MOLAO WA TSWELETSO YA TEKANO LE THIBELO YA KGETHOLOLO E E SA SIAMANG WA 4 WA 2000
O DUMETSWE KA 2 TLHAKOLE 2000 LETLHA LA TSHIMOLOLO: 16 SEETEBOSIGO 2003 (Ntle le fa go kailwe ka tsela e sele)
Mokwalo wa Seesemane o saenilwe ke Moporesidente
Jaaka o tlhabolotswe ke
Molao Paakanyo wa Tsweletso Ya Tekano le Thibelo Kgethololo e e sa siamang wa 52 wa 2002 Molao Paakanyo wa Bobedi wa Merero ya Boatlhodi wa 55 wa 2003 Molao Paakanyo wa Merero ya Boatlhodi wa 22 wa 2005
MOLAO Go diragatsa karolo ya 9 e e balwang le ntlha ya 23 ya Mametlelelo ya 6 ya Molaotheo wa Aforika Borwa wa 1996, gore go tle go thibelwe go be go ilediwe kgethololo e e sa siamang le tlhoriso; go tsweletsa tekano le go tlosa kgethololo e e sa siamang; go thibela puo ya kilo; le go baya melawana e e amanag le dilo tse. Ketapele
Nonotsho ya temokerasi mo nageng ya rona e lopa phimolo ya tlhokatekano ya loago le ikonomi, segolo bogolo e e rulagantsweng ka tlholego ya yona, e e bakilweng mo hisetoring ya rona ke puso ya sekolone, mmuso wa tlhaolele le go rena ga banna, tse di tliseditseng batho ba le bantsintsi ba rona matlhoko le pogo;
E re le mororo kgatelopele e kgolo e nnile teng mo kagongsešwa le mo go fetoleng setšhaba sa rona le ditheo, tlhokatekano e e tsamayang ka thulaganyo le kgethololo e e seng tshiamo di tswelela go nna di ikepetse mo dipopegong tsa loago le ditlwaelo le boitshwaro, mme di nyatsa maikaelelo a temokerasi ya molaotheo wa rona.
Theo ya go itebaganya le maemo a ka tsela e e tsweletseng pele e ikaegile mo Molaotheong ono, o gareng ga tse dingwe, o tsholetsang theobotho tsa seriti sa setho, tekano, kgololesego, le bosiamisi ba loago mo setšhabeng se se kopaneng, se se na tlhaolele ya letso le ya bong, se mo go sona botlhe ba ka atlegang;
Aforika Borwa o na le patelesego ya boditšhabatšhaba ka fa tlase ga ditumalano tse di tlamang le molao wa tlwaelo wa boditšhabatšhaba mo karolong ya ditshwanelo tsa setho tse di tsweletsang tekano e bile di itsa kgethololo e e seng tshiamo. Gareng ga patelesego tse go na le tse di totobaditsweng mo Tumalanong ka ga Tloso ya Mefuta Yotlhe ya Kgethololo Kgatlhanong le Basadi le Tomalano ya Tloso ya Mefuta Yotlhe ya Kgethololo ya Lotso;
Karolo ya 9 ya Molaotheo e laola gore go nne le peomolao ya bosetšhaba gore go thibelwe kgotsa go ilediwe kgethololo e e sa siamang le go tsweletsa go kgona go nna le tekano;
Se se raya tsholetso, ka dikgato tsa semolao tse di kgethegileng le tse dingwe, ya batho ba mo hisetoring ba neng ba kgaphetswe kwa thoko, merafe le ditlhopha tsa setšhaba tse di neng di amogilwe lefatshe la bona le metswedi, ba amogilwe seriti sa bona sa setho le ba ba tswelelang go boga dipheletso;
Molao ono o leka go bebofatsa phetogelo ya go nna le setšhaba sa temokerasi, se se kopaneng ka bomefutafuta ba sona, se se bonalang ka ditirisano tsa batho tse di kgathalang e bile di le pelonomi, e bile di kaelwa ke ditheo tsa tekano, tshiamo, tolamo, tswelelopele ya loago, bosiamisi, seriti sa setho le kgololesego,
A KA JALO E DIRWE MOLAO ke Palamente ya Rephaboliki ya Aforika Borwa jaana:-
LENANE LA DITENG
KGAOLO YA 1 DITLHALOSO, MAIKAELELO, THANOLO, DITHEO TSE DI KAELANG LE TIRAGATSO YA MOLAO
Ditlhaloso
Maikaelelo a Molao
Thanolo ya Molao
Ditheo tse di Kaelang
Tiragatso ya Molao
KGAOLO YA 2
THIBELO, KILETSO LE TLOSO YA KGETHOLOLO E E SA SIAMANG PUO YA KILO LE
TLHORONTSHO 6 Thibelo le kiletso ka kakaretso ya kgethololo e e seng tekano7 Kiletso ya kgethololo e e sa siamang ka ntlha ya mabaka a letso 8 Kiletso ya kgethololo e e sa siamang ka ntlha ya mabaka a bong 9 Kiletso ya kgethololo e e sa siamang ka ntlha ya mabaka a bogole
Kiletso puo ya kilo 11 Kiletso go tlhorisa 12 Kiletso ya kanamiso le phasalatso ya tshedimosetso ya kgethololo e e sa saimang e e kgethololang ka botlhokatshiamo
KGAOLO YA 3
MOKGWELEO WA BOSUPI LE KATLHOLO YA TSHIAMO KGOTSA BOTLHOKATSHIAMO 13 Mokgweleo wa bosupi 14 Katlholo ya tshiamo kgotsa botlhokatshiamo
Puo ya kilo le tlhoriso ga di ka fa tlase ga katlholo ya tshiamo
KGAOLO YA 4
DIKGOTLA TSA TEKANO
Dikgotla tsa tekano le batlhankedi ba ba tshwereng marapo
Karolo ya 16 e emiseditswe ka karolo ya 1 ya Molao wa 52 wa 2002. 17 Ditlelereke tsa dikgotla tsa tekano 18 Basupi 19 Melawana le tsamaiso ya kgotla
Go pega theetso ya dikgetsi ka mabaka kgotsa ka fa tlase ga Molao 21 Dithata le ditiro tsa kgotla ya tekano22 Baatlhodisi 23 Boikuelo le dithadiso
KGAOLO YA 5 TSWELETSO YA TEKANO 24 Maikarabelo ka kakaretso a go tsweletsa tekano
Tiro ya Puso ya go tsweletsa tekano 26 Maikarabelo a batho ba ba direlang mo ditheong tsa setšhaba go tsweletsa tekano 27 Tlamego ya loago ya batho botlhe go tsweletsa tekano 28 Dikgato tse di faphegileng tsa go tsweletsa tekano tebang le letso, bong le bogole 29 Lenane la dikao tsa ditlwaelo tse di sa siamang mo mefameng e e rileng.
KGAOLO YA 6 DITAOLO TSA KAKARETSO TSA TIRAGATSO YA MOLAO Melawana 31 Tiragatso ya Molao [Karolo ya 31 e emiseditswe ka karolo ya 3 ya Molao 52 wa 2002.]
KGAOLO YA 7
THADISO YA MOLAO, SETLHOGO SE SEKHUTSHWANE LE TSHIMOLOLO, 32 Tlhomo ya Komiti ya Thadiso ya Tekano 33 Dithata, ditiro le nako ya go nna mo maemong ya Komiti ya Thadiso ya Tekano 34 Taolo ya kemo ka ga HIV/AIDS, bosetšhaba, kemo ya ikonomiloago, le maikarabelo a lelapa le kemoSetlhogo se sekhutshwane le tshimololo
KGAOLO YA 1 DITLHALOSO, MAIKAELELO, THANOLO, DITHEO TSE DI KAELANG, LE TIRAGATSO YA MOLAO
Ditlhaloso
Mo Molaong o, ntle le fa bokao bo kaya ka tsela e sele, fa go twe- 'dingwaga' go akarediwa maeemo a thapolo le go nna mo diphatseng a batho ba bogang mo go ona ka ntlha ya dingwaga tsa bona, segolo bogolo dingwaga tsa bogodi;
Tlelereke ya kgotla ya tekano' go tewa tlelereke ya kgotla ya tekano e e tlhomilweng kgotsa e e beilweng mo maemong go ya ka mabaka a karolo ya 17, e balwa le karolo ya 31, mme e akaretsa go umakiwa gope ga 'tlelereke';
Khomišene ya Tekano ya Bong' go tewa Khomišene ya Tekano ya Bong e e umakilweng mo karolong ya 187 ya Molotheo;
Mongongoregi' go tewa motho ope yo o bolelang gore go nnile le tlolo epe ya Molao o, e bile a pega kgetsi go ya ka se Molao ono o se buang;
Molaotheo' ke Molaotheo wa Repaboliki ya Aforika Borwa, 1996 (Molao wa 108 wa 1996);
setheo sa molaotheo' go tewa epe ya ditheo tse di lebaneng tse di emang nokeng temokerasi ya molaotheo e e umakiweng mo kgaolong ya 9 ya Molaotheo mme e akaretsa Lekgotla la Dipuo Tsotlhe tsa Aforika Borwa;
Lefapha' go tewa Lefapha la Tshiamiso le Tlhabololo ya Molaotheo;
kgethololo' go tewa tiro epe kgotsa tlogelo, go akarediwa pholisi, molao, taolo, tlwaelo, lebaka kgotsa seemo se ka tlhamalalo kgotsa ka tsela e e sa tlhamalalalang e-
a belesang motho ope mekgweleo, tlamego kgotsa thapolo, kgotsa b timang motho ope ditshiamelo, ditšhono kgotsa mesola, Ka ntlha ya lebaka kgotsa mabaka a ilediwang;
tekano' e akaretsa kakolo e e tletseng e bile e lekana ya ditshwanelo le kgololesego tse di ikaeletsweng mo Molaotheo mme e akaretsa tekano ya molao (de jure) le ya mmatota (de facto) le tekano tebang le phelelo;
kgotla ya tekano' go tewa kgotla e e ikaeletsweng mo karolong ya 16, e balwa le karolo ya 31, gape e akaretsa go umakiwa gope ga 'kgotla';
Maikarebelo a lelapa' go tewa maikarabelo tebang le mogatsa mongongoregi, molekane, baikaegi, ngwana kgotsa ditokololo tse dingwe tsa lelapa la gagwe tse tokololo e nang le maikarabelo a go di tlhokomela le go di tlamela;
seemo sa lelapa' go akaretsa boloko mo lelapeng le ditshwanelo tsa loago, setso le semolao le ditsholofelo tse di amanngwang le seemo seo;
tlhoriso' ke maitsholo ape a a sa batlegeng a a dirwang ka tswelelo kgotsa a le masisi le gone a nyenyafatsa a nyatsa kgotsa a baka tikologo e e seng botsalano kgotsa ya matshosetsi kgotsa e e rulagantsweng sentle go pateletsa boineelo ka ntlha ya maduo a a bosula a boammaruri kgotsa a matshosetsi mme le gona a le tebang le-
pharologanyo ya bong, bong kgotsa tshokamelo ya mofuta wa thobalano, kgotsa boloko ba motho kgotsa kakanyo ya boloko ba setlhopha se se itseweng ka nngwe kgotsa go feta bongwe ba mabaka a a ilediwang kgotsa dintlhakao tse di amanngwang le setlhopha sa go nna jalo;
Seemo sa HIV/AIDS' go akarediwa go nna teng ga boammaruri kgotsa ga kgopolo fela ga HIV mo mmeleng wa motho kgotsa ditshupo tsa AIDS mmogo le dikakanyo tse di bosula tse di theilweng mo seemong se;
bong-gare' go tewa pharolganyo ya bong e motho a tsetsweng ka yona, e e sa tlwaelesegang ka seemo sefe; [Tlhaloso ya 'bong-gare' e tsentswe ke karolo ya 16 (a) ya Molao 22 of 2005.]
