<Doc01>
Bodiredi jwa Pabalesegoseloago jwa Aforikaborwa
Tšhata ya Tlhokomelo ya Barekedi
Lo amogetswe go Tšhata ya rona ya Barekedi
Re eletsa gore lona, barekedi ba rona, lo re atlhole go ya ka maemo a ditirelo a re a neetseng mo tšhateng eno.
Re tlaa lo tshola ka tlotlo le go lo neela tirelo e e isegang, e e inaakanyang le ditheo tsa BATHO PELE.
Re itlama go lo neela tirelo ya maemogodimo, go lo neela tshedimosetso e e nepagetseng, keletso mmogo le thuso malebana le ditirelo tsa rona tsotlhe, ka gobo se e le karolo ya maikarabelo a rona.
Maikaelelo a Tšhata
Tšhata e go bolelela ka ga maemo a tirelo a o ka a solofelang go tswa go Bodiredi jwa Pabalesegoseloago jwa Aforikaborwa (SASSA).
SASSA ke lekala la puso le le tsamaisang ditirelo tse di netefatsang phitlhelelo ya dikabeloseloago go baagi ba Aforikaborwa.
Re itlama
Go tsamaisa ditirelo tsa pabalesegoseloago tsa bolengodimo, re somarela madi mme re diragatsa se, ka manontlhotlho a a gaisang.
O ka solofela eng go tswa go rona
Thotloetso le tshireletso ya seriti sa setho, Bosephiri, Serodumo, Tolamo , Ponatshego le Tekatekano.
Go rala Bodiredi jwa Pabalesegoseloago jwa Aforikaborwa, re ya go
Go neela tshedimosetso le keletso ka ga dikabelo tse o ka di ikwadisetsang.
Go fetisetsa go ditheo tse dingwe tse di ka go thusang.
Go thusa go tlatsa diforomo tsa rona le go ikwadisetsa kabelo.
Tshola tshedimosetso e o re e fang mo bosephiring.
Tshegetsa ka gale Molaotheo wa Riphaboleki ya Aforikaborwa, melao e e laolang bodiredipuso mmogo le dikai tsa boitsholo tsa bodiredipuso
Go neela thuso ka puo e o e itlhophelang
Dirisana le batho ba re ba direlang mmogo le banaleseabe ba bangwe.
Leka ka gale go nna re tokafatsa ditirelo gore re fitlhelele ditlhologelelo tsa gago
Go gokagana le rona
Fa o gokagana le rona ka namana, mogala, lekwalo kgotsa ka imeile, go ya go diragala tse di latelang:
Moemedi wa bodiredi jwa barekedi yo o gokaganeng nae o ya go ikitsise.
Fa e le dikgwetlho ka mogala kgotsa ka namana, di ya go rarabololwa nako yona eo.
Fa re sa kgone go di rarabolola nako yona eo, re tlaa neela mabaka le go itsise modirelwa gore a solofele tsibogo leng.
Re tlaa go fa nomorotshupetso gore o kgone go tlhola kgetse ya gago le go e sala morago
Re tlaa go itsise gore re amogetse tlhaeletsano yotlhe e o e rometseng mme ra arabela dipotso mo malatsing a tiro a le 7.
Fa re sa kgone go go araba ka botlalo mo malatsing a tiro a le 7, re tlaa go neela lebaka la se, le go go itsise gore o ka solofela karabo leng.
Re tlaa dira bojotlhe go rarabolola kgwetlho ya gago mo malatsing a tiro a le 21.
Fa o ka re letsetsa mogala, re solofetsa go o araba ka bonako jo bo kgonegang, ka puosemmuso ya tlhotšho ya gago.
Re ya go go kwalela malebana le tshwetso nngwe le nngwe e e amang kabelo ya gago
Kwa dikantorong tsa SASSA
Fa o goroga kwa dikantorong tsa rona, bathusi ba ba mo kamogelong ba ya go go thusa ka pele.
Dikantoro tsa rona di butswe ka 08h00 go fitlha 16h30, Mosupologo go fitlha Labone, le 08h00 go fitlha 16h00 ka Labotlhano.
Kwa dikantorong le mafelotuelo a rona o ya go fitlhelela tse di latelang:
Bosephiri
Diphaposiboletelo tse di isegang
Matlwanaboithusetso
Thuso ya bongaka fa re itsisitswe go sa le gale ka ga tlhokego ya yona
Re ya go tla go wena fa maemo a gago a pholo a go paledisa go tla dikantorong tsa rona.
O ka nna wa re letsetsa mme ra go rulaganyetsa ketelo ya kwa gae.
Tirisano le kopo ya gago ya kabeloseloago.
Re ya go simolola go tsamaisa kopo ya gago ka tsatsi lona leo.
Re tlhoka go netefatsa gore o tshwanelwa ke kabelo e go ya ka molao.
Re ipeela diphitlhelelo tsa go dirana le tleleime ya gago le go duela kabelo ya gago mo malatsing a le 90.
Re go eletsa go itse ditshwanelo tsa gago malebana le go ikuela fa kabelo ya gago e ka kgaphelwa thoko, ya bewa molatsa kgotsa go phimolwa.
Go tsaya tshwetso.
Fa re ka tsaya tshwetso malebana le kopo ya gago ya kabelo mme wena wa akanya gore tshwetso e e fosagetse, kgotsa wa tlhoka tshedimosetso nngwe malebana le tshwetso e, o ka dira tse di latelang:
Go re kopa tlhaloso e e tseneletseng malebana le tshwetso e, mme re tlaa dirisana nao.
O ka ikuela kgatlhanong le tshwetso ya rona mo malatsing a le 30 morago ga go amogela lekwalo la tshwetso e.
O ka lopa go bona faele ya gago go tlhola tshedimosetso nngwe fela e o e tlhokang.
Maikarabelo a gago e tlaa nna
Go re neela:
Aterese ya gago e e nepagetseng ya poso le ya bodulo.
Diphetogo mo maemong a gago jaaka lotseno, aterese, kemo ya boitekanelo jljl.
Tshedimosetso kgotsa tlhalosetso ya nnete e e maleba e bile e feletse ka nako tsotlhe.
