











IX / 1 (2009)



____________________________________________________________________________





Jaanong re setse re simolola kgwedi ya bobedi ya ngwaga. Re solofela gore mo malokong otlhe a rona, ngwaga ono e tla nna wa boitumelo le katlego. Rotlhe re ka kgona go nna seoposengwe mo go lekeng go fitlhelela go le gontsi mo tirong ya rona – re ka rata go utlwa ditshitshinyo dipe tse o nang le tsone ka ditirelo tse Setheo sa rona se tshwanetseng go ka bo se setse se di direla batho ba bangwe.



Dipeeletso tsa 2009



Gakologelwa gore dipeeletso tsa ngwaga ono di tla tshwanelwa ke go bo di setse di duetswe kwa bokhutlong jwa kgwedi ya Mopitlwe. Manaane a go kopa gore di duelwe a ne a romelwa ka kgwedi ya Sedimonthole. Fa e le gore ga o ise o amogele la gago, tsweetswee ikgolaganye le kantoro ya SATI o kope gore e go romelele khopi. Gakolo-gelwa gore ditlamo le dikantoro di ka kgona go ikwadisa jaaka maloko a e leng borradikgwebo. Re rata go leboga maloko a a setseng a duetse. Tsweetswee tlhomamisa gore morago ga go duela, o itsise mokwadisi ka gone.



Patlisiso ka dituediso



Dipholo tsa patlisiso ya bošeng jaana ka dituediso e tsentswe mo setsheng sa inthanete sa SATI. Maloko a gakololwa gore dituediso tseno ga se tse “go dirilweng tshwetso ya gore di duedisiwe batho” kgotsa “tse go tshitshinngwang gore batho ba di duedisiwe”. Go ya ka molao, ga re a tshwanela go tshitshinya gore dituediso e nne tsa bokae. Rona re kokoanya fela tshedimosetso ka dituediso tse batho ba ntseng ba di duedisiwa re bo re e anamisa. Ka jalo re kopa gore maloko a se ka a raya batho a re “SATI e tshitshinya gore batho ba duedisiwa ditlhwatlhwa tseo”. Maloko a setheo sa rona mmogo le batho ba bangwe ba ka nna ba dirisetsa ditlhwatlhwa tseno go bona gore bone ba ka duedisa batho bokae, mme ba lemoge gore go tla nna go ntse go na le batho ba ba dirang ka puo ba ba duedisang go feta ditlhwatlhwa tseo kgotsa kafa tlase ga tsone.



Go nna maloko



Ke ile ka itsisiwe bošeng jaana gore Rre PF (Flippie) du Toit o tlhaokafetse ka Tlhakole 2007. Rre du Toit e ne e le ene wa bofelo yo o neng a sa ntse a tshela wa batho ba ba ileng ba thaya setheo sa SATI. Re ne ra ikgolaganya le ene fa setheo sa rona se ne se keteka ngwaga wa sone wa bo 50 ka 2006 mme botsogo jwa gagwe bo ne jwa mo itsa go nna le seabe mo moketeng oo.



Go ela kwa bokhutlong jwa ngwaga o o fetileng, mokwadisi wa rona o ne a dira dipatlisiso ka maloko a rona a SATI go bona gore ba bua dipuo dife kwa magaeng a bone. Dipholo tsa teng di a kgatlha. Mo malokong a le 707 a a neng a kwadisitswe ka nako eo, mo e batlang e nna halofo ya bone (31 kgotsa 44%) ba bua Se-Aforikanse.




