Polokesego le boitekanelo jwa kwa tirong kwa temothuong le kwa sekgweng
Matseno
Dikotsi, dikgobalo le bolwetse di ka senya matshelo le dikgwebo. Ditharabololo ka gale di bonolo gape di tlhotlhwa-tlase e bile batho ba ba maleba go dira gore dipolasa di bolokesege ke balemirui le badiri ba bona ba kwa dipolaseng. Boitekanelo le polokesego ke tlhokego e e botlhokwa ya kgwebo ya temothuo e e tswelelang. Matsapa a puso ka nosi ga a kitla a dira lephata la temothuo gore le bolokesege le go itekanela, mme go mo go mongwe le mongwe yo o leng mo temothuong le mo go tsa dijo go amega.
Ngwaga mongwe le mongwe batho ba a tlhokafala ka ntlha ya ditiro tsa temothuo le tsa sekgwa.
Batho ba le ba ntsi ba gobala thata le go lwala thata kwa lefelong la bona la tiro. Dikotsi le dikgobalo ga di tlhole fela tshotlego ya batho; gape go na le ditsnyegelo tsa ditšhelete tse di amegang tse magareng ga tse dingwe di akaretsang:
_ Dituelo tsa khunologo ya bolwetse le ditshenyegelo tsa patlo/katiso malebana le go dirisa badiri ba bangwe mo boemong jwa ba bangwe
_ Tatlhegelo ya ntshetsontle
_ Ditshenyegelo tsa tsamaiso – go batlisisa tiragalo, ditshiamiso, jj.
_ Tshenyego ya metšhini, dikago le ditlhagisiwa
_ Ditshenyegelo tsa inšorense, ditshenyegelo tsa semolao le phatlalatso e e sa siamang.
Ditshenyegelo tsotlhe tse di ka tilwa, mme ga okediwa poelo. Ka jalo pampitshana e, e ikaelela go neelana ka tshedimosetso e e yang go thusa bathapi le badiri ba temothuo le sekgwa go lebelela boitekanelo le polokesego le dikgonaglo tsa dikotsi tsa boitekanelo tse di amanang le tiro ya mo lephateng la bona. Pampitshana e, ga e akaretse ditlhokego tsa peomolao mo indasetering. Tshedimosetso eo e ka fitlhelwa mo websaeteng e ya Lefapha la Badiri: www.labour.gov.za.
Go laola boitekanelo, polokesego le tshekatsheko ya kgonagalo ya dikotsi
Go laola boitekanelo le polokesego ya badiri go tshwana le go laola dithulaganyo go netefatsa gore dijalo le diphologolo di tsholwa di itekanetse, di dira sentle le go go kgontsha go nna mo kgwebong. Badiri ba tlhoka go itekanela le go babalesega go dira sentle le go nna ka gale ba le mo tirong.
Mekgatlho yotlhe e tlhoka pholisi go tlhagisa thulaganyo ya yona ya tiro e e malebana le boitekanelo le polokesego, ka maikaelelo a go lebisa kwa maemong a a botoka a kwa lefelong la tiro. E tshwanetse go kwalwa, go rulaganngwa sentle le go ikaega ka boineelo kwa kgatong e kgolwane ya botsamaisi.
Pholisi e tshwanetse:
_ Go totobala malebana le polasa ya gago
_ Go tlhagisa maikaelelo a gago a kakaretso malebana le polokesego le boitekanelo jwa badiri ba gago. Mothapi o tshwanetse go saena pholisi le go e neela letlha go bontsha sentle boineelo jwa gagwe mo go yona
_ Go supa fa maikarabelo ka kakaretso a boitekanelo le polokesego a le mo go wena jaaka mothapi
_ Go tlhalosa dithulaganyo le ditsela tse di leng teng go netefatsa boitekanelo le polokesego ya badiri ba gago
_ Go sekasekiwa gangwe le gape le go sekasekiwasešwa fa mokgatlho wa gago o fetoga kgotsa mathata mantšhwa a nna teng.
