Letlhomeso la Pholisi ka ga Tsamaiso ya Bosiamisi jwa Setso ka fa tlase ga Molaotheo
DITENG
KGAOLO 1: MATSENO 5
Botlhokwa jwa setheo sa tsamaiso ya lekgotla la setso mo go tsweletseng kagiso le maemo a a edileng mo mafelong a setso 6
Pono le maitlhomo a letlhomeso le la pholisi 7
Popego ya letlhomeso la pholisi 8
KGAOLO 2: SEABE SA MO MALOBENG SA SETHEO SA BOETELEDIPELE JWA SETSO MO TSAMAISONG YA BOSIAMISI 9
Setheo sa boeteledipele jwa setso mo pakeng ya bokoloniale 10
Setheo sa boeteledipele jwa setso mo pakeng ya tlhaolele 10
KGAOLO 3: DITLHOTLHOMISO TSA PAPISO 13
Tsamaiso ya bosiamisi jwa setso mo dinageng tse di tlhophilweng 14
a Botswana 14
Dintlha tse di amang popego e e solofelwang ya makgotla a setso 17
KGAOLO 4: SEABE SA MOLAOTHEO MO BOETELEDIPELENG JWA SETSO 19
Go amogelwa ga makgotla a setso ka fa tlase ga paka e ntšhwa ya temokerasi 20
Seabe sa Molaotheo mo setheong sa boeteledipele jwa setso 21
KGAOLO 5: DIKGWETLHO TSE DI TLA LEJWANG KE LETLHOMESO LE LA PHOLISI 23
Matseno 24
Go tlamparela meono ya molaotheo 24
Tiragatso ya ditiro tsa bosiamisi ka baeteledipele ba setso 24
Go kgaoganngwa ga botsamaisi jwa bosiamisi jwa setso 25
Dikgwetlho tsa setheo 25
KGAOLO 6: TSE DI BOTLHOKWA MO PHOLISING 29
Meono ya setso e e tlisa momagano ya loago, kagiso le maemo a a edileng 30
Tsamaiso ya bosiamisi jwa setso e e tshwanetseng paka ya molaotheo wa Aforika Borwa 30
Dikgato tse di latelwang mo tsamaisong ya bosiamisi jwa setso 31
Go ela tlhoko melawana ya bosiamisi jwa pusetso mo teng ga tsamaiso ya bosiamisi jwa setso 32
Thebolo ya ditlabelo tse di maleba go diragatsa seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi 32
Ditshitshinyo tsa pholisi 33
Go tlhophiwa ga baeteledipele ba setso go etelela pele dikgotlatshekelo tsa setso 33
Maikarabelo a baeteledipele ba setso mo go diragatseng seabe le ditiro tsa bona mo tsamaisong ya bosiamisi 33
Go tsenela ga baeteledipele ba setso thulaganyo e e beilweng ya katiso 34
Dikgotlatshekelo tsa setso go nna le dithata mo mabakeng a dikgotlang tse di tlhagelelang go tswa mo molao wa setso le ditlolomolao tse dingwe tsa bosenyi
Makgotla a setso a tshwanetse go gatelela dikotlhao tsa mokgwa wa pusetso (bosiamisi) 35
Thebolo ya dikitsiso le ditsamaiso tsa lekgotla le go diragadiwa ga ditshwetso tsa makgotla a setso 35
Go ntshiwa ga kemedi ya semolao mo dikgetseng tse di fa pele ga makgotla a setso 36
Ditshwetso tsa makgotla a setso go nna tsa makgaolakgang ke gore go letlwe boikuelo kgatlhanong le ditaelo tse di rileng fela 36
Tebosešwa ya ditshwetso tsa makgotla a setso 36
Mekgwa e e tshwanetseng go tlhongwa fa go romelwa dikgetse go tswa kwa makgotleng a setso go ya kwa dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata le go refosana 36
Seabe sa makgotla a setso mo tsamaisong ya bosiamisi jwa bosenyi 36
Go boloka direkoto tse di rileng 37
Baeteledipele ba setso le makgotla a setso ba tshwanetse go tsweletsa maeono le melawana ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo 37
Botlhokwa jwa molao wa bosetšhaba go netefatsa tshwano 37
Dithulaganyo tsa nakwana 38
KGAOLO 7: BOKHUTLO 39
Tlhabololo ya molao o o ka makgotla a setso 40
Paka ya ditherisano 40
LENANEO LA MERABA 42 MATSENO
Botlhokwa jwa setheo sa kgotlatshekelo ya setso mo go tsweletseng kagiso le maemo a a edileng mo merafeng ya setso
Boeteledipele jwa setso bo na le seabe se se botlhokwa mo merafeng ya setso malebana le tsamaiso ya bosiamisi. Ke karolo ya boswa jwa ngwao ya batho ba Seaforika e bile e letlwa ke Molaotheo.
Moalo wa setso o ntse o le teng fa e sale go tswa kwa ga lowe mme tsamaiso ya molao ya Aforika Borwa e lemoga ntlha e. Batho ba bantsi ba ba nnang kwa mafelong a setso ba ikobela melawana ya melao ya setso le go tlamparela tsamaiso ya kgotlatshekelo ya setso e e dirisang molao wa mothale o. Bokana ka batho ba le dimilione tse 14 ke karolo ya merafe ya setso mo diporofenseng tsotlhe tsa Aforika Borwa ntle le Kapa Bophirima.
Setheo sa boeteledipele jwa setso se na le seabe sa botlhokwa mo go rotloetseng momagano ya loago, kagiso le mowa o o edileng mo setšhabeng. Mo karolong e ya tsamaiso ya bosiamisi, baeteledipele ba setso ba rarabololola dikgotlang ka dikgotlatshekelo tsa setso kgotsa Makgotla. Botlhokwa jwa Makgotla a bo tswa mo ntlheng ya gore a gaufi le merafe e e bile a dirisa puo le mekgwa e setšhaba seo se e tlhaloganyang botoka go na le ditsela tse di dirisiwang ke dikgotlatshekelo tsa segompieno. Moeteledipele wa setso le bagakolodi ba gagwe ba tsena lekgotla, go reetsa bopaki jwa bangongoregi le "balatofadiwa", mme ba rarabolole dikgotlang go ya ka ditsamaiso le meetlo ya setso e e dirisiwang mo setšhabeng se se amegang. Fa e bapisiwa le kgotlatshekelo ya segompieno, makgotla ga a e kaelwe ke melao e e rileng kgotsa e e kwadilweng. A kaelwa ke ngwao le setso sa setšhaba se a dirang mo go sona. Ka tsela e, bosiamisi bo diragadiwa bonolo e bile ka bonako.
Mo pakeng ya temokerasi morago ga 1994, dikarolo tse di latelang tsa maemo a boeteledile le ditheo di ne tsa amogelwa:
Maemo a Boeteledipele jwa Setso
Lenaneo le le latelang le supa kanamo go ya ka diporofense ya maemo a mararo a boeteledipele jwa setso mo nageng:
Matlo a Baeteledipele ba Setso
Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso e ne ya tlhongwa go ya ka Molao wa Bosetšhaba wa Ntlo ya Baeteledipele ba Setso (National House of Baeteledipele ba setso Act) wa 1997 mme e dira kwa maemong a bosetšhaba, lenaneo le le latelang le supa maemo a ga jaana a Matlo tsa Porofense le tsa Selegae mo diporofenseng.
Makgotla a Setso
Mo morafeng mongwe le mongwe o o ka fa tlase ga moeteledipele wa setso, lekgotla la setso le tshwanetse go tlhamiwa le go amogelwa.
Pono le maitlhomo a letlhomeso le la pholisi
Pono ya letlhomeso le la pholisi ke go amogela botlhokwa jwa setheo sa boeteledipele jwa setso mo tsamaisong ya bosiamisi, e leng go rotloetsa phitlhelelego ya bosiamisi le go nna le seabe mo tokafatsong ya botshelo go botlhe.
Maitlhomo magolo a setlankana se sa pholisi ke go nyalanya tsamaiso ya bosiamisi jwa setso le Molaotheo.
Molao wa Tsamaiso ya Bantsho (The Black Administration Act ), e leng lesaledi la metheo ya tlhaolele go ya ka mmala, o ne wa phimolwa ka Ngwanatsele 2005. Se se ne sa oketsa tlhokego ya molao o o emelang oo go lekanyetsa seabe sa baeteledipele ba setso mo tsamisong ya bosiamisi. Ditlamelo tse dingwe tsa Molao wa Tsamaiso ya Bantsho di ne tsa tlogelwa go dira go fitlha ka 30 Seetebosigo 2008. Letlhomeso la pholisi le le leng mo setlankaneng se le ikaelela go nna motheo wa molao o o lebeletsweng wa go tlamela ka seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi.
Setlankana se sa pholisi ke motswako wa ditlhotlhomiso tsa dikwalwa, ditlhotlhomiso tsa dipapiso tsa maphata a mangwe, ga mmogo le ditherisano le baeteledipele ba setso, mafapha a puso a a ikarabelang mo mererong ya setso, le bannaleseabe ba bangwe mo lekaleng la molao wa setso. Tona le batlhankedi ba bangwe ba ne ba tsaya loeto lwa thuto go ela tlhoko tsamaiso ya dingwao kwa India le Botswana. Tshedimosetso e nngwe e ne ya bonwa go tswa mo khomferenseng ya boditšhaba ka ga ditheo tsa setso, e e neng e tshwaretswe kwa Durban ka Motsheganong 2007, le go tswa mo Khomferenseng ya Bommagiseterata e e neng e tshwaretswe kwa Midrand ka Lwetse 2007. Kwa dikhomferenseng tse, dibui tsa bosetšhaba le tsa boditšhaba di ne tsa abelana ka maitemogelo a tsona ka ga ditheo tsa setso le seabe se ditheo tse di nang naso mo tsamaisong ya bosiamisi.
Ditlhopho tsa 1994 tsa temokerasi di tlisitse tsamiso e ntšhwa ya temokerasi. Tsamaiso e e nnile motheo wa go tebosešwa ya melao le ditlwaelo tse di neng di le teng pele ga 1994. Setlankana se sa pholisi se kobile seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso ka fa tlase ga paka e ntšhwa ya temokerasi, mo tsamaisong ya bosiamisi. Nopolo e e latelang go tswa mo ketapeleng ya White Paper on Traditional Leadersip and Governance e maleba:
Setheo sa boeteledipele jwa setso se tsaya lefelo le le botlhokwa thata mo botshelong jwa Seaforika mme, go ya ka hisiterori, mo popegong ya sepolotiki ya Aforika Borwa. Se akaretsa go somarelwa ga ngwao, ditso, ditlwaelo le meono ya batho ba Aforika, e bile gape se emetse mefuta ya maloba ya thulagano le puso ya setšhaba. Le fa go le jalo, fa Aforika Borwa a ne a amogela Molaotheo wa Nakwana, Molaotheo wa 1996 moragonyana, batho ba rona ba ne ba goeletsa Rephaboliki ya Aforika Borwa e le naga e e lolameng ya temokerasing e e theilweng mo meonong e e akaretsang, go akaretsa bogolo jwa Molaotheo. Se se ne sa tlisa paka e ntšhwa.
Morago ga ditlhopho tsa 1994, puso e ntšhwa e ne ya samagana le ntlha ya go fetolwa ga naga ya Aforika Borwa. Se se akaretsa go fetolwa ga ditheo tsa puso go ya ka tsamaiso e ntšhwa ya temokerasi le melawana ya Molaotheo jaaka tekatekano le go se kgetholole. Nngwe ya tsona e ne e le setheo sa boeteledipele jwa setso. Fela jaaka ba ba tlileng pele ga rona mo kontinenteng ya Aforika, re ne ra lebagana le kgwetlho e e tshwanang ya go tlhalosa lefelo le seabe sa setheo sa boeteledipele jwa setso mo tsamaisong e ntšhwa ya puso ya rona. Molaotheo o mošwa o tlhomile motheo wa se le go golaganya puso e ntšhwa go tlhoma melao e e tla samaganang le ntlha e ka botlalo."
Maitlhomo a setlankana se sa pholisi, ka jalo ke go amogela botlhokwa jwa boeteledipele jwa setso mo tsamaisong ya bosiamisi le go tlhoma setshwantsho sa setso se se nyalanang le tsamaiso e ntšhwa ya Molaotheo;
tlhoma motheo wa tiragatso ya molao o o lekanyetsang seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi go nyalana le paka e ntšhwa ya temokerasi;
oketsa bokgoni jwa le koketso ya phitlhelelego ya makgotla; le tlhoma maatla a makgotla mo mabakeng a bosenyi le a kakaretso le go tlhoma ditsela tse di laolang makgotla.
Ditlhaelo tsa tsamaiso ya makgotla di tshwanetse go fetolwa go fitlhelela ditlhokego tsa Molaotheo o mošwa.
Popego ya letlhomeso le la pholisi
Mo kgaolong e e latelang (Kgaolo 2), go tlhaloswa seabe sa hisitori sa boeteledipele jwa setso. Kgaolo e e leka go tlhagisa le go tlamela ka lemorago la seabe sa boeteledipele jwa setso mo tsamaisong ya bosiamisi pele ga go tsena tirisong ga Molaotheo. E leba ka boripana paka ya bokoloniale, paka ya tlhaolele go akaretsa paka ya dinagamagae le dinaga tse di ipusang, le paka ya pele fela ga paka ya molaotheo o mošwa.
Kgaolo 3 e leba ditlhotlhomiso tsa papiso ya ditsamaiso tsa bosiamisi jwa setso mo dinageng dingwe tsa Aforika le tsa Bophirima, ga mmogo le dintlha ka kakaretso tse di tlhagisang tsamaiso ya setso ya Aforika Borwa. Kgaolo 4 e leba diphetogo tse di tliswang ke tsamaiso ya Molaotheo o mošwa, fa Kgaolo 5 yona e naya tshosobanyo ya dikgwetlho tse di lebaganeng boeteledipele jwa setso mo pakeng ya Molaotheo o mošwa. Kgaolo ya bofelo (Kgaolo 6) e kobile mekgwa ya pholisi e e nyalanang le tsamaiso ya bosiamisi jwa setso mo Aforika Borwa le go tlamela ka letlhomeso la molao o o ikaelelang go diragatsa letlhomeso le la pholisi.
Kgaolo 7 e na le bokhutlo jo bo neelang tshosobanyo ya tsela ya ditherisano tse di dirilweng go tlhoma letlhomeso le la pholisi.
SEABE SA MO MALOBENG SA SETHEO SA BOETELEDIPELE JWA SETSO MO TSAMAISONG YA BOSIAMISI
Setheo sa boeteledipele jwa setso ka paka ya bokoloniale
Seabe sa ditheo tsa setso mo tsamaisong ya bosiamisi se ka lejwa kwa morago go tloga kwa ga lowe. Bennet³ o tlhalosa gore setho sa boeteledipele jwa setso se simolotswe bogologolo fa merafe ya ditumelo tse di tshwanang le bogosi e ne e newa lefatshe la bonno le phulo. Moeteledipele o ne a nna kwa tlhogong ya puso ya setso mme kwa tlase ga gagwe go nna le maphata a mabedi a thata: moeteledipele wa mophato le moeteledipele wa lelapa. Moeteledipele o ne a na le seabe sa boeteledipele mo mabakeng otlhe a botshelo jwa morafe, go tloga go tlhabololo ya metseselegae go ya go go etelela pele sesole ka nako ya dintwa le go rarabolola dikgotlang mo morafeng. Puso ya setso e ne e farologana le dikgolo tsa segompieno tsa temokerasi. E ne e sa amogelwa molawana wa go farologanngwa ga maatla le tiro ya yona e ne e akaretsa dintlha tse di malebana le bokgoni jwa boatlhodi, botsamaisi le melao.4 Seabe sa setheo se se botlhokwa mo go tlhaloganyeng dikgwetlho tse se lebaganeng natso ka fa tlase ga tsamaiso ya ga jaana ya temokerasi. Go amogelwa ga makgotla a baeteledipele ba setso, go builwe ka kakaretso, gore go botlhokwa ka ntlha ya fa a beetse ba ba ka fa tlase ga tsamaiso ya ona, melao le ditsamaiso tse ba neng ba di tlwaetse.
