go hema le go gopa lerole, le maemo a a kwa godimo a bongola. Lerole leno le ka tswa mo metswakong e e dirisediwang go titiela dijo; bongola jona bo ka baka malwetse a letlalo
Go angwa ke dikhemikale tse di borai; seno se atile mo mabakeng a go dubadubana le dikhemikale fa go phepafadiwa kgotsa go upiwa lefelo la dititielo
Go angwa ke mogote le serame. Mo indastering eno themperetšhara e ka fetofetolwa, jaaka go ka dirisiwa mogote, tsidifatso le kgatsetso. Badiri ba berekela mo mogoteng fa go tlhwekisiwa mašwi kgotsa go tsenngwa dijo tsa meteme, mme ba tsene mo serame mo dikarolong tsa kgatsetso ya dijo
Go berekela mo lefelong le le pitlaganeng. Dikao tsa mo indastering eno ke ditanka le metomo ya bobeelo, dikoti, ditanka tsa ditukisi, mathugela a diterebe, le dipidisetso
Dikotsi tsa go wa, tiriso ya dithipa, dithulano, go kuka le tiro ya ipoapoeletso
Tshola ditsela le maalo a bodirelo a le phepa, a omile, a sa tshologelwe ke sepe ka nako ya tiro, mme o tlamele badiri ka ditlhako tse di ingangatlelang, tse di sa relediseng
Tlamela badiri ka ditlelafo tse di sireletsang mo masegong a dithipa
Rulaganya botsamao jwa tiro ka tsela e e tlaa fokotsang dithulano
Kgaoganya matsamaelo a dikoloi le mafelo a go berekela. Netefatsa gape gore go na le maitshwarelelo mo diplatefomong le mo direpoding
Thibela go tshologela ga metsi le dioli bodirelong
Badiri ba tshwanetse go rutiwa mekgwa e e siameng ya go kuka dilo, mme madirelo a tshwanetse go bulega le go rulaganngwa mo a ka kgonisang bathapiwa go dira ba sa pitlagana
Go berekela mo leratleng
Ditiro tse di tshwanang le go tsenya dijo mo metemeng kgotsa dino mo dibotlolong, le tiriso ya ditsamaisi, di bakela badiri leratla le le feteletseng. Go tshwanetse ga dirisiwa maranyane a boenjenere go fokotsa selekanyo sa leratla, mme tiriso ya ditlamelwana le magato a maitshireletso e tshwanetse go gatelelwa thata.
Ditshenekegi le megare e e borai
Mekgwa e e latelang e ka fokotsa bothata jwa go tsenwa ke megare e e borai mo indastering e:
A go tsenngwe ditlhabisaphefo go fokotsa lorole
A badiri ba tlamelwe ka diaparo tse di maleba tsa maitshireletso. 
