LEFAPHA LA THUTO LA GAUTENG DITLHATLHOBO TSA MAKGAOLAKGANG
NAKO: diura tse 2
MADUO: 80
DITAOLO:
Dirisa Setswana se se tlhapileng.
Tlhaloganya potso pele o e araba
Rulaganya mabaka le tiro ya gago sentle.
Dirisa mopeleto le matshwaopuiso ka nepo mme o kgaoganye mafoko sentle.
KAROLO YA A
TLHAMO
POTSO 1
Kwala tlhamo ya tsebe di le pedi ka ga NNGWE ya ditlhogo tse di latelang kgotsa ka ga setshwantsho SE LE SENGWE se se tsosang maikutlo le dikgopolo tse di rileng mo go wena. Fa o tlhopha setshwantshogo kwala tlhamo yagago, se neelesetlhogo.
Meaparo ke yona e tlisitseng tlhakatlhakano.
Go tsena sekolo kwa teropong go gaisa go se tsena mo gae.
Ka tla ka usetswa ke motho.
Mosola wa mme mo botshelong.
Sekaseka setswantsho se se latelang mme morago o kwale tlhamo. Se neele setlhogo:
MADUO A KAROLO YA A: [40]
KAROLO YA B
DIKWALWANA
POTSO 2
Araba potso ele NNGWE go tse tharo tse di latelang. Karabo ya gago e nne boleele jwa tsebe e le nngwe fela.
Lebelela setshwantsho se se latelang mme morago o kwalele tsala ya gago lekwalo o ikaegile ka setshwantsho:
Kwalametsotso ya kopano e eneng e tshwaretswe kwa sekolong sa gaeno e mo go yona kgankgolo ya letsatsi e neng e le barutabana ba ba sa ntseng ba dirisa thupa mo sekolong.
Itire sebuisegolo mo moletlong o go akgolwang mookamedimogolo wa Shoprite Checkers, yo o sutisediwang kwa lefelong le lengwe.
MADUO A KAROLO YA B: [20]
KAROLO YA C
DIKWALWANA
POTSO 3
Araba potso e le NNGWE go tse tharo tse di latelang, mme karabo ya gago e se fete tsebe e le nngwe.
O lebeletse setshwantsho se se latelang, kwalela ratoropo memorantamo o mo go ona o ngongoregang ka moo ditsela di agilweng ka teng:
Leba setshwantsho se se latelang mme morago okwale pousetara o ikaegile ka sona:
fekese O bone go phasaladitswe tiro ya borutabana jwa thekenoloji mo lokwalodikgang la SOWETAN. Kwala molaetsa wa o mo go ona o lopang / kopang tiro eo.
MADUO A KAROLO YA C: [20]
PALOGOTLHE: 80
BOKHUTLO
