The
Constitution
of the Republic of South Africa, 1996
ISBN ??????
SETSWANA
MOLAO WA MOLAOTHEO
MOLAOTHEO WA REPHABOLIKI YA AFORIKA BORWA,
1996
(Setlhogo se sekhutshwane, se pele e neng e le ‘Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika
Borwa, Molao 108 wa 1996’, se emetswe ke. 1(1) ya Molao 5 wa 2005)
[O AMOGETSWE KA 16 SEDIMONTHOLE 1996] [LETLHA LA TSHIMOLOGO: 4
TLHAKOLE 1997]
(Fela fa go kailwe ka mokgwa mongwe – lebelela gape k. 243(5))
(Buka ya Seesimane e saenilwe ke Poresidente)
jaaka e tlhabolotswe ke
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1996
Molaotheo Tlhabololo ya Ntlha ya Molao wa 1997
Molaotheo Tlhabololo ya Bobedi ya Molao wa 1998
Molaotheo Tlhabololo ya Boraro ya Molao wa 1998
Molaotheo Tlhabololo ya Bone ya Molao wa 1999
Molaotheo Tlhabololo ya Botlhano ya Molao wa 1999
Molaotheo Tlhabololo ya Borataro ya Molao wa 2001
Molaotheo Tlhabololo ya Bosupa ya Molao wa 2001
Molaotheo Tlhabololo ya Borobedi ya Molao wa 2002
Molaotheo Tlhabololo ya Borobongwe ya Molao wa 2002
Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003
Molaotheo Tlhabololo ya Bolesomenngwe ya Molao wa 2003
Molaotheo Tlhabololo ya Bolesomepedi ya Molao wa 2005
Molaotheo Tlhabololo ya Bolesometharo ya Molao wa 2007
Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008
Molaotheo Tlhabololo ya Bosomotlhano ya Molao 2008
Molaotheo Tlhabololo ya Bosomethataro ya Molao wa 2009
Go ya ka Kgoeletso 26 ya 26 Moranang, 2001, tsamaiso ya Molao o e neetswe Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo 
MOLAO
Go tlhagisa Molaotheo o mošwa wa Rephaboliki ya Aforika Borwa le go tlamela ka ga
dintlha tsa tlaleletso.
DITENG
Pulamadibogo 1
KGAOLO 1
Dikaelo tsa Motheo
3
KGAOLO 2
Molaotlhomo wa Ditshwanelo
6
KGAOLO 3
Puso ya Tirisano
27
KGAOLO 4
Palamente
29
KGAOLO 5
Poresidente le Khuduthamaga ya Bosetšhaba
59
KGAOLO 6
Diporofense
68
KGAOLO 7
Puso selegae
95
KGAOLO 8
Dikgotlatshekelo le Tsamaiso ya Bosiamisi
106
KGAOLO 9
Ditheo tsa Puso tse di Tshegetsang Demokerasi ya Molaotheo
118
KGAOLO 10
Tsamaisopuso
127
KGAOLO 11
Ditirelo tsa Pabalesego
133
KGAOLO 12
Baeteledipele ba Setso/Magosi
141
KGAOLO 13
Ditšhelete
142
KGAOLO 14
Dikaelo-Kakaretso
155
Mametlelelo 1 Folaga ya Bosetšhaba 160
Mametlelelo 2 Maikano le Ditumelo tse di Masisi 161
Mametlelelo 3 Ditsamaiso tsa Ditlhopho 165
Mametlelelo 4 Makala a Kgolagano a Tiragatso a
Bokgoni jwa Peomolao a Bosetšhaba le
a Porofense
169
Mametlelelo 5 Makala a Tiragatso a Bokgoni jwa
Peomolao a Porofense fela
172
Mametlelelo 6 Dithulaganyo tsa Kgabaganyo 174
Mametlelelo 6A 
Mametlelelo 6A e tsentswe ka k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 mme e phimotswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]
Mametlelelo 6B 
[Mametlelelo 6B, e e neng e le Mametlelelo 6A, e tsentswe ka k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borobedi ya Molao wa 2002, e e neilweng nomoro e ntšhwa ke k.6 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 mme ya phimolwa ke k. 5 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomotlhano ya Molao 2008.]Tatlhegelo kgotsa Tshomarelo
Mametlelelo 7 
Melao e e Phimotsweng 225
Lenaneo la diteng
Pulamadibogo
Rona, re le batho ba Aforika Borwa,
Re itse ditshiamololo tsa rona tse di fetileng;
Re tlotla ba ba bogetseng tshiamo le kgololosego mo lefatsheng la rona;
Re tlotla ba ba diretseng go aga le go tlhabolola naga ya rona; mme
Re dumela gore Aforika Borwa ke ya botlhe ba ba tshelang mo go yona, re
tshwaragane mo go farologaneng ga rona.
Rona ka jalo, ka baemedi ba re ba itlhophetseng ka kgololosego, re amogela
Molaotheo o jaaka Molao-Mogolo wa Rephaboliki gore re –
Alafe dikgogakgogano tse di fetileng mme re age Setšhaba se se thailweng
mo meetlong ya demokerasi, bosiamisi mo bathong le ditshwanelo tse di
botlhokwa tsa botho;
Tlhome metheo ya demokerasi le bosetšhaba jo bo buletsweng botlhe jo
mo go bona puso e theilweng, mo thatong ya batho e bile moagi mongwe
le mongwe a sireleditsweng ka go lekana ke molao.
Tokafatse matshelo a baagi botlhe le go golola neo ya mongwe le mongwe
le;
Age Aforika Borwa e e kopaneng ya demokerasi e e kgonang go tsaya
maemo a yona a a e siametseng jaaka naga e e ipusang mo tshikeng ya
mafatshe.
A Modimo a sireletse Setšhaba sa rona.
Nkosi Sikelel’ iAfrika. Morena boloka setšhaba sa etsho.
God seën Suid-Afrika. God bless South Africa.
Mudzimu fhatutšhedza Afurika. Hosi katekisa Afrika.
2
3
KGAOLO 1
DIKAELO TSA MOTHEO (kl 1-6)
1. Rephaboliki ya Aforika Borwa
Rephaboliki ya Aforika Borwa ke naga e le nngwe e e ipusang ya
demokerasi e e theilweng mo meetlong e e latelang:
(a) seriti sa botho, phitlhelelo ya tekatekano le tsweletso ya
ditshwanelo tsa botho le dikgololosego.
(b) go sa kgethololeng ka bomorafe le ka bong.
(c) bogolo jwa Molaotheo le puso ya molao.
(d) Tshiamelo ya go tlhopha jaaka mo lefatsheng lotlhe, lenaane le le
lengwe la bosetšhaba la batlhophi, ditlhopho tsa nako le nako, le
mokgwa wa puso ya demokerasi ya makoko-mantsi, go netefatsa
maikarabelo, bodiredi bo bo tsibogelang ditlhagiso le tirelo e e
mo phatlalatseng.
2. Bogolo jwa Molaotheo
Molaotheo o, ke molao-mogolo wa Rephaboliki; molao kgotsa maitsholo
a a kgatlhanong le ona ga a na boleng, le ditlamego tse o di abang di
tshwanelwa go diragatswa.
3. Boagi
(1) Go na le boagi bo le nosi jwa Aforika Borwa.
(2) Baagi botlhe ba-
(a) lebanwe ke ditshwanelo ka go lekalekana, ditshiamelo le molemo
wa boagi; mme
(b) ba amiwa ka go lekana ke ditiro le maikarabelo a boagi,
(3) Molao wa naga o tshwanela go rulaganyetsa phitlhelelo, tatlhegelo
le pusetso ya boagi.
KGAOLO 1: DIKAELO TSA MOTHEO
4
4. Pina ya bosetšhaba
Pina ya bosetšhaba ya Rephaboliki e swetswa ke Poresidente ka
kgoeletso.
5. Folaga ya bosetšhaba
Folaga ya bosetšhaba e bontsho, bogauta, botala, bosweu, bohibidu
le botala jwa legodimo jaaka fa e tlhalosiwa e bile e takilwe mo go
Mametlelelo 1.
6. Dipuo
(1) Dipuo tsa semmuso tsa Rephaboliki ke Sepedi, Sesotho,
Setswana, Seswati, Sevenda, Setsonga, Seburu, Seesimane,
Setebele, Sethosa le Sezulu.
(2) Ka go lemoga nyelelo ka hisetori ya tiriso le serodumo sa dipuo
tsa baagi ba lefatshe le, puso e tshwanela go tsaya dikgato tse
di bonalang le tse di supang kgatelopele go tlhatlosa kemo le go
tsweletsa tiriso ya dipuo tse.
(3)
(a) Puso ya bosetšhaba le dipuso tsa diporofense di ka dirisa
dipuo tsa semmuso dingwe le dingwe mo mabakeng a puso,
go tsewa tsia tiriso, kgonagalo, ditshenyegelo, mabaka a
karolo ya naga, le tekatekano ya ditlhokego le dikgatlhegelo
tsa baagi ka bophara kgotsa mo porofenseng e e amegang
puso ya bosetšhaba le puso nngwe le nngwe ya porofense di
tshwanetse go dirisa di le pedi tsa semmuso.
(b) Bommasepala ba tshwanetse go tsaya tsia puo e e diriswang
le go kgatlhegelwa ke baagi ba bona.
(4) Puso ya bosetšhaba le dipuso tsa diporofense, ka dipeomolao
le dikgato dingwe di tshwanetse go laola le go tlhokomela
tiriso ya dipuo tsa semmuso. Ntle le go fapoga dithulaganyo
tsa karolwana(2), dipuo tsotlhe tsa semmuso di tshwanela go
newa tlotlomatso e e lekanang e bile di tshwanelwa go tsewa ka
tekatekano.
KGAOLO 1: DIKAELO TSA MOTHEO
5
(5) Boto ya Dipuo tsa Pan Aforika Borwa e e tlhomilweng ke
peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse –
(a) go tsweletsa le go tlhola maemo a tlhabololo le tiriso ya –
(i) dipuo tsotlhe tsa semmuso;
(ii) dipuo tsa seKhoi, seNama le seSan; le
(iii) puo ya kaetso, le
(b) go tsweletsa le go tlhomamisa tlotlo ya-
(i) dipuo tsotlhe tse di dirisiwang ka gale ke ditlhopha tsa
batho mo Aforika Borwa, go akarediwa Sejeremane,
Segerika, Segujarati, Sehindi, Sepotokisi, Setamil,
Setelugu, Seurdu, le
(ii) Searabia, Sehebera, Sesanskrit le dipuo tse dingwe tse di
dirisediwang maikaelelo a borapedi mo Aforika Borwa.
KGAOLO 1: DIKAELO TSA MOTHEO
6
KGAOLO 2
MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
(kl 7-39)
7. Ditshwanelo
(1) Molaotlhomo wa Ditshwanelo ke motheokonokono wa demokerasi
mo Aforika Borwa. O babaletse ditshwanelo tsa batho botlhe mo
lefatsheng la rona e bile o tlhomamisa meetlo ya demokerasi ya
seriti sa botho, tekatekano le kgololosego.
(2) Puso e tshwanela go tlotla, go sireletsa, go etleetsa le go diragatsa
ditshiamelo tsa Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
(3) Ditshwanelo tse di mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo di laolwa
ke dikiletso tse di mo karolong 36, kgotsa felo gongwe mo
Molaotlhomong.
8. Tiragatso
(1) Molaotlhomo wa Ditshwanelo o dira mo molaong otlhe e bile o
tlama kgotlapeomolao, bodiragatsi le bosiamisi, le ditheo tsotlhe
tsa puso.
(2) Thulaganyetso mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo e tlama
motho fela le mothomolaong, le go fitlha, moo go kgonegang
go tsewa tsia mokgwa wa tshwanelo le tiro nngwe le nngwe e e
pateletswang ke tshwanelo eo.
(3) Mo go diragatseng dithulaganyetso tsa Molaotlhomo mo mothong
fela le mothomolaong go ya ka karolwana(2), kgotlatshekelo –
(a) gore e neye bokgoni go tshwanelo e e mo molaotheong, e
tshwanela go dirisa, kgotsa fa go tlhokegang, go tlhabolola
molao wa selegae go fitlha fa peomolao e sa neyeng nonofo
go tshwanelo eo; e bile
(b) e ka tlhabolola melawana ya molao wa selegae go fokotsa
tshwanelo, fa fela phokotso eo e le go ya ka karolo 36(1).
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
7
(4) Mothomolaong o na le tshiamelo le ditshwanelo mo
Molaotlhomong wa Ditshwanelo go ya ka boleng ba ditlhokego
tsa ditshwanelo le tsa mothomolaong oo.
9. Tekatekano
(1) Botlhe ba a lekana fa pele ga molao, e bile ba na le tshwanelo ya
tshireletso le tekanelo e e lekanang ya molao.
(2) Tekatekano e akaretsa boitumelo jo bo tletseng le jo bo
lekalekanang jwa ditshwanelo tsotlhe le dikgololosego. Go etleetsa
phitlhelelo ya tekatekano, peomolao le dikgato dingwe, tse di
diretsweng go sireletsa kgotsa go tsweletsa batho, kgotsa dikarolo
dingwe tsa batho ba ba neng ba patikilwe ke kgethololo e e neng e
sa lolama, di ka tsewa.
(3) Puso ga e ne e kgetholola ka fa go sa tshwanelang, e ka nna ka
tlhamalalo kgotsa ka go sa tlhamalale kgatlhanong le mongwe
le mongwe, mo lebakeng lengwe kgotsa mangwe go akarediwa
morafe, bong, boimana, kemo ya nyalo, lotso kgotsa tshimologo
ya loago, mmala, tshekamelobong, dingwaga, borepa, bogole,
bodumedi, maikutlo, tumelo, setso, puo, le matsalo.
(4) Ga go motho ope yo o tla kgethololang ka fa go sa tshwanelang,
e ka nna ka tlhamalalo kgotsa ka go sa tlhamalale kgatlhanong
le mongwe le mongwe, mo lebakeng lengwe kgotsa mangwe go
ya ka karolowana(3). Peomolao ya bosetšhaba e tshwanela go
tsenngwa mo tirisong go thibela kgotsa go etsa kgethololo e.
(5) Kgethololo mo go lengwe kgotsa mangwe a mabaka a a
umakilweng mo karolwaneng(3) ga e a lolama, ntle le fa go
tlhomamisitswe gore kgethololo e lolame.
10. Seriti sa botho
Mongwe le mongwe o na le seriti sa botho ka tlhago le tshwanelo ya se
tlotlwe mme se be se sirelediwe.
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
8
11. Botshelo
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya botshelo.
12. Kgololosego le tshireletsego ya motho
(1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgolosego le
tshireletsego ya gagwe, mme go akaretsa tshwanelo ya –
(a) go se tseelwe kgololosego ka kgobelelo kgotsa ntle le lebaka
la tshiamo,
(b) go se tlhatlhelwe ntle le go sekisiwa;
(c) go gololosega mo methaleng yotlhe ya tirisodikgoka go tswa
mo metsweding ya sephiri kgotsa ya botlhe;
(d) go se bogisiwe ka tsela epe; le
(e) go se tsholwe kgotsa go otlhaiwa setlhogo, mo go seng ka fa
bothong kgotsa mo go sotlang.
(2) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tlotlo ya mmele le
boitekanelo mo moweng wa botho, go akarediwa tshwanelo ya –
(a) go dira ditshwetso tebang le tsa pelegi,
(b) go sireletsega le taolo mo mebeleng ya bone; le
(c) go se tsenngwe mo ditekong tsa bongaka le bonetetshi ntle le
go neela tetla.
13. Bokgoba, bolala le tiro ya pateletso
Ga go ope yo o tshwanetseng go tsenngwa mo bokgobeng kgotsa go
dirisiwa ka bolala le fa e le ka pateletso.
14. Sephiri
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya sephiri go akarediwa tshwanelo
ya –
(a) botho kgotsa ntlo ya bona go se phuruphutswe;
(b) dithoto tsa bona go se letle go phuruphutswa;
(c) go se amogiwe dithoto; kgotsa
(d) sephiri sa tlhaeletsano ya bona go se kgorelediwe.
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
9
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
15. Kgololosego ya bodumedi, tumelo le kakanyo
(1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya
maikutlo, bodumedi, mogopolo, tumelo le kakanyo.
(2) Ditirelo tsa bodumedi di ka tshwarelwa mo dikagong tsa puso
kgotsa tse di tlamelwang ke puso fa fela:
(a) ditirelo tseo di latela melawana e e beilweng ke bothati ba
botlhe bo bo maleba ba ditheo tseo;
(b) ditirelo di tsamaisiwa ka tsela ya tekatekanyo; le
(c) go di tsenela go gololesegile e bile ka ithaopo.
(3)
(a) Karolwana e ga e kgoreletse peomolao go amogela –
(i) manyalo a a kannweng go ya ka setso, kgotsa mokgwa wa
bodumedi, sephiri kgotsa molao wa malapa;
(ii) ditsamaiso tsa sephiri le molao wa malapa go ya ka setso
sengwe le sengwe kgotsa batho ba bodumedi bo bo
rileng.
(b) Go tsewa tsia mo mabakeng a temana(a) go tshwanetse go
lepalepana le dithulaganyetso tse dingwe tsa Molaotheo.
16. Kgololosego ya tlhagisomaikutlo
(1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya go
tlhagisa maikutlo, go akarediwa –
(a) kgololosego ya dikgatiso le metswedi e mengwe ya
phasalatso;
(b) kgololosego ya go amogela kgotsa go neelana ka
tshedimosetso kgotsa dikakanyo;
(c) kgololosego ya botaki ba botlhami; le
(d) kgololosego ya boithutedi le kgololosego ya dipatlisiso tsa
bonetetshi
(2) Ditshwanelo tsa molawana(1) ga di fetelele go akaretsa –
(a) tlhotlheletso ya ntwa;
10
(b) tlhotlheletso ya khuduego e e kukelang; kgotsa
(c) tlhotlheletso ya letlhoo le le ikaegileng ka bomorafe, lotso,
bong, kgotsa bodumedi, le se e leng tlhotlheletso e e tlisang
kgobalo.
17. Kokoano, ditshupetso, phiketo le phetišene
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo, ka kagiso e bile a sa tlhomela, ya
go kokoana, go dira tshupetso, go phiketa, le go neelana ka diphetišene.
18. Kgololosego ya kamano
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya kgololosego ya kamano.
19. Ditshwanelo tsa sepolotiki
(1) Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go itlhophela mo
dipolotiking go akarediwa tshwanelo ya –
(a) go itlhamela lekoko la sepolotiki;
(b) go tsaya karolo mo medirong ya, kgotsa go ngokela
ditokololo go, mokgatlho wa sepolotiki; le
(c) go tswa letsholo boemong ba lekoko la dipolotiki kgotsa go
kgaratlhela lebaka lengwe.
(2) Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya ditlhopho tse di
gololesegileng, tse di lolameng, tsa ka gale tsa kgotlapeomolao
nngwe le nngwe e e tlhomilweng go ya ka Molaotheo.
(3) Moagi mongwe le mongwe wa mogodi o na le tshwanelo ya–
(a) go tlhopha, mo ditlhophong tsa kgotlapeomolao nngwe le
nngwe e e tlhomilweng go ya ka Molaotheo, mme a dira jalo
mo sephiring; le
(b) go nna ntlhopheng mo tirong ya setšhaba, mme fa a
tlhophilwe, a nna mo tirong eo.
20. Boagi
Ga go moagi ope yo o tla ganelwang boagi.
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
11
21. Kgololosego ya tsamao le bodulo
(1) Mongwe le mongwe o na le kgololosego ya go ya kwa a ratang
teng.
(2) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tswa mo
Rephaboliking.
(3) Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tsena, go nna,
le go aga gongwe le gongwe mo Rephaboliking.
(4) Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya lokwalo lwa
mosepele.
22. Kgololosego ya kgwebo, tiro le boithutelo
Moagi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go kgetha kgwebo,
tiro kgotsa boithutelo ka kgololosego. Tiragatso ya kgwebo, tiro kgotsa
boithutelotiro, e ka laolwa ka molao.
23. Dikamano tsa bodiri
(1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tiragatso ya bodiri bo bo
lolameng.
(2) Modiri mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya-
(a) go tlhama le go nna tokololo ya mokgatlho wa badiri,
(b) go tsaya karolo mo mererong le manaaneng a mokgatlho wa
badiri; le
(c) go ngala tiro.
(3) Mothapi mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya –
(a) le go bopa le go nna tokololo ya mokgatlho wa bathapi; le
(b) go tsaya karolo mo mererong le manaaneng a mekgatlho ya
bathapi;
(4) Mokgatlho mongwe le mongwe wa badiri le mokgatlho mongwe le
mongwe wa bathapi o na le tshwanelo ya –
(a) go tlhomamisa tsamaiso, manaane, le merero ya ona;
(b) go rulaganya; le
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
12
(c) go bopa le go nna tokololo ya mokgatlho wa fetereišene.
(5) Mokgatlho mongwe le mongwe wa badiri, mokgatlho wa bathapi
le mothapi, di na le tshwanelo ya go kgaratlhela ditshiamelo ka
mogoso. Peomolao ya bosetšhaba e tla tsenngwa mo tirisong
go laola kgaratlhelo ya ditshiamelo ka mogoso. Go fitlha moo
peomolao e ka lekanyetsang tshwanelo mo Kgaolong e, tekanyetso
e tshwanetse go dumelelana le Karolo 36(1).
(6) Peomolao ya bosetšhaba e ka amogela dithulaganyo tsa
tshireletsego tsa mokgatlho wa badiri, tse di mo ditumelelanong
tsa mogoso. Go fitlha moo peomolao e ka lekanyetsang tshwanelo
mo Kgaolong e, tekanyetso e tshwanetse go dumelelana le Karolo
36(1).
24. Tikologo
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya –
(a) go nna mo tikologong e e seng kotsi mo matshelong le mo
bothong ba bona; le
(b) go nna le tikologo e e sireletsegileng, go nna mosola mo
dikokomaneng tsa jaanong le tsa isago, go ya ka peomolao le
dikgato dingwe tse di utlwalang tse di-
(i) thibela kgotlelego le kwelotlase ya tlhago;
(ii) Go etleetsa tshomarelo ya tlhago; le
(iii) Go fitlhelela kagoseša le tiriso ya maruo a tlhago; go nna
le tswelelopele e e sireletsang pabalesego ya tlhago le
tiriso ya dikumo tsa tlhago fa re rotloetsa tlhabololo e e
siameng ya ikonomi le e e siameng ya loago.
25. Dithoto
(1) Ga go ope yo o tla tseelwang dithoto tsa gagwe kwa ntle ga
mabaka a a mo tirisong ka kakaretso, e bile ga go molao o o tla
letlang go tseelwa dithoto ka kgobelelo.
(2) Dithoto di ka amogiwa ka molao wa tiriso ya kakaretso wa ka
gale–
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
13
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
(a) go dirisetswa botlhe kgotsa mo kgatlhegong ya botlhe; le
(b) go laola tuelo ya go tlhatswa diatla, tlhotlhwa e nako le
mokgwa wa tuelo go dumalalanweng ke ba ba amegang go
sweditswe kgotsa go rebotswe ke kgotlatshekelo.
(3) Tlhotlhwa, nako le mokgwa wa tuelo, wa go tlhatswa diatla
o tshwanetse go nna o o lolameng wa tekatekanyo, o supa
tekatekanyo e e lekanang fa gare ga kgatlhego ya botlhe le
dikgatlhego tsa ba ba amegang, go tsewa tsia mabaka otlhe a a
maleba, go akarediwa –
(a) tiriso ya ga jaana ya thoto;
(b) lemorago le tsela e dithoto tseo di fitlheletsweng ka yona;
(c) tlhotlhwa ya tsona mo mmarakeng;
(d) boleng ba peeletso ya puso le tshegetso mo phitlhelelong le
tlhabololo ya tlhotlhwa e e mosola ya dithoto; le
(e) mabaka a go amogiwa dithoto.
(4) Mo maitlhomong a karolo e –
(a) kgatlhego ya botlhe e akaretsa itlamo ya setšhaba go
tlhabololo ya lefatshe, le ditlhabololo go tlisa phitlhelelo e e
nang le tekatekanyetso ya metswedi yotlhe ya tlhago ya go
tlamela ditlhokego tsa Aforika Borwa; le
(b) dithoto ga di lekanyelediwe fela mo nageng.
(5) Puso e tshwanetse go tsaya dikgato tse di isegang tsa peomolao le
tse dingwe mo metsweding e e kgonegang ya yona, go tsweletsa
maemo a a kgontshang baagi go fitlhelela lefatshe mo kemong e e
lekalekanang.
(6) Motho kgotsa setlhopha sa magae se go nna ga bona mo
lefatsheng go sa sireletsegang go ya ka fa molaong ka ntlha ya
melao ya kgale ya tlhophololo kgotsa ditlwaelo, se tshwanelwa
go ya ka thulaganyetso ya Molao wa Palamente o ke bonno jo
bo sireletsegileng ka fa molaong, kgotsa go tshiamisetso e e
tshwantshanyegang.
(7) Motho kgotsa setlhopha sa magae se se amogilweng dithoto
morago ga la 19 Seetebosigo 1913 ka ntlha ya melao ya kgale
14
ya tlhotlhololo kgotsa ditlwaelo, se tshwanelwa, go ya ka
thulaganyetso ya Molao wa Palamente go busediwa dithoto tseo,
kgotsa tshiamisetso e e e kalekanang.
(8) Ga go thulaganyetso ya karolo e e ka kgoreletsang puso go tsaya
dikgato tsa peomolao le tse dingwe go fitlhelela tlhabololo ya
lefatshe, metsi kgotsa tlhabololo e e amanang, ka tebo ya go
busetsa tlwaeding ditlamorago tsa tlhotlhololo e e fetileng, ya go
ya ka morafe, fa fela dikgato tse tsa peomelao le tse dingwe di
isega go ya ka dithulaganyetso tsa karolo 36(1).
(9) Palamente e tshwanetse go tlhoma molao ka peomolao e e
umakiwang mo dikarolwaneng tsa(6).
26. Matlo
(1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le bonno bo bo
tshwanetseng.
(2) Puso e tshwanetse go tsaya dikgato dingwe tse di isegang ka
peomolao, mo metsweding e e kgonegang ya yona, dingwe go ya
ka dithata tse di gona, go tsweletsa phitlhelelo ya tshwanelo e.
(3) Ga go motho ope yo o ka kobiwang mo ntlong ya gagwe, kgotsa
go thubelwa ntlo, ntle le taelo ya kgotlatshekelo e e dirilweng
morago ga mabaka otlhe a sekesekilwe. Ga go peomolao e e
letlang go kobiwa ka kgobelelo.
27. Tlhokomelo ya boitekanelo, dijo, metsi le tshireletsego ya
loago
(1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya phitlhelelo go –
(a) Ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo go akarediwa
tlhokomelo ya boitekanelo jwa tsa pelegi;
(b) Dijo tse di lekaneng le metsi a a phepa; le
(c) Pabalesego ya loago e e akaretsang, fa ba ba sa kgoneng
go iphedisa le bana ba bona, go ba naya thuso ya loago e e
maleba.
(2) Puso e tshwanetse go tsaya dikgato tse di isegang ka peomolao le
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
15
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
tse dingwe, go ya ka fa ditlamelo tse di letlang go tlisa kgatelopele
go fitlhelela nngwe le nngwe ya ditshwanelo tse.
(3) Ga go ope yo o tla ganelwang kalafi ya tshoganyetso.
28. Bana
(1) Ngwana mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya –
(a) go tewa leina le bosetšhaba go simologa fa a belegwa;
(b) tlhokomelo ya lesika kgotsa ya batsadi, kgotsa nngwe e e
maleba fa a tlositswe kwa lapeng lwa gaabo;
(c) phepo ya motheo, tshireletso, boitekanelo bogolo setona mo
boseeng le ditirelo tsa loago;
(d) go sirelediwa mo go tshwarweng makgwakgwa, go se
tlhokomelwe, go sotliwa, le go nyenyefadiwa ka tshotlo;
(e) go sirelediwa kgatlhanong le go sotliwa ka go dirisiwa ditiro
tse di sa dumelelwang;
(f) go se batliwe le go se letliwe go dirisiwa kgotsa go tlamela
ditirelo –
(i) ka mokgwa o o seng maleba le dingwaga tsa bana, kgotsa
(ii) go se dirisiwe kwa lefelong le le kotsi mo bothong,
mo thutong, mmeleng, tlhaloganyong, moweng le mo
maitseong kgotsa mo kgolong ya gagwe;
(g) go se tlhatlhelwe mo kgolegong ntle le fa kgato ya bofelo,
fa go le jalo, godimo ga ditshwanelo tse ngwana a di
itumelelang, ka fa tlase ga karolwana ya 12 le 35, ngwana a
ka tlhatlhelwa fela ka nako e khutshwane thata, mme a na le
tshwanelo ya –
(i) go se kopanngwe le batshwara ba dingwaga di le 18 ; le
(ii) go tsholwa ka mokgwa, e bile a beilwe mo maemong; a a
tsayang tsia dingwaga tsa ngwana;
(h) go nna le ramolao o a reboletsweng ngwana ke puso, e bile ka
ditshenyegelo tsa puso, mo dikgato tsa selegae tse di amang
ngwana, fa tlolomolao e ka diragala kwa bofelong; le
16
(i) go se dirisiwe ka tlhamalalo mo kgotlhang ya dibetsa, le
go sirelediwa mo dinakong tsa kgotlhang ya dibetsa.
(2) Dikgatlhegelo tsa ngwana ke tsa botlhokwa thata mo mabakeng
otlhe a a amang ngwana.
(3) Mo karolong e, “ngwana” ke motho wa dingwaga tse di fa tlase ga
18.
29. Thuto
(1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo –
(a) go thuto ya motheo, go akarediwa thuto ya motheo ya bogolo;
le
(b) go thuto ya tsweletso, e puso e tshwanelang go tsaya dikgato
tse di isegang gore e nne e bonwe e be e fitlhelelwe ka
kgatelopele.
(2) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go amogela thuto ka
puo kgotsa dipuo tsa semmuso mo ditheong tsa thuto tsa botlhe,
fa seo se kgonagala. Go netefatsa phitlhelelo ya nnete ya se, le
tiragatso ya tshwanelo e, puso e tshwanetse go sekaseka maphata
otlhe a a kgonegang a thuto, go akaretsa ditheo tse di rutang ka
loleme lo le nosi, e bile go tsewa tsia –
(a) tekatekano;
(b) kgonagalo; le
(c) tlhokego ya go busetsa kemong ditlamorago tse di
tlhodilweng ke melao le tiragatso ya kgethololo ya bomorafe e
e fetileng.
(3) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tlhoma le go
tsweletsa, ka ditshenyegelo tsa bona, ditheo tsa thuto tse di
ikemetseng tse –
(a) di sa kgethololeng go ya ka lotso;
(b) di kwadisitsweng mo pusong; le
(c) go tshegetsa maemo a a seng kwa tlase ga a a mo ditheong
tsa thuto tsa botlhe fa a tshwantshanngwa.
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
17
(4) Karolwana(3) ga e thibele dithuso tsa puso go ditheo tsa thuto tse
di ikemetseng.
30. Puo le setso
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go dirisa puo le go tsaya karolo
mo setsong go ya ka fa a itlhophetseng, mme ga go ope yo o tshwanelang
go dirisa dithata tseo ka mokgwa o o seng ka fa dikaelong le tetla nngwe
ya Molaotlhomo wa Molaotheo.
31. Ditlhopha tsa setso, bodumedi, le puo
(1) Batho ba ditlhopha tsa setso, bodumedi kgotsa puo ga ba na
ba kganelwa tshwanelo, le ditokololo tse dingwe tsa bona tsa
setlhopha, go –
(a) itumelela setso, go diragatsa bodumedi ba bona, le go dirisa
puo ya bona; le
(b) tlhama, go nna leloko, le go tshegetsa mekgatlho ya setso,
borapedi le puo le ditheo tse dingwe tsa setšhaba.
(2) Ditshwanelo tse di mo Karolwaneng(1) ga di ne di diragadiwa ka
mokgwa o o seng ka fa dikaelong dipe mo Molaotlhomong wa
Ditshwanelo.
32. Phitlhelelo go tshedimosetso
(1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go fitlhelela –
(a) tshedimosetso nngwe le nngwe e e leng ya puso; le
(b) tshedimosetso nngwe le nngwe e e mo go mongwe, e batlega
go dirisetswa kana go sireletsa ditshwanelo dingwe.
(2) Peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse go tsenngwa mo molaong
go naya maatla mo tshwanelong e, e bile e ka neela dikgato tse di
isegang go fokotsa morwalo wa botsamaisi le ditshenyegelo tsa
madi mo pusong.
33. Tiragatso ya tsamaiso e e nang le tshiamo
(1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya tiragatso ya tsamaiso e e
mo molaong, e e isegang e bile e lolame ka dithulaganyo.
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
18
(2) Mongwe le mongwe yo ditshwanelo tsa gagwe di patikilweng
mašwe ka tiragatso ya tsamaiso o na le tshwanelo ya go newa
mabaka a a kwadilweng.
(3) Peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse go tsenngwa mo molaong
go naya ditshwanelo tse maikatlapelo, le go –
(a) rulaganyetsa tshekatsheko ya tiragatso ya tsamaiso ka
kgotlatshekelo kgotsa, fa go tshwanelang, ka lekgotla le le
ikemetseng le le se nang ditlhotlho;
(b) go baya boikarabelo mo pusong go naya maikatlapelo go
ditshwanelo tse di mo dikarolong tsa(1) le(2); le
(c) go etleetsa tsamaiso e e siameng.
34. Phitlhelelo go dikgotlatshekelo
Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya gore kgotlhang nngwe le
nngwe e e ka rarabolwang ka molao, e atlhole ka tshiamo mo botlhe ba
ikutlwelang mo kgotlatshekelong kgotsa, fa go tshwanela, lekgotla lengwe
le le ikemetseng kgotsa kokoano nngwe.
35. Batshwarwa, batlhatlhelwa le balatofadiwa
(1) Mongwe le mongwe yo o tshwaretsweng go tlola molao o na le
tshwanelo ya –
(a) go didimala;
(b) go itsisiwe ka bonako –
(i) tshwanelo ya go didimala; le
(ii) ditlamorago tsa go se didimale;
(c) go se patelediwe go ipobola kgotsa go amogela molato e le fa
se se ka dirisiwa jaaka bopaki kgatlhanong le ene;
(d) go tlhagisiwa mo kgotlatshekelong ka bonako bo bo
kgonegang, mme e seng morago ga–
(i) diura tse 48 morago ga go tshwarwa; kgotsa
(ii) kwa bofelong jwa letsatsi la ntlha la kgotlatshekelo,
morago ga go feta ga diura di le 48, fa diura tse 48 di
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
19
fetile e se nako ya tiro ya kgotlatshekelo, kgotsa mo
letsatsing le e e seng la kgotlatshekelo la tlwaelo.
(e) mo go tlhagelelang la ntlha mo kgotlatshekelo, morago ga go
tshwarwa, a atlholwe kgotsa a bolelelwe lebaka la go tswelela
go tshwarwa, kgotsa a gololwe; mme
(f) a gololwe mo kgolegong fa dikgatlhego tsa bosiamisi di letla,
ka taolo ya mabaka a a isegang.
(2) mongwe le mongwe yo o tlhatlhetsweng, go akarediwa
batshwarwa ba ba bonweng molato, ba na le tshwanelo ya –
(a) go itsisiwe ka bonako mabaka a go tlhatlhelwa;
(b) go kgetha, le go rerisana le ramolao, le go itsisiwe tshwanelo
e ka bonako;
(c) go fiwa ramolao ke puso, le ka ditshenyegelo tsa puo fa go ka
nna le go tlhoka tshiamo go go ka diragalang le go itsisiwe ka
tshwanelo e ka bonako;
(d) go gwetlha bomolao ba tlhatlhelo ka boene kwa
kgotlatshekelo, mme fa tlhatlhelo e se ka fa molaong, a
gololwe;
(e) maemo a tlhatlhelo a a malebana le seriti sa botho, go
akarediwa tiragatso le thulaganyetso ya go newa bonno,
phepo, dikwalo tsa go buisa le kalafi, ka ditshenyegelo tsa
puso; le
(f) go letlwa go golagana le go etelwa ke-
(i) mogatse kgotsa molekane;
(ii) ba losika;
(iii) moruti yo a mo itlhophetseng wa mokgopolodi; le
(iv) ngaka e a e itlhophetseng.
(3) Motho mongwe le mongwe yo o latofadiwang o na le tshiamelo ya
go sekisiwa katolamo go akarediwa tshwanelo ya –
(a) go itsisiwe molato ka botlalo go mo kgontsha go araba;
(b) go nna le nako e e lekaneng le didiriswa go ipaakanyetsa
itshireletso;
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
20
(c) go sekisiwa phatlhalatsa mo kgotlatshekelong e e
tlwaelegileng,
(d) go nna le tsheko e e simologang e be e khutla ntle le tiego e e
sa tlhokagaleng;
(e) go nna teng fa a sekisiwa;
(f) go kgetha, le go emelwa ke, mueledi/ramolao le go itsisiwe ka
tshwanelo e ka bonako;
(g) go nna le mmueledi o puso e mo nayang motho yo o
latofadiwang, ka ditshenyegelo tsa puso, fa tshiamololo
e kgolo e ka tlhagelela kwa bofelong, le go itsisiwe ka
tshwaneloe ka bonako;
(h) go tsewa o se molato, le go nna o didimetse, le go se pake mo
tsweletsong ya tsheko;
(i) go sekaseka le go gwetlha bopaki;
(j) go se patelediwe go fa bopaki jo bo ka go tshwarisang;
(k) go sekisiwa ka puo e molatofadiwa a e tlhaloganyang kgotsa, fa
go sa kgonege go fetolelwa ditsweletso tsa tsheko ka puo eo;
(l) go se atlholwe mabapi le molao mongwe kgotsa tlogelo nngwe
e e neng e se tlolomolao go ya ka molao wa bosetšhaba
kgotsa wa boditšhabatšhaba ka nako e e neng e dirwa kgotsa
e tlogetswe ka yona;
(m) go se sekisiwe mabapi le tlolomolao kgotsa tlogelo e motho a
se kileng a bonwa molato mo go yona kgotsa a e otlhaelwa;
(n) go newa bomolemo ba kotlo e e botlhofotlhofo ya dikotlhao
tse di beilweng fa katlholo e e beetsweng molato e ka boa e
fetotswe kgabareng ya nako e molato o dirilweng ka yona le
nako ya katlholo; le
(o) go ikuela mo katlholelong, kgotsa tshekatshekosešwa mo,
kgotlatshekelong e kgolwane.
(4) Gangwe le gape fa karolo e e tlhoka gore tshedimosetso e fiwe
motho, tshedimosetso eo e tshwanelwa go fiwa ka puo e motho
yoo a e tlhaloganyang.
(5) Bopaki bo bo fitlheletsweng ka mokgwa o o tlolang tshwanelo
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
21
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
nngwe e e mo Malaotlhomong wa Ditshwanelo bo tshwanetse
go kgaphelwa thoko fa go amogelesega gore bopaki boo bo ka
dira gore tsheko e tlhoke tolamo kgotsa ka tsela nngwe go ka
kgopakgopetsa tsamaiso ya bosiamisi.
36. Tekanyetso ya ditshwanelo
(1) Ditshwanelo mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo di ka
lekanyediwa fela ka ditaelo tsa molao wa tiragatso ka kakaretso
go fitlha fa tekanyetso e isegang e bile e siame mo loagong le le
buletsweng botlhe la demokerasi e e ikaegileng mo seriting sa
botho, tekatekano le kgololosego, go tsewa tsia dintlha tsotlhe tse
di maleba go akarediwa –
(a) mokgwa wa tshwanelo;
(b) botlhokwa ba maikaelelo a tekanyetso;
(c) mokgwa le bogolo ba tekanyetso;
(d) kgolagano fa gare ga tekanyetso le maikaelelo ya yona; le
(e) mekgwa e e iletsang e mennye go fitlhelela maikaelelo.
(2) Ntle le fa jaaka go rulaganyeditswe mo go karolwaneng ya(1)
kgotsa mo thulaganyetsong nngwe gape ya Molaotheo, ga go
molao o o ka lekanyetsang tshwanelo nngwe e e konoteletsweng
mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo.
37. Maemo a tshoganyetso
(1) Maemo a tshoganyetso a ka goelediwa fela go ya ka molao wa
palamente –
(a) matshelo a setšhaba a tshosediwa ke ntwa, tlhaselo,
khuduego ka kakaretso, tlhakatlhakano, dintelo tsa tlhago
kgotsa tshoganyetso ya botlhe; le
(b) kgoeletso e tlhokega go lere kagiso le tolamo.
(2) Kgoeletso ya maemo a tshoganyetso, le molao mongwe le
mongwe o o tsenngwang mo tirisong kana kgato e e tsewang ka
ntlha ya kgoeletso eo, e ka kgonagala fela –
(a) go simolola ka letlha la kgoeletso; le
22
(b) go sa fete malatsi a 21 go simolola ka letlha la kgoeletso ntle
le fa Kokoano ya Bosetšhaba e ka tsaya tshwetso ya go oketsa
kgoeletso. Kokoano e ka katolosa ka kgoeletso ya maemo a
tshoganyetso ka nako e e sa feteng kgwedi tse tharo nako le
nako. Katoloso ya ntlha ya maemo a tshoganyetso e tshwanela
go nna ka tshwetso e e amogelwang ke bontsi ke ba boutu
e e tshegediwang ditokololo tsa Kokoano. Katoloso nngwe
le nngwe e e latelang e tshwanela go nna ka tshwetso e e
amogetsweng ke boutu e e tshegediwang ke diperesente di
le 60 tsa ditokololo tsa Kokoano. Tshwetso mo mabakeng a
temana e, e ka amogelwa fela go latela dipuisano tsa botlhe
mo Kokoanong.
(3) Kgotlatshekelo nngwe le nngwe e e nang le bokgoni e ka dira
tshwetso ka boleng ba –
(a) kgoeletso ya maemo a tshoganyetso;
(b) katoloso nngwe le nngwe ya kgoeletso ya maemo a
tshoganyetso; kgotsa.
(c) peomolao nngwe le nngwe e e leng molao, kgotsa dikgato tse
di tserweng, ka lebaka la kgoeletso ya maemo a tshoganyetso.
(4) Peomolao nngwe le nngwe e e leng molao o o mo tirisong
ka ntlha ya kgoeletso ya maemo a tshoganyetso e ka nyatsa/
tlontlolola Molaotlhomo wa Ditshwanelo fela go fitlha–
(a) fa lenyatso le patelesega ka ntlha ya ka tshoganyetso fela; le
ka
(b) peomolao –
(i) e lekalekana le maitlamo a Rephaboliki ka fa tlase ga
molao wa boditšhabatšhaba; o o diragadiwang mo
maemong a tshoganyetso;
(ii) e tsamaelana le karolwana(5); le
(iii) e phasaladitswe mo Kaseteng ya Puso ya naga ka bonako
bo bo kgonegang morago ga go tsenngwa mo tirisong.
(5) Ga go Molao wa Palamente o o dumelelang kgoeletso ya maemo
a tshoganyetso, e bile ga go molao o o tlhomilweng kgotsa kgato
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
23
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
nngwe e e tserweng ka ntata ya kgoeletso, e e ka letlang kgotsa ya
dumelela –
(a) go se latofadiwe ga puso, kgotsa motho mongwe le mongwe,
tebang le tiragalo nngwe e e leng tlolomolao;
(b) tlontlololo nngwe le nngwe mo karolong e; kgotsa
(c) tlontlololo nngwe le nngwe mo karolong e e umakilweng
mo kholomong ya 1 ya Lenaane la Ditshwanelo-Tse-Di-Satlontlololegeng,
go fitlha ka fa go kaelwang go lebana le
karolo eo mo kholomong 3 ya lenaane leo.
Lenaane la Ditshwanelo tse di sa Tlontlololegeng
1
Nomoro ya
setlhogo
2
Setlhogo sa karolo
3
Selekano se tshwanelo e ka se
tlontlololegeng
9
Tekatekano 
Tekatekano tebang le tlhotlhololo e
e sa lolamang fela mo mabakeng a
bomorafe, mmala, lotso , tshika, bong,
bodumedi kgotsa puo
10
Seriti sa botho 
Gotlhelele
11
Botshelo 
Gotlhelele
12
Kgololosego le
tshireletsego ya motho
Tebang le dikarolwana(1)(d) le(e)
le 2(c)
13
Bokgoba, tiro ya bolata
le ya pateletso
Tebang le bokgoba le bolata
28
Bana
Tebang le
- karolwana(1)(d) le(e);
- ditshwanelo mo dikatemaneng(i)
le(ii) tsa karolwana(1) (g); le
- karolwana(1)(i) tebang le bana ba
dingwaga di le 15 le tse di kwa tlase
35
Batshwarwa,
batlhatlhelwa le ba ba
latofadiwang
Tebang le:
- dikarolwana(1)(a),(b) le(c) le(2)(d)
- ditshwanelo mo ditemaneng(a) go
fitlha (0) tsa karolwana(3), go sa
akarediwa temana(d);
- karolwana(4), le
- karolwana(5) tebang le go tlogelwa
ga bopaki fa kamogelo ya bopaki
joo e ka dira gore tsheko e se ke
ya lolama
, 
24
(6) Fa mongwe a tlhatlhetswe ntle le go sekisiwa ka ntlha ya
tlontlololo ya ditshwanelo e le ditlamorago tsa kgoeletso ya
maemo a tshoganyetso, maemo a a latelang a tshwanetse go elwa
tlhoko: –
(a) mogolo wa losika kgotsa tsala ya motlhatlhelwa o tshwanelwa
go bonwa ka bonako bo bo kgonegang, le go bolelelwa gore
motho yo, o tlhatlhetswe. kitsiso e tshwanetse go phasaladiwa
mo Kaseteng ya Mmuso ya naga mo malatsing a matlhano go
itsisi leina la motlhatlhelwa yo, le lefelo fa a tlhatlhetsweng
gona go umakiwe e bile go kaiwa dikgato tse a tlhatlhetsweng
ka ntlha ya tsona.
(b) motlhatlhelwa o tshwanetse go dumelelwa go ikgethela le go
lekolwa ke ngaka ka nako nngwe le nngwe e e isegang.
(d) motlhatlhelwa o tshwanetse go letlelelwa go kgetha le go
etelwa ke ramolao ka nako nngwe le nngwe e e isegang.
(e) kgotlatshekelo e tshwanela go sekaseka tlhatlhelo ka bonako
bo bo kgonegang, mme go ise go fete malatsi a le 10 go
simolola fa a tlhatlhelwa, gape kgotlatshekelo e tshwanela go
mo golola ntle le fa tlhatlhelo e tlhokega go busetsa kagiso
le tolamo.
(f) Motlhatlhelwa yo a sa gololwang ka mabaka a tshekatsheko
a temana(e) kgotsa yo a sa gololwang ka mabaka a
tshekatsheko mo temaneng eo ka kopa gape go kgotlatshekelo
go bona tshekatsheko ya go tlhatlhelwa nako nngwe le nngwe
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
25
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
morago ga malatsi a le 10 a fetile, a tshekatsheko e e fetileng,
mme mo go lengwe le lengwe la mabaka a, kgotla e tshwanela
go golola motlhatlhelwa, ntle le fa go sa ntse go tlhokega
go tsweletsa go tlhatlhelwa go busetsa kagiso le tolamo mo
maemong.
(g) motlhatlhelwa o tshwanetse go dumelelwa go tlhagelela ka
boene fa pele ga kgotlatshekelo e e sekasekang go tlhatlhelwa
go, le go ka emelwa ke ramolao kwa ditshekong, le go ikuela
kgatlhanong le tlhatlhelo e e tswelediwang;
(h) puso e tshwanela go naya kgotlatshekelo mabaka a a
kwadileng a go bontsha tshiamo ya tlhokego ya go tlhatlhelwa
ga motlhatlhelwa, e bile lekgotla le neele motlhatlhelwa
lokwalo la mabaka ao bonnye malatsi a mabedi pele lekgotla
le sekaseka tlhatlhelo
(7) Fa lekgotla le golola motlhatlhelwa, motho yoo a seka a tlhole a
tlhatlhelwa gape ka mabaka ao gape ntle le fa puso e ka bontsha
kgotlatshekelo lebaka le le tiileng la go tlhatlhela motho yoo.
(8) Dikarolwana(6) le(7) ga di ame batho ba e seng baagi ba
Rephaboliki ya Aforika Borwa ba ba tlhatlhetsweng ka ntlha ya
kgotlhang ya dibetsa ya boditšhabatšhaba. Go le jalo, puso e
tshwanetse go inaakanya le dikelo tse di tlamang Rephaboliki mo
molaong wa botho wa boditšhabatšhaba tebang le go tlhatlhelwa
ga batho ba mothale o.
38. Pateletso ya ditshwanelo
Mongwe le mongwe yo a kwadileng mo karolong e o na le tshwanelo ya
go ikuela mo kgotla-tshekelong e e nonofileng, a tlhagisa gore tshwanelo
mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo e tlotswe kgotsa e a tshosediwa, mme
kgotla e ka neela tlhatlolo/thuso e e maleba, go akarediwa tlhomamiso ya
ditshwamelo. Batho ba ba ka dirang boikuelo go kgotlatshekelo ke –
(a) mongwe le mongwe a dira mo kgatlhegong ya gagwe;
(b) mongwe le mongwe a dira mo boemong ba motho yo a sa
kgoneng go itirela ka boene mo leineng la gagwe;
(c) mongwe le mongwe yo a dirang jaaka tokololo ya, kgotsa mo
26
kgatlhegong ya lekoko kgotsa ba setlhopha sa batho;
(d) mongwe le mongwe a dira mo kgatlhegong ya botlhe;
(e) setheo se dira mo kgatlhegong ya ditokololo tsa sona.
39. Thanolo ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo
(1) Fa go ranolwa Molaotlhomo wa Ditshwanelo kgotlatshekelo,
lekgotlakatlholo kgotsa lekgotla le –
(a) tshwanetse go tsweletsa meetlo e e theilweng mo loagong lwa
demokerasi e e ikaegileng mo seriting sa botho, tekatekano le
kgololosego.
(b) tshwanetse go tsaya tsia molao wa boditšhabatšhaba, le
(c) go sekaseka molao wa seeng.
(2) Fa go rarolwa peomolao nngwe le nngwe, le fa go tlhabololwa
molao wa tlwaelo, le wa setso, kgotsatshekelo nngwe le nngwe,
lekgotla kgotsa le tshwanetse go tsweletsa mowa, moono le
maikaelelo a Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
(3) Molaotheo wa Ditshwanelo ga o ganetse go nna teng ga
ditshwanelo dingwe kgotsa dikgololosego tse di itsegeng kgotsa
tse di neetsweng ka molao wa tlwaelo, molao wa setso kgotsa
peo-molao, go fitlhelela moo di dumelelanang le Molaotlhomo.
KGAOLO 2: MOLAOTLHOMO WA DITSHWANELO
27
KGAOLO 3: PUSO YA TIRISANO
KGAOLO 3
PUSO YA TIRISANO (kl 40-41)
40. Popego ya Rephaboliki
(1) Mo Rephaboliking, puso e tlhamilwe go ya ka makala a
bosetšhaba, porofense, le ya selegae, tse di farologaneng, mme di
thusana le go golagana.
(2) Ditikologo tsotlhe tsa puso di tshwanela go tsaya le go inaakanya
mo metheong e e mo kgaolong e e bile di tshwanela go
tsamaisa merero ya tsona mo gare ga melelwane e Kgaolo e e e
rulaganyetsang.
41. Metheo ya puso ya tirisano le dikamano mo pusong
(1) Makala otlhe a puso le ditheo tsotlhe tsa puso mo lekaleng legwe
le legwe di tshwanela –
(a) go babalela kagiso, kitlano ya bosetšhaba le go se kgaogane
ga Rephaboliki;
(b) go boloka go tshela sentle ga batho ba Rephaboliki;
(c) go rulaganyetsa puso ya bokgoni, le e e mo pontsheng, e e
maikarabelo, ya tomagano mo Rephaboliki yotlhe;
(d) go nna boikanyego go Molaotheong, Rephaboliki, le batho ba
yona;
(e) go tlotla kemo ya Molaotheo, ditheo, dithata le ditiro tsa puso
mo dikarolong tse dingwe;
(f) go se itseele thata kgotsa tiro epe ntle le tseo di roletsweng go
bona go ya ka Molaotheo;
(g) go dirisa maatla le go dira ditiro tsa bona ka mokgwa o o sa
sutlheleleng mo melelwaneng, ditiro kgotsa boleng ba ditheo
tsa puso mo makaleng mangwe; le
(h) go dirisana mmogo ka go tshepana le boikanyego bo bo
siameng ka –
28
(i) go etleetsa dikamano tsa botsalano;
(ii) go thusana le go tshegetsana;
(iii) go sedimosetsana le go rerisana mo mabakeng a ba nang
le dikgatlhego go ona botlhe;
(iv) go lomaganya ditiro le peomolao ya bona; le
(v) go inaakanya le ditsela tsa ditsamaiso tse di
dumallanweng; le
(vi) go tila go tseelana dikgato tsa semolao.
(2) Molao wa Palamente o tshwanetse
(a) go tlhoma kgotsa wa rulaganyetsa ditheo le ditheo go
tsweletsa le go kgontsha dikamano gareng ga puso;
(b) go rulaganyetsa mekgwa le ditsela tsa go kgontsha tharabolo
ya dikganetsano gareng ga puso.
(3) Sethwe sa puso se se amegang mo kganetsanong e e gareng ga
puso se tshwanela go tsaya matsapa a a isegang go rarabolola
kgotlhang ka mekgwa le ditsela tse di rulaganyeditsweng lebaka
leo, e bile se tshwanetse go leka ditharabololo tsotlhe pele se ka
ikuela kwa kgotlatshekelong go rarabolola kgotlhang.