seemo sa nyalo' se akaretsa seemo kgotsa maemo a go nna o sa nyala/nyalwa, o nyetse/nyetswe, o tlhadile/tlhadilwe, o le motlholagadi/moswagadi kgotsa o ratana, o dira jalo le motho wa bong jo bo tshwanang kgotsa jo bo sa tshwaneng le wena, se akaretsa boineelo mo tshegetsong e e naalanwang mo botsalanong;
Tona' go tewa Tona ya Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo; 'bosetšhaba' ke tshimologo ya setso kgotsa ya setšhaba mme e akaratsa ditlwaelo tse di amanngwang le kilo ya baditšhaba le dikakanyetso tse dingwe tse di bosula tsa mofuta wa kgethololo mme ga e akaretse ditshwanelo le maikarabelo a ka gale a amanngwang le boagedi; 'motho' go akarediwa motho yo o nang le taolo ya molao, lekgotla le le se nang taolo ya semolao, setlhopha kgotsa setlhopha sa batho; 'boimana' go akaretsa seemo sepe se se amanang le boimana, maikaelelo a boimana, kgonagalo ya boimana, kgotsa pholodiso ya boimana; 'katlanegisomolao' go tewa katlenegisitsweng ke molawana go ya ka mabaka a Moalo ono; 'Motlhankedi yo o tshwereng marapo' go tewa motlhankedi yo o tshwereng marapo a kgotla ya tekano jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 16, fa e balwa le karolo ya 31; 'mabaka a kiletso' ke-
lotso, bong, pharologanyo ya bong, boimana, seemo sa nyalo, tlhago ya morafe kgotsa loago, mmala, mofuta wa thobalano, dingwaga, bogole, sedumedi, letswalo, tumelo, setso, puo le tsalo; kgotsa mabaka ape a sele a ka ona go beilweng kgethololo mo mabakeng ao-
a a bakang kgotsaa tsweledisang thapolo e e rulaganeng;
ii nyatsang seriti sa setho; kgotsa iii a a amang ka tsela e e maswe kakolo e e lekanang ya ditshwanelo tsa motho le kgololesego ya gagwe ka mokgwa o o masisi o o ka tshwantshanngwang le kgethololo ka mabaka a a mo temeng a;
molawana' go tewa molawana go ya ka fa Molao ono o buang ka teng; 'moikarabedi' go tewa motho ope yo go nang le theetso ya kgetsi kgatlhanong leena go ya ka mabaka ak Mola o; 'mofama' go tewa mofama ope o o umakilweng mo karolong ya 29, mme go akarediwa mefama e e totobaditsweng mo Mametlelelong; 'pharologanyo ya bong' e akaretsa bong-gare; [Tlhaloso ya 'bong' e tsentswe ke karolo ya 16 (b) ya Molao 22 wa 2005.]
kemo ya ikonomiloago' e akaretsa seemo sa ikonomi kgotsa seemo se se akantsweng sa motho yo o thapotswng ke khumanego, kemo e e kwa tlase ya thapo, kgotsa kemo e ekwa tlase ya thutego;
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa ' go tewa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa e e umakilweng mo karolong ya 184 ya Molaotheo; 'Puso' go akarediwa-
lefapha lepe la Puso kgotsa tsamaiso ya puso ya bosetšhaba, porofense kgotsa ya selegae;
setheo sepe kgotsa lekgotla-
le le dirisang dithata kgotsa le dira tiro go ya kamabaka a Molaotheo kgotsa molaotheo wa porofense; kgotsa ii go dirisa dithata tsa setšhaba kgotsa go dira tiro ya setšhaba go latela peomolao epe kgotsa ka fa tlase ga molao wa setso kgotsa ngwao;
Molao o' go akarediwa molawana ope o o dirilweng go ya ka Molao ono. [Letlha la tshimololo ya Karolo ya 1: 1 Lwetse 2000.]
Maikaelelo a Molao
Maikaelelo a Molao o ke-
go diragatsa peomolao e e lopiwang ke Karolo ya 9 ya Molaotheo;
go nonotsha mokwalo le mowa wa Molaotheo, segolo bogolo go akola ka tsela e e lekanang ga ditshwanelo tsotlhe le dikgololesego ga motho mongwe le mongwe ii tsweletso ya tekano;
iii ditheo tsa go tlhoka tlhaolele ya letso le ya bong tse di leng mo karolong ya 1 ya Molaotheo;
thibelo kgethololo e e seng tshiamo le tshireletso ya seriti sa setho jaaka go tlhalositswe mo karolong ya 9 le y 10 ya Molaotheo;
kiletso ya kemonokeng ya kilo e e theilweng mo letsong, semorafeng, bong kgotsa bodumeding jo bo gwetlhang kgobatso jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 16 
c ya Molaotheo le mo karolong ya 12 ya Molao o;
go rulaganyetsa dikgato go kgontsha tloso ya kgetholo e e seng tshiamo, puo ya kilo le tlhoriso, sogolo bogolo ka mabaka a letso, bong le bogole;
go rulaganyetsa ditsamaiso tsa go atlhola gore ke mo mabakeng afe a kgethololo e e seng tshiamo;
go rulaganyetsa dikgato tsa go ruta setšhaba le go oketsa kitso ya setšhaba ka ga botlhwokwa jwa tekano le go fenya kgethololo e e seng tshiamo, puo ya kilo le tlhoriso;
go fa ditharabololo tsa batlhokofadiwa ba kgethololo e e seng tshiamo, puo ya kilo le tlhoriso le batho ba tshwanelo ya bone ya tekano e kgoreleditsweng;
go baya dikgato go tsweletsa pele batho ba ba kgaphetsweng kwa thoko ke kgethololo e e sa siamang;
go bebofatsa kobamelo molao ya tlaleletso ya maikarabelo a melao ya boditšhabatšhaba, tebang le gareng gat se dingwe, Tumalano ka ga Tloso ya Mefuta Yotlhe ya Kgethololo ya Lotso le Tumalano ka ga Tloso ya Kgethololo ya Basadi.
Letlha la tshimololo ya karolo ya 2: 1 Lwetse 2000.
Thanolo ya Molao
Motho ope yo o diragatsang Molao ono, o tshwanetse go ranola ditaolo tsa one go re go tle go diragadiwe-
Molaotheo, o ditaolo tsa ona di akaretsang tsweletso ya tekano ka peomolao le dikgato tse dingwe tse bopetsweng go sireletsa kgotsa go tsweledisa pele batho ba ba thapotsweng ke kgethololo e e seng tshiamo ya nako e e fetileng le ya jaanong;
Matseno, maikaelelo le ditheo tse di kaelang tsa Molao o, ka go dira jalo ba diragatsa mowa, mareo le maikaelelo a Molao o.
Motho ope yo o ranolang Molao o o tshwanetse go ela tlhoko-
molao ope o o maleba kgotsa molawana wa maitsholo go ya ka fa molaong;
molao wa boditšhabatšhaba, segolo bogolo ditumalano tsa boditšhabatšhaba tse di umakilweng mo karolong ya 2 le mo molaong wa boditšhabatšhaba o o tlwaelesegile c molao wa dinaga di sele o o ka tshwantshanngwang nao.
Motho ope yo o dirisang kgotsa yo o ranolang Molao ono o tshwanetse go tsaya tsia bokao jwa kganetsano le maikaelelo a Molao o. [Letlha la tshimololo ya Karolo ya 3: 1 Lwetse 2000.]
Melawana e e Kaelang mo tsereganyong kgotsa katlholong ya theetso ya digetse dipe, tse di pegilweng go dirisiwa Molao o, theo tse di latela di tshanetse go tlama:
Bofefo ba go itebaganya le dikgetsi, bo bo bebofatsang botsayakarolo ba makoko mo theetsong ya dikgetsi;
phitlhelelo ya go bona bosiamisi go batho botlhe ba ba mo dikgotleng boatlhodi tse di maleba le dikgotla tse dingwe tse di rarabololang dikgotlhang;
tiriso ya melawana ya tsamaiso go ya ka mabaka a karolo 19 le kemo go kgontsha botsyakarolo;
tiriso ya dikgato tsa paakanyo le pusetso mmogo le dikgato tsa mofuta o o itsang;
tlhabololo ya dikgono tse di faphegileng le bokgoni ba batho ba ba dirisang Molao o, go netefatsa gore o diragadiwa le go tsamaisiwa ka tsela e e nonofileng.
Mo tirisong ya Molao o, dilo tse dilatelang di tshwanetse tsa lemogwa ke go tsewa tsia:
go nna teng ga kgethololo e e rulagantsweng le botlhokatekano, segolo bogolo tebang le letso, bong, le bogole mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo ka ntlha ya kgethololo e e seng tshiamo ya nako e e fetileng le ya jaanong, e e tlisitsewng ke puso ya sekolone, tsamaiso ya tlhaolele, le go rena ga banna; le tlhokego ya go tsaya dikgato tsotlhe mo maemong otlhe go tlosa kgethololo le tlhokatekano. [Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.]
Tiragatso ya Molao
Molao ono o tlama Puso le batho botlhe.
Fa go ka nna le kganetsano epe e e tebang le kgang e e mo Molaong o le ditaolo tsa molao ope o sele, ntle go Molaotheo kgotsa Molao wa Palamente o o baakanyang Molao ono, ditaolo tsa Molao ono di tshwanetse go rena.
Molao o ga o maleba mo mothong ope yo o amiwang ke Molao wa Tekano ya Thapo wa 1998
Molao wa 55 wa 1998. [Letlha la tshimololo ya karolo ya 5: 1 Lwetse 2000.]
KGAOLO YA 2 THIBELO, KILETSO LE TLOSO YA KGETHOLOLO E E SA SIAMANG, PUO YA KILO LE TLHORONTSHO
Thibelo le kiletso ka kakaretso ya kgethololo e e seng tshiamo
A Puso le fa e le motho ope o sele e se ka ya kgetholola motho ope ka tsela e e seng tshiamo [Letlha la tshimololo ya Karolo ya 6: 1 Lwetse 2000.]
