Lefapha La Thoto Ya Bosetshaba, Tekanyetso-Kabo Ya Bo 30 Puo Ka Tona Alec Erwin Kwa Kokoano Bosetshaba
Motsheganong 2007
Tshobokano
Thoto e e Mosola ya Bosetshaba, Effective State Owned Enterprises SOE e botlhokwa thata mo tsweletsong pele ya puso nngwe le nngwe e e tlhabologang. Matswakabele le bokgoni jwa ikonomi ya lefatshe ka bophara, dithata tsa mebaraka, le go tlhatlogela godimo ga mekgwa ya dipeeletso tsa lefatshe ka bophara, di na le kgwetlho mo mafatsheng otlhe ka di aba maano a maikaelelo a go tlhabolola ikonomi ya ona. Go ya ka maikaelelo ao, re sweeditse go dirisa maemo a puso e go nna beng ba lefatshe mo mafelong a a botlhokwa a ikonomi go netefatsa maano a maikaelelo a a tswelelang.
SOE e tshwanetse ya bo e le mo maemong a a siameng le a a tsepameng a ditshelete go kgontsha go dirisa metswedi ya mebaraka ya ditshelete ya bosetshaba le ya boditshabatshaba. Tota le fa puso e kgona go dirisa maemo a ditshelete a SOE mo kgatong ya yona ya tshimologo le mo maemong a a totobaditsweng, morago ga foo e tshwanetse go a tlaleletsa go tswa mo bokgoning jwa yona le mo mabarakeng ya ditshelete. Se se tlhoka boruni jo bo tiileng jwa dibuka tsa ditshelete le bokgoni jwa go nna bomphato le merero ya ditshelete ya ditheo tsa poraevete.
Bokgoni jwa go dira tiro ke tlhokego e nngwe e e botlhokwa ya SOE. Bokgoni jwa mofuta o jwa go dira tiro bo tlhoka dithata tsa botsamaisi, merero ya badiri le jwa thekenoloji tse di tsamaelanang le mokgwa o o gaisang wa tiro. Fa di akarediwa mmogo, SOE e ka nna le tshwaelo e kgolo mo ikonoming ka dipeeletso tsa yona, merero ya badiri le dipatlisiso le mananeo a tlhabololo.
Go ya ka fa Puso e eletsang go rotloetsa mosola wa diteemane mono Afrika Borwa, Alexkor ke yona setheo se se nang le bokgoni jwa go dira se. Fela legale, Alexor e na le maemo a boikarabelo a le mabedi a tlaleletso a e tshwanetseng go a diragatsa, a ka bobedi a leng botlhokwa mo mabakeng a a matswakabele a tlhabololo. Boikarabelo jwa ntlha ke jwa merero ya kgwebo e e tla akaretsang Baagi ba Richtersveld mo tlhabololong ya bona ka nosi. Jwa bobedi le jwa sesheng jo ka tota e leng jwa maikaelelo a tirisano mmogo jo bo tla dirang ditshiamelo tsa motheo wa go lepalepanya kgaolo ya diteemane tsa Namaqualand. Legale, go se ikanyege ga morero wa go labalabela le go busediwa lefatshe go beile Alexkor mo maemong a a masisi a merero ya dithelete le go dira tiro. Ga jaana nako e botlhokwa tlhokwa, go sa nneng jalo re ka se nne tshono epe kwa ntle ga go fetola ditiro dingwe le go phimola thoto e e seng botlhokwa go ya ka mabaka a kgwebo.
Infranco e tlhomilwe ka mabaka a go netefatsa gore re tlhabolola mokwatla o o tiileng wa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano. Ga go sa tlhole go kgonagala go gaisana ka kitso ya boditshabatshaba mo mererong ya ikonomi kwa ntle ga ditshenyegelo tse di kwa tlase, le mokgwa o o ikanyegang le o o bonwang bonolo ka bophara. Go dikgwebo tse di ka tlhomiwang mo ikonoming ya rona fela ga di tlhomiwe gonne re na le ditshenyegelo tsa mokgwa o o sa kgoneng go di jara. Go gola ga ikonomi ya Afrika Borwa go tswelela go kganelwa ke mabakanyana a ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa mokgwa o o leng teng.