Tshekatsheko ya kgonagalo ya dikotsi
Go lemoga mathata le go sekaseka kgonagalo ya dikotsi a di a tlhagisang go botlhokwa. Fa fela o itse gore ke mathata afe a a leng teng mo lefelong la gago, le maemo a kgonagalo ya kotsi a e a tlhagisang, o ka se kgone go itse gore di batla go laolwa kgotsa ka mo o tshwanetseng go dira ka teng.
Tshekatsheko ya kgonagalo ya dikotsi ke go lebelela ka kelotlhoko gore ke eng mo kgwebong ya gago se se ka tlholang bothata mo bathong, gore o tle o kgone go lekanyetsa gore o nnile kelotlhoko mo go lekaneng kgotsa o tshwanetse go dira go feta. Fa fela o sweditse ka ga kgato ya kgonagalo ya kotsi, o ya go tlhoka go tsenya dikgato tse di tlhokagalang tsa thibelo le tsa tshireletso.
Go na le metswedi e mentsi ya kgakololo malebana le tsamaiso e e siameng e e leng teng e e yang go go thusa fa o dira tshekatsheko ya gago ya kgonagalo ya dikotsi, mme o ka dirisa tsela e, e e bonolo ya dikgato di le tlhano go go thusa:
Kgato ya 1: Batla mathata
Lebelela go dikologa lefelo la tiro o lebelele gore batho ba dira jang. Gape keleka direkhoto tsa ditiragalo tse di fetileng, dikotsi kgotsa mathata a boitekanelo. Maikaelelo a se, ke go lemoga mathata a a botlhokwa a a tlholang kotsi e e masisi kgotsa a a ka amang batho ba le bantsi.
Kgato ya bo 2: Swetsa ka gore ke mang yo o ka gobalang le gore jang
Lemoga batho ba ba ka gobalang, le gore ba bakae. Fa o sekaseka
“jang”, o se ke wa lebala dilo di tshwana le tiro ya tlhokomelo, fa mathata a mantšhwa a ka tlhagelela.
Kgato ya bo 3: Sekaseka kgonagalo ya dikotsi e e tlhagelelang mo mathateng o be o tseye kgato go a fokotsa kgotsa go a laola
Sekaseka gore dikgonagalo tsa dikotsi tsa mo bothateng bongwe le bongwe jo bo botlhokwa di laolwa sentle jang.
Ditaolo di ka lekana sentle kgotsa di ka nna le sekoupu sa go tokafatsa dilo. Badiri ka gale ba na le dikakanyo tse di nang le mosola, go lebilwe tiro ya bona ya letsatsi le letsatsi e bile o tshwanetse go ba akaretsa fa o dira ditshwetso ka ga ditaolo tsa gago.
Kgato ya bo 4: Rekhota diphitlhelelo tsa gago
Morago ga go swetsa ka gore ke eng se se tshwanetseng go diriwa, o tshwanetse go rulaganya gore o ya go se dira jang le gore leng. Go rekhota diphitlhelelo tsa gago go ya go go thusa go dira se.
Kgato ya bo 5: Lebelelagape tshekatsheko ya gago le go e sekasesešwa fa go tlkokagala
O ya go tlhoka go lebelegape tshekatsheko ya gago fa go nnile le phetogo e e botlhokwa ka mo o dirang ka teng kgotsa fa o na le lebaka la go akanya gore ga e sa tlhole e le maleba.
Mathata a boitekanelo mo temothuong le mo sekgweng
Go dira mo temothuong le mo sekgweng go ka tlhagisa matshosetsi mo boitekanelong jwa badiri ka ntlha ya mabaka a le mantsi, go akaretsa:
_ Kamano le diphologolo
_ Go tlhagelela mo dikhemikhaleng tse dikotsi kgotsa mo dilong tse dingwe
_ Tebego ya yona
_ Go tlhagelelang mo maemong a bosa, mo modumong le mo thoromong.
Tebego ya tiro
Go tshwara merwalo e e bokete kgotsa go dira mo maemong a a sa siamang go ka tlhola mathata a mesifa le a marapo. Tse ke botlhoko le ditlhabi mo ditokololong, mo dijoeneng kgotsa mo mokwatleng go go ka tswang go tlholwa ke dithinyego kgotsa matsapa.