Kiletso kgthololo e e seng tshiamo ka mabaka a letso
Go setswe morago karolo 6, ga go motho ope yo ka kgethololang ka tsela e e seng tshiamo motho yo mongwe ka mabaka a letso, go akarediwa-
Phatlalatso ya kgasakgaso epe kgotsa mogopolo o o buang botoka ba letso lengwe mo go a mangwe kgotsa bosengsepe ba motho ope, go akarediwa go gwetlha batho go, ketekana ka semorafe kgotsa go tsaya karolo mo mofuteng ope wa ketekano ya semorafe;
go tsaya karolo mo tirong epe e go ikaeletsweng ka yona go tsweletsa kgotsa e phelelo ya yona e leng go tsweletsa tlhaolo e e ikaegileng ka letso;
go sa karetseng batho ba letso le le rileng go dirisiwa molawana ope kgotsa tlwaelo e e lebegang e le ya semolao mme tota e ikaeletse go tsweletsa taolo e e mo diatleng tsa setlhopha se se rileng se le sosi;
go fa kgotsa go tswelela go fa ditirelo tsa boleng bo bo kwa tlase go setlhopha sa letso lepe fa di tshwantshanngwa le ditirelo tsa setlhopha sa letso le lengwe;
go itsa phitlhelelo ya ditšhono, go akarediwa phitlhelelo ya ditirelo kgotsa ditšhono tsa go gapa dikonteraka tsa go fa ditirelo gore di sekasekwe, kgotsa go retelelwa ke go tsaya dikgato go akaretsa ka tsela e e utlwalang ditlhokego tsa batho ba go nna jalo.
Kiletso kgethololo e e seng tekano ka ntlha ya mabaka a bong
Ka ntlha ya mabaka a karolo ya 6, a go se nne le motho yo o tla kgethololoang motho ope ka tsela e e seng tshiamo ka ntlha ya mabaka a bong, go akarediwa-
keteko e e totileng bong;
tshegakako ya mapele a sesadi tsamaiso e e thibelang basadi go nna bajaboswa jwa dithoto tsa lelapa;
tlwaelo epe, go akarediwa ya setso ya ngwao kgotsa ya sedumedi e e sirang seriti sa basadi kgotsa e nyenyafatsa/tlhofofatsa tekano fa gare ga basadi le banna, go akarediwa nyenyafatso/tlhofofatso ya serit le go tshela sentle ga ngwana wa mosetsana;
pholisi epe kgotsa maitsholo a a kganelang basadi e se ka tekano go fitlhelela ditshwanelo tsa lefatshe, tšhelete le metswedi e mengwe;
kgethololo ka ntlha ya mabaka a boimana;
thibelo ya basadi go fitlhelela ditirelo tsa loago kgotsa ditshiamelo jaaka boitekanelo, thuto le polokego ya loago;
thontsho ya phitlhelelo ya ditšhono, go akarediwa phitlhelelo ya ditirelo kgotsa ditšhono tse di ka sekasekiwang tsa go gapa dikonteraka tse di fang ditirelo, kgotsa go retelelwa ke go tsaya dikgato tsa go akaretsa ditlhokego tsa batho ba go nna jalo;
botlhokatekano jo bo tsweletseng pele ja go kgona go fitlhelela ditšhono ga basadi ka ntlha ya kgaoganyo ya tiro ka bong.
Kiletso kgethololo e e seng tshiamo ka ntlha ya bogole
Ka ntlha ya mabaka a karolo ya 6, a go se nne le motho ope yo o tla kgethololang seng ka tshiamo motho ope ka mabaka a bogole, go akarediwa go tima kgotsa go tsaya mo mothong ope o o nang le bogole tlamelo epe e e emang nokeng kgotsa e e kgontshang e e tlhokafalang gore ba kgone go dira mo setšhabeng;
go retelelwa go tlosa dikganedi tse di thibelang ka tsela e e seng tshiamo batho ba ba nang le bogole go akola ditšhono tse di lekanang kgotsa go retelelwa go tsaya dikgato tsa go akaretsa ditlhoko tsa batho ba go nna jalo ka tsela e e utlwalang.
Kiletso puo ya kilo
Ka fa tlase ga taolo ya karolo ya 12, ga go motho o pe yo o ka phasalatsang, gasagasang, emang nokeng, kgotsa yo o ka tlhaeletsang mafoko a a theilweng mo go nngwe kgotsa mangwe a mabaka a a ilediwang, kgatlhanong le motho ope, a ka tsela e e utlwalang a ka tsewang gore a supa maikaelelo a a phepa a go-
utlwisa botlhoko;
go gobatsa kgotsa go gwetlha kgobatso;
tsweletsa kgotsa go anamisa kilo.
Kgotla - ntle le tshokamelo kwa ditharabololong tsa mofuta wa bosetšhaba tse di mo Molaong o - e ka nna ya romela kgetsi epe e e amanang le phasalatso, puelelo, kgasakgaso kgotsa tlhaeletsano ya puo ya kilo, go ya ka karolo 21 (n) le fa go lebaneng teng, kwa go Mokaedi wa Botšhotšhisi ba Bosetšhaba yo o nangle taolo ya go reeetsa dikgetsi tsa tlolomolao go ya ka mabaka a molao wa tlwaeo (common law) kgotsa peomolao e e maleba.
Kiletso ya tlhoriso
A go se nne le motho ope yo o tla tlhorontshiwang.
Kiletso ya kanamiso le phasalatso ya tshedimosetso e e kgethololang e se ka tshiamo
Ga go motho ope yo o tla-
a phatlalatsang kgotsa a anamisa tshedimosetso epe;
b phasalatsang kgotsa bayang mo pepeneneng papatso kgotsa kitsiso, e e ka tsewang gore kgotsa e e ka tlhaloganngwang gore e supa maikaelelo a a phepa a go kgetholola motho wa go nna jalo ka tsela e e seng tshiamo: Fa fela e le gore tiro ya mmannete ya tlhamo ya botshweretshi, patlisiso ya botlhalefi le boitseanape, pego e e tshiamo e bile e nepagetse ka ntlha ya kgatlhego ya setšhaba kgotsa phasalatso ya tshedimosetso epe, papatso kgotsa kitsiso go ya ka karolo ya 16 ya Molaotheo, ga e tlogelwa kwa ntle ke karolo e.
KGAOLO YA 3 MOKGWELEO WA BOSUPI LE KATLHOLELO YA TSHIAMO LE BOSENATSHIAMO
Mokgweleo wa bosupi
Fa mongongoregi a tla ka kgetsi e e lebegang e ka netefadiwa semolao prima facie gore ke ya kgethololo-
moikarabedi o tshwanetse go fa bosupi, mo dintlheng tse di fa pele ga kgotla gore kgethololo ga e a nna teng jaaka go builwe; kgotsa moikarabedi o tshwanetse go fa bosupi ba gore maitsholo ga a ikaega ka nngwe kgotsa mangwe a mabaka a ilediwang.
Fa kgethololo e nnile teng ka boammaaruri-
ka mabaka a tema (a) a tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang', jalo go tla tsewa gore ga go a siama, fa e se moikarabedi a supa gore kgethololo e siame;
ka ntlha ya mabaka a a mo temeng ya (a) a tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang' go tla bo go sena tshiamo-
fa lebaka le le nngwe kgotsa a a fetang bongwe a a mo temeng ya (b) a tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang' le ka tlhomamisiwa; le ii fa e se moikarabedi a ka supa gore kgethololo e siame.
Katlholo ya tshiamo kgotsa tlhokatshimao
Ga se kgethololo e e tlhokang tshiamo go tsaya dikgato tse di ikaeletseng go sireletsa kgotsa go tsweletsa batho kgotsa ditlhopha tsa batho ba ba thapotsweng ke kgethololo e e seng tshiamo kgotsa ditokololo tsa ditlhopha tsa go nna jalo.
Mo go atlholeng gore a moikarabedi o supile gore kgethololo e siame, go tshwanetswe ga elwa tlhoko dilo tse di latelang:
Bokao;
mabaka a a umakilweng mo karolwaneng ya ;
gore a kgethololo e farologanya batho ka tsela e e utlwalang e bile e siame go ya ka kemo e e ka itsiweng e e botlhokwa mo tirong e e go buiwang ka yona.
Mabaka a a umakilweng mo karolwaneng ya (b) a akaretsa tse di latelang:
Gore a kgethololo e fokotsa kgotsa e ka nna ya fokotsa seriti sa setho;
phetho kgotsa phetho e e ka nnang teng ya kgethololo mo mongongoreging;
kemo ya mongongoregi mo setšhabeng le gore a o boga ka ntlha ya mekgwa ya tlwaelo ya thapolo kgotsa ke mongwe wa ditlhopha tse di bogang ka ntlha ya mekgwa ya tlwaelo ya thapolo;
mofuta le bogolo jwa kgethololo;
gore a kgethololo ke ya mofuta o o rulaganeng;
gore a kgethololo e na le maikaelelo a a siameng a le boammaruri;
gore a kgethololo e kgona maikaelelo a yona le gore e a kgona ka selekano se se kae;
gore a go na le ditsela tse di sa itseng thata le tse di sa thapoleng thata tse ka tsona go ka kgonwang maikaelelo;
gore a moikarabedi o tsere dikgato tse di utlwlang le gore o di tsere ka selekano se se kae ka fa tlase ga mabaka ao go-
itebaganya le thapolo e e tlhagogang mo mabakeng a a ilediwang kgotsa e e amanang le nngwe kgotsa mangwe a mabaka a a ilediwang; kgotsa ii akaretsa bomefutafuta.