Go tla ga bokoloniale go tlise phetogo gotlhelele mo tsamaisong ya bosiamisi ka boeteledipele ba setso. Dipuso tsa koloniale le tlhaolele di tsene gare ditheo tsa go diragatsa bosiamisi ka go tlhoma dikgotlatshekelo tse di ikemetseng tsa batho ba Maaforika. Go amogelwa ga "Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi" ka paka ya koloniale go ne go bonwa jaaka karolo e e botlhokwa ya tsamaiso ya koloniale ka fa tlase ga pholisi ya puso e e sa tlhamalalang.5 Pholisi ya puso e e sa tlhamalalang, ntle le go tlhokega mo mabakeng a tsamaiso mo tswelelopeleng ya teko ya sekoloniale, e ne e kaiwa e ikaegile ka ntlha ya gore go na le mokhino wa setso magareng ga bakoloniale le setšhaba sa Maaforika o o neng o tlhoka gore merero ya Maaforika e tsamaisiwe kwa ntle ga ditheo le dipopego tseo tse di beetsweng setšhaba sa Basweu.6
Go ya ka Olivier, kwa bokhutlong jwa paka jwa Koloni ya British mo Aforika (magareng ga 1957 le 1967), go ne go na le sebedi sa semolao. Go ne go na le tsamaiso ya kgotlatshekelo e e neng e golaganya molao o o tswang ntle (bophirima) le molao wa setso.7
Le fa Maaforika a ne a sa ntse a dirisa dikgotlatshekelo tse mo pakeng e, go ne ga tsoga dingongorego ka tiro ya tsona. Dikgotlatshekelo tse, fela jaaka dintlha tse dingwe tsa setšhaba sa setso sa Seaforika, di ne di tletse kgatelelo ka banna. Kgethololo go ya ka bong mo kgotlatshekelo e ne e tlisa ngongorego. Mo ditšhabeng tse dingwe, basadi ba ne ba sa letlwe go ela tlhoko kgotsa go nna le seabe mo ditiragalong tsa "Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi", ntle le bangongoregi, mme ke fa fela ba ne ba thusiwa ke banna.8 "Dikgotlatshekelo tsa Dikgosi" di ne di sa ntse di tsewa jaaka tsela e e mosola e bile e ratiwa ya go rarabolola dikgotlhang ka bonako, go lebilwe tlhago ya tsona le gore di fitlhelelega bonolo, ga di tlhwatlhwagodimo (ke mahala) e bile ke tsamaiso e e bonolo ya bosiamisi.
Setheo sa boeteledipele jwa setso ka fa tlase ga paka ya tlhaolele
Morago ga go kopana ga dikoloni tse nne ka 1910, "Makgotla a Dikgosi" a ne a dirisiwa go rotloetsa bosemorafe. Ga a ka a itumelela kamogelo ya semmuso pele ga 1927. Pholisi ya Borithane ya taolo e e sa tlhamalalang e ne ya dirisiwa go laola le go dirisa dithata tsa ona botlhaswa.
Ka ntlha ya go diragadiwa ga Molao wa Tsamaiso ya Bantsho, "Dikgosi" e ne ya nna didiriswa tsa puso, di diragatsa thata le go tlhoma makgotla, e sa tlhole e le go ya ka go direla batho, mme e le ka go direla puso ya nako eo. Ka fa tlase ga tsamaiso ya sekoloniale ya taolo e e sa tlhamalalang le ka fa tlase ga dipuso tse di neng tsa latela tsa tlhaolele, "Makgotla a Dikgosi" a ne a dirisiwa botlhaswa ke puso mo go maswe ka tiriso ya dithata tse di anameng tse ka tsona maemo, seabe le ditiro tsa "Dikgosi" le "Makgotla a Dikgosi" a neng a dirisiwa go tswela puso mosola.
Mo pakeng e, tsamaiso ya setso e telele ya tshekatsheko e ka yona moeteledipele wa setso a neng a busa ka yona go ya ka kgakololo ya balekgotla ba gagwe le go ya ka dikeletso tsa morafe wa gagwe e ne ya senngwa mme boemong jwa yona ga tsenngwa tsamaiso e mo go yona "Dikgosi" di neng tsa bewa ka fa tlase ga tlhokomelo ya Moleutenete-Kakaretso mme morago ka fa tlase ga Moporesitente wa Naga yo o neng a tshotse kantoro ya Kgosi-Kgolo mo dipakeng bokoloniale le tlhaolele. Go kgona go tsweletsa taolo, go ne ga tlholwa tsamaiso e go ya ka yona dikgotlatshekelo tsa Bokomišenara (tse di neng di eteletswe pele ke Basweu) di neng di dira jaaka dikgotlatshekelo tsa boikuelo kgatlhanong le ditshwetso tsa "Dikgosi".
Ditlamorago tsa go tsenngwa ga makgotla a baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi ya bosetšhaba e ne ya nna tsamaiso e e maphatamabedi ya semolao e mo go yona dikgotlatshekelo tsa mokgwa wa Bophirima di neng di diragatsa bosiamisi go ya ka "molao wa lefatshe", fa "Makgotla a Dikgotsi" a e seng a semmuso le Dikgotlatshekelo tsa Bokhomišenara di diragatsa molao go ya ka molao wa setso. Ntlha ya "maphatamabedi" e ne ya baya "Makgotla a Dikgosi" mo maemong a a kwa tlase mo dikgotlatshekelong tsa semmuso mme e bonala e ikgatholosa tekatekano. Le fa go le jalo, maikutlo ka kakaretso a batho ba le bantsi e ne e le gore "Makgotla a Dikgosi" a kwa tlase.
Dikgotlatshekelo tsa Bokhomišenara di ne tsa phimolwa ka 1986 ke Molao wa Phimolo ya Dikgotlatshekelo tse di Kgethegileng tsa Bantsho (Special Courts for Blacks Abolition Act), 1986 (Molao 34 wa 1986), mme "Makgotla a Dikgosi le Baeteledipele" a ne a tlogelwa. Se e nnile ka ntlha ya katlenegiso ya Khomišene ya Hoexter ka 1983.
Go tlhongwa ga dinagamagae le dinaga tse di ipusang go ne ga tlisa diphetogo mo tsamaisong ya makgotla. Dinagamagae le dinaga tse di ipusang di ne tsa newa maatla a go laola merero ya makgotla a tsona. Se se ne sa dira gore dinagamagae le dinaga tse di ipusang tse di farologaneng di dirise ditsela tse di farologaneng tsa tsamaiso ya "Makgotla a Dikgosi", di tlhotlhelediwa ke ditso le ngwao e e laolang mo mafelong a tsona.
Kwa Transkei le Zululand wa maloba, "Makgotla a Dikgosi" a ne a dirisa maatla ona ao e bile a na le tsamaiso e e tshwanang le ya dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata. Boikuelo kwa Transkei wa maloba go tswa go baeteledipele ba setso bo ne ba ya kwa bothating jwa didika tse dikgosi le dikgosigadi di neng di emetswe teng.
Kwa Bophuthatswana wa maloba, go ya ka Molao wa Makgotla a Bophuthatswana (Bophuthatswana Traditional Courts Act), 1979 (Molao 29 wa 1979), thata ya go samagana le merero ya bosenyi le e mengwe e ne ya newa ditheo (bothati jwa morafe) e seng baeteledipele ba ba rileng ba setso. Boikuelo go tswa go ditheo tse tsa setso bo ne bo ya kwa kgotlatshekelo e e kgethegileng mo sedikeng sengwe le sengwe sag a mmagiseterata, se se nang le mmagiseterata le maloko a mabedi a tlaleletso (baitseanape go tswa mo morafeng mo sedikeng seo).
Kwa Ciskei wa maloba, "Dikgosi" le baeteledipele di ne di na le thata ya semolao go samagana le merero ya bosenyi le ya selegae e e tlhagelelang go ya ka molao wa setso le ngwao go ya ka tlhophiwa ga bona jaaka baeteledipele ba setso.
Kwa Gazankulu, Lebowa le Qwaqwa tsa maloba, tsamaiso e e neng e tlhagiswa ke Molao wa Tsamaiso ya Bantsho e ne ya dira. Go ya ka Molao o, Tona o ne a naya "Dikgosi" le dikgosana thata mo mererong ya bosenyi le e mengwe.
Kwa Venda wa maloba, dikarolo 24 le 25 tsa Kgoeletso ya Tsamaiso ya Baeteledipele ba Setso ba Venda (Venda Baeteledipele ba setso Administration Proclamation), 1991 (Kgoeletso 29 ya 1991), e ne e ya neela "Dikgosi" le dikgosana thata ya merero ya bosenyi le ya selegae ka Monnasetilo wa Khansele ya Kopanobosetšhaba ya maloba.
Makgotla a ne a tswelela go nna teng le go dira ka fa tlase ga tsamaiso ya maloba e e tlhagelelang mo Molaong wa Tsamaiso ya Bantsho le melao e mengwe ya Diporofense. Molaotheo o letla go tswelela go nna teng le go dira ga makgotla a, go ya ka Molaotheo le go phimolwa kgotsa go tlhabololwa ga molao ke bothati jo bo nang le bokgoni. Molao wa Tsamaiso ya Bantsho o ne wa tlhabololwa mo dintlheng tse di rileng go tlosa dintlha tse di neng di le kgatlhanong le meono ya Molaotheo, jaaka kotlhao ka thupa. Kotlhao ka thupa e ne ya fitlhelwa e le kgatlhanong le tshwanelo ya seriti sa botho jaaka e fitlhelwa mo teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo. Tshwanelo ya go pateletsa go golegwa ke bothati jwa didika kwa Transkei wa maloba e ne ya fitlhelwa e le tsamaiso e e gobelelang.
Tsamaiso ya setso ya bosiamisi mo dinageng tse di tlhophilweng
Tharabololo ya dikgotlang kwa ntle ga kgotlatshekelo ke sengwe se sešwa. Ditšhaba go ralala lefatshe, go akaretsa ditšhaba tsa setso mo Aforika Borwa, ga di bolo go dirisa mekgwa ya setso e e seng ya semolao go rarabolola dikgotlang. Tsamaiso ya setso ya Botswana, Malawi, India, South Australia le Canada di ne tsa sekwasekwa go kgona go tlhoma tsamaiso ya makgotla e e nyalanang le maemo a Aforika Borwa.
Tshekatsheko ya papiso ya tsamaiso ya bosiamisi jwa setso ya Botswana, Malawi le India di tlhagiswa ka boripana jaaka setshwantsho se Aforika Borwa e ka ithutang sengwe mo go sona.
a Botswana
Botswana e na le tsamaiso e e maphatamabedi ya dikgotlatshekelo. Makgotla a setso a dira mmogo le dikgotlatshekelo tsa semmuso. Ona a tlhongwa ke Tona ya Dipusoselegae go ya ka Molao wa Dikgotlatshekelo tsa Setso (Customary Courts Act), 1974. Dikgotlatshekelo tse di na le maemo a mararo: Mokhomišenara wa Lekgotla la Setso, Lekgotla la Boikuelo le makgotla a setso.
Kwa maemong a a kwa tlase a tharabololo ya dikgotlang tsa setso ke lelapa, le le nang le monna, mosadi wa gagwe le bana. Maphata gantsi a leka go rarabolola dikgotlang segolo merero ya lelapa, kwa maemong a lelapa. Fa se se retelelwa, a ka tliswa fa pele ga setlhopha sa baagi, ba gantsi ba dirwang ke lelapa kgotsa a mantsi a a nnang mo karolwaneng eo ya matlo. Maemo a mangwe ke a losika, lo lo dirwang ke lelapa kgotsa a mantsi a a amanang e bile a nna mmogo mo karolong e le nngwe ya motse. Mo lelapa kgotsa a mantsi a rulaganeng le go nna mmogo mo yuniting e e rulagantsweng sentle ya tsamaiso ya selegae, se se bidiwa wate. Diwate di ka fa tlase ga boeteledipele le thata ya moeteledipele, e maemo a yona go le gantsi e nnang boswa. Mo merafeng e megolo jaaka Bangwaketse le Bamangwato, dikgosana di a kadiwa (go tloga go A go ya go G go ya ka morafe wa ntlha, le go tloga go A go ya go K mo go wa bobedi). Mo merafeng e mengwe, jaaka Bakwena, Batawana le Bamalete, go na le baeteledipele le dikgosana. Mo ntlheng ya Bakwena, dikgosana tse di kadiwa go tloga go A go ya go C. Bongwe le bongwe jwa bothati jwa setso bo na le dithata tsa semolao, jo bo a kgontshang go rarabolola dikgotlang. Dikgotlatshekelo tse di sa elweng tlhoko tsa baeteledipele gantsi di kaiwa jaaka Makgotla a Baeteledipele a Tsereganyo, se se ka tswa se tlhotlheleditswe ke karolo 3 ya Molao wa Makgotla a Setso.12
Makgotla a setso a eteletswe pele ke boporesitente mme a tlhomilwe ke Tona ya Dipusoselegae, a dira segolo mo mafelong a metsesetoropo a naga (Gaborone, Francistown, Lobatse, Selebi-Pikwe, Jwaneng, Ghanzi le Kasane). Makgotla a a dira ka ditlolomolao tse dinnye tse di amanang le lefatshe, merero ya manyalo le dikgotlang tsa thoto. Batswakwa ba ka sekisiwa mo dikgotleng tsa setso. Kemedi ya semolao ga e a letlelelwa mo makgotleng a setso mme ga go melao e e rileng ya bopaki. Baatlhodi ba morafe, ba ba supilweng ke moeteledipele wa morafe kgotsa ba tlhophilwe ke setšhaba, ba swetsa ka dikotlhao, tse go ka ikuelwang kgatlhanong le tsona ka tsamaiso ya makgotla a selegae. Boleng jwa ditshwetso tse di fitlheletsweng mo makgotleng a setso bo farologana thata. Mo mabakeng a mangwe baatlhodi ba morafe ba ka rebola dikotlhao tse di jaaka go kgwathisiwa mo pepeneneng.
Go na gape le dikgotlatshekelo tsa semmuso tse di tlhomilweng ke Tona ya Dipusoseleae go ya ka Molao wa Dikgotla tsa Setso. Molao o o tlhalosa thata ya dikgotlatshekelo tse go ya ka tsamao ya dikgato, le ditekanyetso tsa tsona go ya ka mafelo. Molao o o tlhalosa gape le molaotheo wa kgotlatshekelo eo, tatelano gareng ga maloko a yona le dithata le ditiro tsa mongwe le mongwe yo o ka tlhophiwang go dira jaaka moelatlhoko.13
Malawi, e simolotse tsamaiso e e jaana go sa le gale, ya go leba sešwa tsamaiso ya dikgotlatshekelo ya yona mme ya swetsa go siamisa melao e e dirang mo tsamaisong ya bosiamisi, e na le tsamaiso e e itumedisang ya molao wa setso. Naga e e tlhomile diforamo tsa bosiamisi jwa setso, tse di dirang ka fa tlase ga mafelo a dikgotlatshekelo tse go begwang di ka ne di le 24 000, kwa maemong a metse. Diforamo tse tsa bosiamisi jwa setso, tse di dirang ka fa tlase ga mafelo a dikgotlatshekelo a le 217 a a eteletsweng pele ke bommagiseterata, go begwa di kgona go samagana le magareng ga 80% le 90% tsa dikgotlang tsotlhe.