Setlhopha se segolo go gaisa tse dingwe se se latelang seno – e leng sa ba ba buang Seesemane – sone ga se tshware le fa e le halofo ya bone: Sone ke sa maloko a le 139 kgotsa 19,7%. Maloko a rona a a buang dipuo tsa Se-Aforika a fitlha go 16% (Sendebele: 4; Sexhosa: 38; Sezulu: 28; Sepedi: 6; Sesotho: 11; Setswana: 21; Seswati 1; Sevenda: 2; Setsonga: 2), mme 20,3% e nngwe ya bone e kgaogantswe ka mokgwa o o latelang: Searabia: Maloko a le 6; Setšhaena: maloko a le 2; Sedatšhe: maloko a le 3; Sefora: maloko a le 41; Sejermane: maloko a le 39; Sentadiana: maloko a le 8; Sepotokisi: maloko a le 22; Se-Romania: maloko a le 4; Se-Russia: maloko a le 4; Se-Spain: maloko a le 9, mme Se-Canton, Segerika, Sehebera, Seswahili, Se-Poland le Seshona, nngwe le nngwe ya tsone e na le leloko le le lengwe fela.



Maloko a masha: Azza Abdelmutti, Zahid Afzal, Andrea Bongiorni, Rudolph Botha, Birgit Böttner, Bashir Castineira Gamo, Susana Cavaleiro, Bridget Claasen, Wilson Cotiyana, Tanja Deyzel, Johan Duvenhage, Joan Fairhurst, Véronique Féau, Paulo Ferreira, Yolandie Fick, Hanelle Fourie, Morgan Funde, Abebe Gebremariam, Gert Griessel, Marinette Grimbeek, Marieta Harley, Mboma Ingila, Patrick Kabini, Giasuma Kamuangu, Melanie King, Geraldine Kruger, Karen Krüger, Rina Leitao Freitas, Thabang Letsoso, Regina Malan, Makhosana Malinga, Monika Matika, Mahlubi Mayongo, Julius Mazibuko, Novel Moroe, Choice Mpanza, Werner Muller, Kamelia Nashed, Zahn Nel, Marie Josephine Ngoua, Mathieu Ngounou, Linda Nienaber, Colin Paterson, Win Phillips, Tim Pretorius, Gertrude Rammala, Monique Rosenberg, Tlhoriso Sakachane, Amanda Sekati, Karin Sivertsen, Lele Skhosana, Ilse Smalberger, Philip Smit, Annamie Stander, Klaus Staudt, Marie Steyn, Amanda Swanepoel, Cillié Swart, Yolani van der Westhuizen, Jutta van Rooyen, Alex Vassev, Gina Wang, Jani Zandberg



Ba ba tlogetseng go nna maloko: Paul Beezhold, Ute Ben Yosef, Annatjie Bouwer, Elizabeth du Preez, Susan Roux, Margot Schultz, Mètzi van der Merwe, Estelle Williams, Wordworx



Ba ba tlhokafetseng: Marian Brink

Ba ba sa tswang go newa tetlelelo-semmuso: Mariènne Botha: Thanolo – Seesemane-Se-Aforikanse; Enver de Wet: Thanolo – Seesemane-Se-Aforikanse; Sponono Mahlangu: Go tolokela gongwe le sebui – Seesemane-Se-Ndebele; Thivhulawi Sishonga : Go tolokela gongwe le sebui – Seesemane-Sevenda; Thana Street: Go tseleganya Se-Aforikanse



Ntlha nngwe e e kgatlhang



Common Sense Advisory, Inc., e leng setlamo sa kwa US sa patlisiso le bogakolodi, se ntshitse kitsiso ka ponelopele ya sone ka go dira ka puo, tirelo le tsa botegeniki ka 2009.





SATI – Re tlosa melelwane ya dipuo



Diponelopele di le tlhano tsa intaseteri ya setlamo seno ke: Puo e nna selo se se botlhokwa thata ka gonne e tsosa kgang malebana le tiriso ya dipuo tse di farologaneng; Thanolo e nna motlhofo, mme ga go motlhofo gore mongwe le mongwe a bone madi go tswa mo go yone; Dikoporasi di simolola go dirisa diporokeramo tsa go ranola tse di dirisang dirweboletsa tsa maemo a a kwa godi-mo; Google e tla ka dilo di le dintsi tse di gakgamatsang tsa maretshwa a go ranola; Pholisi ya puo le mokgwa wa boditšhabatšhaba wa go itshireletsa di tlhotlheletsa puso go kgatlhegela puo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: www.commonsenseadvisory.com.