Ke eng se o tshwanetseng go se dira?
_ Tila go tshwara merwalo e e bokete mo go ka kgonagalang, kgotsa go dirisa dilwana tsa metšhini
_ Dirisa dithekeniki tse di siameng tsa go tshwara – baya maoto a gago sentle, tlhamalatsa mokwatla wa gago gape o beye morwalo fa gaufi le mmele wa gago
_ Netefatsa gore lefelo la gago la tiro le rulagantswe gore dilwana le ditlhagisiwa di ka kgona go fitlhelelwa sentle le go gagamala gape leka go fetola ditiro kgotsa o sute gore o tle o dirise mefuta ya mesifa mo mmeleng
_ Go tsamaya ka dimela kgotsa dipolankisi dikgala tse ditelele go tshwanetse go tilwa mo go kgonagalang go sireletsa boitekanelo jwa badiri.
Go dirisa metšhini sentle
Dikotsi di le dintsi tse di masisi tsa mo dipolaseng di ama metšhini. Dingwe di diragala ka gonne motšhini o diriseditswe tiro e e sa e lebanang; tse dingwe ka gonne disireltsi ga di a ka tsa tlamelwa kgotsa di tlogetswe. Go tshwanetse ga nna le thulaganyo ya go lebelela gore ditlamelo, go akaretsa metšhini, e bolokesegile go ka dirisiwa. Fa setlamelo se dirisiwa mo maemong a a seng maleba, se tshwanetse go tlhatlhobiwa gangwe le gape malebana le go onala go go ka tlholang kotsi, le fa maemo a a sa tlwaelegang a diragetse a a ka dirang gore setlamelo se se ke sa bolokesega.
O tshwanetse go dira eng?
_ Netefatsa gore metšhini e o e dirisang e siametse tiro
_ Gore metšhini yotlhe e a tlhokomelwa gore e tle e dirisiwe ka polokesego
_ Gore metšhini e tsenngwa le disireletsi tse di batliwang ke molao
_ Dithulusu tse di dirisediwang go jala dimela di tshwanetse go direlwa tiro eo. Dithulusu tsa temothuo ka gale ga di maleba malebana le go jala dimela
_ Matshwaro a dithulusu tsa go jala a tshwanetse go diriwa go fokotsa phetiso ya molelo fa legare le kgoma letlapa le le fitlhegileng kgotsa modi
_ Tlhogo ya thulusu ya go sega le go kgaola e tshwanetse go diriwa ka tshireletsego mo setshwarong ka sedirisiwa se se maatla, sekao, kgapetla, pipini kgotsa boutu.
Go reka metšhini kgotsa go e hira
Fa o reka metšhini kgotsa o e hira molao wa re motlamedi o tshwanetse go neelana ka disireletsi tse di tlhokegang. Netefatsa gore wena le badiri ba gago:
_ Lo dirisa metšhini go ya ka ditaelo tse e tlileng le yona
_ Tshola disireletsi di le mo maemong gape di le maatla
_ Sekaseka ditlamelo tsotlhe o be o siamise diphoso tsotlhe pele di ka dirisiwa
_ Sekaseka gore ditaolo di tshwailwe sentle go bontsha se di se dirang le gore di laola motšhini, le gore di dirilwe le go bewa gore o se ke wa di dirisa ka phoso
_ Badiri ba katisitswe go dira ka polokesego e bile ba tlametswe ka diaparo tsa tshireletso tse di tlhokegang le go di dirisa.
Tshiamiso le Tolamiso
Dikotsi di le dintsi ka metšhini di diragala ka motsi wa ditiro tsa tshiamiso kgotsa tsa tolamiso. Netefatsa gore:
_ Badiri ba katisiwa sentle go dira tiro
Dithulusu tse di lekaneng le ditaelo di tlamelwa malebana le tshiamiso, paakanyo,
phepafatso le tolamiso ya metšhini
_ Maatla a a bolokilweng, sekao, go tswa mo sedirisiweng se se kitlantsweng, metsweding kgotsa mo metsing a a tsamayang ka mo dipeiping, a nyelela pele o simolola tiro
_ Metšhini e e tsholetsang metsi a a tsamayang ka mo dipeiping kgotsa dikarolo e thibelwa go theoga ka go dirisa dirisiwa tsa metšhini jaaka diemisi kgotsa dijeke fa batho ba dira ka fa tlase ga tsona.