Dikgotlang tse di tlwaelegileng tse di tliswang fa pele ga mafelo a bosiamisi jwa setso ke dikgotlang tsa malapa, dikgotlang tsa mafatshe le merero ya dithoto.
Diforamo tsa bosiamisi jwa setso di samagana le dikgotlang kwa maemong a metse mme di fetisetsa dikgotlang kwa mafelong a a maleba a dikgotlatshekelo fa di retelelwa ke go a rarabolola.
Le fa e le gore tsamaiso ya bosiamisi kwa India e rulagane sentle, ka maemo a a kwa godimo a seriti, dikgotlatshekelo tse di lebaganwe ke mathata a magolo a mane: palo ya dikgotlatshekelo le baatlhodi mo maemong otlhe e kwa tlase thata, go nnile le koketsego ya kelelo ya dikgetse mo dingwageng tsa sešweng ka ntlha ya ditiragalo tse di farologaneng tse di tsentsweng tirisong ke dipuso tsa bogareng le tsa dinaga, tlhwatlhwa e e amegang mo go tšhotšhiseng kgotsa go sireletseng kgetse mo kgotlatshekelong ya molao e kwa godimo ka ntlha ya dituelo tse di kwa godimo tsa dikgotlatshekelo, dituelo tsa baatlhodi le dituediso tse dingwe, mme ditiego di itemogelwa mo go swediweng ga dikgetse, mme se se tlisa kgobelelano e e kwa godimo mo dikgotlatshekelong tsotlhe.
Batlhotlhi go nna thata mo go bona go tšhotšhisa kgotsa go sireletsa kgetse ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo. Baatlhodi ba Kgotlatshekelo e e kwa Godimo le dikgotlatshekelo kgolo ba gateletse tlhokego ya thuso ya mahala ya semolao go batlhoki. Mekgwa e mengwe, gareng ga e mengwe, e e dirisiwang ke Lok Adalat (dikgotlatshekelo tsa batho), mo bosiamisi bo diragadiwa go sa gatelelwe ditsamaiso tsa semolao.
Tsamaiso ya Lok Adalat e simolotswe kwa Gujarat ka Mopitlwe 1982 mme ga jaana e atoloseditswe mo nageng yotlhe. Go tlhagelela ga tsamaiso e e ne e le karolo ya leano la go imolola morwalo mo dikgotlatshekelong wa dikgetse tse di sa ntse di emisitswe. Dikgotlatshekelo tse di tlhomilwe go samagana le dikgetse tse di sa ntseng di emisitswe le go tlamela bangongoregi ka thuso.
Palamente ya India e ne ya tsenya tirisong Molao wa Bothati jwa Ditirelo tsa Semolao (Legal Services Authorities Act), 1987, mme mangwe a maikaelelo a Molao o e ne e le go rulaganya Lok Adalat go kgona go netefatsa gore tiragatso ya tsamaiso ya semolao e rotloetsa bosiamiso go ya ka ditšhono tse di lekanang. Molao o amogela semolao tharabololo ya dikgotlang ka tsela ya mpampetso le tumalano ka Lok Adalat. Kgopolo e e tswa mo tsamaisong ya Panchayats, e medi ya yona e leng mo hisetoring le ngwao ya India.
Bangongoregi ba bona dipoelo di le dintsi mo go Lok Adalat. Ga go dituelelo tsa kgotla, e bile le fa kgetse e setse e tlhatlhetswe kwa kgotlatshekelo e e tlwaelegileng, madi a a duetsweng a a busiwa a kgetse e rarabolotswe kwa maemong "a go se duele madi a kgotlatshekelo". Ga go tiragatso e e gatelelang ya melao ya tsamaiso le Molao wa Bopaki fa go lejwa dintlha tse kgetse. Maphata a kgotlang e, le fa a ka emelwa ke babueledi, a ka golagana le moatlhodi wa Lok Adalats ka tlhamalalo go na le go ya kwa kgotlatshekelo ya semmuso pele e ka ya kwa Lok Adalat. Tshwetso ya Lok Adalat e bofa maphata a kgotlang mme tsamaiso ya yona e kgona go diragadiwa ka tsamaiso e e maleba ya semolao.
Ga go boikuelo jo bo kgatlhanong le tsamaiso ya Lok Adalat, fa mo dikgotlatshekelo tsa semmuso ka gale go na le tšhono ya go ikuela kwa foramong e e kwa godimo kgatlhanong le tswetso ya kgotlatshekelo ya tshekiso, e ka gale e bakang ditiego mo go rarabololweng ga dikgotlang.
Go tlhongwa ga bogosi go netefadiwa ke Karolo 270 ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Ghana, 1992. Molao wa Bogosi wa 1970 (Molao 370) o laola bogosi kwa Ghana mme o tlhoma makgotla a setso, ga mmogo le Matlo a Dikgosi a bosetšhaba. Matlo a Dikgosi a Bosetšhaba, Matlo a Dikgosi a Didika, le makgotla a setso a na le dikomiti tsa boatlhodi tse di nang le thata ya go swetsa le go rarabolola dikgotlang tse di amang bogosi.
Le fa bogosi bo amogelwa, makgotla a setso a ne a emisiwa morago ga boipuso. Go tlhongwa ga bogosi ga go na ditiro dipe tsa semolao, tsamaiso kgotsa boatlhodi. Le fa go le jalo, dikgosi di sa ntse di na le thata, tlotlo le tlhotlheletso kwa maemong a selegae, le go diragatsa diabe tsa di amanang le tsa semolao. Dikgosi le makgotla a setso a atolositse dithata tsa yona go feta merero e e amanang le bogosi go ya go merero ya malapa le dithoto, go akaretsa tlhalo, tlhokomelo ya bana le dikgotlang tsa lefatshe. Di swetsa ka dikgetse tse di bidiwang efisem ke Akans (merero ya poraefete) kgotsa ya selegae (e seng ya bosenyi). Botlhokwa jwa tsamaiso ya bosiamisi ya setso bo tlhaloswa sente mo teng ga molao wa dikgetse wa Ghana, mme molao wa setso le ona o gatelelwa mo dikgotleng tsa didika le tse dingwe, go ikaegilwe ka mofuta wa kgotlang.
Moatlhodimogolo wa Rephaboliki ya Ghana, Moatlhodi George Kingsley Acquaho ne a gakolola bareetsi ba gagwe gore "dikgosi ke batlhokomedi ba lefatshe, mme ba tlhoka go rarabolola dikgotlang tse dintsi tsa lefatshe. Dikgosi ka jalo di tswelela go nna 'bothati jo bo tlhophiwang' ke baagi ba bantsi, segolo kwa mafelong a magae. Ba rarabolola gape le dikgotlang tse dingwe tsa selegae le tsa molao wa setso mo mafelong a bona. Go se nne ga semmuso ga bothati jo go dira gore di dirisege bonolo mme go nna le seabe ga baagi go dira gore tsamaiso e e ratwe go gaisa gonne batho ba tsaya tsamaiso e e le ya bona, e seng sengwe se ba se pateleditsweng."
Baeteledipele ba setso ba sa ntse ba tshotse maatla a semolao a ba tswelelang go a diragatsa go sa kgathalatsege go fedisiwa ga makgotla a setso mo dingwageng tsa ntlha tsa boipuso. Ngaka Seth Twum o tshitshintse gore ka ntlha ya fa baeteledipele ba setso ba sa ntse ba dirisa thata e kgolo mo balateding ba bona mme go fitlhelela dikgotlatshekelo tse di tlwaelegileng go le thata e bile go le tlhwatlhwagodimo, tsamaiso ya makgotla a setso, jaaka e tlhomilwe ka fa tlase ga Native Jurisdiction Ordinance , e tshwanetse go tlhongwa gape.
Le fa Molaotheo o sa amogele lekgotla lepe la setso, baeteledipele ba setso le dikhansele tsa setso di atoloseditse tiro ya tsona ka kwa ga merero e e amanang le bogosi fela go akaretsa dikgotlang tsa malapa le mafatshe go akaretsa tlhalo, tlhokomelo ya bana le lefatshe. Lefapha la Bosiamisi le Lefapha la Mmueledi-Kakaretso a tlile go kaela tsamaiso ya go tlhongwa gape ga tsamaiso ya makgotla a setso e e tlhomilweng ka fa tlase ga Native Jurisdiction Ordinance . Katiso mo ADR le merero e mengwe ya semolao e gagamaditswe mme letlhomeso le le maleba la semolao le tla tlhomiwa go tshegetsa tsamaiso e e botlhokwa e. Go lemoga tiro e e botlhokwa e, ditheo tse di jaaka Banka ya Lefatshe di tshegetsa tlamelo ya katiso go dikgotsi tsa setso mo molaong wa motheo le mekgwa ya ADR. Se se thusitse go fetola ditheo tse kwa Ghana.
Mo athikeleng e e mo go Information Bulletin e e phasaladitsweng ke Puso ya Australia Borwa, John Tomaino o kwadile gore dikgotla tsa setso kwa Australia Borwa, tse e leng tsona tsa ntlha go tlhomiwa jaaka tsa teko ka 1999, di nnile teng ka ntlha ya go tlhoka tshepo mo tsamaisong ya semolao ya semmuso. Batho ba merafe ya setso ba ne ba akanya gore, jaaka bangongoregi, ba na le seabe se sennye mo tsamaisong ya boatlhodi ka kakaretso, segolo mo ntlheng ya kotlhao. Ba ne ba bona gape le dikgotlatshekelo di tlhaola go ya ka setso, di kgapela thoko e bile di sa amogele sentle sentle setšhaba le ditlhopha tsa malapa. O tlhalosa dilo dingwe di dirilweng go ritibatsa dipoifo tsa batho ba ba latelang setso. Maphata otlhe, go akaretsa bommagiseterata ba ne ba nna mo maemong a a tshwanang e bile ba le gaufi le batho go kgona go dira puisano ka tlhamalalo. Mmagiseterata o nna le leloko le morafe wa setso yo o nang le kitso e e tletseng ka setso mme a ka gakolola dikgotla ka dintlha tse di rileng. Go dirisiwa thata tshedimosetso ya pele ga kotlhao, go akaretsa dipegelo ka ga dipatlisiso tsa beili, go bopa ditshwetso tsa kotlhao. Puso le ditheo tse e seng tsa puso di nna teng le go tlamela tshegetso go badirisi, go bula ditšhono tsa kgopololo. Bommagiseterata ba ba reetsang dikgetse kwa dikgotla di dira pegelo le merafe ya setso, mme se se bopa kitso ka ga dintlha tsa selegae e ditlamorago tsa yona e leng ditshwetso tsa kotlao tsa boleng jo bo botoka.
Fa tiro ya dikgotla tsa setso, e tshwana mo mabakeng a a rileng le se dikgotla tsa morafe tsa Aforika Borwa e ka nnang sona, dintlha tsa tshwano ya tsona mo ka makgotla a setso di ka ga go amogela setso, go nna le seabe ga botlhe ba ba tsenelang ditsamaiso tse le mokgwa wa bosiamisi jwa pusetso.
Fela jaaka Australia Borwa, go nnile le tlhagelelo e kgolo ya tsamaiso ya bosiamisi jwa setso kwa Canada. Tsamaiso ya Canada e ikaegile ka bosiamisi jwa pusetso go gaisa go nyalanya setso le tsamaiso ya dikgotlatshekelo tsa semmuso. Mo kgatisong ya go sa le gale, Reclaiming Aboriginal Justice, Identity and Community , bakwadi ba tlhagisa ngangisano mo tikologong ya semolao ya Canada, ya gore a ka setso, bosiamisi jwa setso bo ne ka gale bo fodisa, bo busetsa mme e se gantsi e le jwa kotlhao. Mokwadi o neela tlhaloso e e tletseng ka ga kopolo ya bosiamisi jwa pusetso jaaka karolo ya bosiamisi jwa setso mme o tshwaela jaana:
Bosiamisi jwa pusetso bo tlamela ka tsela ya go golola bosiamisi go batho ba ba setso. Ba batla go tswa mo ditioring tse di sa tlhalosegeng, tse di ikaegileng ka tlhaloganyo e bile di dira gotlhe tsa bosiamisi mo setsong se se ikaegileng ka Yuropa go ya go go tlhalosa bosiamisi go ya ka temogo ya kitso ya bona, setso le meono. Mofuta o wa bosiamisi o ka ga go ithuta gape 'gore re tshwanetse go nna jang' le 'go ithuta gape le maikarabelo a rona a setso' ...O akanngwa jaaka phodiso gonne tshokamo ya loago le bosenyi di tsewa jaaka bolwetse go boitekanelo jwa semowa, maikutlo le mmele wa batho mo setšhabeng tse di tshwanetseng go alafiwa ka mekgwa ya setso. Karolo ya tiro e ke go boelanya molatofadiwa le letswalo la gagwe ka maele go tswa go bagolo kgotsa maloko a mangwe a setšhaba. E akaretsa go boelanya motho yoo kgotsa le lelapa le le foseditsweng ka fa molatofadiwa a amogela maikarabelo le tshiamiso. Se se matlafatsa batho go thusa mo go bolokeng go rua bosiamisi ga setšhaba le maloko a mangwe a setšhaba."
Go kgona go fitlhelela maikaelelo a bosiamisi jwa pusetso, Canada e tlhomile Porojeke ya Khansele ya Setšhaba e le thulaganyo ya karoganyo, ka maikaelelo a go dirolola dikiletso tse di pateleditsweng mo go bao ba setseng bao ba setseng ba le kwa tlase mo mererong ya loago, go tila seabe se se botlhoko le setshwano sa bosenyi sa kgolegelo, go tlamela batsayaditshwetso ka mefuta e e farologaneng e ba ka tlhophang mo go yona, go tlamela ka bosiamisi jo bo kgotsofatsang batswasetlhabelo le setšhaba, go samagana le dintlha tsa loago, ikonomi le tsa sebele tse di golaganngwang le bosenyi go lebilwe segolo tse di ikaegileng ka kotlhao.
Maitemogelo a Australia Borwa le Canada a maleba mo makgotleng e bile a gatelela dintlha tsa bosiamisi tse di tshwanetseng go tsamaisana le mefuta e ya bosiamisi.
Dintlha tse di nyalanang le setshwantsho se se solofetsweng sa makgotla a setso
Go a bonala go tswa mo tshekatshekong e e fa godimo gore go na le ditshwantsho tsa tharabololo ya dikgotlang mo ditšhabeng tsa setso mo Aforika, Asia, Australia le Canada. Le fa go le jalo, potso e e tlhagelelang ke gore a dimmotlele tse ka bojotlhe di ka siamela makgotla a rona a setso? Dimmotlele tse, le fa di na le ditshwano, di ka seke e bile ga dia tshwanela go atolosediwa go makgotla a rona a setso ka ntlha ya mabaka a a latelang:
Mmotlele wa Botswana o tlhola ditlhatlagano magareng ga tsamaiso ya dikgotlatshekelo tsa semmuso le tsamaiso ya makgotla a setso.
Mmotlele wa India o letla maphata a kgotlhang go emelwa ke babueledi ba bona e bile o ikaegile fela ka mokgwa o mongwe wa tharabololo ya kgotlhang.
Kwa Ghana setheo sa bogodi ga se na ditiro tsa semolao, botsamaisi kgotsa boatlhodi.
Fa godimo, t 81-82.
SEABE SA MOLAOTHEO MO BOETELEDIPELENG JWA SETSO
Go amogelwa ga makgotla ka fa tlase ga paka e ntšhwa ya temokerasi
Molaotheo o amogela setheo, maemo le seabe sa boeteledipele jwa setso go ya ka molao wa setso, fela ka go ikobela Molaotheo. O amogela gore bothati jwa setso jo bo ikobelang molao wa setso bo ka dira, go ikaegilwe ka melao le ditlwaelo tse di maleba.