Go somaretswe R400-dimilione ka go phimola thoto e e seng ya botlhokwa. Go phimolwa ga thoto e e setseng e e seng ya botlhokwa ya Denel go tla konosediwa mo tsamaong ya ngwaga wa ditshelete wa 2007/08. Go tshwaraganngwa mo go tsweletseng ga Denel e sala e le lebaka la botlhokwa mme Lefapha la me, Denel le Lefapha la Tshireletso a dirisana mmogo ka botlalo mo morerong o. Go ya ka mabaka a go reka thoto ga Lefapha la Tshireletso, go tsentswe dikonteraka di le mmalwa le madirelo a selegae, gfo akarediwa le konteraka ya Dirori tsa Ntwa le Thoto ya Hoefyster (Hoefyster Infantry Fighting Vehicle) mmogo le tlhabololo ya dimisaele tsa go kolopela kgala tsa A-Darter. Gape go dikakanyo tsa go tlhabololwa sesha ga sedirisiwa sa Oryx. Go bolodiwa ga dikonteraka tse di laolwang ke A400M go tsweletse go tlhoma ditshono tsa madirelo a diphofo ka kakaretso.
Mo mererong ya isagwe, Denel e tla tsamaisa go tlhomiwa ga ditlhopha tsa go dira dilwana tse e tla nnang mototobatsi wa go fetisetsa thekenoloji ya go dira didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo le kitso e e tseneletseng mo lekaleng la bodirelo jwa go dira diririsiwa.
Eskom e goeleditse lenaane la yona la dipeeletso tsa R150-dibilione mo dingwageng di le tlhano tse di tlang. E tlare mo kgweding ya Seetebosigo monongwaga, fa diteishene tse di fetotsweng di buseditswe gape go aba tirelo, Eskom e tla nna le bokgoni jwa go aba maatla a motlakase o o fetang 38 000 MW, se se tla dirang gore e kgone go lepalepana le ditlhokego tsa mariga, tse di lekanyediwang kwa godingwana fela ga 36 300 MW, le fa tota e tla salelwa ke sefalana se se kwa tlase. Lefapha la me le tla tswelela go ela-tlhoko lenaneo la tlhabololo mmogo le tshireletsego ya maemo a go aba tirelo e. Ga jaana re tshwere ditherisano tsa go simolola go phasalatsa pegelo ya manaane a didirisiwa tse di lekaneng, le Eskom, DME le NERSA.
Mo tsamaong ya nako e e tlang PBMR e tla be e goroga kwa setsheng sa go bolotsa Togamaano ya Setheo sa go Tlhotlha Leokwane (Pilot Fuel Plant) le go tsweletsa tumelelo ya go tlhoma Setheo sa go ntsha motswedi wa maatla kwa Kapa Bophirima.
Dikgatlhegelo tsa Boditshabatshaba di tsweletse go oketsega mme mono gae SASOL e supile fa e tshwere ditherisano le PBMR ka ga ditiragalo di le mmalwa tsa go gotetsa. Go dirilwe tswelelopele e e itumedisang ka go lepalepanya lenaane la togamaano la Eskom PWR mmogo le Generation 1V ya rona. Se se tla dira gore ditiro tsa botlhokwa tsa thekenoloji di dirwe mo tikologong tse di tla letlang gore Afrika Borwa e gaisane sentle le go nna momphato mo dinakong tsa sesheng tsa maatla a nutliya.
Makala a mantsha a tla tlhabololwa mo teng ga Eskom go dira ka maatla a nutliya, go tsholetsa bokgoni jwa boenjiniri le go lepalepanya bokgoni jwa dipatlisiso le DME, DST le NECSA. Setlhopha sa porojeke e se tla etelelwa pele ke Thulani Gcabashe e e tla dirisanang le Boto ya Eskom le DPE go tsweletsa tiro e e botlhokwa e.