Badirisi botlhe ba tshwanetse go netefatsa gore:
_ Ba itse go emisa motšhini pele ba o setareta
_ Ka gale ba o setareta mo maemong a a maleba
_ Disireletsi tsotlhe di tsentswe le gore di dira sentle
_ Lefelo le le mo motšhining o o tsepamisitsweng le phepa, le siame e bile ga le na sekgoreletsi
_ Motlhokomedi o bolelelwa ka gangwe fa e le gore motšhini ga o dire sentle
_ Ba apara diaparo tse di maleba tsa tshireletso le ditlamelo.
O se ke:
_ Wa dirisa motšhini ntle le fa o letleletswe e bile o katisitswe go dira jalo
_ Wa leka go tlosa dikgoreletsi kgotsa go phepafatsa motšhini ntle le fa setsamaisamolelo se gokolotswe e bile motšhini o eme
Apara diketane tse di lekelelang, diaparo tse di loso, ditlelafo kgotsa direng kgotsa nna le moriri o moleele o o ka tshwarwang mo dikarolong tse di tsamayang
_ Fologa terekere e e tsamayang kgotsa mo motšhining o mongwe o o itsamaisang
_ Wa tshwenya batho ba ba dirisang metšhini.
Dipalangwa le go tshwarwa ga didirisiwa
Sebakwa se sengwe sa kgobalo mo temothuong ke diterekere tse di menogang. Dikgobalo tse di masisi le tse di tseneletseng di tlwaelegile, e bile ditiragalo di ama bakgweetsi, badiri ba bangwe le batsamaya –ka-dinao. Ditiragalo tse dingwe di diragala fa batho ba tlogela serori ntle le go netefatsa gore ga se ne se tsamaya kgotsa se baka kgobalo.
Ka gale lebelela gore:
_ Bakgweetsi ba katisiwa sentle le gore batho ba ba sa letlelelwang ga ba letlelelwe go kgweetsa
_ Dirori le batsamaya –ka-dinao ba a kgaoganngwa fa go kgonagalang
_ Merwalo e siame e bile e sireletsegile
_ Bakgweetsi ba sirelediwa mo dilong tse di wang
_ Bakgweetsi ba itekanetse go kgweetsa
_ Dirori tsa gago kgotsa metšhini mengwe le mengwe e badiri ba e palamang kgotsa ba dirang mo go yona e na le dilwana tsa tshireletso tsa go menoga
_ Dinotlolo di tsholwa sentle fa dirori di sa dirisiwe.
Ditiro tsa go tsholetsa
Rulaganya le go baakanya tsholetso, ka go dirisa setlamelo tse se maleba le batho ba ba nang le bokgoni go fokotsa kgonagalo ya go nna teng ga dikotsi. Netefatsa gore:
_ Setlamelo sotlhe sa tsholetso se tlhatlhobiwa sentle gangwe le gape ke motho yo o nang le bokgoni
_ Meralo ya tiro e e bolokesegileng e a tshwaiwa mo setlamelong sa go tsholetsa. O se ke wa fetisa merwalo eo ya tiro
_ Dibontsi tsa merwalo e mentsi malebana le go tshwara metšhini di dira sentle
_ Fa o kgweetsa, dirwadi tsa fa pele di tsholeditswe fa di se na sepe le gore di isiwa kwa tlase fa di tletse, ntle le fa se se ka tlhola kgonagalo ya kotsi, sk: mo ditseleng tsa botlhe.
Modumo le thoromo
Tlhagelelo mo modumong o o tseneletseng go ka baka go se utlwe ga leruri, ka gale ntle le gore mosotlegi a itse ka ga se go fitlhela go nna thari thata e bile go baka modumo mo tsebeng kgotsa bosusu.
