Boitekanelo jwa kwa Kagong le Polokesego
Laola boitekanelo le polokesego
Fa o laola kgwebo ya gago, a o:
itsise Lefapha la Badiri ka ga tiro ya gago ya kago jaaka Molao wa Boitekanelo le Polokesego kwa Tirong (OHS) o kopa?
nna le nako e e lekaneng ya go baakanya, ya go rulaganya le ya go laola tiro ya gago?
keleka se se diragalang le go tsibogela dilo tse di kotsi?
nna le Thulaganyo ya Tsamaiso e e malebana le Boitekanelo le Polokesego e e akaretsang baemedi ba boitekanelo le polokesego le komiti e e malebana le boitekanelo le polokesego?
na le mongwe yo o ka mmonang fa o tlhoka kgakololo ka ga boitekanelo le polokesego?
Bega dikotsi
Fa mongwe yo o mo thapang, kgotsa yo o dirang kwa lefelong la gago, a nna le kotsi, netefatsa gore o:
itsise Setheo se se fa gaufi sa Badiri ka bonako fa kotsi e le masisi kgotsa e karetsa kgobalo e kgolo, jaaka thobego, kgaogo le go latlhegelwa ke pono
bega kotsi nngwe le nngwe e e amanang le tiro e e tlhagelelang mo malatsing a a fetang a le 14 a tiro
bega fa leloko la setšhaba le bolailwe kgotsa le rometswe kwa bookelong ka ntlha ya kotsi e e amanang le tiro ya kwa lefelong la gago.
Go thapa
Fa o thapa batho kgotsa o laola batho ba ba go direlang tiro, a o netefatsa gore:
ba katisitswe le gore ba siametse go dira tiro ka polokesego gape ntle le go tsenya boitekanetlo jwa bona mo kotsing kgotsa jwa ba bangwe?
ba tlhokomelwa sentle le go neelwa ditaelo tse di siameng?
ba na le dithulusu tse di maleba, ditlamelo, polante le diaparo tsa tshireletso?
o sekaseka dintlha tsa boitekanelo le tsa polokesego le bona le baemedi ba bona?
Go neela tiro
Fa o neela batho ba bangwe tiro, a o
lebelela gangwe le gape merero ya boitekanelo le ya polokesego ya batho ba o rulaganyang go ba dirisa?
ba neela tshedimosetso ka ga boitekanelo le polokesego e ba e tlhokang mabapi le tiro?
sekaseka tiro le bona pele ba simolola?
netefatsa gore o rebotse sengwe le sengwe se lo dumelaneng ka ga sona (sekao: dikhafole tsa polokesego, polante e e maleba, phitlhelelo ya dibebofatsi, jj)?
lebelela tiro ya bona gangwe le gape le go baakanya mathata? 
Phitlhelelo ya kwa lefelong
A mongwe le mongwe a ka kgona go ya kwa lefelong la gagwe la tiro ka polokesego-le go dira koo ka polokesego?
A ditsela tsa go fitlhelela lefelo di mo maemong a a siameng le gore di na le matshwao a a bonagalang sentle?
A dilwana tse batho ba ka wang go tswa mo go tsona, di tlametswe ka disireletsi kgotsa ka tshireletso e nngwe e e maleba ya dilwana?
A mesima e sireleditswe ka dilwana tse di tshwailweng sentle gape di tsepame go thibela go wa?
A lefelo le phepa le gore didirisiwa di bolokilwe sentle?
A mabone a lekane? 
Dibebofatsi
A mantlwanaboithusetso a teng le gore a phepa le go tshuma sentle?
A go na le dibeisene tsa go tlhapa, metsi a a elelang, sesepa le ditoulu tse di latlhiwang morago ga go dirisiwa?
A go na le sepeisi sa go fetola, sa go omisa le go boloka diaparo?
A metsi a a nwewang a teng?
Dikhafole
A dikhafole di dirilwe, di fetotswe le go tlhatlhamololwa ke batho ba ba maleba?
A go na le dithibedi kgotsa dikitsiso tse di tsibosang go thibela batho go dirisa dikhafole tse di sa felelang, sekao: mo dirala tsa go dira di sa siamang ka botlalo?
A dikhafole di tlhokomelwa sentle?
A motho yo o nang le bokgoni o tlhatlhoba sekhafole gangwe le gape, sekao: gangwe ka beke, gape ka gale morago ga go fetolwa, go senyega le go latela maemo a bosa a pula le a phefo e e maatla?
A dipholo tsa ditlhatlhobo di a rekhodiwa?