Tsibogo e e mo dinakong malebana le kgokagano ya rona kgotsa tshedimosetso e re go lopang yona, go akarediwa le tebosešwa.
Fa o sa itumelele ditirelo tsa rona?
Fa o sa itumelele ditirelo tsa rona ka ntlha ya gore:
Re tsere lobaka go tsamaisa kopo ya gago ya kabelo le / kgotsa ga o a amogela tuelo ka nako.
Boitsholo jwa badiredi ba rona bo ne bo sa isege.
Batlhankedi ba rona ba dirile phoso mo kopong ya gago kgotsa ba go file maele a a fosagetseng.
Phoso nngwe fela go tswa go rona e le ka bomo kgotsa e seng ka bomo
re itsise mme re tlaa baakanya phoso e ka bonako.
Fa o eletsa go tletleba, tsweetswee re kwalele mme o lope go isiwa go yuniti ya rona ya tlhokomelo ya barekedi.
Re tlaa buisana nao ka ga ditirelo tsa rona.
Re tlhoka ditshwaelo tsa gago malebana le ditirelo tsa rona.
Re tlaa dirisa tshedimosetso e o re fang yona go tokafatsa ditirelo tsa rona.
Tsweetswee re romelele tsibogo ka tsela nngwe ya tse di fa tlase:
Letsetsa senthara ya megala e e sa duelelweng – 0800 601 011
Tlatsa karata ya ditshwaelo e e fitlhelwang kwa dikantorong tsa rona tse pedi le kwa mafelotuelong.
Etela webesaete go www.sassa.gov.za
Etela nngwe ya dintlhakgokagano tsa rona.
(Kgaolo, selegae, ditirelo le dintlhatuelo)
Neela tshwaelo e e kwadilweng go nngwe fela ya dikantoro tsa rona.
Dipotso kgotsa ditshwaelo malebana le tšhata e
Fa o tlhoka tshedimosetso e nngwe malebana le tšhata e, yaa kwa go nngwe ya dikantoro tsa rona.
O ka bona tšhata e ka Braille, theipe ya modumo le CD fa o ka lopa jalo.
Tšhata e e ya go simolola ka la 01/04/2007 mme e tlaa lebiwa sešwa ngwaga mongwe le mongwe go amogela ditshwaelo tsa lona.
<Doc02>
Lenaneopalo la Aforikaborwa - Dikgang
Mo Lenaneopalong: Tlhokego ya lenaneopalo e ya go oketsega fa demokerasi e gola
Athikele e e phasaladitswe la ntlha mo go Business Report ka la 05 Phatwe 2004
Mo bekeng e e fetileng ke tsene pitso ya botokeletso ya kgaolo ya East African Statistical Training Centre kwa Tanzania, mme ke nnile le tšhono ya go tsena moletlo wa kakgolo wa ngwaga wa bo 39 wa senthara e, fao badiredi ba le batlhano ba Lenaneopalo la SA ba neng ba na le seabe.
Katiso ya badiredi ba Stats SA ke mooko wa setheo se.
Morago ga go thapiwa jaaka mokaedikakaretso wa lenaneopalo, Stats SA, ka tirisano le Khansele ya Lenaneopalo, e ne ya goeletsa patlo ya setheo se se ka neelang thupiso e e maleba ya datha ya semmuso.
Re ne ra tlhaola ditheo di le pedi: senthara ya thupiso kwa Dar es Salaam, Tanzania, le Institute of Statistics and Applied Economics kwa Uganda
Ba UN Economic Commission for Africa, East African Common Services Organisation le UN Development Programme, ba tlhomile senthara ya thupiso ka 1965.
Ngwaga wa 1977 fa o rogwa ke fa puso ya Tanzania e tsere marapo kwa senthareng e, mme ya oketsa palo ya dinaga tsa Aforika tse di direlwang ke senthara go ya go 13.
Setheo sa kwa Uganda se tlhomilwe ka 1969, mo letlhomesong la semolao la Yunivesithi ya Makerere.
Maitlhomo a sona e ne e le thupiso ya maemogodimo ya bomankge ba lenaneopalo le tsa ikonomitiriso.
Mo dingwageng di le tharo tse di fetileng, Stats SA e ntse e romela badiredi ba yona kwa ditheong tse.
Ngogola, re itemogetse setlhopha sa ntlha sa dialogane.
Fa e sale ba boile, ba supile tokafalo e kgolo tota, gajaana bangwe ba bona ba mo maemong a bolaodi.
Le gale, Stats SA e lebanwe ke dikgwetlho tse dintšhwa.
Tlhokego ya tshedimosetso ya lenaneopalo le le ka kgontshang maphata a puso ka boraro jwa ona go tsaya ditshwetso, e oketsegile tota.
Bogolosegolo, lephata la batho ba ba rupisitsweng go kokoanya le go dirisa tshedimosetso ya lenaneopalo, le mo matsapeng.
Go thiba phatlha e, re tshwanetse ra rupisa batho ba ka nna 2 000 ka ngwaga.
Ba senthara ra thupiso ya Tanzania, le ba Ugandan Institute of Statistics and Applied Economics, ga ba kgone go fitlhelela tlhokego e kgolo e.
Fa a ne a bula khonferense ya SA Statistical Association ngogola, tona ya tsa matlotlo Trevor Manuel o gwetlhile diyunivesithi tsa Aforikaborwa go leba tlhokego ya bokgoni jwa tsa lenaneopalo, go thusa puso mo go tseyeng ditshwetso tse di maleba, e ikaegile ka tshedimosetso e e nepagetseng ya lenaneopalo.
Stats SA e tsene ditherisano le diyunivesithi ka maikaelelo a go simolola thupiso ya mofuta o.
Le gale, gajaana ga go yunivesithi epe mo Aforikaborwa e e nang le thuto ya lenaneopalo la semmuso.
Stats SA e rulaganya go tlhoma setheo sa thupelelo ya lenaneopalo mo isagong, se se tlaa neelang thupiso ya lenaneopalo la semmuso go bathapiwa ba ba leng teng mmogo le badiredi go tswa mafapheng a mangwe.
Go tsenngwa tirisong ga lenaneopalo la bosetšhaba go ya go tlhola tlhokego ya go tlhoma diyuniti tsa lenaneopalo mo mafapheng a a farologaneng a puso, mme se se ya oketsa mothamo wa tlhokego ya bokgoni jwa tsa lenaneopalo.