Puo ya kilo le tlhoriso tse di seng tshiamo ga di ne di nna ka fa tlase ga katlholo ya gore tshiamo ke eng
Mo dikgetsing tsa puo ya kilo kgotsa tlhoriso, karolo ya 14 ga e ne e tlama
KGAOLO YA 4 DIKGOTLA TSA TEKANYO
Dikgotla tsa tekano le batlhankedi ba ba tshwereng marapo
Ka ntlha ya maikaelelo a Molao o, mme go setswe morago mabaka a karolo 31-
Kgotlakgolo nngwe le nngwe e tla nna kgotla ya tekano ya kgaolo e e nang le taolo mo go yona;
moatlhodi mongwe le mongwe a ka nna a bewa ka mokwalo ke Moatlhodi Mogolo (Judge President), go setswe morago karolwana ya , go nna motlhankedi yo o tshwereng marapo a kgotla ya tekano mo kgaolong e a leng moatlhodi mo go ona;
Tona o tshwanetse gore morago ga therisano le tlhogo ya kgaolo ya botsamaisi e e tlhalositsweng mo karolong ya 1 ya Molao wa Dikgotla tsa Magiseterata wa 1944 (Molao wa 32 wa 1944), ka kitsiso mo kaseteng a-
tlhome kgotla ya magiseterata e le nngwe kgotsa dikgotla tse di fetang bongwe gore di nne dikgotla tsa taolo mo kgaolong ya tsamaiso e di leng mo go yona;
ii tlhalose gore kgaolo ya taolo ya kgotla ya tekano nngwe le nngwe, e e ka nna ya botšwa ka dikgaolo le dikgaolwana di le mmalwa kgotsa dikgaolo tse dingwe tsa taolo tse di segilweng go setswe morago mabaka a karolo ya 2 ya Molao wa Dikgotla tsa Magiseterata wa 1944;
iii oketse kgotsa a fokotse kgaolo ya taolo ya kgotla ya tekano nngwe le nngwe iv beye lefelo le le lengwe kgotsa mafelo a a fetang bongwe mo kgaolong ya taolo ya kgotla ya tekano nngwe le nngwe gore go tle go reediwe dikgetsi mo go ona;
v busetse morago kgotsa a fetole kitsiso epe ka fa tlase ga tema e: Fa fela e le gore dikgetsi dipe tse di saletseng kwa morago kwa kgotleng ya tekano, tse e leng gore ga di a wediwa ka nako ya phasalatso ya kitsiso mo Kaseteng jaaka go ikaeletswe mo temeng e, di tshwanetse go wediwa ke kgotla eo, jaaka e kete kitsiso eo ga e a phasaladiwa; le.
Tema ya (c) e emiseditswe ka karolo ya 28 ya Molao 55 of 2003.
d tlhogo ya kgaolo ya tsamiso yo o umakilweng mo temeng c o tshwanetse gore, a setse morago karolwana ya 2, a tlhome ka mokwalo magiseterata ope kgotsa bomagiseterata ba tlaleletseo go nna batlhankedi ba ba tshwereng marapo ba kgotla ya tekano.
Ke moatlhodi fela, magiseterata kgotsa magiseterata wa tlaleletso yo a weditsheng khoso ya katiso ya go nna motlhankedi yo o tshwereng marapo a kgotla ya tekano-
a pele ga letlha la tshimololo ya karolo ya 31; kgotsa jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 31 , le gona yo leina la gagwe le akareditsweng mo lenaneng le le ikaeletsweng mo karolwaneng ya (a), a ka tlhongwang go nna jalo go setswe morago mabaka a karolwana ya .
Baatlhodi bagolo le ditlhogo tsa dikgaolo tsa tsamaiso ba tshwanetse go-
tsaya dikgato tsotlhe tse di utlwalang go dirisiwa metswedi e e leng teng go tlhoma motlhankedi yo o tshwereng marapo a le mongwe mo kgotleng ya tekan o nngwe le nngwe e e mo kgaolong ya gagwe ya taolo; le gore kwa ntle ga tiego a itsise Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha ka ga moatlhodi ope, magaseterata kgotsa magaseterata wa tlaleletso yo o weditseng khoso ya katiso jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 31 le kgotsa yo o kileng a tlhongwa go ya ka mabaka a karolwana ya .
Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha o tshwanetse go kwala le go tshola lenane la moatlhodi, magiseterata mmogo le magiseterata wa tlaleletso mongwe le mongwe o o weditseng khoso ya katiso jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 31 le ; kgotsa tlhomilweng go nna motlhankedi yo o tshwereng marapo a kgotla ya tekano go setswe morago mabaka a karolwana ya .
Motlhankedi yo o tshwereng marapo o tshwanetse go dira ditiro le go diragatsa dithata tse a romilweng go didiragatsa kgotsa tse a di roletsweng ka fa tlase ga Molao ono kgotsa molao ope o sele..
S. 16 e emiseditswe ka Karolo ya 1 ya Molao 52 wa 2002.
Ditlelereke tsa dikgotla tsa tekano
Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha a setse morago karolwana ya le go obamela melao e e busang bodirela puso, a ka nna a tlhoma kgotsa a baya mongwe kgotsa bangwe ba batlhankedi ba Lefapha mo kgotleng nngwe le nngwe ya tekano, kgotsa a ka baya motho a le mongwe kgotsa ba ba fetang bongwe ka mokgwa o o beilweng le gone ka mabaka a a beilweng, go nna ditlelereke tsa kgotla ya tekano, ba ba tshwanetseng ka kakaretso go thusa kgotla e ba beilwng mo go yona go diragatsa ditiro tsa yona jaaka go ka bo go beilwe.
Tema ya (a) e emiseditswe ka Karolo ya 2 (a) ya Molao 52 wa 2002.
Fa tlelereke ya kgotla ya tekano e sa kgone go dira jaaka tlelereke ka ntlha ya lebaka lepe kgotsa fa go se na tlelereke epe e e beilweng kgotsa e e tlhometsweng kgotla ya tekano, ka fa tlase ga tema (a), motlhankedi yo o tshwereng marapo a ka nna a tlhoma motlhankedi ope yo o nang le bokgoni, le mororo go na le karolwana ya , fa fela tlelereke eo e sa kgone go dira kgotsa go fitlha tlelereke e bewa kgotsa e tlhomiwa ka fa tlase ga tema ya (a), go ya ka fa seemo se tla nnang ka teng.
Tema ya (b) e emiseditswe ka karolo ya 2 (a) ya Molao 52 wa 2002.
Ke motlhankedi kgotsa motho yo o umakilweng mo karolwaneng ya yo o weditseng khoso ya katisetso go nna tlelereke ya kgotla ya tekano-
a pele ga letlha la tshimololo ya karolo ya 31; kgotsa jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 31 , Le gona yo leina la gagwe le akareditsweng mo lenaneng le le umakilweng mo karolwaneng ya , a ka nnang a bewa kgotsa a tlhongwa go nna jalo go setswe morago mabaka a karolwana ya (a).
Karolwana ya e okeditswe ka karolwana ya 2 (b) ya Molao 52 wa 2002.
Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha o tshwanetse go kwala lenane la motlhankedi mongwe le mongwe yo o weditseng khoso ya katiso jaaka go ikaeletswe mo karolong 31 ; kgotsa tlhomilweng kgotsa beilweng go nnatlelereke ya kgotla ya tekano go ya ka karolwana ya a. [Karolwana ya 3 e okeditswe ka karolwana ya 2 b ya Molao 52 wa 2002.]
Mokaedi-Kakaretso a setse morago mabaka a a ka a bayang, a ka nna a dirisa mokwalo go rolela dithata dipe tse a di filweng ke karolo eno go motlhankedi yo o thapilweng ke Lefapha, mme ga a ne a latlhegelwa ke dithata dipe tse di roletsweng ka tsela e, le gone a ka nna a baakanya kgotsa a seegela fa thoko tshwetso epe e morolelwa dithata a e dirileng fa a ne a dirisa dithata tsa go nna jalo.
Karolwana ya e okeditswe ka karolwana ya 29 ya Molao 55 wa 2003.
Basupi
Go nna teng ga basupi kwa kgotleng le tuelo ya basupi mo dikgetsing tse di tlhagogang mo tiragatsong ya Molao o di tshwanetse go bewa ke Tona ka mokgwa o o beilweng.
Melawana le ditsamaiso tsa kgotla
Kwa ntle ga fa go tlhalositswe ka go sele mo Molaong o, ditaolo tsa Molao wa Dikgotla tsa Magiseterata wa 1944 Molao 32 wa 1944, le Molao wa Kgotlakgologadi wa 1959 Molao 59 wa 1959
peo le ditiro tsa batlhankedi;
go ntshiwa le tirelo ya go bilediwa kgotleng;
tiragatso ya dikatlholo le ditaolo;
tefiso ya kotlhao ya go sa obamele molao le taolo ya kgotla, ya go thibela tiragatso ya dikatlholo kgotsa ditaolo, le go tsoulola taolo ya kgotla;
kgaolo ya taolo, go setswe morago karolwana ya , le gone fa go se na taolo e pe e e ntshitsweng, mo melawaneng e e ka fa tlase ga karolo ya 30 ya Molao o.
Theetso ya dikgetsi tsotlhe tse di fa pele ga kgotla e tshwanetse go dirwa mo kgotleng e e seng sephiri, kwa ntle fela fa kgotla e ka laola ka go sele ka ntlha ya kgatlhegelo tsamaiso ya bosiamisi.
a go latelwa tema ya b, ga go sepe mo Molaong o se se thibelang kgotla ya magiseterata e e tshwereng jaaka kgotla ya tekano go ntsha taolo e e ikaeletsweng mo karolong ya 21 2, e e fetang kgaolo ya taolo ya madi ya kgotla ya magiseterata, mo tiragalong eo taolo e tshwanetseng go newa ka mokgwa o o beilweng go moatlhodi wa Kgotlakgolo e e nang le taolo gore e tlhomamisiwe.
Tiriso ya tema (a), tebang le tlhomamiso ya taolo, e emisitswe go fitlha boikelo bope jo bo ikaeletsweng mo karolong ya 23 bowediwa.
Go pega theetso ya dikgetsi ka mabaka kgotsa ka fa tlase ga Molao
Thetso ya dikgetsi ka fa tlase ga Moao di ka simololwa ke-
motho ope yo a dirang a lebile dikgatlhego tsa gagwe;
motho ope yo o direlang motho yo mongwe yo a sa kgone go ikemela;
motho ope yo o dirang e le tokololo ya, kgotsa a direla dikgatlhego tsa, segongwana kgotsa setlhopha sa batho;
motho ope yo o direlang dikgatlhego tsa setšhaba;
mokgatlho ope yo o direlang dikgatlhego tsa ditokololo tsa ona;
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa, kgotsa Khomišene ya Tekano ya Bong.
motho yo o eletsang go pega kgetsi e e tshwanetseng go reediwa o tshwanetse, go ya ka mabaka a molao o le gone ka mokgwa o o beilweng, go itsise tlelereke ya kgotla ya tekano ka maikaelelo a go dira jalo.
a Tlelereke ya kgotla ya tekano e tshwanetse gore mo nakong e e beilweng ya go amogela kitsiso eo, e fetisetse kgang e kwa motlhankeding o o tshwereng marapo wa kgotla ya tekano eo, o a tshwanetseng gore mo nakong e e beilweng, a swetse gore a kgang e tla reediwa mo kgotleng ya tekano kgotsa gore e tla fetisediwa kwa setheong, lekgotleng, kgotleng, lekgotlakatlholong, kgotsa lekgotleng lefe le le maleba (le fano morago le bidiwang go twe kgotla e sele) le mo kakanyong ya motlhankedi yo o tshwereng marapo le ka itebaganyang ka maleba botoka le kgang tebang le dithata tsa le ditiro tsa kgotla e sele eo.
Fa motlhankedi yo o tshwereng marapo a swetsa gore kgang e tla reediwa kwa kgotleng ya tekano, motlhankedi yo o tshwereng marapo o tshwanetse go e rolela kwa tlelerekeng ya kgotla ya tekano yo mo nakong e e beilweng a tshwanetseng go baya letlha la theetso ya kgang eo.