(4) Fa kgotlatshekelo e sa kgotsofala gonne ditlhokego tsa
karolwana(3) di sa fitlhelelwa, e ka busetsa kgotlhang morago go
ditheo tsa puso tse di amegang.
KGAOLO 3: PUSO YA TIRISANO
29
KGAOLO 4: PALAMENTE
KGAOLO 4
PALAMENTE
42. Popego ya Palamente
(1) Palamente e diriwa ke –
(a) Kokoano Bosetšhaba
(b) Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.
(2) Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense
di tsaya karolo mo tiragatsong ya go tlhoma molao ka mokgwa o o
tlhalosiwang mo Molaotheong.
(3) Kokoano Bosetšhaba e tlhophiwa go emela batho le go netefatsa
puso ya batho mo tlase ga Molaotheo. E dira se ka go kgetha
Poresidente, ka go rulaganya setheo sa bosetšhaba sa go
sekaseka mabaka a a amang batho botlhe, ka go tlhoma molao, go
tlhatlhoba le go tlhokomela tiragatso ya ona.
(4) Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e emela diporofense
go netefatsa gore dikgatlhego tsa diporofense di tsewa tsia mo
lekaleng la puso ya bosetšhaba. E dira se bogolo ka go tsaya
karolo mo tiragatsong ya peomolao ya bosetšhaba ka go tlhoma
setheo sa bosetšhaba gore batho botlhe ba sekaseke dintlha tse
di ba amang.
(5) Poresidente a ka bitsa Kokoano e e kgethegileng ya Palamente
nako nngwe le nngwe go dira tiro e e kgethegileng;
(6) Bonno ba Palamente ke Motse Kapa, mme Molao wa Palamente,
o o tsentsweng mo taolong go ya ka dikarolwana 76(1) le(5), o ka
tlhomamisa gore bonno ba Palamente bo nne felo gongwe.
43. Bothati ba peomolao ya Rephaboliki
Mo Rephaboliking, bothati ba Peomolao –
(a) mo lekaleng la bosetšhaba la puso bo rwele ke Palamente,
jaaka go tlhagisiwa mo karolong 44;
30
(b) mo lekaleng la porofense la puso bo rwele ke peomolao ya
porofense jaaka go tlhagisiwa mo karolong 104; mme
(c) mo lekaleng la selegae la puso bo rwele ke Dikhansele tsa
Bommasepala, jaaka go tlhagisitswe mo karolong 156.
44. Bothati ba peomolao ya bosetšhaba
(1) Bothati ba peomolao ya bosetšhaba jaaka bo rwele ke Palamente –
(a) bo naya Kokoano Bosetšhaba maatla –
(i) a go tlhabolola Molaotheo;
(ii) go fetisa molao tebang le morero mongwe le mongwe,
go akarediwa morero o o mo lekaleng la tiragatso jaaka
go tlhagisitswe mo go Mametlelelo 4, mme ntle le, ka
taelo ya karolwana(2), morero o o leng mo makaleng a
tiragatso a a tlhagisitsweng mo Mametlelelong 5; le
(iii) go neela nngwe le nngwe ya dithata tsa yona; ntle le thata
go tlhabolola Molaotheo, go peomolao nngwe le nngwe
mo lekaleng longwe la puso; le
(b) go rwesa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense maatla –
(i) a go tsaya karolo mo go tlhabololeng Molaotheo, go ya ka
karolo 74;
(ii) go fetisa go ya ka karolo 76, peomolao tebang le morero
mongwe le mongwe o o mo lekaleng la tiragatso e e
tlhagisitsweng mo Mametlelelong 4, le peomolao nngwe
le nngwe e e tlhomamisitsweng ke Molaotheo, go ya ka
karolo 76, le
(iii) go sekaseka go ya ka karolo 75, peomolao nngwe le
nngwe e e fetisitsweng ke Kokoano Bosetšhaba.
(2) Palamente e ka tsereganya ka go fetisa peomolao go ya ka karolo
76(1) tebang le morero o o welang mo lekaleng la tiragatso e e
kwadilweng mo go Mametlelelong 5, fa go tlhokega –
(a) go tshegetsa tshireletso ya bosetšhaba;
(b) go tshegetsa bongwe fela ba ikonomi;
KGAOLO 4: PALAMENTE
31
KGAOLO 4: PALAMENTE
(c) go tshegetsa maemo a kelo ya bosetšhaba a a botlhokwa;
(d) go tshegetsa maemo a kelo e e tlhokegang mo go neeleng
ditirelo; kgotsa
(e) go thibela dikgato tse di sa isegeng tse porofense e ka di
tsayang kgatlhanong le dikgatlhego tsa porofense e nngwe,
kgotsa kgatlhanong le dikgatlhego tsa naga ka bophara.
(3) Peomolao tebang le morero o go isegang gore o botlhokwa,
kgotsa o maleba le, tiragatso ya thata ka bokgoni tebang le morero
mongwe le mongwe o kwadilweng mo go Mametlelelong 4.
(4) Fa e diragatsa bothati ba yona ba peomolao, Palamente e tlangwa
fela ke Molaotheo, e bile e tshwanela go dira go ya ka, le mo gare
ga maparego a Molaotheo.
45. Melawana le ditaelo tse di tshwaraganetsweng
(1) Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense
e tshwanela go tlhoma komiti ya melawana le ditaelo tse di
tshwaraganeng go dira melawana le ditaelo tebang le merero ya
Kokoano le Khansele go akarediwa melawana le ditaelo –
(a) go tlhotlhomisa dithulaganyo go kgonagatsa tiragatso ya
peomolao, go akarediwa go tlhoma kelo ya nako ya go wediwa
ga kgatho nngwe le nngwe mo tiragatsong;
(b) go tlhoma dikomiti tse di tshwaraganetsweng tse di nang le
baemedi go tswa mo Kokoanong le Khansele go sekaseka le
go bega ka Melaotlhomo e e akanngwang mo karolo 74 le 75
e e rometsweng go komiti ya go nna jalo;
(c) go tlhoma komiti e e tshwaraganetsweng go thadisa
Molaotheo bonnyeng gangwe ka ngwaga; le
(d) go laola merero ya –
(i) komiti e e tshwaraganetsweng ya melawana;
(ii) komiti ya botsereganyi;
(iii) komiti ya tshekatsheko ya Molaotheo; le
(iv) dikomiti tse di tshwaraganetsweng dingwe le dingwe tse
di tlhomilweng mo mabakeng a temana(b).
32
(2) Ditokololo tsa kabinete, ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba le
baemedi mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense ba na le
ditshwanelo le ditshoutiso fa pele ga Komiti e e kopanetsweng ya
Kokoano le a Khansele jaaka fela ba na natso fa pele ga Kokoano
kgotsa Khansele.
Kokoano Bosetšhaba (kl 46-59)
46. Sebopego le ditlhopho
(1) Kokoano Bosetšhaba e diriwa ke basadi le banna ba ba seng kwa
tlase ga 350 e bile ba sa fete le 400 ba ba tlhophilweng jaaka
ditokololo ka fa ditaelong tsa thulaganyo ya ditlhopho tse –
(a) di beilweng ka peomolao ya bosetšhaba;
(b) di ikaegileng mo lenaaneng le le lengwe la batlhophi;
(c) di rulaganyeditseng dingwaga tsa go tlhopha tse kana ka 18;
le
(c) dipholo, ka kakaretso, ka boemedi bo bo lekalekanang.
[Kl.(1) e tlhabolotswe ke k. 1 ya Molao 2 wa 2003.]
(2) Molao wa Palamente o tshwanetse wa neela kelo ya go
tlhomamisa palo ya ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba.
[Karolwana. (1) e tlhabolotswe ka karolo 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 le ka k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molao 2008.]
47. Botokololo
(1) Moagi mongwe le mongwe yo o letleletsweng go tlhopha mo
Kokoanong ya Bosetšhaba e ka nna tokololo ya Kokoano kwa ntle
ga –
(a) mongwe le mongwe yo o tlhophilweng ke puso kgotsa a direla
puso, a amogela tuelo ya go tlhophiwa kgotsa go direla ntle
le –
(i) Poresidente, Motlatsa Poresidente, Ditona le Batlatsa
Ditona; le
(ii) Botlhankedi bangwe le bangwe ba ditiro tsa bona di
KGAOLO 4: PALAMENTE
33
KGAOLO 4: PALAMENTE
tshwanang e bile go rebotswe gore di tshwana le tsa
borapalamente ka molao wa naga;
(b) Ditokololo tsa leruri tsa Khansele ya Bosetšhaba ya
Diporofense kgotsa ditokololo tsa kgotla peomolao ya
Porofense kgotsa lekgotla la bommasepala;
(c) Boradisuga ba ba sa kgopologeng;
(d) Mongwe le mongwe yo Kgotlatshekelo kgotsa Rephaboliki e
tsayang a sa itekanela mo tlhaloganyong.
(e) Mongwe le mongwe yo e rileng fa karolwana e ya molao e
sena go tsena mo tirisong a bonwa molato, mme a atlholelwa
dikgwedi tse di fetang 12 kwa kgolegelong ntle le go newa
tšhono ya go duela, e ka nna mo Rephaboliking, kgotsa
kwa ntle ga Rephaboliki; fa maitsholo a a dirang tlolomolao
e ka bo e le tlolomolao mo Rephaboliking; mme, ga go na
ope yo go ka tsewang a atlhotswe go fitlhelela Kopokgolo
kgatlhanong le kotlo kana katlholo e diragadiwa, kgotsa
go fitlhelela nako ya Kopokgolo e feta. Go latlhegelwa ke
ditshwanelo fa tlase ga kgaolo e go khutla morago ga ngwaga
tse tlhano katlholo e weditswe.
(2) Motho yo a se nang go ka tlhophiwa go nna tokololo ya Kokoano
Bosetšhaba ka ditaelo tsa karolwana(1)(a) kgotsa(b) a ka nna
ntlhopheng wa Kokoano, ka taolo ya tekanyetso nngwe le
nngwe kgotsa mabaka mangwe a a tlhomilweng ke peomolao ya
bosetšhaba.
(3) Motho o latlhegelwa ke botokololo ba Kokoano Bosetšhaba fa
motho yo –
(a) a kgaotsa go nna yo a ka tlhophiwang; kgotsa
(b) a tlhokagala mo Kokoanong ntle le tumelelo ka mabaka a
ditaelo le melao ya Kokoano e e kayang fa a ka latlhegelwa
ke botokololo ka ona, kgotsa kgaotsa go nna leloko la lekoko
le le tlhophileng motho yoo jaaka leloko la Kokoano, ntle
fa leloko leo le nnile leloko la lekoko le lengwe go ya ka
Mametlelelo 6A.
[Karolwana. (3) e tlhabolotswe ka karolo 3 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 le ka k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molao 2008.]34
(4) Diphatlhatiro mo Kokoanong ya Bosetšhaba di tshwanelwa go
tladiwa go ya ka molao wa bosetšhaba.
48. Ikano kgotsa itlamo
Pele ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba di ka simolola go dira ditiro tsa
tsona mo Kokoanong ya Bosetšhaba, di tshwanela go ikana kgotsa go
dumela boikanyego mo Rephaboliking le boikobo mo Molaotheong, ka
tlhomamiso go ya ka Mametlelelo 2.
49. Paka ya Kokoano Bosetšhaba
(1) Kokoano Bosetšhaba e tlhophelwa paka ya dingwaga tse tlhano.
(2) Fa Kokoano Bosetšhaba e phatlaladiwa go ya ka karolwana
50 kgotsa fa nako ya yona e fela, Poresidente, ka kgoeletso,
o tshwanela go bitsa le go baya matlha a ditlhopho, tse di
tshwanetseng go tshwarwa mo malatsing a le 90 morago ga
letsatsi le Kokoano e phatlaladitsweng ka lona, kgotsa nako e paka
e khutlileng ka yona. Kgoeletso e e goeletsang ditlhotlho gape e
kaya matlha a ditlhopho e ka rebolwa pele kgotsa morago ga go
khutla ga paka ya Kokoano Bosetšhaba.
[Kl(2) e emetswe ke k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Botlhano wa Molao wa 1999.] 
(3) Fa dipholo tsa ditlhopho tsa Kokoano Bosetšhaba di sa
phasaladiwe ka nako e e boletsweng mo nakong ya karolo
190 kgotsa ditlhopo di kgapetswe thoko ke kgotlatshekelo,
Poresidente,ka phasalatso ya semmuso, o tshwanela go bitsa le
go baya matlha a ditlhopo,tse di tshwanetseng go tshwarwa mo
malatsing a 90 a paka e khutlileng kgotsa a motsing o ditlhopho
di kgapetsweng thoko ka ona.
(4) Kokoano Bosetšhaba e sala e na le nonofo ya go dira go simolola
ka nako e e phatlaladitsweng ka yona, kgotsa e fitlhisitsweng
bokhutlong go fitlha letsatsi le le fa pele ga letsatsi la ntlha la
ditlhopo tsa Kokoano e nngwe.
50. Phatlalatso ya Kokoano Bosetšhaba pele ga bokhutlo ba
paka ya yona
KGAOLO 4: PALAMENTE
35
KGAOLO 4: PALAMENTE
(1) Poresidente o tshwanela go phatlalatsa Kokoano Bosetšhaba fa –
(a) Kokoano e atlanegisitse tshwetso ya go phatlalala, e engwe
nokeng ke boutu e e tshegediwang ke bontsi ba ditokololo tsa
yona; le
(b) fa ngwaga tse tharo di fetile e sa le Kokoano e tlhophilwe.
(2) Poresidente wa nama-o tshwere o tshwanetse a phatlalatsa
Kokoano Bosetšhaba fa –
(a) go le phatlhatiro ya ofisi ya Poresidente; le Kokoano e
retelelwa ke go tlhopha Poresidente o mošwa mo malatsing a
30 morago ga phatlhatiro e ntse teng.
51. Dipitso le dipaka tsa khunologo
(1) Morago ga ditlhopho, pitso ya ntlha ya Kokoano Bosetšhaba
e tshwanelwa go epiwa ka nako le letlha le le laotsweng ke
Poresidente wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo, mme e seng go
feta malatsi a 14 a morago ga dipholo tsa ditlhopho di sena go
phasaladiwa. Kokoano Bosetšhaba e ka tlhomamisa nako le
boleele ba dipitso tse dingwe le dipaka tsa khunologo tsa yona.
[Kl.(1) e emetswe ke k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Botlhano Molao wa 2001.]
(2) Poresidente a ka epa pitso ya Kokoano Bosetšhaba, go tla pitsong
e e kgethegileng ka nako nngwe le nngwe go rera merero e e
kgethegileng.
(3) Dipitso tsa Kokoano Bosetšhaba di letleletswe go nna kwa
mafelong mangwe ntle le bodulo ba Palamente fela mo mabakeng
a kgatlhego ya botlhe, pabalesego kgotsa tshiamelo, le fa go
rulaganyeditswe mo melawaneng le ditaelo tsa Kokoano.
52. Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla
(1) Kwa pitsong ya ntlha morago ga go tlhophiwa ga yona, kgotsa fa
go tlhokagala go tlatsa phatlha, Kokoano Bosetšhaba e tshwanela
go kgetha Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla mo gare ga
ditokololo tsa yona.
(2) Moatlhodimogolo o tshwanetse go okama go tlhophiwa ga
36
Mmusakgotla, kgotsa a rebole moatlhodi o mongwe go dira jalo.
Mmusakgotla o okama ditlhopho tsa Motlatsa Mmusakgotla.
[Kl.(2) e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borataro Molao wa 2001.]
(3) Thulaganyo e e atolositsweng mo Karolong A ya Mametlelelo
3 e diragadiwa mo ditlhophong tsa Mmusakgotla le Motlatsa
Mmusakgotla.
(4) Kokoano Bosetšhaba e ka rola Mmusakgotla kgotsa Motlatsa
Mmusakgotla tiro ka tshwetso. Bontsi ba ditokololo tsa Kokoano
ba tshwanetse go nna teng fa tshwetso e tsewa.
(5) Mo mabakeng a melawana le ditaelo, Kokoano Bosetšhaba e ka
tlhopha mo gare ga ditokololo tsa yona batlhankedi ba bangwe ba
ba okamang go thusa Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla.
53. Ditshwetso
(1) Ntle le fa Molaotheo o laola ka tsela nngwe –
(a) bontsi ba ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba bo tshwanela go
nna teng pele go ka boutelwa Molaotlhomo kgotsa tlhabololo
ya Molaotlhomo.
(b) bonnye nngwe-tharong ya ditokololo ba tshwanetse go nna
teng pele go ka tsewa diboutu mo ntlheng nngwe le nngwe e e
fa pele ga Kokoano; mme
(c) dintlha tsotlhe tse di fa pele ga Kokoano di swetswa ka bontsi
jwa diboutu tse di neetsweng.
(2) Tokololo ya Kokoano Bosetšhaba e e okameng ga e letlwe go
bouta ka tlwaelo; mme–
(a) o tshwanetse a neela boutu ya makgaolakgang fa diboutu di le
maleka ka palo matlhakoreng oomabedi a pharela; bile
(b) o ka neela boutu e e tlwaelegileng fa pharela e tshwanetse go
atlholwa ka tshegetso ya boutu ya bonnye ba pedi-tharong ya
ditokololo tsa Kokoano.
KGAOLO 4: PALAMENTE
37
54. Ditshwanelo tsa ditokololo dingwe tsa Kabinete le Batlatsa
Tona mo Kokoanong ya Bosetšhaba
Poresidente le tokololo nngwe le nngwe ya Kabinete kgotsa Motlatsa Tona
mongwe le mongwe yo e seng tokololo ya Kokoano Bosetšhaba ba ka
tsenela kopano go ya ka melao le ditaelo tsa Kokoano, e bile ba ka bua mo
Kokoanong, mme ga ba na go bouta.
[Kl.(54) e emetswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borataro Molao wa 2001.]
55. Dithata tsa Kokoano Bosetšhaba
(1) Mo go diragatseng dithata tsa yona tsa peomolao, Kokoano
Bosetšhaba e ka–
(a) sekaseka, ya atlanegisa, ya tlhabolola kgotsa ya kgaphela
thoko peomolao nngwe le nngwe e e fa pele ga Kokoano; le
(b) go simolola kgotsa go baakanya peomolao, ntle le
Melaotlhomo ya ditšhelete.
(2) Kokoano Bosetšhaba e tshwanela go rulaganyetsa mabaka le
ditshiamelo tsa –
(a) go netefatsa gore ditheo tsotlhe tsa khuduthamaga mo
lekaleng la puso la bosetšhaba di lebanwe ke maikarabelo mo
go yona; le
(b) go tshegetsa peo-leitlho mo –
(i) tiragatsong ya bothati ba khuduthamaga ya bosetšhaba,
go akarediwa tiragatso ya peomolao; le
(ii) setheo sengwe le sengwe sa puso.
56. Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga Kokoano
Bosetšhaba
Kokoano Bosetšhaba kgotsa dikomiti dingwe le dingwe tsa yona di ka –
(a) mongwe le mongwe go tlhagelela fa pele ga yona go fa bopaki
ka maikano kgotsa tumelo ka go supa dikwalo;
(b) gore motho kgotsa setheo sengwe le sengwe se e neela pego;
(c) pateletsa, ka ditaelo tsa peomolao ya bosetšhaba kgotsa
KGAOLO 4: PALAMENTE
38
melawana le ditaelo, motho kgotsa setheo sengwe le sengwe
go inaakanya le tagafara kgotsa tlhokego ka ditaelo tsa
tema(a) kgotsa(b); le go amogela diphetišene, dikemedi
kgotsa ditlhagiso go tswa go batho ba ba nang le kgatlhego
kgotsa ditheo.
57. Dithulaganyo tsa ka fa teng, ditsweletso le ditsamaiso tsa
Kokoano Bosetšhaba
(1) Kokoano Bosetšhaba e ka –
(a) Tlhomamisa ya ba ya laola dithulaganyo tsa yona tse di ka fa
teng, ditsweletso le ditsamaiso, le –
(b) go dira melawana le ditaelo tebang le merero ya yona, ka
kelotlhoko e e nang le boemedi le tse karolo ya demokerasi,
maikarabelo bosenangbofitlha le kamego ya botlhe.
(2) Melawana le ditaelo tsa Kokoano Bosetšhaba di tshwanela go
rulaganyetsa –
(a) go tlhomiwa, sebopego, maatla, ditiro, ditsamaiso le paka tiro
ya dikomiti tsa yona;
(b) go tsaya karolo le dikomiti tsa yona, ga makoko-potlana a a
nang le boemedi mo Kokoanong, ka mokgwa o o tlhomameng
wa demokerasi;
(c) tshegetso ya madi le tsamaiso go lengwe le lengwe la makoko
a a emetsweng mo Kokoanong go ya ka kelo le boemedi ba
lona, go kgontsha lekoko lengwe le lengwe le moeteledipele
wa lona go dira ditiro tsa lona ka bokgoni mo Kokoanong; le
(d) go amogelwa ga moeteledi wa lekoko le le legolo la kganetso
mo Kokoanong jaaka Moeteledi wa Kganetso.
58. Ditetlelelo
(1) Ditokololo tsa Kabinete, Batlatsa Ditona le ditokololo tsa Kokoano
Bosetšhaba –
(a) di na le kgololosego ya go bua mo Kokoanong le mo
dikomiting tsa yona, go ya ka melawana le ditaelo tsa yona; e
bile
KGAOLO 4: PALAMENTE
39
KGAOLO 4: PALAMENTE
(b) ga ba mo dipharagobeng tsa dikgato tsa molao wa loago,
kgotsa bosinyi, go tshwarwa, go tlhatlhelwa kgotsa ba
duedisiwa molato wa ditshenyegelo ka ntlha ya –
(i) sengwe le sengwe se ba se buileng, ba se supileng kgotsa
ba se tlhagiseditseng Kokoano kgotsa nngwe ya dikomiti
tsa yona; kgotsa
(ii) sengwe le sengwe se se upulotsweng ka lebaka la sengwe se ba
se buileng mo, se supilweng fa pele ga, kgotsa se neetsweng,
Kokoano kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona.
[K.58 e emetswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borataro Molao wa 2001.]
(2) Ditetlelelo le ditshireletsego dingwe tsa Kokoano Bosetšhaba,
ditokololo tsa kabinete le ditokololo tsa Kokoano di ka bewa ka
peomolao ya Bosetšhaba.
(3) Dituelo, ditshiamelo le dithuso tse di duelwang ditokololo tsa
Kokoano Bosetšhaba, ke tse di duelwang ka tlhamalalo go tswa
Letloleng la Lotseno lwa Bosetšhaba.
59. Phitlhelelo le go tsaya karolo ga botlhe mo Kokoanong
Bosetšhaba
(1) Kokoano Bosetšhaba e tshwanela –
(a) go kgontsha go tsaya karolo ga botlhe mo peomolaong le
ditiragalong tsotlhe tsa Kokoano le dikomiti tsa yona; le
(b) go tsamaisa merero ya yona ka mokgwa o o pontsheng, le go
tsenya dipitso, le ga tsa dikomiti tsa yona mo phatlalatseng;
mme, dikgato tse di isegang di ka tsewa –
(i) go laola phitlhelelo ya botlhe, go akarediwa phitlhelelo ya
bophasalatsi go Kokoano le dikomiti tsa yona; le
(ii) go rulaganyetsa phuruphutso ya motho mang le mang le,
fa go tshwanela, kiletso ya go tsena kgotsa go tlosiwa ga
motho mongwe le mongwe.
(2) Kokoano Bosetšhaba e e ka seka ya thibela botlhe, go akaretsa
le bophasalatsi, mo pitsong ya komiti ya yona, ntle le fa go le
matshwanedi e bile go siame go dira jalo mo boaging jo bo
buletsweng botlhe le ba demokerasi.
40
Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense
(kl 60-72)
60. Sebopego sa Khansele ya Bosetšhaba
(1) Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e bopiwa ke kemedi e
le nosi go tswa porofenseng nngwe le nngwe ya baemedi ba le
lesome.
(2) Baemedi ba ba lesome ke –
(a) Baemedi ba bane ba ba kgethegileng e leng –
(i) Tonakgolo ya porofense kgotsa,fa Tonakgolo a sa
seyo, tokololo nngwe le nngwe ya kgotla-peomolao
ya porofense e e rebotsweng ke Tonakgolo e ka nna ka
kakaretso kgotsa tebang le tiro e e kgethegileng fa pele ga
Khansele ya Bosetšhaba; le
(ii) baemedi ba bangwe ba bararo ba ba kgethegileng, le
(b) baemedi ba ba rataro ba leruri ba ba kgethilweng ka ditaelo
tsa karolo 61(2).
(3) Tonakgolo ya porofense, kgotsa fa Tonakgolo a seyo, tokololo ya
baemedi ba porofense a le mo inakemong ya Tonakgolo, e nna
tlhogo ya kemedi.
61. Kabelo ya baemedi
(1) Makoko a a nang le kemedi mo Kokoanopeomolaong ya
porofense a letleletswe baemedi mo kemeding ya porofense go ya
ka thulaganyo e e atolositsweng mo Karolo B ya Mametlelelo 3.
(2)
(a) Mo malatsing a le 30 morago ga phasalatso ya dipholo tsa
ditlhopho, kgotlapeomolao ya porofense, e tshwanetse –
(i) go swetsa ka mokgwa o o laotsweng ke peomolao ya
bosetšhaba gore ke palo e e kae ya baemedi ba lekoko
lengwe le lengwe, ba ba tshwanetseng go nna ditokololo
KGAOLO 4: PALAMENTE
41
tsa leruri le gore ke ba ba kae ba ba tshwanetseng go nna
baemedi ba ba kgethegileng; le
(ii) go tlhoma baemedi ba leruri go ya ka go supiwa ga
makoko.
(b) ……
	[Tema (b) e tlogetswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]
[Kl.(2) [Kl.(2) e emetswe ke k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borobongwe wa Molao wa 2002 le ka k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008]
(3) Peomolao ya bosetšhaba e e solofelwang mo karolwaneng(2)(a)
e tshwanetse go tlhomamisa go tsaya karolo ga makoko a
a potlana mo boemeding ba leruri le mo boemeding bo bo
kgethegileng gore go nne ka mokgwa o o lepalepanang le
demokerasi.
(4) Kgotlapeomolao ya porofense ka tumelelano ya Tonakgolo le
baeteledipele ba makoko a a nang le tetla ya baemedi ba ba
kgethegileng mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense,
e tshwanetse go supa baemedi ba ba kgethegileng, jaaka go
tlhokega nako le nako, go tswa mo malokong a mangwe a
peomolao e.
62. Baemedi ba leruri
(1) Motho yo a kgethilweng jaaka moemedi wa leruri o tshwanetse a
bo a na le tshiamelo ya go ka nna tokololo ya kgotlapeomolao ya
porofense.
(2) Fa motho yo e leng tokololo ya kgotlapeomolao ya porofense a
KGAOLO 4: PALAMENTE
42
tlhomiwa jaaka moemedi wa leruri, motho yoo o khutla go nna
tokololo ya kgotlapeomolao ya porofense.
(3) Baemedi ba leruri ba tlhomiwa paka e e felang fela-
(a) pele ga pitso ya ntlha ya kgotlapeomolao ya porofense fa
morago ga go tlhophiwa ga yona go go latelang
(b) …….
	[Tema (b) e tlogetswe ka k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]
[Kl.(3) e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borobongwe wa Molao wa 2002.]
(4) Motho o khutla go nna moemedi wa leruri fa motho yoo –
(a) a khutla go nonofela go ka tlhophiwa go nna tokololo ya
kgotlapeomolao ya porofense; ka ntlha ya lebaka lengwe ntle
le go kgethiwa go nna moemedi wa leruri;
(b) a kgethetswe go ya kwa Kabineteng;
(c) a latlhegetswe ke boikanyego jwa kgotlapeomolao e bile a
bilediwa morago ke lekoko le le tlhagisitseng motho yoo;
(d) a khutla go nna tokololo ya lekoko le le mo kgethileng e bile a
bilediwa morago ke lekoko leo; kgotsa
(c) a seyo mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense ntle
le tetla mo mabakeng a melawana le ditaelo tsa Khansele di
laetseng tatlhegelo ya tiro jaaka moemedi wa leruri.
(5) Diphatlhatiro mo baemeding ba leruri di tshwanetse go tladiwa ka
mabaka a peomolao ya bosetšhaba.
(6) Pele ditokololo di simolola go dira ditiro tsa tsona mo Khanseleng
ya Bosetšhaba ya Diporofense, di tshwanetse go ikana, kgotsa go
dumela boikanyego ba bona mo Rephaboliking le boikobo mo
Molaotheong, go ya ka Mametlelelo 2.
63. Dipitso tsa Khansele ya Bosetšhaba
(1) Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka tlhoma nako le
boleele ba dipitso tsa yona le dipaka tsa khunologo.
(2) Poresidente a ka epa pitso ya Khansele ya Bosetšhaba go tla
pitsong e e kgethegileng ka nako nngwe le nngwe go tsamaisa
merero e e kgethegileng.
KGAOLO 4: PALAMENTE
43
KGAOLO 4: PALAMENTE
(3) Dipitso tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense di letleletswe
go nna kwa mafelong mangwe ntle le bodulo ba Palamente fela
mo mabakeng a kgatlhego ya botlhe, pabalesego kgotsa tshiamelo
le fa go rulaganyeditswe mo melawaneng le ditaelo tsa Khansele.
64. Modulasetulo le Batlatsa Modulasetulo
(1) Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e tshwanetse go tlhopha
Modulasetulo le Batlatsamodulasetulo ba babedi go tswa mo
baemeding.
(2) Modulasetulo le mongwe wa Batlatsamodulasetulo ba tlhophiwa
go tswa mo baemeding ba leruri, dingwaga di le tlhano ntle le fa
paka ya bona jaaka baemedi e fela pele ya nako.
(3) Motlatsa Modulasetulo o mongwe o tlhophiwa paka ya ngwaga o
le mongwe, e bile o tshwanetse go latelwa ke moemedi go tswa
porofenseng e nngwe, gore porofense nngwe le nngwe e emelwe
ka go latelana jalo.
(4) Moatlhodimogolo o tshwanetse go okama ditlhopho tsa
Modulasetulo, kgotsa a tlhoma yo mongwe wa baatlhodi
go dira jalo. Modulasetulo o okama go tlhophiwa ga
Batlatsamodulasetulo.
[Kl.(4) e emetswe ke k. 5 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001 e]
(5) Thulaganyo e e atoloswang mo Karolong A ya Mametlelelo 3 e
dira mo go tlhophiweng ga Modulasetulo le Batlatsamodulasetulo.
(6) Khansele ya Bosetšhaba e ka rola Modulasetulo kgotsa
Motlatsamodulasetulo tiro.
(7) Go ya ka melao le ditaelo tsa yona Khansele ya Bosetšhaba ya
Diporofense e ka tlhopha go tswa mo baemeding baokamedi ba
bangwe gape go thusa Modulasetulo le Batlatsabadulasetulo.
65 Ditshwetso
(1) Ntle le fa Molaotheo o rulaganyeditseng ka mokgwa o sele –
(a) porofense nngwe le nngwe e na le boutu e le esi e e neewang
mo boemong ba porofense ke tlhogo ya kemedi ya yona; le
44
KGAOLO 4: PALAMENTE
(b) dipotso tsotlhe tse di fa pele ga Khansele ya Bosetšhaba ya
Diporofense di rarabololwa ke fa bonnye diporofense tse
tlhano di bouta go dumelelana le potso.
(2) Molao wa Palamente, o o tlhomilweng go ya ka tsamaiso e e
beilweng ka karolwana(1) kgotsa karolwana(2) ya karolo 76,
o tshwanetse go rulaganyetsa tsamaiso e e tshwanang mo
mabakeng a diporofense di rolelang thata mo dikemeding tsa
tsona go neela diboutu mo boeng ba tsona.
66. Go tsaya karolo ga ditokololo tsa khuduthamaga ya
bosetšhaba
(1) Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsa Tona, ba ka tsena pitso, e bile
ba ka bua mo Khanseleng, mme ga ba letlelwe go bouta.
(2) Khansele ya Bosetšhaba ya diporofense e ka lopa tokololo ya
Kabinete,Motlatsa Tona, kgotsa motlhankedi mo khuduthamageng
ya bosetšhaba kgotsa ya porofense go tsena pitso ya Khansele
kgotsa ya komiti ya Khansele.
67. Go tsaya karolo ga baemedi ba dipuso selegae
Palo e e sa feteng lesome ya baemedi ba nakwana ba ba rebotsweng
ke pusoselegae e e rulaganeng, mo mabakeng a karolo 163, go emela
ditlhopa tse di farologaneng tsa bommasepala, ba ka tsaya karolo fa go
tlhokega mo ditsamaisong tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense,
mme ga ba na go bouta.
68. Dithata tsa Khansele ya Bosetšhaba
Mo go diragatseng dithata tsa yona tsa peomolao, Khansele ya Bosetšhaba
ya Diporofense e ka –
(a) sekaseka, atlanegisa, tlhabolola, tlhagisa ntlha ya tlhabolola,
kgotsa ya kgaphela thoko peomolao nngwe le nngwe e e fa
pele ga Khansele go ya ka kgaolo e; e bile
(b) e ka simolola kgotsa ya baakanya peomolao e e welang
mo karolong ya tiragatso e e kwadilweng mo lenaneong la
Mametlelelo 4 kgotsa peomolao nngwe e e umakiwang mo
45
KGAOLO 4: PALAMENTE
karolong 76(3), fela e ka se simolole kgotsa ya baakanya
Melaotlhomo ya ditšhelete.
69. Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga Khansele ya
Bosetšhaba
Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense kgotsa nngwe le nngwe ya
dikomiti tsa yona e ka –
(a) bitsa ka molao motho mongwe le mongwe go tlhagelela fa
pele ga yona go neela bopaki ka go ikana kgotsa go dumela
kgotsa go supa dikwalo;
(b) e ka lopa setheo kgotsa motho mongwe le mongwe go e neela
pego; e ka pateletsa, ka mabaka a peomolao ya bosetšhaba
kgotsa melawana le ditaelo, motho mongwe le mongwe
kgotsa setheo go inaakanya le taelo ya go tlhagelela fa pele ga
yona mo mabakeng a temana(a) kgotsa(b); le
(c) go amogela diphetišene, boemedi kgotsa ditlhagiso go tswa
go batho kgotsa ditheo dingwe le dingwe tse di nang le
kgatlhego.
70. Dithulaganyo tsa ka fa teng, ditsweletso le ditsamaiso tsa
Khansele ya Bosetšhaba
(1) Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka –
(a) tlhomamisa le go laola dithulaganyo tsa yona tsa ka fa teng,
ditsweletso le ditsamaiso; le
(b) go tlhama melawana le ditaelo tebang le merero ya yona,
ka tlhokomelo ya boemedi le tseokarolo ya demokerasi,
maikarabelo, e e mo pontsheng le kamego ya botlhe.
(2) Melawana le ditaelo tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e
tshwanela go rulaganyetsa –
(a) go tlhomiwa, go bopiwa, maatla, ditiro, ditsamaiso le pakatiro
ya dikomiti tsa yona;
(b) go tsaya karolo ga diporofense mo ditsamaisong tsa yona ka
mokgwa o o tsamaelanang le demokerasi;
46
(c) go tsaya karolo mo ditsamaisong tsa Khansele, le dikomiti tsa
yona, ga makokopotlana a a emetsweng mo Khanseleng, ka
mokgwa o o tsamaelanang le demokerasi, gangwe le gape fa
morero o tshwanetse go swediwa go ya ka karolo 75.
71. Ditetlelelo
(1) Baemedi go Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense, le batho
ba ba umakiwang mo dikarolong 66 le 67 –
(a) ba na le kgololosego ya go bua mo Khanseleng le mo
dikomiting tsa yona, go ya ka ga taolo ya melawana le ditaelo
tsa yona; gape
(b) ga go dikgato fa tlase ga molao wa selegae kgotsa wa tshenyo
tse di katsewang kgatlhanong le bona, ga ba na ba tshwarwa,
ba tlhatlhelwa kgotsa ba duela ditshenyegelo ka ntlha ya –
(i) sengwe le sengwe se ba se buileng mo, ba se supileng
fa pele, kgotsa ba se tlhagisitseng go Khansele, kgotsa
nngwe ya dikomiti tsa yona; kgotsa
(ii) sengwe le sengwe se se upulotseng ka ntlha ya sengwe
le sengwe se ba se buileng mo, ba se supileng fa pele,
kgotsa ba se tlhagisitseng go Khansele, kgotsa nngwe ya
dikomiti tsa yona.
(2) Ditetlelelo le ditshireletsego dingwe tsa Khansele ya Bosetšhaba
ya Diporofense, baemedi go Khansele, le batho ba ba umakilweng
mo dikarolong 66 le 67, di ka bewa ke peomolao ya bosetšhaba.
(3) Dituelo, ditshiamelo-ketla le dithuso tse di duelwang ditokololo
tsa leruri tsa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense ke tsa tuelo
e e tlhamaletseng go tswa Letloleng la Lotseno la Bosetšhaba.
72. Phitlhelelo le go tsaya karolo ga botlhe mo Khanseleng ya
Bosetšhaba
(1) Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e tshwanela go –
(a) kgontsha go tsaya karolo ga botlhe mo peomolaong le mo
ditiragalong tsotlhe tsa Khansele le dikomiti tsa yona, le
KGAOLO 4: PALAMENTE
47
KGAOLO 4: PALAMENTE
(b) go tsamaisa merero ya yona ka mokgwa o o mo pontsheng,
le go tsenya dipitso, le ka ga dikomiti tsa yona, mo
phatlalatseng; mme, dikgato tse di isegang di ka tsewa–
(i) go laola phitlhelelo ya botlhe, go akarediwa phitlhelelo ya
bophasalatsi, go Khansele le dikomiti tsa yona; le
(ii) go rulaganyetsa phuruphutso ya motho mongwe le
mongwe, le, fa go tshwanela, go kganela go tsena kgotsa
go tlosiwa ga motho mongwe le mongwe.
(2) Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e ka seka ya thibela
setšhaba, go akaretsa le bophasalatsi, mo pitsong ya komiti ya
yona, ntle le fa go le matshwanedi e bile go siame go dira jalo mo
boaging jo bo buletsweng botlhe le ba demokerasi.
Tiragatso ya Peomolao ya Bosetšhaba
(kl 73-82)
73. Melaotlhomo yotlhe
(1) Molaotlhomo mongwe le mongwe o ka tlhagisiwa mo Kokoanong
ya Bosetšhaba.
(2) Ke fela tokololo ya Kabinete kgotsa Motlatsa Tona, kgotsa
tokololo, kgotsa komiti, ya Kokoano, e e ka tlhagisang
Molaotlhomo mo Kokoanong, mme ke fela tokololo ya Kabinete e
e rweleng maikarabelo a merero ya ditšhelete tsa bosetšhaba e ka
tlhagisang Melaotlhomo e e latelang mo Kokoanong:
(a) Molaotlhomo wa madi, kgotsa
(b) Molaotlhomo o o tlamelang peomolao e e akanngwang mo
karolong 214.
[Kl.(2) e emetswe ke k. 1(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001]
(3) Molaotlhomo o o umakiwang mo karolong 76(3), ntle le
Molaotlhomo o o kailweng mo karolwaneng(2)(a) kgotsa(b)
ya karolo e, o ka tlhagisiwa mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya
Diporofense.
48
[Kl.(3) e emetswe ke k. 1(b) Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]
(4) Ke fela tokololo, kgotsa komiti ya Khansele ya Bosetšhaba ya
Diporofense e ka tlhagisang Molaotlhomo mo Khanseleng.
(5) Molaotlhomo o o fetisitsweng ke Kokoano Bosetšhaba o
tshwanelwa go romelwa go Khansele ya Bosetšhaba ya
Diporofense, fa o tshwanela go sekegelwa ke Khansele;
Molaotlhomo o o fetisitsweng ke Khansele o tshwanetse go
romelwa go Kokoano Bosetšhaba.
74. Melaotlhomo e e tlhabololang Molaotheo
(1) Karolo 1 le karolwana e, di ka tlhabololwa ke Molaotlhomo o o
fetisitsweng ke–
(a) Kokoano Bosetšhaba ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba
diperesente di le 75 tsa maloko a yona; le
(b) Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, ka tshegetso ya
diboutu tsa bonnye ba diporofense di le thataro.
(2) Kgaolo ya 2 e ka tlhabololwa ke Molaotlhomo o o fetisitsweng ke–
(a) Kokoano Bosetšhaba ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba
pedi-tharong tsa maloko a yona; le
(b) Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, ka tshegetso ya
diboutu tsa bonnye ba diporofense di le thataro.
(3) Kaelo nngwe le nngwe ya Molaotheo e ka tlhabololwa ke
Molaotheo o o fetisitsweng ke–
(a) Kokoano Bosetšhaba, ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba
pedi-tharong tsa maloko a yona; le
(b) Gape ke Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense, ka tshegetso
ya diboutu tsa bonnye ba diporofense di le thataro, fa
tlhabololo –
(i) e golagane le ntlha e e amang Khansele;
(ii) e fetola melelwane ya porofense, dithata, ditiro kgotsa
ditheo; kgotsa
(iii) e tlhabolola kaelo e e golaganeng ka tlhamalalo le ntlha
ya porofense.
KGAOLO 4: PALAMENTE
49
KGAOLO 4: PALAMENTE
(4) Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o ka seka wa akaretsa
dikaelo dingwe ntle le ditlhabololo tsa molaotheo le dintlha tse di
golaganeng le ditlhabololo.
(5) Bonnye malatsi a le 30 pele Molaotheo o o fetolang Molaotheo
o tlhagisiwa go ya ka karolo 73(2), motho kgotsa komiti e e
ikaelelang go tlhagisa Molaotlhomo e tshwanetse–
(a) Go phasalatsa mo kaseteng ya bosetšhaba ya puso, go ya
ka melao le ditaelo tsa Kokoano Bosetšhaba, dintlha tsa
tlhabololo e e ikaeletsweng gore botlhe ba tshwaele mo go
yona;
(b) Go neela, go ya ka melao le ditaelo tsa Kokoano, dintlha tseo
go Kgotlapeomolao ya Porofense go tlhagisa maikutlo a bona;
le
(c) Go neela go ya ka melao le ditaelo tsa Khansele ya
Bosetšhaba ya Diporofense, dintlha tse go kgontsha gore
botlhe ba ganetsane ka tsona, fa tlhabololo e e tsikinngwang e
se tlhabololo e go tlhokegang gore e fetisiwe ke Khansele.
(6) Fa Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o tlhagisiwa la ntlha,
motho kgotsa komiti e e tlhagisang Molaotlhomo e tshwanetse
go neela ditshwaelo dingwe le dingwe tse di kwadilweng tse di
amogetsweng go tswa mo bathong botlhe le dikgotlapeomolao tsa
diporofense–
(a) go Mmusakgotla go di tlhagisa mo Kokoanong Bosetšhaba; le
(b) go ya ka ditlhabololo tse di umakiwang mo karolwaneng(1)(2)
kgotsa(3)(b), go Modulasetilo wa Khansele ya Bosetšhaba ya
Diporofense go di sekaseka mo Khanseleng
(7) Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o ka seka wa boutelwa
mo Kokoanong Bosetšhaba mo malatsing a le 30 a –
(a) go tlhagisiwa ga ona, fa Kokoano e le mo pitsong fa
Molaotlhomo o tlhagisiwa; kgotsa
(b) go sekasekwa ga ona mo Kokoanong, fa Kokoano e le mo
boikhutsong fa Molaotlhomo o tlhagisiwa.
(8) Fa Molaotlhomo o o umakiwang mo karolwaneng 3(b), kgotsa
karolo nngwe le nngwe ya Molaotlhomo, o ama fela porofense e e
50
KGAOLO 4: PALAMENTE
rileng kgotsa diporofense, Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense
e ka seka ya fetisa Molaotlhomo kgotsa karolo e e amegang, ntle
le fa e amogetswe ke Kgotlapeomolao kgotsa Dikgotlapeomolao
tsa porofense kgotsa diporofense tse di amegang.
(9) Molaotlhomo o o tlhabololang Molaotheo o o amogetsweng ke
Kokoano Bosetšhaba, le foo go leng maleba, ke Khansele ya
Bosetšhaba ya Diporofense, o tshwanetse go neelwa Poresidente
gore a o rebole.
75. Melaotlhomo ya gale e e sa ameng diporofense
(1) Fa Kokoano Bosetšhaba e atlanegisa Molaotlhomo o o welang
kwa ntle ga makala a tiragatso a a kwadilweng mo karolong 74
kgotsa 76 e dirang, Molaotlhomo o tshwanetse o go romelwa go
Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense le gore o sekasekwe go
ya ka thulaganyo e e latelang:
(a) Khansele e tshwanela go –
(i) atlanegisa Molaotlhomo;
(ii) atlanegisa Molaotlhomo ka taolo ya ditlhabololo tse di
tshisintsweng ke yona; kgotsa ya
(iii) kgapela Molaotlhomo thoko.
(b) Fa Khansele e atlanegisa Molaaotlhomo ntle le go tshitshinya
ditlhabololo, Molaothomo o tshwanelwa go neelwa
Poresidente go o rebola.
(c) Fa Khansele e kgapela Molaotlhomo thoko kgotsa e o fetisa ka
ditlhabololo, Kokoano Bosetšhaba e tshwanetse go sekegela
Molaotlhomo gape, go tsewa tsiya tlhabololo nngwe le nngwe
e e tshitshintsweng ke Khansele, gape e ka –
(i) fetisa Molaotlhomo gape, o na le kgotsa ntle le
ditlhabololo; kgotsa
(ii) ya swetsa go se tswelele ka Molaotlhomo.
(d) Molaotlhomo o o atlanegisitsweng ke Kokoano Bosetšhaba
mo mabakeng a tema(c) o tshwanela go tlhagiswa go
Poresidente go rebola.
51
KGAOLO 4: PALAMENTE
(2) Fa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e boutela ntlha e e
atlhaatlhiwang mo mabakeng a karolo e, karolo 65 ga e dire; mme
boemong ba se –
(a) mongwe le mongwe wa baemedi ba porofense o na le boutu e le
esi;
(b) nngwe-tharong ya baemedi ba tshwanetse go nna teng pele go
boutelwa ntlha eo;
(c) ntlha e swetswa ka bontsi ba diboutu tse di neetsweng, mme fa
go le palo e e maleka ya diboutu ka fa matlhakoreng oomabedi
a ntlha, moemedi o a okameng o tshwanela go neela boutu ya
makgaolakgang.
76. Melaotlhomo ya gale e e amang diporofense
(1) Fa Kokoano Bosetšhaba e fetisa Molaotlhomo o o kwadilweng mo
dikarolwaneng(3),(4) kgotsa(5) mo Molaotlhomo o, o tshwanetse
go romelwa kwa Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense gore o
sekasekwe go ya ka dithulaganyo tse di latelang:
(a) Kokoano Bosetšhaba e tshwanelwa ke go –
(i) fetisa Molaotlhomo;
(ii) fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng; kgotsa
(iii) go kgapela Molaotlhomo thoko.
(b) Fa Molaotlhomo o o amogetsweng ke Kokoano Bosetšhaba
ntle le tlhabololo, Molaotlhomo o tshwanelwa ke go neelwa
Poresidente go rebola.
(c) Fa Kokoano Bosetšhaba e fetisa Molaotlhomo o o
tlhabolotsweng, Molaotlhomo o o tlhabolotsweng o
tshwanelwa go romelwa go Khanseleng ya Bosetšhaba, mme
fa Khansele e fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng, o
tshwanelwa go neelwa Poresidente go o rebola.
(d) Fa Khansele ya Bosetšhaba e kgapela Molaotlhomo thoko,
kgotsa fa Kokoano Bosetšhaba e kgapela thoko Molaotlhomo
o o tlhabolotsweng oo rometsweng kwa go yona go ya ka
mabaka a temana(c), Molaotlhomo o, fa go le maleba, le,
52
Molaotlhomo o o tlhabolotsweng, e tshwanelwa go romelwa
wa Komiting ya Botsereganyi, e e ka dumelelanang ka –
(i) Molaotlhomo jaaka o fetisitswe ke Kokoano;
(ii) Molaotlhomo o o tlhabolotsweng jaaka o fetisitswe ke
Khansele; kgotsa
(iii) Sebopego se sengwe sa Molaotlhomo.
(e) Fa Komiti ya Botsereganyi e sa kgone go dumelelana
mo malatsing a le 30, Ka Molaotlhomo o rometsweng
mo go yone, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira ntle le fa
Kokoano Bosetšhaba e ka fetisa Molaotlhomo gape, mme e
tshegeditswe ke boutu ya bonnye pedi-tharong ya ditokololo
tsa yona.
(f) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka Molaotlhomo
jaaka o fetisitswe ke Kokoano Bosetšhaba, Molaotlhomo
o tshwanela go romelwa Khansele ya Bosetšhaba, mme fa
Khansele e fetisa Molaotlhomo, Molaotlhomo o tshwanela go
newa Poresidente go o rebola.
(g) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka Molaotlhomo o
o tlhabolotsweng jaaka o fetisitswe ke Kokoano Bosetšhaba,
Molaotlhomo o tshwanelwa go romelwa kwa Khanseleng ya
Bosetšhaba, mme fa o fetisiwa ke Khansele, o tshwanelwa wa
neelwa Poresidente go o rebola.
(h) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka sebopego
sengwe sa Molaotlhomo, sebopego seo sa Molaotlhomo se
tshwanela go romelwa go Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya
Bosetšhaba, mme fa se fetisiwa ke Kokoano le Khansele, se
tshwanetse go neelwa Poresidente go se rebola.
(i) Fa Molaotlhomo o rometswe kwa Khanseleng ya Bosetšhaba
go ya ka tema(f) kgotsa(h) mme o sa fetisiwe ke Khansele,
Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira, ntle le fa Kokoano
Bosetšhaba e fetisa Molaotlhomo e tshegeditswe ke boutu ya
bonnye ba pedi-tharong ya maloko a yona.
(j) Fa Molaotlhomo o rometswe kwa Kokoanong ya Bosetšhaba
ka mabaka a tema (g) kgotsa(h) o sa fetisiwe ke Kokoano,
Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira, mme Molaotlhomo
KGAOLO 4: PALAMENTE
53
KGAOLO 4: PALAMENTE
jaaka o ne o fetisitswe ke Kokoano pele, o ka fetisiwa gape
ke Kokoano, mme o tshegediwa ke boutu ya bonnye peditharong
ya ditokololo tsa yona.
(k) Molaotlhomo o o fetisitsweng ke Kokoano Bosetšhaba mo
mabakeng a tema(e),(i) kgotsa (j) o tshwanelwa go romelwa
go Poresidente go o rebola.
(2) Fa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e fetisa Molaotlhomo
o o welang mo lekaleng la tiragatso e e kwadilweng mo
karolwaneng(3), Molaotlhomo o tshwanelwa go romelwa go
Kokoano Bosetšhaba gore go dirwe ka ona go ya ka thulaganyo e
e latelang:
(a) Kokoano Bosetšhaba e tshwanelwa ke go –
(i) fetisa Molaotlhomo;
(ii) fetisa Molaotlhomo o o fetotsweng; kgotsa
(iii) go kgaphela Molaotlhomo thoko.
(b) Molaotlhomo o o amogetsweng tse Kokoano Bosetšhaba go
ya ka temana (a)(i) o tshwanelwa go neelwa Poresidente go o
rebola.
(c) Fa Kokoano Bosetšhaba e fetisa Molaotlhomo o o
tlhabolotsweng, Molaotlhomo o o tlhabolotsweng o
tshwanetse go romelwa go Khansele ya Bosetšhaba, mme
fa Khansele e fetisa Molaotlhomo o o tlhabolotsweng o
tshwanelwa go romelwa go Poresidente go o rebola.
(d) Fa Kokoano Bosetšhaba e kgaphela Molaotlhomo thoko,
kgotsa fa Khansele ya Bosetšhaba e gana go fetisa
Molaotlhomo o o tlhabolotsweng o o rometsweng go yona go
ya ka tema(c), Molaotlhomo, fa go le maleba, Molaotlhomo o
o tlhabolotsweng, di tshwanelwa go romela kwa Komiting ya
Botsereganyi, e e ka nnang ya dumelelana ka –
(i) molaotlhomo jaaka e fetisitswe ke Khansele;
(ii) molaotlhomo o o tlhabolotsweng jaaka o fetisitswe ke
Kokoano; kgotsa
(iii) sebopego se sengwe sa Molaotlhomo.
54
(e) Fa komiti ya Botsereganyi e sa kgone go dumelelana mo
malatsing a le 30 ka Molaotlhomo o rometsweng mo go one,
Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira.
(f) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka Molaotlhomo
jaaka o fetisitswe ke Khansele ya Bosetšhaba, Molaotlhomo
o tshwanetse go romelwa kwa Kokoano Bosetšhaba, mme fa
Kokoano e fetisa Molaotlhomo, Molaotlhomo o tshwanelwa
wa neelwa Poresidente go o rebola.
(g) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelana ka Molaotlhomo o o
tlhabolotsweng jaaka o fetisitswe ke Kokoano Bosetšhaba,
Molaotlhomo o tshwanelwa wa romelwa go Khansele ya
Bosetšhaba, mme fa o fetisiwa ke Khansele, o tshwanelwa wa
neelwa Poresidente go o rebola.
(h) Fa Komiti ya Botsereganyi e dumelelana ka sebopego se
sengwe sa Molaotlhomo, sebopego seo sa Molaotlhomo
se tshwanela go romelwa kwa Khanseleng ya Bosetšhaba
le Kokoano Bosetšhaba ka bobedi, mme fa se fetisiwa
ke Khansele le Kokoano, se tshwanelwa go romelwa go
Poresidente go se rebola.