Le gale, tlhamo ya bokgoni jwa tsa lenaneopalo e golagane le tse dingwe kwantle ga go neela puso tshedimosetso ya nnete.
Lenaneopalo ke mooko wa demokerasi.
Mo tshimologong ya ngwagakgolo wa bo 20, HG Wells o akanyeditse gore mo isagong, botlhokwa jwa lenaneopalo mo baaging bo ya go lekana le jwa bokgoni jwa go buisa le go kwala.
Lenaneopalo la setšhaba ke phitlhelelo ya gajaana e e tlileng le demokerasi.
Mo bokaong jwa Seaforika fao demokerasi e santseng e le ponagalo e ntšhwa, re ya go itemogela koketsego ya tlhokego ya lenaneopalo la baagi fa demokerasi e ntse e loa.
Bakaedi ba lenaneopalo ke badisi ba ditheo tsa ponatshego mo demokerasing, malebana le tekanyetso le phitlhelelo, mme se se raya go nna baarabedi.
Ntlha e ke yona tshusumetso ya go oketsa mothamo wa lenaneopalo, le go tlhama ditheo tse di tlhokegang go arabela koketsego e e bonako ya tlhokego ya go ruta datha ya semmuso.
Pali Lehohla ke mokaedikakaretso wa lenaneopalo, e bile ke tlhogo ya Stats SA.
Go bona tshedimosetso e nngwe ka ga Stats SA le dikumo tsa yona, etela www.statssa.gov.za kgotsa o letsetse (012) 310-8600 UN Economic Commission for Africa, the East African Common Services Organisation and the UN Development Programme
<Doc03>
Matsatsi a le 16 a Boemakgatlhano: a o ne o itse?
Go simolola ka 1994, Puso e tlhamile peomolao go leba sešwa masula a a amang bomme le bana.
Go fetisitswe Molawana 2000, wa Tekano le Thibelo ya Kgethololo e e sa Lolamang, go netefatsa gore botlhe ba itumelela ditshwanelo tsa Molaotheo.
Molawana o, o netefatsa gore bomme ba na le kgololesego le ditshwanelo tse di lekanang, go arabela kgobelelo ya maloba.
Molawana wa Tekatekano ya Bothapiwa, 1998, o netefatsa gore kgethololo mo tirong le ka tuelo mo mmarakeng wa badiri, e e tlhodilweng ke melao ya apartheid, e a tlosiwa.
O rotloetsa tekatekano ya boemedi jwa bomme le batho ba ba neng ba kgethololwa pejana, mo ditheong tsotlhe tsa botlhe le tsa poraefete.
Molawana wa tlamelo ya bana, 1998, o netefatsa ditshwanelo tsa ngwana tsa maemo a botshelo a a mo agang ka sebele, ka semowa le ka seloago.
Molawana o, o netefatsa gore go fitlhelwa tlamelo ya ngwana go tswa go batsadi kgotsa bangwe ba ba lebanweng ke go tlamela ngwana yo ka tšhelete.
Molawana wa tirisodikgoka ya mo gae, 1998, o tsentswe tirisong go sireletsa batswasetlhabelo ka botlalo kgatlhanong le tshotlakako ya fa gae.
Bomme, bao e leng batswasetlhabelo ba tirisodikgoka ya mo gae, jaanong ba netefaletswa tshireletso ya semolao.
Molawana wa Bana, 2005 le Molawana wa Bana o o Tlhabolotsweng, 2007 o tsentswe tirisong go dira tse di latelang, gareng ga tse dingwe: go sireletsa ngwana kgatlhanong le tirisobotlhaswa, go itlhokomolosiwa kgotsa go nyadiwa.
Puso e tsentse tirisong le go tshegetsa go tsena gare le go sireletsa seriti sa bomme le bana.
Tšhata ya ditshwanelo tsa bana e lekolwa sešwa le go tlhabololwa gore e akaretse dikgwetlho tse di runyang go tshwana le tiriso ya bana mo go ponokeng mmogo le go ba bontsha dilwana tsa mapona.
Puso e tsibogetse kgwetlho ya go gapeletsa bana go tsena mo nyalong le bagolo ka maitlhomo a gore go dirisiwa setso se se bidiwang "Ukuthwala".
Puso e itlamile go netefatsa gore ditirelo tsa setso le tse dingwe di tsamaelana le Molaotheo mmogo le peomolao e e maleba.
Go tsamaiso e e mo iso ya go tsosolosa diyuniti tsa sepodisi tse di totileng bosenyi jwa malapa le jwa thobalano, mmogo le jo bo kgatlhanong le bomme le bana.
Go tlhomiwa ga diyuniti tse di totileng go tlaa rotloetsa bokgoni jo bo tlhokegang jwa taolo le tshekiso ya bosenyi kgatlhanong le bomme le bana.
Gajaana go Disentharatlhokomelo di le 17 tsa Thuthuzela mo nageng, mo baaging ba ba itemogelang matsapa a le mantsi a tirisodikgoka ya tsa thobalano.
Disenthara tse, di neelana ka ditirelo tsa boitekanelo le tlhokomelo mmogo le go simolola tshekiso ka tsela e e maleba mo tikologong e e isegang ya baporofešenale ba ba katisitsweng.
Criminal Asset Recovery Funds e dirisitswe go duelela diporojeke di le 19 tsa thotloetso ya batswasetlhabelo.
Go tlhamilwe Kaedi ya Ditirelo tsa Batswasetlhabelo ba Tirisodikgoka le Bosenyi, e e tshotseng ditirelo tse di neetsweng ke mekgatlho ya puso le ya baagi e feta palo ya 1 500 mo diporofenseng tsotlhe.
Kaedi e, e maatlafatsa batho go fitlhelela ditirelo tse di mo tikologong ya bona.
Go tlhomilwe ditlamelwa tse di se nang matshosetsi gaufi le diteišene tsa mapodisi tse di itemogelang bosenyi jo bo kwa godimo
Go tlhamilwe Dikgotlatshekelo tsa Tlolomolao ya tsa Thobalano.
Molawana wa Tirisodikgoka ya fa Gae o tlhotse go nna gone ga mafelotshireletso.