Rotloetsa bophepa mo badiring, mme o netefatse gore meago ya tiro le ya katlaatlelo e kgaogantswe
[Badiri ba indasteri e, ba lebagane dikotsi tsa methalethale tsa bodirelo, tse di akaretsang go thulana le dikoloi tsa mo bodirelong, jaaka tsa ditsholetsi le tsa dithothi]
Dikhemikale tse di borai
Badiri ba tshwanetse go rutiwa mekgwa ya tiro e e babalesegileng mo makaleng otlhe a bodirelo, go akaretsa le magato a Thusoyantlha
Mogote le serame
Mankge wa kalafi/ngaka kgotsa mooki yo ikwadisitseng o tshwanetse go tlhomamisa gore a badiri ba itekanetse mo mmeleng
Mafelo a a tswalegileng
Ke maikarabelo a mothapi go tlhomamisa gore bodirelo bo na le mafelo a a tswalegileng. Fa a le teng, dikgoro tsa ona tsotlhe di tshwanetse go sireletsega kgotsa go disega kgatlhanong le matsenelela, kgotsa di bewe matshwao a a supang gore ke mafelo a a tswalegileng
Fa go na le tiro e e tshwanetseng go direlwa mo lefelong le le tswalegileng, e tshwanetse go tswelwa ke tetla ya tiro
Pele badiri ba ka tsena mo lefelong le le tswalegileng, ba tshwanetse go newa ditlamelwana tsa khemiso, mme ba rutiwe gore di dirisiwa jang
Go wa ga dithoto
Netefatsa gore dilwana tse di beilweng mo boalong jwa fatshe (jaaka mo dikobotlwaneng/dišelofo tsa bobeelo) di itsetletse sentle mme ga di ne di wa botlhofo fa di ka kgongwa. Baya dilwana tse di bokete kwa tlase, mme tse di botlhofo di bewe kwa godimo
Tlhokomela thata gore o dirisa mokgwa o o babalesegileng wa go paka dithoto, go di tshwara le go di sutasutisa, gore di seka tsa wa
Netefatsa gore dilo tse dileele tse di ikemisang (jaaka disilandara tsa gase), le dilo tse di tshegediwang mo leboteng, di itsetletse, ga di we fa di ka kgopiwa, e bile di babalesegile
Dithulusu tsa matsogo
Dithipa di baka bontsi jwa dikotsi, mme ke tshwanelo gore fa di sa dirisiwe, di faphege mo go babalesegileng, kgotsa di somelwe mo dikgatleng tsa tsona
Fa dithipa di dirisiwa ka gale, go tshwanetse ga aparwa diaparo/dirwalo tse di sireletsang modiri mo thipeng jaaka e le go ya ka ditaelo tsa ba botlhokomedi jwa dikwetsa (risk management), (Sekao: tiriso ya khiba ya batlhabi, disireletsi/ditlelafo tsa matsogo a a sa tshwareng thipa)
Dithulusu tsa matsogo di nne di lolame ka metlha, gore modiri a se ka a pateletsega go kgaratlha/sokasokana natso fa a di dirisa
Tshutatshutiso/Phuduso ya dithoto
Dikolotsana tsa dirakana le diterolinyana tse di kgaramediwang di tshwanetse go tsamaisiwa mo ditseleng tse di tshwaegileng sentle, mme di kgaramediwa ke batho ba pono e e itekanetseng
Botlhokomedi jwa dikwetsa bo tshwanetse go tlhotlhomisa dilo dingwe gape tse di ka bakang dikotsi (jaaka go kgokolosiwa ga diswaki, dikgwagetsi tsa ditsholetsi, le dilo tse di ka kgwiwang ke metšhini)
Bodirelo jwa dijo le dino
Indasteri ya dijo le dino e na le makala a a fetang 30 a a farologaneng. Ona a akaretsa matlhabelo, ditshilo tsa sukiri le dithoro, amdirelo a momela le matlhotlhelo a wiski. Seelo sa dikotsi mo indastering eno fa di kopane, ke sengwe sa tse kwa godimodimo go gaisa mo madirelong otlhe. Le gale dielo tsa dikotsi di a farologana go ya ka makala a a farologaneng a indasteri e.