(i) Fa Molaotlholmo o rometswe go Kokoano Bosetšhaba
go ya ka tema(f) kgotsa(h) mme o sa fetisiwe ke Kokoano
Bosetšhaba, Molaotlhomo ga o sa tlhole o dira.
(3) Molaotlhomo o ka sekasekwa go ya ka thulaganyo e e
tlhomamisitsweng mo karolwaneng(1) kgotsa(2) fa go
rulaganyetswa peomolao ka ponelopele mo go nngwe le nngwe ya
dikarolo tse di latelang,
(a) karolo 65(2);
(b) karolo 163;
(c) karolo 182;
(d) karolo 195(3)le(4);
(e) karolo 196; le
(f) karolo 197.
(4) Molaotlhomo o tshwanelwa go sekasekwa go ya ka thulaganyo e e
tlhomamisitsweng ke karolwana(1) fa e o rulaganyetsa peomolao–
KGAOLO 4: PALAMENTE
55
(a) e e bonelwang pele mo karolong 44(2), kgotsa 220(3); kgotsa
(b) e e bonelwang pele golo gongwe mo Kgaolong 13, e e amang
dikgatlhego tsa matlotlo tsa lekala la puso ya porofense.
[Tema(b) e emetswe ke k. 1 Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.]
(5) Molaotlhomo o o akantsweng mo karolo 42(6) o tshwanelwa
go sekasekwa go ya ka thulaganyo e e tlhomilweng mo go
karolwana(1), ntle le fa –
(a) fa Kokoano Bosetšhaba e boutela ka Molaotlhomo, dikaelo tsa
karolo 53 (1) ga di dire; boemong ba se, Molaotlhomo o ka
fetisiwa fela fa bontsi ba ditokololo tsa Kokoano di bouta go
dumelelana le ona; le
(b) fa Molaotlhomo o romelwa go Komiti ya Botsereganyi,
melawana e e latelang e a dira:
(i) Fa Kokoano Bosetšhaba e sekaseka Molaotlhomo jaaka o
akantswe mo go karolwana(1) (g) kgotsa(h), Molaotlhomo
oo, o ka fetisiwa fela fa bontsi ba ditokololo tsa Kokoano
ba bouta go dumelelana le ona.
(ii) Fa Kokoano Bosetšhaba e sekaseka Molaotlhomo
jaaka o akantswe mo go karolwana(1)(e),(i) kgotsa (j),
Molaotlhomo oo o ka fetisiwa fela fa bonnye pedi-tharong
ba ditokololo tsa Kokoano ba bouta go dumelelana le ona.
(6) Karolo e, ga e amane le Melaotlhomo ya ditšhelete.
77 Melaotlhomo ya Tšhelete
(1) Molaotlhomo ke Molaotlhomo wa tšhelete fa o,
(a) lekanyetsa tšhelete,
(b) duedisa makgetho a bosetšhaba, makgethwana, ditefelo
kgotsa dituediso tsa tlaleletso,
(c) fedisa kgotsa o fokotsa, kgotsa o rebola dikgololo mo
makgethong mangwe le mangwe a bosetšhaba, makgethwana,
ditefelo kgotsa dituediso tsa tlaleletso, kgotsa
(d) dumelela dituediso tsa tlhamalalo kgatlhanong le Letlole la
Lotseno la Bosetšhaba, ntle le Molaotlhomo o o akanngwang
mo karolong 214 o o dumelelang dituediso tsa tlhamalalo.
KGAOLO 4: PALAMENTE
56
(2) Molaotlhomo wa tšhelete ga o tshwanelwa go samagana le morero
mongwe ntle le-
(a) morero o monnye malebana le tekanyetso ya tšhelete,
(b) go duedisa makgetho a bosetšhaba, makgethwana, ditefelo
kgotsa dituediso tsa tlaleletso, go fedisa kgotsa go fokotsa,
(c) go rebola dikgololo mo makgethong a bosetšhaba,
makgethwana, ditefelo kgotsa dituediso tsa tlaleletso, kgotsa
(d) Tumelelo ya dituediso tsa tlhamalalo kgatlhanong le Letlole la
Lotseno lwa Bosetšhaba.
(3) Melaotlhomo yotlhe ya tšhelete e tshwanetse go sekasekiwa go ya
ka thulaganyo e e tlhagisiwang ke karolo 75. Molao wa Palamente
o tshwanetse go tlamela thulaganyo go tlhabolola Melaotlhomo ya
tšhelete fa pele ga Palamente.
[K. 77 e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]
78 Komiti ya Botsereganyi
(1) Komiti ya Botsereganyi e dirwa ke –
(a) Ditokololo di le robongwe tsa Kokoano Bosetšhaba di
tlhophilwe ke ditokololo tsa Kokoano go ya tsamaiso e e
beilweng ka melawana le ditaelo tsa Kokoano mme e dira
gore boemedi ba makoko bo nne ka mokgwa o makoko a
emetswang ka gone mo Kokoanong; mme
(b) moemedi a le mongwe go tswa mo go nngwe le nngwe ya
dikemedi tsa diporofense mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya
Diporofense, a supilwe ke kemedi.
(2) Komiti ya Botsereganyi e dumelelane ka sebopego sa
Molaotlhomo, kgotsa e sweditse ka kgang, fa sebopego seo,
kgotsa letlhakore lengwe la kgang, le engwe nokeng ke –
(a) bonnye ba le batlhano ba dikemedi tsa Kokoano Bosetšhaba;
le
(b) bonnye ba le batlhano ba baemedi ba Khansele ya Bosetšhaba
ya Diporofense.
KGAOLO 4: PALAMENTE
57
79 Thebolo ya Melaotlhomo
(1) Poresidente o tshwanelwa ke go rebola le go saena Molaotlhomo
o o fetisitsweng go ya ka kgaolo e, kgotsa fa Poresidente a na
le dipelaelo ka ga bomolaotheo ba Molaotlhomo, o o busetsa
morago go Kokoano Bosetšhaba go sekwasekwa sešwa.
(2) Melawana e e tshwaraganetsweng e tshwanetse go neela
thulaganyo go, le mokgwa wa, go tsaya karolo mo go sekasekeng
sešwa ga molaotlhomo ke Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya
Bosetšhaba ya Diporofense.
(3) Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e tsaya karolo mo
go sekasekiweng sešwa ga Molaotlhomo o Poresidente a o
buseditseng morago go Kokoano Bosetšhaba fela fa –
(a) go sa kgotsofale ga Poresidente ka bomolaotheo ba
molaotlhomo bo golagana le morero wa botsamaisi jo bo
amang Khansele; kgotsa
(b) karolo 74(1),(2) kgotsa(3)(b) kgotsa 76 e ne e dira mo go
fetisiweng ga Molaotlhomo.
(4) Fa, morago ga kakanyo sešwa, Molaotlhomo o arabela dipelaelo
tsa ga Poresidente ka botlalo, Poresidente o tshwanetse go rebola
a ba a saena Molaotlhomo; go seng jalo, Poresidente o tshwanela
ke go –
(a) rebola a bo a saene Molaotlhomo; kgotsa
(b) a o romele go kgotlatshekelo ya Molaotheo go tsaya tshwetso
ka bomolaotheo ba ona.
(5) Fa Kgotlatshekelo ya Molaotheo e swetsa gore Molaotlhomo o mo
Molaotheong, Poresidente o tshwanela go o rebola le go o saena.
80 Kopo ya ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba go
Kgotlatshekelo ya Molaotheo
(1) Ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba di ka dira kopo go
Kgotlatshekelo ya Molaotheo go senka taelo e e atlholang gore
Molao otlhe kgotsa karolo ya Molao, o o fetisitsweng ke Kokoano
ga o ka fa molaotheong.
KGAOLO 4: PALAMENTE
58
(2) Kopo –
(a) e tshwanetse ya tshegediwa ke bonnye nngwe-tharong ya
ditokololo tsa Kokoano; e bile
(b) e tshwanelwa go dirwa morago mo malatsing a le 30, go
simolola fa Poresidente a rebola e bile a saena Molao;
(3) Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ka laela gore molao otlhe, kgotsa
karolo eo e leng setlhogo sa kopo, ka mabaka a karolwana(1), ga
o na boleng go fitlha Kgotla e sweditse ka kopo fa –
(a) dikgatlhego tsa bosiamisi di tlhoka se; le
(b) fa kopo e na le tšhono e e isegang ya go atlega.
(4) Fa kopo e sa atlega, Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tshwanetse go
laela bakopi gore ba duele ditshenyegelo ntle le fa kopo e ne e na
le tšhono e e isegang ya go atlega.
81 Phasalatso ya Melao
Molaotlhomo o o rebotsweng e bile o saennwe ke Poresidente e nna Molao
wa Palamente, o tshwanetse wa phasaladiwa ka bonako, e bile o tsena
mo tirisong fa o phasaladiwa, kgotsa ka motlha o o tlhomamisitsweng ka
ditaelo tsa Molao.
82 Polokesego ya Melao ya Palamente
Setlankana se se saenilweng sa Molao wa Palamente ke bopaki bo bo
feleletseng ba dithulaganyetso tsa Molao oo e bile, morago ga phasalatso,
o tshwanelwa go bewa mo botshepeging ba Kgotlatshekelo ya Molaotheo
go nna mo polokegong.
KGAOLO 4: PALAMENTE
59
KGAOLO 5
PORESIDENTE LE KHUDUTHAMAGA
YA BOSETŠHABA (kl 83-102)
83 Poresidente
Poresidente –
(a) ke Tlhogo ya Naga e bile ke tlhogo ya khuduthamaga ya
bosetšhaba;
(b) o tshwanetse go tshegofatsa, go sireletsa le go tlotla
Molaotheo jaaka molaomogolo wa Rephaboliki;
(c) o tsweletsa kopano ya setšhaba le tseo tse di tla tsweletsang
Rephaboliki.
84 Dithata le ditiro tsa ga Poresidente
(1) Poresidente o na le dithata tse a di abetsweng ka Molaotheo
le peomolao, go akarediwa tse di tlhokegang go dira ditiro tsa
Tlhogo ya Naga le tlhogo ya Khuduthamaga ya Bosetšhaba.
(2) Poresidente o rwele maikarabelo a –
(a) go rebola le go saena Melaotlhomo;
(b) go busetsa Molaotlhomo morago go Palamente go sekasekwa
bomolaotheo ba Molaotlhomo;
(c) go busetsa Molaotlhomo go Kgotlatshekelo ya Molaotheo go
dira tshwetso ka bomolaotheo ba Molaotlhomo oo;
(d) go bitsa Kokoano Bosetšhaba, Khansele ya Bosetšhaba
ya Diporofense kgotsa Palamente go tla kopanong e e sa
tlwaelegang go sekaseka merero e e kgethegileng;
(e) go tlhoma mongwe le mongwe mo maemong, jaaka
Molaotheo kgotsa peomolao e laola gore Presidente a dire,
ntle le jaaka e le tlhogo ya khuduthamaga ya bosetšhaba;
(f) go tlhoma dikhomišene tsa dipatlisiso;
[Ntlhakakaretso: Ditebogo tsa tlotlo tse di tsentsweng mo Kuranteng ya Puso 24155 ya 6 Sedimonthole, 2002 le mo Kuranteng ya Puso 25213 ya 25 Phukwi, 2003.]
KGAOLO 5: PORESIDENTE LE KHUDUTHAMAGA YA BOSETŠHABA
60
(g) go goeletsa direferentamo ka fa ditaelong tsa Molao wa
Palamente;
(h) go amogela le go naya tlotlo go baemedi ba dinaga disele/
didipolomate, le boemedi ba bokonsolo;
(i) go kgetha baambasatara; le baemedipuso, didipolomate le
bakonsolo ba ba emelang naga;
(j) go itshwarela kgotsa go emisa polao ya o a atlholetsweng
loso le go fokoletsa dikotlhao dingwe le dingwe tsa madi,
kgotsa go gapelwa dithoto;
(k) go abela diala tsa tlotlo.
85 Bothati ba bokhuduthamaga ba Rephaboliki
(1) Bothati ba bokhuduthamaga ba Rephaboliki bo rwelwe ke
Poresidente.
(2) Poresidente o diragatsa thata ya bokhuduthamaga, mmogo le
ditokololo tse dingwe tsa Kabinete, ka –
(a) go diragatsa peomolao ya bosetšhaba ntle le fa Molaotheo
kgotsa Molao wa Palamente o rulaganyeditse ka mokgwa
mongwe;
(b) go tlhabolola le go diragatsa maikemisetso a bosetšhaba;
(c) go nyalanya ditiro tsa mafapha a puso le ditsamaiso;
(d) go rulaganya le go simolola peomolao;
(e) go dira tiro nngwe le nngwe ya bokhuduthamaga e e
rulaganyeditsweng mo Molaotheong kgotsa mo peomolaong
ya bosetšhaba.
86 Go tlhophiwa ga Poresidente
(1) Mo kopanong ya ntlha, morago ga ditlhopho fa go tshwanetse
go tladiwa phatlha, Kokoano Bosetšhaba e tshwanetse go
kgetha monna kgotsa mosadi mo ditokololong tsa yona go nna
Poresidente.
(2) Moatlhodimogolo o tshwanetse go okama ditlhopho pele go
tlhophiwa Poresidente kgotsa a supe Moatlhodi mongwe go dira
KGAOLO 5: PORESIDENTE LE KHUDUTHAMAGA YA BOSETŠHABA
61
KGAOLO 5: PORESIDENTE LE KHUDUTHAMAGA YA BOSETŠHABA
jalo. Tsela e e rebotsweng mo Karolong A ya Mametlelelo 3 e a
diragadiwa mo go tlhopheng Poresidente.
[Kl(2) e emetswe ke k. 6 Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(3) Ditlhopho tsa go tlatsa phatlha mo kantorong ya Poresidente
di tshwanetse go tshwarwa ka nako le letlha le le beilweng ke
Moatlhodimogolo, e seng morago ga malatsi a 30 morago ga
phatlha e ntse teng.
[Kl(3) e emetswe ke k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
87 Go tsaya tiro ya Boporesidente
Fa motho a tlhophilwe go nna Poresidente o kgaotsa go nna tokololo ya
Kokoano Bosetšhaba gape mo malatsing a matlhano(5), o tshwanetse go
tsaya tiro ya boporesidente ka go ikana le go dumela go nna boikanyego
go Rephaboliki le go ikobela Molaotheo go ya ka Mametlelelo 2.
88 Paka-tiro ya Boporesidente
(1) Paka ya tiro ya Poresidente e simolola fa a tsaya tiro mme e
kgaotsa fa phatlha e tlhagelela kgotsa fa motho yo a tlhophilweng
go mo tlhatlhama a tsaya maemo.
(2) Ga go motho ope yo o tla tshwarang tiro jaaka Poresidente go feta
dipaka tse pedi tsa tiro, mme fa mongwe a tlhophilwe go tlatsa
phatlha ya Poresidente, nako magareng ga ditlhopho le ditlhopho
tse di latelang tsa Poresidente, ga e tsewe e le paka ya tiro.
89 Go tlosiwa ga Poresidente
(1) Kokoano Bosetšhaba, ka tshwetso ya pedi-tharong ba ditokololo
tsa yona, e ka kgona go tlosa Poresidente mo maemong, fela ka
mabaka a-
(a) Tshiamololo e e masisi ya Molaotheo;
(b) Go tlhoka maitseo fa go feteletseng;
(c) Go tlhoka bokgoni jwa go dira ditiro tsa maemo a gagwe.
(2) Mongwe le mongwe yo o tlositsweng mo maemong a
62
boporesidente go ya ka mabaka a karolwana(1)(a) kgotsa(b) a ka
se newe sepe sa meputso ya maemo ao, e bile a ka se dire mo
maemong ape a puso.
90 Poresidente wa Nama-o-sa-tshwere
(1) Fa Poresidente a se teng mo nageng kgotsa a sa kgone go dira
ditiro tsa kantoro ya boPoresidente kgotsa mo nakong e go
nang le phatlha mo kantorong ya Poresidente, motho yo o nang
le maemo a tiro e, ka tatelano e e fa tlase e ka nna a dira jaaka
Poresidente, ke:
(a) Motlatsa Poresidente.
(b) Tona e e supilweng ke Poresidente.
(c) Tona e e supilweng ke ditokololo tse dingwe tsa Kabinete.
(d) Mmusakgotla wa Palamente go fitlhelela kokoano Bosetšhaba
e supa mongwe wa maloko a yona.
(2) Poresidente wa nama-o-sa-tshwere o na le maikarabelo, maatla, le
ditiro tsa Poresidente.
(3) Pele a rwala maikarabelo, ditiro le mediro ya Poresidente,
Poresidente wa nama-o-sa-tshwere o tshwanela go ikana kgotsa
go dumela go nna boikanyego go Rephaboliki le boikobo go
Molaotheo, go ya ka Mametlelelo 2.
(4) Motho yo jaaka Poresidente wa nama o tshwere a ikanne kgotsa
a tlhomamisitse botshepegi go Rephaboliki ga a tshwanela go
boeletsa tsela ya maikano kgotsa ya tlhomamiso mo pakeng e
e latelang jaaka Poresidente wa nama-o-tshwere ka motsi wa
bokhutlo jwa paka fa motho a tlhophiwa gape jaaka Poresidente
a tsaya tiro.
[Kl.(4) e tlaleleditswe ke k. 1 ya Molao ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao  wa 1997.]
91 Kabinete
(1) Kabinete e dirwa ke Poresidente, jaaka tlhogo ya Kabinete,
Motlatsa Poresidente le Ditona.
(2) Poresidente o tlhopha Motlatsa Poresidente le Ditona, o ba abela
dithata le ditiro, e bile o ka ba rola tiro.
KGAOLO 5: PORESIDENTE LE KHUDUTHAMAGA YA BOSETŠHABA
63
KGAOLO 5: PORESIDENTE LE KHUDUTHAMAGA YA BOSETŠHABA
(3) Poresidente –
(a) o tshwanetse go kgetha Motlatsa Poresidente mo ditokololong
tsa Kokoano ya Bosetšhaba;
(b) a ka kgetha palo nngwe le nngwe ya Ditona go tswa mo
ditokololong tsa Kokoano Bosetšhaba;
(c) a ka kgetha palo e e sa feteng pedi go tswa kwa ntle ga
Kokoano ya Bosetšhaba.
(4) Poresidente o tshwanela go kgetha tokololo ya Kabinete go nna
moeteledipele wa merero ya puso mo Kokoanong ya Bosetšhaba.
(5) Motlatsa Poresidente o tshwanetse go thusa Poresidente mo go
diragatseng ditiro tsa puso.
92 Maikarabelo le ditlamego
(1) Motlatsa Poresidente le Ditona ba na le maikarabelo mo
dithateng le ditirong tsa khuduthamaga tse ba di rwesitsweng ke
Poresidente.
(2) Ditokololo tsa Kabinete di na le maikarabelo ka bojotlhe le ka
bongwe fela go Palamente ka tiragatso ya ditiro tsa bona.
(3) Ditokololo tsa Kabinete di tshwanela –
(a) go dira go ya ka Molaotheo;
(b) go neela Palamente dipego ka botlalo nako le nako tebang le
merero e e mo taolong ya bona.
93 Batlatsatona
(1) Poresidente a ka tlhopha
(a) Batlatsatona go tswa mo ditokololong tsa Kokoano
Bosetšhaba, le go
(b) Tlhopha go se fete Batlatsatona ba le babedi go tswa kwa ntle
ga Kokoano, go thusa ditokololo tsa Kabinete, mme a ka ba
tlosa.
(2) Batlatsatona ba ba tlhophilweng go ya ka karolwana(1)(b) ba
arabela Palamente go diragatsa dithata tsa bona le go dira ditiro
tsa bona.
64
[K. 93 e emetswe ke k. 7 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa  2001.]
94 Go tswelela ga Kabinete morago ga ditlhopho
Fa ditlhopho tsa Kokoano Bosetšhaba di tshwerwe, Kabinete, Motlatsa-
Poresidente, Ditona tsa yona le Batlatsatona ba na le tetla ya go diragatsa
go fitlhelela motho yo a tlhophilweng jaaka Poresidente ke Kokoano e e
latelang a simolola go dira.
95 Maikano kgotsa tumelo
Pele Motlatsa Poresidente, Ditona le Batlatsatona ba dira mo ofising ya
bona, ba tshwanela go ikana kgotsa go dumela go nna boikanyego mo
Rephaboliking le boikobo go Molaotheo go ya ka Mametlelelo 2.
96 Maitsholo a Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsatona
(1) Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsa Tona ba tshwanela go dira
go ya ka mokgwa wa maitsholo o o beilweng ka molao wa
bosetšhaba.
(2) Ditokololo tsa Kabinete le Batlatsatona ba ka se –
(a) tseye tiro e nngwe e e duelang;
(b) ba ka se itshole ka mokgwa mongwe o o seng maleba le
maemo a tiro ya bona, kgotsa go ipaya mo maemong a a ka
thulanyang maikarabelo a bona a semmuso le dikgatlhego
tsa sephiri; kgotsa ba ka se dirise maemo a bona kgotsa
tshedimosetso e e beilweng mo go bona go ikhumisa kgotsa
go humisa motho mongwe ka mokgwa o sa lolamang.
97 Tshutiso ya ditiro
Poresidente ka kgoeletso a ka sutisetsa go tokololo ya Kabinete –
(a) tsamaiso ya molao mongwe le mongwe o o roletsweng mo
tokololong e nngwe; kgotsa
(b) thata kgotsa tiro nngwe le nngwe e e roletsweng ka molao go
tokololo e nngwe.
KGAOLO 5: PORESIDENTE LE KHUDUTHAMAGA YA BOSETŠHABA
65
KGAOLO 5: PORESIDENTE LE KHUDUTHAMAGA YA BOSETŠHABA
98 Kabelo ya nakwana ya ditiro
Poresidente a ka neela tokololo ya Kabinete thata le ditiro tsa tokololo e
nngwe e e seng teng mo tirong kgotsa e e sa kgoneng go diragatsa maatla
ao, kgotsa tiro eo.
99 Kabelo ya ditiro
Tokololo ya Kabinete e ka neela thata kgotsa tiro nngwe le nngwe e e
tshwanelwang go dirwa mo mabakeng a Molao wa Palamente go tokololo
ya Kgotla Khuduthamaga ya porofense kgotsa go Khansele ya Mmasepala.
Kabelo –
(a) e tshwanela go nna ka mabaka a tumelelano fa gare ga
tokololo ya Kabinete e e maleba le Mokhuduthamaga oo,
kgotsa tokololo ya Khansele ya Mmasepala;
(b) e tshwanela go nna maleba le Molao wa Palamente mo
mabakeng ao maatla kgotsa tiro e diragatswang kgotsa e dira;
(c) e tsena mo tiragatsong fa o phasaladiwa ke Poresidente.
100 Bookamedi ba bosetšhaba go botsamaisi ba diporofense
(1) Fa porofense e retelelwa kgotsa e sa dire ditshwanelo tsa yona
tsa bodiragatsi mo mabakeng a peomolao kgotsa Molaotheo,
khuduthamaga ya bosetšhaba e ka tsereganya go tsaya dikgato
tse di maleba go kgontsha go dirwa ga ditshwanelo tseo, go
akarediwa –
(a) go ntsha kaelo go khuduthamaga ya porofense, e e tlhalosang
selekano sa go retelelwa ke go dira ditshwanelo le go
tlhagisa dikgato dingwe le dingwe tse di tlhokegang go dira
ditshwanelo; le
(b) go tsaya boikarabelo tebang le ditshwanelo tse di maleba mo
porofenseng eo go isa fa go tlhokegang go –
(i) go tshegetsa maemo a a botlhokwa a setšhaba kgotsa go
fitlhelela maemo a a tlhomilweng a bosetšhaba a go naya
tirelo;
(ii) go tshegetsa kitlano ya ikonomi;
66
(iii) go tshegetsa tshireletso ya bosetšhaba; kgotsa
(iv) kganela porofense eo go tsaya kgato e sa isegeng e
gobelelang kgatlhego ya porofense e nngwe kgotsa ya
naga ka bophara.
[Kl.(1) e tlhabolotswe ke k. 2(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.]
(2) Fa khuduthamaga ya bosetšhaba e tsereganya mo porofenseng
mo mabakeng a karolwana(1)(b)–
(a) e tshwanetse go romela kitsiso ya tsereganyo ka lekwalo mo
Khanseleng ya Bosetšhaba ya diporofense mo malatsing a 14
morago ga fa tsereganyo e fetsa go kopana ;
(b) tsereganyo e tshwanela go khutla fa Khansele e sa amogele
tsereganyo mo malatsing a le 180 morago ga fa tsereganyo
e sena go simolola kgotsa ka bokhutlo jwa paka eo e sa
amogela tsereganyo, gape
(c) Khansele e tshwanetse, fa tsereganyo e tswelela, go sekaseka
tsereganyo nako le nako e be e neele dikatlenegiso tse di
maleba go khuduthamaga ya bosetšhaba.
[Kl.(2) e emetswe ke k. 2(c) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.]
[K. 100 e tlhabolotswe ke k. 2(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.]
(3) Peomolao ya bosetšhaba e ka laola tiragatso e e tlhomilweng mo
karolong e.
101 Ditshwetso tsa khuduthamaga
(1) Tshwetso ya Poresidente e tshwanetse gore e nne e e kwadilweng
fa –
(a) e tsena go ya ka molao; kgotsa
(b) e na le ditlamorago tsa semolao.
(2) Tshwetso e e kwadilweng ya ga Poresidente e tshwanetse go
saeniwa ke tokololo nngwe gape ya Kabinete, fa tshwetso eo e
ama tiro e e abetsweng tokololo eo ya Kabinete.
(3) Dikgoeletso, melawana le didiriswa tse dingwe tsa melawana e e
fa tlase ga peomolao di tshwanetse go fitlhelelwa ke botlhe.
KGAOLO 5: PORESIDENTE LE KHUDUTHAMAGA YA BOSETŠHABA
67
(4) Peomolao ya bosetšhaba e ka totobatsa mokgwa o ka ona, le
selekano seo, didiriswa tse di umakilweng mo karolwana(3)
di tshwanetseng go –
(a) atlhaatlhiwa mo Palamenteng; le
(b) go amogelwa ke Palamente.
102 Ditshisinyo tsa go tlhoka boikanyego
(1) Fa Kokoano Bosetšhaba ka boutu e e tshegeditsweng ke bontsi
ba ditokololo e fetisa tshitshinyo ya go tlhoka boikanyego go
Kabinete, go sa akarediwe Poresidente, Poresidente o tshwanela
go bopa Kabinete sešwa.
(2) Fa Kokoano Bosetšhaba ka boutu e e tshegeditsweng ke bontsi
ba ditokololo e atlanegisa tshitshinyo ya go tlhoka boikanyego go
Poresidente, Poresidente le ditokololo tsa Kabinete le Batlatsatona
bangwe le bangwe ba tshwanelwa ke go rola tiro.
KGAOLO 5: PORESIDENTE LE KHUDUTHAMAGA YA BOSETŠHABA
68
KGAOLO 6
DIPOROFENSE (kl 103-150)
103 Diporofense
(1) Rephaboliki e na le diporofense tse di latelang:
(a) Kapa Botlhaba
(b) Foreistata
(c) Gauteng
(d) Kwa Zulu-Natal
(e) Mpumalanga
(f) Kapa Bokone
(g) Limpopo
 (h) Bokone Bophirima
(i) Kapa Bophirima
[k. 1 e emetswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molao wa 2003.]
(2) Melelwane ya diporofense ke e e neng e le teng fa Molaotheo o
diragatswa.
Dikokoanopeomolao tsa Diporofense
(kl 104 -124)
104 Bothati ba peomolao ba diporofense
(1) Bothati ba peomolao ba porofense bo rwelwe ke kokoano ya
peomolao ya porofense, e bile bo rebolela go kokoanopeomolao
ya porofense maatla –
(a) go atlanegisa molaotheo wa porofense eo kgotsa ga tlhabolola
molaotheo o o kwadilweng ke yona ka ditaelo tsa dikarolo
142 le 143;
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
69
(b) go fetisa peomolao mo, le go, porofense tebang le –
(i) morero mongwe le mongwe o o mo kgaolong ya tiragatso
e e mo lenaaneng la Mametlelelo 4;
(ii) morero mongwe le mongwe o o mo lekaleng la tiragatso e
e lenaaneng la Mametlelelo 5; le
(iii) morero mongwe le mongwe o o kwa ntle ga makala a
tiragatso, o o roletsweng mo porofenseng ka totobalo ke
peomolao ya bosetšhaba; le
(iv) morero mongwe le mongwe o kaelo ya Molaotheo e o
akanyetsang go baya peomolao ya porofense; le
(c) go rolela nngwe le nngwe ya dithata tsa peomolao go
Khansele ya Mmasepala mo porofenseng eo.
(2) Kgotlapeomolao ya porofense, ka tshwetso e e tshegeditsweng ke
pedi-tharong ya ditokololo e ka, lopa Palamente go fetola leina la
porofense eo.
(3) Peomolao ya porofense e gapelediwa fela ke Molaotheo le, fa e
atlanegisitse Molaotheo wa porofense eo, ka molaotheo oo, mme
e tshwanetse go dira go ya ka le mo tekanyetsong ya, Molaotheo
le molaotheo wa porofense eo.
(4) Peomolao ya porofense tebang le morero oo isegang gore o a
tlhokega, kgotsa o tshokile o le botlhokwa, mo tiragatsong ya
thata tebang le morero o o mo lenaaneng la Mametlelelo 4, ke peo
ka mabaka otlhe go ya ka lenaane la Mametlelelo 4.
(5) Kgotlapeomolao ya porofense e ka atlenegisetsa Kokoano
Bosetšhaba, peomolao tebang le morero mongwe le mongwe o
o kwa ntle ga bothati ba kgotlapeomolao, kgotsa e mo go yona
Molao wa Palamente o okamang molao wa porofense.
105 Sebopego le go tlhophiwa ga dikgotlapeomolao tsa
diporofense
(1) Kgotlapeomolao ya porofense e bopiwa
ke basadi le banna ba ba tlhophilweng jaaka ditokololo ka ditaelo
tsa mokgwa wa ditlhopho o –
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
70
(a) o beilweng ka peomolao ya bosetšhaba;
(b) o ikaegileng ka dikarolwana tsa Porofense ya lenaane le le
lengwe la bosetšhaba la batlhophi; le
(c) le le rulaganyetsang go bouta go bonnye e leng dingwaga di
le 18; le
(d) dipholo, ka kakaretso, ka boemedi ba kelano.
[k.(1) e tlhabolotswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesome wa Molao wa 2003 le ka k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]
(2) Kgotlapeomolao ya porofense e na le ditokololo tse di leng
gare ga 30 le 80. Palo ya ditokololo, e e ka farologaneng mo
diporofenseng, e e tshwanetseng go tlhomamisiwa ka ditaelo tsa
kaetso e e beilweng ka peomolao ya bosetšhaba.
106 Botokololo
(1) Moagi mongwe le mongwe yo o letleletsweng go tlhopha mo
Kokoano Bosetšhabeng e ka nna tokololo ya Kgotlapeomolao ya
porofense kwa ntle ga –
(a) mongwe le mongwe yo o tlhophilweng ke puso kgotsa a direla
puso, a amogela madi, ntle le –
(i) tonakgolo le ditokololo dingwe tsa khuduthamaga ya
porofense; le
(ii) batlhankedi bangwe ba ditiro tsa bona di tsamaelanang le
ditiro tsa tokololo ya kgotlapeomolao ya porofense, mme
go kailwe gore di tshwana le ditiro tse, ke peomolao ya
bosetšhaba.
(b) ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba, baemedi ba leruri ba
khansele ya
bosetšhaba ya diporofense kgotsa ditokololo tsa Lekgotla la
Mmasepala;
(c) boradisuga ba ba sa kgopologeng;
(d) mongwe le mongwe yo Kgotlatshekelo ya Rephaboliki e
tsayang a sa itekanelang mo tlhaloganyong;
(e) mongwe le mongwe yo e rileng fa karolwana e ya molao e
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
71
sena go tsena mo tirisong a bonwa molato, mme a atlholelwa
dikgwedi tse di fetang 12 kwa kgolegelong go ntle le go newa
tšhono ya go duela, e ka nna mo Rephaboliking, kgotsa kwa
ntle ga Rephaboliking; fa maitsholo a a dirang molato e ne
e ka nna molato mo Rephaboliking, mme ga go ope yo go
ka tsewang a atlhotswe go fitlhelela boikuelo kgatlhanong le
kotlo kana katlholo e diragadiwa, kgotsa go fitlhelela nako
ya boikuelo e feta. Go latlhegelwa ke ditshwanelo fa tlase ga
kgaolo e go khutla morago ga ngwaga tse tlhano katlholo e
wetse.
(2) Motho yo a se nang gona go tlhophiwa go nna
tokololo ya Kgotlapeomolao ya porofense ka ditaelo tsa
karolwana(1)(a) kgotsa(b) e ka nna ntlhopheng wa kokoano,
ka taolo ya ditekanyetso dingwe le dingwe kgotsa mabaka a a
tlhomilweng ke peomolao ya bosetšhaba.
(3) Motho o latlhegelwa ke botokololo ba Kokoano ya porofense fa
motho yoo a –
(a) kgaotsa go nna yo o ka tlhopiwang;
(b) sa nne teng mo kokoanong ya porofense ntle le tumelelo
ka mabaka a ditaelo le molao o kokoano o kayang fa a ka
latlhegelwa ke botokololo; kgotsa
(c) kgaotsa go nna tokololo ya lekoko le le tlhophileng motho yoo
jaaka tokololo ya kokoanong ya porofensetlapeomolao.
[Kl.(3) e emetswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bolesome wa Molao wa 2003.]
(4) Diphatlhatiro mo Kokoanong ya Porofense di tshwanetse go
tlatswa go ya ka peomolao ya bosetšhaba.
107 Maikano kgotsa tumelo ya ditokololo
Pele ditokololo tsa Kokoano ya Porofense di ka simolola go dira ditiro
tsa tsona mo Kokoanong peomolao, di tshwanetse go ikana kgotsa go
dumela boikanyego mo Rephaboliking le boikobo mo Molaotheong, ka
tlhomamiso go ya ka Mametlelelo 2.
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
72
108 Paka ya kokoano ya porofense
(1) Kokoano ya porofense e tlhophelwa paka ya dingwaga tse tlhano.
(2) Fa Kokoano ya porofense e phatlhaladiwa go ya ka karolwana
109 kgotsa fa nako ya yona e fela, Poresidente, Tonakgolo ka
kgoeletso, o tshwanetse go bitsa le go baya matlha a ditlhopho,
tse di tshwanetseng go tshwarwa mo malatsing a le 90 morago
ga letsatsi le Kokoano e phatlaladitsweng ka lona, kgotsa nako e
e fedileng ka yona. Kgoeletso e e tlhagisang le go rebola matlha a
ditlhopho e ka rebolwa pele kgotsa morago ga go fela ga paka ya
kokoano ya porofense.
[Kl.(2) e emetswe ke k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bone wa Molao wa 1999.]
(3) Fa dipholo tsa ditlhopho tsa kokoano ya porofense di sa
phasaladiwe ka nako e e kailweng mo nakong ya karolo
190 kgotsa ditlhopo di kgapetswe thoko ke kgotlatshekelo,
Poresidente, ka phasalatso, tse dingwe o tshwanetse a ka bitsa le
go baya matlha ya ditlhopo,tse di tshwanetseng go tshwarwa mo
malatsing a 90 a paka e e fedileng kgotsa a motsing o ditlhopho di
kgapetsweng thoko ka ona.
(4) Peomolao ya porofense e sala e nonofile go dira go simolola
motsing o e phatlhaladitsweng kgotsa nako ya yona e khutlang, go
fitlhelela motsing o o fa pele ga letsatsing la ntlha la ditlhopho tsa
kgotlapeomolao e e latelang.
109 Phatlalatso ya dikgotlapeomolao tsa diporofense pele ga
bokhutlo ba paka ya tsona
(1) Tonakgolo ya porofense o tshwanetse go phatlalatsa
kgotlapeomolao ya porofense fa –
(a) Kokoano e amogetse tshwetso ya go phatlalala, e engwe
nokeng ke bontsi ba ditokololo tsa yona; le
(b) dingwaga tse tharo di fetile e sa le Kokoano e tlhophilwe.
(2) Tonakgolo wa nama-o-tshwere o tshwanetse a phatlalatsa
kgotlapeomolao ya porofense fa–
(a) go le phatlha-tiro ya ofisi ya Tonakgolo; le fa
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
73
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
(b) Kokoano e retelelwa ke go tlhopha Tonakgolo e ntšhwa mo
malatsing a le 30 morago ga phatlhatiro e ntse teng.
110 Dipitso le dipaka tsa khunologo
(1) Morago ga ditlhopho, pitso ya ntlha ya kokoanopeomolao ya
porofense ya Kgotlapeomolao e tshwanetse go epiwa ka nako
le letlha le le laotsweng ke moatlhodi yo o tlhophilweng ke
Moatlhodimogolo,mme e seng go feta malatsi a 14 a fetile morago
ga dipholo tsa ditlhopho di fetsa go phasaladiwa ka tlhomamo.
Kgotlapeomolao ya porofense e ka tlhomamisa nako le boleele jwa
dipitso tse dingwe le dipaka tsa khunologo.
[Kl.(1) e emetswe ke k. 8 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(2) Tonakgolo ya porofense e ka epa pitso ya Kokoano ya
Kgotlapeomolao ya porofense go tla pitsong e e kgethegileng ka
nako nngwe le nngwe go rera merero e e kgethegileng.
(3) Kgotlapeomolao ya porofense e epa dipitso kwa, e ka swetsang
gore e tsenela pitso gona.
111 Babusakgotla le Batlatsa-Babusakgotla
(1) Kwa pitsong ya ntlha morago ga go tlhopiwa ga yona, kgotsa fa
go tlhokagala go tlatsa phatlha, Kgotlapeomolao ya porofense e
tshwanetse go kgetha Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla mo
ditokololong tsa yona.
(2) Moatlhodi yo o tlhophilweng ke Moatlhodimogolo o tshwanetse
go okama go tlhophiwa ga Mmusakgotla kgotsa a rebole
moatlhodi o mongwe go dira jalo. Mmusakgotla o okama
ditlhopho tsa Motlatsa Mmusakgotla.
[Kl.(2) e emetswe ke k. 9 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(3) Thulaganyo e e tlhagelelang mo Karolong A ya Mametlelelo
3 e diragadiwa mo ditlhophong tsa Babusakgotla le Batlatsa
Mmusakgotla.
(4) Kgotlapeomolao ya porofense e ka rola Mmusakgotla kgotsa
74
Motlatsa Mmusakgotla tiro ka tshwetso. Bontsi ba ditokololo tsa
peomolao ba tshwanetse go nna teng fa tshwetso e atlanegisiwa.
(5) Mo mabakeng a melawana le ditaelo, Kokoano Bosetšhaba e ka
tlhopha mo ditokololong tsa yona batlhakedi ba bangwe ba ba
okamang go thusa Mmusakgotla le Motlatsa Mmusakgotla.
112 Ditshwetso
(1) Ntle le fa Molaotheo o kaela ka tsela e nngwe –
(a) bontsi ba ditokololo tsa Kgotlapeomolao ya porofense ba
tshwanetse ba nna teng pele go ka boutelwa Molaotlhomo
kgotsa tlhabololo ya Molaotheo;
(b) bonnyeng nngwe-tharong ba ditokololo bo tshwanetse go nna
teng pele go ka tsewa diboutu mo ntlheng nngwe le nngwe e e
fa pele ga Kokoano;
(c) dintlha tsotlhe tse di fa pele ga Kgotlapeomolao ya porofense
di swetswa ka bontsi jwa diboutu tse di tlhageletseng.
(2) Tokololo ya Kgotlapeomolao ya porofense e e okameng ga e letlwe
go bouta ka tlwaelo, mme –
(a) o tshwanetse a tlhagisa boutu ya makgaolakgang fa diboutu di
ile maleka matlhakoreng oomabedi a pharela, le bile
(b) o ka tlhagisa boutu e e tlwaelegileng fa pharela e tshwanetsee
go atlholwa ka tshegetso ya boutu ya bonnye pedi-tharong ba
ditokololo tsa kgotlapeomolao.
113 Ditshwanelo tsa baemedi ba leruri mo kgotlapeomolao ya
porofense
Baemedi ba porofense ba leruri go Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense
ba ka tlhabolola, ba bua mo kgotlapeomolaong ya porofense le dikomiti
tsa yona mme ga ba na ba bouta. Kgotlapeomolao e ka tlhoka moemedi wa
leruri go tsena pitso ya yona kgotsa ya dikomiti tsa yona.
114 Dithata tsa dikgotlapeomolao tsa diporofense
(1) Mo go diragatseng thato ya yona ya peomolao, Kgotlapeomolao
ya porofense e ka –
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
75
(a) sekaseka, fetisa, tlhabolola kgotsa ya gana Molaotlhomo le
mongwe le mongwe o o fa pele ga kgotlapeomolao; le
(b) go simolola kgotsa go baakanya peomolao, ntle le
Melaotlhomo wa ditšhelete.
(2) Kgotlapeomolao ya porofense e tshwanetse ya tlhomamisa ya ba
ya neela mekgwa le metsamao ya go –
(a) netefatsa gore ditheo tsotlhe tsa bodiragatsi ba puso mo
karolong ya porofense ya puso di lebanwe ke maikarabelo mo
go yona; le
(b) go tshegetsa bodisa jo bo lolameng ba –
(i) tiragatso ya bothati ba bodiragatsi, ba porofense go
akarediwa tiragatso ya peomolao; le
(ii) setheo sengwe le sengwe sa puso ya porofense.
115 Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga dikgotla peomolao
tsa diporofense
Kgotlapeomolao ya porofense le nngwe le nngwe ya dikomiti tsa yona
di ka –
(a) biletsa tshekong mongwe le mongwe go tlhagelela fa pele
ga tsona go fa bopaki ka maikano kgotsa tlaleletso kgotsa go
supa dikwalo;
(b) go senka gore motho kgotsa setheo sengwe le sengwe go e
neela pego; le
(c) go gapeletsa, ka ditaelo tsa kgotlapeomolao ya porofense
kgotsa melawana le ditaelo, motho kgotsa setheo sengwe le
sengwe go inaakanya le tagafara kgotsa tlhokego ka ditaelo
tsa tema(a) kgotsa(b); le go amogela diphetišene, dikemedi
kgotsa ditlhagiso go tswa go bangwe le bangwe ba ba nang le
kgatlhego kgotsa ditheo.
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
76
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
116 Dithulaganyo tsa ka fa teng, ditsweletso le ditsamaiso tsa
dikgotlapeomolao tsa diporofense
(1) Kgotlapeomolao ya porofense e ka –
(a) Tlhomamisa, ya laola,ya ba ya fetsa ka dithulagano tsa yona
tse di ka mo go yona, ditsweletso le ditsamaiso, le –
(b) go dira melawana le ditaelo tebang le tiro ya yona, ka
kelotlhoko e e maleba ya demokerasi e e nang le boemedi le
botseokarolo, maikarabelo, e e mo pontsheng le kamego ya
botlhe.
(2) Melawana le ditaelo tsa Kgotlapeomolao ya porofense e
tshwanetse go rulaganyetsa –
(a) go tlhomiwa, popego, maatla, ditiro, ditsamaiso le paka-tiro
ya dikomiti tsa yona; le
(b) go tsaya karolo ga makokopotlana a a nang le boemedi
mo kgotlapeomolao mo ditsweletsong ka mokgwa o o
lepalepanang le demokerasi;
(c) tshegetso ya ditšhelete le tsamaiso go lekoko la sepolotiki
lengwe le lengwe le le emetsweng mo kgotlapeomolao, e e
lekanang le boemedi, go kgontsha lekoko le moeteledipele
wa lona go dira mediro mo Kgotlapeomolao; le
(d) go amogela moeteledipele wa lekoko le legolo la kganetso mo
kgotlapeomolaong, jaaka Moeteledipele wa Lekoko Kganetso.
117 Ditetlelelo
(1) Ditokololo tsa Kgotlapeomolao ya porofense le ditokololo tsa
porofense tsa leruri go Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense –
(a) di na le kgololosego ya go bua mo Kgotlapeomolao le mo
dikomiting tsa yona, mo taolong ya melawana le ditaelo tsa
yona; le
(b) ga ba mo pharagobeng ya kotlhao ya molato wa selegae
kgotsa wa tshenyo, go tshwarwa, go tlhatlhelwa kgotsa wa
ditshenyegelo ka ntlha ya –
(i) sengwe le sengwe se ba se buileng, ba se supileng kgotsa
77
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
ba se tlhagisitseng go Kgotlapeomolao kgotsa nngwe ya
dikomiti tsa yona;
(ii) sengwe le sengwe se se upulotsweng ka lebaka la sengwe
se ba se buileng, se supilweng pele, kgotsa se neetswe
Kgotlapeomolao kgotsa nngwe ya dikomiti.
(2) Ditetlelelo le dishireletsego dingwe tsa Kgotlapeomolao,
ditokololo tsa tsona di ka kaelwa ka peomolao ya bosetšhaba.
(3) Dituelo, ditetlo le ditshiamelo tse di duelelwang ditokololo
tse Kgotlapeomolaong ya porofense, ke tse di duelelwang ka
tlhamalalo go tswa Lotleleng lwa Lotseno lwa porofense, jaaka go
ka laola Peomolao ya Palamente.
118 Phitlhelelo le go tsaya karolo ga botlhe mo
dikgotlapeomolaong tsa diporofense
(1) Kgotlapeomolao ya porofense e tshwanetse go –
(a) nolofatsa kamego ya botlhe mo peomolaong le ditiragalo
dingwe tsa Kgotlapeomolao le dikomiti tsa yona; le
(b) tsamaisa tiro ya yona ka mokgwa o o phatlalatsa, le go
tshwara dipitso, le tsa dikomiti tsa yona, mo pepeneneng;
mme dikgato tse di isegang di ka tsewa –
(i) go laola phitlhelelo ya batho, go akarediwa phitlhelelo ya
bogasi go Kgotlapeomolao le dikomiti tsa yona; le
(ii) go rulaganyetsa go phuruphudiwa ga mongwe le mongwe
le, fa go tshwanelang, kganelo ya go tsena kgotsa go
tloswa ga motho mongwe le mongwe.
(2) Kgotlapeomolao ya porofense e ka seka ya thibela botlhe go
akaretsa le bagasi, mo pitso ya komiti ya yona ntle le fa le go
le matshwanedi e bile go siame go dira jalo mo boaging jo bo
buletsweng botlhe le ba demokerasi.
119 Tlhagiso ya Melaotlhomo
Ke fela ditokololo tsa Kgotlakhuduthamaga ya porofense kgotsa komiti
kgotsa tokololo ya kgotlapeomolao e ka tlhagisang Molaotlhomo mo
78
kgotleng ya peomolao; mme ke fela tokololo ya Kgotlakhuduthamaga
e e rweleng maikarabelo a merero ya matlotlo mo porofenseng, kgotsa
tokololo e e supilweng ke Tonakgolo, e ka tlhagisang Molaotlhomo wa
ditšhelete mo kokoanopeomolao.
120 Melaotlhomo ya Ditšhelete
(1) Molaotlhomo ke Molaotlhomo wa tšhelete fa o,
(a) lekanyetsa tšhelete,
(b) duedisa makgetho a bosetšhaba, makgethwana, ditefelo
kgotsa dituediso tsa tlaleletso,
(c) fedisa kgotsa o fokotsa, kgotsa o rebola dikgololo mo
makgethong mangwe le mangwe a bosetšhaba, makgethwana,
ditefelo kgotsa dituediso tsa tlaleletso, kgotsa
(d) dumelela dituediso tsa tlhamalalo kgatlhanong le Letlole la
Lotseno lwa Porofense.
(2) Molaotlhomo wa tšhelete ga o tshwanelwa go samagana le morero
mongwe ntle le-
(a) morero o monnye malebana le tekanyetso ya tšhelete,
(b) go duedisa makgetho a bosetšhaba, makgethwana, ditefelo
kgotsa dituediso tsa tlaleletso, go fedisa kgotsa go fokotsa,
(c) go rebola dikgololo mo makgethong a bosetšhaba,
makgethwana, ditefelo kgotsa dituediso tsa tlaleletso, kgotsa
(d) Tumelelo ya dituediso tsa tlhamalalo kgatlhanong le Letlole la
Lotseno lwa Porofensese.
(3) Molao wa porofense o tshwanetse go tlamela ka tsela e ka yona
kgotlapeomolao ya porofense e ka tlhabololang Molaotlhomo wa
tšhelete.
[K. 120 e emetswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]
121 Thebolo ya Melaotlhomo
(1) Tonakgolo ya porofense o tshwanetse go rebola kgotsa go saena
Molaotlhomo o o fetisitsweng ke lekgotlapeomolao la porofense
go ya ka Kgaolo e, kgotsa fa Tonakgolo o na le dipelaelo ka
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
79
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
bomolaotheo jwa Molaotlhomo, o o busetsa morago kwa
lekgotlapeomolao go sekasekwa.
(2) Fa morago ga go sekwasekwa, gape, Molaotlhomo o arabela
dipelaelo tsa Tonakgolo sentle, Tonakgolo o tshwanelwa ke go
rebola le go saena Molaotlhomo, kgotsa fa a sa ntse a na le
dipelaelo tsa bomolaotheo ba Molaotlhomo, Tonakgolo o ka nna
a–
(a) rebola le go seana Molaotlhomo; kgotsa
(b) a o romela kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo go re go
tsewe tshwetso ka bomolaotheo jwa one.
(3) Fa Kgotlatshekelo ya Molaotheo e swetsa gore Molaotlhomo o ka
fa molaotheong, Tonakgolo o tshwanelwa ke go o rebola a ba a o
saena.
122 Kopo ya ditokololo go Kgotlatshekelo ya Molaotheo
(1) Ditokololo tsa lekgotlapeomolao la porofense di ka nna tsa dira
kopo kwa Kgotlatshekelong ya Molaotheo gore go ntshiwe taelo e
e itsiseng gore ka gotlhe kgotsa karolo ya Molao o o fetisitsweng
ke lekgotlapeomolao ga o ka fa Molaotheong.
(2) Kopo –
(a) e tshwanetse go tshegediwa ke diperesente di le 20 tsa
ditokololo tsa kgotlapeomolao; e
(b) e tshwanetse go dirwa mo malatsing a le 30 a a latelang
Katlanegiso le go saeniwa ga molao ke Tonakgolo.
(3) Kgotlatshekelo ya Molaotheo e ka laela gore le mo kopong go ya
ka karolwana 1 molao kgotsa karolo ya molao ga e na maatla go
fitlha Kgotlatshekelo e dira tshwetso fa kopo –
(a) ya dikgatlhego tsa bosiamisi di tlhoka se; le
(b) e na le ditshupo tse di isegang tsa katlego.
(4) fa kopo e sa atlega, Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tshwanetse
go laela bakopi go duela ditshenyegelo ntle le fa kopo e na le
ditshupo tse di isegang tsa go atlega.
80
123 Phasalatso ya Melao ya porofense
Molaotlhomo o o rebotsweng e bile o saennwe ke Tonakgolo ya Porofense
o nna Molao wa Porofense, o tshwanetse go phasaladiwa ka bonako e bile
o simolola go dira fa o phasaladiwa kgotsa ka letlha le le tlhomamisitsweng
go ya ka Molao.
124 Polokego ya Melao ya porofense
Khopi e e saenweng ya Molao wa Porofense ke bosupi ba makgaolakgang
ba ditlhagiso tsa Molao o, e bile morago ga phasalatso, o tshwanetse go
bewa mo botshepeging ba Khotlatshekelo ya Molaotheo go o boloka.
Dikhuduthamaga tsa diporofense
(kl125-141)
125 Bothati ba bokhuduthamaga ba diporofense
(1) Bothati ba bokhuduthamaga ba porofense bo neilwe Tonakgolo ya
Porofense eo.
(2) Tonakgolo o diragatsa thata ya bokhuduthamaga, mmogo le
ditokololo tse dingwe tsa Khansele ya Khuduthamaga, ka –
(a) go diragatsa peomolao mo porofenseng;
(b) go diragatsa dipeomolao tsotlhe tsa bosetšhaba mo makaleng
a tiragatso a a kwadilweng mo Mametlelelo 4 kgotsa 5 ntle
le fa Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente o tlamela ka
mokgwa mongwe;
(c) go tsamaisa mo Porofenseng, Peomolao ya bosetšhaba kwa
ntle le makala a ditiro tse di kwadilweng mo Mametlelelo 4 le
5, tsamaiso eo e neilweng go ya ka Molao wa Palamente;
(d) tlhabololo le tiragatso ya maikamisetso a Porofense;
(e) go nyalanya ditiro tsa mafapha le tsamaiso ya Porofense;
(f) go bakanya le go simolola peomolao ya Porofense; le
(g) go dira ditiro dingwe le dingwe tse di di neilweng go ya ka
Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente.
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
81
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
(3) Porofense e na le bothati, ba khuduthamaga go ya ka karolwana
ya(2)(b) fela go fitlhelela mo selekanyo se Porofense e nang le
bokgoni ba tsamaiso go simolola boikarabelo bo bo nonofileng.
Mmuso wa setšhaba, ka peomolao le dikgato tse dingwe, o
tshwanetse go thusa Porofense go tlhabolola bokgoni ba tsamaiso
ya yona e e tlhokagalang mo tirisong e nonofileng ya dithata le mo
ditirong tsa bona tse di umakilweng mo karolwaneng ya(2).
(4) Kganetsano nngwe le nngwe e amanang le bokgoni ba tsamaiso
ya Porofense mabapi le tiro nngwe le nngwe e tshwanetse
go romelwa kwa Khanseleng ya Setšhaba ya Diporofense go
rarabololwa mo malatsing a le 30 a letlha la thomelo go Khansele.