Gajaana, go mafelotshireletso a le 96 mo Aforikaborwa, go tswa go a le 39 ka 2001
Ditshwanelo tsa Tšhata ya Batswasetlhabelo di fetoga nnete go batswasetlhabelo ba bosenyi ba ba diranang le Thulaganyo ya Bosiamisi ya tsa Bosenyi
Tšhata e e akaretsa Maemo a Motheo a Ditirelo tsa Batswasetlhabelo ba Bosenyi, e e tlhalosang letlhomeso go batswasetlhabelo, go netefatsa ditshwanelo tsa bona malebana le ditirelo go tswa go Thulaganyo ya Bosiamisi ya tsa Bosenyi.
Fa go sena go tsenngwa Tšhata ya Motswasetlhabelo tirisong, matsatsi a go konosetsa kgetse mo Kgotlatshekelong ya Botlolamolao jwa tsa Thobalano a fokotsegile go tswa go 285 go ya go 142
Tšhata e, e bile ke tlhokego go Puso ya Aforikaborwa, gore e diragatse tse di lebeletsweng go yona go ya ka Polelo ya Ditheo tsa Motheo tsa Ditšhabakopano (UN), tsa Batswasetlhabelo ba Bosenyi le Tirisobotlhaswa ya Maatla.
Tirisano ya boditšhabatšhaba ya go mekamekana le dikgwetlho tsa tirisodikgoka kgatlhanong le bomme le bana.
Aforikaborwa e neetse komiti ya CEDAW ya UN, pegelo ya yona malebana le tema ya yona mo go diragatseng maikano a Kokoano ka ga go Phimola kgethololo kgatlhanong le bomme.
Aforikaborwa e nnile mongae wa Pitso ya Southern African Development Community (SADC) Ministerial (Diphalane 09) go konosetsa leanotiragatso la togamaano la kgaolo, la dingwaga di le 10, ka ga kgwebisanoboatla ka batho, bogolosegolo bomme le bana.
Ba SADC Protocol on Gender and Development ba bolela gore fa 2015 e rogwa, Dinaga tse e leng Ditokololo tsa SADC di tlaabo di tsentse tirisong peomolao e e lwantshang kgarakgatsho e e ikaegileng ka bong.
Aforikaborwa e nnile mongae wa Samiti ya Kgaolo, ya Toka ya tsa Bong (9 – 10 Ngwanaitseele 2009), e e kopantseng baemedi go tswa dinageng tse dingwe tsa Aforika, ka maitlhomo a go ananya maitemogelo le se se ka dirwang go fedisa tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong, mmogo le boitlhophelo jwa tsa bongthobalano.
Se itlhokomolose, dira sengwe kgatlhanong le tirisodikgoka
<Doc04>
Polelo ya Bosephiri
Lefapha la tsa Bonno le itlamile go sireletsa bosephiri jwa gago le go aga thekenoloji e e tlaa go tlamelang ka maitemogelo a inthanete a a maatla go gaisa, e bile a bolokesegile.
Polelo e ya Bosephiri e ama Webesaete ya Lefapha la tsa Bonno mme e laola kokoanyo le tiriso ya datha.
Ka go dirisa webesaete ya Lefapha la tsa Bonno, o dumela le go amogela tsamaiso ya datha e e tlhalosiwang mo polelong e.
Kokoanyo ya tshedimosetso ya gago ya sebele
Lefapha la tsa Bonno le kokoanya tshedimosetso ya boikitsiso ya sebele, jaaka aterese ya gago ya imeile, leina, aterese ya kwa gae kgotsa ya kwa tirong, kgotsa nomore ya mogala.
Lefapha la tsa Bonno le bile le kokoanya tshedimosetso ya dintlhaseloago ya tlhokaina, e e sa go tlhaoleng jalo, jaaka khouto ya gago ya ZIP, dingwaga, bong, dikgatlhego le diratwa.
Tshedimosetso e nngwe ka ga dikgongwa mmogo le diporogeramo tsa khomphiutha ya gago, le yona e kokoanngwa ke Lefapha la tsa Bonno ka boitirisi.
Tshedimosetso e, e ka akaretsa: aterese ya gago ya IP, mofuta wa sefopholetsi, maina a legoro, nakophitlhelelo le go tlhola diaterese tsa Webesaete.
Tshedimosetso e, e dirisiwa ke Lefapha la tsa Bonno go neela bodiredi, go tshola boleng jwa bodiredi le go neela lenaneopalo ka kakaretso, gore le dirisiwe mo Webesaeteng ya Lefapha la tsa Bonno.
Tsweetswee gakologelwa gore fa o ka neela tshedimosetso e e ka golaganngwang nao, kgotsa datha ya sebele e e masisi ka mosele wa dipapetlamelaetsa tsa botlhe tsa Lefapha la tsa Bonno, tshedimosetso e, e ka kokoanngwa le go dirisiwa ke ba bangwe.
Ela tlhoko: Lefapha la tsa Bonno ga le buise tlhaeletsano epe ya gago ya inthanete.
Lefapha la tsa Bonno le go rotloetsa go leba dipolelo tsa bosephiri tsa Diwebesaete tse o itlhophelang go golagana natso mo Lefapheng la tsa Bonno, gore o tlhaloganye gore Diwebesaete tse, di kokoanya, di dirisa le go ananya tshedimosetso ya gago jang.
Lefapha la tsa Bonno ga le rwale maikarabelo a dipolelo tsa bosephiri kgotsa dilwana dingwe tsa Diwebesaete tse di leng kwa ntle ga melelwane ya legoro la Diwebesaete tsa Lefapha la tsa Bonno.
Tiriso ya Tshedimosetso ya Sebele
Lefapha la tsa Bonno le kokoanya le go dirisa tshedimosetso ya gago ya sebele go tsamaisa Webesaete ya Lefapha la tsa Bonno, mmogo le go phetagatsa ditirelo tse o di lopileng.
Lefapha la tsa Bonno le bile le dirisa tshedimosetso e e ka golaganngwang go wena, go go itsise ka ga dikumo kgotsa ditirelo tse dingwe tse di bonwang go tswa go Lefapha la tsa Bonno mmogo le bagolagani ba lona.