Serweboleta sa khomphiutara le Ditsha tsa Inthanete



Manaane a mareo a Tirelo ya Bosetšhaba ya Puo a teng jaanong mo Setsheng sa Inthanete sa Lefapha la Botsweretshi le Setso, www.dac.gov.za. Tobetsa segoke se se mo tsebeng e e simololang ya DAC se se go isang kwa tsebeng ya “National Language Service completed terminology”. Manaane a a leng teng moo ke: ICT (dipuo tse di farologaneng), Dipalotharabololo (dipuo tse di farolo-ganeng), Disaense Tsa Tlholego (Nguni, Sesotho, le Se-Aforikanse, Sevenda le Setsonga) le tsa Palamente (dipuo tse di farologaneng).



Lingua et Machina e golotse Similis Version 2.14.0, serweboleta sa go ranola se se tla dirisiwang ke baranodi ba seporofešenale se se theilweng mo dilong tsa botegeniki tsa didirisiwa tsa thanolo tse di kgonang go boloka tshedimosetso mme e le tse di kgonang go rekisiwa di le tsosi kgotsa tse di tswang ka Server (Windows), ka Seesemane, Sefora, Sejeremane le ka Se-Spain. Leba www.lingua-et-machina.com.



SDL, e e tlamelang ka ditharabololo tse di ka dirisiwang mo lefatsheng lotlhe tsa go laola tshedimosetso, e ntshitse kitsiso ka go golola ga yone SDL Trados 2007 Suite. Go kopanya thanolo e e ranolwang ke khomphiuta le e e dirwang ke porokeramo ya go ranola e e bolokang tshedi-mosetso go dirwa ka sedirisiwa se sesha se se bisiwang SDL Passol Essential. Go bona tshedimosetso e e oketse-gileng: Leba www.saolt.org.



Language Line Services, Inc., e e tlamelang ka ditirelo tsa botoloki, e dirile kitsiso ka go gololwa ga Language Line BiMedical.net, e leng porokeramo ya khomphiuta e e dirang diforomo tsa kalafi tse di tlhagang ka dipuo tse pedi le dipampiri tsa dipotso ka dipuo tse di farologaneng gore go kgonege go buisana le balwetse ba ba sa kgoneng go bua Seesemane. E re ka diforomo tseno di gatisitswe ka puo ya molwetse le ya ngaka e e mo alafang, di diretswe gore di kgone go dira gore molwetse a sireletsege. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: info@languageline.com kgotsa www.languageline.com.



Wordfast LLC , e e tlamelang ka serweboleta sa go ranola se se bolokang tshedimosetso (TM), se golotse Wordfast 6.0 – se se diretsweng ditlamo tsa kgwebo, ditlamo tsa thanolo le baranodi ba ba iperekang. Sedirisiwa se seša seno se akaretsa tse di tswang di le tsosi, tsa go ranola motho a le nosi; tsa go sekaseka ditokomane di le mmalwa mo khomphiuteng ka nako e le nngwe fela, go ranola le go ntsha puo e go neng go ranolwa go tswa mo go yone mo teng ga tokomane e e ranotsweng; thuso e e tokafaditsweng malebana le go rulaganngwa ga faele; le tsamaiso e e


tokafaditsweng ya TM. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba www.wasli.org.