Dibakodikgolo tsa dikotsi tsona di sala go nna tse di latelang:
Go thotha dilo ka matsogo/tshokatshokego ya mmele
Go thelela mo maalong a a tshelegetseng diala/dijo
Go wa kwa mankalankaleng
Dikoloi tsa mo bodirelong (jaaka tsa ditsholetsi)
Go itewa/kgopiwa/thulwa ke dilo tse di kotsi jaaka dithipa le dingwe tse di ka welang motho
Metšhini
Mo dilong tsotlhe tse, dikotsi tse di ka bolayang motho di bakwa bogolobogolo ke dikoloi tsa bodirelo, go wa kwa mankalenkaleng, le metšhini
Dikgobalo tsa mmele (marapo le mesifa)
Dermataetise
Leratla
Asma ya bodirelo
Rinaetise
Manyaapelo le dikatlego tsa mo tirong
Makala a indasteri
Matitielo a nama le tlhapi
Ditshilo tsa dijo tsa diruiwa
Mabesetso a dinkgwe/dikuku
Ditswamašwing
Maungo le merogo
Dimonamone
Majalwa le dinotsididi
[Badiri ba tshwanetse go rutiwa mekgwa ya tiro e e babalesegileng mo makaleng otlhe a bodirelo, go akaretsa le magato a Thusoyantlha]
Dtlhagiswa tsa ditsidifatswa le digatsetswa
Motselekwane wa tlhagiso ya dijo e magato-mararo: temothuo, bodirelo, le papatso/thekiso/tlamelo. Madirelo a dijo a mo difaboriking tse di farologanang ka bogolo, go tswa go tse di thapang badiri ba le mmalwa, go ya go tse di thapang makgolokgolo. Totatota madirelo a bogolo jwa bogareng le a magolwane, ke makala a diindasteri tsa bosetšhaba kgotsa tsa boditšhabatšhaba, a a maphata-mantsi, a a thapileng diketekete tsa badiri. Maikarabelomagolo a Lefapha la Badiri a letse mo magatong a mabedi a ntlha a motselekwane o, e bong temothuo le bodirelo. Magato a thekiso le tlamelo ke boikarabelo jwa mafapha a boitekanelo jwa ditikologo a dipuso-selegae, mme le gale Lefapha la Badiri le dirisana le mafapha ano go tlhomamisa gore merero ya boitekanelo le pabalesego e tsewa ka molebo o o tsamaelanang/tshwanang.
Mmono-mogolo (The big picture)
Merero ya boitekanelo mo bodirelong e boimanyana go e laola go gaisa ya pabalesego. Mabaka le ditlamorago tsa pabalesego e e bokoa mo madirelong ke dilo tse di itlhagisang ka pele, mme di bonolo go di phekola. Makoa a boitekanelo a a amanang le bodirelo a popotanyana go lemosega. Ditshupo tsa bolwetse di ka tsaya lebaka go itlhagisa, mme go nne boima go bona kgolagano fa gare sebako sa bolwetse le ditlamorago tsa sona, mme le gale fela fa mathata a sena go lemosega le go amogelesega, ditharabololo di a kwalwa.
Mathata a mangwe a boitekanelo jaaka dikgobalo tsa mokwatla, o ka fitlhela a sa amane ka gope le tiro/bodirelo. Badiri le bona ba na le go tshaba go dumela gore ba na le mathata a pholo, ka go tshaba go ntshiwa mo tirong kgotsa go nna dikgobo/go rwala sekgwekgwe ka ntlha ya mofuta wa bolwetse jo bo ba tshwereng. Ke ka ntlha ya moo go leng botlhokwa go lemoga le go fokotsa dilo tse di gakatsang mathata ano.
Le fa go na le tshedimosetso e ntsi mabapi le ditharabololo tsa mathata a boitekanelo a mo madirelong, go na le gore kitso ya selegae ya ditharabololo tse di gaisang, e nne e potlana. Dingwe tsa dikgwebo tse dikgolo mo indastering eno di thapa bomankge ba boitekanelo jwa mo madirelong, bogolobogolo ba ba nang le lemorago la tsa kalafi. Fa e le bontsi jwa dikgwebo, bogolobogolo dikgwebopotlana, di nna le mathata fa di batlana le bogakolodi jo bo ikanyegang jwa tsa kalafi. Gantsi fa modiri wa teng a lwala, o romelwa kwa go Ngaka ya Kakaretso; mme kana bontsi jwa Dingaka tsa Kakaretso ga bo na dithupelelo tse di maleba mabapi le merero ya tsa boitekanelo mo madirelong.