Lefapha la tsa Bonno le ka nna la golagana nao ka dipotsopatlisiso, go dira patlisiso malebana le kakanyo ya gago ka ga ditirelo tsa gajaana, kgotsa ka ga ditirelo tse dintšhwa tse di ka neelwang.
Lefapha la tsa Bonno ga le rekise kgotsa go hirisa manaane a barekedi ba lona go motho wa boraro.
Gangwe le gape, Lefapha la tsa Bonno le ka gokagana nao mo boemong jwa badirisani ba kgwebo ba kwa ntle, malebana le tšhono nngwe e e ka go kgatlhang.
Mo mabakeng a, tshedimosetso ya gago ya boikitsiso e e go tlhaolang (imeile, leina, aterese, nomore ya mogala) ga e fetisediwe go motho wa boraro.
Go feta fa, Lefapha la tsa Bonno le ka ananya datha le badirisani ba le ba ikanyang, gore ba le thuse go tshetshereganya lenaneopalo, go go romelela imeile kgotsa ka poso, go neela tshegetso go barekedi, kgotsa go rulaganya tse di romelwang.
Batho botlhe ba ba boraro, ba ileditswe go dirisa tshedimosetso ya gago ya sebele, ba lebanwe fela ke go neela ditirelo tse, go Lefapha la tsa Bonno, mme ba tshwanetse go tshola tshedimosetso ya gago mo bosephiring.
Lefapha la tsa Bonno ga le dirise kgotsa go senola tshedimosetso ya sebele e e masisi jaaka bomorafe, tumelo, kgotsa kamano ya sepoletiki, kwantle ga tetla ya gago e e tlhamaletseng.
Lefapha la tsa Bonno le sala morago Diwebesaete le ditsebe tse barekedi ba rona ba di etelang mo Lefapheng la tsa Bonno, go tlhola gore Lefapha la tsa Bonno le itsege ka eng bogolosegolo.
Datha e, e dirisiwa go gorosa diteng tse di tshwanedisitsweng mmogo le papatso mo Lefapheng la tsa Bonno, go totilwe bareki ba ba bontshang kgatlhego go karolo e ya setlhogo se.
Webesaete ya Lefapha la tsa Bonno e tlaa golola tshedimosetso ya gago ya sebele kwantle ga go tsibosa ope, fa fela e tlhotlhiwa ke molao kgotsa e bona go le botlhokwa tota go dira jalo ka maikaelelo a go: (a) inaakanya le taelosemolao kgotsa tsamaiso e e laoletsweng Lefapha la tsa Bonno kgotsa setsha; (b) sireletsa le go dibela ditshwanelo kgotsa thoto ya Lefapha la tsa Bonno; le go (c) dira ka fa tlase ga maemokgatelelo, go sireletsa pabalesego ya sebele ya badirisi ba Lefapha la tsa Bonno kgotsa morafe ka kakaretso.
Tiriso ya Dikhukhi
Webesaete ya Lefapha la tsa Bonno e dirisa "dikhukhi" go go thusa go tsenya dintlha tsa sebele mo maitemogelong a gago a inthanete.
Khukhi ke faele ya sekwalwa e e bewang ke sefala sa gago sa tsebe ya Webe, mo disikeng ya gago e e thata.
Dikhukhi di ka se dirisediwe go tsweletsa diporogeramo kgotsa go rorela megare go khomphiutha ya gago.
Dikhukhi di neelwa wena ka tlhamalalo, mme di ka buisiwa fela ke sefala sa webe mo legorong le le go neetseng khukhi.
Maikaelelomagolo mangwe ka ga dikhukhi ke go neela ponagalo e e go bolokelang nako.
Maikaelelo ka ga khukhi ke go itsise sefala sa Webe gore o boetse mo tsebeng e e rileng.
Go neela sekao, fa o tsenya ditsebe tsa Lefapha la tsa Bonno mo dintlheng tsa gago tsa sebele, kgotsa o ikwadisa mo saeteng kgotsa ditirelong tsa Lefapha la tsa Bonno, khukhi e tlaa go thusa go bona gape tshedimosetso ya gago e e maleba fa o etela saete gape.
Ntlha e, e nolofatsa tsamaiso ya go rekota tshedimosetso ya gago ya sebele, jaaka diaterese tsa dikoloto, tsa go roar thoto, jalo jalo.
Fa o boela go Webesaete yona eo ya Lefapha la tsa Bonno, tshedimosetso e o e neetseng pejana e ka ntshiwa gape, mme wa kgona go dirisa diponagalo tsa Lefapha la tsa Bonno tse o di tsentseng go dintlha tsa gago tsa sebele, bonolo.
O kgona go amogela kgotsa go gana dikhukhi.
Bontsi jwa difopholetsi tsa Webe di amogela dikhukhi , le gale o ka soka thulaganyo ya sebatli sa gago gore e gane dikhukhi fa o eletsa jalo.
Fa o tlhopha go gana dikhukhi, o ka nna wa se itemogele diponagalo tsa kgokagano tsa Webesaete ya Lefapha la tsa Bonno le o le etelang.
Tshireletsego ya tshedimosetso ya gago ya Sebele
Lefapha la tsa Bonno le sireletsa tshedimosetso ya gago ya sebele kgatlhanong le phitlhelelo, tiriso le phatlalatso tse e seng tsa semolao.
Lefapha la tsa Bonno le tshola tshedimosetso ya boikitsiso jwa sebele e o e neelang, mo difaleng tsa khomphiutha tse di laolwang, mo tikologong e e sireleditsweng kgatlhanong le tiriso le go senolwa go go seng ga semmuso.
Fa tshedimosetso ya sebele (jaaka nomore ya karata ya kherediti) e ka fetisetswa go Diwebesaete tse dingwe, e sireleditswe ka khouto, jaaka phorothokholo ya Secure Socket Layer (SSL)
Diphetolo mo Polelong e
Gangwe le gape Lefapha la tsa Bonno le tlaa ntšhwafatsa Polelo e ya Bosephiri go supa tshwaelo ya setlamo le ya barekedi.
Lefapha la tsa Bonno le go rotloetsa go nna o tlhola Polelo e, kgafetsa, go itse gore Lefapha la tsa Bonno le sireleditse jang tshedimosetso ya gago.
