MADUO: 100 NAKO: 2½ DIURA
PAMPIRI E E NA LE DITSEBE DI LE 5.
Tetlelelo ya kwalololo e ileditswe Phetla
DITAELO
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C. KAROLO YA A: Tlhamo KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano 20
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le nngwe go tswa mo go KAROLO A, KAROLO B le KAROLO C.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karolo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarabo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo le go baakanya tiro ya bona pele ba kwala.
KAROLO YA A TLHAMO POTSO 1
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 250 - 300 ka NNGWE fela ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo se neele setlhogo.
Sekaseka setshwantsho se se fa tlase, mme o tlhagise se se diragalang mo malapeng a rona ka metlha fa re lebeletse thelebišene. Anela ka mabaka a a utlwalang.
Leba ditshwantsho tse di fa tlase mme o ntshe maikutlo a gago mabapi le tsona.
E e mašwi ga e itsale. [50]
KGOTSA
Leba setshwantsho se se fa tlase, mme o tlhalose dikotsi tse di ka tliswang ke go goga motsoko
KGOTSA
Puso e dira sentle ka go tlamela bana ka madi. Dumela kgotsa o ganetse setlhogo se. [50] KGOTSA
Kwala mmuisano magareng ga moruti le modirelaloago mabapi le nyalano ya batho ba bong bo le bongwe. [50] PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 50 KAROLO YA B
DITLHANGWA TSE DILEELE TSA TIRISANO POTSO 2
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 120 - 150.
O mogokgo wa sekolo. Kwalela batsadi lekwalo la semmuso o ba bolelele ka ga botlhokwa jwa go duela madi a sekolo. [30]
KGOTSA
O kopile tiro e o e boneng e phasaladitswe mo lokwalodikgang longwe, kwala Lokwaloikitsiso o lo romelele setlamo seo. [30]
KGOTSA
Kwalela Mookamedi wa Lefapha la Thuto memorantamo o mo go ona o ngongoregang ka ga go rutwa ka puo ya gae mo dikolong. [30]
KGOTSA
O leloko la mokgatlho wa bašwa wa kereke ya Lutere. Le le mokgatlho le tshwentswe ke tiriso e e botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi ka bašwa ba motse wa lona. Kwala pegelo ka dingongorego tsa lona le se se ka dirwang. [30]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 30 KAROLO YA C DITLHANGWA TSE DIKHUTSHWANE TSA TIRISANO POTSO 3 Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 80 - 100.
Ka o le moeteledipele wa lekgotla la baithuti, o kopilwe ke mogokgo go dira mmogo le barutabana-bagolo ba sekolo go tlhama melao e e tla latelwang ke baithuti fa go iwa motantshong wa materiki. Kwala melao eo. [20]
KGOTSA
Bomogoloo, jaaka fa o le gofejane ba go solofeditse moletlo o mogolo fa o ka falola ditlhatlhobo tsa materiki. Thala le go itirela karata ya taletso e o tla laletsang ditsala tsa gago go tla moletlong. [20]
KGOTSA
Rre rraago o batla go rekisa sejanaga. Mo thuse go kwala phasalatso ya papatso ya sejanaga seo go ngoka kgatlhego ya bareki. [20]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 20 PALOGOTLHE: 100
Tetlelelo ya kwalololo e ileditswe