Bontsi jwa dikgwebo ga bo tlhoke go tlhoma mafapha a a kgethegileng kgotsa go thapa bagakolodi ba tsa kalafi gore di kgonane le taolo ya boitekanelo mo madirelong ya tsatsi-ka-tsatsi. Bontsi jwa mathata a boitekanelo mo madirelong bo bakwa ke dilo di le mmalwanyana fela tse ditshesane, tse di ka khinegang fela botsamaisi jo bo nonofileng, gammogo le tirisano ya botlhe mo tiragatsong ya magato a a amaleba a go khina mathata  ao mo bodirelong. Le gale mo mabakeng mangwe tiriso ya dingaka tsa madirelo le bomankge ba bangwe e ka fokotsa ditshenyegelo.
Karolwana eno e tlhalosa dilo tse gantsi di bakang makoa a pholo mo diindastering tsa dijo le dino, mme e go naya le maele a go a laola.
Dibako-dikgolo
Dibako-dikgolo tsa mathata a boitekanelo mo madirelong, mo indastering ya dijo le dino, ke tse di latelang:
Pherekano ya mesifa le marapo (MSD/Musculoskeletal disorders): gantsi e nna pherekano ya matsogo ya mo tirong (WRULD/work-related upper limb disorders) le dikgobalo tsa mokwatla
Dingalo/dikatlego tsa mo tirong: Di ka bakwa ke tsamaiso e e bokoa mo bodirelong
Asma ya bodirelo: E ka bakwa ke go gabola/gopa lerole la mo bobesetsong jwa dinkgwe le dikuku kgotsa maupe a mo bobesetsong
Dermataetise ya bodirelo: E bakwa ke go tlhapa matsogo, go dubana le dijo, jalojalo
Rinaetise: E ka bakwa ke marole le maupe a bobesetso, mmogole mere ya dikhanakhana
Tshusufalo-ka-leratla: Mo selekanyo sa leratla se fetang 85Db(A)
Bobedi di-MSD le dikgobalo tsa mookwatla ke tsona di atileng go gaisa. Le gale dikwetsa tse dingwe le tsona di batla go tlhokomelwa.
Dibako-dikgolo tsa dikgobalo tsa mesifa le marapo
Mo indastering ya dijo le dino, dikgobalo tsa mesifa le marapo di bakwa thata ke dilo di le tlhano:
Go paka/go pakolola dilo mo ditshoding (jaaka dibokoso, dikereiti le dikgetsi)
Go kgarametsana le diraka tsa dikolotsana (jaaka diraka tsa diovene le diteroli tsa ditlhagiswa)
Go sega le go rapolola nama, go lokolola kgotsa go bua kgotsa go tlamaganya ditlhabiwa (jaaka tsa maoto-mane kgotsa maoto-mabedi/dikoko)
Go paka ditlhagiswa tse di jaaka tšhise, dimonamone, diskiti, jalojalo
Go kuakukana le ditshodi tsa dino (jaaka go thotha metomo, diswaki le dikereiti)
Tseno ke dintlhakgolo tse di tshwanetseng go tlhokomelwa fa go dirwa ditshekatsheko tsa dikwetsa
Re ka itse ka eng gore re na le mathata?
Ditlhagelelo tsa dikgobalo tsa mokwatla le matsogo
Ditlhabi
Phokotsego ya boleng jwa tlhagiso
Tshenyegelo e ntsi ya dire
Kwelotlase ya selekanyo sa ditlhagiso
Go ata ga dingongora tsa badiri le dikemiso tsa tiro
Ditokafatso tsa maitirelo tsa maberekelo le madulo (jaaka go oketsa ditulo ka mesamo)
Fa badiri ba simolola go atisa go rwala dibanditšhe, ditlamara/dithobega, difapo le maseka a mefutafuta
Fa o simolola go nna le mathata a mofuta o, a tlile go go jela madi ka ntlha ya fa badiri ba tlaa lofisiwa ke bolwetse, go latlhegelwa ke badiri, go pateletsega go katisa badiri ba bašwa gangwe-le-gape, go koafala ga tlhagiso ya dikuno, jalojalo. O tlile go tlhatlhelelwa dikgetsi tse dintsi tsa Phimolakeledi/Tshuiso, o bo o nna gape le mathata mabapi le dituelelo tsa diinšorense.