Tshedimosetsokgokagano
Lefapha la tsa Bonno le amogela ditshwaelo tsa gago malebana le Polelo e ya Bosephiri.
Fa o dumela gore Lefapha la tsa Bodulo ga le a inaakanya le Polelo e, tsweetswee gokagana le Lefapha la tsa Bodulo mo go webmaster@kznhousing.gov.za.
Re tlaa tsaa matsapa a a sa jeng madi a le mantsi, go tlhola le go rarabolola bothata.
<Doc05>
Puo ya ga Tonakgolo Ebrahim Rasool kwa Ketekong ya Dialogane tsa Materiki
Mo tsatsing jeno re tlile fa, go akgola Bamateriki ba rona ba maemogodimo.
Go bona ra re: Lo dirile! Re ipela ka lona, Porofense mmogo le Naga, di motlotlo ka ntlha ya lona, batsadi ba ipela ka lona, mme bogolosegolo, lo tshwanetse go ipela ka lona.
Lebaka le le tsosolosang motlotlo mo motsing ono ke go lemoga kgang ya gore motsotso wa katlego o tsalwa ke paka e telele ya boineelo, mme letsatsi le, le emela maemo a a ka tlhalosiwang jaaka maemo a matswakabele.
Materiki o matswakabele.
Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng re ne ra lebana le go sutisa thulaganyo yotlhe ya thuto go tswa tebong ya yona ya apartheid.
Re kgonne go nyalanya ikonomi yotlhe , re ikaegile ka kitlano ya rona,, re na le lenaneothuto le le lengwe, tlhatlhobo e le nngwe, le bogolo jo bo falolang materiki, le gore thuto e thusa le ba ba sa e fitlhelelang, le gore ikonomi yotlhe e ikaegile ka bokgoni jo bo neelwang ke thulaganyo ya thuto.
Ka jalo, Materiki e tswa e le matswakabele.
Baeteledipele ba rona, ba ba kgobokaneng fano mo Leeuwenhof ke lobebe lwa rona, ba fitlhile mankalenkaleng, mme ba tshwanetswe ke tlotlo yotlhe e Porofense e, e ka ba e abelang.
Le gale, re nna re akanya le ka ga 71% ya baagi ba ba sa konosetsang thuto ya bogareng, bokana ka halofo ya palo ya 80 000 e e ikwadiseditseng Kereite 1 le wena dingwaga di le 12 tse di fetileng, mme ba se kwale le tlhatlhobo ka 2004 ka gobo ba latlhile seditse mo tsamaong ya nako, mmogo le bontsi jo bo kwadileng, mme ka ntlha ya tlhotšho ya dithuto le maemothuto, disethifikheie tsa bona tsa se amogelwe mo ikonoming kgotsa mo dilekaneng tsa yunivesithi.
Matswakabele a Materiki a okediwa gape ke gore lona, lo babapatsi ba isago ya rona.
Morafe o leba bokamoso jwa ona ka leitlho la ditiro tsa lona.
O thaya bokamoso jo bo isegang go boleng jwa lona.
O thaya tsholofelo ya bokamoso jwa tsadiso go thulaganyo ya thuto e e konosediwang ke motsi ono wa keteko.
Mme gone, bogolo jwa tekanyetsokabo ya diporofense le ya bosetšhaba bo ya go tsa thuto.
Mo ngwageng o fela, re ne ra tshwanela go kgelosa madi go tswa go meletlo mengwe ya diporofense go ya go tsa thuto, gore re tshole barutisi ba le 2000.
Re tshwanetse go tiiseletsa tsadiso ya rona go dikolo tsa batlhoki gore fa re ntse re oketsa palo, dikolo tsotlhe tsa makaisane di itemogele tekatekano ya thuto ka tumelo mo bokamosong.
Sa botlhokwa, Tona Dugmore le Mookamedikakaretso Swartz, re itekile go tlhagisa Leano la Metswedi ya tsa Setho go tlhalosetsa tsadiso e.
Re tlhoka go uma bamateriki ba ba nang le boleng jo bo itshetletseng, ba supa dipholo tsa maemogodimo, ba na le seabe se se maleba mo ikonoming, boineelo mo morafeng le go tswela botho mosola.
Se ke se re tlileng go se keteka ka tsatsi le.
Lo emela ditlhologelelo tse, jaaka re aga Legae la Botlhe.
Re keteka diphitlhelelo sa rona ka gobo lo ineetse go dira ka natla, batsadi ba lona ba ineetse gore lo tsene sekolo, mme morafe o neetse tsadiso ya ona mo bokamosong jwa lona.
Bontsi bo belaela boleng jwa go keteka diphitlhelelo tsa materiki ka ntlha ya matswakabele a ona le gore materiki e santse e na le masalela a thulaganyo ya apartheid.
Ke lona fela lo ka tshelang leparego le, ka go itlama ka bojotlhe go aga Legae la Botlhe, le le sa tlhophololeng setso mme le lekalekane.
Se se tshwanetse go supelwa ke tlhotšho ya lona go tloga gajaana go ya pele.
Go fitlha fa, lo ne lo tshwanetse fela go tlhopha go dira ka natla.
Sethifikeithe sa gago sa Materiki, se go kgontsha le go go tlhotlha go tsaa tshwetso mmogo le ditlhotšho malebana le se o eletsang go nna sona, le botshelo jo o eletsang go bo tshela.
Ke a lo akgola le go lo eleletsa masego.
<Doc06>
Maikaelelo a Taolo ya Porojeke ya Tlhaeletsano ya Puso, ya 2010, ke go:
tlamela phitlhelelo ya maitlhomo a kgokagano ya togamaano malebana le Mogopo wa Ntlha wa Lefatshe wa FIFA mo Aforika
dirisa tšhono eno e e kgethegileng go senola le go aga kitlano le serodumo go baagi ba Aforikaborwa
rotloetsa bašwa
itsise lefatshe ka ga naga e
tsosa mowa wa tlhaeletsano o o re thusang go dirisa tšhono eno go oketsa lebelo la go aga le go oketsa ditšhono
aga kitlano ya Maaforika.
