LEFAPHA LA THUTO LA GAUTENG DITLHATLHOBO TSA MAKGAOLAKGANG
MADUO: 80
DITAOLO:
Pampiri e arotswe ka dikarolo tse tharo A, B le C
Araba dipotso go tswa mo dikarolong tse di farologaneng
Tlhaloganya potso pele o e araba
Rulaganya mabaka le tiro ya gago sentle.
Dirisa mopeleto le matshwaopuiso ka nepo mme o kgaoganye mafoko sentle.
KAROLO YA A
TLHAMO
POTSO 1
Kwala tlhamo ya boleele jwa tsebe di le PEDI ka nngwe ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di latelang tsedi tsosangdikakanyo tse di rileng mo go wena. Fa o tlhopha nngwe ya ditshwantsho o e neele setlhogo se se maleba.
Basadi ke digatlhamelamasisi.
Meaparo ya sekgoa e sentse setso sa rona.
Puso ga e re direle sepe.
Phetlholola
Neela setshwantsho se se fa tlase setlhogo se se maleba mme o tswelele ka go kwala tlhamo:
Setswantsho ke seo; se lebe, mme morago o kwale tlhamo. Se neele setlhogo:
MADUO A KAROLO YA A: [40]
Phetlholola
KAROLO YA B
DIKWALWANA
POTSO 2
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo ya gago e nne boleele jwa tsebe:
Kwalela tsala ya gago lekwalo,o e leboge ka moo ego thusitseng ka teng ka moletlo wa kgaitsadio.
KGOTSA
Leba setshwantsho se se latelang mme morago okwalele rateropo pegelo:
KGOTSA
O ne o etetse kwa Kapa malatsi a le supa, kwala bukatsatsi ya ditiragalo tsa malatsi a supa ao.
MADUO A KAROLO YA B: [20]
Phetlholola
KAROLO YA C
POTSO 3
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo ya gago e nne boleele jwa tsebe.
KGOTSA
Rakgadiago wa kwa Ditsobotla o iketse badimong. Kwalela rangwaneago telekeramo o mo itsise ka ga tiragalo e.
KGOTSA
A ke o kwale tsa botshelo jwa moswi Atisang yo e leng mogoloo.
MADUO A KAROLO YA C: [20] PALOGOTLHE: 80
BOKHUTLO