Asma ya bodirelo
Metswedi ya dinewane/data e supa gore maemo a asma a a oketsega mo madirelong a dijo le dino. Bogolo jwa asma bo bakwa ke go gabola mmoko wa dithoro le lerole la maupi (jaaka flouru), mme mabesetso a dinkgwe a mo maemong a bobedi ka ditlhagelelo tse di gaisang tsa asma mo indastering eno.
Dibako tsa asma ya bodirelo
Asma ya bodirelo e tsena badiri ba ba gabolang lerole le le nang le dirumodi tse di tshwenyanang le khemo, jaaka mmoko/lerole la dithoro, flouru, metswako ya dienzaeme, proteine ya mae, proteine ya tlhapi, dikhanakhana le dikgong. Ka jalo badiri ba mo ditshilong, madirelo a momela, mabesetso a dinkgwe, titielo ya tlhapi, jalojalo, ba tshelela mo kotsing ya go tsenwa ke bolwetse jo. Asma ke bolwetse jo bo sotlang, jo bo sa foleng.
Dermataesise ya bodirelo
Metswedi ya dinewane e supa gore bolwetse jono bo atile thata.
Dibako tsa dermataesise ya bodirelo
Dermataesise e tsena badiri ba ba diranang le dinama, tlhapi, dinama tsa dikoko, maungo le merogo, e ame gape le babesi ba dinkgwe, badiri ba dimonamone, baapei, baphepafatsi la badiri ba bangwe botlhe ka kakaretso.
Mo batlhamaganying jwa dijo, dermataesise e ama diatla le matsogo
E dira gore letlalo le hibile, le oboge, le tswe marophi, mo leng gore modiri a ka pateletsega go thinya tiro, mme fa e gaketse a ka tshwanelwa ke go fetola ditiro
Deramataetise ya bodirelo e bakwa ke go dubana le metsi, disepa le diphapafatsi (55% ya ditlhagelelo), gammogo le go dubana le methalethale ya dijo jaaka sukiri, flouru/dege,disitruse, merogo, dikhanakhana le ditlama, tlhapi le dittswa-lewatleng, nama ya maoto-mane le ya maoto-mabedi/dikoko (40% ya ditlhagelelo)
Rinaetise
Rinaetise (dinko tse di mamina/bokgakgala) e baka go baba ga lotha lwa nko ka ntlha ya lerole.
Dibako tsa rinaetise
Dithoro, flouru, dikhanakhana, dinatetshi, le lerole la dikgong, di ka baka rinaetise, sekgeme/konjantivaetise (matlho a a metsi, a a babang), gammogo le dipabelo tse dingwe tse di letshwenyo.
Tshusufalo-ka-leratla
Dibako tsa tshusufalo-ka-leratla
Go berekela mo leratleng le le boitshegang go ka baka kgolafalo ya kutlo, e gantsi go nnang thata go e lemoga ka e tota ka iketlo. Leratla e ka nna le le kwa godimodimo, e ka nna mo dikarolong tse dikgolo (mahalahala a go tlatsa dibotlolo), kgotsa ditlhongwa le metšhini e e leratla (jaaka fa hopara e berekana le dithoro). Fa bosekaseki jwa dikwetsa jwa bodirelo bo ka supa leratla e le bothata-bogolo, bothata joo bo tshwanetse go potlakela teng fa motsweding wa jona.
Tlhamo ya pholisi ya boitekanelo jwa bodirelo
Go na le mereromegolo e le meraro ya botlhokwa mo tlhamong ya botsamaisi jo bo nonofileng jwa boitekanelo mo bodirelong:
Thibelo
Ke maikarabelo a mothapi a semolao le a setho a go leka ka bojotlhe jo bo kgonegang go thibela malwetse a mo tirong.