(5) Go ya ka karolo ya 100, tiragatso ya peomolao ya porofense
mo porofensing ke thata e e kgethegileng ya khuduthamaga ya
Porofense.
(6) Khuduthamaga ya Porofense e tshwanetse go dira go ya ka –
(a) Molaotheo; le
(b) Molaotheo wa Porofense, fa molaotheo o fetisitswe mo
porofenseng.
126 Kabelo ya ditiro
Tokololo ya Khansele ya Khuduthamaga ya Porofense e ka nna ya abela
thata kgotsa tiro nngwe le nngwe e e tshwanetsweng go dirwa go ya
ka Molao wa Palamente, kgotsa Molao wa porofense, go Khansele ya
Mmasepala. Kabelotiro –
(a) e tshwanetse go nna go ya ka tumelelano magareng ga
tokololo ya Khansele ya Khuduthamaga e e maleba le
Khansele ya Mmasepala;
(b) e tshwanetse go tlhomama le Molao go ya ka thata e e maleba
kgotsa tiro e e dirwang; le
(c) go tsena mo tirisong go simolola ka kgoeletso ya Tonakgolo.
127 Dithata le Ditiro tsa Ditonakgolo
(1) Tonakgolo ya Porofense e na le dithata le ditiro tse e di neilweng
mo tirong eo ka Molaotheo le peomolao nngwe le nngwe.
82
(2) Tonakgolo ya Porofense e na le maikarabelo a go –
(a) atlanegisa le go saena Melaotlhomo;
(b) go romela Molaotlhomo gape kwa peomolaong ya porofense
go sekwasekwa bomolaotheo;
(c) go romela ga Molaotlhomo go Kgotlatshekelong ya
Molaotheo gore go dirwe tshwetso ka bomolaotheo ba
Molaotlhomo;
(d) go bitsa Kgotlapeomolao go tla pitsong e e kgethegileng go
rera merero e e kgethegileng;
(e) go tlhama dikhomišene tsa patlisiso; le
(f) go tshwara referantamo mo Porofenseng go ya ka peomolao
ya bosetšhaba.
128 Go tlhophiwa ga Ditonakgolo
(1) Ka kopano ya ntlha morago ga ditlhopho, le fa go tlhokega go
tlatsa phatlhatiro, lekgotla la peomolao la porofense le tshwanetse
go tlhopha mosadi kgotsa monna fa gare ga ditokololo tsa lona go
nna Tonakgolo ya porofense.
(2) Moatlhodi yo o supilweng ke Moatlhodimogolo o okama
ditlhopho tsa Tonakgolo. Tsela e e supilweng mo go Karolo A ya
Mametlelelo 3 e diragadiwa mo go tlhopheng Tonakgolo.
[Kl.(2) e emetswe ke k. 10 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molaowa 2001.]
(3) Tlhopho go tlatsa phatlhatiro ya tiro ya Tonakgolo e tshwanetse go
tshwarwa ka nako le letlha le le rebotsweng ke Moatlhodimogolo,
fela e seng morago ga malatsi a le 30 morago ga go nna teng ga
phatlha.
[Kl.(3) e emetswe ke k. 10 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
129 Go tsaya tiro ya Botonakgolo
Tonakgolo e e kgethilweng e tsaya tiro ya botonakgolo mo malatsing a
matlhano a se na go kgethiwa, ka go ikana le go dumela boikanyego go
Rephaboliki le boikokobetso go Molaotheo ka go ikana phatlalatsa go ya
ka Mametlelelo 2.
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
83
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
130 Paka-Tiro ya Botonakgolo le go tlosiwa ga bona
(1) Paka-tiro ya Botonakgolo e simolola fa Tonakgolo e tsaya tiro
mme e khutla morago ga phatlhatiro e tlhageletse kgotsa fa motho
yo o kgethilweng go nna Tonakgolo e e latelang Tonakgolo a tsaya
tiro.
(2) Ga go motho ope yo o ka nnang mo tirong ya Botonakgolo go feta
dipaka tse pedi, mme fa motho a kgethiwa go tlatsa phatlhatiro mo
maemong a Tonakgolo, paka fa gare ga ditlhopho le ditlhopho tse
di latelang tsa Tonakgolo ga e kitla e tsewa jaaka paka ya tiro.
(3) Kgotlapeomolao ya porofense, ka tshwetso e e tserweng ka
tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba pedi-tharong ya maloko a
yona, a ka tlosa Tonakgolo mo tirong fela mo mabakeng a –
(a) tshiamololo e e masisi ya Molaotheo kgotsa molao;
(b) go tlhoka maitseo go go masisi;
(c) go palelwa ke go dira ditiro tsa maemo a gagwe.
(4) Mongwe le mongwe yo o tlositsweng mo tirong ya Botonakgolo
go ya ka karolwana 3(a) kgotsa(b) ga a ne a amogela meputso e
pe ya maemo ao, e bile a ka seka a direla puso.
131 Ditonakgolo tsa Nama-o-sa-tshwere
(1) Fa Tonakgolo a seo kgotsa ka ntata ya go se kgone go dira ditiro
tsa ofisi ya Tonakgolo,kgotsa nakong e go leng phatlhatiro ya bo
Tonakgolo,motlhankedi yo tlhatlhamang Tonakgolo ka maemo o
nama-a-sa-tshwere jaaka Tonakgolo:
(a) Tokololo ya Khansele ya Khuduthamaga yo a supilweng ke
Tonakgolo.
(b) Tokololo ya Khansele ya Khuduthamaga yo a supilweng ke
ditokololo tsa Khansele ya Khuduthamaga.
(c) Mmusakgotla, go fitlhela kgotlapeomolao e nopola mongwe
wa ditokololo tse dingwe gape.
(2) Tona-kgolo wa nama-o-sa-tshwere o na le maikarabelo, dithata le
mediro ya Tonakgolo.
84
(3) Pele a rwala maikarabelo, ditlamego le mediro ya Tonakgolo,
Tonakgolo nama-o-sa-tshwere o tshwanetse go ikana kgotsa a
itlama boikanyego go Rephaboliki le go ikobela Molaotheo go ya
ka Mametlelelo 2.
132 Dikhansele tsa Khuduthamaga
(1) Khansele ya Khuduthamaga ya porofense e bopiwa ke Tonakgolo
jaaka tlhogo ya Khansele, le palo e e seng fa tlase ga tlhano le e e
sa feteng lesome ya ditokololo tse di tlhophilweng ke Tonakgolo
mo ditokololong tsa kgotlapeomolao ya porofense.
(2) Tonakgolo ya porofense o tlhopha ditokololo tsa Khansele ya
khuduthamaga, a ba abele dithata le ditiro, e bile a ka ba rola tiro.
133 Maikarabelo le ditlamego
(1) Ditokololo tsa Khansele ya khuduthamaga ya porofense di rwele
maikarabelo a ditiro tsa khuduthamaga jaaka ba e abetswe ke
Tonakgolo.
(2) Ditokololo tsa Khuduthamaga ya porofense ba rwele maikarabelo
ka bojotlhe le ka bongwe ka bongwe go kgotlapeomolao ka
tiragatso ya ditiro tsa bona.
(3) Ditokololo tsa Khansele ya Khuduthamaga ya porofense di
tshwanetse –
(a) go dira mo tatelanong le Molaotheo; le
(b) go naya Kokoanopeomolao dipego ka botlalo nako le nako
tebang le mabaka a a mo tlase ga taolo ya bona.
134 Go tswelela ga Dikhansele tsa Khuduthamaga morago ga
ditlhopho
Fa ditlhopho tsa kgotlapeomolao di tshwarwa, Khansele ya khuduthamaga
le ditokololo tsa yona di sala di na le nonofo go dira go fitlha motho yo
a tlhophilweng go nna Tonakgolo ke Kokoano ya peomolao a tsena mo
maemong.
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
85
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
135 Ikano kgotsa tumelo
Pele ditokololo tsa Khansele ya Khuduthamaga ya porofense di simolola
go dira ditiro tsa bona, ba tshwanetse go ikana kgotsa go dumela
boikanyego ba bona go Rephaboliki le go ikobela Molaotheo, go ya ka
Mametlelelo 2.
136 Maitsholo a ditokololo tsa Dikhansele tsa Dikhuduthamaga
(1) Ditokololo tsa Khansele ya Khuduthamaga ya porofense di
tshwanetse go dira go ya ka Khoute ya melawana ya maitsholo e e
beilweng ke peomolao ya bosetšhaba.
(2) Ditokololo tsa Khansele ya Bosetšhaba ga di a letlega –
(a) go dira tiro nngwe gape e e duelang;
(b) go dira ka tsela e e sa nyalaneng le ofisi ya bona kgotsa go
ipaya mo kemong e e nang le matshosetsi a thulano fa gare ga
maikarabelo a bona a semolao le dikgatlhego tse di poraefete;
kgotsa
(c) ba dirisa maemo kgotsa tshedimoso e ba e neetsweng ka
botshepegi go ikhumisa kgotsa go naya thuso ka mokgwa o o
sa lolamang go motho mongwe gape.
137 Tshutiso ya ditiro
Tonakgolo ka phasalatso o ka sutisetsa go tokololo ya kgotla ya
khuduthamaga –
(a) tsamaiso ya peomolao nngwe e e roletsweng go tokololo e
nngwe; kgotsa
(b) thata kgotsa tiro nngwe le nngwe e e roletsweng ka peomolao
go tokololo e nngwe.
138 Kabelo ya nakwana ya ditiro
Tonakgolo ya porofense e ka abela tokololo ya Khansele ya Khuduthamaga
dithata kgotsa tiro nngwe le nngwe ya tokololo e e seyong mo ofising
kgotsa a retelelwa ke go diragatsa dithata kgotsa tiro eo.
86
139 Kamego ya porofense mo pusoselegaeng
(1) Fa mmasepala a retelelwa kgotsa a sa dire ditshwanelo tsa gagwe
tsa bodiragatsi mo mabakeng a peomolao kgotsa Molaotheo,
khuduthamaga ya porofense e ka tsereganya go tsaya dikgato
tse di maleba go kgontsha go dirwa ga ditshwanelo tseo, go
akarediwa –
(a) go ntsha kaelo go Khansele ya Mmasepala, e e tlhalosang
selekano sa go retelelwa ke go dira ditshwanelo le go
tlhagisa dikgato dingwe le dingwe tse di tlhokegang go dira
ditshwanelo; le
(b) go tsaya boikarabelo tebang le ditshwanelo tse di maleba mo
mmasepaleng oo go isa fa go tlhokegang go –
(i) tshegetsa maemo a a botlhokwa a setšhaba kgotsa go
fitlhelela maemo a a tlhomilweng a bosetšhaba a go naya
tirelo;
(ii) kganela mmasepala oo go tsaya kgato e e sa isegeng e
e gobelelang kgatlhego ya mmasepala o mongwe kgotsa
ya porofense ka bophara; kgotsa
(iii) tshegetsa kitlano ya ikonomi, kgotsa
(c) Go phatlalatsa Khansele ya Mmasepala le go thapa
motsamaisi go fitlha go tlhophiwa Khansele e ntšhwa ya
Mmasepala, fa maemo a a kgethegileng a letlelela kgato eo.
(2) Fa khuduthamaga ya porofense e tsereganya mo mmasepaleng
mo mabakeng a karolwana (1)(b) –
(a) e tshwanetse go romela kitsiso ya tsereganyo ka lekwalo go
(i) tokololo ya Kabinete e e nang le maikarabelo mo
mererong ya pusoselegae le go;
(ii) kgotlapeomolao e e maleba ya porofense le go Khansele
ya Bosetšhaba ya Diporofense, mo malatsing a le 14
morago ga fa tsereganyo e sena go nna teng,
(b) tsereganyo e tshwanetse go khutla fa-
(i) tokololo ya Kabinete e e nang le maikarabelo mo mererong
ya pusoselegae e sa amogele tsereganyo mo malatsing a le
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
87
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
28 morago ga fa tsereganyo e sena go nna teng kgotsa ka
bokhutlo jwa paka eo a sa amogela tsereganyo, kgotsa
(ii) Khansele e sa amogele tsereganyo mo malatsing a le 180
morago ga fa tsereganyo e sena go nna teng kgotsa ka
bokhutlo jwa paka eo e sa amogela tsereganyo, le gore
(c) Khansele e tshwanetse, fa tsereganyo e tswelela pele,
go sekaseka tsereganyo ka tlhomamo e bile e ka dira
dikatlanegiso tse di maleba go khuduthamaga ya porofense.
(3) Fa Khansele ya Mmasepala e phatlaladiwa go ya ka
karolwana(1)(c)-
(a) khuduthamaga ya porofense e tshwanetse go romela kitsiso ya
phatlalatso ka lekwalo ka bonako go-
(i) tokololo ya Kabinete e e nang le maikarabelo mo mererong ya
pusoselegae, le go
(ii) kgotlapeomolao ya porofense e e maleba le go Khansele ya
Bosetšhaba ya Diporofense, e bile
(b) phatlalatso e tsena tirisong malatsi a le 14 go simolola ka letlha la
kamogelo ya kitsiso ke Khansele ntle le fa e kgaphetswe kwa thoko
ke tokololo eo ya Kabinete kgotsa Khansele pele ga bokhutlo jwa
malatsi ao a le 14.
(4) Fa mmasepala o sa kgone go kgotsa o sa diragatse tlamego go
ya ka Molaotheo kgotsa peomolao go amogela tekanyetsokabo
kgotsa dikgato dingwe le dingwe tse di kokoanyang matlole tse di
leng botlhokwa go tsenyatirisong tekanyetsokabo, khuduthamaga
e e maleba ya porofense e tshwanetse go tsereganya ka go tsaya
dikgato tse di maleba go netefatsa fa tekanyetsokabo eo kgotsa
dikgato tseo tse di kokoanyang matlole di amogelwa, go akaretsa
le go phatlalatsa Khansele ya Mmasepala le go-
(a) go thapiwa ga motsamaisi go fitlha go tlhophiwa Khansele e
ntšhwa ya Mmasepala, le go
(b) amogelwa ga tekanyetsokabo ya nakwana kgotsa dikgato tse
di kokoanyang matlole go tlamela ka tiro e e tswelelang pele
ya mmasepala.
88
(5) Fa mmasepala, ka ntlha ya mathata mo mererong ya ona ya
ditšhelete, o le mo go tloleng ga didirisiwa go go masisi kgotsa
go go tswelelang malebana le ditlamego tsa ona go tlamela
ditirelo tse di botlhokwa kgotsa go fitlhelela ditlamego tsa ona
tsa ditšhelete, kgotsa o amogela gore o retelelwa ke go fitlhelela
ditlamego tsa ona kgotsa ditlamego tsa ditšhelete, khuduthamaga
e e maleba ya porofense e tshwanetse go-
(a) tsenyatirisong leano la pusetso le le ikaelelang go bonela
mmasepla bokgoni jwa go fitlhelela ditlamego tsa ona
malebana le go tlamela ka ditirelo tse di botlhokwa kgotsa
ditlamego tsa ona tsa ditšhelete, le
(i) le tshwanetseng go rulaganngwa go ya ka peomolao ya
bosetšhaba, gape
(ii) le le tlamang mmasepala mo go diragatseng thata ya ona
ya semolao le ya tsamaiso, mme fela mo go tlhokagalalng
go rarabolola mathata mo mererong ya ona ya ditšhelete,
le
(b) phatlalatsa Khansele ya Mmasepala, fa mmasepala o sa
kgone kgotsa o sa amogele dikgato tsa semolao, go akaretsa
tekanyetsokabo kgotsa dikgato dingwe le dingwe tse di
kokoanyang matlole, tse di leng botlhokwa go tsenyatirisong
leano la pusetso, le go
(i) thapa motsamaisi go fitlha go tlhophiwa Khansele e
ntšhwa ya Mmasepala, le go
(ii) amogelwa ga tekanyetsokabo ya nakwana kgotsa dikgato
tse di kokoanyang matlole kgotsa dikgato dingwe fela tse
di tsenyangtirisong leano la pusetso go tlamela ka tiro e e
tswelelang pele ya mmasepala, kgotsa
(c) fa Khansele ya Mmasepala e sa phatlaladiwe go ya ka tema(b),
e bona maikarabelo a go tsenyatirisong leano la pusetso go
fitlha go itshupa gore mmasepala ga o kgone kgotsa ga o
tsenyetirisong leano la pusetso.
(6) Fa khuduthamaga ya porofense e tsereganya mo mmasepaleng go
ya ka karolwana(4) kgotsa(5), e tshwanetse go romela kitsiso ya
tsereganyo ka lekwalo go-
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
89
(a) tokololo ya Kabinete e e nang le maikarabelo mo mererong ya
pusoselegae, le go
(b) kgotlapeomolao e e maleba ya porofense le go Khansele ya
Bosetšhaba ya Diporofense, mo malatsing a le supa morago
ga fa tsereganyo e sena go nna teng.
(7) Fa khuduthamaga ya porofense e sa kgone kgotsa e sa diragatse
dithata ka tshwanelo kgotsa e sa dire ditiro tsa yona tse di
kailweng mo karolwaneng(4) kgotsa(5), khuduthamaga ya
bosetšhaba e tshwanetse go tsereganya go ya ka karolwana(4)
kgotsa(5) mo boemong jwa khuduthamaga e e maleba ya
porofense.
(8) Peomolao ya bosetšhaba e ka laola tsenyotirisong ya karolo e, go
akaretsa ditsela tse di tlhagisitsweng ke karolo e.
[K. 139 e emetswe ke k. 4 Molaotheo Tlhabololo wa Bosomenngwe wa Molaowa 2003.]
140 Ditshwetso tsa khuduthamaga
(1) Tshwetso ya Tonakgolo ya porofense e tshwanetse go nna e e
kwadilweng fa –
(a) e tsena go ya ka molao; kgotsa
(b) e na le ditlamorago tsa semolao.
(2) Tshwetso e e kwadilweng ya ga Tonakgolo e tshwanetse go
saeniwa ke tokololo e nngwe ya Khuduthamaga ya Khansele fa
tshwetso eo e amana tiro e e abetsweng tokololo eo.
(3) Dikgoeletso, melawana le didiriswa dingwe tse di mo taolong ya
peomolao ya porofense di tshwanetse go ka fitlhelelwa ke batho
botlhe.
(4) Peomolao ya porofense e tshwanetse go totobatsa mokgwa o
ka ona, le phitlhelelo e ka yona, didiriswa tse di umakiwang mo
karolwana(3) di tshwanetseng go –
(a) atlhaatlhiwa mo peomolaong ya porofense; le
(b) go atlanegisiwa ke peomolao ya porofense.
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
90
141 Ditshisinyo tsa go tlhoka boikanyego
(1) Fa Kgotlapeomolao ya porofense ka tlhopho ya bontsi ba
ditokololo tsa lona ba fetisa tlhopho ya go tlhoka boikanyego
mo Khanseleng ya Khuduthamaga ya porofense go sa akarediwe
Tonakgolo, Tonakgolo o tshwanetse go aga Khansele sešwa.
(2) Fa Lekgotlamolao la porofense ka tlhopho ya bontsi jwa
ditokololo tsa lona le fetisa tlhopho ya go tlhoka boikanyego mo
go Tonakgolo ya porofense, Tonakgolo le ditokololo dingwe tsa
Khansele ba tshwanetse go leboga tiro.
Melaotheo ya Porofense (kl 142-145)
142 Kamogelo ya melaotheo ya porofense
Kgotlapeomolao ya porofense e ka fetisa molaotheo wa porofense, kgotsa
fa go kgonega ya fetola molaotheo wa yona, fa fela bonnye ba pedi-tharong
ba ditokololo tsa yona bo bouta go dumelelana le molaotlhomo.
143 Diteng tsa melaotheo ya porofense
(1) Molaotheo wa porofense kgotsa tlhabololo ya molaotheo e
tshwanetse go tsamaelana, le Molaotheo o, mme o ka tshegetsa –
(a) kgotlapeomolao ya porofense kgotsa popego ya
Khuduthamaga le ditsamaiso tse di farologanang le tseo di
tshegetswang mo Molaotheong o; kgotsa
(b) setheo, seabe, bothati le maemo a bogosi ba setso.
(2) Ditshiamelo tse di tsentsweng mo molaotheong wa porofense
kgotsa tlhabololo ya molaotheo go ya ka ditema tse;(a) kgotsa(b)
tsa karolwana(1) –
(a) di tshwanetse go tsamaelana le meetlo mo karolong 1 le
Kgaolo 3, e bile
(b) e ka se neele porofense thata nngwe le nngwe ya dithata
kgotsa tiro e e welang–
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
91
(i) kwa ntle ga tikologo ya bokgoni ba porofense ka ditaelo
tsa Mametlelelo 4 le 5; kgotsa
(ii) kwa ntle ga dithata le mediro e e roletsweng kgo
porofense ke dikarolo dingwe tsa Molaotheo.
144 Kano ya melaotheo ya porofense
(1) Fa peomolao ya porofense e fetisitse kgotsa e tlhabolotse
molaotheo, Mmusakgotla wa Kgotlapeomolao o tshwanetse go
isa diteng tsa molaotheo kwa kgotlatshekelong ya Molaotheo go
kaniwa.
(2) Ga go diteng tsa molaotheo wa Porofense kgotsa tlhabololo ya
molaotheo e e ka nnang molao go fitlhelela kgotlatshekelo ya
molaotheo e kanne –
(a) gore diteng tsa molaotheo di fetisitswe go ya ka karolo 142; le
(b) gore diteng tsotlhe di tsaemaelana le Karolo 143.
145 Tshaeno, phasalatso le polokego ya melaotheo ya porofense
(1) Tonakgolo ya porofense o tshwanetse go dumela le go saena
diteng tsa molaotheo wa porofense kgotsa tlhabololo ya
molaotheo e e kannweng ke kgotla ya Molaotheo.
(2) Molaotheo o o atlanegitsweng e bile o saennwe ke Tonakgolo o
tshwanetse go phasaladiwa mo kaseteng ya puso ya Bosetšhaba
e bile o tsena mo tirisong ka phasalatso kgotsa ka letlha la
moragonyana le le tlhomamisitsweng go ya ka molaotheo o kgotsa
tlhabololo.
(3) Molaotheo wa porofense o o saennweng kgotsa tlhabololo ya
Molaotheo ke bopaki bo bo feletseng ba dithulaganyetso tsa
ona. Le gore, morago ga phasalatso, o tshwanetse go neelwa
Kgotlatshekelo ya Molaotheo go nna mo pabalesegong.
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
92
Melao e e kgatlhanong/ sa dumelelaneng
(kl 146-150)
146 Dikgotlhang fa gare ga peomolao ya bosetšhaba le ya
porofense
(1) Karolo e e dira mo kgotlhang fa gare ga peomolao ya bosetšhaba
le peomolao ya porofense e e welang mo tikologog ya tiro e e mo
lenaaneng la Mametlelelo 4.
(2) Peomolao ya bosetšhaba e e diragatswang ka go tshwana mo
nageng ka bophara, e okama peomolao ya porofense fa lengwe la
mabaka a a latelang le fitlheletswe:
(a) Peomolao ya bosetšhaba e dira ka lebaka leo le ka sekeng la
laolwa sentle ke peomolao e e dirilweng ke diporofense tse di
farologaneng.
(b) Peomolao ya bosetšhaba e dira ka lebaka, leo e leng gore fa le
tshwanetse go diragatswa ka tshwanelo, le tlhoka tekatekano
mo nageng yotlhe, mme peomolao ya bosetšhaba e neelana
ka tekatekano e, ka go tlhama –
(i) meono le dikemo;
(ii) metheo; kgotsa
(iii) Maikemisetso a bosetšhaba.
(c) Peomolao ya bosetšhaba e botlhokwa go –
(i) tshegetso ya pabalesego ya bosetšhaba;
(ii) tshegetso ya kopano ya ikonomi;
(iii) tshireletso ya mmaraka wa botlhe go ya ka tshutiso ya
dithoto, ditirelo matlotlo le bodiri;
(iv) thotloetso ya ditirelo tsa ikonomi go ralala melelwane ya
porofense;
(v) thotloetso ya ditšhono tse di lekalekanang kgotsa
tshiamelo e e lekanang mo ditirelong tsa puso; kgotsa
(vi) tshireletso ya tikologo.
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
93
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
(3) Peomolao ya bosetšhaba e okama peomolao ya porofense fa e
lebisitswe go thibelela kgato e e senang boikarabelo ya porofense
e –
(a) e gobelelang mo dikgatlhegong tsa ikonomi, bophelo le
tshireletso tsa porofense e nngwe kgotsa naga ka bophara;
kgotsa
(b) e kgoreletsa tiragatso ya maikemisetso a bosetšhaba a
ikonomi.
(4) Fa go na le kgotlhang ya gore a peomolao ya bosetšhaba e
botlhokwa mo lebakeng le le beilweng mo karolwaneng 2(c), mme
kgotlhang e tla mo Kgotlatshekelong gore go tsewe tshwetso,
Kgotlatshekelo e tshwanetse go tlotla go amogelwa kgotsa
go kganelwa ga peomolao e, ke Khansele ya Bosetšhaba ya
diporofense.
(5) Peomolao ya porofense e rena godimo ga peomolao ya
bosetšhaba fa karolwana (2 ) kgotsa(3) e sa dire.
(6) Molao o o dirilweng go ya ka Molao wa Palamente kgotsa molao
wa porofense o dira fela fa molao oo o atlanegisitswe ke Khansele
ya Bosetšhaba ya Diporofense.
(7) Fa Khansele e sa fitlhelele tshwetso mo malatsing a le 30 a
pitso ya yona ya ntlha morago ga fa molao o rometswe go yona,
peomolao e tshwanetse go sekasekelwa mabaka otlhe gore o
atlanegisitswe ke Khansele.
(8) Fa Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense e sa atlanegise molao
o o umakiwang mo go karolwana (6 ), o tshwanetse, mo malatsing
a a 30 a tshwetso ya yona, e tlhagise mabaka a go reng e sa
atlanegisa molao go bothati bo bo rometseng molao go yona.
147 Dikgotlhang tse dingwe
(1) Fa go na le kgotlhang fa gare peomolao ya bosetšhaba le
tshiamelo ya molaotheo wa porofense go ya ka –
(a) lebaka leo Molaotheo o totatota o batlang kgotsa o akanyang
go tsweledisa peomolao ya bosetšhaba, peomolao ya
94
bosetšhaba e laola tshiamelo e e amegang ya molaotheo wa
porofense; kgotsa
(b) tseregano ya peomolao ya bosetšhaba ka mabaka a karolo
44(2), peomolao ya bosetšhaba e e okama dithulaganyetso tsa
molaotheo wa porofense; kgotsa
c) morero o o leng mo ditikologong ya bodiragatsi tse di
kwadilweng mo lenaaneng la Mametlelelo 4, karolo 146 a fa e
kete thulaganyetso ya molaotheo wa porofense ke peomolao
ya porofense e e umakiwang mo karolong eo.
(2) Peomolao ya bosetšhaba e e umakiwang mo karolo 44(2) e
okama peomolao ya porofense mo mererong e e umakiwang mo
ditikologong tsa bodiragatsi tse di dutilweng mo Mametlelelong 5.
148 Dikgotlhang tse di ka se keng tsa swetswa
Fa kganetsano e e amang kgotlhang e ka seke ya swetswa ke kgotla
peomolao ya bosetšhaba e laola peomolao ya porofense kgotsa molaotheo
wa porofense.
149 Maemo a peomolao e e se nang taolo
Tshwetso ya kgotla ya gore peomolao e na le taolo godimo ga peomolao
e nngwe ga e bontshe gore peomolao eo ga e a siama, mme peomolao eo
ga e dire fa kgotlhang e santse e le teng.
150 Thanolo ya dikgotlhang
Fa go sekwasekwa kgotlhang e e bonalang fa gare ga peomolao ya
bosetšhaba le porofense, kgotsa fa gare ga peomolao ya bosetšhaba le
molaotheo wa porofense, kgotlatshekelo nngwe le nngwe e tshwanetse
go tlhopha thanolo e e isegang ya peomolao kgotsa molaotheo e e tilang
kgotlhang, godimo ga thanolo nngwe le nngwe e sele e le pheletso ya
yona e leng kgotlhang.
KGAOLO 6: DIPOROFENSE
95
KGAOLO 7: PUSO SELEGAE
KGAOLO 7
PUSO SELEGAE (kl 151-164)
151 Maemo a bommasepala
(1) Lekala la puso la selegae le diriwa ke bommasepala, ba ba
tshwanetseng go tlhomiwa naga ka bophara ba Rephaboliki.
(2) Bothati ba bodiragatsi le ba peomolao ba mmasepala bo rolwetse
mo Khanseleng ya Mmasepala wa yona.
(3) Mmasepala o na le tshwanelo ya go laola ka ithaopo ya
yona, merero ya puso selegae ya setlhopa sa magae, ka
taolo ya peomolao wa bosetšhaba le ya porofense, jaaka go
rulaganyeditswe mo Molaotheong.
(4) Puso ya bosetšhaba le ya porofense ga di na di kgoreletsa kgotsa
di kgopakgopetsa bokgoni ba mmasepala kgotsa tshwanelo go
diragatsa maatla a ona kgotsa go dira ditiro ya ona.
152 Maikaelelo a puso ya selegae
(1) Maikaelelo a puso ya selegae ke –
(a) go rulaganya ditlhopa tsa magae go nna le puso e e
demokeratiki le maikarabelo;
(b) go netefatsa neelo ya ditirelo go ditlhopa tsa magae ka
mokgwa o o ka tswelediwang;
(c) go tsweletsa tlhabololo ya leago le ikonomi;
(d) go tsweletsa tikologo e e sireletsegileng e e nang le
boitekanelo;
(e) go rotloetsa go tsaya karolo ga ditlhopa tsa magae le
mekgatlho ya magae mo mererong ya pusoselegae.
(2) Mmasepala o tshwanela go kgaratlhela, go ya ka dithata tsa
tšhelete le bokgoni ba botsamaisi, phitlhelelo ya maikaelelo a a
tlhagisitsweng mo karolwaneng(1).
96
153 Ditiro tsa tlhabololo tsa bommasepala
Mmasepala o tshwanela –
(a) go bopa le go okama botsamaisi, tekanyetso, le go loga
maano, go naya botlapele go ditlhokego tsa theo go ditlhopa
tsa magae, le go tsweletsa tlhabololo ya loago le ikonomi ya
ditlhopa tsa magae; le
(b) go tsaya karolo mo Manaaneng a tlhabololo ya bosetšhaba le
ya diporofense.
154 Bommasepala mo pusong ya tirisano
(1) Puso ya bosetšhaba le ya porofense, ka peomolao le dikgato
dingwe, di tshwanela go tshegetsa le go tiisa nonofo ya puso tsa
bo mmasepala go laola merero le ditiro tsa yona, go dirisa maatla
le go dira mediro ya yona.
(2) Molaotlhomo wa bosetšhaba kgotsa wa porofense o o amang
maemo, ditheo, maatla kgotsa mediro ya mebuso ya selegae o
tshwanela go phasaladiwa gore o atlhaatlhiwe ke batho botlhe pele
o ise o tlhagisiwe mo Kokoanopeomolao ya Bosetšaba kgotsa
peomolao ya porofense, ka mokgwa o o letlang puso selegae
e e rulaganeng, bommasepala, le batho bangwe ba ba nang le
dikgatlhego tšhono go lere ditlhagiso tebang le Molaotlhomo.
155 Go tlhomiwa ga bommasepala
(1) Go na le methale e e latelang ya bommasepala:
(a) Mothale wa A: Mmasepala o o nang le bothati ba
bokhuduthamaga le ba peomolao tse di tletseng mo karolong
ya ona fela.
(b) Mothale wa B: Mmasepala o o aroganang bothati ba
bokhuduthamaga le ba peomolao mo karolong ya ona le
mmasepala wa mothale wa C, o o welang mo karolong ya ona.
(c) Mothale wa C: Mmasepala o o nang le bothati ba
bokhuduthamaga le ba peomolao mo karolong e e akaretsang
bommasepala ba ba fetang bonngwe.
KGAOLO 7: PUSO SELEGAE
97
KGAOLO 7: PUSO SELEGAE
(2) Peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse go tlhomamisa mefuta
e e farologaneng ya bommasepala ba ba ka tlhamiwang mo
mothaleng mongwe le mongwe.
(3) Peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse –
(a) go tlhama dielo tsa go lekanyetsa fa karolo e tshwanetse go
nna le mothale o le mongwe wa A wa mmasepala kgotsa e
tshwanetse go nna le bommasepala ba methale e mebedi ya B
le C.
(b) go tlhama dielo le dithulaganyetso tsa tekanyetso ya
melelwane ya bommasepala ka bothati bo bo ikemetseng; le
(c) go ya ka karolo 229, go dira dikaelo tsa kgaogano e e
siameng ya ditheta le ditiro fa gare ga bommasepala, fa
karolo e na le bommasepala ba methale e mebedi ya B le
C. Kgaoganyo ya dithata le ditiro fa gare ga mmasepala wa
mothale wa B le mmasepala wa mothale wa B le mmasepala
wa mothale wa C, e ka farologana mo kgaoganyong ya dithata
le ditiro fa gare ga mmasepala o mongwe wa mothale wa B le
o mongwe wa mothale wa C.
(4) Peomolao e e umakiwang mo karolwaneng(3) e tshwanetse go
tsaya tsia tlhokego ya go neela ka ditirelo tsa ga mmasepala ka
tekatekano le ka dinako tshotlhe.
(5) Peomolao ya porofense e tshwanetse go lekanyetsa mefuta e e
farologaneng ya bommasepala e e tshwanetseng go tlhamiwa mo
porofenseng.
(6) Puso nngwe le nngwe ya porofense e tshwanetse go tlhama
bommasepala mo porofenseng ya yona ka tsela e e lepalepanang
le peomolao e e beilweng go ya ka dikarolwana(2) le(3) le ka
peomolao kgotsa dikgato dingwe, e tshwanetse go –
(a) neelana ka go elwa tlhoko le thuso ya pusoselegae mo
porofenseng; le
(b) rotloetsa tswelelopele ya bokgoni jwa pusoselegae go
kgontsha bommasepala go dira ditiro tsa bona le go tsamaisa
merero ya bona.
98
(6A) Fa ditlhokwa tse di akanngwang mo karolwaneng(3)(b) di ka se
kgone go diragadiwa kwa ntle ga go atologa ga molelwane wa
mmasepala go kgabaganya molelwane wa mmasepala-
(a) molelwane oo wa mmasepala o ka sekasekiwa go kgabaganya
molelwane wa mmasepala, fela-
(i) ka tumalano ya diporofense tse di amegang, le
(ii) morago ga fa dikhuduthamaga tsa diporofense tse
di amegang di sena go letlelelwa ke peomolao ya
bosetšhaba go tlhoma mmasepala mo lefelong la
mmasepala o, gape
(b) peomolao ya bosetšhaba e ka-
(i) go ya ka karolwana(5), tlamela ka ga go tlhomiwa mo
lefelong la mmasepala oo ga mmasepala wa mofuta o
go dumalanweng ka ona magareng ga diporofense tse di
amegang,
(ii) tlamela ka letlhomeso malebana le go diragadiwa ga
thata ya khuduthamaga ya porofense kwa lefelong leo la
mmasepala gape mabapi le mmasepala oo, le go
(iii) tlamela ka tshekatshekosešwa ya melelwane ya
mmasepala fa nngwe ya diporofense tse di amegang e
gogela tshegetso ya yona malebana le molelwane wa
mmasepala o o sekasekilweng go ya ka tema(a).
[K l. (6A) e tsentswe ke k. 1 ya Molao 87 wa 1998.]
(7) Puso ya bosetšhaba, go ya ka karolo 44, le dipuso tsa diporofense
di na le bothati ba peomolao le ba bokhuduthamaga go
tlhokomela go bommasepala ba dira ditiro tsa bona ka botlalo
go ya ka dintlha tse di mo lenaaneng la Mametlelelo 4 le 5, ka go
laola tiragatso ya bothati ba bommasepala bo bo umakiwang mo
karolong 156(1).
156 Dithata le ditiro tsa bommasepala
(1) Mmasepala o na le bothati ba bodiragatsi tebang le, e bile o na le
thata ya go tsamaisa –
KGAOLO 7: PUSO SELEGAE
99
KGAOLO 7: PUSO SELEGAE
(a) merero ya puso selegae e e mo lenaaneng la Karolo B ya
Mametlelelo 4 le karolo B ya Mametlelelo 5, ka taolo ya
peomolao ya bosetšhaba le ya porofense; le
(b) morero mongwe le mongwe o o neetsweng kgotsa o o
roletsweng go ona ka peomolao ya bosetšhaba kgotsa ya
porofense.
(2) Mmasepala o ka tlhama wa ba wa diragatsa melawana gore merero
e o nang le tshwanelo go e tsamaisa e tsamaisege ka nonofo; le
(3) Ka taolo ya karolo 151(4), molawana o o kgatlhanong le
peomolao ya bosetšhaba le ya porofense ga o na boleng. Fa go le
kganetsano fa gare ga molawana le peomolao ya bosetšhaba le ya
porofense e sa sa direng ka ntlha ya kganetsano e e umakiwang
mo karolong 149, molawana o tshwanetse go tsewa o na le boleng
go ya nako e peomolao eo e sa direng.
(4) Dipuso tsa bosetšhaba le tsa diporofense di tshwanetse go neela
kgotsa tsa rolela go Mmasepala, ka tumalano e bile ka taolo ya
mabaka mangwe le mangwe, tsamaiso ya morero o okwadilweng
mo karolo A ya Mametlelelo 4 kgotsa karolo A ya Mametlelelo 5 e
ka tlhokego e amanang le puso selegae, fa –
(a) morero oo o ka tsamaisiwa ka nonofo e e gaisang selegae; le
(b) Mmasepala a na le bokgoni ba go o diragatsa.
(5) Mmasepala o na le tshwanelo go diragatsa maatla mangwe le
mangwe tebang le morero o o iseng gore o botlhokwa, kgotsa o ka
nna jalo, go tsamaisa ditiro tsa ona ka mafolofolo.
157 Sebopego le tlhopho ya Dikhansele tsa Bommasepala
(1) Khansele ya Mmasepala e bopiwa ke –
(a) ditokololo tse di tlhomilweng go ya dikarolwana(2) le(3);
kgotsa
(b) fa go rulaganyeditswe ke peomolao ya bosetšhaba –
(i) ditokololo tse di tlhomilweng ke Dikhansele tse dingwe
tsa Mmasepala go emela Dikhansele tse dinngwe tseo;
kgotsa
100
(ii) ditokololo ka bobedi di tlhophilwe go ya ka tema(a) le
ditokololo di thapilweng go ya ka temana(i) ya tema e.
[Kl(1) e emetswe ke k. 1(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borobedi wa Molaowa 2002 le ka k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molao wa 2008.]
(2) Go tlhophiwa ga ditokololo go Khansele ya Mmasepala jaaka go
lebeletswe mo karolwana(1)(a) go tshwanela go nna ka tatelanong
le peomolao ya bosetšhaba, e e tshwanelang go baya mokgwa wa
tsamaiso –
(a) wa boemedi ba kabelano bo bo ikaegileng mo karolong
ya batlhophi ba mmasepala yoo ba ba mo lenaaneng le le
lengwe la batlhophi, le le rulaganyeditsweng go kgethiwa ga
ditokololo mo gare ga manaane a maina a bontlhopheng a a
latelanang ka fa kgatlhegong ya lekoko; kgotsa
(b) boemedi ka kelano jaaka go tlhalositswe mo kgaolong(a) go
golagane le mokgwa wa boemedi ka dikarolo go ikaegilwe mo
karolong ya Mmasepala ya lenaneo le le lengwe la bosetšhaba
la batlhophi.
(c) Diphatlhatiro mo Khanseleng ya Mmasepala di tshwanetse go tladiwa go ya ka melao ya bosetšhaba.
	[Karolwana 3 e tsentswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molao wa 2008.]
(3) Thulagano ya ditlhopho go ya ka karolwana(2) e tshwanetse ka
kakaretso, go netefatsa kemedi go ya ka diboutu.
[Kl.(3) e emetswe ke k. 1(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2002.]
(4)
(a) Fa thulaganyo ya go tlhopha e akaretsa boemedi ka dikarolo,
go kgaoganngwa ga dikarolo go tshwanetse ga diriwa ke
bothati bo bo ikemetseng bo bo tlhophilweng ka mabaka,
e bile bo diragatsa ka tatelo ya dithulaganyo le kelo tse di
beilweng ke, peomolao ya bosetšhaba.
(b) Fa molelwane wa mmasepala o sekasekilwe go ya ka karolo 155
(6A), karolo e e kgaogantsweng mo mmasepaleng oo ga e a
tshwanela go atologa go kgabaganya molelwane o o amegang wa
porofense.
[Kl.(4) e emetswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Boraro wa Molaowa 1998.]
[Tema (b) e phimolwa ke k.3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosomepedi wa Molao wa 2005.]
(5) Motho a ka bouta mo go Mmasepala fela fa motho yoo a
kwadisitswe mo karolong ya Mmasepala ya boikwadiso jwa
bosetšhaba ya batlhophi.
KGAOLO 7: PUSO SELEGAE
101
KGAOLO 7: PUSO SELEGAE
(6) Peomolao ya bosetšhaba e e umakiwang mo karolwaneng
ya(1)(b) e tshwanetse go tlhama thulaganyo e e letlang makoko
le dikgatlhego tse di itshupang mo Khanseleng ya Mmasepala e
e thapang badiri, gore di emelwe ka tshwanelo mo Khanseleng ya
Mmasepala e go thapiwa go dirwang mo go yona.
158 Botokololo ba Dikhansele tsa Bommasepala
(1) Moagi mongwe le mongwe yo a nonofileng go boutela Khansele
ya Mmasepala o na le tshiamelo ya go tlhophiwa go nna tokololo
ya Khansele eo, ntle le –
(a) mongwe le mongwe yo a tlhomilweng ke, kgotsa a le
tlhophilweng ke, kgotsa a le mo tirong ya, Mmasepala e
bile a amogela tuelo ya go thapiwa kgotsa go dira, yo e bile
a sa gololwang mo kiletsong e ka mabaka a peomolao ya
bosetšhaba;
(b) mongwe le mongwe yo a thapilweng ke, kgotsa a le mo
tirong ya, Puso mo ntlheng e nngwe, e bile a amogela tuelo
ya go tlhopiwa goo kgotsa tiro eo, yo e bile a ileditsweng
mo botokololong ba Khansele mo mabakeng a peomolao ya
bosetšhaba;
(c) mongwe le mongwe yo a ileditsweng go boutela Kokoano
Bosetšhaba kgotsa a ileditswe mo mabakeng a karolo
47(1)(c),(d) kgotsa(e) go nna tokololo ya Kokoano;
(d) tokololo ya Kokoano Bosetšhaba, Khansele ya Bosetšhaba
ya Diporofense kgotsa kgotlapeomolao ya porofense; mme
kiletso e ga e ame tokololo ya Khansele ya Mmasepala o
a emetseng puso-selegae mo Khanseleng ya Bosetšhaba;
kgotsa
(e) tokololo ya Khansele ya Mmasepala mongwe; mme go
amogiwatshiamelo ga go dire go tokololo ya Khansele ya
masepala o a emetseng Khansele eo mo Khanseleng ya
Mmasepala e nngwe ya mothale o o farologaneng.
(2) Motho yo a sa nang tshiamelo go tlhophiwa go nna tokololo ya
Khansele ya Mmasepala mo mabakeng a karolo(1)(a),(b),(c)
kgotsa(d) le(e) e ka nna ntlhopheng wa Khansele ka taolo
102
ya dikiletso kgotsa mabaka a a tlhomilweng ke peomolao ya
bosetšhaba.
159 Dipaka tsa Bommasepala
(1) Paka ya Khansele ya Mmasepala ga e na e feta dingwaga tse
tlhano, jaaka go beilwe ka peomolao ya bosetšhaba.
(2) Fa Khansele ya Mmasepala e phatlaladiwa go ya ka peomolao
ya bosetšhaba, kgotsa fa paka ya yona e khutla, ditlhopho di
tshwanetse go tshwariwa mo malatsing a le 90 go simolola ka
letlha le Khansele eo e phatlaladitsweng ka lona kgotsa le paka ya
yona e khutlileng ka lona.
(3) Khansele ya Mmasepala, ntle le Khansele e e phatlaladitsweng
go latela tsereganyo go ya ka karolo 139, e tswelela go nna le
bokgoni jwa go dira go simolola ka nako e e phatlaladiwang
ka yona, kgotsa ka nako ya fa paka ya yona e khutla, go fitlha
Khansele e ntšhwa e e tlhophilweng e kaiwa e tlhophilwe.
[Kl. 159 e emetswe ke k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.]
160 Ditsamaiso tsa ka fa teng
(1) Khansele ya ga Mmasepala –
(a) e dira ditshwetso mabapi le tiragatso ya dithata tsotlhe le go
dirwa ga ditiro tsotlhe tsa ga mmasepala;
(b) e tshwanetse go tlhopha modulasetilo wa yona;
 (c) e tshwanetse go tlhopha komiti ya khuduthamaga le dikomiti
tse dingwe, go ya ka peomolao ya bosetšhaba;
(d) e ka thapa badiri ba ba tshwanetseng go diragatsa ditiro tsa
ona ka botlalo.
(2) Ditiro tse di latelang di ka seka tsa dirwa ke Khansele ya ga
Mmasepala:
(a) go fetisiwa ga melawana;
(b) go amogelwa ga ditlhotlhwa-kakangwa;
KGAOLO 7: PUSO SELEGAE
103
KGAOLO 7: PUSO SELEGAE
(c) go duedisa direite, makgetho mangwe, makgethwana,
dituelelo;
(d) le go adima madi.
(3)
(a) Bontsi ba maloko a Khansele ya ga Mmasepala ba tshwanetse
go nna teng
pele boutu e ka dirwa mo ntlheng nngwe le nngwe.
(b) Dipotso tsotlhe mabapi le dintlha tse di umakiwang mo
karolwaneng(2) di laolwa ke tshwetso e e tserweng ke
Khansele ya ga Mmasepala ka boutu e e tshegediwang ke
bontsi jwa maloko a yona.
(c) Dipotso tsotlhe tse di fa pele ga Khansele ya ga Mmasepala di
swetswa ka bontsi jwa diboutu tse di neetsweng.
(4) Ga go na molawana o o ka fetisiwang ke Khansele ya ga
Mmasepala ntle le fa –
(a) Maloko otlhe a Khansele a itsisitswe pele ga nako; le
(b) Molawana o o tlhagisiwang o, o setse o phasaladitswe gore
botlhe ba neele ditshwanelo.
(5) Peomolao ya bosetšhaba e ka naya seelo sa go lekanyetsa –
(a) bogolo jwa Khansele ya Mmasepala;
(b) gore a Dikhansele tsa ga Mmasepala di ka tlhopha Komiti ya
Khuduthamaga kgotsa komiti nngwe le nngwe; kgotsa
(c) bogolo jwa komiti ya Khuduthamaga kgotsa komiti nngwe le
nngwe ya Khansele ya Mmasepala.
(6) Khansele ya ga Mmasepala e ka dira melawana e e tlhagisang
melao le ditaelo tsa –
(a) Thulaganyo ya yona ya ka fa teng;
(b) Merero le ditsamaiso tsa yona;
(c) Go tlhamiwa, kago, tsamaiso, dithata le ditiro tsa dikomiti tsa
tsona.
(7) Khansele ya ga Mmasepala e tshwanetse go dira merero ya yona
mo pontsheng, mme e ka iletsa dipitso tsa yona, kgotsa tsa
104
dikomiti tsa yona, fa fela go le matshwanedi go dira jalo go lebilwe
boleng jwa morero o o tshwerweng.
(8) Maloko a Khansele ya ga Mmasepala a letlelelwa go tsaya karolo
mo ditsamaisong tsa yona le tsa dikomiti tsa yona ka mokgwa o
o–
(a) letlang makoko le dikgatlhego tse di itshupang mo
Khanseleng gore di emelwe ka tshwanelo;
(b) lepalepanang le demokerasi; le
(c) ka laolwang ke peomolao ya bosetšhaba.
161 Ditetlelelo
Peomolao mo lekaleng la peomolao ya bosetšhaba e ka rulaganyetsa
ditetleleleo le ditshireletsego tsa Dikhansele tsa Mmasepala le ditokololo
tsa tsona.
162 Phasalatso ya melawana ya bommasepala
(1) Molawana wa Mmasepala o ka tsenngwa mo tirisong fela fa o
phasaladitswe mo kaseteng ya semolao ya porofense e e maleba.
(2) Kasete ya puso ya porofense e tshwanela go phasalatsa molawana
wa Mmasepala fa e lopiwa ke mmasepala oo.
(3) Melawana ya Mmasepala e tshwanetse go ka fitlhelelwa ke botlhe.
163 Puso selegae e e rulaganeng
Molao wa Palamente o o tsentsweng mo tirisong go ya ka thulaganyo e e
tlhomilweng ka karolo 76 o tshwanela –
(a) go rulaganyetsa tshekegelo ya mekgatlho ya bosetšhaba le ya
porofense e e emetseng bommasepala; le
(b) go tlhomamisa dithulaganyo tseo puso ya selegae e ka –
(i) rerisanang le puso ya bosetšhaba kgotsa ya porofense.
(ii) rebola baemedi go nna le seabe mo Khanseleng ya
Bosetšhaba ya Diporofense; le
KGAOLO 7: PUSO SELEGAE
105
KGAOLO 7: PUSO SELEGAE
(iii) go nna le seabe mo thulaganyong e e tlhagelelang mo
peomolaong ya bosetšhaba e e akanngwang mo karolong
221(1)(c).
[K. 163(b) e emetswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]
164 Merero e mengwe
Merero yotlhe e e amang puso ya selegae e e sa phethagatswang mo
Molaotheong e ka tlhomamisiwa ka peomolao wa bosetšhaba kgotsa ka
peomolao ya porofense mo lekaleng la peomolao ya bosetšhaba.
106
KGAOLO 8
DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO
YA BOSIAMISI (kl 165-180)
165 Bothati ba boatlhodi
(1) Bothati ba boatlhodi ba Rephaboliki bo neetswe dikgotlatshekelo.
(2) Dikgotlatshekelo di ikemetse ka botsona, e bile di laolwa fela ke
Molaotheo le molao, o di tshwanetseng go o diragatsa ka go se
tseye matlhakore le ntle le poifo, ditlhotlho, kgotsa kgobelelo.
(3) Ga go na motho kgotsa sethwe sepe sa puso se se tla
kgoreletsang tsamaiso ya dikgotlatshekelo.
(4) Ditheo tsa puso, go ya ka peomolao le dikgato dingwe, di
tshwanetse go thusa le go sireletsa dikgotlatshekelo go netefatsa
go ikemela, go se tseye matlhakore, seriti, phitlhelelo le bokgoni
ba dikgotlatshekelo.
(5) Taelo kgotsa tshwetso e e filweng ke kgotlatshekelo e tlama batho
botlhe le ditheo tsa puso fa e dirang gone.
166 Ditheo tsa boatlhodi
Dikgotlatshekelo ke –
(a) Kgotlatshekelo ya Molaotheo;
(b) Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo;
(c) Dikgotlatshekelokgolo, go akarediwa dikgotlatshekelokgolo
dingwe le dingwe tsa boikuelo tse di ka tlhomiwang go
ya ka Molao wa Palamente go reetsa boikuelo go tswa
Dikgotlatshekelokgolo;
(d) Dikgotlatshekelo tsa boMagiseterata;
(e) Kgotlatshekelo nngwe le nngwe e e tlhomilweng
kgotsa e tsewa tsia go ya ka Molao wa Palamente, go
akarediwa kgotlatshekelo ya maemo a a tshwanang le
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
107
a Dikgotlatshekelokgolo kgotsa Dikgotlatshekelo tsa
boMagiseterata.
167 Kgotlatshekelo ya Molaotheo
(1) Kgotlatshekelo ya Molaotheo e na le Moatlhodimogolo wa Aforika
Borwa, Motlatsa-Moatlhodimogolo, le baatlhodi ba bangwe ba le
robongwe.
[Kl.(1) e emetswe ke k. 11 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(2) Morero o o fa pele ga Kgotlatshekelo ya Molaotheo o tshwanetse
go swediwa ke bonnye baatlhodi ba le robedi.
(3) Kgotlatshekelo ya Molaotheo –
(a) ke kgotlatshekelo e e kwa godimodimo mo mabakeng otlhe a
molaotheo;
(b) e ka swetsa fela ka mabaka a Molaotheo le merero e e
amanang le ditshwetso mo mererong ya molaotheo; le
(c) e dira tshwetso ya bofelo fa morero e le morero wa
Molaotheo, kgotsa fa morero o ka bo o amana le tshwetso mo
morerong wa molaotheo.
(4) Ke kgotlatshekelo ya Molaotheo fela e ka –
(a) swetsang dikgotlhang magareng ga ditheo tsa puso mo
lekaleng la bosetšhaba kgotsa la porofense tse di amanang le
maemo a Molaotheo, dithata kgotsa ditiro tsa ditheo dingwe le
dingwe tsa puso;
(b) swetsang ka bomolaotheo ba Molaotlhomo mongwe le
mongwe wa palamente kgotsa porofense, mme e ka dira jalo
fela mo mabakeng a a solofetsweng mo karolong 79 kgotsa
121;
(c) swetsang dikopo tse di solofelwang mo karolong 80 kgotsa
122;
(d) swetsang ka ga bomolaotheo ba tlhabololo nngwe le nngwe
go Molaotheo;
(e) tlhomamisang gore Palamente kgotsa Poresidente o paletswe
ke go dira ka fa Molaotheong; kgotsa
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
108
(f) go tlhomamisa Molaotheo wa porofense mo mabakeng a
karolo 144.