Pele motlhankedi o o tshwereng marapo a ka tsaya tshwetso ya go rolela kgang jaaka go ikaeletswe mo karolwaneng ya , o tshwanetse go ela tlhoko mabaka otlhe a a maleba go akarediwa a a latelang:
Mabaka a sebele a matlhakore segolobgolo a mongongoregi;
phitlhelelo ka namana ya kgotla epe e sele e e ikaeletsweng;
ditlhokego le dikeletso tsa makoko segolobogolo mongongoregi;
tlholego ya ditheetso kgetsi tse di ikaeletsweng, le gore a phelelo ya tsona e ka bebofatsa tlhabololo ya seeitayamonyo sa katlholo ya semolao le tsamasiso ya molao mo karolong e ya molao;
megopolo ya mothati yo o lebaneng kwa kgotleng e sele e e ikaeletsweng.
a Fa motlhankedi yo o tshwereng amarapo a swetsa gore kgetsi e tshwanetse go fetisediwa kwa kgotleng e sele, o tshwanetse go a dire taolo ka mokgwa o o beilweng, a laole tlelereke ya kgotla ya taolo go hudusetsa kgetsi kgwa kgotleng e sele e e umakilweng mo taolong.
Fa go ntshiwa taolo e e akantsweng mo temeng ya (a), motlhankedi yo o tshwereng marapo a ka mametlelela mo taolong eo dikakgelo dipe tse a tsayang gore di botlhokwa gore di elwe tlhoko ke kgotla e sele.
Fa tlelereke ya kgotla ya tekano e amogela taolo e eumakilweng mo karolwaneng ya , e tshwanetse go hudusetsa kgang eo le go itsise makoko a a amegang mo kganngeng eo ka khuduso eo ka mokgwa o o beilweng.
Fa kgotla e sele e sena go amogela kgetsi/kgang e e huduseditsweng kwa go yona, e tshwanetse go itebaganya le kgang eo ka bonakonako e dirisa mabaka a dithata le ditiro tsa yona.
Fa kgotla e sele e e umakilweng mo karolwaneng ya -
e retelelwa ke go itebaganya le kgang ka nako e e utlwalang, mo mabakeng; kgotsa e sa kgone go rarabolola kgang ka tsela e e kgotsofatsang letlhakore lengwe kgotsa matlhakore oo mabedi mme letlhakore kgotsa matlhakore oo mabedi a kopa jalo, kgotla e sele e tshwanetse gore ka mokgwa o o beilweng e busetse kgang e kwa kgotleng ya tekano e kgang e e neng e hudusiwa go tswa kwa go yona, gore go tle go tsereganngwe, mo nakong e e beilweng go tswa mo letlheng le e buseitsweng kwa kgotleng ya tekano ka lona.
Puso le ditheo tsa molaotheo di tshwanetse go re fa go kgonegang teng, di thuse motho ope yo o eletsang go pega kgetsi e tshwanetseng go reeediwa go ya ka le ka fa tlase ga mabaka a Molao o, gare ga tse dingwe, ka go netefatsa gore motho yoo o kaelwa kwa mothating yo o maleba gore go tle go tsewe dikgato tse di tlhokafalang mo tharabololong ya kgang e go itebagantsweng nayo.
Dithata le ditiro tsa kgotla ya tekano
Kgotla ya tekano e e reeditseng tsheko ya kgetsi ka fa tlase ga Molao o, e tshwanetse go tshwara dipatlisiso ka mokgwa o o beilweng le go atlhola gore a kgethololo e e seng tshiamo, puo ya kilo kgotsa tlhoriso di nnile teng jaaka go builwe.
Morago ga go tshwara dipatlisisso, kgotla e ka nna ya ntsha taolo e e maleba ka fa tlase ga mabaka ao, go akarediwa-
taolo ya nakwana;
taolo ya go itsise;
taolo e etlisang tumalano fa gare ga makoko mo theetsong ya dikgetsi, taolo ya kgotla;
taolo ya tuelo ya ditshenyegelo dipe tebang le tatlhegelo epe e e ka supiwang ya madi, go akarediwa tatlhegeo ya nako e e tlang, kgotsa tebang le tshiro ya seriti, botlhoko le pogo, kgotsa pogo ya maikutlo le tlhaloganyo, ka ntlha ya kgethololo e e senang tshiamo, puo ya kilo kgotsa tlhoriso e go buiwang ka ga yona;
morago ga utlwa pono ya makoko kgotsa mo boseyong ba moikarabedi, pono ya mongongoregi mo kganngeng e, taolo ya tuelo ya ditshenyegelo mo sebopegong sa kabelo go lekgotla le le lebaneng kgotsa mokgatlho;
taolo e e thibelang ditlwaelo tsa kgethololo e e senang tshiamo kgotsa e e kaelang gore dikgato tse di totobaditsweng di tsewe go fedisa kgethololo e e senang tshiamo, puo ya kilo kgotsa tlhoriso;
taolo ya go dira ditšhono le ditshwanelo tse di totobaditsweng di nne teng mo mongongoreging, tse mo mbabakeng a di rontshitsweng ka bosena tshiamo;
taolo ya tiragatso ya dikgato tse di faphegileng tsa go itebaganya le kgethololo e e seng tshiamo, puo ya kilo kgotsa tlhoriso e go buiwang ka yona;
taolo e e kaelang moikarabedi go nnale kakaretso e e utlwalang ya setlhopha kgotsa segongwana sa batho;
taolo ya gore go kopiwe maitshwarelo a a senang mabaka;
taolo e e lopang moikarabedi go nna le thadiso kgotsa tshekatsheko ya dipholisi tse di totobaditsweng kgotsa ditlwaelo jjak go tla laolwa ke kgotla;
taolo e e lebaneng ya mofuta wa thibelo go akarediwa katlenegiso kwa mothating yo o lebaneng, go imesa kgotsa go phimola laesense ya motho;
taolo e e lopang moikarabedi go dira dipegelo tsa gangwe le gape tse di yang kwa kgotleng kgotsa kwa setheong sa molaotheo se se lebaneng tebang le tiragatso ya taolo ya kgotla;
taolo e e kaelang tlelereke ya kgotla ya tekano go isa kgang kwa go Mokaedi wa Botšhotšisi ba Setšhaba yo a nang le taolo ya go pega kgetsi ya bosenyi go ya ka molao wa tlwaelo kgotsa peomolao e e maleba;
taolo e e maleba ya ditshenyegelo kgatlhanong le letlhakore kgotsa motho ope tsa theetso ya kgetsi;
taolo ya go obamela taolo epe ya Molao.
Taolo e e ntshitsweng ke kgotla ya tekano ka mabaka kgotsa ka fa tlase ga Molao o e na le pheto e e tshwanang le ya taolo ya kgotla eo, fa e ntsheditswe phapang gare ga baagi, fa go lebaneng.
kgotla e ka nna ya re mo tswelelong kgotsa morago ga patlisiso ya fetisetsa matshwenyego a yona mo theetsong ya kgetsi epe e e fa pele ga yona, segolo bogolo mo kgetsing ya tlolomolao e e tsweletseng pele kgotsa thetelelo go obamela ditaolo tsa Molao o, kgotsa mo kgetsing ya kgethololo e e seng tshiamo e e rulagantsweng, puo ya kilo kgotsa tlhoriso kwa setheong sefe sa molaotheo se se maleba, gore se dire ditlhotlhomiso tse dingwe;
theetso ya dikgetsi dipe tse di fa pele ga yona kwa setheong sa molaotheo se se lebaneng kgotsa lekgotla le le lebaneng, gore le tsereganye, le fetse phapang kgotsa le rerisane.
Kgotla e na le dithata tsa tlaleletso tse di tlhokafalang kgotsa tse di seng botlhokwtlhokwa mo tiragatsong ya ditiro tsa yona le mo tirisong ya dithata tsa yona, go akarediwa dithata tsa go fa taolo ya nakwana kgotsa thibelo.
Baatlhodisi kwa theetsong ya dikgetsi epe go ya ka le gone ka fa tlase ga Molao o, kgotla e ka nna ya kopa nngwe ya ditlhopha, kgotsa ka boyona, fa motlhankedi yo o tshwereng marapo a go tsaya gore go tla bo go siametse dikgatlhego tsa bosiamisi, ya bitsa gore e thusiwe ke motho a le mongwe kgotsa ba babedi ba ba ka itetlang go go dira jaaka baatlhodisi.
Baatlhodisi ba ba beilweng go ya ka mabaka a karolwana ba - go setswe morago karolwana ya - tsewa gore ke ditokololo tsa kgotla ka maikaelelo a Molao o.
Ntlha epe ya molao e e tlhagogang gore go tsewe tshwetso ka yona kwa theetsong, le potso epe e e batlang tshwetso ya gore a ntlha e e batlang tshwetso a ke ntlha ya mmatota kgotsa ke ntlha ya molao, e tshwanetse go tseelwa tshwetso ke motlhankedi yo o tshwereng marapo ka mokgwa o o beilweng.
Mo dintlheng tsa mmatota, se se bonweng kgotsa tshwetso ya bontsi ba ditokololo tsa kgotla tla nna se se bonweng le tshwetso ya kgotla, le gone ka motsi wa fa go le moatlhodisi a le mongwe, se se bonweng ke kgotla kgotsa tshwetso ya kgotla e tla rena.
a fa moatlhodisi a a swa, kgotsa mo kakanyong ya motlhankedi yo o tshwereng marapo, a sa kgone go dira jaaka moatlhodisi, kgotsa a seyo ka lebaka lengwe, kgotsa a laotswe go intsha mo tirong kgotsa a intshitse mo tirong ka nako epe pele ga go wediwa ga theetso ya kgetsi eo, motlhankedi yo o tshwereng marapo a ka nna a re mo kgatlhegong ya bosiamisi le gone morago ga tshekatsheko ya dingangisano tse di tlisitsweng kwa theetsong ya kgetsi ke makoko kgotsa baemedi ba ona, a-
kaela gore ditheetso tsa dikgetsi di tswelele pele fa pele ga tokolo kgotsa ditokolo tse di setseng tsa kgotla;
ii kaela gore ditheetso tsa dikgetsi di simolole sešwa; kgotsa iii busetsa ditheetso tsa dikgetsi kwa morago fa moatlhosi a seyo gore moatlhodisi a nne teng.
Motlhankedi yo o tshwereng marapo o tshwanetse go fa mabaka a kaelo epe e e umakilweng mo temaneng ya i kgotsa ya ii.
a Motlhankedi yo o tshwereng marapo yo o thusiwang ke baatlhodisi kwa patlisisong e lekoko le le amegang mo kgetsing e e reeditsweng le nang le taolo e e ntshitsweng kgatlhanong le ena, o tshwanetse go kwala / rekota mabaka a kakanyo ya gagwe-
fa lekoko leo kwa theetsong ya kgetsi le sa thusiwe ke moemedi wa semolao, le ii fa motlhankedi yo o tshwereng marapo a akanya gore baatlhodisi ba go nna jalo ba dirile phitlhelelo e ka bophepa se seng yona.