Gore badiri ba sireletsege kgatlhanong le malwetse a mo tirong, dibako tsa malwetse a mo tirong di tshwanetse go itsiwe. Go le gantsi dibako di ka isthupa bonolo. Fela fa dikwetsa-dikgolo di sena go lemotshega (di-MSD, lerole, leratla), di tshwanetse go tlhatlhobiwa bongwe ka bongwe fela jaaka mo lebakeng la mathata a pabalesego. Go botlhokwa gore tlhotlhomisa gore ke badiri bafe ba ba amiwang ke dikwetsa tse, fela jaaka go le botlhokwa go itse gore ba amegile go le kanakang, le gore ditlamorago e tlaa nna dife. Kitso ya dilo tseno e ka thusa thata gape fa go thaothiwa badiri, kgotsa ka motlha wa tlhaposo (rehabilitation), seno e le go netefatsa gore tikologo ya bodirelo ga e kgotlele sepe sa boitekanelo jo modiri a tlang ka jona.
	[Makala mangwe a bodirelo, jaaka a meteme, dibotlolo, mabanta a maisa, a ka bolaisa badiri leratla le le boitshegang]
Kwao ya go thintshiwa ke bolwetse
Bolaodi jwa botlatirong ke ntlha e e tlhookometsweng thata mo bothaping jwa madirelo a magolo.Tshedimosetso e e ka bonwang fa botlatirong bo disitswe ka manontlhotlho e ka thusa go lepa mathata a a ka nnang teng a boitekanelo mo tirong. Fa go nna le go thinya/lofa go gontsi mo karolong nngwe kgotsa lephata lengwe la bodirelo, seo se ka supa fa go na le mathata. Go ata ga dikgobalo tsa mokwatla kgotsa ditshupo tsa WRULD ke dilo tse di ka golaganngwang le mefuta e e rileng ya tiro.
Go sekegela badiri tsebe
Fela jaaka go dirwa mo mabakeng mangwe le mangwe a boitekanelo le pabalesego, magato a go khina a tshwanetse go diragatswa go ya ka tlhatlologano ya botlhokwa jwa ona. Fa go kgonega, legato la ntlhantlha ke go tlosa dirai. Legato la setlamorago e nne la go naya badiri ditlamelwana tsa maitshireletso (personal protective equipment/PPE). Tsela e e tlhokegang le e e mosola mo go laoleng merero ya boitekanelo le pabalesego ya bodirelo ke tlhaeletsano e e siameng fa gare ga badiri le bathapi. Ga se gantsi go le botlhokwa go thapa moitseanape yo o kgethegileng; le gale mo mabakeng mangwe a a maleba go dirisa bomankge le dingaka tsa makoa a tiro go ka fokotsa ditshenyegelo tsa kalafi. Ga se gore bothata bongwe le bongwe bo tlaa tlhoka kgakololo ya kalafi; go fa sekao, mathata a mantsi a di-MSD a ka tswa a itlhokela moitseanape wa madirelo, mme a asma a ka itlhokela moitsi wa haejine ya madirelo
Tlhaposo (rehabilitation)
Le fa go ka tsewa matsapa otlhe go thibela malwetse a a tsenang badiri kwa madirelong, gone go tlaa nna le mongwe yo o tla tsenwang ke bolwetse. Sebako sa ntlha sa bolwetse se ka ne se sa amane ka gope le bodirelo, mme gone ditlamorago tsa bolwetse joo mo bodirelong di tshwanelwa ke go khinwa. Go a kgonega gore motho a nne le dikgobalo tsa mokwatla kgotsa dingalo/dikatlego tse di sa tsalegang mo tirong, mme fela fa a dira tiro nngwe e e tsamaisanang le go rwala dilo tse di bokete, kgotsa a newa tiro e e bokete, seno se ka nna sa mo gakaletsa makoa gore a bo a fetoge sengwe fela se se boitshegang. Fa tlhagelelo ya mofuta oo e ka se ka ya tseelwa matsapa, e ka fetoga bolwetse jwa leruri jo bo ka dirang gore o latlhegelwe ke modiri wa botlhokwa.