Ka tsamaiso ya go newa ditifikeiti, pharologano ya gore Molaotheo o paletswe ke go tlhoma makgotla a setso (jaaka go tlhokega go ya ka Molawana XIII wa Molaotheo), e ne ya kgaphelwa thoko. Ka fa tlase ga Molaotheo o o dirang, makgotla a setso a tshwana le 'dikgotlatshekelo tse dingwe tse di tlhomilweng go ya ka molao wa Palamente'. Le fa go le jalo, ka ntlha ya fa babusi ba setso ba dirisa maatla a semolao, segolo a khuduthamaga, go ne ga ngangisanwa gore, jaaka baatlhodi ga ba a ikemela kgotsa go sekamela ka fa letlhakoreng le le rileng, jaaka go tlhokega go ya ka FCs 156 . Ka Bangindawo le ba bangwe v Tlhogo ya Bothati jwa Sedika jwa Nyanda le ba bangwe 1998 SA 262 (Tk), badirakopo ba dirisitse ngangisano e go ganana le Dikgotlatshekelo tsa Sedika tsa Transkei. Kgotlatshekelo-Kgolo e ne ya kgapela thoko go se dumelane go ka ntlha ya fa diteko tse di tlwaelegileng tsa molao wa kemonosi le go se tsee letlhakore di ne di sa dire. E ne ya tlhalosa gore, mo Aforika, le go se pharologano e e bonalang go le kalo magareng ga ditiro tsa khuduthamaga, boatlhodi le tsa semolao tsa puso, ga go Moaforika yo maikarabelo yo o ka bona e le kgobelelo mo letlhakoreng la baeteledipele ba setso ka ntlha ya fa ba diragatsa dithata tsa khuduthamaga.
Mo go Mhlekwa v Tlhogo ya Bothati jwa Sedika jwa Tembuland; Feni v Tlhogo ya Bothati jwa Sedika jwa Tembuland Bophirima 2001 SA 574 (Tk); 2000 BCLR 979 (Tk), kgotla ga e a ka ya dumalana le taolo ya Dikgotlatshekelo tsa Bothati jwa Sedika. Kgotlatshekelo e ne ya gatelela gore dingwe tsa ditiro di akaretsa dintlha tse di masisi tsa baagi mme ka jalo di tlisa kakanyo ya kamano e e tseneletseng le khuduthamaga. Mo ditemaneng 616 - 7 le 1017 - 18 kgotlatshekelo e ne ya bona gore baeteledipele ba setso ga ba itumelele tshireletso e e tiiseditsweng batlhankedi ba bangwe ba boatlhodi ke karolo 177 ya Molaotheo wa makgaolakgang. Kgetse ya ga Mhlekwa ga e a fekeetsa kgetse ya ga Bangindawo, e e neng e labile fela taolo mo mererong ya loago fela. Go ya ka Bennet , ditlamorago tse di nepagetse gonne mo dikgetseng tsa loago, potso ya go nyalana le Molaotheo e tshwanetse go lekanyediwa le ntlha ya phitlhelelo ya bosiamisi. Go fedisa dithata tsa boatlhodi tsa babusi ba setso e ka nna go tima merafe ya magaeng dikgotlatshekelo tsa selegae tse ka gale ba tlhatlhelang dikgetse tsa bona mo go tsona. Kgetse ya ga Mhlekwa e ne ya netefatsa gore kakanyo ya Khomišene ya Tlhabololo ya Molao ya Aforika Borwa (South African Law Reform Commission) ka ga makgotla a setso le ditiro tsa boatlhodi tsa baeteledipele ba setso mo pampiring ya yona ya dipuisano malebana le tsamaiso ya bosenyi ya makgotla a setso. Khomišene e nganga ka gore kgopolo ya go se tsee letlhakore le go ikemela di ne di se botlhokwa go le kalo go feta ntlha ya kgololosego mo go tseneleleng ga khuduthamaga. Bothata jo bo masisi thata mo dikgetseng tsa bosenyi, mo bannasetilo ba ka se bonweng ba tsaya letlhakore fa, ka fa letlhakoreng le lengwe e le "mongongoregi", "motšhotšhisi" le "moatlhodi"..
Go ya ka ditlhotlhomiso tsa ga Barbara Oomen kwa tikologong ya Sekhukhune, maloko a baagi mo tikologong eo ba rata gore makgotla a setso a bapisiwe le dikgotlatshekelo tse dingwe kgotsa dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata. Diperesente tse 65 tsa batsibogi mo tirong ya "Makgotla a Dikgosi" di rata gore dikgotlang tsa tsona di rarabololwe mo makgotleng a setso. Se se supa gore batho kwa magaeng ba itumelela tsela e dikgetse di dirwang ka teng gonne di dirwa le go konosediwa ka bonako. Sengwe gape se se dirang gore batho ba le bantsi ba batle makgotla a setso ke puo e e dirisiwang, e e itsiweng ke botlhe mo lefelong le le amegang.
Dikgotlang tse dingwe tse di tlwaelegileng tse go dirwang ka tsona mo makgotleng a setso ke bogodi, tirisodikgoka, tshenyo ya dithoto, merero ya mafatshe, tirisodikgoka mo malapeng, boloi, merero ya manyalo, matlhapa, fa dikgotlang tse dintsi tsa loago di akaretsa go senngwa ga dimela ke diphologolo tse di sa tlhokomelweng, go imisa mosadi wa monna yo mongwe, go imisa mosetsanyana kgotsa lekgarebe, le dikgotlang ka ga go duelwa ga magadi.
Tema 42 ya pampiri ya SALR fa godimo
Mo lefelong la Sekhukhune, mongwe wa bommagiseterata o supile gore ke lefelo le le nyemisang mooko go gaisa le o ka dirang mo go lona gonna batho ba rarabolola dikgetse tsa bona kwa gae. O tlhalositse gore o na le paka e le nngwe fela mo beke fa a dirang ka keteko le bogodu go tshwana le badirammogo le ena, o fetisetsa dikgetse tse e tshwanetseng go nna merero ya molao wa setso, dikgotlang tsa mafatshe, dintwa tsa mo malapeng le matlhapa kwa "Lekgotleng la Dikgosi". Ditlhotlhomiso tse di dirilweng mo tikologong ya Sekhukhune di supa tse di latelang:
Seabe sa Molaotheo mo setheong sa boeteledipele jwa setso
Ka go tlhagelela ka tsamaiso e ntšhwa ya molaotheo, go ne ga lemogwa gore go ka se kgonege go tlhabolola molao o o leng teng ka 27 Moranang 1994 mo tsamaong ya nako. Gonne go tla tlhokega tiro e e masisi ka molao o o leng teng, Molaotheo wa Nakwana le Molaotheo wa makgaolakgang (ka go ipaakanyetsa tiro e ya go naya mabaka) o ne o na le ditlamelo tse di latelang tsa nakwana:
a Melao e e leng teng fa go simolola Melaotheo e e tla tswelela go dira mo mafelong a e neng e dira mo go ona pele ga Molaotheo wa
Nakwana le Molaotheo wa makgaolakgang o dirisiwa go fitlha e tokafadiwa kgotsa go phimolwa ke bothati jo bo nang le bokgoni.
b Fa go tlhokega, tsamaiso ya melao e e leng teng e tla neelwa bothati jo bo maleba kwa maemong a a maleba a puso, jaaka go solofelwa ke melaotheo ka bobedi. Lebaka la tsela e le tlhagelela mo ntlheng ya gore bobedi Molaotheo wa Nakwana le Molaotheo wa makgaolakgang e ne e tlamela ka thata ya semolao gore e pegwe mo maemong a a farologaneng a puso. Bokgoni jwa semolao jwa maemo a bosetšhaba le a porofense a puso bo lebilwe sentle. Kgopolo e e ne e sa tlhaloswa sentle mo pakeng ya pele ga paka ya molaotheo ya 1994. Mo godimo ga moo, dinagamagae tsa maloba di ne di na le melao ya tsona, e e neng ya tswelela go dira morago ga 27 Moranang 1994 mme ya tshwanelwa ke go tsamaisiwa kwa maemong a a maleba a puso, e seng fela mo lefelong le e neng e dira pele mo go lona.
c Kgotlatshekelo nngwe le nngwe, go akaretsa makgotla a baeteledipele ba setso, a a neng a le teng fa Molaotheo o mošwa o tsena tirisong, a tla tswelela go dira le godiragatsa maikarabelo a ona go ya ka molao o o maleba mo go ona, go ikaegilwe ka tokafatso kgotsa go phimolwa ga molao oo.
DIKGWETLHO TSE DI TLA LEJWANG KE LETLHOMESO LE LA PHOLISI
Matseno
Le fa e tsweletse go nna teng ka fa tlase ga paka ya temokerasi, tsamaiso ya makgotla a setso a tswelela go itemogela dikgwetlho tsa molaotheo le tsa tiragatso. Ditatofatso tsa tiriso e e botlhaswa ya thata ke baeteledipele bangwe ba setso, go kgetholola go ya ka bong le go tswelela go kgapela basadi thoko mo makgotleng a setso le go tsaya letlhakore kgatlhanong le bangongoregi kgotsa matlhakore a basadi mo ditsamaisong go fifatsa setshwantsho sa makgotla a. Dikgwetlho tse di tlhagelelang mo dikgotlannyeng tsa tsamaiso e le meono mengwe ya molaotheo e tlhatlagana le tsamaiso ya semmuso ya bosiamisi, kgaogano le go se tshwane le tlhokego ya kgatelelo ya ditshwetso tsa makgotla a setso di tlhaloswa mo ditemaneng tse di latelang. Ditlhotlhomiso tse di latelang di supa se:
Go tlamparela meono ya molaotheo
Go simolola ga paka e ntšhwa ya molaotheo, gareng gat se dingwe, go fedisitse molawana wa bogolo/bogodimo jwa palamente. Tiragalo e e botlhokwa e e ne ya goeletsa gape paka e e kayang Aforika Borwa a le kwa godimo e le naga ya temokerasi e e theilweng, gareng gat se dingwe, meono e e latelang:
Seriti sa botho, go fitlhelela tekatekano le tsweletso ya ditshwanelo tsa botho le kgololosego.
Go se kgetholole go ya ka mmala le bong.
Bogolo jwa Molaotheo le tsamaiso ya molao.
Ka ntlha ya se, Molaotheo ke molao o o kwa godimo wa Rephaboliki mme molao ope fela kgotsa maitsholo a a sa nyalaneng nao ga a dumelelwa.
Molaotlhomo wa Ditshwanelo le lentswe la sekhutlo sa temokerasi mo Aforika Borwa. O tlhalosa ditshwanelo tsa batho botlhe ba naga e le go amogela meono ya temokerasi ya seriti sa botho, tekatekano le kgololosego, mme o tlamela ka gore naga e tshwanetse go tlola, sireletsa, rotloetsa le go diragatsa ditshwanelo tse di leng mo teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Kgwetlho e kgolo e e lebaganeng setheo sa boeteledipele jwa setso ke go momaganya ditlwaelo tse dingwe tsa boeteledipele jwa setso tse di tlhagelelang mo ditsong le meetlo le meono ya Molaotheo, jaaka tekatekano le phediso ya kgethololo e e gobelelang go ya ka mmala, bong le bogolo. Sekao, tlamelo e e mo Molaong wa Tsamaiso ya Bantsho, e e tlhokang gore baeteledipele ba setso ba reetse dikgetse tsa loago magareng ga bantsho le dikgetse tsa bosenyi tse molatofadiwa e leng montsho, di kaya kgethololo ka mmala. Seabe le ditiro tsa boeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi di tshwanetse go bonwa ka lemorago le.
Ntlha e nngwe ya botlhokwa mo tsamaisong ya makgotla a setso ke kotlhao ya go bediwa. Makgotla a setso a santse a diragatsa kotlao e ka mokgwa wa dithupa di le mmalwa go ya go go bediwa mo go feteletseng.
Tiragatso ya ditiro tsa boatlhodi ka baeteledipele ba setso
Molaotheo o batla gore batlhankedi botlhe ba boatlhodi ba ba supilweng mo kgotlatshekelo nngwe le nngwe e nne basadi kgotsa banna ba ba nang le dithutego e bile e le batho ba ba bokgoni ba ba maleba. Go thapiwa, tlhatloso, phetiso, go lelekiwa ga, kgotsa dikgato tsa kgalemo kgatlhanong le batlhankedi bao ba boatlhodi di tshwanetse go diragadiwa ntle le go tsaya letlhakore kgotsa go gobelela. Pele batlhankedi ba boatlhodi ba ka dira ditiro tsa bona, ba tshwanetse go dira maikano kgotsa go dumela go ya ka moo Molaotheo o supang ka teng, gore ba sireletsa le go ikobela Molaotheo.
Le fa baeteledipele ba setso ba neetswe ditiro tsa boatlhodi ka fa tlase ga Molao wa Tsamaiso ya bantsho, ga go kae gore ba wela ka fa tlase ga tlhaloso ya motlhankedi wa boatlhodi e e solofelwang ke Molaotheo. Batlhankedi ba boatlhodi ke baatlhodi le bommagiseterata ba ba thapilweng go ya ka Molaotheo le Molao wa Bommagiseterata. Baeteledipele ba setso ga ba a thapelwa maemo ape a boatlhodi, fela ba tlhatlogela kwa setulong sa bogosi. Ka jalo, ditlhokego tse di malebana le dithutego, go siama le batho ba ba maleba, le tlhatloso le go lelekwa ga batlhankedi ba boatlhodi ga di dire mo baeteledipeleng ba setso.
Karolo 2 ya Molaotheo. 34 Karolo 7 ya Molaotheo. 35 Karolo 35 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho o tlhalosa "montsho" jaaka leloko la mmala kgotsa morafe wa Aforika. 36 Molao 90 wa 1993.
Go kgaoganngwa ga botsamaisi jwa bosiamisi jwa setso
Molaotheo wa 1993 o ne o tlamela ka go dirwa ga tsamaiso ya molao mo porofenseng fa molao oo, gareng gat se dingwe, o wela ka fa tlase ga lefelo la tiro le le tlhalositsweng mo Karolong 6 ya Molaotheo wa 1993. "Bothati jwa setso" le "molao wa gal owe le molao wa setso" di ne di le magareng ga mafelo a a tiro. Melao e le mmalwa e e ka ga tsamaiso ya bosiamisi e neetswe diporofense tse di maleba.
Gore go nne le setlhopha se le sengwe sa melao se se tla dirang bosetšhaba (e seng jaaka melao ya RSA ya maloba le melao ya dinagamagae e e neng e dira ka morero o le mongwe o o diragalang mo dikarolong tse di farologaneng tsa naga), morago fela ga 1994 mafapha a mantsi a bosetšhaba a ne a rotloetsa molao wa go tlhalosa melao e a neng a na le maikarabelo a yona (k.g.r. melao ya dinagamagae tsa maloba le melao ya RSA ya maloba). Tlhaloso e ya melao e phimotse melao ya dinagamagae tsa maloba, e e neng e sa ntse e dira mo dikarolong tseo, mme molao wa RSA o o maleba o ne wa diragadiwa go ralala naga. Le fa go le jalo, ga go makatse, gore se ga se a ka sa diragala ka melao e e samaganang le seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi. Se e nnile ka ntlha ya marara le masisi a dintlha tse di rileng, ga mmogo le ntlha ya gore morero otlhe o wa go nyalanya setheo sa boeteledipele ba setso le paka e ntšhwa ya Molaotheo e tla tlhoka go lejwa gape ga dipholisi go go tla tlisang go dirwa ga melao e mešwa.
