﻿
Go nyalwa ka fa tlase ga molao wa setso
Nhlamuselo
Magoza lama faneleke ku landzeleriwa
Milawu leyi tirhisiwaku
Matirhelo na nkarhi wa ku endliwa ka ntirho
Mali leyi hakeriwaku
Tifomu leti tifaneleke ku tatiwa
Vuxokoxoko bya ku tihlanganisa

Nhlamuselo

Molao wa Setso o simolotse go nna mo molaong ka la 15 Ngwanatsele 2000. Fa e le gore o ne o setse o le mo lenyalong la setso le le tlhomameng pele ga letlha le, lenyalo la gago le amogesegile ka fa tlase ga molao o, o montšhwa. Fa monna a setse a na le basadi ba ba fetang bongwe, manyalo ao otlhe a amogelesegile ka fa tlase ga molao o, o montšhwa. Molao o gape o amogela manyalo a setso a a diragetseng morago ga letlha le mme o tlhalosa melao e batho ba ba nyalanang ka setso ba tshwanetseng go e latela gore lenyalo la bona le tle le amogelesege.

Lenyalo la setso le amogelesegile fa batho ba ba nyalanang ka fa tlase ga molao wa setso ba kokoantse ditlhokego tse di latelang:

Bobedi jo, bo tshwanetse jwa bo bo feta dinyaga di le lesomerobedi.
Bobedi jo, bo tshwanetse go dumela go nyadisiwa ka fa tlase ga molao wa setso.
Go tshwanetse ga nna le ditherisano, ga ketekwa moletlo mme ga tsenwa mo lenyalong go ya ka molao wa setso.
Bogadi ga bo kaiwe jaaka tlhokego ya kamogelesego ya lenyalo la setso.

Ela tlhoko gore manyalo a, ka gale a ne a ntse amogelesegile ka fa tlase ga molao wa setos.

Ke tshwanetse go kwadisa lenyalo la me leng?

Fa o nyetswe ka fa tlase ga molao wa setso pele ga letlha la 15 Ngwanatsele 2000, lenyalo la gago le tshwanetse la bo le kwadisitswe le Lefapha la Merero ya Selegae. Fa o ne o nyetswe morago ga gore molao o tlhomiwe, o tshwanetse go kwadisa lenyalo mo dikgweding di le tharo morago ga lenayalo.

Manyalo a Setso le Tlhakanelo ya Dithoto 

Manyalo otlhe a setso a a diragetseng morago ga gore Molao o tsenngwe tirisong, ke wa tlhakanelodithoto. Seno se raya gore monna le mosadi ba nna le dišere tse di lekaneng tsa letlotlo, madi le dithoto gape se se raya gore ba šera/amogana le dikoloto tsotlhe. Fa bobedi jo, bo rata gore lenyalo la bona e se ke ya nna la tlhakanelodithoto, ba tla tshwanela ke go tsena mo tumelelanong ya go se tlhakaneledithoto pele ba nyalana. Fa ba rata go fetola tumelelano e morago ga go nyalana, ba tla tshwanela ke go dira kopo kwa Kgotlatshekelong e Kgolo. Ka fa tlase ga Molao wa Manyalo a Setso, mosadi o na le ditshiamelo le maemo a a lekaneng le a monna wa gagwe fa go tsewa ditshwetso mabapi le se se tshwanetseng go diragala ka thoto ya bona. Ga jaanong, mosadi wa setso o na le dithata tsa go tsena mo konterakeng kwa ntle ga thuso ya monna wa gagwe.

Go tla diragala eng fa monna wa me a rata go nyala mosadi yo mongwe?

Monna o tshwanetse a tsena mo tumalanong/konterakeng e e tla totobatsang se se tshwanetseng go diragalela thoto gape monna o tshwanetse go dira kopo kwa kgotlatshekelong gore tumalano e amogelesege. Kgotlatshekelo e tshwanetse go netefatsa gore dikgatlhegelo tsa basadi botlhe mabapi le thoto, di sireletsegile.

Go tla diragala eng fa re rata go tsena mo lenyalong la selegae  morago ga go nyalana ka fa tlase ga molao wa setso?

Fa monna wa gago a sena basadi ba bangwe, le ka nna la nyalana ka fa tlase ga molao wa selegae le molao wa setso. Le fa go ntse jalo, se se raya gore ga go ope wa lona yo o tla nyalanang le motho yo mongwe fa le sa ntse le nyalane ka fa tlase ga molao wa selegae.

Fa o batla tshedimosetso e nngwe gape, e ya go Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotlhomo.