A o tlhatlhobile ditlhokego tsa boitekanelo mo bodirelong jwaeno wa bo wa samagana natso?
Tshekatsheko ya dikwetsa e ka go thusa go supolola maemo mangwe a a ka nnang kotsi mo boitekanelong, ya bo ya go thusa go swetsa ka ga magato a a ka tsewang go samagana le ditlhokego tsa boitekanelo mo bodirelong jwaeno. Go tlhokega bokwaisi jwa boitekanelo bogolothata ntlheng ya dirai tse go se nang dielo tsa sedirelo tsa go di kabakanyetsa, e le go tlhotlhomisa gore a magato a go di khina a lekane. Dikao tsa maemo a a ka tlhokang bokwaisi jwa boitekanelo di akaretsa go supolola moo go nang le kotsi ya go tlhagelela ga asma mo bodirelong (sekao: go berekela mo dirumoding tse di etsang lerole la dithoro, la flouru, la bobesetso jwa dinkgwe, proteine ya tlhapi kgotsa mae, le dikhanakhana), di-MSD (go akaretsa le di-WRULD), go brekela mo go tletseng megare (jaaka mo matlhabelong), kwetsa ya dermataetise, gammogo le go direla mo maemo a serame le mogote. O gakologelwe gore dijo di ka nna le dirumodi le fa e ka nna tsa selo se sennye go le kanakang.                                                                   Boitekanelo mo bodirelong bo batla molebo wa seprofešenale. Seno se ka amanngwa sentle le ditlhokego tsa pabalesego/haejine mo dijong.
Pherekano marapo le mesifa
A botsamaisi jwaeno bo na le kompa ya magato a go thibela, go tlhotlhomisa le go khina dikgobalo tsa mesifa le marapo, jaaka go phetsega go go bakiwang ke go kuka dilo tse di bokete, kgotsa di-WRULD tse di bakwang ke tiro ya go ipoepoeletsa? Magato a thibelo a fokotsa ditshenyegelo. Ga go kgonege go thibela ditlhagelelo tsotlhe tsa d-MSD, ka jalo go botlhokwa go bega go sa le gale ka ga ditshupo tsa tsona, gammogo le mekgwa e e maleba ya go di phekola le ya tlhaposo.
Molebo o o atlegileng wa go laola di-WRULD
Moralo wa bodirelo/tiro
Dirisa mankge wa madirelo mo go radiweng ga dithulusu, metšine, maberekelo, le mekgwa ya tiro. Tlhokomedisisa ntlha ya go okotsa thoromiso, selekanyo sa maatla a a tlhokegang le phetophetogo ya kemo ya mmele
Lobaka lwa kamego
Sekaseka kgonagalo ya thefosanyo ya ditiro, lobelo lwa tiro, maikhutso le kemonokeng. Tlhokomedisisa bogolothata fa kamego e oketsega ka nako e e okeditsweng kgotsa ya fa tiro e gotetse.
[Tlhokomela thata gore o dirisa mokgwa o o babalesegileng  wa go paka dithoto, go di tshwara le go di sutasutisa, gore di seka tsa wa].
Tikologo ya bodirelo
Netefatsa gore e bothitho, e bulegile, e na le madulo, mme e tsena lesedi la letsatsi.
Botlhatlhobi jwa dikwetsa
Mo tlhatlhobong ya dikwetsa, supolola ditiro tse di atisang go baka dikgobalo, tse di ka tlhokang sengwe fela kgotsa tse pedi tsa dilo tse di latelang:
Maatla
Poapoeletso
Tshokamo ya mmele
Fa go kgonegang teng, fokotsa matshosetsi a dikgobalo ka go samagana le dibako tse tharo tse.