Tlelereke ya kgotla ya tekano e tshwanetse gore ka bonako jo bo ka kgonegang e fe mabaka ao le rekoto kwa kgotleng ya boikuelo eo gore go thadisiwe ka mokgwa o o beilweng.
Kgotla ya boikuelo e na le nonofo ya go tlhomamisa diphitlhelelo tsa go nna jalo kgotsa go ntsha taolo e e lebaneng tebang le diphitlhelelo tseo, tse mo kakanyong ya kgotla ya boikuelo din eng di tshwanetse go ntshiwa mo making ao.
Boikuelo le Dithadiso
Motho ope yo o ngongoregisiwang ke taolo ya kgotla ya tekano kamabaka a a ka fa tlase ga Molao o, a ka nna mo nakong le ka mokgwa o o tla bewang, a ikuela kgatlhanong le taolo ya go nna jalo kwa Kgotlakgolong e enang le taolo kgotsa kwa Kgotlakgolong ya Boikuelo, go ya ka fa mabaka a ntseng ka teng.
Fa go ikuelwa, Kgotlakgolo gotsa Kgotlakgolo ya Boikuelo, go ya ka fa mabaka a tla bong a le ka teng, e ka nna ya dira taolo mo kganngeng e jaaka e bona go tshwanetse.
Le mororo go le karolwana , motho ope yo o ngongoregisiwang ke taolo epe e e filweng ke kgotla ya tekano a ka nna, a setse morago melawana ya Kgotla ya Molaotheo, a ikuela ka tlhamalalo kwa Kgotleng ya Molaotheo.
Fa go ka dirafala gore go nne le ditshwetso tse di ganetsanang tse di dirilweng ke batlhankedi ba ba tshwereng marapo mo mererong e e mo temeng (b) ya tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang', Tona a ka nna a fetisetsa kgetsi eo kwa Kgotlakgolong ya Boikuelo kgotsa kwa Kgotleng ya Molaothe ogore e atlholwe.
a Fa motlhankedi yo o tshwereng marapo mo gotleng ya magiseterata a ka dira katlholo tebang le mabaka a kgethololo a a umakilweng mo temeng ya b ya tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang', tshwetso eo e tshwanetse gore e re morago fa go sena go wediwa theetso ya kgetsi e isiwe ka mokgwa o o beilweng kwa Kgotlakgolong e e nang le taolo gore e sekasekiwe.
Kgotlakgolo eo e tshwanetse gore, morago ga tshekatsheko ya kgang, e laole tebang le mabaka a a umakilweng mo karolwaneng ya (a), mme morago ga moo e ntshe taolo epe go ya ka Molao o jaaka e bona go tshwanetse.
Tiragatso ya karolwana ya (a) e santse e emisitswe go fitlhela ikuelo epe e e ikaeletsweng mo karolong e e wediwa.
KGAOLO YA 5 TSWELETSO YA TEKANO
Maikarabelo ka kakaretso a go tsweletsa tekano
Puso e na le tiro le maikarabelo a go tsweletsa le go nna le tekano.
Batho botlhe ba na le maikarabelo a go tsweletsa tekano. [Letlha la tshimololo ya Karolo ya 24: le tla itsisewe.]
Tiro ya Puso ya go tsweletsa tekano
Puso e tshwanetse gore fa go tlhokafalang teng ka thuso ya ditheo tsa molaotheo tse di maleba e tsweletse kitso ya ditshwanelo tsa theo/konokono gore e tle e tsweletse seemo sa go tlhaloganyana, tlotlano le tekano;
tseye dikgato go tlhabolola le go diragatsa dithulaganyo gore e tle e tsweletse tekano; le gore fa go leng botlhokwa kgotsa fa go lebaneng, e-
dire maano a ditiro tse di ka dirwang go itebaganya le kgethololo epe e e seng tshiamo, puo ya kilo kgotsa tlhoriso;
ii tlhoma peomolao ya tlaleletso e e batlang go tsweletsa tekano le go baya letlhomeso la peomolao go tsamaelana le maikaelelo a Molao o;
iii tlhoma melawana ya boitshwaro jaaka go ikaeletswe mo Molaong o, gore go tle go tsweletswe tekano, le go tlhoma dikaedi go akarediwa melawana tebang le bonno bo bo utlwalang;
go fa thuso, kgakololo le katiso mo dikganngeng tsa tekano;
tlhoma ditsamaiso tsa mo teng tse di itebaganyang le kgethololo e e seng tshiamo, puo ya kilo kgotsa tlhoriso;
vi go bolotsa matsholo a tshedimosetso go tumisa Molao o.
Khomosine ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa le ditheo tse dingwe tse di lemogwang ke molaotheo di ka nna tsa, mo tlaleletso ya maikarabelo ape a mangwe, go ya ka Molaotheo kgotsa molao ope, kopa karolo epe e tlhalosiwang e le Puso kgotsa motho ope yo o neelang tshedimosetso ka dikgato tse di tebang le go nna le tekano go akarediwa, fa go leng maleba, tiro ya peomolao kgotsa ya tsamaiso le go obamela peomolao, melawana ya boitshwaro le dithulaganyo.
Mo godimo ga dithata le ditiro tsa ditheo tsa molaotheo, ditheo tse le tsona di nang le bokgoni ba go-
thusa bangongoregi go pega dikgetsi mo kgotleng ya tekano, segolo bogolo bangongoregi ba ba thapotsweng;
tshwara dipatlisiso tsa dikgetsi le go tla ka dikatlanegiso jaaka go kaetswe ke kgotla tebang le tlolamolao e e bolelediwang gantsintsi ya Molao ono kgotsa dikgetsi tsa kgethololo e e seng tshiamo, puo ya kilo kgotsa tlhoriso e ba e roletsweng ke kgotla ya tekano;
kopa Lefapha, ka mokgwa o o beilweng, go fa dipego tsa gangwe le gape, tebang le palo ya dikgetsi le mofuta le phelelo ya tsona.
Matona otlhe a tshwanetse go diragatsa dikgato ka metswedi e e leng teng a ka yona go totilweng go kgona go nna le tekano mo dikarolong tse a nang le maikarabelo mo go tsona ka go-
tlosa mofuta ope kgethololo e e seng tshiamo kgotsa tswelediso ya botlhokatekano mo moalong, pholising kgotsa ditlwaelong dipe tse Matona ao a nang le maikarabelo a tsona; le go baakanya le go diragatsa maano a tekano ka mokgwa o o beilweng, a diteng tsa ona di tshwanetseng go akaretsa nako e e tla tsewang go diragatsa maano a go nna jalo, a a logilweng ka therisano le Tona ya Ditšhelete.
a Maano a tekano a tshwanetse gore e re dingwaga tse pedi di ise di fete morago ga tshimololo ya Molao ono, di neelwe Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa gore go tle go dirwe ka tsona ka mokgwa o o beilweng.
b Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa e tshwanetse go rerisana le
Khomišene ya Tekeno ya Bong fa e dira ka maano a a ikaeletsweng mo temeng ya (a). [Letlha la tshimololo ya Karolo ya 25: le tla itsisewe.]
Maikarabelo a batho ba ba dirang mo setšhabeng go tsweletsa tekano
Ke maikarabelo a motho ope yo a direlang Puso ka tlhamalalo kgotsa e seng ka tlhamalalo kgotsa yo o diragatsang dinonofo tsa puso go tsweletsa tekano ka-
go amogela maano a tekano a a maleba, melawana, ditsela tsa go laola le dikgato tse dingwe tse di maleba gore go tle go tsweledisiwe ka matla tekano mo dikgaolong tse ba direlang mo go tsona;
go tsenya tirisong le go lebelela go tsenngwa tirisong ga maano a tekano, melawana le ditsela tsa taolo tse di dirilweng ke bona; le go dira dipegelo tsa gale tse di ya kwang bathating kgotsa ditheong tsa bolebeledi tse di maleba jaaka go tla bewa mo melawaneng. [Letlha la tshimololo ya Karolo ya 26: le tla itsisewe.]
Tlamego ya loago ya batho botlhe go tsweletsa tekano
Mo go diragatseng karolo ya 26, batho botlhe, makgotla a e seng a puso, makgotla a merafe le ditheo tsa setso, di tshwanetse go tsweletsa tekano mo tirisanong ya tsona le makgotla a mangwe le mo ditirong tsa ona tsa di mo setšhabeng.
Tona o tshwanetse go tlhabolola melawana tebang le Melao e mengwe e e lopang ditlamo, di-closed corporations, ditlhaknelokgwebo, mekgatlho, makgotla a metshameko, ditlamo tsa kgwebo le makoko, fa go leng maleba le go tsamaelana le bogolo ba tsona le metswedi le phokelelo, go baakanya maano a tekano kgotsa go obamela melawa ya boitshwaro e e beilweng kgotsa go begela lekgotla kgotsa setheo ka ga dikgato tsa go tweletsa tekano.
Letlha la tshimololo ya Karolo ya 27: le tla itsisewe.
Dikgato tse di faphegileng tsa go tsweletsa tekano tebang le letso, bong le bogole
Fa go ka fiwa bosupi mo tshekisong ya tlolomolao epe gore kgethololo e e seng tshiam ka mabaka a letso, bong kgotsa bogole e nnile le karolo mo tlolong ya molao, se se tshwanetse go tsewa e le mabaka a a gwetlhang fa go atlholwa.
Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa e tshwanetse, mo pegelong ya yona e e umakilweng mo karolong ya 15 ya Molao wa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho wa 1994 (Molao 54 wa 1994), go akaretsa tshekatsheko ya selekano se kgethololo e e seng tshiamo ka mabaka a letso, bong, le bogole e tsweletseng go nna teng mo Repaboliking, pheto ya yona le dikatlanegiso tsa gore go ka rarabololwa mathata a ka tsela efe e e ka dira go gaisa.
a Puso, ditheo tse di dirang tiro ya bosetšhaba le batho botlhe ba ba nang le tiro le maikarabelo segolo bogolo ya go-
tlosa kgethololo e e ka ntlha ya mabaka a letso, bong le bogole;
ii tsweletsa tekano ya letso, bong le bogole.
Mo go direng ditiro le maikarabelo a a umakilweng mo temeng ya (a), Puso, ditheo tse di dirang ditiro tsa bosetšhaba le fa go leng maleba teng, makgotla a a nang le taolo le a a senang taolo a tshwanetse go-
tlhatlhoba melao, dipholisi le ditlwaelo ka maikelelo a go tlosa dikarolo tsotlhe tsa kgethololo tse di mo go yona;
ii dira melao e e maleba, go tlhabolola dipholisi tse di gatelang pele le go simolola melawana ya go dira, gore go tle go tlosiwe kgethololo ka mabaka a letso, bong le bogole;
iii dirisa maanotiro a a ka kgonegang gore go tle go nne le tsweletso ya tekano ya letso, bong le bogole, le iv go dira gore tloso ya kgetholo e e seng tshiamo le tsweletso ya tekano ya letso, bong le bogole e nne setlapele.