Translate.org.za e e sa direng porofete e golotse, poro-keramo ya khomphiuta e e dirisang dikerafo e e dirilweng jaaka karolo ya Translate Project. Dikarolo tsa yone di akaretsa mekgwa e e farologaneng ya go rulaganya thanolo; go dira gore diele di tlhomololwe sentle ka go tshasiwa mmala le go tlhaga sentle ga ditshwaelo le mokwalo o o di dikologileng; le sedirisiwa sa go tlhatlhoba mopeleto wa thanolo e e dirilweng le mokgwa o go ranotsweng go tswa mo go one. Translate.org.za ke bontlhanngwe jwa African Network for Localisation (ANLoc) e e sa tswang go simo-lolwa, e e simolotseng letsholo la go ranolela mo dipuong tsa Se-Aforika di feta 100. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba http://o2.it46.se/afrigen/ kgotsa www.translate.org.za.



Dutch HLT Agency (TST-Centrale – Centrale voor Taal-en Spraaktechnologie) ke setlamo sa kwa Netherlands le Flander sa go laola, go tlhokomela le go anamisa ditso-mpelo tsa puo ya dijitale ya Se -Dutch. Bontsi jwa ditso-mpelo tseno di tlamelwa ke puso ka madi. Setlamo sa HLT se tlamela ka tsone gore di dirisediwe thuto, patlisiso le tlhabololo. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba http://www.inl.nl/index.php?option=com_content&task=view&id =448&Itemid=552&lang=en. Kumo ya bošeng jaana e e golotsweng ke TST-Centrale ke Sofeer, e leng sedirisiwa sa go tlhatlhoba mopeleto le bukantswe ya Seheberea/Se-Yiddish le Se-Dutch. Buisa mo go oketsegileng ka tsone mo Setsheng sa bone sa Inthanete.



Go bona dibukantswe tse di farologaneng tse di kgatlhang, leba http://www.lai.com/glossaries.html.



Tokololo ya bo sometlhano ya Compendium of Translation Software (Ferikgong 2009) e setse e le gone jaanong. E dirilwe ke John Hutchins mo boemong jwa Setlamo sa kwa Yuropa sa Diporokeramo Tsa Khomphiuta Tsa go Ranola, tshedimosetso e e kokoantsweng mo teng ga buka eno e bua go le gontsi ka diporokeramo tsa gone jaanong tsa go ranola, didirisiwa tsa khomphiuta tse di thusang motho go ranola le go rekisiwa ga tsone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba http://www.eamt.org.



Tranflex AB, e leng setlamo sa thanolo, se golotse InDesign for Translators — e leng e-book e ntshang diatelo kgato ka kgato tsa go baakanngwa ga difaele tsa thanolo tsa InDesign. E kwadilwe ke mmenejara wa setlamo e leng Chris Phillips, e-book e diretswe baranodi, ditlamo tsa go ranola le bagatisi ba desktop. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba http://www.tranflex.com.



Dikgatiso



Go toloka: International Journal of Research and Practice in Interpreting, e e tselegantsweng ke Miriam Shlesinger le Franz Pöchhacker. Lekwalopaka leno le dirisediwa tiro ya patlisiso le go tshwara ditherisano mo dikarolong tsotlhe tsa go toloka le mekgwa e botoloki bo dirwang ka yone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba www.benjamins.com kgotsa subscriptions@benjamins.nl.



Telephone Interpreting: A Comprehensive Guide to the Profession e e kwadilweng ke Nataly Kelly: e re ka e le yone kgatiso ya ntlha e kgolo e e buang ka kgang eno, buka eno e tlamela batoloki ka tshedimosetso e e seng kana ka





SATI – Re tlosa melelwane ya dipuo



sepe, mmogo le batlhatlheledi, bakatisi ba seporofešenale le batho ba ba solegelwang molemo ke ditirelo tsa botoloki koo go tolokiwang ka go dirisa difouno gone. Leba Setsha sa Inthanete sa bagatisi go bona tshedimosetso e e oketse-gileng: www.trafford.com/08-1015.