Go tla lebelelwa thata mo go konosetseng ditlhokego tsa go aba matlole le go dirisa ka botlalo go fetola sesha maano a SAA, se se tla letlang SAA gore e ikanye boruni jwa go lekalekanya dibuka. Legale go tla tlhokagala mokgwa wa go tlhabolola sesha mekgwa ya boenjiniri, go ngoka bomphato le go phimola ditiro tse e seng tsa botlhokwa. Ditherisano tse di tseneletseng le mekgatlho ya badiri di tsweletse pele.
Monongwaga lefapha le tla ntsha setheo sa South African Express (SAX) mo dibukeng tsa Transnet mme la se fetolela go nna setheo se se ikemetseng ka nosi. Fa mo letlhakoreng je lengwe SAA le tirelo ya yona ya diphofo tse di tlhwatlhwa tlase ya Mango di tla totobala ka botlalo mo ditseleng tsa diphofo tsa kgwebo, SAX ke yona e e tla abang dikgolagano tsa ditsela tsa kwa moweng tse di se nang kgwebo e ntsi.
Le fa tota setlamo se na le dishere tse di bonalang tsa diphesente di le 30% mo go ntsheng dikuno, ga jaana se tla rwala boikarabelo jwa diphesente di ka nna 2.5% mo tshwaelong ya merero ya seikonomi mo lekaleng le, le go thapa badiri ba le diphesente di le 3.5%. Ka go rialo Kabinete e dumallane gore karolwana e e setseng ya Safcol, Jalo ya Dikgwa ya Komatiland, di phimolwe gotlhelele.
Mo tsamaong ya ngwaga wa ditshelete wa 20006/07 Boto ya Bakaedi e dumelletse le go fetisa leano la dipeeletso la dingwaga di le tlhano tsa R64,5-dibilione. Leano le le simolotsweng le la dingwaga di le tlhano le sekasekilwe sesha go tsamaelana le ngwaga wa ditshelete wa 2007/08 mme ga jaana le tlhomilwe go R78-dibilione. Dipeeletso tse di ikaeletsweng go tsweletsa pele le go atolosa ditiro ka go tlhatlosa bokgoni mo ditiragalong tsa rona tsa maanya a tshipi le malatlha, go tokafatsa mafaratlhatlha a maemelakepe le boemela dirori tse dingwe mme ka go rialo go tokafatse peipi e e tswang kwa Durban go ya Johannesburg.
Ka go dirisana le boto re mo kgatong ya go rulaganya mafaratlhatlha a semphato mo ditirong tsa go tlhoma bodutelo jo bontsha jo ga jaana bo tlhabololwang kwa boemelong jwa Nggura mme re tla itsise dintlha ka botlalo ka ga se mo isagweng e e gaufi.
Koketsego e e tlhatlogang ka bonako ya ditlhokwa tsa thoto ya kgwebisano e tlhodile tlhaelo ya dikuno. Ka lenaane la kgaisano ya go ntsha le go aba dikuno la (CSDP), re ikaeletse go rotloetsa tlhabololo ya lekala la madirelo mo Afrika Borwa.
Re tlhoka go sireletsa mokgwa wa go aba didirisiwa tsa rona tota le mokgwa o o gaisang wa go dira se ka go tlhabolola bokgoni jwa mono gae. Legale, go ntsha dikuno ga mofuta o mono gae go tshwanetse go nna mo maemong a go gaisana ka botlalo mo mebarakeng ya boditshabatshaba go tsamaelana le go ngotla ditshenyegelo le go tsholetsa boleng jwa maemo a dikuno. Maiteko a a tshwaraganetsweng magareng ga JPF, Lefapha la Thuto, Lefapha la Badiri le di-SETA tse di tsamaelanang nao mmogo le SOE ya rona a boloditswe go itsise dikhoso, dikholeji le barutegi ba dipurapure ba ba tla kgonang go konosetsa katiso ya bona ya mo tirong kwa di-SOE tsa rona pele ba ka kwadisiwa diteko tse di tshwanetseng tsa kgwebo.
Ga jaana go sekasekwa peipi e e tla tsamaisang kalaka ya selari go tswa kwa Phalaborwa.
Porojeke ya Afrika e tla supa ditshono tsa botlhokwa mo kontinenteng mo SOE mo Afrika Borwa e tla thusang tiro ya tlhabololo.