Go netefatsa gore melao e e farologaneng e e neng e le teng ka 27 Moranang 1994 go dirilwe ka yona kwa maemong a a maleba a puso, jaaka go tlhaloswa mo Molaotheong wa Nakwana, tsamaiso ya melao e le mmalwa e ne ya romelwa kwa godimo (maemo a bosetšhaba a puso) kgotsa kwa tlase (maemo a porofense a puso). Mo tiragalong e, tsamaiso ya melao yotlhe e e etseng tlhoko ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi, e e neng ka nako eo, e sa ntse e tsamaiswa kwa maemong a porofense, a ne a romelwa nakwana kwa maemong a bosetšhaba a puso ka fa tlase ga Tona ya Bosiamisi. Moragonyana ga moo, tsamaiso ya mengwe ya melao e e ne ya busediwa kwa diporofenseng tse di farologaneng. Melawana e le mmalwa e ne ya nna e le ka fa tlase ga botsamaisi jwa Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo.
Bontsi jwa melao e e kailweng fa godimo e e laolang seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi, e ga jaana e tsamaisiwang ke diporofense tse di farologaneng, e simolotse mo pakeng e e tlhodilweng ke dikarolo 12 le 20 tsa Molao wa Tsamaiso ya Bantsho le melao e mengwe e e fetisitsweng ka paka ya dinagamagae. Le fa go le jalo, go na le go tswa mo Molaong wa Tsamaiso ya Bantsho. Mo diporofenseng dingwe, thata ya boatlhodi e neetswe baeteledipele ba setso ba ba kwa godimo, fa mo go tse dingwe e le mo dikgosaneng le, mo go tse dingwe mo dikhanseleng tsa setso.
Sekao, kwa Bokone Bophirima (Bophuthatswana wa maloba), thata ya go samagana le merero ya bosenyi le ya loago bo neetswe ditheo bothati jwa merafe e seng baeteledipele ba setso ba ba rileng. Boikuelo go tswa kwa ditheong tsa setso bo ya kwa kgotlatshekelo e e kgethegileng mo sedikeng sengwe le sengwe sag a mmagiseterata, e e nang le mmagiseterata le maloko a tlaleletso a le mabedi baitseanape go tswa mo setšhabeng sa sedika seo. Kwa Ciskei wa maloba, dikgosi le dikgosana di na le taolo ya go samagana le merero e e tlhagelelang mo molaong wa setso le ngwao ka ntlha ya go thapiwa ga bona jaaka baeteledipele ba setso. Boikuelo go tswa go baeteledipele ba setso bo ya kwa bothating jwa kgaolo, jo mo dikgosi le dikgosigadi di nang le kemedi mo go jona.
Dikgwetlho tsa setheo
Le fa go na le tshegetso e kgolo ya mofuta wa setso wa bosiamisi, go na le batho ba ba sa itumeleleng makgotla a setso, ba re ga a diragatsa ditsholofelo tsa bona, segolo mo pakeng e ntšhwa. Ditatofatso tsa tiriso e e botlhaswa ya maatla a boatlhodi ka bangwe ba baeteledipele ba setso, kgethololo go ya ka bong, go kgapelwa thoko go go tsweletseng ga basadi le kgobelelo kgatlhanong le bangongoregi kgotsa maphata a basadi mo tsamaisong di tswelela go fifatsa setshwantsho sa makgotla a. Mo ntlheng ya fa mosadi a nyalane le mosadi (monna) yo mongwe gore a belegele mogatse bana, o ne a omanngwa gore jaaka mosadi yo o nyetsweng, ga a tshwanela go bua a eme ka dinao.
Le fa setheo sa boeteledipele ba setso le makgotla a setso di bopile karolo ya sengwe sa ditheo tse di neng di dirisiwa ke puso ya tlhaolele go tsweletsa tsamaiso e e kgaoganyang bantsho, a ne a sa bone matlole ka botlalo go tswa mo pusong. A ne a ikaegile ka dituelo tsa morafe le dikotlhao tse di neng di bewa ke makgotla a merafe, jaaka di ne di bidiwa, go kgona go itshedisa. Mo letlhakoreng le lengwe, makgotla a Bokhomišenara a ne a bona matlole go tswa mo pusong mme bokomišenare ba basweu ba ba neng eteletse pele baeteledipele ba setso ba ne ba newa moputso o mongwe e le wa go kgorelediwa mo mabakeng a bona. Ntlha ya gore tsamaiso e e sa ntse e dira le fa go se matlole a a lekaneng a semmuso ke bopaki jwa gore setšhaba se tlamparetse tsamaiso e. Ke morago fela ga go amogelwa ga boeteledipele ba setso ka tsamaiso ya Molaotheo mo puso e neng ya tlamela ka ditlabelo, segolo go tswa mo dipusong tsa diporofense tse di diragatsang seabe sa botsamaisi. Se se botlhokwa ke maikarebelo a a neng a tla le thuso ya matlole. Ntlha e e ne e se teng mo pakeng ya tlhaolele. Go ne go se ditlhokego tsa go tlhoma tsamaiso ya go dira dipegelo ka ga go amogela le go dirisa dituelo tsa merafe, mme dituelo tsa "Dikgosi", dikgosana le mapodisi a morafe di ne di tseelwa godimo go feta dikgatlhegelo tsa setšhaba.
Ga go a ka ga tsenngwa dithulaganyo dipe tsa go siamisetsa boeteledipele ba setso tsamaiso e ntšhwa ya Molaotheo. Meono le ditsamaiso tse di tlileng le tsamaiso ya temokerasi di ne di le dišwa mo tseleng ya setso ya go dira dilo. Go tsholwa ga madi a baagi a e leng dituelo tsa morafe go ne ga tlosiwa mo baeteledipeleng ba setso mme matlole a ne a rebolwa ke ditheo tsa puso. Merero ya puso e ne ya golaganngwa ke Matlo a Baeteledipele ba Setso a sešweng. Setheo se ne se sa tlamelwa ka badiri ba ba nonofileng go tlamela ka tshegetso mo pakeng ya go fetogela kwa tsamaisong ya temokerasi. Bangwe ba batho ba ba ithaopileng mo makgotleng a setso ba ne ba se tsenngwe mo bodiredipusong ka ntlha ya fa ba se na dithutego tse di tlhokegang.
Kotlhao ka go betsa, e leng nngwe ya dikotlhao tse di tlwaelegileng tse di neng di dirisiwa ke makgotla a setso, e ne ya tlogelwa ka ntlha ya fa e le kgatlhanong le tshwanelo ya seriti sa botho mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo, mme tiriso ya mapodisi a morafe jaaka batlhankedi ba kagiso e ne ya tloswa ka ntlha ya fa e tshwana le ditiro tsa sepodisi, se se neetsweng maatla a go tshwara ke puso. Go koafadiwa ga mekgwa ya kgatelelo ntle le go tsenngwa tirisong ga mekgwa e mengwe e e neng e nyalana le Molaotheo, go ne ga fokotsa bokgoni jwa makgotla a setso.
Molaotheo o ne wa tsenya ditheo tse di jaaka Komišene ya Ditshwanelo tsa Botho ya Aforika Borwa, Komišene ya Tekatekano ya Bong le Mosireletsi wa Setšhaba tse di nang le maikarabelo a Molaotheo go batlisisi kgatako ya ditshwanelo tsa botho mo Molaotheong. Ditheo tse, di ne di tlamela ka ditirelo tse di amanang le tharabololo ya kgotlang le botsereganyi mo dikgotlhannyeng tse di tlhagelalang go tswa mo Molaotlhomong wa Ditshwanelo mme tsa gaisana le makgotla a setso mo mabakeng a mangwe.
Go na gape le tlhatlagano mo maikarabelong a makgotla a setso le dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata mo mererong e mengwe, sekao, bogodu jo bonnye le go tlhapaola, mme se se tlisa go batla foramo e e maleba. Se se ne sa tswelela go koafatsa seabe sa makgotla a setso jaaka batlhokomedi ba maitsholo a mantle le setso.
Kgetse e e latelang e supa dingwe tsa dikgwetlho le makoa a a tlhagelelang mo tsamaisong ya bosiamisi jwa setso:
i Go ne ga tlhagelela kgotlhang ka Phatwe 1997 kwa motseng o o bidiwang Mononono kwa morafeng wa Bakgatla-ba-Kgalefa o o welang ka fa tlase ga taolo ya ga Kgosi Pilane. Mosadi o ne a latlhegelwa ke monna wa gagwe mme a gana go ikobela meetlo ya go roula e e mmatlang gore a nne a tshele setlhare se se bidiwang mogaga mo tselaneng ya gagwe ka gale fa a tswa ka segotlo sa gagwe. O ne a gana go dira jalo ka ntlha ya tumelo ya gagwe e e sa dumalaneng le moetlo o. O ne a tliswa fa pele ga bothati mme a atlholelwa go nna kwa ga gagwe dikgwedi tse 12. Motlhogadi mo motseng wa Mononono o ne a itse gore fa a tshela gareng ga Bakgatla-ba-Kgalefa, o ne a solofelwa go ikobela setso sa Bakgatla. Le fa go le jalo, Molaotheo wa Aforika Borwa o tlamela ka gore batho ba ka diragatsa ditshwanelo tsa bona. Bothata bo bogolo gonne bo akaretsa mefuta e mebedi ya ditumelo. Motlhologadi o ne a iphitlhela a le mo dipharagobeng ka ntlha ya setso sa ga mogatse le tumelo ya gagwe. Go oketsa bothata jo, morafe wa
Bakgatla o ne wa mo atlholela go nna mo segotlong sa gagwe sebaka sa dikgwedi tse 12 ntle le go tsaya tsia tumelo ya gagwe.
ii Tshekatsheko ya kgetse e ne ya dirwa ke Barbara Oomen mo tikologong ya Sekhukhune. E ne e sekaseka kgotlhang e e sweditsweng kwa Sekhukhune kwa kgorong ya Mamone magareng ga malapa a mabedi, la ga Magakala le la ga Monagedi. Mo kgetseng e, monna go tswa kwa ga Magakala o ne a tshosetsa go bolaya mosadi wa gagwe. Lelapa la ga mosadi le ne la isa lekwalo kwa kgorong ya moeteledipele wa setso o mogolo. Puisano e ne ya tshitshinya gore monna yo o tshwanetse go tlotla mosadi wa gagwe; ga a tshwanela go sotlaka mosadi wa gagwe le gore ba tshwanetse go tshela ka kagiso. Kwa bokhutlong Rre Magakala o ne a amogela diphoso tsa gagwe. Mo go tliseng kotlhao, go ne ga nna le go se dumalane magareng ga balekgotla. Bangwe ba ne ba batla gore a otlhaiwe ka go bediwa, fa ba bangwe ba batla gore a duedisiwe.
iii Kgetse ya boraro, ka Barbara Oomen gape, o ne a tlhatlhoba kgetse ya ga Jerry Lethamaga. Rre Lethamaga e ne e le motshegetsi wa ga Rre Mohlahla, yo o neng a lwa le mmaagwe kgotsi ka ntlha ya setulo sa bogosi mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng.
Jaaka kgosana ya gagwe, o ne a simolola go rebola ditsha kwa Mokwete, kwa go neng go na le kgosana e nngwe e e tlhophilweng ke kgosi. Ka Motsheganong 1999, Rre Lethamaga o ne a gogelwa kwa lekgotleng, a bediwa le go bofelelwa mo setlhareng sa mebitlwa gore ditshoswane tse dikhibidu di tswelele go mo otlhaya. O ne gape a duediswa R3 500 mme batho ba a neng a ba neetse ditsha ba ne ba laelwa go tswa ka motse. Rre Lethamaga o ne a bula kgetse kgatlhanong le Momone.
Go tswa mo dikgetseng tse di fa godimo, go a bonala gore letlhomeso la pholisi le tshwanetse go samagana le dikgwetlho tse di rileng mo makgotleng a setso, jaaka mefuta ya dikgetse tse di bulwang, dikwatlhwao, tiriso ya mekgwa e e farologaneng ya go rarabolola dikgotlang le bosiamisi jwa pusetso, tekatekano ya bong, le kotlhao ka thupa.
TSE DI BOTLHOKWA MO PHOLISING
Meono ya setso e e rotloetsang momagano ya loago, kagiso le maemo a a edileng
Seabe sa setheo sa boeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi ga se fela ka ga tharabololo ya dikgotlhang. Seabe se se menagane gabedi, e leng seabe sa go simolola go tsweletsa momagano ya loago, go nna mmogo, kagiso le maemo a a edileng; le ii seabe sa go tsiboga go rarabolola dikgotlhang tse di tlhagelelang.
Meono ya setso, e e tswang mo molaong wa setso le meetlo ke e e kgethegileng mo ditšhabeng tsa setso. Mo teng ga meono e go na le ditlwaelo tsa setso tse di rotloetsang momagano ya loago, go nna mmogo, kagiso le maemo a a edileng, dinako dingwe e leng se se bidiwang botho, ka go tsenya tlotlo e e tseneletseng ya molao le tolamo, mo letlhakoreng le lengwe, le thata ka go je lengwe. Setheo sa boeteledipele ba setso e ntse ka gale e le motlhokomedi wa meono e mme se tshwanetse go tswelela jalo. Setheo se sa boeteledipele ba setso se tlhomilwe go nna le seabe se se botlhokwa thata mo phetolong le tlhabololong ya meono le ditlwaelo tse.
Go na le dinako tsa dithulano tsa nnete kgotsa tse di belaelwang magareng ga mengwe ya meono le ditlwaelo le meono e e leng mo Molaotheong. Dithulano tse di supa tlhokego ya go tswelela go tlhabolola molao wa setso gore o nyalane le meono ya Molaotheo. Molaotheo o batla gore dikgotlatshekelo tsotlhe, diforamo kgotsa makgotla, fa di ranola molao ofe fela le fa di tlhabolola molao wa tlwaelo kgotsa molao wa setso, di rotloetse mowa le ditlamelo tsa Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Dikarolo tse di latelang ke tse mo go tsona setheo sa boeteledipele ba setso kgotsa baeteledipele ba setso ba ka diragatsang seabe sa tshimololo mo go rotloetseng momagano ya loago, go nna mmogo, kagiso le maemo a a edileng mo mafelong a tiro a bona:
Ditlwaelo ka kakaretso le ditiragalo tsa setso di itsege ka go aga le go tsweletsa bongwe, jaaka dikopano tsa bontsi go rapelela kagiso kgotsa pula kgotsa go dira meletlo ya phepafatso morago ga gore matlhotlhapele a wele setšhaba kgotsa go ikobela matsatsi a a rileng kgotsa mafelo a ngwaoboswa go keteka ditiragalo tsa hisetori (sk. Shaka's Day).
Tsweletso ya meono ya malapa, maikarabelo a botsadi le tsosoloso ya maitsholo, ka momagano le ditheo tse di maleba tsa lekala ka katlaatlelo.
iii Thibelo ya bosenyi, ka tirisano le SAPS le ditheo tse dingwe tsa go diragatsa molao, sekao, Diforamo tsa Sepodisi sa Baagi le Diforamo tsa Tshireletso ya Baagi.
Setheo sa boeteledipele ba setso se ka tswelela go nna le seabe mo go tsenyeng tirisong dipholisi le dithulaganyo tse di nang le seabe mo tsamaisong ya bosiamisi. Sekao, dithulaganyo tse di jaaka Tšhata ya Batswasetlhabelo, setheo sa boeteledipele ba setso se ka kgontshiwa go matlafatsa ditšhaba tsa setso ka matsholotsiboso go dirisa ditshwanelo le dithata tsa bona tse di leng mo teng ga Tšhata.
Tsamaiso ya bosiamisi jwa setso e e tshwanetseng paka ya molaotheo wa Aforika Borwa
Tsamaiso ya bosiamisi e tshwanetse go rotloetsa le go somarela meono ya bosiamisi ya Seaforika, e e ikaegileng ka poelano le bosiamisi ba pusetso. Molaotheo o sireletsa ditshwanelo tsa setso le setheo sa boeteledipele ba setso. Baeteledipele ba setso, ka bobona ke batlhokomedi ba setso le ditlwaelo tse. Go abiwa ga seabe le ditiro tsa setheo sa boeteledipele ba setso go tshwanetse ga dirwa ka tsela e e somarelang meono e setheo sa boeteledipele ba setso e theilweng mo go yona.