Ditshoganyetso
A go na le dithulaganyo tsa tshoganyetso, sekao: go tswa mo lefelong ka motsi wa molelo?
A batho ba ba mo lefelong ba itse dithulaganyo?
A go na le mokgwa wa go dirisa tleloko, e lekelelwa ga kae?
A go na le tsela ya go ikgolaganya le ditirelo tsa tshoganyetso go tswa mo lefelong?
A go na le ditsela tsa go tswa tse di lekaneng e bile tsona di nna di bonagala?
A go na le thuso ya pele e e lekaneng e e rebolwang?
Bothata: Sekhafole se, se ne se sa kgomagana le lobota ka jaalo, jaaka serala se se sa siamang, se ne sa tsenya matshelo a badiri mo kotsing.
Dilwana tse dikotsi
A o lemogile dilwana tsotlhe tse di kotsi le didirisiwa, jaaka asebesetose, lloto, ditlhaolosi, dipente, samemte le lorole?
A badiri ba nnile le tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikgonagalo tsa mathata go tswa mo dilwaneng tse dikotsi tse di dirisiwang le go tlhagisiwa mo lefelong, le gore ba tlhoka go dira eng kgotsa go apara eng go tila kgotsa go fokotsa dikgonagalo tseo tsa mathata?
A o lemogile ditlhokomelo le go di tsenya mo tirisong go thibela kgotsa go laola go tlhagelela mo dilwaneng tse dikotsi, ka go:
-dira tiro ka tsela e e farologaneng, go tlosa kgonagalo ya bothata gotlhelele e bile se, se akaretsa boitiriso?
-dirisa sedirisiwa se se seng kotsi thata?
-dirisa dithulusu tse di tsentsweng setlosa lorole?
Modumo
A badiri ba nnile le tshedimosetso le katiso gore ba tle ba itse dikgonagalo tsa mathata go tswa mo modumong wa mo lefelong, le gore ba tlhoka go dira eng go tila dikgolagalo tseo tsa mathata?
A o lemogile le go sekaseka tlhagelelo ya badiri mo modumong?
A modumo o ka fokodiwa ka go dirisa mekgwa e e farologaneng ya go dira kgotsa ka go tlhopha polante e e se nang modumo, sekao: ka go tsenya dithusi le polante e nngwe kgotsa motšhini o o nang le dithibela modumo?
A sesireletsa kutlo se se maleba se tlametswe le go apariwa kwa dikarolong tse di nang le modumo?
A sesireletsa kutlo se se maleba se tlametswe le go apariwa kwa dikarolong tse di nang le modumo?
Motlakase le ditirelo tse dingwe
A ditirelo tsotlhe tse di botlhokwa di tlametswe mo lefelong pele tiro e simolola gape le wena o lemogile ditirelo tse di leng teng mo lefelong (sekao: megala ya motlakase kgotsa dilwana tsa gase) le go tsaya dikgato tse di nonofileng, fa go tlhokega, go thibela kotsi mo go tsona?
A dithulusu le ditlamelo di kelekiwa ke badirisi, di tlhatlhobiwa ka nnete mo lefelong le go tlhotlhomisiwa le go lekelediwa gangwe le gangwe ke motho yo o nang le bokgoni?
Kwa go nang le megala ya kwa godimo, motlakase o timilwe, kgotsa ditlhokomelo tse dingwe di tserwe, jaaka go tlamela ka dipala kgotsa ditshwai?
A go na le setifikeiti sa Kobamelo mo lefelong malebana le ditsenngwa tse dintšhwa
Mabokoso a a laolang motlakase ka gale a tshwanetse go sirelediwa le go lotlelwa sentle.
Sireletsa batho
A  tiro e diretswe legora malebana le batho?
A ditiro tsa tsela di sireleditswe le go tshumiwa?
A batho ba sireleditswe malebana le dilwana tse di wang?
Fa tiro e eme mo letsatsing:
-a mesima le diphatlha di sireleditswe sentle kgotsa di diretswe legora?
-a polante yotlhe e siamisitswe go thibela tiriso e e seng mo molaong?
-a dituki kgotsa dilwana tse dikotsi di lotleletswe kwa mafelong a a sireletsegileng a bobolokelo?
Motho yo go ka ikgolaganngwang le ena
Lefapha la Badiri
Kantorokgolo
Bokaedibogolo jwa Boitekanelo le Polokesego ya kwa Tirong
Rhoda Mbeki (012) 309 4388
Phumudzo Maphaha (012) 309 4316
Tibor Szana (012) 309 4389