Routledge Encyclopedia of Translation Studies Second Edition, e e tselegantswng ke Mona Baker le Gabriela Saldanha: Ensaetlopedia eno ke yone e e ntseng e dirisiwa thata mo tirong eno fa e sa le e tlhagisiwa lekgetlho la ntlha ka 1998. Ya bobedi, e e tlhabolotsweng fela thata le go okediwa e na le tshedimosetso e e mo nakong. E kga-ogantswe ka dikarolo tse pedi: Ya kakaretso (e e akaretsang kgopolo ya boranodi, kafa tiro ya go ranola le go toloka e tshwanetseng go dirwa ka gone, mefuta ya dithanolo le go toloka) le Hisitori le Ditso. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://www.routledgelinguistics.com/books/Routledge-Encyclopedia-of-Translation-Studies-isbn9780415369305



Theatre Translation Theory and Performance in Contemporary Japan: Native Voices, Foreign Bodies e e kwadilweng ke Beverley Curran (ISBN 978-1-1905763-11-5). Kgatiso eno e tsweletsa pele metlotlo ya go ranola mo bobogelong ka go dirwa ga patlisiso ka diterama di le thataro tsa Dinaga Tsa Bophirima, tse di ranotsweng le go tshamekiwa mo seraleng kwa Japane fa e sa le ka dingwaga tsa bo 1960. E dira gore dikgopolo tsa Dinaga Tsa Bophirima di akanyediwe boša, tse di amanang le go raraana ga dipuo le ditso mo thanolong le mo bobogelong, fa beng ba tsone ba etela kwa dinageng di sele mme ba bo ba iphitlhela ba le mo gare ga batho ba ditso tse di farologaneng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: leba http://www.stjerome.co.uk/page.php?id=522&doctype=StJ Books&section=3



Multilingualism and Educational Interpreting: Innovation and Delivery e e kwadilweng ke Porofesa Marlene Verhoef le Porofesa Theo du Plessis. Kgatiso eno e bua ka tiro ya go toloka ka molomo fa go rutwa. Bolumo ya borataro ya dibuka tsa ga Van Schaik, e leng Studies in Language Policy in South Africa di akaretsa bopolotiki jwa dipuo mo Aforika Borwa e bile di kaya gore go toloka fa go rutwa go ka dira gore go kgonege gore mo setheong sa thuto, go rutwe ka dipuo tse di farologaneng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, ikgolaganye le Bagatisi ba Van Schaik mo nomoreng ya 012 342 2765 kgotsa o lebe wsenekal@vanschaiknet.com.



Ditiragalo le go kokoanngwa ga dipampiri tsa dipuo tse di tlileng go neelwa



Stellenbosch University Language Centre: Mo setsheng sa inthanete sa www.sun.ac.za/taalsentrum/EVD, go na le lenaane la ngwaga otlhe la dikokoano tsa go tlhabana botlhale tse di tlileng go tshwarwa.



Kamano fa gare ga Mokwalo le Dikerafo : Seminara e e tsayang sephatlo fela sa letsatsi kwa Stellenbosch University Language Centre, ka di 20 Tlhakole 2009, e e tlileng go tshwarwa ke Porofesa Leon de Stadler, e leng mankge mo go tlhameng ditokomane. Seminara e bua ka go dira gore mokwalo le dilo tse di kgonang go bonwa di nne le bokao, kamano fa gare ga mokwalo le dikerafo, tiriso ya dikerafo le seabe sa go bula phatlha fa gare ga mafoko le go rulaganya mokwalo pele o gatisiwa. Tshedimosetso le


diforomo tsa go ikwadisa: www.sun.ac.za/taalsentrum/ EVD. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: Ikgolaganye le Audrey Poole mo atereseng ya taalsentrum@sun.ac.za kgotsa mo nomoreng ya 021 808 2167. Letlha la bofelo la go ikwadisa ke: 13 Tlhakole 2009. Manno ke a a lekanye-ditsweng fela.