(5) Kgotlatshekelo ya Molaotheo e tsaya tshwetso ya makgaolakgang
mabapi le Peomolao ya Palamente, Peomolao ya Porofense kgotsa
maitsholo a Poresidente ka fa molaotheong, e bile e tshwanetse go
netefatsa taelo nngwe le nngwe e e tlhokang boleng e e dirilweng
ke Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo kgotsa Kgotlatshekelokgolo,
pele taelo eo e nna le boleng.
(6) Peomolao ya bosetšhaba kgotsa melawana ya Kgotlatshekelo ya
Molaotheo e tshwanetse go letla motho, fa e le mo kgatlegong ya
bosiamisi le ka tetla ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo –
(a) go tlisa morero ka tlhamalalo kwa Kgotlatshekelong ya
Molaotheo;
(b) go dira boikuelo ka tlhamalalo kwa Kgotlatshekelong ya
Molaotheo go tswa kwa Kgotlatshekelong nngwe le nngwe.
(7) Morero wa molaotheo o akaretsa ntlha nngwe le nngwe e e amang
thanolo, tshireletso kgotsa tiragatso ya Molaotheo.
168 Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo
(1) Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo e na le Poresidente, Motlatsa
Poresidente le palo ya baatlhodi ba boikuelo e e tlhomamisiwang
ka Molao wa Palamente.
[Kl.(1) e emetswe ke k. 12 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(2) Morero o o fa pele ga Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo o
tshwanetse go swetswa ke palo ya baatlhodi e e tlhomamisitsweng
ke Molao wa Palamente.
[Kl.(2) e emetswe ke k. 12 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(3) Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo e ka swetsa boikuelo mo
mererong yotlhe. Ke kgotlatshekelo e e kwa godimo ya boikuelo
kwa ntle le mo mererong ya molaotheo, e bile e ka swetsa fela –
(a) boikuelo;
(b) dintlha tse di amanang le boikuelo; le
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
109
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
(c) morero mongwe le mongwe o o ka romelwang kwa go yona
mo mabakeng a a ranotsweng ke Molao wa Palamente.
169 Dikgotlatshekelokgolo
Kgotlakgolo e ka swetsa –
(a) morero mongwe le mongwe ntle le morero o –
(i) Kgotlatshekelo ya Molaotheo fela e ka o swetsang; kgotsa
(ii) e neetsweng ka Peomolao ya Palamente go
kgotlatshekelo e nngwe ya kemo e e tshwanang le ya
Kgotlatshekelokgolo; le morero mongwe le mongwe o
o sa newang go Kgotlatshekelo e nngwe ka Molao wa
Palamente.
170 Dikgotlatshekelo tsa bo Magiseterata le Dikgotlatshekelo tse
dingwe
Dikgotlatshekelo tsa boMagiseterata le tsotlhe tse dingwe di ka swetsa ka
morero mongwe le mongwe o o sweditsweng ka Molao wa Palamente,
mme kgotlatshekelo ya kemo e e tlase go ya Kgotlatshekelo Kgolo ga e
na e botsa kgotsa e swetsa ka bomolaotheo ba peomolao nngwe le nngwe
kgotsa maitsholo a ga Poresidente.
171 Dithulaganyo tsa Kgotlatshekelo
Dikgotlatshekelo tsotlhe di dira mo mabakeng a peomolao ya bosetšhaba,
mme melawana le dithulaganyo tsa yona di tshwanetse go rulaganyediwe
mo mabakeng a peomolao ya bosetšhaba.
172 Maatla a Dikgotlatshekelo mo mabakeng a molaotheo
(1) Fa e sekaseka morero wa molaotheo o o mo taolong ya yona,
Kgotlatshekelo –
(a) e tshwanetse ya tlhomamisa gore molao mongwe le mongwe
kgotsa maitsholo a a sa tsamaisaneng le Molaotheo ga a na
boleng go ya ka go sa tlhomamang ga ona; e bile
110
(b) e ka dira taelo nngwe le nngwe e e tshiamo le tekatekano, go
akarediwa –
(i) taelo e e ngotlang boleng jwa tlhomamiso ya go tlhoka
boleng e e direlang kwa morago; le
(ii) taelo e e sekegang taelo ya go sa tlhomamang mo nakong
nngwe le nngwe le mo mabakeng mangwe le mangwe, go
letla bothati bo bo nonofileng go siamisa phoso.
(2)
(a) Kgotlakgolo ya Boikuelo, Kgotlatshekelo Kgolo kgotsa Kgotla
ya kemo e e tshwanang e e ka dira taelo tebang le boleng ba
bomolaotheo ba Peomolao ya Palamente, kgotsa Peomolao
ya Porofense, kgotsa maitsholo mangwe le mangwe a
Poresidente, mme taelo e e mabapi le go tlhoka boleng ga e
na maatla a tiragatso ntle le fa o tladitswe ke Kgotlatshekelo ya
Molaotheo.
(b) Kgotlatshekelo e e dirang taelo ya go tlhoka boleng ga
molaotheo e ka neela thibelo ya nakwana kgotsa kimologo
nngwe ya nakwana go lekoko kgotsa e ka emisa ditsamaiso
nakwana, go letetswe tshwetso ya kgotlatshekelo ya
Molaotheo ka ga boleng ba Molao oo kgotsa maitsholo ao.
(c) Peomolao ya bosetšhaba e tshwanela go rulaganyetsa
thomelo ya taelo ya go tlhoka boleng ba molaotheo go
Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
(d) Motho mongwe le mongwe kgotsa setheo sa puso se se nang
le kgatlhego e e lekaneng se ka ikuela, kgotsa sa dira kopo ka
tlhamalalo, go kgotlatshekelo ya Molaotheo go tlhomamisa
kgotsa go fetola taelo ya go tlhoka boleng ba molaotheo ka
kgotlatshekelo mo mabakeng a karolwana e.
173 Maatla a ka gale
Kgotlatshekelo ya Molaotheo, Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo; le
Dikgotlatshekelokgolo di na le maatla a ka gale go sireletsa le go laola
metseletsele ya tiragatso tsa tsona, le go tlhabolola molao wa selegae, go
tsewa tsiya dikgatlhego tsa bosiamisi.
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
111
174 Go thaphiwa ga batlhankedi ba boatlhodi
(1) Mosadi kgotsa monna mongwe le mongwe yo a nang le borutegi
bo bo maleba,e le motho yo a itekanetseng yo o tshwanetseng a
ka tlhophiwa go nna motlhankedi wa boatlhodi. Motho mongwe le
mongwe yo a tla kgethelwang mo Kgotlatshekelong ya Molaotheo
o tshwanetse gape e be e le moagi wa Aforika Borwa.
(2) Tlhokego ya gore bothati ba bosiamisi bo lebisise ka bophara
sebopego sa bomorafe le bong sa Aforika Borwa e tshwanela go
akanngwa fa batlhankedi ba boatlhodi ba tlhomiwa.
(3) Poresidente, jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosetšhaba,
morago ga go rerisana le Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi, le
baeteledipele ba makoko a a emetsweng mo Kokoano Bosetšhaba
o tlhopha Moatlhodimogolo le Motlatsa Moatlhodimogolo
gape, morago ga go rerisana le Khomišene ya Tirelo ya
Bosiamisi, o tlhopha Poresidente le Motlatsa Poresidente wa
Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo.
[Kl.(3) e emetswe ke k. 13 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(4) Baatlhodi ba bangwe ba Kgotlatshekelo ya Molaotheo ba
tlhophiwa ke Poresidente jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya
bosetšhaba, morago ga ditherisano le Moatlhodimogolo le
baeteledipele ba makoko a a nang le kemedi mo Kokoanong ya
Bosetšhaba go ya ka thulaganyo e e latelang:
(a) Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e tshwanetse go rulaganya
lenaane la bontlhopheng la maina a mararo go feta palo ya
ba ba tshwanetseng go tlhophiwa, e be e ise lenaane kwa go
Poresidente.
(b) Poresidente o tshwanela go tlhopha mo lenaaneng a ba a
gakolole Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi, ka mabaka, fa go
le bangwe ba bakgethiwa ba ba sa amogelesegeng, le fa go
tshwanetse go dirwa ditlhopho tse dingwe.
(c) Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e tshwanetse go tlaleletsa
lenaane ka bakgethiwa ba bangwe mme Poresidente o
tshwanetse go dira ditlhopho tse di saletseng mo lenaaneng le
le okeditsweng.
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
112
[Kl.(4) e emetswe ke k. 13 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(5) Ka dinako tsotlhe, bonnye ditokololo tse nne tsa Kgotlatshekelo ya
Molaotheo di tshwanetse ya bo e le batho ba e leng baatlhodi ka
nako ya fa ba kgethwa kwa Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
(6) Poresidente o tshwanetse go kgetha baatlhodi ba dikgotlatshekelo
tsotlhe tse dingwe ka kgakololo ya Khomišene ya Tirelo tsa
Bosiamisi.
(7) Batlhankedi ba bangwe ba boatlhodi ba tshwanetse go tlhomiwa
go ya ka Molao wa Palamente o o tshwanetseng go netefatsa
gore go tlhomiwa, go tlhatlhosiwa, go sutisiwa kgotsa go rolwa
tiro kgotsa go tseelwa dikgato tsa kgalemo ga batlhankedi ba ba,
boatlhodi go diragala ntle le ditlhotlho kgotsa kgobelelo.
(8) Pele batlhankedi ba boatlhodi ba simolola go dira ditiro tsa bona,
ba tshwanetse go ikana, kgotsa go dumela, go ya ka Mametlelelo
2 gore ba tla tshegetsa le go sireletsa Molaotheo.
175 Baatlhodi ba Nama-o-sa-tshwere
(1) Poresidente a ka tlhopha mosadi kgotsa monna go nna moatlhodi
wa nama-o-sa-tshwere wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo fa
go le phatlhatiro kgotsa fa moatlhodi a seo. Go tlhophiwa go
tshwanetse go dirwa ka tshegetso ya tokololo ya Kabinete e e
rweleng maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi a dira ka tumelano
le Moatlhodimogolo.
[Kl.(1) e emetswe ke k. 14 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(2) Tokololo ya Kabinete e e rwelang maikarabelo a tsamaiso ya
bosiamisi e tshwanetse go tlhopha baatlhodi ba nama-o-satshwere
go dikgotlatshekelo tse dingwe morago ga puisano le
moatlhodi yo mogolo wa kgotlatshekelo e moatlhodi wa nama-osa-
tshwere a tla dirang mo go yona.
176 Dipaka tsa tiro le dituelo
(1) Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo o tlhophiwa paka
e e sa ntšhwafadiweng ya dingwaga tse 12, mme o tshwanetse
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
113
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
go rola tiro fa a le bogolo ba dingwaga di le 70, mabapi le se se
diragalang pele, ntle le fa Molao wa Palamente o atolosa paka ya
tiro ya Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo.
[Kl.(1) e emetswe ke k. 15 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(2) Baatlhodi ba bangwe ba nna mo tirong go fitlha ba gololwa go
dira go ya ka Molao wa Palamente.
(3) Dituelo, ditshiamelo le dikungo tsa baatlhodi ga di fokodiwe.
177 Go tlosiwa mo tirong
(1) Moatlhodi a ka tlosiwa mo tirong fela fa –
(a) Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e fitlhela gore moatlhodi ga
a kgone tiro, o bokoa thata mo tirong, o molato wa maitsholo
a a maswe; le
(b) fa Kokoano Bosetšhaba e tsaya tshwetso ya gore moatlhodi a
tlosiwe, a tshegediwa ke bonnye pedi-tharong ya ditokololo
tsotlhe.
(2) Poresidente o tshwanelwa ke go rola moatlhodi tiro fa tshwetso ya
gore a rolwe tiro e fetisitswe.
(3) Poresidente, ka kgakololo ya Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi, a
ka tlosa moatlhodi o e leng setlhogo sa thulaganyo mo ditaelong
tsa karolwana(1).
178 Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi
(1) Go na le Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi, e bopiwa ke –
(a) Moatlhodimogolo, yo o okamang dipitso tsa Khomišene;
(b) Poresidente wa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo;
[ Tema(b) e emetswe k. 16(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao ya 2001.]
(c) Moatlhodi wa Poresidente a le mongwe yo o supilweng ke
Baatlhodi ba Poresidente;
(d) Tokololo e le nngwe ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a
tsamaiso ya bosiamisi, kgotsa mongwe yo a refosanyang le
ene, yo o supilweng ke yona tokololo eo ya Kabinete;
114
(e) babueledi ba babedi ba ba mo tirong, ba ba supilweng mo
babueleding go emela borutegi boo ka kakaretso, e bile ba
tlhophilwe ke Poresidente;
(f) babueledipotlana ba babedi ba ba supilweng mo
babueledipotlanang go emela borutegi boo ka kakaretso e bile
ba tlhopilwe ke Poresidente;
(g) Morutamolao a le mongwe yo o supilweng ke barutamolao ba
diyunibesithi tsa Aforika Borwa;
(h) batho ba barataro ba ba supilweng ke Kokoano Bosetšhaba
mo ditokololong tsa yona, bonnye ba bararo ba bona ba
tshwanela go nna ditokololo tsa makoko kganetso a a nang le
kemedi mo Kokoanong;
(i) baemedi ba bane ba leruri ba Khansele ya Bosetšhaba
ya Diporofense ba ba supilweng ke Khansele mmogo, ka
tshegetso ya boutu bonnye ya diporofense tse thataro;
(j) batho ba bane ba ba supilweng ke Poresidente jaaka tlhogo
ya Khuduthamaga ya bosetšhaba morago ga dipuisano le
makoko otlhe a a mo Kokoanong Bosetšhaba; le
(k) fa go sekwasekwa merero e e amanang le Kgotlatshekelokgolo
e e rileng,, Poresidente wa Moatlhodi wa Kgotla eo le
Tonakgolo ya porofense e e amegang, kgotsa mongwe gape
yo o supilweng ke mongwe le mongwe wa bona.
[Tema (k) e emetswe ke k. 2(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998 le k. 16(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(2) Fa palo ya batho ba ba supilweng mo babueleding ka ditaelo
tsa karolwana(1)(e) kgotsa (f) e lekana le ya diphatlhatiro tse di
tshwanetseng go tladiwa, Poresidente o tshwanela go ba tlhoma.
Fa palo ya batho ba supilweng e feta palo ya diphatlhatiro tse di
tla tladiwang, Poresidente fa a buisanye le borutegi bo bo maleba,
o tshwanela go tlhoma ba ba lekaneng ba ba supilweng go tlatsa
diphatlhatiro, go tsewa tsia tlhokego ya go netefatsa gore ba ba
tlhophilweng ba emela borutegi ka kakaretso.
(3) Ditokololo tsa Khomišene tse di nopotsweng ke Khansele ya
Bosetšhaba ya Diporofense di dira go fitlha ba refosanwa maemo
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
115
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
botlhe, kgotsa go fitlha phatlhatiro nngwe e ka tlhagelela mo
palong ya bona. Ditokololo dingwe tse di neng di tlhophetswe
Khomišene di dira go fitlha ba refosanwa maemo ke bao ba ba
supileng kgotsa ba ba tlhophileng.
(4) Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e na le dithata le ditiro tse e di
neetsweng mo Molaotheong le peomolao ya bosetšhaba.
(5) Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e ka gakolola puso ya
bosetšhaba mo morerong mongwe le mongwe o o amanang
le boatlhodi kgotsa tsamaiso ya bosiamisi; fela, fa e sekaseka
morero mongwe le mongwe ntle le go kgethiwa ga moatlhodi, e
tshwanela go dira jalo ntle le ditokololo tse di kgethilweng go ya
ka karolwana(1)(h) le(i).
(6) Khomišene ya Tirelo ya Bosiamisi e ka swetsa thulaganyo ya yona,
fela ditshwetso tsa Khomišene di tshwanelwa go tshegediwa ke
bontsi ba ditokololo tsa yona.
(7) Fa Moatlhodimogolo kgotsa Poresidente ya Kgotlatshekelo Kgolo
ya Boikuelo ka nakwana a sa kgone go dira mo Khomišeneng,
Motlatsa Moatlhodimogolo kgotsa Motlatsa Poresidente ya
Kgotlatshekelo Kgolo ya Boikuelo, o tsaya maemo a gagwe mo
Khomišeneng.
[Kl.(7) e tlaleleditswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998 le go emelwa ke k.
16(c) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(8) Poresidente le batho ba ba tlhophang, ba ba supang le ba ba
kayang ditokolo tsa Khomišene go ya ka karolwana(1)(c),(e),(f)
le (g), ba ka, ka mokgwa o o tshwanang, tlhopha, supa kgotsa go
kaya mongwe malebana le mongwe le mongwe wa ditokololo tseo,
go dira mo Khomišeneng fa tokololo e e amegang ka nakwana
e sa kgone go dira jalo ka lebaka la go tlhoka bokgoni jwa lona
kgotsa ka go se nne teng mo Rephaboliking ka lebaka lengwe le
lengwe le le utlwagalang.
[Kl.(8) e tlaleleditswe ke k. 2(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.]
116
179 Bothati ba Botšhotšhisi
(1) Go bothati bo le nosi ba botšhotšhisi mo Rephaboliking bo bo
bopilweng go ya ka Molao wa Palamente, bo boplilwe ke –
(a) Mokaedi wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi ba Botlhe, o e
leng tlhogo ya bothati ba botšhotšhisi, e bile a kgethilwe ke
Poresidente jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosetšhaba; le
(b) Bakaedi ba Botšhotšhisi ba Botlhe le batšhotšhisi jaaka go
beilwe ka molao wa Palamente.
(2) Bothati ba botšhotšhisi bo na le maatla go tlhatlhela molato wa
tshenyo, boemong ba puso, le go dira ditiro dingwe le dingwe tse
di tshokileng di ama go tlhatlhela melato ya tshenyo.
(3) Peomolao ya bosetšhaba e tshwanela go netefatsa gore Bakaedi
ba Botšhotšhisi ba botlhe–
(a) ba na le borutegi bo bo tshwanelang;
(b) ba rwala maikarabelo a botšhotšhisi mo ditaolong tse di
kgethegileng, go ya ka karolwana(5).
(4) Peomolao ya bosetšhaba e tshwanela go netefatsa gore bothati
bo bo tšhotšhisang bo diragatsa ditiro tsa bona ntle le poifo,
ditlhotlho kgotsa kgobelelo.
(5) Mokaedi wa Bosetšhaba wa Botšhotšhisi ba Botlhe –
(a) o tshwanela go tlhotlhomisa, ka tumalano ya tokololo ya
Kabinete e e rweleng maikarabelo a tsamaiso ya bosiamisi, le
fa morago ga dipuisano le Bakaedi ba Botšhotšhisi ba botlhe,
maikemisetso a botšhotšhisi a a tshwanelwang go tsewa tsia
mo tiragatsong ya botšhotšhisi;
(b) o tshwanela go ntsha dikaelo tsa maikemisetso tse di
tshwanelwang go tsewa tsia mo tiragatsong ya botšhotšhisi;
(c) a ka tsereganya mo tiragatsong ya botšhotšhisi fa go sa
inaakanngwe le dikaelo tsa maikemisetso; le
(d) a ka sekaseka tshwetso ya go tšhotšhisa kgotsa go se
tšhotšhise, morago ga go rerisana le Mokaedi wa Botšhotšhisi
ba Botlhe o o maleba, le morago ga go amogela boipiletso
mo nakong e e beilweng ke Mokaedi wa Bosetšhaba wa
Botšhotšhisi ba Botlhe, go tswa mo ba ba latelang:
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
117
KGAOLO 8: DIKGOTLATSHEKELO LE TSAMAISO YA BOSIAMISI
(i) Molatofadiwa.
(ii) Moikuedi.
(iii) Motho mongwe le mongwe yoo Mokaedi wa Bosetšhaba
a mo kayang a le maleba.
(6) Tokokolo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a tsamaiso ya
bosiamisi o tshwanela go diragatsa maikarabelo a bofelo godimo
ga bothati ba botšhotšhisi.
(7) Merero yotlhe e e amang bothati ba botšhotšhisi e tshwanelwa ke
go tlhomamisiwa ka peomolao ya bosetšhaba.
180 Merero mengwe e e amang tsamaiso ya bosiamisi
Peomolao ya Bosetšhaba e ka kgontsha morero mongwe le mongwe o
o amang tsamaiso ya bosiamisi, o o sekwasekwang ke Molaotheo, go
akarediwa –
(a) manaane a katiso ya batlhankedi ba boatlhodi;
(b) dithulaganyo tsa go sekaseka dingongorego mabapi le
batlhankedi ba boatlhodi; le
(c) go tsaya karolo ga batho ntle le batlhankedi ba boatlhodi mo
ditshwetsong tsa kgotlatshekelo.
118
KGAOLO 9
DITHEO TSA PUSO TSE DI
TSHEGETSANG DEMOKERASI YA
MOLAOTHEO (kl 181-194)
181 Go tlhomiwa ga tsona le metheo ya taolo
(1) Ditheo tse di latelang di tiisa demokerasi ya molaotheo mo
Rephaboliking:
(a) Mosireletsi wa Botlhe.
(b) Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa
[Tema(b) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.]
(c) Khomišene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa
Setso, Bodumedi, le Ditlhopha tsa dipuo.
(d) Khomišene ya Tekatekano ya Bong.
(e) Moruni-Kakaretso.
(f) Khomišene ya Ditlhopho.
(2) Ditheo tse di ikemetse ka nosi, e bile di laolwa fela ke Molaotheo
le molao, ga di a tshwanela go tsaya letlhakore e bile di
tshwanetse go dirisa maatla a tsona le go dira ditiro tsa tsona ntle
le poifo, ditlhotlho le kgobelelo.
(3) Ditheo tse dingwe tsa puso, ka dikgato tsa peomolao le tse
dingwe, di tshwanetse go thusa le go sireletsa ditheo tse go
netefatsa go ikemela, go se tseye letlhakore, seriti le go bokgoni
ba ditheo tse.
(4) Ga go motho ope kgotsa setheo sengwe sa puso se se tla
itshunyang mo go direng ga ditheo tse.
(5) Ditheo tse di ikarabelang go Kokoano Bosetšhaba, e bile di
tshwanetse go bega dikgato le ditiro tsa tsona mo Kokoanong,
bonnye gangwe ka ngwaga.
KGAOLO 9: DITHEO TSA PUSO TSE DI TSHEGETSANG DEMOKERASI YA MOLAOTHEO
119
KGAOLO 9: DITHEO TSA PUSO TSE DI TSHEGETSANG DEMOKERASI YA MOLAOTHEO
Mosireletsi wa Botlhe (kl 182-183)
182 Ditiro tsa Mosireletsi wa Botlhe
(1) Mosireletsi wa Botlhe o na le dithata tse, jaaka go rulagantse
bothati jwa peomolao wa bosetšhaba –
(a) go tlhotlhomisa maitsholo mangwe le mangwe mo mererong
ya puso, kgotsa mo tsamaisong ya puso mo makaleng
mangwe le mangwe a puso a go belaelwang go sa lolama
kgotsa a kwa bokhutlong a ka nnang le bomenemene bongwe
kgotsa kgobelelo;
(b) go dira pegelo ka maitsholo a; le
(c) go tsaya dikgato tse di maleba tse di siamisang.
(2) Mosireletsi wa Botlhe o na le dithata le ditiro dingwe gape tse a di
abelwang ke peomolao ya bosetšhaba.
(3) Mosireletsi wa Botlhe ga a tshwanela go batlisisa ditshwetso tsa
kgotlatshekelo.
(4) Mosireletsi wa Botlhe o tshwanelwa go ka fitlhelelwa ke batho
botlhe le baagi botlhe.
(5) Pegelo nngwe le nngwe e e tlhagisitsweng ke Mosireletsi wa
Botlhe e tshwanetse go ka fitlhelelwa ke botlhe, ntle le fa maemo
a a kgethegileng, a a tla tlhomamisiwang ka fa ditaelong tsa
peomolao ya bosetšhaba, a tlhoka gore pegelo e tsholwe mo
sephiring.
183 Pakatiro
Mosireletsi wa Botlhe o thapiwa paka ya ngwaga tse supa tse di sa
ntšhwafadiweng.
120
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho
ya Aforika Borwa (k 184)
184 Ditiro tsa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika
Borwa
(1) Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e
tshwanetse go –
(a) tsweletsa tlotlo ya ditshwanelo tsa botho le mowa wa
ditshwanelo tsa botho;
(b) tsweletsa, tshireletso kgodiso le phitlhelelo ya ditshwanelo tsa
botho; le
(c) go baya leitlho le go tlhotlhomisa tshegetso ya maemo a
ditshwanelo tsa botho mo Rephaboliking.
(2) Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e na
le dithata, jaaka go tlhomamisitswe le lekgotla la peomolao
ya bosetšhaba, tse di tlhokagalang go dira ditiro tsa yona, go
akaretsa thata–
(a) ya go batlisisa le go dira pegelo ka tshegetso ya ditshwanelo
tsa botho;
(b) ya go tsaya dikgato go lere tshiamiso fa ditshwanelo tsa botho
di tlontlolotsweng teng;
(c) ya go dira dipatlisiso; le
(d) ya go ruta.
(3) Ngwaga mongwe le mongwe, Khomišene ya Ditshwanelo tsa
Botho e tshwanetse go lopa ditheo tsa puso tse di maleba go neela
Khomišene tshedimoso ka dikgato tse di di tsereng go fitlhelela
ditshwanelo tsa matlo, tlhokomelo ya boitekanelo, dijo, metsi,
tshireletsego ya loago, thuto le tikologo.
(4) Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa e na le
dithata le ditiro dingwe gape tse e di abelwang ke peomoloa ya
bosetšhaba.
[K. 184 e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.]
KGAOLO 9: DITHEO TSA PUSO TSE DI TSHEGETSANG DEMOKERASI YA MOLAOTHEO
121
KGAOLO 9: DITHEO TSA PUSO TSE DI TSHEGETSANG DEMOKERASI YA MOLAOTHEO
Khomišene ya Tsweletso le Tshireletso
ya Ditshwanelo tsa setso, Bodumedi le
Ditlhopha tsa Dipuo (kl 185-186)
185 Ditiro tsa Khomišene
(1) Maikaelelo a ntlha a Khomišene ya Tsweletso le Tshireletso ya
Ditshwanelo tsa setso, Bodumedi le Ditlhopha tsa Dipuo ke –
(a) go tsweletsa tlotlo ya ditshwanelo tsa setso, bodumedi le
ditlhopha tsa dipuo;
(b) go tsweletsa le go atisa kagiso, botsalana, botho, kgotlelelo
le bongwe fela jwa bosetšhaba fa gare ga ditlhopha tsa
setso, bodumedi le tsa ditlhopha tsa dipuo, ka ikaego
mo tekatekanong, go se tlhotlhololwe, le kamano e e
gololosegileng; le
(c) go rotloetsa go tlhomiwa kgotsa kamogelo, go ya ka
peomolao, ya lekgotla la setso kgotsa lengwe gape kgotsa
makgotla a setlhopha sa magae kgotsa ditlhopha mo Aforika
Borwa.
(2) Khomišene e na le thata, jaaka go beilwe ka peomolao ya
bosetšhaba, a a tlhokegang go fitlhelela maikaelelo a ona a ntlha,
go akarediwa maatla a go ela tlhoko, go tlhotlhomisa, go batlisisa,
go ruta, go ngoka, go gakolola le go bega ka merero e e amang
ditshwanelo tsa ditlhopha tsa setso, bodumedi le ditlhopha tsa
dipuo.
(3) Khomišene e ka bega morero mongwe le mongwe o o welang mo
dithateng le ditirong tsa yona, go Khomišene ya Ditshwanelo tsa
Botho ya Aforika Borwa go tlhotlhomisiwa.
[Kl.(3) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.]
(4) Khomišene e na dithata le ditiro dingwe gape tse di abelwang ke
peomolao ya bosetšhaba
122
186 Sebopego sa Khomišene
(1) Palo ya ditokololo tsa Khomišene ya Tsweletso le Tshireletso ya
Ditshwanelo tsa Ditlhopha tsa setso, Bodumedi le Dipuo le go
tlhophiwa le ditaelo tsa ditiro tsa yona di tshwanetse go bewa ka
peomolao ya bosetšhaba.
(2) Sebopego sa Khomišene se tshwanela –
(a) go nna le boemedi ka kakaretso ba ditlhopha tsa setso,
bodumedi le dipuo mo Aforika Borwa; le
(b) go supa ka kakaretso sebopego sa bong sa Aforika Borwa.
Khomišene ya Tekatekano ya Bong
(k 187)
187 Ditiro tsa Khomišene ya Tekatekano ya Bong
(1) Khomišene ya Tekatekano ya Bong e tshwanela go tsweletsa tlotlo
ya tekatekano ya bong le tshireletso, kgodiso le phitlhelelo ya
tekatekano ya bong.
(2) Khomišene ya Tekatekano ya Bong e na le maatla, jaaka go beilwe
ka peomolao ya bosetšhaba, e e tlhokegang go dira ditiro tsa
yona, go akarediwa thata ya go ela tlhoko, go tlhotlhomisa, go
batlisisa, go ruta, go ngoka, go gakolola le go bega merero e e
amang tekatekano ya bong.
(3) Khomišene ya tekatekano ya bong e na le dithata le ditiro dingwe
gape tse e di abelwang peomolao ya bosetšhaba.
Moruni-Kakaretso (kl 188-189)
188 Ditiro tsa Moruni-Kakaretso
(1) Moruni-Kakaretso o tshwanetse go runa a ba a bega ka matlotlo,
kanegelo ya matlotlo le tsamaiso ya matlotlo ya –
KGAOLO 9: DITHEO TSA PUSO TSE DI TSHEGETSANG DEMOKERASI YA MOLAOTHEO
123
(a) mafapha otlhe a bosetšhaba le diporofense le ditsamaiso;
(b) bommasepala botlhe; le
(c) setheo sengwe le sengwe gape kgotsa kemedi nngwe le
nngwe e e rweleng maikarabelo ka matlotlo, se go tlhokegang
ka taolo ya peomolao ya bosetšhaba kgotsa ya porofense gore
se runwe ke Moruni-Kakaretso.
(2) Mo godimo ga ditiro tse di laoletsweng ka karolwana(1), e bile go
laola peomolao nngwe le nngwe, Moruni Kakaretso a ka runa a le
go bega ka ga diakhaonte, dikanegelo tsa matlotlo le tsamaiso ya
matlotlo ya –
(a) setheo sengwe le sengwe se se duelwang go tswa mo
Letloleng la Lotseno lwa Bosetšhaba, lotseno lwa porofense
kgotsa lwa ga mmasepala; kgotsa
(b) setheo sengwe le sengwe, se se neetsweng thata ka molao
mongwe le mongwe go amogela madi a maikaelelo a ona e
leng go thusa setšhaba.
(3) Moruni-Kakaretso o tshwanetse a gorosa dipego tsa boruni go
peomolao nngwe le nngwe e e nang le kgatlhego e e maleba
mo thunong, le go bothati bongwe le bongwe bo bo laotsweng
ke peomolao ya bosetšhaba. Dipego tsotlhe di tshwanetse tsa
phasaladiwa.
(4) Moruni-Kakaretso o na le dithata le ditiro dingwe gape tse a di
abelwang ke peomolao ya bosetšhaba.
189 Pakatiro
Moruni-Kakaretso o tshwanetse go thapiwa paka e e lekanyeditsweng, e
e sa ntšhwafadiweng, e e fa gare ga dingwaga di le tlhano go ya go tse
di lesome.
KGAOLO 9: DITHEO TSA PUSO TSE DI TSHEGETSANG DEMOKERASI YA MOLAOTHEO
124
Khomišene ya Ditlhopho (kl 190-191)
190 Ditiro tsa Khomišene ya Ditlhopho
(1) Khomišene ya Ditlhopho e tshwanetse ya –
(a) laola ditlhopho tsa bosetšhaba, tsa porofense, le makgotla a
peomolao ya bommasepala, ka fa thulaganong ya peomolao
ya bosetšhaba;
(b) netefatsa gore ditlhopho tseo di gololesegile e bile di lolame;
le
(c) go phasalatsa dipholo tsa ditlhopho mo nakong e e beilweng
ke peomolao ya bosetšhaba, e bile e le khutshwane ka fa go
kgonegang.
(2) Khomišene ya Ditlhopho e na le dithata le ditiro dingwe gape tse
di laoletsweng ke peomolao ya bosetšhaba.
191 Sebopego sa Khomišene ya Ditlhopho
Khomišene ya Ditlhopho bonnye e tshwanetse ya nna le batho ba bararo.
Palo le paka ya bodiredi jwa ditokololo e tshwanetse ya bewa ke peomolao
ya bosetšhaba.
Bolaodi jo bo Ikemetseng jo bo Laolang
Kgaso (k 192)
192 Bolaodi ba Kgaso
Peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse go tlhoma bolaodi jo bo
ikemetseng go laola kgaso go ya ka dikgatlhego tsa botlhe, le go netefatsa
tolamo le methalethale ya dikakanyo tse e leng kemedi ya setšhaba sa
Aforika Borwa.
KGAOLO 9: DITHEO TSA PUSO TSE DI TSHEGETSANG DEMOKERASI YA MOLAOTHEO
125
KGAOLO 9: DITHEO TSA PUSO TSE DI TSHEGETSANG DEMOKERASI YA MOLAOTHEO
Dikaelo-Kakaretso (kl 193-194)
193 Go thapiwa
(1) Mosireletsi wa Botlhe le ditokololo tsa Khomišene tse di
tlhomilweng ka Kgaolo e e tshwanetse go nna basadi le banna ba
e leng –
(a) baagi ba maAforika-Borwa;
(b) ba nonofile e bile a siametse go tsaya maemo a tiro a a
kgethegileng ao; e bile
(c) ba ikamanya le ditlhokego tse di beilweng ke peomolao ya
bosetšhaba.
(2) Tlhokego ya dikhomišene tse di tlhomilweng ka kgaolo e go supa
ka bophara sebopego sa bomorafe le bong ba maAforika Borwa e
tshwanela go tsewa tsia fa badiredi ba Khomišene ba thapiwa.
(3) Moruni-Kakaretso o tshwanetse go nna mosadi kgotsa monna
yo e leng moagi wa Aforika Borwa e bile a nonofile e bile a
siametse go tsaya maemo a bodiredi joo. Boitseanape jwa, kgotsa
maitemogelo, mo boruning, matlotlo a puso, le tsamaisopuso di
tshwanetse go tsewa tsia fa go thapiwa Moruni-Kakaretso.
(4) Poresidente, ka katlanegiso ya Kokoano Bosetšhaba, o tshwanela
go thapa Mosireletsi wa Botlhe, Moruni-Kakaretso le Ditokololo
tsa –
(a) Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa;
[Tema(a) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molao 65 wa 1998.]
(b) Khomišene ya Tekatekano ya Bong; le
(c) Khomišene ya Ditlhopho.
(5) Kokoano Bosetšhaba e tshwanetse go atlanegisa batho –
(a) ba ba kgethilweng ke komiti ya Kokoano, e e emetsweng ka go
lekalekana ke ditokololo tsa makoko otlhe a a emetsweng mo
Koakoanong;
(b) ba ba amogetsweng ke Kokoano ka tshwetso e e tserweng ke
tshegetso ya diboutu –
126
(i) tsa bonnye diperesente di le 60, tsa maloko a Kokoano,
fa katlenegiso e ama go thapiwa ga Mosireletsi wa Botlhe
kgotsa Moruni-Kakaretso; kgotsa
(ii) ya bontsi jwa maloko a Kokoano, fa katlenegiso e ama go
thapiwa ga leloko la Khomišene.
(6) Kamego ya batho mo loagong mo tsamaisong ya katlanegiso e ka
rulaganyediwa jaaka go lebeletswe mo karolong 59(1)(a).
194 Go ntshiwa mo tirong
(1) Mosireletsi wa Botlhe, Moruni Kakaretso kgotsa tokololo ya
Khomišene e e tlhomilweng ka Kgaolo e a ka ntshiwa mo tirong
fela ka –
(a) lebaka la maitsholo a maswe, go tlhaela kgotsa go tlhoka
bokgoni;
(b) tlhotlhomiso e e jalo ka Komiti ya Kokoano Bosetšhaba; le
(b) thebolo ya Kokoano ya tshwetso e e gwetlhang gore
motlhankedi a rolwe tiro, e bile e rebotswe ke bontsi ba
ditokololo tsa Kokoano.
(2) Tshwetso ya Kokoano Bosetšhaba mabapi le go ntshiwa mo tirong
ga –
(a) Mosireletsi wa Botlhe, kgotsa Moruni-Kakaretso e tshwanetse
go tsewa ka tshegetso ya diboutu tsa bonnye ba pedi-tharong
tsa maloko a Kokoano; kgotsa
(b) Fa e le leloko la Khomišene, e tsewe ka tshegetso ya boutu ya
bontsi jwa maloko a Kokoano.
(3) Poresidente –
(a) a ka beela kwa thoko motho yo o mo tirong nakwana nako nngwe
le nngwe morago ga tshimologo ya ditsamaiso tsa ditherisano
tsa komiti ya Kokoano ya Bosetšhaba go ntsha motho yo jalo mo
tirong; le
(b) o tshwanetse go ntsha motho mo tirong fa Kokoano e rebotse
tshwetso e e gwetlhang go ntshiwa ga motho yoo.
KGAOLO 9: DITHEO TSA PUSO TSE DI TSHEGETSANG DEMOKERASI YA MOLAOTHEO
127
KGAOLO 10
TSAMAISOPUSO (kl 195-197)
195 Metheo ya meetlo le meono e e laolang tsamaisopuso
(1) Tsamaisopuso e tshwanetse go laolwa ke dikgatlhego le metheo
ya demokerasi e e akareditsweng mo Molaotheong, go akarediwa
metheo e e latelang:
(a) Maemo a a kwa godimo a maitsholo le boitseanape jwa
badiredi a tshwanetse go tswelediwa le go tshegediwa.
(b) Bokgoni, tiriso e e botoka ya metswedi ya ikonomi e
tshwanetse go tswelediwa.
(c) Tsamaisopuso e tshwanetse e nne e e sekametseng mo
tswelelopeleng.
(d) Ditirelo di tshwanetse go abiwa ntle le ditlhotlho, ka tolamo,
ka go lekalekana, go ntle le tshekamelo letlhakoreng.
(e) Ditlhokego tsa batho di tshwanetse go tsewa tsia, mme
setšhaba se tshwanetse go rotloediwa go nna le seabe mo
dithulaganyetsong tsa isagwe.
(f) Tsamaisopuso e tshwanetse go nna le maikarabelo.
(g) Go nna mo pontsheng go tshwanetse go rotloediwa ka go
neela setšhaba tshedimosetso e e bonako, e e fitlhelesegang,
le ya boammaruri.
(h) Tsamaiso e e siameng ya tsamaiso ya bokgoni, le tlhabololo
ya borutegi di tshwanetse go rotloediwa go nonofisa badiri
mo tirong gore ba ba fitlhelele bokgoni jo bo kwa godimo.
(i) Tsamaisopuso e tshwanela go nna kemedi ya batho ba
Aforika Borwa ka bophara, ka ditlwaelo tsa botsamaisi ba
tiro le badiri bo bo ikaegileng ka bokgoni, phitlhelelo ya
boammaruri, tolamo, le tlhokego ya go siamisa ditshokamo
tsa nako e fetileng go fitlhelela boemedi bo bo sephara.
(2) Metheo e e fa godimo e e tshwanela go diragatswa mo –
(a) botsamaising mo lekaleng lengwe le lengwe la puso;
KGAOLO 10: TSAMAISOPUSO
128
(b) ditheong tsa puso;
(c) ditirokgolong tsa puso.
(3) Peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse go netefatsa tsweletso ya
meetlo le metheo e e umakilweng mo karolwaneng(1).
(4) Go thapiwa ga palo e e rileng ya batho mo thulaganyong ya
tsamaisopuso go go ikaegileng ka dikakanyo tsa maano ga go
thibelwe, mme peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse go laola go
thapiwa go, mo tirelong ya botlhankedi ba puso.
(5) Peomelao e e laolang tsamaisopuso e ka farologanya magareng
ga maphata, ditsamaiso, kgotsa ditheo tsa tsamaiso ya puso tse di
fapaneng.
(6) Mokgwa le ditiro tsa maphata a a farologaneng, ditsamaiso
kgotsa ditheo tsa tsamaisopuso ke dintlha tse di maleba tse
di tshwanetseng go tsewa tsia mo peomolaong o o laolang
tsamaisopuso.
196 Khomišene ya Bodiredipuso
(1) Go na le Khomišene ya Bodiredipuso e le nosi mo Rephaboliking.
(2) Khomišene e ikemetse e bile e tshwanetse go sa tseye letlhakore,
mme e tshwanetse go diragatsa dithata tsa yone le go dira ditiro
tsa yone ntle le poifo, go mpampetsa kgotsa kgobelelo mo
dikgatlhegelong tsa go tshola botsamaisi ja botlhe jwa tota le jwa
bokgoni le maemo a a kwa godimo a meetlo ya seporofešenale mo
bodiredipusong. Khomišene e tshwanetse go laolwa ke peomolao
ya bosetšhaba.
(3) Ditheo tse dingwe tsa puso, ka peomolao le dikgato dingwe, di
tshwanetse go thusa le go sireletsa Khomišene go tlhomamisa
boikemedi, go sa tseyeng letlhakore, seriti le bokgoni jwa
Khomišene. Ga go motho ope kgotsa setheo sa puso se se ka
sunyang nko mo go direng ga Khomišene.
(4) Dithata le ditiro tsa Khomišene ke –
(a) go tsweletsa meetlo le metheo e e tlhagisitsweng mo karolo
195, mo bodiredingpuso jotlhe;
KGAOLO 10: TSAMAISOPUSO
129
(b) go tlhotlhomisa, go ela tlhoko le go tlhatlhoba thulaganyo le
tsamaiso, le ditiro tsa badiredi ba bodiredipuso;
(c) go tshisinya dikgato go tlhomamisa tirelo ya tota le ya
bokgoni mo bodiredipusong;
(d) go neela dikaelo tse maikaelelo a tsone e leng go tlhomamisa
gore ditsamaiso tsa badiredi tse di amang go thapiwa, go
sutisiwa, go tlhatlosiwa le go kobiwa di lepalepana le meetlo
le metheo e e tlhagisitsweng mo karolong 195;
(e) go naya pegelo mabapi le ditiro tsa yone, le tiragatso ya ditiro
tsa yone, go akaretsa diphitlhelelo dingwe le dingwe tse e
ka di dirang le dikaelo le dikgakolo tse e ka di nayang, le go
neelana ka dipholo tsa selekano se meetlo le metheo jaaka e
tlhagisitswe mo karolong 195 se diragatswa.
(f) E ka nna ka boyona kgotsa ka go amogela ngongorego –
(i) go tlhotlhomisa le go tlhatlhoba tiragatso ya ditiro tsa
badiredi le botsamaisi jwa botlhe, le go begelela bothati
ba Khuduthamaga e e maleba le peomolao;
(ii) go tlhotlhomisa dingongorego tsa badiri mo
bodiredipusong mabapi le melao ya semmuso kgotsa
ditlogelo, le go atlenegisa dipaakanyo tse di maleba;
(iii) go ela tlhoko le go tlhotlhomisa go latelwa ga ditsamaiso
tse di tshwanetseng mo bodiredipusong; le
(iv) go gakolola ditheo tsa puso tsa bosetšhaba le porofense
mabapi le ditiro tsa badiredi mo bodiredipusong go
akaretsa tseo di leng mabapi le go ngokiwa, go thapiwa,
go sutisiwa, go ntshiwa mo tirong le dintlha tse dingwe
tsa ditiro tsa badiri mo bodiredipusong.
(g) go dira kgotsa go diragatsa dithata tsa tlaleletso kgotsa ditiro
tse di tlhagisiwang ke Molao wa Palamente.
[Tema (g) e tlaleleditswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.]
(5) Khomišene e ikarabela go Kokoano Bosetšhaba.
(6) Khomišene e tshwanetse go tlhagisa pegelo bonnye, gangwe ka
ngwaga go ya ka karolwana(4)(e) –
KGAOLO 10: TSAMAISOPUSO
130
(a) go Kokoano Bosetšhaba; le
(b) mabapi le ditiro tsa yone mo porofenseng, go kgotlapeomolao
ya porofense eo.
(7) Khomišene e na le baKomišenara ba ba latelang ba le 14, ba ba
supilweng ke Poresidente:
(a) Bokomišenara ba le batlhano ba ba amogetsweng ke Kokoano
Bosetšhaba go ya ka karolwana 8(a); le
(b) Komišenara a le mongwe mo porofenseng nngwe le nngwe a
supilwe ke Tonakgolo ya porofense go ya ka karolwana 8(b).
(8)
(a) Komišenara yo a supilweng go ya ka karolwana 7(a) o
tshwanetse go –
(i) go atlenegisiwa ke komiti ya Kokoano Bosetšhaba e e
emetsweng ka go lekalekana ke maloko a makoko otlhe a
a emetsweng mo Kokoanong; le
(ii) amogelwa ke Kokoano ka tshwetso e e tserweng ka
tshegetso ya diboutu tsa bontsi jwa maloko a yona.
(b) Komišenara yo a supilweng ke Tonakgolo ya porofense o
tshwanetse go –
(i) go atlenegisiwa ke komiti ya kgotlapeomolao ya
porofense, e e nang le maloko a a lekanang a makoko
otlhe a a emetsweng mo kgotlapeomolaong; le
(ii) amogelwa ke kgotlapeomolao ka tshwetso e e tserweng ke
tshegetso ya diboutu tsa bontsi jwa maloko a yona.
(9) Molao wa Palamente o tshwanetse go laola tsamaiso ya go supiwa
ga boKomišenara.
(10) Komišenara o supiwa sebaka sa dingwaga di le tlhano, se se
ntšhwafaletsweng sebaka se le sengwe fela, mme e tshwanetse go
nna mosadi kgotsa monna yo e leng –
(a) moagi wa Aforika Borwa, gape e le
(b) motho yo o tiileng e bile a itekanetse, a na le kitso le
maitemogelo mo, botsamaising, boeteledipeleng kgotsa
dikaelo tsa bodiredipuso.
KGAOLO 10: TSAMAISOPUSO
131
KGAOLO 10: TSAMAISOPUSO
(11) Komišenara a ka tloswa mo tirong fela mo –
(a) mabakeng a go tlhoka boitsholo, go tlhaela kgotsa go palelwa;
(b) phitlhelelong ya go nna jalo ke Komiti ya Kokoano Bosetšhaba
kgotsa mo lebakeng la Komišenara yo a supilweng ke
Tonakgolo ya porofense, ke Komiti ya Kgotlapeomolao
ya porofense eo; le kamogelong ya Kokoano kgotsa
Kgotlapeomolao ya porofense e e amegang, ya tshwetso e e
nang le tshegetso ya diboutu tsa bontsi tsa maloko a yona, tse
di dirang ipiletso ya gore Komišenara a tlosiwe mo tirong.
(12) Poresidente o tshwanetse go tlosa Komišenara yo o amegang yo o
mo tirong mo –
(a) kamogelong ke Kokoano ya tshwetso e e dirang ipiletso ya
gore Komišenara yo a tlosiwe; kgotsa
(b) kitsiso e e kwadilweng ya ga Tonakgolo gore Kgotlapeomolao
e amogetse tshwetso e e dirang ipiletso ya go tlosiwa ga
Komišenara yoo.
(13) Bokomišenara ba ba umakiwang mo karolwaneng 7(b) ba
ka diragatsa dithata le go dira ditiro tsa Khomišene mo
diporofenseng tsa bona jaaka go laotswe ke peomolao ya
bosetšhaba.
197 Bodiredipuso
(1) Mo botsamaisingpuso go na le bodiredipuso jwa Rephaboliki,
bo bo tshwanetseng go dira, le go agiwa, go ya ka peomelao ya
bosetšhaba, e bile bo tshwanetse go diragatsa ka boikanyego,
maikemisetso a a leng ka fa molaong wa puso ya ga jaana.
(2) Ditaelo le mabaka a go thapiwa ga batho mo bodiredipusong
di tshwanetse go laolwa ke peomolao ya bosetšhaba. Badiredi
ba tshwanelwa ke phenšene e e siameng jaaka go laotswe ka
peomolao ya bosetšhaba.
(3) Ga go a tshwanela go nna le modiredipuso ope yo o ka
mpampediwang kgotsa go gobelelwang ka gonne motho yo o o
tshegetsa lekoko le le rileng la sepolotiki kgotsa maikemisetso a
lekoko leo.
132
(4) Mebuso ya diporofense e rwele maikarabelo a go ngokela, go
thapa, go tlhatlosa, go sutisa le go tloswa mo tirong ga maloko
a bodiredipuso mo botsamaising jwa bone go ya ka meono le
maemo a a tshwanang a a diragadiwang mo bodiredipusong.
KGAOLO 10: TSAMAISOPUSO
133
KGAOLO 11
DITIRELO TSA PABALESEGO
(kl 198-210)
198 Metheo e e laolang
Metheo e e latelang e laola pabalesego ya bosetšhaba mo Rephaboliking:
(a) Pabalesego ya bosetšhaba e tshwanetse go bontsha
maikaelelo a baagi botlhe ba Aforika Borwa, mongwe le
mongwe kgotsa jaaka setšhaba, go tshela ka tekatekano, go
tshela ka kagiso le kutlwano, go se na letshogo le botlhoki, le
go batla botshelo bo bo botoka.
(b) Go setswa go tshela ka kagiso le kutlwano, go thibela moagi
mongwe le mongwe wa Aforika Borwa go nna le seabe mo
kgotlhannyeng ya dibetsa, e ka nna ya bosetšhaba kgotsa
ya boditšhaba kgotsa ya boditšhabatšhaba, ntle le fa go
laetswe jalo go ya ka fa Molaotheong kgotsa peomolaong ya
bosetšhaba.
(c) Pabalesego ya bosetšhaba e tshwanetswe go latelwa go ya ka
fa molaong, go akarediwa molao wa boditšhabatšhaba.
(d) Pabalesego ya bosetšhaba e ka fa tlase ga taolo ya
khuduthamaga ya bosetšhaba.
199 Go tlhomiwa, kagego le maitsholo a ditirelo tsa pabalesego
(1) Ditirelo tsa pabalesego tsa Rephaboliki di na le letsholotshireletso
le le lengwe fela, tirelo ya sepodisi e le nosi le ditirelo tsa botlhodi
tse di ka tlhomiwang go ya ka Molaotheo.
(2) Letsholotshireletso ke lona sesole se le nosi se se ka fa molaong
mo Rephaboliking.
(3) Kwa ntle ga ditirelo tsa pabalesego tse di tlhomilweng go ya ka
Molaotheo, mekgatlho e e tshwarang dibetsa kgotsa ditirelo tse di
ntseng jalo di ka tlhomiwa fela go ya ka peomolao ya bosetšhaba.
KGAOLO 11: DITIRELO TSA PABALESEGO
134
(4) Ditirelo tsa pabalesego di tshwanetse go agiwa le go laolwa ke
peomolao ya bosetšhaba.
(5) Ditirelo tsa pabalesego di tshwanetse go dira, di tshwanetse
go ruta, le go laela ditokololo tsa tsona go dira, go ya ka
Molaotheo le molao, go akarediwa molao o o tlwaelegileng wa
boditšhabatšhaba le ditumelano tsa boditšhabatšhaba tse di
tlamang Rephaboliki.
(6) Ga go na tokololo epe ya tirelo efe kgotsa efe ya pabalesego
e e tshwanetseng go obamela taelo e e bonagalang e se ka fa
molaong.
(7) Ditirelo tsa tshireletsego kgotsa mongwe wa ditokololo tsa bona,
mo go direng ditiro tsa bona, ga ba a tshwanela –
(a) go gobelela kgatlhego ya lekoko la dipolotiki e e mo molaong
mo mabakeng a Molaotheo, kgotsa
(b) go tswelela, ka go mpampetsa kgatlhego nngwe ya lekoko la
sepolotiki.
(8) Go neela maikemisetso a go nna mo pontsheng le maikarabelo,
dikomiti tsa makokomantsi di tshwanela go baya leitlho ditirelo
tsa tshireletsego ka mokgwa o o tlhomamisitsweng ka peomolao
ya bosetšhaba kgotsa melawana le ditaelo tsa Palamente.
Tshireletso (kl 200-204)
200 Matsholotshireletso
(1) Letsholo la tshireletso le tshwanetse go agiwa le go tsamaisiwa go
ya ka mokgwa wa sesole o o maitsholo a a siameng.
(2) Maikaelelomagolo a letsholo la tshireletso ke go sireletsa le go
babalela Rephaboliki, bongwe ba naga le batho ba yona, go ya ka
Molaotheo le metheo ya melao ya boditšhabatšhaba e e laolang
tiriso ya maatla.
KGAOLO 11: DITIRELO TSA PABALESEGO
135
201 Maikarabelo a sepolotiki
(1) Tokololo ya Kabinete e tshwanetse go rwala maikarabelo a
tshireletso.
(2) Ke Poresidente fela, jaaka tlhogo ya Khuduthamaga ya
bosetšhaba, a ka rebolang go dira ga matsholotshireletso –
(a) ka go thusana le ditirelo tsa sepodisi;
(b) e le ka go sireletsa Rephaboliki; kgotsa
(c) e le ka go diragatsa maithaopo a boditšhabatšhaba.
(3) Fa matsholo tshireletso a dirisediwa mabaka a a umakileng mo go
karolwana(2), Poresidente o tshwanetse go itsise Palamente, ka
bonako le ka botlalo bo bo maleba, ka –
(a) mabaka a tiriso ya Matsholotshireletso;
(b) felo gongwe le gongwe kwa matsholo a dirisiwang gone;
(c) palo ya batho ba ba amegang; le
(d) paka eo matsholo a solofelwang go dirisiwa.
(4) Fa Palamente e sa nne pitso mo malatsing a a supa a ntlha
morago ga fa matsholotshireletso a diritsweng, jaaka go bonelwa
pele mo karolwaneng(2), Poresidente o tshwanetse go neela
tshedimoso e e tlhokegang mo karolwaneng eo go komiti e e
maleba ya bookamedi.