Fokotsa tlhagelelo mo modumong:
_ Tlhopha metšhini e e se nang modumo kgotsa dilwana fa o tlhopha mefuta ya ditlhagisiwa kgotsa metšhini e mentšhwa
_ Tswala metšhini e e nang le modumo kgotsa dilwana ka diphanele tse di sireletsang modumo kgotsa e beye ka mo diphaposing tse di farologaneng
_ Fokotsa sebaka sa tlhagelelo ka thefosano ya tiro
_ Mo ditlhagelelo di fitlhelelang 90 dB kgotsa kwa go dingwana, tshwaya dikarolo tse “jaaka mafelo a tshireletso” ka matshwao go kaya fa tshireletso ya ditsebe e tshwanetse go apariwa e bile netefatsa gore mongwe le mongwe yo o tsenang mo mafelong a, o apara tshireletso ya ditsebe.
Thoromo
Tiriso e e boelediwang kgotsa e e tswelelang ya dithulusu tse di roromang jaaka disaga tsa diketane, disegi tsa boraše kgotsa dikeraendara go ka baka senteromo ya thoromo ya letsogo – setlhopha sa malwetse go akaretsa monwana o mosweu wa thoromo, tshika, mosifa kgotsa kgotlhelo ya ditokololo. Matswao tsiboso a akaretsa bogatsu kgotsa bokidi mo menwaneng, go fetoga ga menwana go nna e mesweu mo marurung kgotsa mo maemong a a bokgola, go go latelwang ke go opaopa le go tsholola.
Go kgweetsa diterekere kgotsa metšhini e mengwe e e itsmaisang go ka dira gore mmele o rorome kgosa go tsiboga go go amanngwang le botlhoko jwa mokwatla jo bo tswelelang kgotsa setlhabi mo nokeng le mo lengoleng. Matshwao a tsiboso a akaretsa setlhabi le go gagamala mo mokwatleng, mo nokeng kgotsa mo lengoleng morago ga go dira ka terekere.
O ka dira eng?
_ Dirisa motšhini o o siametseng tiro
_ Tlhokomela ditlamelo sentle, sk: ditsholetso tse di sa roromeng mo disageng tsa diketane
_ Dirisa sentle maemo a setulo sa terekere le dipaakanyo tsa tsholetso
_ Tsamaya ka lobelo lo lo maleba mo ditseleng tse di se nang sekontiri, go tila mesima,
jj.
Go tila kgotlhelo mo tikologong ya gago ya madi, mo ditshikeng, mo mesifeng le mo marapong mo matsogong le matsogo go tswa mo thoromong ya mo diatleng:
_ Rulaganya ditiro go tila go dirisa dithulusu tse di roromang
_ Tlhopha dithulusu tsa thoromo e e kwa tlase
_ Dirisa thefosano ya tiro fa go kgonagalang e bile o nne o ikhutsa gangwe le gape
_ Thuthufatsa matsogo pele ga tiro o be o a tshole a le bothitho.
Bosa
Go tlhagelela mo maemong a bosa, segolobogolo mo letsatsing kgotsa mo marurung a a tseneletseng go ka nna kotsi.
Se o tshwanetseng go se dira:
_ Mo maemong a bosa a a fisang apara diaparo tse di botsatsa le kuane e e sephara 
_ O se ke wa apola; apara sesireletsa letsatsi se se kwa godimo mo letlalong le le tlhageletseng
_ Tlhokomela dirunyi, dikakana kgotsa ditlosa mmala mo letlalong. Bona ngaka ya gago fa dironyi, jj. di nna teng, di tswa madi kgotsa di tlhotlhonya
_ Diaparo tsa go dira di tshwanetse go diriwa ka didirisiwa tse di tsholang mmele wa badiri o omile gape mo temphereitšeng e e siameng. Malebana le tiro ya mo tlelaemeteng e e bolelo gape e omile, diaparo tse di maleba di tshwanetse go dirisiwa go tila tshireletso e e feteletseng ya bolelo e bile go letlelelwe khemo
_ Diaparo tse di lekaneng tsa tshireletso di tshwanetse go tlamelwa fa go nang le kgonagalo ya go nna teng ga kotsi ya phatsimo ya UV kgotsa mathata a bayoloji, jaaka dimela tse di nang le botlhole, diphologolo tse di nang le botlhole le ditshwaetsego.