Go Kwalela Metswedi ya Dikgang 1: Tshedimosetso-Kakaretso: Kokoano ya go tlhabana botlhale e e tsayang malatsi a le mabedi kwa the Stellenbosch University Language Centre, ka di 5-6 Motsheganong 2009, ya ba ba tla tshwanelang ke go kwala dikgang tse di tla gololwang ke metswedi ya dikgang le ba ba tla tshwanelwang ke go buisana le ba metswedi ya dikgang ka metlha. Tshedimosetso le diforomo tsa go ikwadisa: www.sun.ac.za/taalsentrum/EVD. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: Ikgolaganye le Audrey Poole mo atereseng ya taalsentrum@sun.ac.za kgotsa mo nomoreng ya 021 808 2167. Letlha la bofelo la go ikwadisa ke: 23 Tlhakole 2009. Manno ke a a lekanyeditsweng fela.



GALA Localisation Certification Programme: Local-isation Certification Programme ya bone ya ngwaga le ngwaga le Localisation Project Management Certification di tla tshwarelwa kwa San Francisco, USA (23-27 Mopitlwe 2009) le kwa Cologne, kwa Jeremane (11-15 Motsheganong 2009). Go bona tshedimosetso e e oketse-gileng, leba: http://rce.csuchico.edu/localise/ kgotsa www.gala-global.org.



Khonferense ya boditšhabatšhaba: Théorie, pratique et didactique de la traduction spécialisée, Craiova, Rumania, 28-29 Motsheganong 2009. E tla tshwarwa ka Sefora le ka Se-Rumania. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, leba: http://dtil.unilat.org/colocviu_craiova_2009/



Third Conference of the International Association for Translation and Intercultural Studies (IATIS), Monash University, Melbourne, Australia, 8-10 Phukwi 2009. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: http://www.foxevents.com.au/Current-Events/2009-Events/IATIS-Conference/Default.asp[4].



Society   for   Editors   and   Proofreaders   conference,



Editing in the 21st century: University of York, England, 14-15 Phatwe 2009. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: www.sfep.org.uk/pub/confs/conf09/conf2009_advance.asp



Globalization and Localization Association, GALA 2009: The business of language. The business of language.



Cancun, Mexico, 14-16 Phatwe 2009. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng: www.gala-global.org



Korean Association of Translation Studies (KATS) Khonferense ya Boditšhabatšhaba, Translation and Globalisation: Sookmyung Women’s University, Seoul, Korea, 30-31 Diphalane 2009. Boikaelelo jwa khonferense ke go sekaseka matswela a dikgatelopele tse di seng kana ka sepe mo go tsa thekenoloji ya tlhaeletsano le diphetogo tse di nnang gone mo thulaganyong ya diikonomi le mo baaging e re ka dilo tseno di tswenya baranodi le dithanolo. Bona tshedimosetso e e oketsegileng ka se se tla diregang fa o ka ikwadisa go sa le gale thata ka 1 Ferikgong go ya go 31 Mopitlwe 2009, mo atereseng ya http://www.kats.or.kr





SATI – Re tlosa melelwane ya dipuo



Thanolo ya Seburu: Ria Crafford, Irene Dippenaar,
 
Thanolo ya SeXhosa translation: Angelinah Dazela
 

 
Fred Pheiffer, Maureen van Helden, Robert Young
 
Thanolo ya SeZulu: Manzo Khulu, Yvonne Malindi
 

 
Thanolo ya Sesotho: Abel Mphanya
 

 

 
Thanolo ya Setswana: Peter Mekgwe
 

 

 


__________________________________________________________________________________________________________________



Dintlha tsa go ikgolaganya le Setheo:



Marion Boers. Mogala: 011 803-2681. Fekese: 0866 199 133. Imeili: publications@translators.org.za Irene Dippenaar. Mogala: 079 492 9359. Fekese: 086 511 4971. Imeili: registrar@translators.org.za







































































































































SATI – Re tlosa melelwane ya dipuo