202 Taolo ya matsholotshireletso
(1) Poresidente jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosetšhaba ke
Molaodi-Mogolo wa matsholotshireletso, e bile o tshwanela go
kgetha Bolaodi ba matsholotshireletso.
(2) Bolaodi ba matsholotshireletso bo tshwanela go diragadiwa go
ya ka dikaelo tsa tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a
tshireletso, fa tlase ga bothati ba ga Poresidente.
203 Maemo a tshireletso ya bosetšhaba
(1) Poresidente a ka goeletsa maemo a tshireletso ya bosetšhaba,
mme o tshwanela go itsise Palamente ka bonako le ka botlalo ka
fa go tshwanelang ka –
KGAOLO 11: DITIRELO TSA PABALESEGO
136
(a) mabaka a kgoeletso;
(b) felo gongwe le gongwe kwa matsholo a dirisiwang gone;
(c) palo ya batho ba ba amegang.
(2) Fa Palamente e sa nne pitso fa maemo a tshireletso ya bosetšhaba
a goeleditswe, Poresidente o tshwanetse go bolelela Palamente
go tla pitsong e e kgethegileng mo malatsing a a supa morago ga
kgoeletso.
(3) Kgoeletso ya maemo a tshireletso ya bosetšhaba e khutla ntle le
fa e rebotswe ke Palamente mo malatsing a a supa morago ga
kgoeletso.
204 Bokwaleditshireletso ba baagi
Bokwaledi ba baagi ba tirelo ya tshireletso bo tshwanetse ba tlhomiwa ka
peomolao ya bosetšhaba, go dira ka fa tlase ga bokaedi ba tokololo ya
Kabinete eo e rweleng maikarabelo a tshireletso.
Sepodisi (kl 205-208)
205 Tirelo ya Sepodisi
(1) Tirelo ya sepodisi ya bosetšhaba e tshwanetse ya bopiwa go dira
mo lekaleng la bosetšhaba, diporofense, le fa go tshwanela, mo
lekaleng la selegae.
(2) Peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse ya tlhoma dithata le ditiro
tsa tirelo ya sepodisi, e bile e tshwanetse go kgontsha tirelo ya
sepodisi go diragatsa maikarabelo a bona ka bokgoni, go tsewa
tsia ditlhokego tsa diporofense.
(3) Maikaelelo a tirelo ya sepodisi ke go thibelela, go lwa le go
batlisisa bosenyi, go tshegetsa tolamo setšhabeng, go sireletsa
le go babalela banni ba Rephaboliki, le dithoto tsa bona, go
tshegetsa le go diragatsa molao.
KGAOLO 11: DITIRELO TSA PABALESEGO
137
KGAOLO 11: DITIRELO TSA PABALESEGO
206 Maikarabelo a sepolotiki
(1) Tokololo ya Kabinete e tshwanetse go nna le maikarabelo
a mabaka a sepodisi e bile o tshwanetse go tlhomamisa
maikemisetso a setšhaba a sepodisi morago ga ditherisano
le mebuso ya diporofense le go tsaya tsia ditlhokego tsa
diporofense.
(2) Moono wa sepodisi sa bosetšhaba o tshwanetse go baakanyetsa
dikaelo tsa meono e e farologaneng go ya ka diporofense tse di
farologaneng morago ga go tsaya tsia ditlhokego le dintlha tsa
botlhokwa tsa sepodisi mo diporofenseng tse.
(3) Porofense nngwe le nngwe e na le tetla –
(a) go baya maitsholo a sepodisi leitlho;
(b) go tlhokomela go dira le bokgoni ba ditirelo tsa sepodisi;
(c) go tsweletsa dikgolagano tse di siameng fa gare ga sepodisi
le baagi;
(d) go tlhatlhoba bokgoni jwa go bonala ga mapodisi; le go
golagana le tokololo ya Kabinete e e rweleng maikarabelo a
sepodisi mabapi le bosenyi le sepodisi mo porofenseng.
(4) Khuduthamaga ya porofense e na le maikarabelo a ditiro tsa
sepodisi –
(a) a se a neilweng ke Kgaolo e;
(b) a se a reboletsweng go ya ka peomolao ya bosetšhaba; le
(c) a se a abetsweng mo moonong wa sepodisi wa bosetšhaba.
(5) Gore e tle e kgone go dira ditiro tse di tlhagisitsweng mo
karolwaneng(3) porofense –
(a) e ka tlhotlhomisa, kgotsa ya tlhoma khomišene ya dipatlisiso
mo ngongoregong nngwe le nngwe ya bokoa mo sepodising
kgotsa go phutlhama ga dikgolagano fa gare ga sepodisi le
setlhopha sengwe le sengwe sa baagi.
(b) e tshwanetse go dira dikatlenegiso go tokololo ya Kabinete e e
rweleng maikarabelo a sepodisi.
138
(6) Morago ga go amogela ngongorego e e tlhagisiwang ke
Khuduthamaga ya porofense, lephata le le ikemetseng la
dingongorego ka ga sepodisi le le tlhamilweng ka peomolao ya
bosetšhaba, le tshwanetse go tlhotlhomisa go tlhoka maitseo
gongwe le gongwe go go kaiwang kgotsa tshiamololo e e
dirilweng ke mongwe wa maloko a ditirelo tsa sepodisi mo
porofenseng.
(7) Peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse go naya motheo wa
go tlhomiwa, dithata, ditiro le taolo ya tirelo ya sepodisi ya
mmasepala.
(8) Komiti e e bopiwang ke tokololo ya kabinete le ditokololo tsa
dikhuduthamaga tsa dikhansele e rweleng maikarabelo a sepodisi
e tshwanetse go tlhongwa, go netefatsa kgolagano e e tletseng
ya ditirelo tsa sepodisi le kgolagano e e tletseng mo makaleng a
puso.
(9) Peomolao ya porofense e ka kopa Komišenara wa porofense go
tlhagelela fa pele ga yona kgotsa nngwe ya dikomiti tsa yona go
araba dipotso.
207 Taolo ya tirelo ya sepodisi
(1) Poresidente jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosetšhaba o
tshwanetse go tlhopha mosadi kgotsa monna jaaka Komišenara
wa Bosetšhaba wa tirelo ya sepodisi, go laola le go tsamaisa tirelo
ya sepodisi.
(2) Komišenara wa Bosetšhaba o tshwanetse go diragatsa taolo mo
tirelong ya sepodisi go ya ka ditaelo tsa maikaelelo a bosetšhaba
a bopodisi, le ditaelo tsa tokololo ya Kabinete o o rweleng
maikarabelo a sepodisi.
(3) Komišenara wa Bosetšhaba o tshwanetse go tlhopha mosadi
kgotsa monna jaaka komišenara wa porofense mo porofenseng
nngwe le nngwe, morago ga go rerisana le Khuduthamaga ya
porofense.
(4) BoKomišenara ba diporofense ba rwele maikarabelo a bopodisi –
(a) jaaka go laotswe ke peomolao ya Bosetšhaba; le
KGAOLO 11: DITIRELO TSA PABALESEGO
139
KGAOLO 13: DITŠHELETE
(b) ka fa tlase ga taolo ya maatla a Komišenara wa Bosetšhaba go
diragatsa taolo le go tsamaisa tirelo ya sepodisi mo mabakeng
a karolwana(2).
(5) Komišenara wa porofense o tshwanetse go naya pegelo go
Kgotlapeomolao ya porofense ka ngwaga ka ga bopodisi mo
porofenseng, mme o tshwanetse go romela khopi ya pegelo go
Komišenara wa Bosetšhaba.
(6) Fa komišenara wa porofense a ka latlhegelwa ke boikanyego jwa
Khuduthamaga ya porofense, Khuduthamaga eo e tshwanetse go
tsaya dikgato tse di maleba tsa go tlosa kgotsa go sutisa, kgotsa
dikgato tsa kgalemo kgatlhanong le Komišenara yoo, go ya ka
peomolao ya bosetšhaba.
208 Bokwaledisepodisi jwa baagi
Bokwaledi jwa baagi jwa tirelo ya sepodisi bo tshwanetse go tlhomiwa
ka peomolao ya bosetšhaba go dira ka fa tlase ga taolo ya tokololo ya
Kabinete e e rweleng maikarabelo a sepodisi.
Botlhodi (kl 209-210)
209 Go tlhomiwa le taolo ya ditirelo tsa botlhodi
(1) Tirelo nngwe le nngwe ya botlhodi, ntle le karolo nngwe ya
botlhodi ya matsholotshireletso kgotsa tirelo ya sepodisi, e ka
tlhomiwa fela ke Poresidente jaaka tlhogo ya Khuduthamaga ya
bosetšhaba, le fela go ya ka fa peomolaong ya bosetšhaba.
(2) Poresidente jaaka tlhogo ya khuduthamaga ya bosetšhaba o
tshwanetse go tlhopha mosadi kgotsa monna jaaka tlhogo ya
tirelo nngwe le nngwe ya tirelo ya botlhodi go ya ka karolwana(1)
e bile o tshwanetse go ka tsaya maikarabelo a sepolotiki mo
taolong ya nngwe le nngwe ya ditirelo tseo, kgotsa a supe tokololo
ya Kabinete go rwala maikarabelo ao.
140
210 Dithata, ditiro le taolo
Peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse go laola didiriswa, dithata le
ditiro tsa ditirelo tsa botlhodi, go akarediwa karolo nngwe le nngwe ya
tsa matlhale ya matsholotshireletso kgotsa tirelo ya sepodisi, e bile e
tshwanela ke go rulaganyetsa –
(a) kgolagano ya ditirelo tshotlhe tsa matlhale, le
(b) botlhokomedi ba baagi ba ditiro tsa ditirelo ka motlhatlhobi
yo o tlhophilweng ke Poresidente jaaka tlhogo ya
khuduthamaga ya bosetšhaba, e bile go rebotswe ka tshwetso
e e atlanegisitsweng ke Kokoano ya Bosetšhaba ka boutu e
e tshegeditsweng ke bonnye pedi-tharong ba ditokololo tsa
yona.
KGAOLO 11: DITIRELO TSA PABALESEGO
141
KGAOLO 12
BAETELEDIPELE BA SETSO/MAGOSI
(kl 211-212)
211 Kamogelo
(1) Setheo, maemo le seabe sa dipuso tsa setso, go ya ka molao wa
setso di amogelesegile, go ya ka fa Molaotheong.
(2) Puso ya setso e e letlang thulaganyo ya molao wa setso e ka
dira mo taolong ya peomolao le meetlo e e dirang, go akarediwa
ditlhabololo tsa, kgotsa go phimolwa ga, peomolao eo kgotsa
meetlo eo.
(3) Dikgotlatshekelo di tshwanetse go dirisa molao wa setso fa molao
oo o tshwanela ka fa taolong ya Molaotheo le molao mongwe le
mongwe o o dirang ka totobalo le molao wa setso.
212 Seabe sa magosi
(1) Peomolao ya bosetšhaba e ka rulaganyetsa seabe sa boeteledipele
ba setso jaaka setheo mo lekaleng la selegae mo mererong e e
amang ditlhopha tsa magae.
(2) Go dira ka merero e e amanang le bogosi, seabe sa magosi, molao
wa setso le meetlo ya ditlhopa tsa magae tse di latelang moetlo wa
molao wa setso –
(a) Molao wa bosetšhaba kgotsa wa porofense o ka neela kgotsa
wa rebola go tlhomiwa ga makgotla a babusi ba setso/magosi.
(b) peomolao ya bosetšhaba e ka tlhoma Khansele ya
baeteledipele ba setso/magosi.
KGAOLO 12: BAETELEDIPELE BA SETSO/MAGOSI
142
KGAOLO 13
DITŠHELETE (kl 213-230A)
Mabaka a Ditšhelete ka Kakaretso
(kl 213-219)
213 Letlole la Lotseno lwa Bosetšhaba
(1) Go na le Letlole la Lotseno lwa Bosetšhaba le tšhelete yotlhe ya
puso ya bosetšhaba e tsenang mo go lona kwa ntle ga tšhelete e e
thibelwang ke Molao wa Palamente go tsenngwa mo letloleng le.
(2) Tšhelete e ka gogwa go tswa mo Letloleng la Lotseno lwa
Bosetšhaba, fela –
(a) go ya ka taelo ya Molao wa Palamente; kgotsa
(b) jaaka tšhatšhe ya tlhamalalo kgatlhanong le Letlole la Lotseno
lwa Bosetšhaba, fa go rulagantswe jalo mo Molaotheong
kgotsa mo Molaong wa Palamente.
(3) Kabo ya porofense e e siameng ya lotseno lo lo kokoantsweng
naga ka bophara ke tšhatšhe ya tlhamalalo kgatlhanong le Letlole
la Lotseno lwa Bosetšhaba.
[Letlha la tsenyotirisong ya k. 213: 1 Ferikgong 1998.]
214 Dikgaogano tse di lekalekanang le dikabo tsa lotseno
(1) Molao wa Palamente o tshwanetse go rulaganyetsa –
(a) kgaoganyo e e lekalekanang ya lotseno lo lo amogelwang
bosetšhaba magareng ga puso ya bosetšhaba ya selegae le ya
diporofense;
(b) tlhomamiso ya kabelo e e lekalekanang ya porofense nngwe le
nngwe ya kabelo ya porofense ya lotseno loo, le
(c) dikabelo dife kgotsa dife go diporofense, pusoselegae kgotsa
KGAOLO 13: DITŠHELETE
143
bommasepala go tswa mo kabelong ya lotseno loo ya puso ya
bosetšhaba, le maemo mangwe le mangwe a dikabelo tseo di
ka diriwang ka ona.
(2) Molao o o kaiwang ka fa tlase ga temana(1) o ka dirisiwa
fela fa morago ga mebuso ya diporofense, pusoselegae e
e rulagantsweng le Khomišene ya Ditšhelete e rerisitswe le
ditshisinyo tsa Khomišene di setse di sekasikilwe, mabapi le
(a) kgatlhego ya bosetšhaba;
(b) kaelo nngwe le nngwe e e tshwanetseng go dirwa malebana
le molato wa bosetšhaba le ditlamego tse dingwe tsa
bosetšhaba;
(c) ditlhokego le dikgatlhego tsa puso ya bosetšhaba tseo di
laolwang ke mabaka a a ikemetseng;
(d) tlhokego go netefatsa gore diporofense le bommasepala ba
kgona go tlamela ka ditirelo tse di botlhokwa le gore ba dira
ditiro tse ba di abetsweng;
(e) bokgoni ba ditšhelete le nonofo ya diporofense le
bommasepala;
(f) ditlhokego tsa tlhabololo le tse dingwe tsa diporofense le
bommasepala;
(g) go sa lekalekaneng ga ikonomi mo diporofenseng le
magareng ga diporofense;
(h) tlamego ya diporofense le bommasepala go ya ka peomolao
ya bosetšhaba;
(i) keletso ya dikabelo tse di siameng le tse di kgonang go
bonelwa pele tsa dikgaogano tsa lotseno, le
(j) tlhokego ya go fetola maemo mo go arabeleng maemo a
tshoganyetso, kgotsa ditlhokego tsa lobakanyana, le mabaka a
mangwe a a ikaegileng ka dikaelo tse di siameng.
[Letlha la tsenyotirisong ya k. 214: 1 Ferikgong 1998.]
KGAOLO 13: DITŠHELETE
144
215 Ditekanyetsokabo tsa bosetšhaba, diporofense le
bommasepala
(1) Ditekanyetsokabo le ditsamaiso tsa ditekanyetsokabo tsa
Bosetšhaba, Diporofense le Bommasepala di tshwanetse tsa
tsweletsa, go nna mo pontsheng, maikarabelo le tsamaiso e e
nonofileng ya ikonomi, melato le lephata la botlhe.
(2) Peomolao ya Bosetšhaba e tshwanetse go kaela –
(a) tlhamo ya ditekanyetsokabo tsa bosetšhaba, porofense le
Mmasepala;
(b) fa ditekanyetsokabo tsa bosetšhaba le porofense di tlhagisiwa;
le
(c) gore ditekanyetsokabo mo karolong nngwe le nngwe ya puso
di tshwanetse go bontsha metswedi ya lotseno le tsela eo
ditshenyegelo tse di tshisintsweng di tla dumelelanang le
peomolao ya bosetšhaba.
(3) Ditekanyetsokabo mo lefapheng lengwe le lengwe la puso di
tshwanetse go nna le –
(a) ditekanyetso tsa lotseno le tshenyegelo go farologanngwa
letlotlo le ditshenyegelo tse di leng teng;
(b) ditlhagiso mo go dueleng melato e e solofetsweng mo nakong
e di santseng di dira; le
(c) tshupo ya maikaelelo mo kadimong le mo ditlhamong dingwe
tsa melato ya batho eo e tla oketsang melato ya batho mo
tsamaong ya ngwaga o o latelang.
[Letlha la tsenyotirisong ya k. 215: 1 Ferikgong 1998.]
216 Taolo ya lefapha la bosetšhaba la matlole
(1) Peomolao ya Bosetšhaba e tshwanetse go tlhoma lefapha la puso
la bosetšhaba leo le ikarabelang mo tsamaisong ya thulaganyo ya
tšhelete ya naga mme la kaya dikgato go netefatsa go se nneng
bofitlha le taolo ya tshenyegelo mo mafapheng a puso, ka go
tlhagisa–
(a) katiso ya palotlotlo e e dumeletsweng ka kakaretso;
(b) dikarologanyo tsa ditshenyegelo tse di lekanang; le
KGAOLO 13: DITŠHELETE
145
(c) melao e e tshwanang ya lefapha la puso leo le ikarabelang mo
tsamaisong ya thulaganyo ya tšhelete.
(2) Lefapha la bosetšhaba le le ikarabelang mo tsamaisong ya tšhelete
le tshwanetse go pateletsa kobamelo le dikgato tse di tlhomilweng
go ya ka karolwana(1), e bile le ka emisa tshutiso ya matlole
go setheo sa puso fa setheo seo sa puso se dira tlolomolao e e
masisi ya didirisiwa kgotsa e e tswelelang ya dikgato tseo.
[Kl.(2) e emetswe ke k. 5(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]
(3) Tshwetso ya go emisa tshutiso ya matlotlo go porofense go ya ka
karolo 214(1)(b) e ka tsewa fela mo maemong a a kailweng mo
karolwanengpotlana(2) mme –
(a) e ka se emise tshutiso ya matlotlo mo lebakeng la malatsi a a
fetang 120; mme
(b) e ka tsenngwa mo tirisong ka bonako, fela e tla khutla ntle
fa Palamente e ka e amogela ka go latela tsamaiso e e
tshwanang le e e tlhomamisitsweng go ya ka karolo 76(1)
mme e beilwe ka melao le ditaelo tse di kopantsweng tsa
Palamente. Thulaganyo e e tshwanetse go konesediwa mo
malatsing a le 30 a tshwetso ya lefapha la bosetšhaba le le
ikarabelang mo tsamaisong ya tšhelete.
[ Kl.(3) e tlhabolotswe ke k. 5(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]
(4) Palamente e ka ntšhwafatsa tshwetso ya go emisa tshutiso ya
matlotlo mo malatsing a a sa feteng 120, go latela tsamaiso e e
tlhomilweng go ya ka karolwana(3).
(5) Pele Palamente e ka amogela kgotsa ya ntšhwafatsa tshwetso ya
go emisa tshutiso ya matlole go porofense –
(a) Moruni Kakaretso o tshwanetse go begelela Palamente; le
(b) porofense e tshwanelwa ke go newa sebaka sa go araba
ditatofatso kgatlhanong le yona le go tlhagisa kgetse/molato
wa yona fa pele ga komiti.
KGAOLO 13: DITŠHELETE
146
217 Tshenkelo
(1) Fa setheo sa puso mo karolong ya puso ya bosetšhaba, ya
porofense kgotsa ya selegae, kgotsa setheo sengwe le sengwe se
se kailweng mo peomolaong ya bosetšhaba se dira konteraka mo
thekong ya dithoto le ditirelo, se tshwanetse go dira jalo go ya
ka thulaganyo e e sa gobeleleng, e lekana, e le mo pontsheng, e
gaisana gape e sena tshenyegelo.
(2) Karolwana(1) ga e thibelele tiriso ya maikemisetso a tshenkelo ka
ditheo tsa puso tseo di tlamelang –
(a) ditlhopha tsa leakanyetsopele mo kabong ya dikonteraka; le
(b) tshireletso kgotsa tsweletsopele ya batho kgotsa ditlhopha tsa
batho tseo di neng di sa newe ditšhono bakeng la kgethololo
e e sa siamang.
(3) Peomolao ya Bosetšhaba e tshwanetse go kaya tsela kgotsa
mokgwa o ka ona, maikemisetso a a kailweng mo karolwaneng(2)
a ka tsenngwang mo tirisong.
[Kl.(3) e emetswe ke k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]
218 Dinetefaletso tsa puso
(1) Puso ya bosetšhaba, ya porofense kgotsa ya Mmasepala e
ka neela tshireletsego ya kadimo ya tšhelete fela fa e le gore
tshireletsego e dumelelana le mabaka mangwe le mangwe a a
tlhomilweng mo peomolao ya bosetšhaba.
(2) Peomolao ya bosetšhaba e e kailweng mo karolwaneng(1)
e ka diragatswa fela morago ga gore ditshitshinyo dife kgotsa dife
tsa khomišene ya tiriso ya ditšhelete di sekasekiwe.
(3) Puso nngwe le nngwe e tshwanetse go phasalatsa kitsiso ya
ditshireletsego tse e di neetseng, ngwaga mongwe le mongwe.
[ Letlha la tsenyotirisong ya k. 218: 1 Ferikgong 1998.]
219 Tuelo ya badiredi puso
(1) Molao wa Palamente o tshwanetse go tlhoma letlhomeso go
tlhomamisa –
KGAOLO 13: DITŠHELETE
147
(a) dituelo, ditetlo, dithuso tsa maloko a Kokoano Bosetšhaba,
baemedi ba leruri ba Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense,
Maloko a Kabinete, Batlatsatona, Baeteledipele ba setso le
maloko a makgotla mangwe le mangwe a Baeteledipele ba
setso; le
(b) tekanyetso godimo ya dituelo, ditetlo kgotsa dithuso tsa
maloko a peomolao ya diporofense, maloko a Lekgotla
la Khuduthamaga le maloko a makgotla a Mmasepala a
ditlhopha tse di farologaneng.
(2) Peomolao ya Bosetšhaba e tshwanetse go tlhoma khomišene e
e ikemetseng go dira dikatlanegiso mabapi le dituelo, ditetlo le
dithuso tse di kailweng mo karolwaneng(1).
(3) Palamente e ka fetisa molao o o kailweng mo karolwaneng(1)
fa fela e se na go ela tlhoko dikatlanegiso dingwe le dingwe tsa
khomišene tseo di tlhomamisitsweng go ya ka karolwana(2).
(4) Khuduthamaga ya basetšhaba le ya porofense, Mmasepala kgotsa
bothati/puso nngwe le nngwe e e maleba e ka tsenya mo tirisong
peomolao ya bosetšhaba, e e kailweng mo karolwaneng(1)
morago ga fa fela e tsere tsiya dikatlanegiso dingwe le dingwe tsa
khomišene e e tlhomamisitsweng go ya ka karolwana(2).
(5) Peomolao ya Bosetšhaba e tshwanetse go tlhoma letlhomeso
leo le tlhomamisang dituelo, ditetlo le dithuso tsa baatlhodi,
basireletsi ba setšhaba, Moruni Kakaretso, le maloko a khomišene
nngwe le nngwe a a tlametsweng mo Molaotheong go akaretswa
192.
Khomišene ya Ditšhelete le Matlole
(kl 220-222)
220 Go tlhomiwa le ditiro
(1) Go na le Khomišene ya Tiriso ya Ditšhelete ya Rephaboliki, e e
dirang dikatlanegiso tse di akantsweng mo kgaolong e, kgotsa mo
KGAOLO 13: DITŠHELETE
148
Peomolao ya bosetšhaba, go Palamente, Peomolao ya diporofense
le go botsamaisi bongwe le bongwe jo bo tlhomamisitsweng ke
peomolao ke Peomolao ya bosetšhaba.
(2) Khomišene e, ikemetse ka bonosi, mme e laolwa fela ke
Molaotheo le molao, mme e tshwanetse go se tseye letlhakore.
(3) Khomišene e tshwanetse go dira, go ya ka Molao wa Palamente,
mme mo tiragatsong ya ditiro tsa yona, e tshwanelwa ke go
tlhokomela mabaka otlhe. Go akarediwa le a tlhagelelang mo
karolong 214(2).
221 Go thapiwa le pakatiro ya ditokololo
(1) Khomišene e na le basadi le banna ba ba latelang, ba thapilwe ke
Poresidente jaaka e le tlhogo ya Khuduthamaga ya Bosetšhaba:
(a) modulasetulo le motlatsamodulasetulo;
(b) Batho ba le bararo ba ba tlhophilweng, morago ga go
ikgolaganya le bakhuduthamaga, go tswa mo lenaaneng le le
rulagantsweng go ya ka mokgwa o o kailweng ke peomolao ya
bosetšhaba;
(c) Batho ba le babedi, ba ba tlhophilweng, morago ga go
ikgolaganya le pusoselegae e e rulaganeng, go tswa mo
lenaaneng le le rulagantsweng go ya ka tsela e e kailweng ke
peomolao ya bosetšhaba, le
(d) batho ba bangwe ba le babedi.
[k.1 e emetswe ke k.2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Botlhano wa Molao wa 1999.] le
[Kl.(1) e emetswe ke k. 7(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]
(1A)	Molao wa Bosetšhaba o o kailweng mo karolwaneng (1) o tshwanetse go tlamela ka go nna le seabe ga -
(a)	Ditonakgolo mo go rulaganyeng lenane la la solofetsweng mo karolwaneng (1) (b); le
(b)	pusoselegae e e rulaganeng mo go rulaganyeng lenane le le solofetsweng mo karolwaneng (1) (c).
[Kl. (1A) e tsentswe ka k. 7 (b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa wa 2001.]
(2) Ditokololo tsa Khomišene, di tshwanetse go nna le kitso ya
boitseanape e e maleba.
(3) Ditokololo di dira mo nakong e e tlhomamisitsweng, go ya ka
peomolao ya bosetšhaba Poresidente a ka tlosa tokololo mo tirong
ka mabaka a go sa itshole sentle, le go sa kgone tiro mo tsamaong
ya nako e dirang ka yona.
KGAOLO 13: DITŠHELETE
149
222 Dipegelo
Khomišene e tshwanetse go begela Palamente le diporofense gangwe le
gape.
Banka-kgolo (kl 223-225)
223 Go tlhomiwa
Banka ya Resefe ya Aforika Borwa, ke banka ya bogareng ya Rephaboliki,
mme e tsamaiswa go ya ka molao wa Palamente.
224 Maikaelelo magolo
(1) Maikaelelomagolo a Banka ya Resefe ya Aforika Borwa, ke go
sireletsa tlhwotlhwa ya tšhelete gore ikonomi e gole ka tsela e e
tlhomameng ka dinako tsotlhe.
(2) Mo go diragatseng maikaelelomagolo a yona, Banka ya Resefe
ya Aforika Borwa, e tshwanetse go dira ditiro tsa yona e ikemetse
ka bonosi, kwa ntle ga poifo, go direla ope molemo e se ka fa
tshwanong, kgotsa go gobelela, mme go tshwanetse ga nna le
therisano ka metlha magareng ga Banka le tokololo ya Kabinete e
e rweleng maikarabelo a ditšhelete tsa bosetšhaba.
225 Dithata le ditiro
Dithata le Ditiro tsa Banka ya Resefe ya Aforika Borwa ke tseo ka tlwaelo
di dirwang ke dibanka tsa bogareng, mme di tshwanetse go tlhomamisiwa
ke molao wa Palamente, mme di tshwanetse go diragadiwa ka mabaka a a
beilweng go ya ka Molao.
KGAOLO 13: DITŠHELETE
150
Merero ya Ditšhelete ya Diporofense le
Pusoselegae (kl 226-230A)
226 Letlole la Lotseno lwa Porofense
(1) Gona le Letlole la Lotseno lwa Porofense e nngwe le nngwe, leo
mo go lona go tshwanetseng ga tsenngwa tšhelete e e ke molao
wa Palamente, mme e amogetswe ke puso ya Porofense.
(2) Tšhelete e ka gogwa mo Letloleng la Lotseno lwa Porofense fela –
(a) go ya ka kabo ya Molao wa Porofense; kgotsa
(b) ka boikarabelo jwa Letlole la Lotseno la Porofense, fa e
neetswe jalo mo Molaotheong kgotsa molao wa Porofense.
(3) Letlole le le abiwang ka Porofense go puso ya selegae mo
porofenseng eo, go ya ka karolo 214(1) ke tšhatšhe ya tlhamalalo
kgatlhanong le Letlole la Lotseno lwa Porofense eo.
(4) Peomolao ya bosetšhaba e ka tlhomamisa letlhomeso le ka lona-
(a) Molao wa porofense o go ya ka karolwana(2)(b) o
letlelelang go ntshiwa ga tšhelete jaaka tšhatšhe ya tlhamalalo
kgatlhanong le Letlole la Lotseno lwa Porofense; le
(b) Lotseno lo lo abiwang ka porofense go pusoselegae mo
porofenseng eo go ya ka karolwana(3) lo tshwanetse go
duelwang go bommasepala mo porofenseng.
[Kl.(4) e tlaleleditswe ke k. 8 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao  wa 2001.]
[Letlha la tsenyotirisong ya k. 226: 1 Ferikgong 1998.]
227 Metswedi ya bosetšhaba ya tlamelo ka tšhelete go
diporofense le dipusoselegae
(1) Pusoselegae le Porofense nngwe le nngwe –
(a) e na le tshiamelo ya bontlhabongwe jwa letseno la bosetšhaba
leo le e kgontshang go tlamela ditirelo tsa botlhokwa le go
diragatsa ditiro tseo e di abetsweng; le
(b) e ka amogela dikabelo tse dingwe go tswa mo lotsenong la
KGAOLO 13: DITŠHELETE
151
KGAOLO 13: DITŠHELETE
bosetšhaba, ka mabaka a a rileng, kgotsa go se mabaka ape.
(2) Lotseno la koketso, leo diporofense kgotsa Mmasepala a lo
iponetseng, ga le a tshwanelwa go gogiwa mo dišereng tsa bona,
go tswa letloleng la bosetšhaba, kgotsa go tswa mo dikabong tse
ba di abetsweng go tswa mo lotsenong la puso ya bosetšhaba.
Le fa go ntse jalo, puso ya bosetšhaba ga e pateletsege go duela
diporofense kgotsa bommasepala ba ba sa oketseng lotseno go ya
ka ditlhokego tsa bona.
(3) Šere e e lekalekanang ya lotseno e e tswang kwa bosetšhabeng,
e tshwanetse go fetisediwa kwa porofenseng ka bonako bo bo
kgonegang, le kwa ntle ga dphokotso, fa fela go fetiswa ga letlole
go sa emisiwa go ya ka karolo 216.
(4) Porofense e tshwanetse go itlamela ka ditlhokego tse e di
tlhokang, go ya ka kabelo ya Molaotheo wa Porofense, tseo e
leng ditlaleletso go ditlhokego tsa yona tseo di lebeletsweng mo
Molaotheong.
[Letlha la tsenyotirisong ya k. 227: 1 Ferikgong 1998.]
228 Makgetho a diporofense
(1) Lekgotlatheomolao la porofense le ka tlhoma –
(a) makgetho le ditiro kwa ntle ga lekgetho la lotseno, kgotsa
lekgetho la theko le ditirelo tsa melelwane; le
(b) dituelo tse di lekalekanang tsa lekgetho kgotsa tiro e e
tlhomiwang ke peomolao ya Bosetšhaba, kwa ntle ga lekgetho
leo le tswang mo ditlamong, lekgetho la dithoto kgotsa
makgetho a dithoto kgotsa makgetho a melelwane.
[Tema(b) e emetswe ke k. 9 ya Molao 61 wa 2001.]
(2) Thata ya khuduthamaga ya porofense go baya makgetho, dituelo,
ditefelo le dituediso tsa tlaleletso –
(a) ga e a tshwanela go diragadiwa ka tsela e e ka kgoreletsang
melao ya bosetšhaba ya ikonomi, ditirelo tsa ikonomi go
kgabaganya melelwane ya Porofense, kgotsa tsamaiso ya
dithoto, ya bosetšhaba, lotseno kgotsa ditirelo; le;
152
(b) e tshwanetse go laolwa go ya ka molao wa Palamente, o o ka
dirisiwang fela, morago ga ditshisinyo dingwe le dingwe tsa
Khomišene ya Tiriso ya Ditšhelete di sekasekilwe.
[Letlha la tsenyotirisong ya k. 228: 1 Ferikgong 1998.]
229 Dithata tsa matlole tsa mmasepala le ditiro tsa ona
(1) Go ya ka dikarolwana(2),(3) le(4), mmasepala a ka tlhoma –
(a) direiti mo dithotong le makgetho mo dituelong tsa ditirelo tse
di newang ke kgotsa mo boemong jwa ga mmasepala; le
(b) fa e rebotswe ke peomolao ya bosetšhaba, makgetho a
mangwe, makgethwana le makgetho a ditirelo a a lebaneng
le pusoselegae kgotsa mothale wa pusoselegae e mmasepala
o, a welang mo go yona, mme ga go na mmasepala o o ka
tlhomang lekgetho la lotseno, lekgetho la tlaleletso-boleng,
lekgetho-thekiso la kakaretso kgotsa makgetho a kgabaganyo
ya dithoto.
(2) Thata ya ga mmasepala go tlhoma direite mo dithotong, makgetho
mo dituelong tsa ditirelo tse di newang ke kgotsa mo boemong
jwa ga mmasepala, kgotsa makgetho mangwe, makgethwana
kgotsa makgetho a ditirelo –
(a) ga go ne go dirwa ka mokgwa o go gobelelang ka mokgwa o o
se nang tlhaloganyo meono ya ikonomi ya bosetšhaba, ditiro
tsa ikonomi go kgabaganya melelwane ya ga mmasepala,
kgotsa tsamaiso ya dithoto ya bosetšhaba, lotseno kgotsa
ditiro; le
(b) go tla laolwa ke peomolao ya bosetšhaba.
(3) Fa bommasepala ba babedi ba na le dithata tse di tshwanang tsa
madi le ditiro mo karolong e e tshwanang, kgaoganyo e e siameng
ya dithata le ditiro tseo, e tshwanetse go dirwa go ya ka peomolao
ya bosetšhaba. Kgaoganyo e ka dirwa fela fa go etswe tlhoko
dikelo tse di latelang:
(a) Tlhokego ya go lepalepana le metheo e e botoka ya go
kgethisa.
KGAOLO 13: DITŠHELETE
153
KGAOLO 13: DITŠHELETE
(b) Dithata le ditiro tse di dirwang ke mmasepala mongwe le
mongwe.
(c) Bokgoni jwa ditšhelete jwa mmasepala mongwe le mongwe.
(d) Bokgoni jwa go kokoanya makgetho, makgethwana le
makgetho a ditirelo; le
(e) Tekatekano.
(4) Ga go na sepe mo karolong e se se thibelang go kgaogana
go lotseno le le kokoantsweng go ya ka karolo e, fa gare ga
bommasepala ba ba nang le dithata tsa ditšhelete le ditiro mo
karolong e e tshwanang.
(5) Peomolao ya bosetšhaba e e kannweng mo karolong e, e
diragatswa fela morago ga pusoselegae e e rulaganeng le fa
Khomišene ya Ditšhelete le Matlole e bonwe, le fa dikatlenegiso
dingwe tsa Khomišene di tserwe tsia.
[Letlha la tsenyotirisong ya k. 229: 1 Ferikgong 1998.]
230 Dikadimo tsa Porofense
(1) Porofense e ka batla dikadimo tsa tšhelete kgotsa tsa
ditshenyegelo tsa jaanong go ya ka peomolao ya bosetšhaba,
mme dikadimo tsa ditshenyegelo tsa jaanong di ka batliwa fa fela
go le botlhokwa go siamisa ka ngwaga wa matlole –
(2) Peomolao ya bosetšhaba e e kailweng mo karolwaneng(1) e ka
tlhomamisiwa fela morago ga fa dikatlanegiso tsa Khomišene ya
Tsamaiso ya Ditšhelete e sena go sekasekwa.
[K. 230 e emetswe ke k. 10 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]
230A Dikadimo tsa mmasepala
(1) Khansele ya Mmasepala e ka, go ya ka peomolao ya bosetšhaba-
(a) batla dikadimo tsa tšhelete kgotsa tsa ditshenyegelo tsa
jaanong malebana le mmasepala, mme dikadimo tsa
ditshenyegelo tsa jaanong di ka batliwa fa fela go le botlhokwa
go siamisa ka ngwaga wa matlole; le
154
(b) go itlama le Khansele e e tlang mo go diragatseng thata ya
ona ya molao le ya khuduthamaga go bona dikadimo kgotsa
dipeeletso malebana le mmasepala.
(2) Peomolao ya bosetšhaba e e kailweng mo karolwaneng(1) e ka
diragadiwa morago ga dikatlanegiso Khomišene ya Ditšhelete le
Matlole e sena go sekasekwa.
[K. 230A e tsentswe ke k. 17 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
KGAOLO 13: DITŠHELETE
155
KGAOLO 14
DIKAELO-KAKARETSO (kl 231-243)
Molao wa Boditšhabatšhaba
(kl 231-233)
231 Ditumalano tsa boditšhabatšhaba
(1) Ditherisano le go saeniwa ga ditumelano tsotlhe tsa
boditšhabatšhaba ke maikarabelo a khuduthamaga ya bosetšhaba.
(2) Tumalano ya boditšhabatšhaba e tlama Rephaboliki fela fa e
rebotswe ka tshwetso mo go Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya
Bosetšhaba ya Diporofense ka bobedi, ntle le fa e le tumelano e e
umakiwang mo karolwaneng(3).
(3) Tumalano nngwe le nngwe ya boditšhabatšhaba ya mothale wa
botegeniki, botsamaisi kgotsa mokgwa wa bodiragatsi, kgotsa
tumalano e e sa tlhokeng kana netefaletso kgotsa koketso, e
e tsenwang ke khuduthamaga, e golega Rephaboliki ntle le
thebolo ya Kokoano Bosetšhaba le Khansele ya Bosetšhaba ya
Diporofense, mme e tshwanela go atlhaatlhiwa mo Kokoanong le
Khansele mo nakong e e isegang.
(4) Tumalano nngwe le nngwe ya boditšhabatšhaba e nna molao mo
Rephaboliking fa e atlanegisitswe go nna molao kapeomolao wa
bosetšhaba; mme thulaganyo e e itiragatsang ya tumelano e e
rebotsweng ke Palamente ke molao mo Rephaboliking ntle le fa e
sa dumelane le Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente.
(5) Rephaboliki e tlamiwa ditumelano tsa boditšhabatšhaba tse di
neng di tlama Rephaboliki fa Molaotheo o tsena mo tirisong.
KGAOLO 14: DIKAELO-KAKARETSO
156
232 Molao wa setso wa boditšhabatšhaba
Molao wa Setso wa Boditšhabatšhaba o dira karolo ya molao wa
Rephaboliki ntle le fa o sa dumalane le Molaotheo kgotsa Molao wa
Palamente.
233 Tiriso ya molao wa boditšhabatšhaba
Fa go tlhaloswa peomolao, kgotlatshekelo nngwe le nngwe e tshwanetse
ya tloga e dumela gore e tlhopha tlhaloso e e isegang ya peomolao e e
dumalanang le molao wa boditšhabatšhaba mo godimo ga tlhaloso ya
mothale o mongwe o o sa dumelaneng le molao wa boditšhabatšhaba.
Merero Mengwe (kl 234-243)
234 Dikano tsa ditshwanelo
Gore setso sa demokerasi se se tlhomilweng ke Molaotheo o, Palamente
e ka amogela Dikano tsa Ditshwanelo tse di tsamaelanang le dithulaganyo
tsa Molaotheo.
235 Boikemisetso
Tshwanelo ya batho ba Aforika Borwa botlhe mo boikemisetsong,
jaaka go itshenola mo Molaotheong o, ga e thibele, mo melelwaneng
ya tshwanelo e, kamogelo ya moono wa tshwanelo ya boikemisetso ya
setlhopha sengwe le sengwe se se tshwaraganetseng setso le puo, mo
nageng e le nngwe mo Rephaboliking kgotsa ka mokgwa mongwe gape, o
o tlhomamisitsweng ka peomolao ya bosetšhaba.
236 Kabelo matlole go makoko a sepolotiki
Go tsholetsa kemo ya demokerasi ya makoko mantsi, peomolao ya
bosetšhaba e tshwanetse go rulaganyetsa kabelo ya matlole go makoko a
sepolotiki a a tsayang karolo mo makgotlapeomolaong a bosetšhaba le a
diporofense ka mokgwa wa tekatekano le ikaego mo kabelanong.
KGAOLO 14: DIKAELO-KAKARETSO
157
237 Boineelo mo go direng maikano
Ditlamego tsotlhe tsa Molaotheo di tshwanelwa ke go dirwa ka botswerere
le ntle ga tiego.
238 Boemedi le thebolelo-tiro
Setheo sa Khuduthamaga sa puso mo lekaleng lengwe le lengwe la puso
se ka –
(a) rebolela tiro nngwe le nngwe e e tshwanetseng go dirwa
go ya ka fa peomolaong go setheo sengwe le sengwe sa
khuduthamaga sa puso, fa fela thebolelo eo e le ka fa
peomolaong e tiro e, e tshwanetseng go dirwa ka yona.
(b) dira tiro nngwe le nngwe boemong jwa setheo sengwe le
sengwe sa khuduthamaga sa puso e le ka boemedi kgotsa
thebolelo tiro.
239 Ditlhaloso
Mo Molaotheong ntle le fa diteng di kaya sengwe se sele –
“peomolao ya boditšhabatšhaba” e akaretsa –
(a) peomolao ya tlaleletso e e dirilweng go ya ka Molao wa
Palamente; le
(b) peomolao e e neng e dira fa Molaotheo o tsena mo tirisong mme e
le o o tsamaisiwang ke mmuso wa bosetšhaba;
“setheo sa puso” se kaya –
(a) lefapha lengwe le lengwe la puso kgotsa tsamaiso mo lekaleng la
bosetšhaba, porofense kgotsa puso selegae; kgotsa
(b) tirelo nngwe le nngwe kgotsa setheo –
(i) se se diragatsang dithata kgotsa se dira tiro go ya ka
Molaotheo kgotsa molaotheo wa porofense; kgotsa
(ii) se se diragatsang dithata tsa botlhe kgotsa se dira ditiro
tsa botlhe go ya ka peomolao nngwe.
KGAOLO 14: DIKAELO-KAKARETSO
158
“Peomolao ya porofense” e kaya-
(a) peomolao ya tlaleletso e e dirilweng go ya ka Molao wa
porofense; le
(b) peomolao e e neng e dira fa Molaotheo o tsena mo tirisong
mme e le o o tsamaisiwang ke mmuso wa porofense.
240 Go sa dumelelane ga dikwalo tse di farologaneng
Mo tiragalong eo go sa nnang le tlhomamo fa gare ga dithanolo tsa
Molaotheo, diteng tsa lokwalo la Seesimane ke tsona di tla laolang.
241 Dithulaganyo tsa kgabaganyo
Mametlelelo 6 e dira mo kgabaganyong go ya thulaganong ya molaotheo
o mošwa e e tlhongwang ke Molaotheo o, e bile morero mongwe le
mongwe o o ka tshokang o amana le kgabaganyo eo.
242 Phimolo ya melao
Melao e e umakileng mo go Mametlelelo 7 e phimotswe, ka taolo ya 243
le Mametlelelo 6.
243 Setlhogo se se khutshwane le tshimologo
(1) Molao o o bidiwa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
1996, e bile o tsena mo tirisong mo letlheng le le bewang ke
Poresidente ka kgoeletso, mme e seng morago ga 1 Phukwe
1997.
(2) Matlha a a farologaneng, pele ga le le kailweng mo
karolwaneng(1), a ka tlhongwa go ya ka dikaelo tse di
farologaneng tsa Molaotheo.
(3) Ntle le fa diteng di kaya jalo, kaelo mo dikaelong tsa Molaotheo
go ya ka nako e Molaotheo o tseneng mo tirisong ka yona, e
tshwanetse go tlhaloganngwa jaaka kaelo go ya ka nako e kaelo e,
e tseneng mo tirisong.
(4) Fa letlha le le farologaneng le ka tlhongwa mo go nngwe ya
dikaelo tsa Molaotheo, go ya ka karolwana(2), kaelo nngwe le
KGAOLO 14: DIKAELO-KAKARETSO
159
nngwe e e tshwanang le yona, ya Molaotheo wa Rephaboliki
ya Aforika Borwa, 1993 (Molao 200 wa 1993) e e kaiwang mo
kgoeletsong, e tla kgaphelwa thoko go tloga ka letlha leo.
(5) Dikarolo 213, 214, 215, 216, 218, 226, 227, 228, 229 le 230 di
tsena mo tirisong ka 1 Ferikgong 1998, mme se ga se thibele go
tsenngwa ga peomolao e e solofetsweng mo go dingwe le dingwe
tsa dikaelo tse, go ya ka Molaotheo o, pele ga letlha leo. Go fitlha
mo letlheng leo, dikaelo dingwe le dingwe tse di tshwanang le
tse di ka tshokaneng di tshwana le Molaotheo wa Rephaboliki ya
Aforika Borwa, wa 1993, di nna mo tirisong.
KGAOLO 14: DIKAELO-KAKARETSO
160
Mametlelelo 1
FOLAGA YA BOSETŠHABA
(1) Folaga ya bosetšhaba e khutlonnematsepa, e boleele jwa nngwe le
seripa go feta bophara.
(2) E bontsho, bogauta, botala ba tlhaga, bosweu, bohibidu ba tšhilisi
le botala ba loapi.
(3) E na le banta e tala ya popego ya Y e e leng bophara ba nngwetlhanong
ya fologa. Methalo e e fa gare ya banta e simolola mo
dikhutlong tse di fa godimo le kwa tlase go bapa le seikokotlelo sa
folaga, di kopanela fa gare ga folaga, e tswelele ka go rapalala go
fitlha bogare-bofelong ba karolo e e phaphalalang.
(4) Lebanta le letala, le tsentswe fa gare ke bosweu, kwa godimo le
kwa tlase, mme go ya kwa seikokotlelong sa folaga, ke losi lwa
gauta. Losi longwe le longwe lo bophara ba nngwe-sometlhanong
jwa folaga.
(5) Khutlotharo e e fa thoko ga seikokotlelo e ntsho.
(6) Lebanta le le rapaletseng le le kwa godimo, le bohibidu ba tšhilisi,
mme lebanta le le rapaletseng le le kwa tlase, botala ba loapi.
Mabanta a, a bophara ba nngwe-tharong ya bophara ba fologa.
Mametlelelo 1
161
Mametlelelo 1A
MAFELO A DIPOROFENSE
[Mametlelelo 1A e tsentswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesomepedi ya Molao wa 2005 mme e emetswe ke k. 1 Molaotheo Tlhabololo ya Bolesometharo ya Molao wa 2007 le Molaotheo Tlhabololo ya Bosomethataro ya Molao wa 2009.] 
Porofense ya Kapa Botlhaba
[Tshupo ya Porofense ya Kapa Botlhaba e emetswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bolesometharo ya Molao wa 2007.]
Mmepe No. 3 wa Mametlelelo 1 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 6 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 7 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 8 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 9 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 10 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 11 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Porofense ya Free State
Mmepe No. 12 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 13 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 14 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 15 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 16 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Porofense ya Gauteng
[Tshupo ya Porofense ya Gauteng e fetotswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bosomethataro ya Molao wa 2009.]
Mmepe No. 4 mo Kitsisong 1490 ya of 2008 ya Mametlelelo 1 go Kitsiso 1998 ya 2005
[Go kaiwa ga Mmepe No. 4 go emetswe ke k. 1(a) ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomethataro ya Molao wa 2009.]
Mmepe No. 17 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 18 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 19 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 20 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 21 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Porofense ya KwaZulu-Natal
[Tshupo ya Porofense ya KwaZulu-Natal e emetswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bolesometharo ya Molao wa 2007.]
Mmepe No. 22 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 23 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 24 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 25 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 26 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 27 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 28 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 29 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 30 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 31 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 32 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Porofense ya Limpopo
Mmepe No. 33 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 34 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 35 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 36 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 37 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Porofense ya Mpumalanga
Mmepe No. 38 wa Mametlelelo 2 to Notice 1998 of 2005
Mmepe No. 39 wa Mametlelelo 2 to Notice 1998 of 2005
Mmepe No. 40 wa Mametlelelo 2 to Notice 1998 of 2005
Porofense ya Kapa Bokone
Mmepe No. 41 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 42 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 43 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 44 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 45 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Porofense ya Bokone Bophirima
[Tshupo ya Porofense ya Bokone Bophirima go fetotswe ke Molaotheo Tlhabololo ya Bosomethataro ya Molao wa 2009.]
Mmepe No. 5 in Notice 1490 of 2008 
Go kaiwa ga Mmepe No. 5 go emetswe ke k. 1(b) ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomethataro ya Molao wa 2009.]
Mmepe No. 46 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 47 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 48 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Porofense ya Kapa Bophirima
Mmepe No. 49 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 50 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 51 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 52 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 53 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mmepe No. 54 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005
Mametlelelo 2
MAIKANO LE DITUMELO TSE DI
MASISI
[ Mametlelelo 2 tlhabolotswe k. 2 ya Molao 35 wa 1997 e bile e emetswe
ke k. 18 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
1. Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa Poresidente le tsa
Poresidente wa nama-o-sa-tshwere
Poresidente kgotsa Poresidente wa nama-o-sa-tshwere, fa pele ga
Moatlhodimogolo, o tshwanetse go ikana/dumela jaana:
Fa pele ga botlhe ba ba kokoaneng fano, le ka temogo e e
tletseng ya tiro e e masisi e ke amogelang jaaka Poresidente
wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, nna, A.B. ke ikana/dumela ka
tlhoafalo gore ke tla nna boikanyego go Rephaboliki ya Aforika
Borwa, mme ke tla obamela, ela tlhoko, tshegetsa le go babalela
Molaotheo le melao yotlhe ya Rephaboliki, e bile ke tlhomamisa le
go solofetsa ka pelo yotlhe gore ka metlha ke tla–
• rotloetsa se se tla tsweletsang, le go ema kgatlhanong tsotlhe
tse di ka senyang Rephaboliki;
• Sireletsa le go tsweletsa ditshwanelo tsa maAforika Borwa
otlhe;
• go dira ditiro tsa me ka nonofo le dineo tsotlhe tsa me le go
ya ka kitso le bokgoni jotlhe jwa me;
• go direla botlhe tshiamo; le
• Rephaboliking go direla le go ineela mo go tse di tlisang
tokafalo mo setšhabeng sotlhe sa yone
(Fa ele maikano: A Modimo a nthuse jalo.)
2 Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa motlatsa-
Poresidente
Motlatsa-Poresidente fa pele ga Moatlhodimogolo, kgotsa moatlhodi yo
mongwe yo o tlhophilweng ke Moatlhodimogolo o tshwanetse go ikana/
dumela jaana:
Mametlelelo 2
162
Fa pele ga botlhe ba ba kokoaneng fano, le ka temogo e e tletseng
ya tiro e e masisi e ke amogelang jaaka Motlatsa-Poresidente
wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, nna A.B. ke ikana/dumela ka
tlhoafalo gore ke tla nna boikanyego go Repaboliki ya Afrika
Borwa, ke tla obamela, ela tlhoko, tshegetsa le go babalela
Molaotheo le melao yotlhe ya Rephaboliki, e bile ke tlhomamisa le
go solofetsa ka pelo yotlhe gore ka metlha ke tla –
• rotloetsa se se tla tsweletsang, le go ema kgatlhanong tsotlhe
tse di ka senyang Rephaboliki;
• nna mokhanselara yo o bonnete le boikanyego;
• go dira ditiro tsa me ka nonofo le dineo tsotlhe tsa me le
go ya ka kitso le bokgoni jotlhe jwa me le bonnete go ya ka
letswalo la me;
• go direla botlhe tshiamo, le
• go direla le go ineela mo go tse di tlisang tokafalo mo
Rephaboliking le mo setšhabeng sotlhe sa yone.
(Fa e le maikano: A Modimo a nthuse jalo.)
3 Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa Ditona le
Batlatsatona
Tona nngwe le nngwe le Motlatsatona mongwe le mongwe, fa pele ga
Moatlhodimogolo kgotsa moatlhodi a neetswe dithata ke Poresidente ya
Lekgotla la Molaotheo, o tshwanetse go ikana/dumela jaana:
Nna, A.B. ke ikana/tlatsa ka tlhoafalo gore ke tla nna boikanyego
go Rephaboliki ya Aforika Borwa, ke tla ikobela, tlotla le go
tshegetsa Molaotheo le melao yotlhe e mengwe ya Rephaboliki, e
bile ke ikemisetsa go dira tiro ya me jaaka Tona/Matlatsatona ka
tlotlo le seriti, go nna mokhanselara yo o bonnete le boikanyego,
ga nkitla ke ntsha diphiri ka tlhamalalo kgotsa e seng ka
tlhamalalo, le go dira tiro ya me ka boineelo le bokgoni jwa me.
(Fa e le maikano: A Modimo a nthuse jalo.)