Lenanae la sekao la ditlwaelo tse di seng tshiamo mo mefameng e e rileng
Ntle le go fapoga mo dtaolong tsa Molao o, Mametlelelo ya Molao o e totile go fa sekao sa ditlwaelo tse di seng tshiamo kgotsa tse gongwe di seng tshiamo, tse di anameng mme go tlhokega gore go itebaganngwe natso.
Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.
Puso e tshwanetse gore fa go leng maleba teng e netefatse gore dikgato tsa peopmolao le tse dingwe di a tsewa go itebaganya le ditiro tse di umakilweng mo karolwaneng ya . [Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : le tla itsisewe.]
Tona o tshwanetse gore, ka dikatlanegiso tsa Komiti ya Thadiso ya Tekano, ka tsela e e tsweletseng, a sekaseke maleba a ditlwaelo tse di mo Mametlelelong, ka maikaelelo a go oketsa, go fetola, go farologanya kgotsa go baakanya lenane la ditlwaelo tse di mo Mametlelelong.
Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.
Gape go ikaeletswe ka Mametlelelo eno go fa lenane la sekao la ditlwaelo tse di sa siamang tse di leng kgotsa tse di ka nnang kgethololo e e seng tshiamo gore go tle go-
itebaganngwe le gore go tlosiwe ditlwaelo tse; le gore go thusiwe batho go tlhalosa ka maitemogelo a bona le ditlwaelo. [Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.]
Lenane la sekao la ditlwaelo le le mo Mametlelelong ga le a felela le gone le tshwanetse go lejwa le go tlhabololwa ke Komiti ya Thadiso ya Tekano ka tsela e e tsweletseng pele. [Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.]
KGAOLO YA 6 DITAOLO KA KAKARETSO LE TIRAGATSO YA MOLAO
Melawana
Tona a ka nna a dira melawana, le gone fa go tlamiwang ke mabaka o tshwanetse go dira melawana tebang le-
ditsamaiso tse di tshwanetseng go salwa morago kwa kgotsa tebang le patlisiso go latela mabaka a kgotsa ka fa tlase ga Molao o, go akaredia mokgwa o ditheetso tsa dikgetsi di tshwanetseng go pegiwa ka teng, phetiso ya merero e e ikaeletsweng mo karolong ya 20 le theetso ya merero ya makgabeadipapetla;
popego ya kopo efe, bothati, setifikeiti, tetla, kitsiso, taolo, tsamaiso, kwadiso kgotsa piletso go tla kgotleng go dirwa, fiwa, newa kgotsa bewa go ya ka mabaka a Molao o, le foromo epe enngwe e e tlhokiwang go diragatsa ditaolo tsa Molao o;
go fiwa ka thuso ya semolao ka ditshenyegelo tsa Puso mo dikgetsing tse di maleba ka therisano le Boto ya Thuso ya Semolao (Legal Aid Board);
ponalo ya batho mo boemong ba makoko kwa theetsong ya dikgetsi kwa kgotleng, e e ka akaretsang batho ba ba tshwanetseng ntle go babueledi kgotsa diagente;
peo, dithata, dithomo le ditiro tsa tlelereke ya kgotla ya tekano;
go nna teng ga basupi mo dikgetsing tse di tlhagogang mo tirisong ya Moalo o le tefo ya tuelo ya basupi;
tlhomamiso ya ditaolo tsa kgotla tse di tswang mo theetsong ya dikgetsi tsa dikgotla tsa bomagiseterata tse di dirang jaaka dikgotla tsa tekano jaaka go ikaeletswe mo karolong 19 30 a;
tsamaiso e e tshwanetseng go salwa morago, le kemo e e tla dirisiwang mo peong le mo kwadisong ya batho go tswa mo setšhabeng ba ba tshwanetseng e bile ba le teng go dira e le baatlhodisi mo kgotleng ya tekano nngwe le nngwe;
mothale o o dirisediwang kabo ya baatlhodisi tebang le theetso ya dikgetsi ka mabaka a a ka fa tlase ga Molao o;
dintlha tse di tshwanetseng go tsewa tsia ke kgotla ya tekano fa e swetsa gore a e bitse baatlhodisi mo tsamaisong ya bosiamisi;
go ikanisa kgotsa go tlhomamisa ga baatlhodisi;
thomo ya batlhankedi ba ba tshwereng marapo le tsamaiso e e tshwanetseng go salwa morago mo dikgetsing tse kgotla ya tekano e thusiwang ke baatlhodisi;
kamogo ya dithata tsa boatlhodidi le tsamaiso e e tshwanetseng go salwa morago motsing go nnang le kamogo eo ya boatlhodisi;
molawana wa maitsholo wa baatlhodisi ba go nna jalo le ditsela tsa go tsenya tirisong molawana wa maitsholo, go akarediwa boikarabelo ba moatlhodisi fa taolo e pe ya molawana wa maitsholo e tlolwa ke ena;
go tlhongwa ga ditsela tsa go itebaganya le ngongorego epe ya kgotsa kgatlhanong le moatlhodisi;
katiso ya baatlhodisi tuelo ya madia tetlo go baatlhodisi;
kgang epe e sele e go tlhokafalang gore e beelwe taolo gore go tle go laolwe tirelo ya baatlhodisi mo dikgotleng tsa tekano;
ditsamaiso tse di tshwanetseng go salwa morago kwa kgotsa tebang le boikuelo kgotsa dithadiso jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 23;
dipegelo tse di ikaeletsweng mo dikarolong tsa 25 (c) le 26 (c) le maano a tekano a a ikaeletsweng mo karolong ya 25 (b) le (a) le karolo ya 27 ;
phetolelo ya Molao o mo dipuong tsa semmuso le patlhalatso ya ona jaaka go ikaeletswe mo karolong ya 31 (b);
dithata le ditiro tsa Komiti ya Thadiso ya Tekano jaaka di ikaeletswe mo karolong ya 33.
kgang epe e go letlelesegang gore e ntshediwe taolo ka fa tlase ga Molao o;
Kgang epe e sele e go leng botlhokwa go e laola gore go tle go kgonwe maikaelelo a Molao o.
Molawana ope o o dirwang mo karolong e o o ka felelang o dirile gore Puso e nne le ditshenyegelo tsa madi, o tshwanetse go dirwa ka therisano le Tona ya Ditšhelete.
Molawana o o dirwang ka fa tlase ga karolo e o ka nna wa laola gore motho yo o tlolang taolo ya ona kgotsa yo o retelelwang ke go o obamela a nne molato tlolomolao mme fa a bonwe molato ke kgotla a lefesiwe kgotsa a atlholelwe kgolegelo ya lobaka lo lo sa feteng dikgwedi di le 12.
a Melawana epe e e dirwang ka fa tlase ga karolo e, e tshwanetse go bewa fa pele ga palamente gore go buiwe ka yona pele e ka phasaladiwa mo Kaseteng fa e le gore Palamente e tla bo tshwere phuthego ka nako eo.
Fa Palamente e sa tshwara phuthego jaaka go ikaeletswe mo temeng ya (a), melawana e ka newa Mmusakgotla wa Palamente malatsi a 30 pele ga go ka phasaladiwa melawana eo mo Kaseteng.
Melawana e e dirilweng go setswe morago mabaka a a mo karolong e, segolo bogolo karolwana (a), tebang le tsamaiso ya kwa patlisisong e tshwanetse fa go ka kgonegang teng go netefatsa gore tiragatso ya Molao e bonolo, e tshiamo e bile e a kgonega.
Tiragatso ya Molao
Le mororo go na le karolo ya 19 ga go na theetso epe ya dikgetsi e e tla nnang teng mo kgotleng epe kwa ntle ga fela fa motlhankedi yo o tshwereng marapo a le teng le nngwe kgotsa dingwe tsa ditlelereke.
Ka maikaelelo a go tsenya tirisong Molao o le go o dira gore o fitlhelelwe ka mo go ka kgonegang-
le mo go tsenyeng tirisong karolwana ya , baatlhodi, bomagiseterata kgotsa bomagiseterata ba tlaleletso, ka fa go tla nnang ka teng, le ditlelereke tse di umakilweng mo karolwaneng ya di ka nna tsa-
tlhongwa go nna batlhankedi ba ba tshwereng marapo; le go ii tlhongwa kgotsa go bewa go nna ditlelereke, Ka tatelano eo, mo kgotleng ya tekano e le nngwe kgotsa tse di fetang bongwe;
Tona o tshwanetse go dira gore Molao o o nne teng ka dipuo tsotlhe ka mokgwa o o beilweng dingwaga tse pedi di ise di wele morago ga tshimololo ya Molao o.
Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha o tshwanetse go tsaya dikgato tsotlhe tse di utlwalang le gone go dirisiwa metswedi e e leng teng ya Lefapha go netefatsa gore tlelereke e nna teng mo kgotleng nngwe le nngwe ya Rephaboliki.
Moatlhodimogolo, o tshwanetse gore ka therisano le Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi le Khomišene ya Bomagiseterata a tlhabolole diteng tsa dikhoso tsa katiso ka maikaelelo a go aga setlhopha sa batlhankedi ba ba tshwereng marapo ba ba inetseng e bile ba na le maitemogelo, ka maikaelelo a go tshwara marapo mo theetsong ya dikgetsi mo kgotleng jaaka go ikaeletswe mo Molaong o, ka go nna le-
katiso ya bokao ba loago ya batlhankedi ba ba tshwereng marapo; le ditlwaelo tse di tshwanang, kemo le ditsamaiso tse di tshwanetseng go obamelwa ke batlhankedi ba ba tshwereng marapo mo tiragatsong ya ditiro le dithomo tsa bona.
Moatlhodimogolo o tshwanetse gore ka therisano le Khomišene ya Tirelo ya Boatlhodi le Khomišene ya Bomagiseterata le Tona a diragatse dikhoso tsa katiso tse di ikaeletsweng mo karolwaneng ya .
Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha o tshwanetse go tlhabolola le go diragatsa khoso ya katiso ya ditlelereke tsa tekano ka maikaelelo a go aga setlhopha sa ditlelereke tse di katisitsweng e bile di kgethegile di ineetse gape di na le maitemogelo, ka maikaelelo a go diragatsa thomo le ditiro tse di ikaeletsweng mo Molaong o, ka go nna le-
katiso ya bokao ba loago ya ditlelereke; le ditlwaelo tse di tshwanang, kemo le ditsamaiso tse di tshwanetseng go obamelwa ke ditlelereke mo tiragatsong ya ditiro le dithomo tsa bona.
