LEFAPHA LA THUTO LA GAUTENG DITLHATLHOBO TSA MAKGAOLAKGANG
MADUO: 80
DITAOLO
Pampiri e, e arotswe ka dikarolo tse tharo A, B le C.
Araba dipotso go tswa mo dikarolong tse di farologaneng.
Tlhaloganya potso pele o e araba.
Rulaganya mabaka le tiro ya gago sentle.
Dirisa mopeleto le matshwaopuiso ka nepo mme o kgaoganye mafoko sentle.
KAROLO YA A
TLHAMO
POTSO 1
Kwala tlhamo ya tsebe le halofo ka ga NNGWE ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di latelang tse di tsosang dikakanyo tse di rileng mogowena. Fao tlhopha sengwe sa ditshwantsho tse di neilweng go kwala tlhamo yagago, o e nee setlhogo se se maleba:
Ke ne ke mo ratile.
Mo nakong ya thekenoloji.
Rre/ mme ke tlhogo ya lelapa.
Ra tla ra tsiediwa ke batho.
Neela setlhogosesemaleba sa setshwantsho se se fa tlase mme o kwale tlhamo ka ga sona:
Phetlholola
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase mme o kwale tlhamo ka ga sona:
MADUO A KAROLO YA A: [40]
Phetlholola
KAROLO YA B
DIKWALWANA
POTSO 2
Araba potso e le NNGWE mo karolong ya B. Karabo e nne boleele jwa tsebe e le NNGWE.
Kwala lekwalo le mo go lona o kopang tiro ya letogo / nakwana go tla go dira ka mafelo a beke le malatsi a boikhutso kwa lebenkeleng la Spar mo tikologong ya gaeno; ba itsise tsotlhe ka ga gago.
KGOTSA
O moemedi wabašwa mo tikologong ya gaeno. O kopilwe goema bašwa ka lefokomabapi le gorarabolola mathata ka go fedisa matsheloa bona (ipolaya). Kwala puo e o tla neelanang ka yona.
KGOTSA
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase mme morago o kwale pegelo ka ga Khomforense ya Boditšhabatšhaba e o neng o e tsenetse kwa Kapa. Tlhagisadiphitlhelelo le dikatlanegiso tsa gago.
MADUO A KAROLO YA B: [20]
Phetlholola
KAROLO YA C
DIKWALWANA
POTSO 3
Araba potso e le NNGWE mo karolong ya C. Karabo e nne boleele jwa tsebe e le NNGWE.
MadireloaReef Plastic a tlhokabasimane/ basetsana ba ba falotseng Setlhopha sa somepedi go a direla mme mo ngwageng o o latelang ba romelwe kwa sekolong ka ditshenyegelo tsa ona. A romelele Boikitsiso
C.V. jwa gago.
KGOTSA
Kwalela Modulasetulo wa mokgatlho wa bašwa memorantamo mme o mo gakolole ka ga kopano e e tla tshwarwang fa gautshwane mabapi le petelelo e e kwa godimo ya masea lebanaba basetsana.
KGOTSA
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase mme morago o kwalele tsala ya gago taletso.
MADUO A KAROLO YA C [20]
PALOGOTLHE:
BOKHUTLO