Diphologolo
Go amana le diphologolo go ka tlhola zoonoses (malwetse a a tswang mo phologolong a fetela motho). Ditshedi tse dinnye jaaka dibaketeria, megare, diparasiti le fungi di ka baka malwetse ka go tshwaetsa mmele fa di hemiwa, di mediwa, kgotsa fa di tsenelela mo letlalong. Matshwao ke a mathata a letlalo le malwetse a a tshwanang le “flu”a a ka bakang bolwetse jo bo tswelelang go fitlhela bo alafiwa.
Se o tshwanetseng go se dira go fokotsa kgonagalo ya kotsi
_ Fokotsa kgonagalo ya kotsi ka go tshola leruo le itekanetse. Enta fa go le maleba
_ Netefatsa gore go nna le bophepa jo bo siameng jwa sebele. Ka gale tlhapa matsogo pele o ja, o nwa kgotsa o tsuba
_ Apara diaparo tse di maleba tsa tshireletso jaaka di-overolo fa o tshwara diphologolo, segolobogolo fa di lwala, le ditlelafo le khiba e e thibelang metsi fa o tshwara sedirisiwa se go nang le kgonagalo ya gore se tshwaetsegile jaaka ditlhagisiwa tsa botsalo
_ Tswala mesego yotlhe le mengapo ka ditswalo tse di thibelang metsi.
Dilwana tse di kotsi
Tlhagelelo mo dikhemikhaleng tse dikotsi kgotsa mo dilwaneng tse dingwe, sk: go dibolaya-ditshenekegi, melemo ya diphologolo (go akaretsa didipi tsa dinku), lorole, mosi kgotsa dilwana jaaka seleri, mantle a makima a seretse sa kerisi kgotsa menontsha; go hema mosi wa polasetiki e e tukang, kgotsa lorole lo lo nnang teng fa o sutisa tlhaka, menontsha, letlhaka, leswabi la bojang; go ama seleri, motshutelo jj; kgotsa go gasiwa ka sebolaya-ditshenekegi kgotsa ka dipi ya dinku, tsotlhe di ka kowafatsa.
Matshwao a tsiboso a akaretsa:
_ Go baba/matlho a a tletseng metsi le nko e e tletseng metsi
_ Nko e e thibaneng e e hupetsang mowa
_ Mometso o o botlhoko
_ Go gotlhola ka segotlholo kgotsa kwa ntle ga sona
_ Mesifa e e botlhoko kgotsa letshoroma morago ga tiro ka bokowa jo bo sa itumediseng
_ Go hema ka bothata
_ Go gagamala ga sehuba ka motsi wa tiro, morago ga tiro kgotsa fa o dira ikatiso e ka tlwaelo o ka e kgotlelelang
_ Go hupelwa.
Matshwao a, a ka nna a nakwana ka nako ya tiro, kgotsa a ka fetelela le go nna sebaka se seleele go fitlhela a batla go nna teng ka gale. A ka bakwa ke tlhagelelo e nnye thata mo selwaneng se se go ganang, kgotsa se se ka go utlwisang botlhoko. Fa o tsuba, le wena o tlhagelela mo dilwaneng tse e bile go na le kgonagalo ya gore o ka nna le mathata a a masisi a sehuba.
Go botlhokwa go itshireletsa le go sireletsa badiri ba gago. Tila go hema dilwana tse di kotsi ka:
_ Go dirisa dilwana tse dingwe ka moo go ka kgonagalang
_ Go dira ka dilwana tse di nang le lorole lo lonnye, sk: dithoro/dikgolokwanyana
_ Go tswala dibakwa tsa lorole kgotsa sefafatsi
_ Go vacuuma dilo tse di fa fatshe go na le go di feela– dirisa filitara ya bokgoni jo bo kwa godimo.