Makgotla a setso a farologana le dikgotlatshekelo tsa semmuso ka gore a fitlhelelega ka gale, a dira go busetsa le go bofaganya kamano magareng ga btho ba setso, e bile a bonala thata, ka tsela e e sa gobeleleng ya go tsaya ditshwetso e baagi ba nang le seabe mo go yona. Dikgotlatshekelo tsa semmuso, mo letlhakoreng le lengwe, di latela melao e e thata mme di lebile ipusolosetso.
Mooko wa tsamaiso ya bosiamisi jwa setso o mo go nneng le seabe ga baagi mo go rarabololeng dikgotlhang. Se se farologana le tsamaiso ya bosiamisi ya semmuso mo dikgotlhang di fetisediwang kwa dikgotlatshekelo go sekasekwa ke batlhankedi ba boatlhodi ba ba fetisang dikatlholo tse di seng bonolo go tlhaloganngwa. Mekgwa ya setso ya tharabololo ya dikgotlang e ne e amogelege mo dikgotlatshekelo ka ntlha ya fa di tlhaloganngwa ka kgopolo ya Bophirima ya bosiamisi. Ditšhaba di ne di kopana mo makgotleng go rarabolola dikgotlhang tsa tsona, mme kgosi, jaaka Sachs a tlhalosa, e ne e dira jaaka sebueledi sa balekgotla ba gagwe, ba morago ba batlang go tsholetsa le go tshegetsa go tlhongwa ga meono mo morafeng. Sachs o tswelela jaana:
Mo bokaelong jo, kgosi e e molemo e ne e lemogwa e seng ka letshogo le a ka le tsenyang kgotsa bogolo jo a ka bo supang, mme ka nonofo ya gagwe mo go tlhaloseng bosiamisi jwa setšhaba se se tshwanang, bo bo akaretsang melao le melawana e e amogelwang ke botlhemo dikgotlhannyeng tse di rileng ka tsela e e lolameng".
Molaotheo o na le "thata ya mongwe le mongwe ya go rarabolola bothata bope jo bo ka rarabololwang mo tiragatsong ya molao ka ditheetso tsa botlhe tse di sa gobeleleng mo kgotlatshekelo kgotsa, fa go kgonega, foramo nngwe e e ikemetseng e bile e sa tsee letlhakore". Go ya ka Molaotheo, mofuta mongwe le mongwe wa lekgotsa kgotsa foramo o ka tlhongwa go rarabolola dikgotlhang tse di rileng, fa fela lekgotla kgotsa foramo eo e fitlhelela ditlhokego tse di leng mo Molaotheong tsa go ikemela le go se tsee letlhakore.
Boeteledipele ba setso bo ntse bo tsamaisa bosiamisi mo ditšhabeng tsa setso mo dingwagakgolong tse dintsi. Pele ga paka ya bokoloniale, dikgotlhang tsa loago le bosenyi di ne di rarabololwa ka go dirisa molao wa setso mo bokaelong jwa kopano ya lekgotla, le le eteletsweng pele ke moeteledipele wa setso. Le fa ditshwetso di ne di dirwa ka mokgwa wa ditherisano tsa temokerasi, tsamaiso e e ne e sa fitlhelele temokerasi ya nnete e e tletseng jaaka e tlhaloganngwa go ya ka kgopolo ya sešweng, segolo ka ntlha ya gore basadi mo ditlwaelong tse dingwe tsa setso ba ne ba sa letlwe go le go buisana mo teng ga lekgotla.
Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go letla ditheo tsa setso kgotsa diforamo tse di nnang jaaka makgotla a setso a kwa go ona baeteledipele ba setso ba diragatsang seabe le ditiro tse di amanang le tsamaiso ya bosiamisi. Molao o o solofelwang o tshwanetse go tlamela ka ditsela tse di tshwanetseng go latelwa ke makgotla a setso.
Dipholisi tse di tshitshinngwang mo letlhomesong le di batla go dumelana le ditsela tse tsa setso tsa go tsamaisa bosiamisa tse di ikaegileng ka meono ya ditšhaba tsa setso. Tsamaio e ga e tle boemong jwa tsamaiso ya boatlhodi. E golagana le go tshegetsa tsamaiso ya boatlhodi. Ka jalo o tshwanetse go tlhokomela go ranola melawana ya tsamaiso ya setso ya bosiamisi mo bokaelong jwa tsela e e maleba jaaka e dirisiwa kgotsa go tlhaloganngwa ka tsamaiso ya bosiamisi jwa ipusolosetso. Sekao, molatofadiwa, jaaka a tlhalosiwa ke Molao wa Tsamaiso ya Bosenyi (Criminal Procedure Act), 1977, o na le bokao jo bo farologaneng le jwa molatofadiwa go ya ka bokaelo jwa tsamaiso ya setso ya bosiamisi. Mo bokaelong jo, molatofadiwa mo tsamaisong ya bosiamisi jwa bosenyi o tshwanelwa ke kemedi ya semolao, fa molatofadiwa mo tsamaisong ya setso ya bosiamisi a sa tshwanelwa ke kemedi eo.
Dipholisi tse di ikaeletse go oketsa phitlhelelo ya bosiamisi ke ditlhopha tsa loago tse di sa direlweng ka botlalo kgotsa ntle le kgobelelo ke tsamaiso ya bosiamisi ya semmuso - ka go dira jalo go fokotsa ditlhwatlhwa le nako e e tsewang go rarabolola dikgotlhang tse dinnye. Fa meono ya setšhaba e tlhagelela thata mo melaong le ditsela tsa tharabololo ya dikgotlhang, ditsela tse di tla bona tlotlo e kgolo go tswa mo malokong a setšhaba sa setso.
Dikgato tse di latelwang mo tsamaisong ya bosiamisi jwa setso
Tsamaiso ya bosiamisi jwa setso e simolola kwa maemong a lelapa kgotsa a selegae. Bagolo mo lapeng ba ka leka go rarabolola dikgotlhang. Fa ba sa kgone go dira jalo, ba e isa kwa maemo a selegae (kgosana). Tharabololo ya dikgotlang kwa maemong a lelapa kgotsa a selegae e laolwa ke molao wa setso. Go isa morero kwa lekgotleng la setso ka gale go bonwa e le sengwe sa bofelo, mme go dirwa jalo fela fa maiteko a ntlha a go rarabolola kgotlhang e a reteletswe.
Popego ka kakaretso e ntse jaana:
Ka kakaretso, kgetse e isiwa fela kwa lekgotleng la setso fa ditsela tse dingwe di reteletswe. Mongongoregi o simolola kwa maemong a lelapa mme fa e sa rarabologe kwa maemong ao, e romelwa kwa go kgosana go bona tharabololo. Fa kgetse e e sa rarabololwe ke kgosana, e fetisediwa go moeteledipele o mogolo wa setso yo o bitsang lekgotla. Dingongorego le dikgotlhang di reediwa kwa dikantorong tsa bothati jwa setso, e ka nna kwa kantorong ya kgosi kgotsa kwa phaposing ya bothati. Dingongorego tse di a reediwa mme ka kakaretso di akaretsa dipuisano magareng ga matlhakore a a amegang go akarediwa le moeteledipele wa setso le maloko a mangwe a lekgotla. Ba dumalana ka tsela ya go rarabolola kgotlhang mme ba batle tumalano ya maphata otlhe. Fa go sa fitlhelelwa tumalano, e nna theetso ya semmuso fa pele ga lekgotla la setso.
Kopano ya lekgotla a bulegetse maloko a setšhaba, e bile ba letlwa go tshwaela le go botsa matlhakore otlhe dipotso. Kwa bokhutlong jwa tsheko, moeteledipele wa setso o bolela tshwetso ya lekgotla. Kwa mafelong a baeteledipele ba setso ba bagolo ba leng ka fa tlase ga kgosi kgotsa kgosigadi, go sa ntse go na le tshwanelo ya go ikuela kgatlhanong le tshwetso ya lekgotla kwa go kgosi kgotsa kgosigadi.
Tharabololo ya kgotlhang kwa maemong a kgosana e laolwa ke molao wa setso. Molao o o solofetsweng, ka jalo, o tla laola tharabololo ya dikgotlhang fa fela kgotlhang eo e fetisediwa kwa lekgotleng la setso.
Go ela tlhoko melawana ya bosiamisi jwa pusetso mo teng ga tsamaiso ya bosiamisi jwa setso
Mo tsamaong ya hisetori, baeteledipele ba setso ba ntse ba na le ditsela tsa go rarabolola dikgotlhang, tse di neng di na le katlego mo go rarabololeng mathata mo ditšhabeng tsa kwa magaeng. Maitlhomomagolo a makgotla a setso ke go fitlhelela poelano magareng ga maphata.
Le fa e le boammaaruri gore fa lekgotla la setso le sekaseka kgotlhang, le neela "katlholo" (k.g.r. go bona motho a le molato kgotsa nnyaa), ke boammaruri gape gore maikaelelo a magolo a ditiragalo ke go rarabolola kgotlhang le go siamisa kamano e e itekanetseng magareng ga maphata ka bobedi. Dintlha tsa bosiamisi jwa pusetso tse di tlhagelelang e kete ke itlhamelo mo tsamaisong ya bosiamisi jwa semmuso, di ntse di le teng go tloga bogologolo mo tsamaisong ya bosiamisi jwa setso.
Thebolo ya ditlabelo tse di maleba go diragatsa seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi
Go farologana le dikgotlatshekelo tsa semmuso mo bommagiseterata le baatlhodi ba thapiwang go dira ka ditiro tse di rileng tsa boatlhodi, setheo sa boeteledipele ba setso se na le ditiro tse dingwe tse di farologaneng tsa setso le ngwao, tse se di reboletsweng ke molao. Baeteledipele ba setso ga ba thapelwe maemo ka ntlha ya bokgoni kgotsa nonofo, fela ba tlhatlogela mo setulong sa bogosi ka tsalo. Ga ba tlhophiwe, mme ke "baeteledipele ka tsalo".
Baeteledipele ba setso ba diragatsa seabe le ditiro tsa bona gaufi le setšhaba. Molao wa Letlhomeso la Boeteledipele ba Setso le Puso (Traditional Leadership and Governance Framework Act) o ikuela go puso go tlamela ka ditlabelo tse di tlhokegang gore baeteledipele ba setso ba diragatse ditiro tsa bona. O tlamela ka gore ditheo tsotlhe tsa puso di tshwanetse go netefatsa gore go abiwa ga seabe kgotsa tiro nngwe le nngwe kwa setheong sa boeteledipele ba setso go tla le ditlabelo tse di tlhokegang, mme go tshwanetse ga netefatsa gore tsela e e siameng ya go naya dipegelo e tlhomilwe. Go botlhokwa go tlamela ka tikologo e e tla thusang go rotloetsa tsela e e momaganeng mo tiragatsong ya seabe le ditiro e e tla kgabaganyang makala otlhe a puso. Mo bokaelong jo, Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le solofelwa go tlamela ka dinonofo le ditlabelo tse di tla tlhokegang mo go diragatseng seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi, jaaka ditlabelo tse di botlhokwa go tlamela ka katiso le tshegetso ya botsamaisi go makgotla a setso.
Ka 1999, South African Law Reform Commission e ne ya dira ditlhotlhomiso go kokoanya melao e e farologaneng le ditlamelo tse di laolang makgotla a setso go kgona go a nyalanya le melawana ya temokerasi le meono e mengwe ya Molaotheo. Ditlhotlhomiso tse di ne tsa tliswa go phasalatswa ga pampiri e setlhogo sa yona e leng Traditional courts and the judicial functions of traditional leaders. Ditherisano tse di tseneletseng kwa maemong a bosetšhaba, porofense le a selegae di ne tsa latela phasalatso ya pampiri e. Se se ne sa tlisa go phasaladiwa ga pegelo ya makgaolakgang le seralwa sa molaotlhomo.
Dikatlenegiso tsa pegelo di ka sosobanngwa jaana:
Lefapha le tshwanetse go dira molao, o o tlhomang makgotla a setso a a nang le dithata tsa loago le bosenyi, jaaka go batlwa ke Molao, mme go tshwanetse ga tlhaloswa ka madi a a tla tlhokegang mo mererong ya loago.
Molao o tshwanetse go tlamela ka kemedi/go nna le seabe ga basadi mo makgotleng a setso.
iii Kemedi ya semolao ga e a tshwanela go letlwa mo ditsamaisong tse di fa pele ga makgotla a setso.
Makgotla a setso a tshwanetse go matlafadiwa go diragatsa dikotlhao ka dituelo le dikotlhao tse di beetsweng thoko.
Basireletsi mo kgetseng e e fa pele ga makgotla a setso ba tshwanetse go nna le tshwanelo ya go ikgogela morago le go isa kgetse kwa kgotlatshekelo e e tlwaelegileng.
Boikuelo kgatlhanong le ditshwetso tsa makgotla a setso bo tshwanetse go nna maikarabelo a lekgotla la setso la boikuelo le le tlhomilweng go reetsa boikuelo jwa makgotla a ntlha.
vii Dikatlholo tsa makgotla baeteledipele ba setso di tshwanetse go bo di ka tsenngwa tirisong ke dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata.
viii Mokwaledi wa makgotla a setso o tshwanetse go tlhongwa mo porofenseng nngwe le nngwe go neelana ka tshegetso ya botsamaisi go makgotla a a mo porofenseng.
Le fa pegelo e na le dikatlenegiso tse di batlang go bopa sešwa le go tiisa paka ya makgotla a setso, dingwe tsa dikatlenegiso tsa yona, segolo tse di amanang le go tsenngwa ga dikatlholo tse di sekegilweng tsa kgotlatshekelo, boikuelo le go boloka direkoto tsa tsamaiso ya lekgotla, di ikaegile mo dikgotlatshekelong tsa Bophirima mme di ka fitlhelwa di sa nyalane le meono ya bosiamisi ya Seaforika.
Ditshitshinyo tsa pholisi
Go tlhongwa ga baeteledipele ba setso go ela tlhoko makgotla a setso
Tona o tshwanetse go tlhopha dikgosi, dikgosana le baeteledipele ba setso ba bagolo go ela tlhoko tsamaiso ya makgotla a setso a a tlhomilweng mo mafelong a bona a tiro, a a tlhaloswang go ya ka molao.
Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go rebola tlhopho ya maemo a ka go kwala. Go tsenela dithulaganyo tse di beilweng tsa katiso e tshwanetse go nna nngwe ya ditlhokego tsa gore moeteledipele wa setso a tlhophiwa go diragatsa seabe le ditiro tsa gagwe mo tsamaisong ya bosiamisi. Fela jalo, molao o tshwanetse go tlamela ka ga go gogelwa morago ga tlhopho e e ntseng jalo mo mabakeng a go dirisa thata e botlhaswa.
Kgosana kgotsa leloko la lelapa la segosi o tshwanetse go tlhongwa jaaka motsamaisi go diragatsa ditiro tsa moeteledipele wa setso yo mogolo fa moeteledipele a se teng.
Maikarabelo a baeteledipele ba setso mo go diragatseng seabe le ditiro tsa bona mo tsamisong ya bosiamisi
Ga go ditsela tsa go netefatsa gore baeteledipele ba setso ba diragatsa seabe le ditiro tsa bona mo tsamaisong ya bosiamisi ka fa tlase ga molao. Go tlhokega ga ditsela tsa go netefatsa gore baeteledipele ba setso ba diragatsa seabe le ditiro tsa bona mo tsamaisong ya bosiamisi go tsamaisana le ditlhokego tsa Molaotheo le molao, go tlisa dikgwetlho tse dikgolo. Fela jaaka molao wa bosetšhaba o batla gore baatlhodi le bommagiseterata ba dire maikano a kantoro fa pele ga motlhankedi yo mogolo wa boatlhodi, molao wa bosetšhaba o tshwanetse go solofela gore baeteledipele ba setso ba ba tlhophilweng go tsamaisa merero ba dire maikano a kantoro fa pele ga mmagiseteratawa kgotlatshekelo ya mmagiseterata mo lefelong la tiro la lekgotla leo la setso.