Tona o tshwanetse go fa pegelo kwa Palamenteng, jaaka go beilwe, tebang le diteng le tiragatso ya dikhoso tsa katiso tse di umakilweng mo dikarolwaneng tsa le .
S. 31 e emiseditswe ka Karolo ya 3 ya Molao 52 wa 2002.
KGAOLO YA 7 THADISO YA MOLAO, SETLHOGO SE SEKHUTSHWANE LE TSHIMOLOLO
Tlhomo ya Komiti ya Thadiso ya Tekano
Tona o tshwanetse gore ka bonakonako morago ga kitsiso ya go amogela le go tlhongwa ga Molao o ka kitiso mo Kaseteng, a tlhome Komiti ya Thadiso ya Tekano mme a tlhome ditokololo tse di nang le-
Motlhankedi yo mogolwane wa boatlhodi yo o nang le dithutego tse di lebaneng;
Modulasetilo Khomišene ya Ditshwanelo tsa Setho ya Aforika Borwa;
moemedi wa setšhaba;
moitseanape wa ditshwanelo tsa setho, segolo bogolo tshwanelo ya tekano;
tokololo ya Kopano ya Setšhaba;
tokololo ya Khansele ya Bosetšhaba ya Diporofense.[Letlha la tshimololo ya Karolo ya 32: 1 Lwetse 2000.]
Dithata, ditiro le nako ya go nna mo maemong ya Komiti ya Thadiso ya Tekano
Komiti ya Thadiso ya Tekano e-
tshwanetse go gakolola Tona ka ga tiriso ya Moalo o;
tshwanetse go gakolola Tona ka melao e e nang le pheto mo tekanong;
tshwanetse go lere dipego tsa gangwe le gape go Tona ka ga tiragatso ya Molao, e itebaganya le gore a maikaelelo a Molao le Molaotheo a kgonnwe le ge e tshwanetse go tla ka dikatlnegiso tse di ka ga dipaakanyo dipe tse di tlhokafalang mo Molaong ono, go tokafatsa tiragatso ya ona;
e na ke dithata tse dingwe le ditiro jaaka go beilwe.
Komiti ya Thadiso ya Tekano e ka nna ya tshwara merero le dikopano tsa yona jaaka e bona go tshwanetse.
Ditokololo tsa Komiti ya Thadiso ya Tekano tse di umakilweng mo karolong ya 32 a, d le di tlhongwa ka lobaka la dingwaga tse tlhano mme di ka nna tsa tlhongwa gape fa nako ya tsona ya go nna mo maemong e khutla.
Mabaka a mangwe a peo ya ditokololo tsa Komiti ya thadiso ya Tekano a jaaka a beilwe.
Tiro ya tsamaiso e e golaganeng le tiragatso ya ditiro tsa Komiti ya Thadiso ya Tekano e tshwanetse go dirwa ke batlhankedi ba ba beilweng ke mokaedi-Kakaretso wa Lefapha.
Ditokololo tsa Komiti ya Thadiso ya Tekano di na le tshiamelo ya go amogela tuelo, tefo ya tetlo le ditshiamelo tse dingwe jaaka go ka bewa ke Tona a rerisana le Tona ya Ditšhelete. [Letlha la tshimololo ya Karolo ya 33: 1 Lwetse 2000.]
Taolo ya theo ka ga HIV/AIDS Bosetšhaba, kemo ya ikonomiboago maikarabelo le kemo ya lelapa
Go etswe tlhoko bosupi jo bo ntsintsi jwa botlhokwa, pheto mo setšhabeng le kgolagano le thapolo ka botlalo le kgethololo ka mabaka a kemo ya HIV/AIDS, kemo ya ikonomiboago, bosetšhaba, maikarabelo a lelapa le kemo ya lelapa-
Tona o tshwanetse go fa thekegelo e e faphegileng gore go akarediwe mabaka a a mo temeng (a) ya tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang' ke Tona;
Komiti ya Thadiso ya Tekano e tshwanetse gore e re ngwaga e ise e wele, e tlhotlhomise e be e neye Tona dikatlanegiso tse di tlhokafalang. [Letlha la tshimololo ya Karolwana ya : 1 Lwetse 2000.]
Ga go sepe mo karolong e se se-
amang taolo ya gale ya dikgotla go atlhola diphapang tse di ka rarabololwang ke tiriso ya molao mo mabakeng a;
thibelang mongongoregi go pega kgetsi kwa kgotleng ya molao ka ntlha ya ape a mabaka a;
thibelang kgotla go laola gore lepe la mabaka a ke mabaka a a mo temeng ya (b) a tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang' kgotsa a akareditswe mo nngweng kgotsa mangweng a mabaka a a kwadilweng mo temeng ya (a) a tlhaloso ya 'mabaka a a ilediwang'.
Setlhogo se sekhutshwane le tshimololo
Molao o o bidiwa Molao wa Tsweletso ya Tekano le Thibelo ya Kgethololo e e seng Tshiamo wa 2000 mme o simolola go dira ka letlha le le kwadilweng ke Poresitente ka go dirakitsiso o Kaseteng.
Ditlha tse di farologaneng di ka nna tsa bewa ka tsela e e ntseng jalo tebang le ditaolo tsedi farologaneng tsa Molao o.
Mametlelelo
LENANE LA DIKAO TSA DITLWAELO TSE DI SA SIAMANG MO MEFAMENG E E RILENG.
Karolo ya 29
Tiro le thapo
Go nna le dikganedi tsa maitirelo tse di kganelang phitlhelelo e e lekanang go ditšhono tsa thapo ka go dirisa ditsamaiso dingwe tsa le tlhopho.
Tiriso ya metswedithuso ya setho, tlhabololo, tsweletso le ditlwaelo tsa tsholo ya badiri tse di kgethololang ka bosenatshiamo kgatlhanong le batho ba ba tswang mo ditlhopheng tse di kailweng ka mabaka a a ilediwang.
Go retelelawa ke go tlotla theo ya go lefela tiro e e lekanang ka dituelo tse di lekanang.
go tsweledisa dipharologano tsa lotseno tse di sa lekaneng tse di duleng mo kgethololong ya pele e e seng tshiamo.
Thuto
Go tlhotlholola baithuti ka tsela e e seng tshiamo mo ditheo tsa thuto, go akarediwa baithuti ba ba nang le ditlhokego tse di faphegileng.
go itsa ka tsela e e seng tshiamo baithuti ba ditlhopha tse di rileng go bona dituelelothuto, dibasari kgotsa mofuta ope wa thuso ka ntlha ya mabaka a a ileditsweng.
Go retelelwa ke go akaretsa ka tsela e e utlwalalng bomefutafuta mo thutong.
Ditirelo tsa tlhokomelo ya Boitekanelo le ditshiamelo
Go dira batho gore ba nne mo ditekeletsong tsa bongaka ntle le tetla ya bona e e sedimoseditsweng.
kganelo kgotsa go tima ka tsela e e seng tshiamo motho ope go nna le phitlhelelo ya ditlamelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo kgotsa go retelelwa ke go dira gore ditlamelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo di kgone go fitlhelelwa ke motho ope.
Go gana go fa kalafi ya bongaka ya tshoganyetso go batho ba ditlhopha tse di rileng ka nngwe kgotsa mangwe a mabaka a a ilediwang.
Go gana go fa batsofe ditirelo tse di utlwalalang tsa boitekanelo.
Matlo, Bonno, lefatshe le thoto
Go kobiwa ga batho mo matlong ntle le tlhaloso e e utlwalang go ikaegilwe ka lebaka kgotsa mabaka a a ilediwang.
Kgethololo ya botlhokatshiamo mo kabong ya madi a a adimelwang go reka matlo, madi a a adimiwang kgotsa dithuso tsa ditšhelete ka mabaka a letso, bong kgotsa mabaka a mangwe a a ilediwang.
Go retelelwa ke go rekegela ditlhokego tse di faphegileng tsa batsofe.
Ditirelo tsa inšorense
Go ganela ka bosenatshiamo go fa kgotsa go rebolela polisi ya inšorense go motho ope ka ntlha ya nngwe kgotsa mangwe a mabaka a a ileditsweng.
Kgethololo e e seng tshiamo mo neong ya ditshiamelo, ditlamelo le ditirelo tse di leng tebang le inšorense.
Kgethololo ya botlhokatshiamo ya motho kgotsa batho, go akarediwa go gana ka tsela e e seng tshiamo le e e sa utlwaleng, go fa ditirelo go motho fela ka ntlha ya seemo sa HIV/AIDS.
Diphenšene
Go se akaretse motho ope ka botlhokatshiamo go nna leloko la letlole la tholotiro kgotsa go amogela ditshiamelo dipe go tswa mo letloleng ka ntlha nngwe kgotsa mangwe a mabaka a a ilediwang.
Go kgethololo ka tsela e e seng tshiamo ditokololo kgotsa baamogelatshiamelo ba letlole la tholotiro.
Go laola ka kgethololo ya botlhokatshiamo gore ke mang yo o tshwanetseng go lalediwa go nna motlhakanela kgwebo mo tlhakanelokgwebong e e totobaditsweng.
Go baya mabaka a a seng tshiamo e bile a kgetholola a ka one motho a ka letlelelwang go nna motlhakanelakgwebo.
Diporofešene le makgotla
Go baya mabaka a a itsang ka botlhokatshimo kgotsa a a rontshang batho ba ba tswang mo ditlhopheng tse mo hisetoring di neng di thapotswe (beetswe kwa morago) go tsena mo ditirong/diporofešeneng.
Go thibela kgotsa go rontsha ditokolo ka botlhokatshiamo phitlhelelo ya ditshiamelo kgotsa ditlamelo ka ntlha ya mabaka a a ileditsweng.
Kabo ya dithoto, ditirelo le ditlamelo
Go gana ka tsela e e seng tshiamo kgotsa go retelelwa go fa mongwe kgotsa setlhopha sa batho dithoto le ditirelo ka ntlha ya nngwe kgotsa mangwe a mabaka a a ilediwang.
Go baya mabaka kgotsa ditlwaelo tse di tsweledisang maduo a kgethololo e e seng tshiamo ya nako e e fetileng kgotsa ya go sa akaretseng ba bangwe tebang le phitlhelelo ya metswedi ya ditšhelete.
Go thibela ka tsela e e seng tshiamo phitlhelelo ya go nna le tšhono ya go nna le konteraka e e thelesang dithoto le ditirelo.
Mekgatlho, metshameko le makoko
Go gana ka tsela e e seng tshiamo go sekaseka kopo ya boloko ba lekoko kgotsa mokgatlho ka ntlha ya ape a mabaka a a ilediwang.
Go rontsha tokololo phitlhelelo kgotsa go thibela phitlhelelo ya tokololo go nna le tshiamelo epe e e fiwang ke lekoko kgotsa mokgatlho.
Go palelwa ke go tsweletsa bomefutafetua mo tlhophong ya ditlhopha tsa boemedi.