Fokotsa bontsi jo o bo hemang ka:
_ Go dirisa tlhabisaphefo ya selegae ya ekesoso, sk: fa o weleda
_ Go dirisa difilitara tse di nang le bokgoni mo dikhurumelong tsa diterekere/dirori
_ Go tlhokomela difilitara go ya ka ditlhokego tsa motlhami
_ Go tokafatsa tlhabisaphefo mo dikagong
_ Go apara setlamelo se se maatla sa tshireletso sa khemo. Netefatsa gore o dirisa maseke o o maleba kgotsa sesireletsa-sefatlhego malebana le lorole, diphufudi kgotsa di-aerosolo.
Dimaseke le disireletsa-sefatlhego ka gale di tshwanetse go bewa mo lefelong le le phepa le le omileng – o se ke wa di pega mo dihukung kgotsa mo dipekereng mo mafelong a a leswe, a a nang le lorole.
Fa o dirisa melemo ya diphologolo, ka gale:
_ Tlosa ditshedi mo letlalong le mo diaparong ka bonako, o be o tlhape pele o ja, o nwa kgotsa o tsuba. O se ke wa dira mo diphologolong tse di sa tswang go alafiwa fa e le gore o ka kgotlelega
_ Latela dikgato dingwe le dingwe tsa tshoganyetso tse di atlanegisitsweng ke motlhami, sk:
ka meento ya oli
_ Latela ditaelo tsa matshwao, segolobogolo ao a amanang le PPE
_ Bega melato yotlhe e e belaelwang ya kgotlelego gore e tle e batlisisiwe ka tsenelelo.
Go tshwarwa le go jalwa ga dimela tse di tlhatlhobilweng ka dikhemikhale
_ Malebana le go tshwara le go jala ditlhare tse di tlhatlhobilweng ka dikhemikhale tse di kotsi pele ga letlha la bofelo la botlhole, bathapi ba tshwanetse go neela badiri ditlamelo tsa sebele tsa tshireletso le go dirisiwa
_ Dimela tse di tlhatlhobilweng di tshwanetse go tshhwarwa ka kelotlhoko go fokotsa kgotlelego ya sebele. Di tshwanetse go pakiwa le go rwalwa mo lefelong la tiro ka tsela e phitlhelelo ya dimela e leng bonolo, ka go kgontsha gore go tilwe go tshwara dimela go feta mo go tlhokagalang
_ Dikgetse tsa go jala kgotsa ditlamelo kgotsa didirisiwa tse dingwe tsa go rwala dimela tse di tlhatlhobilweng di tshwanetse go phepafadiwa ka go tshololwa le go tlhatswiwa letsatsi lengwe le lengwe.
Polokesego ya lefelo la tiro le tlhokomelo
Dikotsi di le dintsi mo temothuong le kwa sekgweng di tlhagelela ka ntlha ya go thelela, go kgopiwa le go wa. Lebelela gore mafelo a tiro ga a na dikgoreletsi, jaaka megala e e gogobang, dikgetse kgotsa diphalete le gore go na le sepeisi se se lekaneng sa go boloka dithulusu le dilwana. Tshola dikago tsa gago di siame, ka go netefatsa gore madilo ga a tlhakatlhakane, segolobogolo ka mo dikarolong tsa difuru kgotsa ka mo dikagong tsa bogologolo.
Fokotsa kgonagalo ya go wa, ya go kgopiwa le ya go thelela. O tshwanetse go neelana ka tse di latelang:
_ Dithusi mo ditepeseng le mo dirempeng mo go tlhokagalang
_ Kgamolo e e siameng mo ditirong tse di bongola jaaka mafelo a go tlhatswa merogo kgotsa diteri
_ Lesedi le lelekaneng e bile le le maleba
_ Themphereitšara e e lekaneng le tlhabisaphefo e e lekaneng go akaretsa mowa o o itekanetseng ka mo mafelong a tiro a a ka fa gare
_ Matshwao a polokesego mo kgonagalong e e botlhokwa ya kotsi ya boitekanelo le polokesego e leng teng morgago ga go tsaya dikgato dingwe tsa taolo tse di supilweng ke tshekatsheko ya gago ya kgonagalo ya dikotsi.