Se se ka fitlhelelwa ka go:
neela boeteledipele le kgokagano malebana le tlhaeletsano ya puso ka nako ya Mogopo wa Lefatshe wa 2010
aga semphato sa boditšhaba sa bagokagani ba setšhaba le ba poraefete mo makaleng otlhe, mmogo le go aga tirisano gareng ga bagokagani ba, mo kontinenteng le mo go diaspora, go ba kgontsha gore ba le mmogo, ba kgontshe naga le kontinente go dirisa tšhono e ya kgokagano ya leruri
tshola diporojeke tsa botlhokwa tsa tlhaeletsano, tsa puso, mo tsamaong ya Mogopo wa Lefatshe wa Kgwele ya Dinao wa 2010
<Doc07>
Melawana e e Tlhabolotsweng ya Pharakanomebileng ya Bosetšhaba go tokafatsa pabalesego mebileng.
POLOKWANE: Melawana ya Pharakanomebileng ya Bosetšhaba e tlhabolotswe.
E bidiwa Tlhabololo ya Lesomesupa mme e tsentswe tirisong morago ga go phasaladiwa.
Lefapha la Mebila le Dipalangwa le itsise bakgweetsi ka ga ditlhabololo e bong:
Dipalangwa tse dintšhwa tse di kwadisitsweng morago ga 01 Phatwe 2010 di tshwanetse go nna le dinomoropolata tse di gokeletsweng ka dipekere.
Fa di sa kgone go gokelelwa mo sepalangweng, di tshwanetse go gokelelwa mo boraketeng jo bo inaakanyang le SANS 973.
Tlhabololo e, e ya go fokotsa bosenyi le tlolomolao ya pharakano ka bakgweetsi ba ba tlosang dinomoropolata bonolo gore ba se fitlhelelwe.
Go ka se nne bonolo go tlosa nomoropolata le go e busetsa morago ga bosenyi ka gobo se se ya go ja madi.
Nomoropolata e dirilwe ka aluminiamo e e yang go nna bothata go ka šwa lorelore ka motsi wa kotsi.
Go tloga ka 1 Tlhakole 2011 batho ba ba bonang dilaesense tsa go kgweetsa tsa khouto C, C1, EC kgotsa EC1 ba ka se letlwe go kgweetsa sepalangwa se se tlhokang laesense ya khouto B kgotsa khouto EB (ka dipeelo tsa maloba â€" motho wa laesense ya khouto 10, 11, 13 kgotsa 14 a ka se kgone go kgweetsa sepalangwa se se tlhokang laesense ya khouto 08).
Se se ya go dira fela go bengdilaesense ba bašwa.
Go neela sekao, bontsi jwa baithuta –go-kgweetsa, ba ikwadisetsa laesense ya go kgweetsa dipalangwa tse di bokete gore ba tile go phaka ka sa morago.
Nnete ke gore fa ba sena go bona dilaesense tsa go kgweetsa dipalangwa tse di bokete, ba kgweetsa dipalangwa tse di bofefo tse ba sa di tlwaelang mme ba feletsa ba tlhotse dikotsi.
Go lebeletswe gore bakgweetsi botlhe ba ba boneng dilaesense tsa dipalangwa tse di bokete, ba nne le Lekwalotetla la Bokgweetsi jwa Seporofešenale, le gale lenaneopalo le supa gore se, ga se diragadiwe.
Se se supela gore baikwadisi ba ne ba tshwanetse go ikwadisetsa laesense ya dipalangwa tse di bofefo e seng tse di bokete.
Go tsenngwa tirisong Didirisiwa tsa Taolo ya Tlhomamo ya Bokaedi malebana le dikhombi tse dinnye le tsa magareng, ka tiriso ya disethifikheiti, mme se, ke karolo ya diteko tsa go tlhola gore a sejanaga se siametse tsela.
Se se ama dikhombi tsotlhe tse dinnye le tsa magareng, e seng fela dipalangwa tsa sešweng.
Mong yo o kwadisitsweng wa sejanaga kgotsa moemedi wa gagwe wa semolao, o tshwanetse go neela foromo DSCD e e tladitsweng kwa seteišeneng se se lekelelang batho.
Sedirisiwa sa Taolo ya Tlhomamo ya Bokaedi ke sedirisiwa se se thibelang thaere go tlogela tshipi ya lebidi fa thare e ka phatloga sepalangwa se ntse se tsamaya.
Mametlelelo go Molawana 332 e phasaladitswe, mme e neela didirisiwa tsa go hemisiwa tse di ka dirisiwang jaaka disampole tsa bosupi mmogo le sethifikheite sa modiri kgotsa motlhagisi, e bong ntlha e e ka dirisiwang jaaka bosupi ka go se bontsha fela.
Mametlelelo e, e leka go itebanya le ntlha e e runtseng malebana le go nna mo molaong ga dihemisi go ya ka karolo 65(7) ya Molawana wa Pharakanomebileng wa Bosetšhaba, 1996 mme o inaakanya le SABS 1793, e bile o ka dirisiwa go tlhola go loa ga nnotagi ka go hema.
Didirisiwa tse di kannweng ke tse di latelang:
"Se se tla ka motsi o o maleba ka nako e ya go keteka, ka gobo se rotloetsa maiteko a rona a go lwa kgatlhanong le go kgweetsa o nole mo ditseleng tsa rona", go rialo MEC wa Mebila le Dipalangwa, Pinky Kekana.
<Doc08>
Ditirelo tsa Boitekanelo tsa Pele ga Pelegi
Makgarebe le bomme ba baimana ba romelwa go ditirelo tsa boimana kgotsa Diyuniti tsa Pelegisi (MOUs) mo dikarolong tsa seteropo , kgotsa ditleliniki tse di diranang natso kwa dinagamagaeng.
Di MOU di tsala diyuniti tse di tsamaisiwang ke babelegisi ba boitekanelo jwa ntlha mo magaeng.
Go botlhokwa gore baimana ba ikwadise kwa tleliniking pele ga dibeke di le 20 kgotsa ka pele morago ga foo.
Mme o ya go tlhatlhobiwa le go kgakololwa ka botlalo fa a etela tleliniki la ntlha, e e bidiwang ketelo ya go ikwadisa.
Boimana jo, bo ya go tlholwa kgafetsa mo tsamaong ya diketelo.