Tshekatsheko ya modiri pele ga thapo
Seno se ka thusa gore o se ka wa gakatsa makoa le dikgobalo tsa mmele tse motho a tlang ka tsona kgotsa a sa bolong go nna natso
Tlhopedi ya tiro
Netefatsa gore ditiro tse di ka bakang dikgobalo ga di tlhophelwe dikoa tse di itsegeng, le gore ba ba tlang ka dikgaobalo ga ba newe ditiro tse di ka ba gakaletsang dikgobalo tseo.
Katiso ya badiri
Badiri ba tshwanetse go newa dikatiso le ditshedimosetso mabapi le sebobego sa dikotsi tse di ka a welang, le gore di ka bakwa ke eng, ba rutiwe mekgwa e e babalesegileng ya go kuka dilo (bogolothata kemiso ya mmele le go rwala dithoto), gammogo le botlhokwa jwa go bega dikotsi.
Kwao ya badiri
Tlhokomela badiri ba ba mo ditirong tse di ka bakang kgotsa tsa gakatsa dikgobalo go sa le gale mo ditirong tsa bona tse dišwa, sekao, morago ga dibeke tse nne, e le mokgwa wa go tlhotlhomisa gore ga go diganetsi (contra-indications) kgotsa ditshupo dipe tse di supang phoso ya go ba tlhophela ditiro
Tlamedi tebang le boitekanelo mo bodirelong 
Go setse go kailwe mefuta ya maikarabelo mangwe fa godimo, mme le gale o sa ntse o ka ipha maikarabelo a go rulaganyetsa badiri tlhaposo le go kwaya ba ba lwalang.
Sekaseka direkoto tsa go thintshiwa ke bolwetse
Akanya ka go tlhatlhoba boitekanelo jwa badiri sešwa, sekao: morago ga gore modiri a thinye dibeke di le nne; o leke gape go mo isa kwa tshidilammele (physiotherapy), jalojalo, fa go tlhokega.
Kwaya nonofo ya mokgwa wa taolo
O tshwanetse go sekaseka molebo wa gago wa tsamaiso ya go laola di-WRULD gangwe-le-gape go netefatsa gore ke o o nonofileng
Botlhokomedi jwa dikwetsa
Supolola mefuta ya ditiro e e kgonang go baka dikgobalo tse di bogale (jaaka go kukakukana le dilo), kgotsa kgobala e e senyeme (jaaka e e sokasokang mmele wa godimo ka ipoapoeletso)
Sekaseka mofuta oo wa ditiro ka botlalo, o tlhotlhomise gore ke eng e le dikwetsa
Fa go kgonega, tsenya tiriso ya metšhini, jaaka diteraka tsa maatla a motlakase, mabanta a maisa, ditsholetsi tsa digopi, thwalo-ka-mokoa kgotsa ditlamelana tsa othomatiki
Fa tiriso ya metšhini e sa kgonagale, diragatsa magato a go thibela dikgobalo, (jaaka go fokotsa boima jwa merwalo ya dikgetsi/dibokoso go nna 25kg kgotsa kwa tlase; go tlhabolola seralo sa tikologo ya maberekelo; go dirisa thefosanyo ya ditiro; katiso; bokwaisi jwa kalafi; le go fudusetsa modiri kwa lekaleng le lengwe
 Rerisana ka botlalo le baemedi ba pabalesego ba diyunione tsa badiri, kgotsa le baemedi ba bangwe fela ba badiri, go netefatsa gore lo nna le ditharabololo tse di mosola tsa mathata a bodirelo.
[Go berekela mo maemong a serame le mogote
Indasteri eno e na le go tlhama maemo a a fetofetogang e thempereitšha ka ntlha ya ditiro tsa kgotediso, tsidifatso le kgatsetso]