Thuso ya pele le phaloso ya tshoganyetso
_ Ka go tlwaelegile gore badiri ba dikgwa le ba temothuo ba dira ka ditlhotshwana kwa mafelong a a farologaneng, modiri mongwe le mongwe o tshwanetse go katisediwa thuso ya pele ya motheo. Katiso e, e tshwanetse go akaretsa kalafo ya dintho tse di bulegileng le thathamologelo. Kwa mafelong mo tiro e amang go amiwa ke dikhemikhale kgotsa mosi, dinoga, ditshenekegi kgotsa malomo a digokgo kgotsa dikotsi tse dingwe tse di rileng, katiso ya thuso ya pele e tshwanetse go atolosiwa ka tshwanelo ka therisano le motho yo nang le dikwalo tse di maleba kgotsa mokgatlho
_ Dilwana tse di siameng tsa thuso ya pele kgotsa mabokoso a tshwanetse go nna teng kwa lefelong la tiro e bile a tshwanetse go sirelediwa kgatlhanong le go kgotlhelwa ke bokgola kgotsa malele
_ Tlamelo e tshwanetse go nna teng malebana le phaloso ya bonako ya motho ka motsi wa kgobalo kgotsa bolwetse jo bo batlang thuso ya kalafo
_ Dipalangwa kgotsa mofuta wa tlhaeletsano o tshwanetse go nna teng kwa lefelong la tiro go ikgolaganya le ditirelo tsa phaloso ka motsi wa tshoganyetso.
Difasilithi tsa botlhapelo
Go na le kgonagalo ya kotsi ya bolwetse jwa dilwana tse di kotsi go tswa mo lesweng kgotsa mo ditlhagisiweng dingwe tsa diphologolo tse di nang le ditshedi tse dinnye tse di ka nnang teng tse di kotsi. Fa e le gore o na le badiri ba leruri, ba nakwana, ba paka e khuthwane kgotsa ba go ya go ile, tlamela ka difasilithi tsa boikhutso tse di akaretsang:
_ Mantlwanaboithusetso a aphepa, a a tsentshang phefo sentle
_ Dibeisene tsa go tlhapela tse di nang le metsi a a bolelo le a a maruru, sesepa le ditoulo (kgotsa seomisa matsogo)
_ Difasilithi tse di akgiwang tsa go tlhapela, kgotsa diphimodi tsa matsogo tsa badiri ba ba dirang kgakala le difasilithi tsa go tlhapela
_ Difasilithi tsa go fetola mo diaparo tse di kgethegileng di apariwang
_ Thebolo ya metsi a a phepa a a nwewang (e e tshwailweng go e farologanya le thebolo ya metsi a a sa nweweng).
Go bega malwetse a a amanang le tiro
Malwetse a a riling a a  bakiwang ke tiro a tshwanetse go begiwa kwa Lefapheng la Badiri.
O ka nna le molwetse jo bo begegang if e le gore o dira ka:
_ Diphologolo – malwetse a tswang mo phologolong a fetela motho jaaka brucellosis, leptospirosis, bolwetse jwa lyme kgotsa streptococcus suis, kgotsa tshwaetse nngwe fela e e amanang le go dira ka diphologolo
_ Dibolaya-ditshenekegi- go kgotlhelwa ka organophosphorus compounds kgotsa methyl bromide
_ Dilwana tsa tlhago – asema ya kwa tirong go tswa mo loroleng lwa tlhaka kgotsa ditshenekegi le le diriseditsweng malebana le taolo ya bayoloji ya diji; motshotelo wa molemirui wa lekgwafo/thuntshwane; kgotsa kitlano ya meno
_ Dilwana tse dingwe – go gotela ga letlalo ga mo tirong go tswa mo tirong e e amang tlhagelelo ya mo ditlhaologing kgotsa mo dieeding tse di bolayang megare
_ Metšhini – senteromo ya thoromo ya letsogo go tswa mo tirong ya disaga tsa diketane, disegi tsa boraše kgotsa disaga tse di tshekeletsa tsa letsogo.
Fa o batla tshedimosetso go ya pele, tsweetswee ikgolaganye le setheo sa lona se se fa gaufi sa badiri kgotsa kantoro ya porofense:
word count: 3,191