Mametlelelo 2
163
4 Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa ditokololo tsa
Kokoano Bosetšhaba, baemedi ba leruri ba diporofense mo
Khanseleng ya Bosetšhaba le ditokololo tsa palamente ya
porofense
(1) Ditokololo tsa Kokoano Bosetšhaba, baemedi ba leruri mo
Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense le Ditokololo tsa
Palamente ya Porofense, fa pele ga Moatlhodimogolo kgotsa
Moatlhodi yo o neilweng dithata ke Moatlhodimogolo, ba
tshwanetse ba ikana kgotsa go tlatsa jaana:
Nna, A.B. ke ikana/dumela ka tlhoafalo gore ke tla nna
boikanyego go Rephaboliki ya Aforika Borwa le go ikobela,
tlotla le go tshegetsa Molaotheo le melao yotlhe e mengwe
ya Rephaboliki, ke solofetsa ka tlhomamiso go dira ditiro tsa
me jaaka tokololo ya Kokoano Bosetšhaba/moemedi wa leruri
mo Khanseleng ya Bosetšhaba ya Diporofense/tokololo ya
Palamente ya Porofense ya C D ka moo ke tla kgonang.
(Fa e le maikano: A Modimo o nthuse jalo.)
(2) Batho ba ba tlatsang phatlatiro mo Kokoanong Bosetšhaba,
boemedi jwa leruri mo Khanseleng Bosetšhaba ya Diporofense
kgotsa Palamente ya Porofense ba ka ikana kgotsa ba tlatsa go
ya ka karolwana ya(1) fa pele go motshwara marapo wa Kokoano,
Khansele kgotsa Palamente, go ya fela gore seemo ke sefe.
5 Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa ditonakgolo le
ditokololo tsa Makgotlakhuduthamaga a Diporofense
Tonakgolo ya porofense, le tokololo nngwe le nngwe ya kgotla ya
Khuduthamaga ya porofense, fa pele ga Moatlhodimogolo kgotsa
moatlhodi o a nopotsweng ke Moatlhodimogolo, o tshwanetse go ikana/
itlama jaaka go latela:
Nna, A.B. ke ikana/itlama ka tlhoafalo, gore ke tla nna
boikanyego go Rephaboliki ya Aforika Borwa le gore ke
tla obamela, ka tlotla le go tshegetsa Molaotheo le molao
otlhe o mongwe wa Rephaboliki; e bile ke imemisetsa go
tshegeetsa maemo a ofisi ya me jaaka Tonakgolo/tokololo ya
Lekgotla la Khuduthamaga ya porofense ya CD ka tlotlo le
Mametlelelo 2
164
seriti; go nna mogakolodi wa boammaruri le boikanyego; go
se upolole ka tlhamalalo kgotsa ka go se tlhamalale morero
mongwe le mongwe, o beilweng mo botshepeging ba me; le
go dira ditlamego tsa ofisi ya me ka tlhoafalo le ka bojotlhe ba
bokgoni ba me.
(Mo lebakeng la ikano: A Modimo a nthuse jalo.)
6 Maikano kgotsa ditumelo tse di masisi tsa Batlhankedi ba
Boatlhodi
(1) Moatlhodi mongwe le mongwe kgotsa moatlhodi wa nama-osa-
tshwere, fa pele ga Moatlhodimogolo kgotsa moatlhodi yo
mongwe yo o nopotsweng ke Moatlhodimogolo, o tshwanetse a
ikana kgotsa a tlhomamisa jaaka go latela:
Nna A.B. ke ikana/tlhomamisa ka tlhoafalo gore,
jaaka Moatlhodi wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo/
Kgotlatshekelokgolo ya E.F./G.H. Kgotlatshekelo, ke tla nna
boikanyego go Rephaboliki ya Aforika Borwa, ke tla tshegetsa
ka ba ka sireletsa Molaotheo; e bile ke tla tsamaisa bosiamisi
go batho botlhe ka go lekana ntle le poifo, ditlhotlho kgotsa
kgobelelo, go ya ka Molaotheo le molao.
(Fa e le mo lebakeng la ikano: A Modimo o nthuse jalo.)
(2) Motho yo o tlhomilweng mo ofising ya Moatlhodimogolo wa
Kgotlakgolo ya makgaolakgang yo o setseng e se moatlhodi
ka nako ya go tlhomiwa go o o tshwanetse a ikana kgotsa a
tlhomamisa fa pele ga Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekolo ya
Molaotheo.
(3) Batlhankedi ba bosiamisi, le batlhankedi ba bosiamisi ba namao-
sa-tshwere, ba e seng baatlhodi, ba tshwanetse go ikana/go
tlhomamisa mo mabakeng a peomolao ya bosetšhaba.
Mametlelelo 2
165
Mametlelelo 3
DITSAMAISO TSA DITLHOPHO
[Mametlelelo 3 e tlhabolotswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bone wa Molao wa 1999 le k. 19  ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001,  k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Borobongwe
Molao 21 ya 2002 le k. 1 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]
KAROLO-A DITSAMAISO TSA DITLHOPHO TSA BADIREDIPUSO
KA FA MOLAOTHEONG
1 Tiriso
Tsamaiso e e tlhalosiwang mo Mametlelelong e, e diragadiwa ka nako
tsotlhe fa –
(a) Kokoano Bosetšhaba e kopana go tlhopha Poresidente, kgotsa
Mmusakgotla kgotsa Motlatsa Mmusakgotla wa Kokoano ;
(b) Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense le kopana go tlhopha
Modulasetilo, Motlatsa-Modulasetilo; kgotsa
(c) Kgotlapeomolao ya porofense e kopana go tlhopha
Tonakgolo ya porofense kgotsa Mmusakgotla kgotsa
Motlatsa-Mmusakgotla wa Kgotlapeomolao.
2 Ditlhagiso
Motho yo o tshwereng marapo mo pitsong e mo go yone mametlelelo
e, e dirang o tshwanetse go kopa gore go tlhagisiwe bontlhopheng mo
pitsong.
3 Ditlhokego tse di tshwanetseng
(1) Tlhagiso e tshwanelwa go dirwa mo foromong e e beilweng go ya
ka melao e e umakilweng mo temaneng 9.
(2) Foromo e mo go yone go tlhagisiwang maina e tshwanelwa go
saenwa –
(a) ke ditokololo di le pedi tsa Kokoano Bosetšhaba, fa
Poresidente kgotsa Mmusakgotla kgotsa Motlatsa-
Mmusakgotla wa Kokoano a tlhophiwa;
Mametlelelo 3
166
(b) mo boemong jwa baemedi ba le babedi ba Porofense, fa
modulasetulo kgotsa Motlatsamodulasetulo wa Lekgotla la
Bosetšhaba la Porofense a tlhophiwa; kgotsa
(c) ke ditokololo di le pedi tsa Kgotlapeomolao ya Porofense e
e maleba, fa Tonakgolo ya Porofense kgotsa Mmusakgotla
kgotsa Motlatsa-Mmusakgotla wa Palamente a tlhophiwa.
(3) Motho yo go tlhagisitsweng leina la gagwe o tshwanela go
bontsha fa a amogela go tlhophiwa ka go saena foromo ya
tlhagiso kgotsa foromo nngwe ya mofuta mongwe e e kwadilweng
go netefatsa.
4 Kitsiso ya maina a bontlhopheng
Mo pitsong e mo go yone Mametlelelo e, e dirang, motshwaramarapo
o tshwanelwa go itsise maina a batho ba ba tlhagisitsweng jaaka
bontlhopheng, mme ga a letle kganetsanyo.
5 Ntlhopheng a le mongwe
Fa go tlhagisiwa ntlhopheng a le mongwe, motshwaramarapo o
tshwanelwa ke go bolela fa ntlhopheng yo, a tlhophilwe.
6 Tsamaiso ya ditlhopho
Fa go tlhagisitswe bontlhopheng ba feta bongwe –
(a) Boutu e tshwanelwa go dirwa kwa kopanong ka bolato ya
sephiri;
(b) tokololo nngwe le nngwe e e teng, kgotsa fa e le kopano ya
Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense, Porofense nngwe le
nngwe e e emetsweng mo pitsong e ka nna ya latlhela boutu e
le nngwe; mme
(c) motshwaramarapo o tshwanelwa ke go bolela ntlhopheng yo o
boneng diboutu di le dintsi gore ke ena yo o tlhophilweng.
7 Tsamaiso ya go ntshetsantle/tlosa
(1) Fa go se na ntlhopheng yo o boneng diboutu di le dintsi,
ntlhopheng yo o boneng diboutu tse di kwa tlase, o tshwanelwa
Mametlelelo 3
167
go tlosiwa mme go tswelelwa go boutelwa bonthopheng ba
ba setseng go ya ka temana ya 6, Tsamaiso e e tshwanelwa
ya boelediwa go fitlhela ntlhopheng a bona palo ya bontsi ba
diboutu.
(2) Fa go dirisiwa karolwana ya(1), ba le babedi kgotsa go feta ba
bontlhopheng o mongwe le mongwe a bone diboutu tse di kwa
tlase, boutu e nngwe e tshwanetse ya dirwa ya bontlhopheng ba,
mme ya boelediwa ka mo go kgonegang go tlhomamisa gore ke
ofe wa bontlhopheng yo o tshwanelwang ke go tlosiwa.
8 Dipitso tse dingwe
(1) Fa go tlhagisitswe bontlhopheng ba le babedi fela, kgotsa fa
go sala bontlhopheng ba le babedi morago ga tsamaiso ya
ntshetsontle e sena go dirisiwa, mme bontlhopheng bao ba
bona diboutu tse di lekanang, kopano e nngwe e tshwanetse ya
tshwarwa mo malatsing a le supa ka nako e e tla bong e beilwe ke
motshwaramarapo.
(2) Fa go bidiwa kopano e nngwe gape go ya ka karolwana ya(1),
tsamaiso e e beilweng mo mametlelelong e, e tshwanelwa ya
salwa morago kwa kopanong/pitsong eo jaaka o kare ke kopano
ya ntlha ya ditlhopho tsa go nna jalo.
9 Melawana
(1) Moatlhodimogolo o tshwanetse go dira melawana e e kaelang–
(a) tsamaiso ya dipitso tse di amiwang ke Mametlelelo e;
(b) ditiro tsa motho mongwe yo o tshwereng marapo mo
kopanong yo mothale o, le motho mongwe yo o thusang
motho yo a tshwerweng marapo;
(c) foromo e ditlhagiso(maina) di diriwang mo go yone; le
(d) mokgwa o go bouta go tshwanelang go dirwa ka teng.
(2) Melawana e, e tshwanetse ya anamisiwa ka tsela e
Moatlhodimogolo a beileng ka teng.
[Karolo 9 e emetswe ke k. 19 ya Molao 34 wa 2001.]
Mametlelelo 3
168
KAROLO B-KAELO YA TAELO YA GO TSAYA KAROLO GA
MAKOKO MO DIKEMEDING TSA KHANSELE YA BOSETŠHABA
YA DIPOROFENSE
1. Palo ya baemedi mo kemeding ya porofense go Khansele ya
Bosetšhaba ya Diporofense eo lekoko le nang le tshwanelo
ya bona, e tshwanetse go tlhomamisiwa ka go ntsifatsa palo
ya manno a lekoko le a tshwereng mo kgotlapeomolaong ya
porofense ka lesome le go arola karabo ka palo ya manno mo
kgotlapeomolaong, go bo go tlhakanngwa le nngwe.
2. Fa palelo mo mabakeng a 1 e naya phetiso e e sa monngweng
ke baemedi ba ba neilweng lekoko mo mabakeng, phetiso e
tshwanetse go gaisana le diphetiso tse di tshwanang le ona a a
kokoanelang ke lekoko kgotsa makoko mangwe le mangwe, mme
baemedi bangwe le bangwe ba ba sa abiwang mo boemeding ba
tshwanelwa ke go abelwa lekoko kgotsa makoko ka tlhomagano ya
lefetiso le le kwa godimodimo.
3. Fa diphetiso tse di akanngwang mo karolong 2 di lekana, baemedi
ba ba sa abiwang mo boemeding ba tshwanetse go abelwa
lekoko kgotsa makoko, le
phetiso e e tshwanang ka tatelano ya palo ya diboutu e e kwa godimo go ya go e e kwa tlase,  tse do rekotilweng tsa makoko ao , ka
motsi wa ditlhopho tsa bofelo malebana le lekgotlapeomelao la 
porofense e e amegang, 
[Karolo 3 e tlaleleditswe ke k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bone ya Molao wa 1999 le go emelwa ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borobongwe ya Molao wa 2002 le k. 5(a) ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]
	4. Fa makoko a feta bongwe a a nang le tshalo e e lekanang a rekotile palo e e lekanang ya diboutu mo ditlhophong tsa bofelo tsa lekgotlapeomelao la porofense e e amegang, lekgotlapeomelao le le amegang le tshwanetse go abela baemedi ba ba sa abiwang  mo kemeding ya lekoko ka tshalo eo ka tsela e e inyalanang le temokerasi.
	[Ntlha 4 e tlaleleditswe ke k. 5(b) ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]
Mametlelelo 3
169
Mametlelelo 4
MAKALA A KGOLAGANO A TIRAGATSO
A BOKGONI JWA PEOMOLAO A
BOSETŠHABA LE A POROFENSE
KAROLO A
• Tsamaiso ya dikgwa tsa tlholego
• Bolemi
• Maemelafofane, ntle le a boditšhabatšhaba le a bosetšhaba
• Taolo ya dipholo golo le malwetse
• Dikhasino, tsa mabelo, go iteka lesego la madi, ntle le
kemonokeng ya dikgogo tsa madi tsa bosetšhaba le tsa
metshameko
• Tshireletso ya badirisi
• Tsa setso
• Tsamaiso ya tsa matlhotlhapelo
• Thuto mo dikgatong tsotlhe ntle le thuto ya diyunibesithi le dikolo
tsa katiso;
• Tikologo
• Ditirelo tsa boitekanelo
• Matlo
• Molao wa tlhago le wa setso mo taolong ya Kgaolo 12 ya
Molaotheo.
• Tsweletso ya intaseteri
• Maikaelelo a puo le taolo ya dipuo tsa semmuso go fitlha fa
dikaelong tsa karolo 6 ya Molaotheo e rolela ka totobalo go
peomolao ya porofense bokgoni ba peomolao
Mametlelelo 4
170
• Ditirelo tsa phasalatso tse di laolwang kgotsa tse di
rulaganyeditsweng ka tlhamalalo ke puso ya porofense ka taelo ya
karolo 192
• Pabalelo ya tlhago, ntle le diphaka tsa bosetšhaba, ditshingwana
tsa tlhago tsa bosetšhaba le metswedi ya lewatle
• Sepodisi go fitlha fa ditaelo tsa kgaolo 11 ya Molaotheo di
rolelang lekgotlapeomolao la porofense bokgoni ba peomolao.
• Taolo ya kgotlelego
• Tlhabololo ya setšhaba
• Dituelo tsa tshutiso ya dithoto
• Madirelomagolo a porofense tebang le makala a tiragatso mo
Mametlelelong e, le Mametlelelo 5.
• Dipalangwa tsa botlhe
• Ditiro tsa botlhe go ya ka ditlhokego tsa mafapha/porofense
fela, mo go diragatseng maikarabelo a bona, go tsamaisa ditiro,
segolo jang tse ba di abetsweng go ya ka Moloatheo kgotsa molao
mongwe.
• Togamaano le tlhabololo ya Kgaolo
• Melao ya dirori le dipalangwa tsa tsela
• Tshomarelo ya mmu
• Bojanala
• Kgwebo
• Boeteledipele ba setso go ya ka dikaelo tsa Kgaolo 12 ya
Molaotheo
• Kgolo/Tlhabololo ya metsesetoropo le magae
• Dilaesense tsa dirori
• Ditirelo tsa loago
Mametlelelo 4
171
KAROLO B
Merero e e latelang ya pusoselegae go ya ka fa go atolositsweng ka gone
mo karolong 155(6)(a) le(7):
• Kgotlelego ya loapi
• Melawana ya go aga
• Ditlamelo tsa tlhokomelo ya bana
• Tlamelo ya motlakase le gase
• Ditirelo tsa botimamolelo
• Bojanala ba selegae
• Maemelodifofane a bommasepala
• Bologamaano ba bommasepala
• Ditirelo tsa boitekanelo tsa bommasepala
• Dipalangwa tsa botlhe tsa bommasepala
• Ditirelo tsa ditiro tsa bommasepala tsa botlhe tebang fela le
ditlhokego tsa ga mmasepala mo go diragatseng maikarabelo a go
tsamaisa ditiro tse ba di rwesitsweng ka totobalo mo Molaotheong
o, kgotsa molao mongwe le mongwe.
• Dipontune, diferi, dijiti, dipier le maemelokepe ntle le taolo
ya tsamaiso ya dikepe le merero ya boditšhabatšhaba le ya
bosetšhaba le merero mengwe e e amegang.
• Tsamaiso ya mekgwa ya go laola merwalela mo mafelong a go
agilweng mo go ona
• Melawana ya kgwebo
• Metsi le ditirelo tsa go tlosiwa ga leswe go totilwe fela
dithulaganyo tsa dikabelo tsa metsi a a leswe a selegae le
dithulaganyo tsa go tsholola metsi a matlwana-boithusetso.
Mametlelelo 4
172
Mametlelelo 5
MAKALA A TIRAGATSO A BOKGONI
JWA PEOMOLAO A POROFENSE FELA
KAROLO A
• Matlhabelo
• Tirelo ya diambulense
• Diakhaefe ntle le diakhaefe tsa bosetšhaba
• Dilaeborari ntle le dilaeborari tsa bosetšhaba
• Dilaesense tsa nnotagi
• Dimmusiamo ntle le dimmusiamo tsa bosetšhaba
• Togomaano ya Porofense
• Merero ya setso ya porofense
• Boitapoloso le mafeloboitapoloso le didiriswa tsa porofense
• Metshameko ya porofense
• Ditsela le pharakano ya porofense
• Ditirelo tsa kalafo ya diruiwa ntle le taolo ya borutegi
KAROLO B
Merero e e latelang ya pusoselegae go fitlha fa e atolotsweng ka karolwana
155(6)(a) le(7):
• Mabopo le mafelo a boitumediso
• Diboto tsa papatso le go bewa mo pepeneneng ga dipapatso mo
mafelong a botlhe
• Diphuphu, dintlo tsa pabalelo ya baswi, mafelo a go fisiwa ga
ditopo
• Phepafatso
Mametlelelo 5
173
• Taolo ya letshwenyo go botlhe
• Taolo ya ditheo tse di gwebang ka nnotagi
• Mafelo a bonno, tlhokomelo le go epelwa ga diphologolo
• Go dirwa ga magora le magora
• Neelo ya dilaesense tsa dintšwa
• Neelo ya dilaesense le taolo ya ditheo tse di rekisetsang botlhe
dijo
• Didirisiwa tsa mafelo-selegae
• Mafelo a metshameko mo mafelong-selegae
• Dimmaraka
• Matlhabelo a ga mmasepala
• Diphaka le mafeloboitapoloso a ga mmasepala
• Ditsela tsa ga mmasepala
• Lerata le le kgotlelang tidimalo
• Matlhatlhelo a diphologolo tse di mo kgolegelong
• Mafelo a botlhe
• Go tlosiwa ga matlakala, dithothobolo, le tshololo ya mantle
• Kgwebo ya mo mmileng
• Dipone tsa mo mmileng
• Pharakano le boemeladirori
Mametlelelo 5
174
Mametlelelo 6
DITHULAGANYO TSA KGABAGANYO
[Mametlelelo 6 e tlhabolotswe ke k. 20 ya Molaotheo Tlhabololo wa Ntlha wa Molao wa 1997, 
ke k. 5 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998 le
ke k.20 ya Molaotheo Tlhabololo wa Boratari wa Molao wa 2001.]
1 Dithanolo
Mo Mametlelelong e, ntle le fa go sa nyalane le diteng –
“Nagalegae” e kaya karolo ya Rephaboliki eo, pele ga Molaotheo
wa pele o simolola go dirisiwa, e neng e kaiwa, go ya ka molao
wa maloba wa Aforika Borwa, jaaka e e ikemetseng kgotsa e e
ipusang;
“Molaotheo o mošwa” e kaya Molaotheo wa Rephaboliki ya
Aforika Borwa wa 1996;
“Thulaganyo Taolo ya Maloba” e kaya melao e e neng ya gatisiwa
le go dirisiwa pele ga Molaotheo wa pele;
“Molaotheo wa pele” e kaya Molaotheo wa pele wa Rephaboliki ya
Aforika Borwa wa 1993 (Molao 200 wa 1993).
2 Tswelelo ya molao o o leng teng
(1) Melao yotlhe e e leng tirisong fa Molaotheo o mošwa o tsena mo
tirisong, e tla tswelela go nna mo tirisong, go ikaegilwe ka –
(a) Tlhabololo nngwe kgotsa e phimolwa gotlhelele; le
(b) Go lebana/nyalana le Molaotheo o mošwa.
(2) Molao wa taolo ya pele o o tswelelang go diriswa go ya ka
sekatemana(1) –
(a) ga o na tiriso e e anameng mo dikgaolong le ka mokgwa
mongwe go feta e e neng e le teng pele ga Molaotheo wa pele,
ntle le fa o ne wa tlhongwa sešwa go oketsa/atolosa maatla a
tiriso ya ona; le
(b) o tswelela go diriswa ke bothati bo bo neng bo o dirisa fa
Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong, go ya ka Molaotheo
o mošwa.
Mametlelelo 6
175
3 Thanolo ya peomelao e e leng teng
(1) Ntle le fa go sa tsamaelaneng le diteng kgotsa go se maleba,
kumako, mo molaong mongwe le mongwe o o neng o dirisiwa fa
Molaotheo o mošwa o tsena mo taolong –
(a) Rephaboliki ya Aforika Borwa kgotsa naga legae (ntle le fa e
kaya tikologo ya mongwe) e tshwanetse go tsewa fa e kaya
Rephaboliki ya Aforika Borwa go ya ka Molaotheo o mošwa;
(b) Palamente, Kokoano Bosetšhaba, kgotsa Senoto, di
tshwanetse go tsewa fa di kaya Palamente, Kokoano
Bosetšhaba kgotsa Khuduthamaga Bosetšhaba ya diporofense
go ya ka Molaotheo o mošwa;
(c) Poresidente, Motlatsa Poresidente, Tona, Motlatsa Tona
kgotsa Kabinete, e tshwanetse go tsewa fa e le ya kumako
ya poresidente, Motlatsa Poresidente, Tona, Motlatsa Tona
kgotsa Kabinete go ya ka Molaotheo mošwa, go ikaaegilwe ka
temana 9 ya Mametlelelo e;
(d) Poresidente, ya Senoto, e tshwanetse go tsewa fa e kaya
Monnasetulo wa Khuduthamaga Bosetšhaba ya Diporofense;
(e) kgotlatheramelao ya Porofense, Tonakgolo, Khuduthamaga
ya Khansele kgotsa leloko la Khuduthamaga ya Khansele ya
Porofense, e tshwanetse go tsewa fa e kaya kgotlatheramelao
ya Porofense, Tonakgolo, Khuduthamaga ya Khansele kgotsa
leloko la Khuduthamaga phetisi go ya ka Molaotheo mošwa,
karolwana 12 ya Mametlelelo e; kgotsa
(f) puo semmuso kgotsa dipuo, e tshwanetse go tsewa fa e kaya
e nngwe ya dipuo tsa semmuso go ya ka molaotheo o mošwa.
(2) Ntle le fa go sa tsamaelane le diteng kgotsa go sa tshwane
gotlhelele, kumako, mo melaong e e setseng ya puso ya maloba –
(a) ka ga Palamente, kgotla ya Palamente, kgotsa Kokoano
Khuduthamaga ya theramelao kgotsa karolo ya Rephaboliki
kapa ya nagalegae, e tshwanetse go tsewa fa e kaya –
(i) Palamente go ya ka Molaotheo o mošwa, fa taelo
ya molao o, o neetswe kgotsa o rebotswe go ya ka
Molaotheo wa pele kgotsa Mametlelelo eno, go
Khuduthamaga ya bosetšhaba; kgotsa
Mametlelelo 6
176
(ii) Kgotlatheomelao ya Porofense, fa taolo ya molao o, e
neetswe kgotsa e rebotswe go ya ka Molaotheo wa pele
kgotsa Mametlelelo e, e go Khuduthamaga ya Porofense.
(b) ka ga Poresidente wa Naga, Tonakgolo, Motsamaisi kgotsa
Mokhuduthamaga-mogolo mongwe, Kabinete, Khansele ya
ditona kgotsa Khansele ya Khuduthamaga ya Rephaboliki
kgotsa ya nagalegae, e tshwanetse go tsewa fa e kaya –
(i) Poresidente go ya ka Molaotheo o mošwa, fa taolo ya
molao o e neetswe Khuduthamaga ya bosetšhaba go ya ka
Molaotheo wa pele kgotsa go ya ka Mametlelelo e; kgotsa
(ii) Tonakgolo ya Porofense go ya ka Molaotheo o mošwa, fa
taelo ya molao o e neetswe Khuduthamaga ya Porofense,
go ya ka Molaotheo wa
4 Kokoano Bosetšhaba
(1) Mongwe le mongwe yo e neng e le leloko, kgotsa mongwe wa
batsamaisi ba Kokoano Bosetšhaba fa Molaotheo o mošwa o
tsena mo taolong, o tla nna leloko kgotsa mongwe wa batsamaisi
ba Kokoano Bosetšhaba go ya ka Molaotheo o mošwa, e bile o tla
nna mo tirisong go ya ka Molaotheo mošwa.
(2) Kokoano Bosetšhaba go ya ka fa e tlhalositsweng mo
temaneng(1), e tshwanetse go tsewa jaaka e e tlhophilweng go ya
ka Molaotheo o mošwa go fitlha ka 30 Moranang, 1999.
(3) Kokoano Bosetšhaba e bopilwe ka maloko a le 400 go ya go fitlha
ka pakatiro e e khutlang ka 30 Moranang 1999, go karolo 49(4)
ya Molaotheo o mošwa.
(4) Melawana le ditaolo tsa Kokoano Bosetšhaba tse di dirisiwang
fa Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong, di tla tswelela go
dirisiwa ntle le fa di ka tlhabololwa kgotsa tsa phimolwa.
5 Tiro ya Palamente e e sa welang
(1) Tiro nngwe le nngwe ya Kokoano Bosetšhaba e e sa welang
fa Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong e tshwanetse go
tsweletswa go ya ka Molaotheo o mošwa.
Mametlelelo 6
177
(2) Tiro nngwe le nngwe ya Senate e e sa welang fa Molaotheo
o mošwa o tsena mo tirisong o tshwanetse go fitisetswa go
Khuduthamaga ya Bosetšhaba ya Diporofense go tsweletswapele
ke Khuduthamaga ya Diporofense ya Molaotheo o mošwa.
6 Ditlhopho tsa Kokoano Bosetšhaba
(1) Ga go ditlhopho tsa Kokoano Bosetšhaba tse di tla tshwarwang
pele ga 30 Moranang, 1999 ntle le fa Kokoano Bosetšhaba e ka
phatlalatswa go ya ka karolo 50(2) ya Molaotheo o mošwa fa
morago tshitshinyo ya go tlhoka boikanyego go Poresidente go ya
ka karolo 102(2) ya Molaotheo o mošwa.
(2) Tiriso ya karolwana 50(1) ya Molaotheo o mošwa e sa emisitswe
go fitlha ka 30 Moranang, 1999.
(3) Le fa Molaotheo wa pele o phimotswe, Mametlelelo 2 ya
Molaotheo o, jaaka o tlhabolotswe mo go tlaletso A mo
Mametlelelong e, e ama –
(a) tlhopho ya ntlha ya Kokoano Bosetšhaba go ya ka Molaotheo
o mošwa;
(b) go latlhegelwa ke boloko ba Kokoano ka mabaka ntle le a a
neetsweng mo karolong ya 47(3) ya Molaotheo o mošwa; le
(c) go tlatswa ga diphatlhatiro mo Kokoanong, le go emisetswa,
go boeletsa le go dirisa manaane a maina a makoko a
sepolotiki, go tlatsa diphatlhatiro, go emela ditlhopho tsa
bobedi tsa Kokoano go ya ka Molaotheo o mošwa.
(4) Karolo 47(4) ya Molaotheo o mošwa e emisitswe go dirisiwa go
fitlhela ditlhopho tsa bobedi tsa Kokoano Bosetšhaba go ya ka
Molaotheo o mošwa.
7 Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense
(1) Go ya ka nako e e latelang pelenyana ga kopano ya pele ya
kgotlatheomolao ya Porofense, fela fa morago ga tlhopho ya yona,
go ya ka Molaotheo o mošwa –
(a) tekatekanyo ya boemedi ba makoko a sepolotiki mo go
Khuduthamaga Bosetšhaba ya diporofense e tshwanetse
Mametlelelo 6
178
go tshwana le tekatekanyo ya boemedi ba maloko a le (10)
lesome a basenatoro, a a supilweng, go ya ka karolo 48 ya
Molaotheo wa pele; le
(b) kabo ya baemedi ba leruri le baemedi ba ba kgethegileng ba
makoko a a emetsweng mo kgotlatheomelaong ya diporofense
bo ntse jaana:
POROFENSE BAEMEDI BA LERURI BAEMEDI BA BA
KGETHEGILENG
1. Kapa Botlhaba ANC5
NP 1
ANC 4
2. Foreisetata ANC4
VF1
NP 1
ANC 4
3. Gauteng
ANC3
DP1
VF1
NP 1
ANC3
NP 1
4. KwaZulu-Natal
ANC3
DP1
VF1
NP 1
ANC2
IVP 2
5. Mpumalanga
ANC4
VF1
NP 1
ANC 4
6. Kapa Bokone ANC3
VF1
NP 2
ANC2
NP 2
7. Porofense ya
Bokone
ANC 6 ANC 4
8.Bokone
Bophirima
ANC4
VF1
NP 1
ANC 4
Mametlelelo 6
179
9. Kapa Bophirima ANC2
DP1
NP 3
ANC1
NP 3
(2) Lekoko le le emetsweng mo go Kgotlatheomelaong ya Porofense
le –
(a) tshwanetse go supa baemedi ba leruri go tswa go ba e neng
e le maloko a Senoto fa Molaotheo o Mošwa o tsena mo
taolong, ba bile ba ikemiseditse go nna baemedi ba leruri; le
(b) ka go supa batho ba bangwe go nna baemedi ba leruri fa
go se ope wa basenatoro kgotsa palo e e sa lekaneng e sa
ikemisetsa.
(3) Kgotlatheomelao ya Porofense e tshwanetse go supa baemedi ba
leruri go ya ka tekanyetso ya makoko a emetsweng.
(4) Dikarolwana(2) le(3) di dira fela mo go tlhongweng ga ntlha ga
baemedi ba leruri ba Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.
(5) Karolo 62(1) ya Molaotheo mošwa ga e amane le go supiwa le go
tlhongwa ga Basenatoro jaaka baemedi ba leruri go ya ka karolo e.
(6) Melawana le ditaolo tsa Senoto tse di dirisiwang fa Molaotheo
o Mošwa o tsena mo taolong, di tshwanetse go dirisiwa mo
mererong ya Khuduthamaga ya Bosetšhaba go ya ka fa di ka
dirisiwang, go fitlha di tlhabololwa kgotsa di phimolwa.
8 Ba ba kileng ba nna Basenatoro
(1) Yo o kileng a nna mosenatoro a bile a se mo boemeding ba
Khuduthamaga ya Bosetšhaba ya Diporofense, o tshwanetse go
nna leloko la kgotlatheomelao ya Porofense e a neng a e emetse
jaaka mosenatoro go ya ka karolo 48 ya Molaotheo wa pele.
(2) Fa mosenatoro a itlhophela go se nne leloko la kgotlatheomelao
ya Porofense, o tla tsewa gore o rotse tiro jaaka mosenatoro
letsatsi pele ga Molaotheo o mošwa o tsena taolong.
(3) Tuelo, ditetlo le ditshiamelo tsa yo a neng a le mosenatoro
mme a tlhomilwe jaaka moemedi wa leruri kgotsa e le leloko la
Mametlelelo 6
180
Kgotlatheomelao ya Porofense, ga di a tshwanela go fokotswa ka
gope fa a tsena tirong e.
9 Khuduthamaga ya Bosetšhaba
(1) Mongwe le mongwe yo o neng a le Poresidente, Motlatsa
Poresidente, Tona kgotsa Motlatsa Tona go ya ka Molaotheo wa
pele, o tsweletsa ka maemo a a jaana fa Molaotheo o mošwa o
tsena mo taolong, go dumelelang le karolwana(2) ya
Molaotheo mošwa.
(2) Go fitlha ka 30 Moranang, 1999, dikarolo 84, 89, 90, 91, 93 le 96
tsa Molaotheo o Mošwa, di tshwanetse go tsewa le go utlwisiswa
jaaka di tlhagelela mo Tlaleletsong B ya Mametlelelo e.
(3) Karolwana(2) ga e thibele Tona e e neng e le mosenatoro fa
Molaotheo o mošwa o tsena taolong go tsweletsa go nna Tona,
jaaka go tlhagisitswe mo karolo 91(1)(a) ya Molaotheo o Mošwa,
go ya ka fa karolo e e beilweng ke Tlaleletso B.
10 Dikgotlatheomelao tsa Diporofense
(1) Mongwe le mongwe yo e neng e le leloko kgotsa mongwe wa
Batsamaisi ba Kgotlatheomelao fa Porofense ya Molaotheo o
mošwa o tsena mo taolong, o tla tswelela go nna leloko kgotsa
mongwe wa batsamaisi ba Kgotlatheomelao ya Porofense go ya ka
Molaotheo o mošwa, mme a tsweletsapele tiro ya gagwe ya boloko
kgotsa botsamaisi go ya ka Molaotheo o mošwa le Molaotheo wa
Porofense o o ka tlhangwang.
(2) Kgotlatheomelao ya Porofense e e tlhamilweng go ya ka
karolwana(1) e tshwanetse go kaiwa jaaka e e tlhophilweng ka
Molaotheo o mošwa go fitlhelela ka 30 Moranang 1999 fa letlha la
yona le khutla.
(3) Go fitlha bokhutlo jwa paka ya yona e e khutlang ka 30 Moranang
1999, le go ya ka karolo 108(4), kgotlatheomelao ya Porofense
e tla botšwa ke palo e e akaretsang maloko a kgotlatheomelao ya
Porofense go ya ka Molaotheo wa pele le palo ya basenatoro ba
ba fetogileng maloko a kgotlatheomelao ya Porofense go ya ka
karolwana 8 ya Mametlelelo e.
Mametlelelo 6
181
Mametlelelo 6
(4) Melawana le ditaolo tsa kgotlatheomelao ya Porofense, tse di neng
di dirisiwa fa Molaotheo o mošwa o tsena mo taolong, di tswelela
go dirisiwa, ntle le fa di ka tlhabololwa kgotsa tsa fetolwa.
11 Ditlhopho tsa Dikgotlatheomelao tsa Diporofense
(1) Le fa Molaotheo wa pele o phimotswe, Mametlelelo 2 ya
Molaotheo oo, jaaka e tlhabolotswe ka Tlaleletso A mo
Mametlelelong e, e a dira –
(a) go ditlhopho tsa ntlha tsa kgotlhatheomelao ya Porofense go
ya ka Molaotheo o mošwa;
(b) go latlhegelwa ke boloko ba kgotlatheomelao ka mabaka
mangwe ntle le a a neetsweng go karolo 106(3) ya Molaotheo
o mošwa; le
(c) go thiba diphatlatiro tsa kgotlatheramelao, go emisetsa, go
boeletsa le go dirisa manaane a maina a makoko go thiba
diphatlhatiro, go fitlhelela ka nako ya ditlhopho tsa bobedi tsa
kgotlatheomelao go ya ka Molaotheo o mošwa.
(2) Karolo 106(4) ya Molaotheo o mošwa e emisitswe nakonyana
tebang le kgotlatheomelao ya Porofense go fitlha nako ya
ditlhopho tsa bobedi go ya ka Molaotheo o mošwa.
12 Dikhuduthamaga tsa Diporofense
(1) Mongwe le mongwe yo e neng e le Tonakgolo kgotsa leloko la
khuduthamaga ya Porofense fa Molaotheo o mošwa o tsena mo
tirisong/taolong, o tla tswelela ka maemo a, go ya ka Molaotheo o
mošwa le fa e le Molaotheo mongwe le mongwe wa Porofense, o
o ka tlhomiwang, go ikaegilwe ka karolwana(2).
(2) Go fitlhelela fa Tonakgolo e e tlhophilweng ka ditlhopho tsa pele
tsa kgotlatheomelao ya Porofense, go ya ka Molaotheo o mošwa,
e simolola tiro, kgotsa Porofense e tsenya Molaotheo wa yona
taolong, go laola gore go tlile eng pele, dikarolo 132 le 136 tsa
Molaotheo o mošwa, di tshwanetse go tsewa jaaka di tlhagelela
mo go Tlaleletso C ya Mametlelelo e.
182
Mametlelelo 6
13 Melaotheo ya Diporofense
Molaotheo wa Porofense o o amogetsweng pele Molaotheo o mošwa
o tsena mo tirisong, o tshwanetse go dumelelana le karolo 143 ya
Molaotheo o mošwa.
14 Thebolelo ya melao go Diporofense
(1) Peomelao e, go ya ka merero e e mo makaleng a tiragatso e e
akareditsweng mo Mametlelelong 4 kgotsa 5 tsa Molaotheo
o mošwa, tse pele ga Molaotheo o mošwa o tsena mo tirong,
e neng e tsamaisiwa ke bothati jo bo mo khuduthamageng ya
Bosetšhaba, e ka rebolwa ke Poresidente ka kgoeletso, go bothati
mo khuduthamaga ya Porofense bo bo supilweng ke Khansele ya
Khuduthamaga ya Porofense.
(2) Go fitlha mo mabakeng a kgontshang thebolo ya molao mo
karolwaneng(1) gore e diragatswe ka botlalo, Poresidente ka
kgoeletso a ka –
(a) tlhabolola kgotsa baakanya molao o gore o tshwanele go
utlwisiswa le go dirisiwa;
(b) fa thebolo e sa tshwanele tiriso ya karolo kgotsa molao, a
ka o phimola, a ba a o tlhama, ka ditlhabololo le dipakaanyo
kgotsa ntle le tsona go tshwana le mo go temana(a), ditiriso
tse di tshwanelang mokgape wa thebolo; kgotsa
(c) laola ntlha nngwe le nngwe e e tlhokegang, e ka ne e
tlhotswe ke thebolelo, go akaretsa go sutisiwa kana go
sutiswa nakwana ga badiri le fa e le go sutiswa ga matlotlo,
disuga, ditshwanelo le ditlamego, go tswa kgotsa go ya go
khuduthamaga ya bosetšhaba kgotsa ya porofense kgotsa
lefapha lengwe le lengwe la puso, botsamaisi, ditirelo tsa
pabalesego kgotsa setheo sengwe.
(3)
(a) Kgatiso ya lekwalothebolo kgoeletso lengwe le lengwe le le
ntshitsweng go ya ka temana(1) kgotsa(2) le tshwanetse go
fetisetswa go Kokoano Bosetšhaba le go Khuduthamaga ya
Bosetšhaba ya Diporofense mo matsatsing a a lesome 10
183
morago ga kgatiso ya lekwalothebolo kgoeletso.
(b) Fa bobedi, Kokoano Bosetšhaba le Khuduthamaga
ya Bosetšhaba ya Diporofense, bo ka swetsa go se
amogele lekwalokgoeletso kgotsa kaelo nngwe ya lona,
lekwalokgoeletso kgotsa kaelo ya lona, e a fela ntle le go ama
kapa go akaretsa –
(i) boleng jwa ditiro tsotlhe tse di simolotsweng go ya ka
lekwalokgoeletso kgotsa kaelo ya lona, pele e fela; kgotsa
(ii) ditshiamelo le ditšhono, kana ditlamego le dikoloto tse di nnileng
teng pele ga go fedisiwa.
(4) Fa molao o rebotswe go latela temana(1), kumako mo molaong
o o ka ga bothati jo bo o diragatsang, e tshwanetse go tsewa fa e
kaya bothati jo bo neetsweng taelo ke thebolo eo.
(5) Thebolo nngwe le nngwe ya molao go ya ka karolo 235(8)
ya Molaotheo wa pele, go akarediwa ditlhobololo, dipaakanyo
kgotsa go phimolwa le go tlhongwa gape ga molao, le fa ele kgato
nngwe le nngwe e e tserweng mabapi le karolo eo, e kaiwa fa e
dirilwe go ya ka karolwana e.
15 Melao e e leng teng, e e leng kwa ntle ga dithata tsa
peomolao ya Palamente
(1) Bothati mo Khuduthamageng ya Bosetšhaba jo bo diragatsang
taelo ya melao mengwe e e leng kwa ntle ga dithata tsa peomolao
ya Palamente fa Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong, bo tla
tswelelapele go diragatsa melao e e jaana go fitlhelela taolo e e
neelwa bothati mo a khuduthamageng ya Porofense, go ya ka
karolwana 14 ya Mametlelelo e.
(2) karolwana(1) e tla fedisiwa dingwaga tse pedi fa morago ga
Molaotheo o mošwa o tsene mo tirisong.
16 Dikgotlatshekelo
(1) Dikgotlatshekelo tsotlhe tse di leng teng, go akaretswa le tsa
setso tsa magosi, fa molaotheo o mošwa o tsena mo taolong, di
Mametlelelo 6
184
tla tswelelapele go dira le go diragatsa boatlhodi go latela molao
o o amanang le tsona, mme mongwe le mongwe yo o dirang
mo dikgotleng tse jaaka motlhankedi wa boatlhodi, le ena o tla
tsweletsa tiro kgotsa go dira, go ya ka melao e e maleba, a laolwa
ke –
(a) tlhabololo nngwe le nngwe kgotsa go phimolwa ga molao oo;
le
(b) go nyalana le Molaotheo o mošwa.
(2)
(a) Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e tlhomilweng go ya ka
Molaotheo wa pele e tla nna Kgotlatshekelo ya Molaotheo go
ya ka Molaotheo o mošwa.
(b)...
[Karolwana 16(2)(b) e phimotswe ke k. 20(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(3)
(a) Karolo ya ‘Boikuelo’ ya Kgotlatshekelo-kgolo ya Aforika
Borwa e tla nna Kgotlatshekelo-kgolo ya Boikuelo go ya ka
Molaotheo mošwa.
(b)...
[ Karolwana16(3)(b) e phimotswe ke k. 20(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
(4)
(a) Karolo ya Porofense kgotsa ya selegae, ya kgatlatshekelo
kgolo ya Aforika Borwa, kgotsa Kgotlatshekelokgolo ya
Nagalegae kgotsa karolo nngwe ya Kgotlatshekelo eo, e tla
nna Kgotlatshekelokgolo go ya ka Molaotheo o mošwa, ntle le
go fetola tokologotaelo ya tsona, go ikaegilwe ka dikakanyetso
tse di ka tsokaneng di tlhagisiwa ke karolwana(6).
(b) Mang kapa mang yo o dirang kgotsa a tsewa a dira jaaka
Poresidente wa Boatlhodi kgotsa motlatsa-Poresidente kgotsa
moatlhodi wa Kgotlatshekelo e e jalo, go ya ka Molaotheo o
mošwa, go ikaegilwe ka dikakanyetso tse di ka tsokaneng di
tlhagisiwa ke karolwana(6)
Mametlelelo 6
185
(5) Ntle le fa go sa nyalane le diteng kgotsa go fapaane le tsona
gotlhelele, kumako ya molao kgotsa tiragatso e kaya –
(a) kgotlatshekelo Molaotheo go ya ka Molaotheo wa pele, e
tshwanetse go bonwa/go tsewa fa e kaya kgotlatshekelo ya
Molaotheo go ya ka Molaotheo o mošwa;
(b) karolo ya Boikuelo ya Kgotlatshekelokgolo ya Aforika
Borwa, e tshwanetse go tsewa fa e kaya Kgotlatshekelo
kgolo ya Boikuelo; gape karolo ya Porofense kgotsa ya
selegae ya Kgotlatshekelokgolo ya Aforika Borwa, kgotsa
Kgotlatshekelokgolo ya naga legae kgotsa, karolo kakaretso
ya Kgotlatshekelo eo, e tshwanetse go tsewa fa e kaya
Kgotlatshekelokgolo.
(6)
(a) Fela fa morago ga Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong,
dikgotlatshekelo tsotlhe, go akaretswa popego, tlhamo, tiro
ya tsona, maatlataolo a tsona le melao yotlhe e e maleba,
di tshwanetse go akanyediwa/lekanyediwa ka bonako bo
bo kgonegang, go lebilwe thulaganyo ya semolao e e
tshwanelang ditlhokego tsa Molaotheo o mošwa.
(b) Leloko la Kabinete le le lebaneng le tiragatso ya tsa Bosiamisi,
morago ga go rerisana le Komišene ya Ditirelo tsa Boatlhodi,
o tshwanetse go laola dikakanyetso tse di lebeletsweng, go ya
ka temana(a).
(7)
(a) Mongwe le mongwe yo o leng mo tirong , fa Molaotheo wa
Rephaboliki ya Aforika Borwa, Tlhabololo ya Molao 2001, o
tsena mo tirisong, jaaka-
(i) Poresidente ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo, o nna
Moatlhodimogolo jaaka go akanngwa mo karolong
167(1) ya Molaotheo o mošwa, Motlatsa Poresidente
ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo, o nna Motlatsa
Moatlhodimogolo jaaka go akanngwa mo karolong 167(1)
ya Molaotheo o mošwa,
(iii) Moatlhodimogolo, o nna Poresidente ya
Mametlelelo 6
186
Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo jaaka go akanngwa mo
karolong 168(1) ya Molaotheo o mošwa, gape
(iv) Motlatsa Moatlhodimogolo, o nna Motlatsa Poresidente
wa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo jaaka go akanngwa
mo karolong 168(1) ya Molaotheo o mošwa.
(b) Melao yotlhe, melawana kgotsa dikaelo tse di mo tirisong tse
di diriwang ke Poresidente ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo
kgotsa Moatlhodimogolo ka bonako pele Molaotheo wa
Rephaboliki ya Aforika Tlhabololo ya Molao 2001 e tsena
tirisong, e tswelela go tsena tirisong go fitlha e phimolwa
kgotsa e tlhabololwa.
(c) Fa fela e sa tsamaelane le bokao kgotsa e se maleba thata,
kaetso malebana le molao mongwe le mongwe kgotsa
thulaganyo go Moatlhodimogolo kgotsa go Poresidente ya
Kgotlatshekelo ya Molaotheo, e tshwanetse go ranolwa jaaka
kaetso e mabapi le Moatlhodimogolo jaaka go akanngwa mo
karolong 167(1) ya Molaotheo o mošwa.
[Karolwana 16(7) e tlaleleditswe ke k. 20(b) ya Molaotheo Tlhabololo wa Borataro wa Molao wa 2001.]
17 Dikgetse tse di sa welang
Dithulaganyo tsotlhe tse di neng di emisitswe mo kgotlatshekelo pele ga
Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong, di tshwanetse di atlholwa fela
jaaka e kete Molaotheo o mošwa ga o ise o dirisiwe, ntle le fa ditlhokego
tsa bosiamisi di bona go le maleba.
18 Bothati ba Botšhotšhisi
(1) Karolo 108 ya Molaotheo wa pele e tla tswelela go dirisiwa go
fitlhelela fa Molao wa Palamente, o o solofetsweng go ya ka karolo
179 ya Molaotheo o mošwa, o tsena mo tirisong. Le fa go le jalo,
temana e ga e amane ka gope le go tlhongwa ga Mokaedi wa
Bosetšhaba wa Botšhotšhisi ba Botlhe, go ya ka karolo 179.
(2) Mmueledi kakaretso, yo o mo tirong a fa Molaotheo o mošwa o
tsena mo tirisong, o tla tsweletsa tiro ya gagwe, go ya ka molao o
o amanang le yona, a ikaegile ka temana(1).
Mametlelelo 6
187
19 Maikano le tumelo
Motho yo a tswelelang go dira go ya ka Mametlelelo e, mme a kanne
kgotsa a dirile tumelo ya boammaaruri go ya ka Molaotheo wa pele, ga a
patelesege go boeletsa maikano a kgotsa tumelo ya boammaaruri, go ya
ka Molaotheo o mošwa.
20 Ditheo Dingwe tsa Molaotheo
(1) Mo karolong e, “Ditheo tsa Molaotheo” di kaya;
(a) Mosireletsi wa Botlhe;
(b) Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho;
[Tema(b) e tlhabolotswe ke k. 4 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.]
(c) Khomišene ya Tekatekano ya Bong;
(d) Moruni-Kakaretso;
(e) Banka ya Resefe ya Aforika Bowa;
(f) Khomišene ya Ditšhelete le Matlotlo;
(g) Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi; kgotsa
(h) Boto ya Dipuo Tsotlhe ya Aforika Borwa.
(2) Ditheo tsa Molaotheo tse di tlhomilweng go ya ka Molaotheo wa
pele di tla tsweletsa tiro go ya ka molao o maleba, mme mongwe
le mongwe yo o nang le tiro jaaka leloko la, khomišene, boto
ya Banka ya Resefe, Boto ya dipuo tsotlhe ya Aforika Borwa,
Mosireletsi wa botlhe kgotsa Moruni-Kakaretso, fa Molaotheo o
mošwa o tsena taolong, o tla tswelela go nna mo tirong eo, go ya
ka molao o o lebaneng maemo a a jalo, go ikaegilwe ka –
(a) go tlhabololwa gongwe le gongwe kgotsa go phimolwa ga
molao; le
(b) go nyalana le Molaotheo o mošwa.
(3) Dikarolo, 199(1), 200(1),(3) le(5) le (11) go fitlha go 201 le
206, tsa molaotheo wa pele, di tswelela go dirisiwa go fitlha fa di
phimolwa ka Molao wa Palamente o o rebolwang go ya ka karolo
75 ya Molaotheo o mošwa.
(4) Maloko a Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi, e e umakiwang mo
Mametlelelo 6
188
go karolo 105(1)(h) ya Molaotheo wa pele, a felelwa ke boloko jwa
khomišene fa maloko a a umakilweng mo karolong 178(1)(i)
ya Molaotheo o mošwa a tlhomiwa.
(5)
(a) Khansele ya Volkstaat e e tlhamilweng go ya ka Molaotheo
wa pele e tswelela go dira go ya ka molao o maleba, mme
mongwe le mongwe yo o dirang jaaka leloko la Khansele fa
Molaotheo o mošwa o tsena mo tirisong, o tla tswelela ka
maemo a go latela molao o maleba go lebeletswe –
(i) tlhabololo efe kapa efe kgotsa go phimolwa ga molao; le
(ii) go nyalana le Molaotheo o mošwa.
(b) Dikarolo 184A le 184B(1)(a),(b) le(d) tsa Molaotheo wa pele
di tswelela go dirisiwa go fitlhelela fa di phimolwa ka Molao
wa Palamente ya Molaotheo o mošwa go ya ka karolo 75 o o
rebotsweng.
21 Peo ya Melao go ya ka Molaotheo o mošwa
(1) Fa go ya ka Molaotheo o mošwa, go tlhokega go bewa ga molao
wa puso ya bosetšhaba kgotsa ya Porofense, molao o o jalo o
tshwanela go bewa ke bothati bo bo lebaneng ka bonako bo bo
kgonegang, morago ga letlha le Molaotheo o mošwa o tsentsweng
mo tirisong.
(2) Karolo 198(b) ya Molaotheo o mošwa, ga e a tshwanela go tsena
mo tirisong go fitlhelela fa molao o, go ya ka yona o tshwanetseng
go bewa o beilwe.
(3) Karolo 199(3)(a) ya Molaotheo o mošwa ga e a tshwanela go
tsena mo tirisong pele ga dikgwedi tse tharo fa morago ga go
amogelwa ga molao o.
(4) Molao wa bosetšhaba o o lebeletsweng go ya ka karolo 217(3)
ya Moloaotheo o mošwa o tshwanetse go bewa mo nakong ya
dingwaga tse tharo morago ga go tsena mo tirisong ga Molaotheo
o mošwa, fela go se nne teng ga molao o mo nakong e e beilweng
ga go itse tsweletso ya maikemisetso a a umakiwang ke karolo
217(2).
Mametlelelo 6
189
(5) Go fitlhelela Molao wa Palamente o o umakiwang mo karolong
65(2) ya Molaotheo o mošwa o tsenngwa mo tirisong,
Kgotlapeomolao nngwe le nngwe ya porofense e tla swetsa
tsamaiso ya yona ya gore ke bothati bofe jo e bo neelang baemedi
ba bona go neelana ka diboutu boemong jwa bona mo Khanseleng
ya Bosetšhaba ya Diporofense.
(6) Go fitlhelela peomolao e e akanngwang mo karolong 229(1)(b)
ya Molaotheo o mošwa e tsenngwa mo tirisong, mmasepala
o tswelela go kgona go tlhoma makgetho, makgethwana le
makgetho a dithoto, a a neng a ntse a rebotswe go a tlhoma fa
Molaotheo o simolola.
22 Tshwaragano Bosetšhaba le Poelano
(1) Mo godimo ga dikaelo tse dingwe tsa Molaotheo o mošwa le
ntle le go phimolwa ga Molaotheo wa pele, dikaelo tsotlhe tse
di amanang le tebalelo, go ya ka Molaotheo wa pele, tse di
akareditsweng ka setlhogo “Tshwaragano Bosetšhaba le Poelano”,
di tsewa jaaka karolo ya Molaotheo o mošwa. ka maikaelelo
a Dikaelo tsotlhe tsa Molao wa Tsweletso ya Tshwaragano
Bosetšhaba le Poelano, 1995 (Molao 34 wa 1995), o o
tlhabolotsweng, go akarediwa maikaelelo a botlhokwa jwa ona.
(2) Malebana le karolwana(1), letlha ‘6 Sedimonthole 1993’ mo le
tlhagelelang teng mo dikaelong tsa Molaotheo o o fetileng ka
fa tlase ga setlhogo ‘Tshwaragano ya Bosetšhaba le Poelano’, le
tshwanetse go buisiwa e le ‘11 Motsheganong 1994’.
