LEFAPHA LA THUTO LA GAUTENG DITLHATLHOBO TSA MAKGAOLAKGANG
NAKO: diura tse 2
MADUO: 80
DITAOLO
Pampiri e, e na le dikarolo tse tharo e bong A, B le C.
Netefatsa gore o tlhopha potso e le nngwe mo karolong nngwe le nngwe
Potso nngwe le nngwe e arabiwe mo tsebeng e ntšhwa
Dirisa puo e e tlhapileng le manatetshapuo
KAROLO YA A
TLHAMO
POTSO 1
Kwala tlhamo e e ka tlalang tsebe le halofo ka NNGWE fela ya ditlhogo tsedi latelang
Sekaseka setshwantsho se se latelang mme o kwale tlhamo e e ka tsamaelanang le sona. Neela tlhamo ya gago setlhogo.
Phutholola
Petelelo ya bana mo nageng ya rona.
Basetsana ba baimana ba dumelelwe go tla sekolong.
Botlapa bo jesa maswe.
Botlhokotsebe ga bo na tuelo e ntle.
Sekaseka setshwantsho se se latelang mme o kwale tlhamo e e ka tsamaelanang le sona. Neela tlhamo ya gago setlhogo.
MADUO A KAROLO YA A: [40]
Phutholola
KAROLO YA B
DIKWALWANA
POTSO 2
Araba potso e leNNGWE fela go tswa mo karolong e. Karaboya gago e nne tsebe e le nngwe fela.
Kwalela tsala ya gago lekwalo o e itsise gore ditlhatlhabo tsa Seetebosigo di ne di ntse jang.
Go le gantsi baithuti ba neelwa tirogae mme e re fa ba tla sekolong mo letsatsing le le latelang ba bo ba sa dira tiro eo. Sekakaseka ntlha e, mme o kwalele komiti ya sekolo SGB pegelo ka diphitlhelelo tsa gago le se se ka dirwang go tokafatsa maemo.
Ntsalao o ntse a ithutela go nna mmueledi mme o falotse. Jaanong o laleditswe go tla moletlong wa dikapeso, kwalapuisano e o tla e tsayang le malomaago ka gore moletlo o ne o ntse jang.
MADUO A KAROLO YA B: [20]
Phetlholola
KAROLO YA C
DIKWALWANA POTSO 3
Araba potso e le NNGWE fela mo dipotsong tse di latelang. Karabo ya gago e tlale tsebe fela.
Sekaseka setshwantsho se mme morago o dire phasalatso mabapi le sona.
MADUO A KAROLO YA C: [20] PALOGOTLHE: 80
BOKHUTLO