Molao wa bosetšhaba o ka tlamela ka go tlhongwa ga melawana ya maitsholo go baeteledipele ba setso ba ba tlhophilweng go diragatsa seabe le ditiro mo tsamaisong ya bosiamisi, mme o tshwanetse go tlhalosa dikgato tse di ka tsewang fa go nna le kgatako ya maitsholo a a siameng ka moeteledipele ofe wa setso. Dikgato tse di tshwanetse go akaretsa dikatlenegiso tsa go tsenela thulagano e e rileng ya katiso kgotsa go tlosiwa nakwana kgotsa leruri ga tlhopho eo fa kgatako e le masisi mo e tshwanelwang ke go tlisa kgogelo-morago.
Go tsenela thulaganyo e e beilweng ya katiso ga baeteledipele ba setso
Baeteledipele ba setso ba tshwanetse go tsenela thulaganyo ya katiso e e ka ga, gareng ga tse dingwe, ditshwanelo tsa botho, pharologano le bokaelo jwa loago go ka tlhophiwa jaaka batsamaisi ba makgotla a setso. Katiso e tshwanetse go atolosediwa go dikgosana le maloko a mangwe a lelapa la segosi a a tlhophilweng jaaka batsamaisi.
Molao o tshwanetse go tlamela ka dithulaganyo tse di jaana tsa katiso (ka tirisano le Justice College) jaaka go ka tlhokega mo tsamaisong ya makgotla a setso. Thulaganyo ya katiso e tshwanetse go akaretsa thuto ya ditshwanelo tsa botho, katiso ya dipharologano le bokaelo jwa loago.
Dikgotlatshekelo tsa setso go nna le dithata mo mabakeng a dikgotlang tse di tlhagelelang go tswa mo molao wa setso le ditlolomolao tse dingwe tsa bosenyi
Mo malobeng, makgotla a setso a ne a tsewa a kgona go samagana fela le dikgotlang tse di bakwang ke ditlwaelo tsa setso. Molao wa seto ke setlhopha sa melao e e sa kwadiwang mme o farologana go ya ka dikarolo magareng ga ditšhaba tsa setso. Molao wa setso ke setlhopha sa ditlwaelo, ditheo le meono e e dirisiwang ke setšhaba sa setso.
Pharologano magareng ga dikgotlhang tse di tlhagelelang mo molaong wa setso le tse di ikaegileng ka molao o o tlwaelegileng gantsi ga e a totobala. Go ya ka Sachs, melelwane magareng ga setso le molao o o tlwaelegileng e nolofetse e bile e a tshelega. O tlhalosa gore le fa mareo a dirisiwa ka go farologana mo Molaotheong, a ka bonwa a dirisiwa ka tsela ya tlhaloso e bile e elela, go na le tsela ya meono le dikarolo. O tswelela jaana:
Bobedi a tlhoka go golaganngwa le meono ya Molaotheo. Mo matsatsing a tlhaolele a ne a kgaoganngwa, ka kgopolo le ka ditheo. Gompieno ga go na lebaka la go se lemoge le go amogela ntlha ya gore lengwe le lengwe le tseneletse le go tlhotllheletsa le lengwe ka tsela e e ka se dirololweng. Gape, bobedi a amilwe ke molao thata le ka tsela e sa dirologeng; fa fela go ne go na le mefuta e e itshekileng ya molao o o tlwaelegileng le molao wa setso, ga e tlhole e le teng gompieno."
Go tsenngwa ga taolo ya merero ya bosenyi le ya loago mo makgotleng a setso go ka tsosa dikgwetlho tsa Molaotheo. Go na le pharologano e nnye magareng ga bosenyi jo bo tlhagelelang go tswa mo molaong le ditlwaelo tsa setso le ditlwaelo tse di tswang mo molaong o o tlwaelegileng. Morago ga ditlhotlhomiso mo ntlheng e, ga go na bosenyi bope jwa molao wa setso jo bo itsegeng bo farologana le jo bo tlhagelelang go tswa mo molaong o o tlwaelegileng. Se se jalo gonne molao wa setso ga o a kwadiwa mme o farologana go tloga go setšhaba go ya go se sengwe. Le fa mo molaong wa loago go na le dikgotlhang tse di rileng tse di ikaegileng fela ka molao wa setso, go botlhokwa go batlisisa gore makgotla a setso a ka neelwa thata go le kae go reetsa dikgotlhang tsa loago le bosenyi jwa molao o o tlwaelegileng. Go atolosiwa ga thata ya merero ya bosenyi le loago go tshwanetse ga nyalana le ditlhokego tsa Molaotheo.
Go botlhokwa gore makgotla a setso a newe thata ya go reetsa dikgetse tsa bosenyi jo bo seng masisi go le kalo le dikgotlhang tse dinnye tsa loago tse di tlhagelelang go tswa mo molaong wa setso le bosenyi jwa molao o o tlwaelegileng.
Thata ya makgotla a setso e tshwanetse go nna malebana le ditlolomolao le dikgotlhang tse di tlhageletseng mo teng ga lefelo la thata ya lekgotla la setso le le amegang.
Tona o tshwanetse gore, ka gale, ka kitsiso mo Kuranteng ya Puso, a bee boleng jwa madi a dikgotlhang kgotsa ditleleimi tse di tla reediwang mo makgotleng a setso. Dikgotlhang tse di masisi jaaka tirisodikgoka mo malapeng le tshotlakako ka thobalano ga di a tshwanela go reediwa ke makgotla a setso.
Ka ntlha ya fa Aforika Borwa a se na tsamaiso ya molao wa setso e le nngwe e e momaganeng, makgotla a setso a tla tswelela go lebagana le maemo a mo go ona a tshwanetse go swetsa gore ke efe ya ditsamaiso tse pedi kgotsa go feta tsa tsamaiso ya molao wa setso e e ka dirisiwang mo dintlheng tsa kgotlhang e e rileng. Mo tiregong, dikgotlhang tse di ntseng jaana di rarabololwa ke tumelano ya maphata a mo kgotlhannyeng. Fa go se na tumalano magareng ga maphata a, molao o o dirang ke molao wa lefelo la setšhaba sa setso se se amegang, kgotsa molao o kgetse o golaganang thata nao.
Makgotla a setso a tshwanetse go gatelela dikotlhao tsa mokgwa wa pusetso (bosiamisi)
Makgotla a setso ga a tshwanela go gatelela mokgwa o o rileng wa go tlhatlhelwa kgotsa katlholo e e sekegilweng.
Mo malobeng, baeteledipele ba setso ba ne ba gatelela dikotlhao tse di masisi jaaka go kobiwa mo setšhabeng. Le fa go le jalo, dikotlhao tse di ne di ka se siame ka fa tlase ga Molaotheo.
Makgotla a setso a ka gatelela dikotlhao tsa tuediso kgotsa go duelwa madi. Mo makgotleng a setso, ka gale tsepamo e mo go tliseng poelano le bosiamisi jwa pusetso go na le kotlhao. Kotlhao ya tuediso e tsewa jaaka go amogela molato mme gantsi tuelo e e swediwa ke motho ka boena. Choudree o bontsha sekao se se latelang go tlhalosa ntlha e:
Fa motho a lemoga gore o phoso, kgotsa go bonala gore maloko a morafe wa gagwe a mmona a le phoso, a ka ithaopa go ntsha nku, podi, kgotsa kgomo go supa molato wa gagwe le go phimola tlolomolao ya gagwe. Go ituedisa go, dinako dingwe go dirisiwa le kwa lekgotleng la kgosana, go supa go amogela molato. Go itsege jaaka madi a go ithapeletsa mme ke sesupo sa go sokologa go lekgotla. Mo lebakeng la fa molatofadiwa a ituedisang tuelo e maloko a lekgotla a dumelang gore ga e a lekana, ba tsaya se e le sesupo sa gore ga a ipone molato; mo letlhakoreng le lengwe fa a ituedisa thata, ba ka fokotsa tuelo e.
Makgotla a setso a tshwanetse go matlafadiwa go tsenya dikotlhao tse dišwa tsa setšhaba, segolo dikotlhao tse di tlisang bosiamisi jwa pusetso, go nyalana le seabe sa tlwaelo sa boeteledipele ba setso. Mo malobeng, baeteledipele ba setso ba ne ba rwesa maikarabelo a go tsweletsa kagiso le mowa o o edileng mo setšhabeng. Molao o o laolang dikgotlatshekelo tsa tekatekano o ka neela sekao se se botlhokwa mo ntlheng e, sekao, gore boitshwarelo jo bo feleletseng bo newe kgotsa taelo ya gore molatofadiwa a duele mongongoregi ditshenyegelo tse di dirilweng, go etswe tlhoko mabaka a a rileng.
Molao wa bosetšhaba o tshwanetse go neela Tona maatla a go baya tlhwatlhwa e e kwa godimo e e ka duedisiwang ke lekgotla la setso. Dituediso tsa pusetso e ka nna ka tsela ya madi kgotsa leruo. Madi a a duelwang jaaka dituediso e tshwanetse go nna karolo ya lotseno lwa naga mme a tshwanetse go dirisiwa ka mokgwa o o beilweng.
Thebolo ya dikitsiso le ditsamaiso tsa lekgotla le go diragadiwa ga ditshwetso tsa makgotla a setso
Morago ga go tsena ga paka e ntšhwa ya temokerasi, tsamaiso ya sepodisi sa setso e e neng e le botlhokwa mo go diragatseng ditshwetso tsa makgotla a setso, e ne ya wa. Nngwe ya ditiro tse sepodisi sa setso e ne e le go rebola dikitsiso, go kaela maphata le maloko a setšhaba go tsenela makgotla le go ela tlhoko go tiragatso ya ditshwetso tsa makgotla. Fa go se na sepodisi sa setso, go botlhokwa go tlamela ka bokgoni jo bo tla dirang tiro e.
Go ntshiwa ga kemedi ya semolao mo dikgetseng tse di fa pele ga makgotla a setso
Ditshwanelo tsa kemedi ya semolao mo dikgotlatshekelo tse di tlwaelegileng ke ka ntlha ya karolo 35 ya Molaotheo mme tshwanelo e ga e ka ke ya phimolwa. Le fa go le jalo, mo tsamaisong ya bosiamisi jwa setso tshwanelo ya kemedi ya semolao ga e dirisiwe gonne tsamaiso ya bosiami jwa setso e farologane le dikgotlatshekelo jaaka di kaiwa ke Molaotheo karolo 353c. Maikaelelo a makgotla a setso ga se go latofatsa, mme ke go busetsa maemo a a edileng le poelano. Sachs o tshwaela jaana mo ntlheng e:
Ga ke tshitshinye gore makgotla a setšhaba kwa mafelong a magae, a a eteletsweng pele ke baeteledipele ba setso e bile a dira go ya ka ditsela tsa molao wa setso, a newe maatla a go romela batho kgolegelong. E bile ga a tshwanela go letlwa go gatelela kotlhao ka go betsa. Fa mongwe a tshosediwa ka go latlhegelwa ke kgololosego, go tshwanetse ga nna le tsela e e maleba ya molao, babueledi, makwalo a ditatofatso, tsela ya boikuelo le ditsela tse dingwe tsa semmuso. Ke se Molaotheo o se batlang. Fela go rarabolola dikgotlhang tsa malapa le baagisani le go samagana le ditshotlako tse dinnye le bogodu jo bonnye di tlhoka dithekeniki le ditsamaiso tse dingwe.
Kemedi ya semolao ga e a tshwanela go amogelwa ka ntlha ya gore makgotla a setso ga ba dire ka dipotso tsa setegeniki tsa semolao tse di tlhokang go ranolwa ke babueledi.
Ditshwetso tsa makgotla a setso go nna tsa makgaolakgang ke gore go letlwe boikuelo kgatlhanong le ditaelo tse di rileng fela
Dikatlholo le ditshwetso tsa makgotla a setso ka gale di ikaegile ka go dumela ga molatofadiwa, mme ditshwetso tse di fitlhelelwang di fetoga go nna ditshwetso tsa setšhaba gonne mongwe le mongwe o nna le seabe mo tharabololong ya mathata. Kgopolo ya boikuelo ga e teng mo tsamaisong ya makgotla a setso. E tsentswe ke ditsamaiso tsa bokoloniale le tlhaolele tse ka tsona mofuta wa puso ya Bophirima e neng e ela tlhoko boeteledipele ba setso. Boikuelo e bile bo diegisa tsamaiso ya semolao.
Mo dikgetseng tse di rileng, boikuelo go kgotlatshekelo ya ga mmagiseterata e e nang le taolo bo tshwanetse go letlwa kgatlhanong le ditaelo tsa tuediso kgotsa pusetso e e kwa godimo.
Tebosešwa ya ditshwetso tsa makgotla a setso
Ditshwetso tsa makgotla a setso di tshwanetse go ka lejwa gape ke kgotlatsekelo ya ga mmagiseterata e e nang le taolo mme mabaka a tebosešwa a tshwanetse go tlamelwa mo molaong. Mabaka a a tshwanetse go akaretsa go tlhokega ga taolo mo lephateng la kgotlatshekelo, tsamaiso e e sokameng, go nna le kgatlhego mo tsamaisong eo le kgobelelo.
Mekgwa e e tshwanetseng go tlhongwa fa go romelwa dikgetse go tswa kwa makgotleng a setso go ya kwa dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata le go refosana
Go tshwanetse go kgonega gore melato e romelwe kwa lekgotleng la setso go ya kgotlatshekelo ya semmuso, fa e le gore go ya ka lekgotla la setso molato oo ke o mogolo mo e bileng o tshwanetseng go sekwa ke kgotlatshekelo ya semmuso.
Gape go tshwanetse go kgonega gore melato e romelwe go tswa kgotlatshekelo ya semmuso go ya lekgotleng la setso, fa e le gore go ya ka motšhotšhisi molato oo ke o o tshwanetseng go sekwa kwa lekgotleng la setso.
Seabe sa makgotla a setso mo tsamisong ya bosiamisi jwa bosenyi
Makgotla a Setso a tshwanetse go dirisiwa jaaka mafelo a go romela melato e e tswang kwa dikgotlatshekelo tsa semmuso, mme tsona di tshwanetse go dirisa mokgwa wa tsamaiso ya bosiamisi ka go dirisa mofuta tsamaiso ya bosiamisi ka go dirisa mokgwa o mongwe wa go rarabolola mathata kgotsa dikgetse.
Tse di latelang ke mengwe ya mesola ya pusetso ya bosiamisi e e tlhaloswang ke Schmid:
Go nna le seabe ga motswasetlhabelo le koketsego ya go kgotsofala: Dikgotlatshekelo tse di tlwaelegileng di tsewa jaaka tse di bonwa tse di neelang sesenyi lesedi mme motswasetlhabelo ena a sa tlhokomelwe ka fa bosenyi e le molato kgatlhanong le mmuso. Maiteko a bosiamisi jwa pusetso a tsepamisitswe mo go bobedi motswasetlhabelo le mosenyi ka bobedi.
Go amogela maikarabelo: Therisano fa gare ga mosenyi le motswasetlhabelo e neela mosenyi sebaka sa go dumela diphoso tsa gagwe le go rwala maikarabelo a go siamisa diphoso tseo.
iii Go fokotsega ga go boeletsa go dira melato: Ditlhotlhomiso tse di dirilweng di bontsha gore go boeletsa go dira melato go fokotswa ke bosiamisi jwa pusetso, fa go bapiswa le mekgwa e e tlwaelegileng ya tsamaiso ya bosiamisi.