[Karolwana(2) e tlaleleditswe ke k. 3 ya Molaotheo Tlhabololo wa Ntlha wa Molao wa 1997.]
23 Molaotlhomo wa Ditshwanelo
(1) Melao ya bosetšhaba e e solofetsweng go ya ka dikarolo 9(4),
32(2) le 33(3) tsa Molaotheo o mošwa, e tshwanetse go tlhongwa
mo nakong ya dingwaga tse tharo morago ga letsatsi le Molaotheo
o mošwa o tseneng mo tirisong ka lona.
(2) Go fitlhelela melao e e lebeletsweng go ya ka dikarolo 32(2) le
33(3) tsa Molaotheo o mošwa, e bewa –
Mametlelelo 6
190
(a) karolo 32(1) e tshwanetse go buisega jaana:
“(1) Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go fitlhelela
tshedimosetso e e mo diatleng tsa puso kgotsa ditheo
tsa puso, mo lekaleng lefe kapa lefe la puso, fa fela
tshedimosetso e e jalo e batlwa tebang le go kgontsha
tiriso kapa tshireletso ya nngwe ya ditshiamelo.”; le
(b) Dikarolo 33(1)le(2) di tshwanetse go buisega jaana –
“Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya –
(a) kgato ya botsamaisi jo bo ka fa molaong fa nngwe ya
ditshwanelo kana dikgatlego tsa gagwe di amega kgotsa di
tshosediwa;
(b) dikgato tse di rulaganeng tsa tsamaiso e e lolameng fa nngwe
ya ditshiamelo kgotsa ditsholofelo tse di amogelesegang di
amega kana di tshosediwa;
(c) go neelwa mabaka a kwadilwe tebang le tsamaiso e e
amanang le nngwe ya ditshwanelo kana dikgatlhegelo tsa
gagwe, ntle le fa mabaka a tsamaiso e e jalo a itsisitswe
phatlalatsa; le
(d) tsamaiso e e lolameng tebang le mabaka a a jaana a a
neilweng, fa e nngwe ya ditshwanelo e amega kgotsa e
tshosediwa.”.
(3) Dikarolo 32(2) le 33(3) tsa Molaotheo o mošwa, di a fela fa melao
e e lebeletsweng mabapi le tsona e sa tsweletswa mo nakong ya
dingwaga tse tharo fa morago ga go tsena tirisong ga Molaotheo o
mošwa.
24 Tsamaiso-puso le Ditirelo tsa Pabalesego
(1) Dikarolo 82(4)(b), 215, 218(1), 219(1), 224 go isa go 228,
236(1),(2),(3),(6), (7)(b), le(8), 237(1) le(2)(a) le 239(4) le(5) tsa
Molaotheo wa pele, di tswelela go dirisiwa fela go tshwana le fa
Molaotheo o o sa phimolwa, go ikaegilwe ka –
(a) ditlhabololo tsa dikarolo tse di tlhagisitsweng mo go
Tlaleletso D;
Mametlelelo 6
191
Mametlelelo 6
(b) tlhabololo nngwe le nngwe e e ka dirwang kgotsa go
phimolwa ga dikarolo tseo ka Molao wa Palamente o o ka
bewang go ya ka karolo 75 ya Molaotheo o mošwa; le
(c) go dumelelana ga tsona le Molaotheo o mošwa.
(2) Khomišene ya Bodiredipuso le dikhomišene tsa ditirelo tsa
Porofense tse di umakiwang mo kgaolong 13 ya Molaotheo
wa pele, di tswelela go dirisiwa go ya ka kgaolo e, le melao e e
amanang le kgaolo e, jaaka e kete kgaolo e ga e a phimolwa, go
fitlhela Khomišene le dikhomišene tsa diporofense di tlosiwa,
ka Molao wa Palamente o o amogelang, go ya ka karolo 75 ya
Molaotheo o mošwa.
(3) Go phimolwa ga Molaotheo wa pele ga go amane le kgoeletso e
e ka dirwang go ya ka karolo 237(3) ya Molaotheo wa pele mme
dikgoeletso tse dingwe tse di jalo di tla tswelela go dirisiwa, go
ikaegilwe ka –
(a) go tlhabololwa gongwe le gongwe kgotsa go phimolwa; le
(b) go dumelelana le Molaotheo o mošwa.
25 Tlaleletso ya dikiletso/dikganelo mo dikgotlatheomolaong
(1) Mongwe le mongwe mo Rephaboliki yo o neng a goga kotlo ya
go feta dikgwedi tse 12 mo kgolegong ntle le tumelelo ya faene,
fa Molaotheo o mošwa o tsena tirisong, ga a dumelelwa go
nna leloko la Kokoano Bosetšhaba kana ya kgotlatheomolao ya
Porofense.
(2) Go ilediwa ga motho go ya ka temana(1) –
(a) go khutla fa kotlo e ka emisiwa ke go ikuela ka ngongorego
kgatlhanong le katlholo, kgotsa ya khutswafatswa go nna e e
sa lekaneng go mo iletsa; le
(b) go khutla fa morago ga dingwaga tse tlhano a ntse a
atlhotswe.
26 Puso selegae
(1) Go sa kgathologwe dikaelo tsa dikarolo 151, 155, 156 le 157 tsa
Molaotheo o mošwa –
192
(a) dikaelo tsa Molao wa Kgabaganyo wa Pusoselegae, 1993
(Molao 209 wa 1993) jaaka fa o ka tlhabololwa nako le nako
ke peomolao ya bosetšhaba go lepalepana le Molaotheo
o mošwa, di nna mo tirisong malebana le Khansele ya
Mmasepala go fitlha Khansele ya Mmasepala e e tsenang
mo boemong jwa Khansele eo e kaiwa e tlhophilwe ka ntlha
ya ditlhopho tsa kakaretso tsa ntlha tsa Dikhansele tsa
Dimmasepala morago ga tsenyotirisong ya Molaotheo o
mošwa; le
[Karolwana 26(1)(a) e emetswe ke k. 5(a) ya Molaotheo Tlhabololo wa Bobedi wa Molao wa 1998.]
(b) moeteledipele wa setso wa morafe o o laolwang ke thulaganyo
ya molao wa setso, mme a nna mo karolong ya taolo ya
Khansele ya Kgabaganyo ya Pusoselegae, Khansele ya
kgabaganyo ya pusomorafe kgotsa khansele ya kgabaganyo
ya boemedi, tse di umakiwang mo Molaong wa Kgabaganyo
wa Pusoselegae, 1993, mme e bile a supilwe go ya ka karolo
182 ya Molaotheo wa pele, ke mookamedi-wa-kwa-ntle, yo
a tshwanelwang ke go nna leloko la Khansele eo go fitlha
Khansele ya Mmasepala e e tsenang mo boemong jwa
khansele eo e kaiwa e tlhophilwe ka ntlha ya ditlhopho tsa
kakaretso tsa ntlha tsa Dikhansele tsa Bommasepala morago
ga tsenyotirisong ya Molaotheo o mošwa.
[Karolwana(b) e emetswe ke k. 5(a) ya Molao 65 wa 1998.]
(2) Karolo 245(4) ya Molaotheo wa pele e tswelela go dira, go
fitlhelela tiriso ya karolo eo e khutla. Karolo 16(5) le(6) ya Molao
wa Kgabaganyo wa Pusoselegae, 1933, o ka seka wa phimolwa
pele ga di 30 Moranang 2000.
[ karolo(2) e tlhabolotswe ke k. 5(b) ya Molao 65 wa 1998.]
27 Polokego/tshomarelo ya Melao ya Palamente le ya
Diporofense
Dikarolo 82 le 124 tsa Molaotheo o mošwa ga di ame go bolokwa ga melao
ya Palamente le ya Diporofense e e amogetsweng pele ga Molaotheo o
mošwa o tsena mo tirisong.
Mametlelelo 6
193
28 Kwadiso ya dithoto tse di sa suteng tse e leng tsa puso
(1) Fa bothati jo bo nang le bokgoni bo tlhagisa setifikeiti se se reng
thoto e e sa suteng e e leng ya puso e beilwe mo mmusong o o
rileng go ya ka Karolo 239 ya Molaotheo o o fetileng, mokwadisi
wa makwalo a dithoto o tshwanetse go dira dikwadiso kgotsa
ditlanyo, mo rejisetareng e e maleba, setifikeite sa bosupi jwa
dithoto kgotsa lokwalo lengwe go kwadisa thoto e e sa suteng eo
mo leineng la mmuso oo.
(2) Ga go na lekgetho la dithoto, tuelo kgotsa tuediso epe e e
duelwang mabapi le go kwadisa go ya ka sekakarolwana(1).
Mametlelelo 6
194
TLALELETSO A
DITLHABOLOLO GO
MAMETLELELO 2 TSA
MOLAOTHEO WA PELE
1. Kemisetso ya ntlhana 1, ka ntlhana e e latelang:
“1. Makoko a a kwadisitsweng go ya ka peomolao ya bosetšhaba le
go gaisanela ditlhopho tsa Kokoano Bosetšhaba a tla itlhophela
bontlhopheng ba ditlhopho tsa go nna jalo mo manaaneng a
bontlhopheng a a rulagantsweng go ya ka Mametlelelo e, le
peomolao ya bosetšhaba.”.
2. Kemisetso ya ntlhana 2, ka ntlhana e e latelang
“(2) Manno mo Kokoanong ya Bosetšhaba, jaaka go tlhomamisitswe
go ya ka karolo 46 ya Molaotheo o mošwa a tla nna jaana:
(a) Nngwe-peding e nngwe ya manno go tswa mo manaaneng
a dikgaolo a a neilweng ke makoko a a amegang, ka palo e e
tlhomameng ya manno a a beetsweng kgaolo nngwe le nngwe
jaaka go rulagantswe ke Khomišene mo ditlhopong tse di
latelang tsa Kokoano, go tsewa tsia dipalopalo tsa bonetetsi
tse di leng teng ka go abelela batlhophi, le dikemedi ka
makoko a a nang le kgatlhego.
(b) Nngwe-peding e nngwe ya manno go tswa mo manaaneng a
bosetšhaba a a neilweng ke makoko a a amegang, kgotsa go
tswa mo manaaneng a dikgaolo moo manaane a bosetšhaba a
sa newang.”.
3. Kemisetso ya ntlhana 3, ka ntlhana e e latelang:
“(3) Manaane a bontlhopheng a a tlisitsweng ke lekoko a tla nna
le palogotlhe ya maina a a sa feteng palo ya bontlhopheng e e
lekanang le palo ya manno mo Kokoanong Bosetšhaba mme
lenaane lengwe le lengwe le tla supa maina a go nna jalo mo
TLALELETSO A
195
thulaganyong e e tsepameng ya tekanyetsopele jaaka lekoko le ka
tlhomamisa.”.
4 Tlhabololo ya ntlhana 5 ka go emisetsa mafoko a eteletseng
temana(a) ka mafoko a a latelang:
“5. Manno a a umakiwang mo ntlhaneng ya 2(a) a tla abelwa makoko
a a gaisanelang ditlhopho mo kgaolong nngwe le nngwe jaana:”.
5 Tlhabololo ya ntlhana 6 –
(a) ka go emisetsa mafoko a a eteletseng temana(a) ka mafoko a a
latelang:
“6. Manno a a umakiwang mo ntlhaneng 2(b) a tla abelwa
makoko a a gaisanelang ditlhopho, jaana;”; le
(b) Ka go emisetsa temana(a) ka temana e e latelang:
“(a) Khouta ya diboutu ka bonno e tla tlhomamisiwa ka go
arola palogotlhe ya diboutu tse di dirilweng bosetšhaba
ka palo ya manno mo Kokoanong bosetšhaba, e tlhakana
le nngwe, le dipholo di tlhakanngwa le nngwe, go
tlhokomologiwa dipalophatlo, e tla nna khouta ya diboutu
ka bonno.”.
6 Tlhabololo ya ntlhana 7(3) ka go emisetsa temana(b) ka
temana e e latelang:
“(b) Khouta e e tlhabolotsweng ya diboutu ka bonno e tla
tlhomamisiwa ka go aroganya palogotlhe ya diboutu tseo di
dirilweng bosetšhaba, go ntshiwa palo ya diboutu e e dirilweng
bosetšhaba go tshegetsa lekoko leo le kailweng mo temeng(a)
ka palo ya manno mo Kokoanong e tlhakanngwa le nngwe, go
ntshiwa palo ya manno a kwa bofelong a abetsweng lekoko le le
kailweng go ya ka temana(a).”.
7 Kemisetso ya ntlhana 10 ka ntlhana e e latelang:
“10. Palo ya manno mo peomolao ya porofense e tla tlhomamisiwa go
ya ka karolo 105 ya Molaotheo o mošwa.”.
TLALELETSO A
196
8 Kemisetso ya ntlhana 11 ka ntlhana e e latelang:
“11. Makoko a a kwadisitswng go ya ka peomolao ya porofense, a tla
tlhopha, bontlhopheng go emela ditlhopho tsa peomolao ya
porofense go tswa mo manaaneng a porofense a a rulagantsweng
go ya ka Mametlelelo e le peomolao ya bosetšhaba.”.
9 Kemisetso ya ntlhana 16 ka ntlhana e e latelang:
‘16 Tlhomo ya baemedi
(1) Morago ga fa palo ya diboutu e se na go wetswa, palo ya baemedi
ba lekoko lengwe le lengwe e tlhomamisitswe le ditlhopho di
kannwe ke khomišene gore di tsamaisitswe ka phuthologo le
boammaruri kgotsa tlhomamiso e dirilwe ke khomišene go ya
ka karolo 190 ya Molaotheo o mošwa, khomišene e tla re mo
malatsing a mabedi morago ga kano kgotsa tlhomamiso ya
kemiso go tswa lenaaneng lengwe le lengwe la bontlhopheng, e
phasalatse go ya ka peomolao ya bosetšhaba, baemedi ba lekoko
lengwe le lengwe mo Kgotlatheomolaong.
(2) Mo tatelong ya tlhomo go ya ka karolo(1) fa leina la ntlhopheng
le tlhagelela mo manaaneng a a fetang bongwe a Kokoano
Bosetšhaba kgotsa mo manaaneng a Kokoano Bosetšhaba le a
peomolao ya porofense (fa ditlhopho tsa Kokoano le tsa peomolao
ya porofense di tshwarwa ka nako e le nngwe) mme ntlhopheng
wa go nna jalo a tshwanelwa ke go nna moemedi mo lebakeng le
le fetang bongwe, lekoko le le tlisitseng manaane a go nna jalo
le tla re mo malatsing a mabedi morago ga kano ya go nna jalo
kgotsa tlhomamiso le go kaela Khomišene go tswa mo lenaaneng
gore ntlhopheng wa go nna jalo o tla abelwa kemo kgotsa o tla
dira mo peomolao efe, jaaka go ka nna, mme leina la ntlhopheng
o le tla phimolwa mo manaaneng a mangwe.
(3) Khomišene e tla re kwa ntle ga tiego ya phasalatsa lenaane
la maina a baemedi mo kgotlapeomolaong kgotsa mo
dipalamenteng.”.
TLALELETSO A
197
TLALELETSO A
10. Tlhabololo ya ntlhana 18 ka go emisetsa temana(b) ka temana
e e latelang:
“(b) Moemedi o supiwa jaaka moemedi wa leruri mo Khanseleng ya
Bosetšhaba ya Diporofense;”.
11 Kemisetso ya ntlhana 19 ka ntlhana e e latelang:
“19. Manaane a bontlhopheng a lekoko a a kailweng mo ntlhana 16(1)
a ka tlaleletswa mo motlheng mongwe fela mo nakong nngwe le
nngwe mo dikgweding tsa ntlha tse 12 tse di latelang letlha leo go
tlhomilweng baemedi go ya ka ntlhana 16 le weditswe go tlatsa
diphatlhatiro tsa nakwana; Fa fela tlaleletso ya go nna jalo e dirwa
kwa bokhutlong jwa lenaane.”.
12 Kemisetso ya ntlhana 23 ka ntlhana e e latelang:
“23 Diphatlhatiro
(1) Fa go na le phatlhatiro mo peomolaong e Mametlelelo e, e kayang,
lekoko le le tlhophileng leloko le le tlogelang phatlhatiro, le tla
tlatsa phatlhatiro ka go tlhopha motho–
(a) yo leina la gagwe le tlhagelelang mo lenaaneng la
bontlhopheng leo leloko le le tlogelang tiro le neng le
tlhophilwe go tswa mo go lona; le
(b) yo e leng ene a latelang, a nonofile e bile e le motho yo a leng
teng mo lenaaneng.
(2) Tlhagiso ya go tlatsa phatlhatiro e tla isiwa kwa go Mmusakgotla e
kwadilwe.
(3) Fa lekoko le le emetsweng mo peomolaong le tlhatlhamologa
kgotsa le emisa go nna teng mme le maloko a lona a tlogela
manno go ya ka karolo 23A(1)Manno a a amegang a tla abelwa
makoko a a setseng ka tekatekano ya boemedi, jaaka e kete manno
ao ke a a tlogetsweng go ya ka temana 7 kgotsa 14, go laola gore
ke lebaka lefe.”.
198
13 Go tsenngwa ga ntlhana e e latelang morago ga ntlhana 23:
“Mabaka a tlaleletso a go latlhegelwa ke botokololo jwa
dikgotlapeomolao”
23A(1) Motho o latlhegelwa ke botokololo ba peomolao eo Mametlelelo
e e dirang mo go yona, fa motho yoo a emisa go nna leloko la
lekoko leo le mo tlhophileng jaaka leloko la peomolao.
(2) Lekoko lengwe le lengwe la Sepolotiki le ka fetola leina la lona mo
nakong nngwe le nngwe le sa thibelelwe ke ntlhana(1).
(3) Molao wa Palamente, mo nakong e e isegang ya go tsenngwa
tirisong ga Molaotheo o mošwa o ka fetisiwa go ya ka karolo
76(1) go tlhabolola ntlhana e le 23 go neela mokgwa o ka ona
go kgonagalang gore leloko la peomolao leo le latlhegelwang ke
botokololo jwa lekoko le le mo tlhophileng, le tswelele go tshola
botokololo jwa peomolao ya go nna jalo.
(4) Molao wa Palamente o o kailweng mo ntlhana(3) o ka neela –
(a) lekoko lengwe le lengwe le le leng teng go kopana le lekoko le
lengwe; kgotsa
(b) lekoko lengwe le lengwe go kgaogana mo makokong a a
fetang bongwe.”.
14 Tlogelo/phimolo ya ntlhana 24
15 Tlhabololo ya ntlhana 25 –
(a) ka go emisetsa tlhaloso ya “Khomišene” ka tlhaloso e e
latelang: “Khomišene e raya/kaya Khomišene ya Ditlhopho e e
kailweng mo karolong 190 ya Molaotheo o mošwa;”; le
(b) Go tsenya tlhaloso e e latelang morago ga tlhaloso ya
“lenaane la bosetšhaba “Molaotheo o mošwa’ o raya
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa 1996;”.
16 Tlogelo ya ntlhana 26.
TLALELETSO A
199
TLALELETSO B
PUSO-TSHWARAGANELO YA
BOTSETŠHABA: LEKALA
LA BOSETŠHABA
1 Karolo 84 ya Molaotheo o mošwa e tshwanelwa ke go nna le
dikarolwana tse dingwe tse di latelang:
“(3) Poresidente o tshwanetse go rerisana le Batlatsaporesidente ba
khuduthamaga:
(a) mo tsweletsong le tiragatsong ya maikemisetso a puso ya
bosetšhaba;
(b) mo mabakeng otlhe a a amang tsamaiso ya Kabinete le
tiragatso ya ditiro tsa Kabinete;
(c) mo neelong ya ditiro go Botlatsaporesidente ba
Khuduthamaga;
(d) pele a ka dira thapo epe ka fa tlase ga Molaotheo kgotsa
molao mongwele mongwe, go akarediwa thapo ya
baambasatara kgotsa baemedi ba bodipolomate;
(e) pele a tlhopha Khomišene ya dipatlisiso;
(f) pele a bitsa referantamo;
(g) pele a itshwarela kgotsa a emisa kotlhao kgatlhanong le
basenyi.”.
2 Karolo 89 ya Molaotheo o mošwa e tshwanelwa ke go nna le
dikarolwana tsa tlaleletso tse di latelang:
“(3) Dikarolwana(1) le(2) di akaretsa le Motlatsa-Poresidente wa
Khuduthamaga.”.
TLALELETSO B
200
3 Temana(a) ya karolo 90(1) ya Molaotheo o mošwa e
tshwanelwa ke go buisega jaana:
“(a) Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga yo a beilweng ke
Poresidente;”.
4 Karolo 91 ya Molaotheo o mošwa e tshwanelwa ke go
buisega jaana;
91 “Kabinete
(1) Kabinete e bopiwa ke Poresidente, Batlatsa-Poresidente ba
Khuduthamaga le –
(a) Ditona tse di sa feteng 27 mme e le maloko a Kokoano
Bosetšhaba a a tlhophilweng go ya ka karolwana(8) go fitlha
(12);le
(b) Tona e le nngwe, yo e seng leloko la Kokoano Bosetšhaba
mme le thapilwe go ya ka karolwana (13) fa fela Poresidente
ka tirisano le Batlatsa-Poresidente ba Khuduthamaga le
baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo, ba bona tlhokego
ya thapo ya Tona ya go nna jalo.
(2) Lekoko lengwe le lengwe le le nang le manno bonnye a le 80 mo
Kokoanong Bosetšhaba le na le tumelelo go supa Motlatsa-
Poresidente wa khuduthamaga mo gare ga ditokololo tsa
Kokoano.
(3) Fa go se lekoko kgotsa lekoko le le lengwe fela le na le manno a le
80 kgotsa go feta, mo Kokoanong, lekoko leo le nnang le manno
a mantsi go gaisa le lekoko le le nang le palo e e kwa godimo ya
manno le lekoko leo le le latelang ka palo ya manno a tshwanelwa
ka bongwe go tlhopha Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga
mo ditokololong tsa Kokoano.
(4) Fa Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga a se na go tlhotšhwa,
a ka tlhopha go nna kgotsa go digela go nna leloko la Kokoano.
(5) Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga, a ka diragatsa dithata le
go dira ditiro tseo di neetsweng kantoro ya Motlatsa-Poresidente
wa Khuduthamaga ke Molaotheo kgotsa Poresidente.
(6) Motlatsa-Poresidente wa khuduthamaga o dira tiro –
TLALELETSO B
201
(a) go fitlha 30 Moranang 1999 ntle le fa a ka refoswa kgotsa a
biletswa morago ke lekoko le le tshwanelwang go dira tlhopho
mo ditaelong tsa karolwana (2)le(3); kgotsa
(b) go fitlha motho yo a tlhophilweng Poresidente morago ga
ditlhopho dingwe le dingwe tsa Kokoano Bosetšhaba tse di
tshwarwang pele ga 30 Moranang 1999, a tsaya tiro.
(7) Phatlhatiro mo kantorong ya Motlatsa-Poresidente wa
Khuduthamaga e ka tlatswa ke lekoko le le tlhopileng Motlatsa-
Poresidente yoo.
(8) Lekoko leo le nang le bonnye jwa manno a a 20 mo Kokoanong
ya Bosetšhaba e bile le tsere tshwetso ya go tsaya karolo mo
pusong ya bosetšhaba ya tshwaraganelo, le tshwanelwa ke go
neelwa lefapha la Kabinete le le lengwe kgotsa go feta go ya moo
Ditona mo karolwaneng(1)(a) di tshwanelwang ke go thapiwa
go lekalekana le palo ya manno a e a tshotseng mo Kokoanong
Bosetšhaba, a tsamaelana le palo ya manno a a tshotsweng ke
makoko a mangwe a a tsayang karolo.
(9) Mafapha a Kabinete a tshwanelwa ke go abelwa makoko a a
tsayang karolo go ya ka sekaelo se se latelang:
(a) Khouta ya manno go ya ka lefapha e tshwanetse go laolwa ka
go aroganya palogotlhe ya manno mo Kokoanong Bosetšhaba
e e tshotsweng ka go kopanelwa ke makoko a a tsayang karolo
ka palo ya mafapha go ya ka moo ditona tseo di kaiwang mo
karolwaneng(1)(a)di tshwanetseng tsa tlhotšhwa.
(b) Dipholo, tse di sa tseyeng tsia tesimale ya boraro le tse di
latelang, fa di le teng, ke khouta ya manno go ya ka lefapha.
(c) Palo ya mafapha a a neelwang lekoko leo le tsayang karolo e
tlhomamiswa ka go arola palogotlhe ya manno a a tshotsweng
ke lekoko leo mo Kokoanong Bosetšhaba ka khoutha e e
kailweng mo temaneng(b).
(d) Dipholo, go ya ka temana(e),di kaya palo ya mafapha a a tla
abelwang lekoko leo.
(e) Fa tiriso ya kaelo e e naya phetiso eo e sa tseweng ke palo
ya mafapha a a abetsweng lekoko, phetiso e gaisana le
TLALELETSO B
202
diphetiso tse dingwe tse di tshwanang tse di kokoantsweng
go lekoko lengwe kgotsa makoko mangwe, mme lefapha
lengwe le lengwe kgotsa mafapha mangwe le mangwe a a
salang a sa abiwa a tshwanetse go abelwa lekoko kgotsa
makoko a a amegang ka tatelano ya dipalo tsa lefitiso le le
kwa godimodimo.
(10) Morago ga therisano le Batlatsaporesidente ba Khuduthamaga
le baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo, Poresidente o
tshwanetse go –
(a) tlhomamisa mafapha a a totobetseng go abelwa makoko a a
farologaneng, a tsaya karolo go ya ka palo ya mafapha a a,
aneetsweng go ya ka karolwana (9);
(b) thapa go ya ka lefapha, leloko la peomolao ya Porofense yo
e leng leloko la lekoko leo lefapha leo le le abetsweng ka fa
tlase ga temana(a), jaaka leloko la lekgotla la Khuduthamaga
leo le nang le maikarabelo mo lefapheng leo;
(c) ka fetola tlhomamiso nngwe le nngwe go ya ka temana(a)
tlase ga karolwana(3); fa go tlhokega ka maikaelelo a
Molaotheo, kgotsa mo kgatlhegong ya puso e e lolameng, go
fetola tlhomamiso nngwe le nngwe mo temaneng(a) go ya ka
karolwana (9);
(d) khutlisa thapo nngwe le nngwe ka fa tlase ga temana(b) –
(i) Fa Poresidente a kopiwa go dira jalo ke moeteledipele
wa lekoko leo leloko la Lekgotla la Khuduthamaga le
amegang e leng leloko la lona; kgotsa
(ii) Fa go tlhokega mo mabakeng a Molaotheo kgotsa mo
kgatlhegong ya Puso e e lolameng; kgotsa
(e) go tlatsa, fa go tlhokega, ka taolo ya tema(b), phatlhatiro mo
ofising ya Tona.
(11) Karolwana (10) e tshwanetse go diragatswa ka mowa o o
akarediwang mo kakanyong ya puso ya tshwaraganelo ya
bosetšhaba, mme Poresidente le ba ba amegang ba tshwanetse
ba batla go fitlhelela ditumelelano ka nako tsotlhe mo tirisong ya
karolwana eo: ntle le fa ditumelelano di sa fitlhelelwe mo –
TLALELETSO B
203
(a) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng(a),(c) kgotsa(d)(ii)
ya karolwana eo, tshwetso ya Poresidente e a dira;
(b) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng(b),(d)(i) kgotsa(e)
ya karolwana eo, e ama motho o e seng leloko la lekoko la
Poresidente, tshwetso ya moeteledipele wa lekoko leo motho
yoo e leng leloko la lona e a dira; le
(c) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng(b) kgotsa(e) ya
karolwana eo e amang motho yo e leng leloko la lekoko la
Poresidente, tshwetso ya Poresidente e a dira.
(12) Fa tlhomamiso nngwe ya dikabo tsa mafapha e fetolwa mo
karolwaneng (10)(c) Ditona tse di amegang di tshwanetse go
tlogela mafapha a bona, mme ba na le go ka thapiwa gape mo
mafapheng a mangwe a a abetsweng makoko a a farologaneng a
bona go ya ka tlhomamiso e e fetotsweng.
(13) Poresidente –
(a) ka therisano le Batlatsa-Poresidente ba Khuduthamaga le
baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo o tshwanetse –
(i) go tlhoma lefapha le le rileng la Tona e e kailweng mo
karolwaneng(1)(b) fa go ka tlhokega;
(ii) go thapa go ya ka lefapha leo, motho yo e seng leloko
la Kokoano ya Bosetšhaba, jaaka Tona e e nang le
maikarabelo a lefapha leo; le
(iii) go tlatsa, fa go tlhokega, phatlhatiro go ya ka lefapha leo;
kgotsa
(b) morago ga therisano le Batlatsa-Poresidente ba
Khuduthamaga le baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo,
o tshwanetse go fedisa thapo nngwe le nngwe go ya ka
temana(a) fa go ka nna botlhokwa mo mabakeng a Molaotheo
kgotsa mo kgatlhegong ya puso e e siameng.
(14) Dikopano tsa kabinete di tshwanetse tsa tshwarwa marapo ke
Poresidente, kgotsa ke Motlatsa-Poresidente wa Khuduthamaga
fa Poresidente a laela jalo. Fa fela Batlatsa-Poresidente ba
Khuduthamaga ba tshwara marapo mo dikopanong tsa Kabinete
ka go refosana ntle le fa go na le ditlhokego tsa potlako tsa puso
le fa mowa wa kopano ya bosetšhaba o tlhoka jalo.
TLALELETSO B
204
(15) Kabinete e tshwanelwa ke go dira ka mokgwa o o tla nayang
tshiamisetso go mowa wa tirisano mmogo o akarediwang mo
pusong ya tshwaraganelo ya bosetšhaba le fela jaaka tlhokego ya
puso e e nang le bokgoni.”.
5 Karolo 93 ya Molaotheo o mošwa e tshwanetse go buisega
jaana:
“93 Thapo ya Batlatsa-Poresidente
(1) Poresidente a ka tlhoma diphatlha tsa Batlatsa-Poresidente
morago ga therisano le Batlatsa-Poresidente ba Khuduthamaga le
baeteledipele ba makoko a tsayang karolo mo Kabineteng.
(2) Lekoko le na le tshiamelo ya go abelwa phatlha ya Motlatsa-
Poresidente e le nngwe kgotsa go feta go ya ka tekanyo e mafapha
a Kabinete a abiwang ka yona.
(3) Dikaelo tsa karolo 90 (10) go fitlha (12) di a dira, ka diphetogo tse
di tlhokegang mo Batlatsatoneng, mme mo tiragatsong ya go nna
jalo kumako mo karolong eo go Tona kgotsa lefapha e tshwanelwa
ke go buisiwa jaaka kaelo go Motlatsa-Poresidente kgotsa phatla
ya Botlatsa-Poresidente ka go tshwana.
(4) Fa motho a thapiwa jaaka Motlatsa-Poresidente wa lefapha lengwe
le lengwe leo le leng ka fa tlase ga tlhokomelo ya Tona –
(a) Motlatsa-Poresidente yoo, o tshwanetse go diragatsa le
go dira mo boemong ba Tona e e maleba dithata dingwe le
dingwe le ditiro tse di neetsweng Tona eo go ya ka peomolao
nngwe le nngwe kgotsa ka ditaelo tsa Poresidente tseo di
neetsweng Motlatsatona yoo ke Tona eo; le
(b) go umakiwa gongwe le gongwe mo peomolaong nngwe le
nngwe ga Tona eo, go tshwanelwa go tlhaloganyega jaaka go
akaretsa go umakiwa ga Motlatsa Tona yo o diragatsang ditiro
tse di mo ditaelo temana(a) ke Tona yo Motlatsa- Poresidente
yoo a dirang boemong jwa gagwe.
(5) Fa Motlatsa-Poresidente a se teng kgotsa ka mabaka a a rileng
a sa kgone go diragatsa nngwe ya dithata kgotsa ditiro tsa ofisi
ya gagwe, Poresidente a ka thapa Motlatsa-Poresidente mongwe
TLALELETSO B
205
kgotsa motho mongwe go dira mo maemong a Motlatsa-
Poresidente o o kaiwang, e ka nna go dira ka kakaretso kgotsa go
dira thata kgotsa tiro nngwe e kgethegileng.”.
6 Karolo 96 ya Molaotheo o mošwa e tshwanetse go nna le
dikarolwana koketso tse di latelang:
“(3) Ditona di ikarabela ka bongwe go Poresidente le mo Kokoanong
Bosetšhaba mo tsamaisong ya mafapha a bona, mme maloko
otlhe a Kabinete a na le maikarabelo a a kopanetsweng mo
tiragatsong ya ditiro tsa puso ya bosetšhaba le maikemisetso a
yona.
(4) Ditona di tshwanetse go tsamaisa mafapha a bona go ya ka
maikemisetso a a tlhomamisitsweng ke Kabinete.
(5) Fa Tona e palelwa ke go tsamaisa lefapha go ya ka maikemisetso
a a tlhomamisitsweng ke Kabinete, Poresidente a ka batla gore
Tona e e amegang, e naakanye tsamaiso ya lefapha go ya ka
maikemisetso a.
(6) Fa tona e e amegang e palelwa go inaakanya le se se batlwang ke
Poresidente mo tlase ga karolwana(5), Poresidente a ka tlosa Tona
mo ofising –
(a) fa e le Tona, e e umakiwang mo karolong 91(1)(a), morago ga
therisano le Tona gape, fa Tona e se tokololo ya lekoko la ga
Poresidente kgotsa e se moeteledipele wa lekoko le le tsayang
karolo, le gona morago ga therisano le moeteledipele wa
lekoko la Tona eo; kgotsa
(b) fa e le Tona e e umakiwang mo karolong 91(1)(b), morago
ga therisano le Batlatsa Poresidente ba Khuduthamaga le
baeteledipele ba makoko a a tsayang karolo.”.
TLALELETSO B
206
TLALELETSO C
PUSO TSHWARAGANELO YA
BOSETŠHABA:
LEKALA LA POROFENSE
1 Karolo 132 ya Molaotheo o mošwa e tshwanetse go buisega
jaana:
“132 Dikhansele tsa Khuduthamaga
(1) Dikhuduthamaga tsa Porofense di bopiwa ke Tonakgolo, le maloko
a a sa feteng 10, a a supilweng ke Tonakgolo go ya ka karolwana
e.
(2) Lekoko leo le nang le maloko a a ka nnang diperesente tse 10
tsa manno mo peomolaong ya Porofense le tsere tshwetso
ya go tsaya karolo mo pusong ya bosetšhaba ya kopanelo, le
tshwanelwa go abelwa lefapha le le lengwe kgotsa go feta mo
Khanseleng ya Khuduthamaga go lekana le palo ya manno a le a
tshotseng mo lekgotlapeomolao go lekanalekana le palo ya manno
a a tshotsweng ke makoko a mangwe a a tsayang karolo.
(3) Mafapha a Lekgotla la Khuduthamaga a tshwanelwa ke go abelwa
makoko a a farologaneng a a tsayang karolo go ya ka kaelo e e
neetsweng mo karolong 91 (9) le mo go diragatseng kaelo eo,
kumako mo karolong eo go –
(a) kabinete, e tshwanetse go tsewa jaaka go umakiwa Kgotla
Khuduthamaga;
(b) tona, e tshwanetse go tsewa jaaka go umakiwa tokololo ya
Kgotla Khuduthamaga; le
(c) Kokoano Bosetšhaba e tshwanela go tsewa jaaka
kgotlapeomolao ya porofense.
(4) Tonakgolo ya Porofense morago ga ditherisano le baeteledipele ba
makoko a a tsayang karolo o tshwanela –
TLALELETSO C
207
TLALELETSO C
(a) go tlhomamisa mafapha a a tsepameng go abelwa makoko a
farologaneng a a tsayang karolo go ya ka palo ya mafapha a a
abetsweng go ya ka karolwana
(3);
(b) go thapa go ya ka lefapha lengwe le lengwe, tokololo ya
Kgotlapeomolao ya porofense, yo e leng tokololo ya lekoko
leo lefapha leo le le abetsweng go ya ka temana(a) jaaka
tokololo ya Lekgotla Khuduthamaga e e rweleng maikarabelo
a lefapha leo;
(c) fa go ka tlhokega mo mabakeng a Molaotheo, kgotsa mo
kgatlhegong ya puso e e siameng a ka fetola dikaelo dingwe le
dingwe tse di mo go temana(a)go ya ka karolwana(3);
(d) a khutlisa thapo nngwe le nngwe e e mo temaneng(b) –
(i) fa Tonakgolo a kopiwa go dira jalo ke moeteledipele wa
lekoko leo tokololo ya Kgotla Khuduthamaga ya go nna
jalo e leng leloko; kgotsa
(ii) fa go tlhokega mo mabakeng a Molaotheo kgotsa mo
dikgatlhegong tsa puso e e siameng; kgotsa
(e) a tlatse, fa go tlhokega, go ya ka temana(b), phatlhatiro mo
kantorong ya tokololo ya kgotla Khuduthamaga.
(5) Karolwana(4) e tshwanetse go diragatswa ka mowa o o tshotsweng
mo kakanyong ya puso ya tshwaraganelo ya bosetšhaba, mme
Tonakgolo le ba ba amegang ba tshwanetse ba batla go fitlhelela
ditumelelano ka nako tsotlhe mo tiragatsong ya karolwana eo: Ntle
fa ditumelelano di sa fitlhelelwe mo: –
(a) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng(a),(c) kgotsa(d)(ii)
ya karolwana eo, tshwetso ya Tonakgolo ke yona e dirang;
(b) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng(b),(d)(i) kgotsa(e)
ya karolwana eo, e ama motho o e seng leloko la lekoko la
Tonakgolo, tshwetso ya moeteledipele wa lekoko leo motho
yoo e leng leloko la yona e a dira; le
(c) tirisong ya thata e e kaiwang mo temaneng(b) kgotsa(e) ya
karolwana eo a amang motho yo e leng leloko la lekoko la
Tonakgolo, tshwetso ya Tonakgolo e a dira.
208
(6) Fa kaelo nngwe le nngwe ya kabelo ya mafapha e fetolwa mo
karolwaneng(4)(c), ditokololo tse di amegang di tshwanetse go
tlogela mafapha a bona mme ba na le go ka thaphiwa, fa go le
maleba, gape mo mafapheng a mangwe a a abetsweng makoko a
farologaneng a bona go ya ka mabaka a dikabo ka go farologana.
(7) Dipitso tsa Kgotla Khuduthamaga di tshwanetse go okangwa ke
Tonakgolo ya Porofense.
(8) KgotlaKhuduthamaga e tshwanelwa ke go dira ka mokgwa o o tla
nayang tshiamisetso go mowa wa tirisanommogo o akarediwang
mo pusong ya tshwaraganelo ya bosetšhaba le fela jaaka tlhokego
ya puso e e nang le bokgoni.”.
2 Karolo 136 ya Molaotheo o mošwa e tshwanetse go nna le
dikarolwana tsa tlaleletso tse di latelang:
“(3) Ditokololo tsa Makgotla Khuduthamaga di na le maikarabelo
ka bongwe ka bongwe go Tonakgolo le go kgotlapeomolao ka
tsamaiso ya mafapha a bona, mme ditokololo tsotlhe tsa Kgotla
Khuduthamaga ka tsamaelano ba na le maikarabelo ka bojotlhe ka
tiragatso ya ditiro tsa puso ya porofense le maikemisetso a yona.
(4) Ditokololo tsa Makgotla Khuduthamaga di tshwanetse go tsamaisa
mafapha a bona go ya ka maikaelelo a a tlhomamisitsweng ke
Kgotla Khuduthamaga.
(5) Fa tokololo ya Khuduthamaga e palelwa ke go tsamaisa lefapha go
ya ka maikaelelo a Khuduthamaga, Tonakgolo a ka lopa tokololo
e e amegang go lere tsamaiso ya lefapha mo tsamaelanong le
maikaelelo a.
(6) Fa tokololo e e amegang e palelwa ke go inaakanya le ditlhokego
tsa Tonakgolo mo karolwaneng(5), Tonakgolo a ka tlosa tokololo
eo mo tirong morago ga go rerisana le yona, le fa tokololo e
se tokololo ya lekoko la Tonakgolo kgotsa e se moeteledipele
wa lekoko le le tsayang karolo, le morago ga go rerisana le
moeteledipele wa lekoko la tokololo eo.”.
TLALELETSO C
209
TLALELETSO D
TSAMAISOPUSO LE DITIRELO TSA
PABALESEGO: DITLHABOLOLO GO
DIKAROLO TSA MOLAOTHEO WA PELE
1 Tlhabololo ya karolo 218 ya Molaotheo wa pele –
(a) ka go emisetsa mo go karolo(1) mantswe a fa pele ga temana(a)
ka mantswe a a latelang:
“(1) ka taolo ya ditaelo tsa Tona ya Polokego le Pabalesego,
Komišenara wa Bosetšhaba o tla rwala maikarabelo a –”;
(b) ka go emisetsa temana(b) ya karolwana(1) ka temana e e latelang:
“(b) go thapiwa ga boKomišenara ba Diporofense;”.
(c) ka go emisetsa temana(d) ya karolwana(1) ka temana e e latelang:
“(d) tlhotlhomiso le thibelo ya bosenyi bo bo rulagantsweng
kgotsa bosenyi jo bo tlhokang tlhotlhomiso le thibelo ya
bosetšhaba kgotsa bokgoni jo bo kgethegileng;”; le
(d) ka go emisetsa temana (K) ya karolwana(1) ka temana e e latelang:
“(k) go tlhomiwa le go tsweletsa ga karolwana ya sepodisi
ya bosetšhaba ya tolamo mo bathong, e e tshwanetseng
go dira ka thotloetso le ka kopo ya Komišenara wa
Porofense;”.
2 Tlhabololo ya karolo 219 ya Molaotheo wa pele ka go
emisetsa mo karolwaneng(1) mantswe a a fa pele ga tema(a)
ka mantswe a a latelang:
“(1) ka taolo ya karolo 218(1), Komišenara wa Porofense o tla rwala
maikarabelo a go –”.
TLALELETSO D
210
3 Tlhabololo ya karolo 224 ya Molaotheo wa pele ka go
emisetsa peelo go karolwana(2) ka peelo e e latelang:
“Fa fela karolwana e le yona e tla dira go ditokololo tsa letsholo lengwe le
lengwe le le tlhametseng le le tlhagisitseng lenaneo la batlhankedi ba lona
morago ga tshimologo ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
1993 (Molao 200 wa 1993), mme pele ga kamogelo ya molao o mošwa o
o kwadilweng jaaka go bonetswe pele mo karolong 73 ya Molaotheo oo,
fa lekoko la sepolotiki le mo tlase ga bothati le taolo ya lona le emeng
kgotsa le golaganngwang le lona, e bile le tsweletsang maikaelelo a lona e
bile e tsere karolo mo Khanseleng ya Kokoano Bosetšhaba le Makgotla a
Peomolao a Diporofense mo tlase ga Molaotheo o o umakiwang.”.
4 Tlhabololo ya karolo 227 ya Molaotheo wa pele ka go
emisetsa karolwana(2) ka karolwana e e latelang:
“(2) Letsholo la Bosetšhaba la Tshireletso le tla diragatsa dithata tsa
lona le go dira ditiro tsa lona fela mo kgatlhegong ya bosetšhaba
ka ditaelo tsa Kgaolo 11 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Borwa,
1996.”.
5 Tlhabololo ya karolo 236 ya Molaotheo wa pele –
(a) ka go emisetsa karolwana(1) ka karolwana e e latelang:
“(1) Botlhankedi ba puso, lefapha la puso, tsamaiso kgotsa
tirelo ya pabalesego pele fela ga tshimologo ya Molaotheo
wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1996 (fa morago ga fa o
kaiwang jaaka Molaotheo o mošwa”), e dirileng ditiro tsa
puso, e tswelelang go dira mo ditaelong tsa peomolao e e
dirang mo go yona go fitlha e fedisiwa kgotsa e tsenngwa
kgotsa e kopanngwa mo setheong sengwe le sengwe se se
maleba kgotsa e lekanyeditswe kgotsa e kopantswe le setheo
sengwe le sengwe.”;
(b) ka go emisetsa karolwana(6) ka karolwana e e latelang:
“(6)(a) Poresidente a ka tlhoma Khomišene go sekaseka
bokhutlo kgotsa tlhabololo ya konteraka, go thapiwa
kgotsa go tlhatlosiwa, kgotsa go abelwa lebaka la tiro
TLALELETSO D
211
kgotsa maemo a go dira poelo nngwe, e e tlhageletseng
fa gare ga 27 Moranang 1993 le 30 Phatwe 1994 tebang
le motho mongwe le mongwe o a umakiwang mo
karolwaneng(2) kgotsa setlhopha sa batho ba ba ntseng
jalo.
(b) Khomišene e ka busetsa morago kgotsa ya fetola
konteraka, go thapiwa, go tlhatlosiwa kgotsa kabelo fa
go sa siama kgotsa go sa supe tolamo mo mabakeng a
morero.”; le
(c) ka go emisetsa “Molaotheo o”, gongwe le gongwe fa
se se tlhagelelang mo karololng 236, ka “Molaotheo o
mošwa”.
6 Tlhabololo ya karolo 237 ya Molaotheo wa pele –
(a) ka go emisetsa tema(a) ya karolwana(1) ka temana e e latelang:
“(a) Tekanyetso mo ditheong tse di umakilweng mo karolong
236(1), go sa akarediwe matsholo a ntwa a a umakiwang mo
karolong 224(2), e tla re morago ga tshimologo ya Molaotheo
wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1996, di tswelele ka
maikaelelo a go tlhoma –
(i) tsamaiso e e nang le bokgoni mo makaleng a bosetšhaba
a puso go dira ka merero e e mo taolong ya molao wa
makala a bosetšhaba; le
(ii) tsamaiso e e nang le bokgoni mo porofenseng nngwe le
nngwe go dira ka merero e e mo taolong ya molao wa
puso nngwe le nngwe ya porofense.”; le
(b) ka go emisetsa temana(i) ya karolwana(2)(a) ka temana e e
latelang:
“(i) ditheo tse di umakiwang mo karolong 236(1), ntle le
matsholo a ntwa, di tla nna di le mo taolong ya puso
ya bosetšhaba, e e tla nnang le maikarabelo a a jalo ka
tirisano le mebuso ya diporofense;”.
TLALELETSO D
212
TLALELETSO D
7 Tlhabololo ya karolo 239 ya Molaotheo wa pele ka go
emisetsa karolwana(4) ka karolwana e e latelang:
“(4) Ka taolo ya le go ya ka molao mongwe le mongwe o o maleba,
dithoto, ditshwanelo, ditiro le disuga tsa matsholo otlhe a
a umakiwang mo karolong 224(2) di rwalwa ke Letsholo
la Tshireletso la Bosetšhaba go ya ka ditaelo tsa Tona ya
Tshireletso.”.
213
Mametlelelo 6A
[Mametlelelo 6A e tsentswe ke k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 mme ya phimolwa ke k. 6 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosomenne ya Molao wa 2008.]
Mametlelelo 6B
[Mametlelelo 6B, e pele e neng e le Mametlelelo 6A, e e tsentsweng ke
k. 2 ya Molaotheo Tlhabololo ya Borobedi ya Molao wa 2002 e bile e nomorilweng gape k. 6 Molaotheo Tlhabololo ya Bolesome ya Molao wa 2003 mme e phimotswe ke k. 5 ya Molaotheo Tlhabololo ya Bosometlhano ya Molao 2008.]
Mametlelelo 7
MELAO E E PHIMOTSWENG
NOMORO LE NGWAGA
WA MOLAO
SETLHOGO
Molao 2 wa 1994 
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1993
Molao 2 wa 1994 
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, 1994 
Molao 3 wa 1994
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Bobedi ya Molao, 1994 
Molao 13 wa 1994
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Boraro ya Molao, 1994
Molao 14 wa 1994
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Bone ya Molao, 1994
Molao 24 wa 1994 
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Borataro ya Molao, 1994
Molao. 29 wa 1994 
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Botlhano ya Molao, 1994
Molao 20 wa 1995 
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Molao o o Tlhabolotsweng, 1995
Molao 44 wa 1995 
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Bobedi ya Molao, 1995
Molao 7 wa 1996 
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Molao o o Tlhabolotsweng, 1996
Molao 26 wa 1996 
Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Tlhabololo ya Boraro ya Molao, 1996 
Lenaneo
(Ela tlhoko: dinomoro tse di fa thoko ga mareo di ke dinomoro tsa dikarolo) 
Pina ya bosetšhaba, 4 
Moruni-Kakaretso, 181, 188 
Bili ya Ditshwanelo —
	Phitlhelelo go dikgotlatshekelo, 34
Phitlhelelo go tshedimosetso, 32
Tiragatso, 8
Batshwarwa, batlhatlhelwa le balatofadiwa, 35
Kokoano, ditshupetso, phiketo le phetišene, 17
Bana, 28
Boagi, 20
Ditlhopha tsa setso, bodumedi, le puo, 31
Thuto, 29
Pateletso ya ditshwanelo, 38
Tikologo, 24
Tekatekano, 9
Seriti sa botho, 10
Kgololosego le tshireletsego ya motho, 12
Kgololosego ya kamano, 18
Kgololosego ya tlhagisomaikutlo, 16
Kgololosego ya tsamao le bodulo, 21
Kgololosego ya bodumedi, tumelo le kakanyo, 15
Kgololosego ya kgwebo, tiro le boithutelo, 22
Tlhokomelo ya boitekanelo, dijo, metsi le tshireletsego ya
loago, 27
Matlo, 26
Thanolo, 39
Dikamano tsa bodiri, 23
Puo le setso, 30
Botshelo, 11
Tekanyetso ya ditshwanelo, 36
Ditshwanelo tsa sepolotiki, 19
Sephiri, 14
Dithoto, 25
Tiragatso ya tsamaiso e e nang le tshiamo, 33
Bokgoba, bolala le tiro ya pateletso, 13
Maemo a tshoganyetso, 37
Kgaso, Bothati jo bo Ikemetseng jwa Taolo, 181, 192 
Tekanyetsokabo, 215 
Banka ya bogareng, 223 - 225 
Puso ya Tirisano, 41 
Boagi, 3 
Kabinete, 91 - 99, 101, 102 
Khomišene ya Tekatekano ya Bong, 181, 187 
Khomišene ya Tsweletso le Tshireletso ya Ditshwanelo tsa
Setso, Bodumedi, le Ditlhopha tsa dipuo, 181, 185, 186 
Melao e e nang le Kgotlhang, 146 - 150 
Dikgotlatshekelo— 
	Kgotlatshekelo ya Molaotheo, 167
Dikgotlatshekelokgolo, 169
Dikgotlatshekelo tsa Bomagiseterata le Dikgotlatshekelo tse
dingwe, 170
Maatla a Dikgotlatshekelo mo mabakeng a molaotheo, 172
Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo, 168
Matsholotshireletso, 200 - 204 
Khomišene ya Ditlhopho, 181, 190, 191 
Ditsamaiso tsa ditlhopho tsa badiredipuso
ka fa Molaotheong, Mametlelelo 3, Karolo A 
Bothati jwa Khuduthamaga— 
	diporofense, 125 
	rephaboliki, 85 
Dikhansele tsa Khuduthamaga, Diporofense, 132 -141 
Ditšhelete, Bosetšhaba, 213, 214, 216, 217 
Ditšhelete, Porofense le Pusoselegae, 226 - 230 
Khomišene ya Tiriso ya Ditšhelete, 220 - 222 
Folaga, 5 
Kabelo matlole go makoko a sepolotiki, 236 
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, 181, 184 
Bolaodi ba Kgaso jo bo ikemetseng, 192 
Ditirelo tsa botlhodi, 209, 210 
Molao wa boditšhabatšhaba, 231 - 233 
Bothati ba boatlhodi, 165 
Batlhankedi ba boatlhodi, 174 - 177 
Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi, 178 
Ditheo tsa boatlhodi, 166 
Dipuo, 6 
Popo ya Melao, 73 - 82 
Bothati ba peomolao, 43, 44 
Pusoselegae, 152, 163 
Bommasepala, 151 - 164 
Kokoano-bosetšhaba—
	Sebopego le ditlhopho, 46 
	Ditshwetso, 53 
	Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga Kokoano
Bosetšhaba, 56 
	Dithata, 55 
	Phitlhelelo le go tsaya karolo ga botlhe, 59 
Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense —
	Kabelo ya baemedi, 61 
	Sebopego, 60 
	Ditshwetso, 65 
	Bopaki kgotsa tshedimosetso fa pele ga Khansele ya
Bosetšhaba, 69 
Go tsaya karolo ga makoko mo dikemeding tsa diporofense, Mametlelelo 3, Karolo B 
	Go tsaya karolo ga baemedi ba dipuso selegae, 67 
	Baemedi ba leruri, 62 
	Dithata, 68 
	Phitlhelelo le go tsaya karolo ga botlhe, 72 
Palamente, 42 
Sepodisi, 205 - 208 
Ditonakgolo, 127 - 130 
Poresitente, 83 - 89 
Bothati ba Botšhotšhisi, 179 
Diporofense, 103 
Melaotheo ya Diporofense, 142 - 121 
Makgotlapeomolao a diporofense, 142 – 121 
	Kopo ya ditokololo go Kgotlatshekelo ya Molaotheo, 122 
	Ditshwanelo tsa baemedi ba leruri, 113 
	Phitlhelelo le go tsaya karolo ga botlhe, 118 
Tsamaisopuso, 195 
Khomišene ya Bodiredipuso, 195 
Bodiredipuso, 197 
Mosireletsi wa Botlhe, 181, 182 
Ditirelo tsa pabalesego, 198, 199 
Boikemisetso, 235 
Bogolo jwa Molaotheo, 2 
Magosi, 211, 212