Ehenhla

Magoza lama faneleke ku landzeleriwa

Monna kgotsa mosadi a ka kwadisa lenyalo la bona kwa Lefapheng la Merero ya Selegae le le fa gaufi le bona. Go eletswa gore balekani ba ye ba le babedi fa ba ya go kwadisa lenyalo la bona gore kwadiso e diragale ka bonako. Le fa go ntse jalo, fa molekane yo mongwe a gana go ya, o ka nna wa kwadisa o le monosi mme wa tlisa bopaki jo bo tlhokegang.
E tla le pasa ya gago  mme o tlatse Foromo A: Application for registration/enquiry into existence of customary marriage e e go tlhokang gore o kaye dilo tse di latelang:

dinomoro tsa Pasa, maina le matlha a matsalo a monna le mosadi ka bobedi jwa bona.
maina a batsadi ba monna le mosadi le leina la moeteledipele kgotsa baeteledipele ba setso.
dintlha tsa tumalano ya lobola/magadi, le
dipaki tse pedi tse di neng di le teng ka nako ya lenyalo 
afitafiti kgotsa lekwalo le le tswang kwa go moeteledipele wa setso.



Foromo e tshwanetse go netefatswa le go saenwa fa pele ga:

motlhankedi yo o kwadisang, kgotsa
motho yo o tlhophilweng, yo o tlhophetsweng tiro e ke Mokaedikakaretso gore a diragatse tiro e go ya ka melao e.



Kopo e, e tshwanetse go dirwa kwa go motlhankedi yo o kwadisang kgotsa motho yo o tlhophilweng go dira tiro e. Ke ena yo o tshwanetseng go go neela kamogelo ya gore o maogetse kopo ya Foromo ya B: Acknowledgement of receipt of application for registration of customary marriage
Motlhankedi yo o kwadisang kgotsa motho yo o tlhophilweng o tla fetisetsa kopo kwa kantorong e e fa gaufi ya kgaolo kgotsa ya sedika ya Lefapha gore e tsenngwe mo rejisetareng ya go bala batho.
O tla neelwa setifikeiti sa go ikwadisa kgotsa Foromo C: Customary marriage certificate.
Beya setifikeiti se mo lifelong le le bolokesegileng ka ntlha ya fa se le botlhokwa.

Ehenhla

Milawu leyi tirhisiwaku



The Recognition of Customary Marriages Act, 1998 and related regulations  le melawana e e tsamaelanang le ona)
Amended by the Judicial Matters Second Amendment Act, 2001  

Ehenhla

Matirhelo na nkarhi wa ku endliwa ka ntirho

Setifikeiti se se khutshwafaditsweng se ntshiwa ka bonako.
Setifikeiti se se sa khutshwafatswang se tsaya dibeke di le thataro go ya go di le robedi.
Motlhankedi yo o kwadisang o tla go itsise fa a gana go kwadisa lenyalo le le ikaeletsweng la setso, mme aa neela mabaka a gore goring a gana go le kwadisa.

Ehenhla

Mali leyi hakeriwaku

Dituelo tse di latelang di duelwa kwa go Lefapha la Merero ya Selegae.

Setifikeiti sa lenyalo la setso se se dirilweng sebedi/dupolikate: R11
Patlo le go dirwa gape ga rejisetara ya setifikeiti sa lenyalo la setso kgotsa ditokomane dingwe le dingwe tse di tshegetsang mme di tsamaelana le go kwadisa: R53 
Go neelwa sentshwa  go tswa mo lenyalong la setso: R53
Molekane o duela motho yo o tlhophilweng: R11 mabapi le kopo ya go kwadisa lenyalo la setso e e dirilweng le motho yo o tlhophilweng.

Tsweetswee, leba motho yo o tshwanetseng go ikgolaganya le ena kwa Mererong ya Selegae gore a go neele kaedi ya ditshenyegelo tse o tlileng go di duela.

Ehenhla

Tifomu leti tifaneleke ku tatiwa

Diforomo tse di bonwa kwa go Lefapha la Merero ya Selegae

Form A : Application for registration/enquiry into existence of customary marriage
Form B : Acknowledgement of receipt of application for registration of customary marriage
Form C : Customary marriage certificate
Form D : Application for the consent of a commissioner of child welfare

Xiyaxiya: Tifomo a tikumeki eka inthanete . Hi kombela u khumbana na hofisi ya ndzawulo leyi nga kusuhani na wena.

Ehenhla

Vuxokoxoko bya ku tihlanganisa