Mokgwa wa go rarabolola mathata a bosenyi: Seabe se se tsewang mapodisi kwa dikhomferenseng tsa bosiamisi jwa pusetso se thusa sepodisi le makala a mangwe a tsweletso ya bosiamimisi go tlhaloganya se se dirang gore batho ba senye le gore bosenyi joo bo ka batlisisiwa jang.
Maatla a a okeditsweng: Go neela bannaleseabe mo tsamaisong ya molao wa bosenyi sebaka sa go nna le seabe le go tsaya ditshwetso kwa dikhomferenseng tsa bosiamisi jwa pusetso go a matlafatsa. Schmid o tlhalosa jaana:
Motheo wa bosiamisi jwa pusetso ke gore ditshwetso tse di malebana le mekgwa ya go samagana le ditlamorago tsa bosenyi di fitlhelelwe morago ga gore bannaleseabe ba fe dikakanyo tsa bona. Morago ga tirisano e tshwetso ya setlhopha se a tswelela mme se a diragadiwa. Ka tsela eo, ditlhopha tse dikgolo (basenyi, batswasetlhabelo le sepodisi) di kgona go bona gore ke bona beng" ba ditshwetso tsa khomferense".
Setheo sa boeteledipele ba setso, ka makgotla a setso, se na le seabe se segolo mo go momaganyeng le go diragatseng thulaganyo ya bosiamisi jwa pusetso mo tharabololong ya dikgotlang.
Go boloka direkoto tse di rileng
Molao o tshwanetse go tlamela ka tlhago le bogolo jwa direkoto tse di tshwanetseng go tsholwa mo tsamaisong ya makgotla a setso. Direkoto tse di tsholwang di tshwanetse go lekana mo e leng gore di tlhagisa ditshwetso le mabaka a ditshwetso tsa lekgotla la setso (go letla go diragadiwa ga tshwanelo efe, sekao, ditshwanelo tsa go ikuela kgatlhanong le ditaelo tse di rileng tsa lekgotla kgotsa tshwanelo ya go batla gore tsamaiso ya lekgotla sekasekwe).
Baeteledipele ba setso le makgotla a setso ba tshwanetse go tsweletsa maeono le melawana ya Molaotlhomo wa Ditshwanelo
Ka thuto ya ditshwanelo tsa botho le mananeokatiso a loago, baeteledipele ba setso ba tshwanetse go tlotla ya tekatekano ya bong fa ba tshwaragane le melato ya dikgotlhang tse di amang basadi le maloko a mangwe a setšhaba, le gore ba tlotle ditshwanelo tse di tlhaloswang mo teng ga Molaotlhomo wa Ditshwanelo.
Le fa e le gore mo ditšhabeng tse dingwe go na le maiteko a go fedisa kgethololo ya basadi mo makaleng a lekgotla la setso, go sa ntse go na le ditiragalo tsa kgethololo go ya ka bong le go se tlotle basadi mo mo tsamaisong ya bosiamisi mo makgotleng a mangwe a setso.
Molao o o laolang Makgotla a Setso o tshwanetse go tiisetsa tshwanelo ya tekatekano ya bong e e tlhaloswang mo Molaotheong mme molao oo o tsweletse mananeo a a tla netefatsang go nna le seabe ga basadi, bašwa le batho ba ba golofetseng mo makgotleng a setso.
Botlhokwa jwa molao wa bosetšhaba go netefatsa tshwano
Tsamaiso ya bosiamisi ke maikarabelo a bosetšhaba, e leng se se kayang gore ga go na maikarabelo a a tla fetisediwang ke Molaotheo go dipuso tsa diporofense kgotsa tsa selegae malebana le tsamaiso ya bosiamisi. Diporofense di rwele maikarabelo a merero ya molao wa ngwao le wa setso, go ya ka Kgaolo 12 ya Molaotheo, mme ga di na maikarabelo a merero e e nyalanang le tsamaiso ya bosiamisi jaaka go tlhalosimo mo Kgaolong 8 ya Molaotheo.
Go botlhokwa go hlama molao wa bosetšhaba o o tla netefatsang gore go nna le maemo a a tshwanang mo nageng ka bophara.
Dithulaganyo tsa phetisetso
Dithulaganyo tsa phetisetso di botlhokwa gore go diragadiwe diphetogo tsa Makgotla a Setso tse di tlhaloswago mo pholising e mme tsona di tla dirwa go ya ka molao o o solofelwang. Tse di latelang ke dilo tse di tlhokang go fetolwa.
i Tiriso ya melao e e farologaneng mo diporofenseng tse di farologaneng:
Ka lebaka la go fetisetsa melao ya dinagamagae tsa maloba kwa diporofenseng tse di farologaneng ka 1994, melao ya go e e farologaneng e dirisiwa mo diporofenseng tse di farologaneng mo Rephaboliking ya Aforika Borwa. Dingwe tsa diporofense di fetotse melao ya tsona, fa melao e mengwe e e dirisiwang mo dikarolong tse dingwe tsa Mpumalanga le Kapa Botlhaba, e leng KwaNdebele Traditional Hearings of Civil and Criminal Cases Act, 1984, le Regional Authorities Courts Act, 1982, e ne e sa fiwa Mpumalanga le Kapa Botlhaba. Go batlega Molao o le mongwe Palamente o o tla laolang ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi. Se se tla pateletsa gore go fedisiwe melao e e diriswang ke mmuso wa bosetšhaba le melao e mengwe ya diporofense e e laolang ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi mme e le eo e se kileng e fetolwa ke dikokoanopeomolao tsa a diporofense tseo. Go batlega gore go nne le taolo e e siameng ya go fediswa ga melao eo gore go kgone go nna le tsela e e siameng ya go tsenya tirisong Molao o le mongwe wa Palamente o o tla dirisiwang Aforika Borwa yotlhe. Diporofense di tshwanetse go fiwa nako e e lekaneng go ka fetola melao eo ya tsona.
Fa go fetolwa melao e e tsamaisanang le ditiro tsa baeteledipele ba setso, go tla tlhokega gore Makgotla a Setso a newe yako ya go konosetsa melato e a tshwaraganeng nayo go ya ka melao e e neng e le teng fa melato eo e dirwa. Melato ya boikuelo e e saletseng morago kgotsa e e neng e ise e reediwe pele ga fa melao e mešwa e tsenngwa tirisong e tshwanetse go konosediwa go ya melao e e neng e le teng pele ga Molao o mošwa.
iii Go tlhophiwa ga gethwa ga baeteledipele ba setso jaaka batlhankedi ba ba tsamaisang Makgotla a Setso, katiso le maikano a kantoro.
Gore go netefadiwe tswelopele, baeteledipele ba setso ba ba tlhophilweng go reetsa melato ya dikgotlhang tsa setšhaba le ya bosenyi mme go tlhophiwa ga bona go ise go fetolwe ke molao o o rileng go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Bantsho (Black Administration Act, 1927) kgotsa molao o mongwe, ba tshwanetse go dumelelwa go tswelela pele go reetsa melato ya dikgotlhang jaaka batlhankedi ba bosiamisi go fitlha ba newa ditiro stse dišwa go ya ka molao o mošwa. Baeteledipele bao ba setso ba tshwanetse go tsenela katiso e e maleba mme ba dire maikano gore ba kgone go tswelela pele ka ditiro tsa bona. Baeteledipele bao ba setso ba tshwanetse go fiwa nako ye e lekaneng go tsenela katiso le go dira maikano. Nako eo e tshwanetse go nna e e lekanyeditsweng gore ba ba amegang mo katisong eo ba kgone go fitlhelela ditlhokego tsa paka ya segompieno.
BOKHUTLO
Tlhabololo ya molao o o ka ga makgotla a setso
Letlhomeso le la pholisi le batla go tsosolosa le go matlafatsa tsamaiso ya meono ya bosiamisi jwa setso e e leng botlhokwa mo go fitlheleleng maitlhomo a phitlhelelego ya bosiamisi. Setlankana se ke ditlamorago tsa ditlhotlhomiso le ditherisano tse di tseneletseng le bannaleseabe mo tsamaisong ya bosiamisi mo teng le ka kwa ntle ga Rephaboliki. Se tlhoma motheo wa molao o mošwa o o tshitshinngwang o o ikaeletseng go diragatsa ditlamelo tse di mo teng ga Traditional Leadership and Governance Framework Act, o o ikuelang go Lefapha jaaka karolo ya puso go aba diabe le maikarabelo go setheo boeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi. Molaotlhomo wa Makgotla a Setso o tla tsweletswa kwa Palamenteng go diragatsa dintlha tsa pholisi tse di leng mo.
Paka ya ditherisano
Khomferense ya Bommagiseterata ya bosetšhaba e e neng e rulagantswe ke Lefapha ka Lwetse 2007 e e neng e tsenetswe ke batho ba feta 500, go akaretsa baatlhodi-bagolo, bommagiseterata, Ditona, batlhankedi ba boatlhodi go tswa kwa dinageng tse di rileng tsa SADC, e ne ya buisana mo go nngwe ya dikhomišene tsa yona, ka botlhokwa jwa seabe sa boeteledipele ba setso mo go rotloetseng momagano ya loago le go samagana le tharabololo ya dikgotlhang. Khomferense e ne ya leba pholisi le maiteko a semolao a a tserweng mo pakeng e jaaka thuto e e botlhokwa thata e e tla thusang mo go ageng momagano ya loago le pusetso mo dinageng tse di neng di tletse dintwa.
Khomferense e, e e neng e le tshimologo ya puisano e e tseneletseng ka ga seabe sa makgotla a setso, e ne ya latelwa ke ditherisano tse dingwe fa Lefapha le ne le kopana le Ntlo ya Bosetšhaba le Dintlo tsa Diporofense tsa Baeteledipele ba Setso go buisana maiteko a pholisi a a tshwanetseng go nna motheo wa molao o o solofelwang. Dithutano tse le dikemedi tsa baeteledipele ba setso mo diporofenseng tse di farologaneng di ne di tshwerwe jaana:
Ka 7 Ngwanatsele 2007 kwa Mafikeng (kwa kemedi ya baeteledipele ba setso mo Bokone Bophirima, Gauteng le Kapa Bokone e neng e le teng);
ii ka 9 Ngwanatsele 2007 kwa Nelspruit (kwa kemedi ya baeteledipele ba setso mo Mpumalanga e neng e le teng);
iii ka 15 Ngwanatsele 2007 kwa Polokwane kwa kemedi ya baeteledipele ba setso mo Limpopo e neng e le teng;
ka 21 Ngwanatsele 2007 kwa Harrismith (kwa kemedi ya baeteledipele ba setso mo Free State e neng e le teng);
vi ka 23 Ngwanatsele 2007 kwa Durban (kwa kemedi ya baeteledipele ba setso mo KwaZulu-Natal e neng e le teng); le vii ka 12 - 13 Sedimonthole 2007 kwa Gauteng kwa kemedi ya Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso le kemedi ya Ntlo ya Baeteledipele ba Setso ya porofense nngwe le nngwe e neng ya kopana le Lefapha go buisana ka pegelo e e rulagantsweng go tswa mo ditshwaelong tse di dirilweng kwa dithutanong tsa diporofense, ga mmogo le go rala Molaotlhomo wa Makgotla a Setso.
Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso e ne e na le kemedi kwa go nngwe le nngwe ya dithutano tsa ditherisano ke maloko a Komiti ya Tlhabololo ya Molaotheo ya Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso. Dithutano dingwe le dingwe tsa ditherisano di ne di bulwa ke Monnasetilo wa Ntlo ya Porofense ya Baeteledipele ba Setso e e maleba. Ntle le kemedi ya baeteledipele ba setso mo porofenseng nngwe le nngwe, boatlhodi, bothati jwa botšhotšhisi, Ditheo tsa Kgaolo 9, Mokgatlo wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa (SALGA) le yona di ne di laleditswe, mme di nnile le seabe mo ditherisanong. Dikarolo tsa mafapha a diporofense a a ikarabelang mo mererong ya setso le tsona di ne tsa tsenala le go nna le seabe mo dithutanong.
Dithutano tsa ditherisano di nnile ka tsela e e latelang:
Kamogelo le pulo ka Monnasetilo wa Ntlo ya Baeteledipele ba Setso ya Porofense
Tlhagiso ka Lefapha ka ga tse di latelang:
Maikaelelo a thutano ya ditherisano.
tsamaiso e e isang kwa go konosetseng letlhomeso la pholisi le semolao la paka ya bosiamisi jwa setso ka go nyalana le Molaotheo, jaaka e tlhagelela mo Kgaolong 1.
dikgwetlho tse di lebaganeng le tsamaiso ya ga jaana ya bosiamisi, jaaka di tlhagelela mo Kgaolong 5.
dikarolo tse di supilweng tsa tsereganyo ya pholisi jaaka di tlhagelela mo Kgaolong 6.
Ditlhopha tsa tiro (dikhomišene), mo dikarolo tse di supilweng tsa tsereganyo ya pholising di neng tsa sekasekwa ka botlalo.
Dipegelo tse di tletseng ka dikhomišene ka bongwe ka bongwe le dipuisano ka kakaretso tse di tswelelang mo setlhopheng sotlhe.
Maitlhomo a dithutano tsa ditherisano e ne e le -
go bona maikutlo le seabe sa bannaleseabe, segolo baeteledipele ba setso, mo go bopeng pholisi ya tsweletso ya molao, go tswa mo pholising, o o amanang le seabe le ditiro tsa baeteledipele ba setso mo tsamaisong ya bosiamisi;
go tshitshinya ditharabololo tsa go samagana le dikgwetlho tse le di lebaganeng tsamaiso ya boeteledipele jwa setso;
go amogela botlhokwa jwa seabe le ditiro tsa setheo sa boeteledipele jwa setso mo tsamaisong ya bosiamisi; le go batla maikutlo mo dikarolong tse di tlhokang tshekatsheko ya pholisi.
Morago ga dithutano dingwe le dingwe, bannaleseabe ba ne ba kopiwa le go rotloediwa go nna ba batlisisa go ya pele mo teng ga ditheo tse di tshegetsang tsamaiso ya boeteledipele jwa setso mo mafelong a bona le go romela ditshitshinyo tse dingwe ka ga dintlha tse, go Lefapha.
Go tswa mo maikutlong a a neetsweng kwa dithutanong le dithomelo tse di amogetsweng morago ga moo, gareng ga tse dingwe, go tlhongwa ga baeteledipele ba setso jaaka batlhankedi ba ba elang tlhoko makgotla a setso go go tla ikaegang ka go tsenela thulaganyo e e maleba ya katiso, go dirwa ga melawana ya maitsholo go baeteledipele ba setso ba ba supilweng go ka diragatsa ditiro tse di amanang le tsamaiso ya bosiamisi, go nna teng ga tsamaiso ya boikuelo mo teng ga tatelano ya setheo sa boeteledipele jwa setso, go ntshiwa ga kemedi ya semolao mo mererong e e fa pele ga makgotla a setso le go tsenngwa tirisong ga dithulaganyo tse di rotloetsang tekatekano ya bong. Le fa go le jalo, go ne go na le maikutlo a a farologaneng magareng ga diporofense, sekao, diporofense tse dingwe di ne di bona gore boikuelo bo tshwanetse go diragadiwa ka dikgotlatshekelo tsa bommagiseterata.
Dikakanyo le dikatlenegiso tsotlhe tse di dirilweng morago ga dithutano tsa patlomaikutlo le setheo sa boeteledipele jwa setso di tserwe mo dikatlenegisong tsa pholisi tse di leng mo letlhomesong le la pholisi.
LENANEO LA MERABA
MELAO Melao ya Aforika Borwa
Melao ya Dinaga Disele
LENANEO LA DIKGETSE