Go bile go tlholwa le boitekanelo jwa ga mme ka botlalo.
O ya go bewa sekaleng, ga tlholwa kgatelelo ya madi le motlhapo.
Fa go na le matsapa, o tshwanetse go boelela morago ga dibeke di le pedi, go tlhola dipholo tsa diteko tse di tserweng ka nako ya ketelo ya go ikwadisa.
Morago ga fa, o tshwanetse go etela tleliniki morago ga dibeke dingwe le dingwe di le thataro go fitlha go di le 28, morago ga foo a e etele ka beke ya bo 34, morago a ye ka taolo ya badiredi ba tleliniki/MOU (ketelo e ka farologana go ya ka dikarolo).
Baimana ba ya go tlholwa gore a go matshosetsi a boitekanelo jwa bona le jwa lesea le le iseng le belegwe.
Baimana ba makgarejana mmogo le ba bomme ba dingwaga tse di fetang 35 ba tshabelelwa ke matshosetsi.
Se se raya gore ba ka nna le matsapa ka nako ya pelegi.
Baimana ba ka nna le matsapa fa e le gore ba na le kgatelelo ya madi, ba na le maemo mangwe a a sa tlhamegang ka tlhago, ba imile gantsi kgotsa ba nnile le karo e e jaaka go belega ka karo.
Bomme ba ba tshwailweng jaaka ba matsapa ba isiwa kwa ditleliniking kgotsa dikokelong tse dingwe e le balwetse ba ba okiwang ba ntse ba ya gae, fa go ntse go dirwa dipatlisiso le go tlhola se le sele.
Bomme ba ba nang le matsapa a pelegi ba eletswa go etela tleliniki kgafetsa.
Fa e le la ntlha o etela lefelo la kokelo, o ya go lopiwa go tlatsa foromo mme wa bulelwa faele.
Tlaa le bukana ya gago ya ID, melemo e o e dirisang mmogo le karata ya tleliniki kgotsa kokelo fa o kile wa ikwadisa kwa go yona.
Mo metsesetoropong, baimana ba ba nang le matshosetsi a maemotlase ba tlhokomelwa kwa di-MOU ( diyuniti tsa pelegisi tse di tlhokomelwang ke babelegisi ba seloago ba tlhokomelo ya boitekanelo), mme kwa dinagamagaeng baimana ba, ba leba go ditleliniki tse di dirisanang le tsa metsesetoropo.
Baimana ba matsapa a pelegi ba tsholwa kwa ditleliniking tse di sa robatseng kwa dikokelong tsa seteropo le tsa selegae.
<Doc09>
Lenaneophepo le le Kompa
Maikaelelo a Lenaneophepo le le Kompa (INP) ke go tokafatsa maemo a phepo a batho botlhe ba porofense ya Kapabophirima.
Go na le dipuka di le mmalwa tsa lenaneo le.
Phepompe ke eng?
Phepompe ke kgwetlho e kgolo mono Aforikaborwa, mme ke yona e khuetsang malwetse le loso mo baneng.
Go akanngwa gore kgolo ya bokana ka 30% ya bana mo Aforikaborwa e diiwa ke go tlhoka dikotla mo dingwageng tsa bona tsa bongwana.
Go tlhoka dijo tse di lekanetseng, malwetse le kgatelelo ya sesaekholoji ke tsona di tlholang phepompe.
Botlhoki le tlhokego ya ditlamelwa ke dintlha tsa motheo tse di tlholang phepompe.
INP e leka go mekamekana le leroborobo le la setu ka ditsela tse di farologaneng.
Dikotlatlaleletso go bana
Mo kgatong ya motheo ya boitekanelo, bana ba ba tlhatlhobiwang mme go lemogiwa gore ba na le phepotlase (fano go akarediwa bana le bagolo ba ba nang le mogare wa HIV le lohuba), ba tlaa neelwa dijotlaleletso tse di akaretsang bupi jo bo natlafaditsweng mmogo le seno se se neelang maatla.
Dikotlatlaleletso di neelwa badirisi go ya ka kaelo.
Baabi ba tsa boitekanelo ba bile ba neela le keletsosengaka mmogo le thuto ka ga mokgwadijo wa boitekanelo mmogo le ditsela tse di bolokesegileng tsa go apaya dijo.
Baeletsi ba tsa dijo le bona ba neela baagi ditirelo tse di kgethegileng.
Go amusa
Badiredi ba tsa boitekanelo ba rotloetsa bomme go amusa masea go fitlha go dikgwedi di le thataro, le go tswelela go amusa le fa go okediwa ka dijo tse dingwe go fitlha lesea le tshwara dingwaga di le pedi.
Bomme ba ba tshelang ka mogare wa HIV ba elediwa ka mekgwa mengwe ya go fepa lesea.
Bookelo jwa Vredendal le Senthara ya Pelegiso ya Groote Schuur ke Maokelo a a Tsholang Masea Sentle mo porofenseng go ya ka Maitlhomo a Maokelo a a Tsholang Masea Sentle.
Tiiso ya go gola
Masea otlhe a a kalwa gale, go ya ka lenaneo la tiso ya go gola, e bong tsela ya go tlhola gore a lesea le a gola.
Boima jwa lesea bo kwalwa mo Karateng ya Road to Health.
Go lejwa mabaka a phokotsego ya mmele go tshwana le malwetse a a tshwaetsanang, tlhokego ya dijo kwa gae le go tlhokomologiwa ga bana.
Malwetse a tshwaetsano a na le seabe se segolo mo phepotlaseng, mme malwetse a, a alafiwa mo kgatokgolong ya kalafi.
Gale malwetse a letshololo a golagane le bokoa jwa tsa boitekanelo (boithusetso le kabo ya metsi) le phepotlase ya lesea e gantsi e tlholang letshololo le le etegetseng.
Go tila bohumanegi
Malapa a a aparetsweng ke bohumanegi a a tlhaolwa mme a neelwa mananeo a puso a go tila bohumanegi.
Tlala mo malapeng e a tlhokomelwa mme go tsewa dikgatotshegetso le go tseleganya.
Dikotlatlaleletso tsa divithamine
Karolokgolo ya go laola ditlaleletsi tsa dikotla ke ya botlhokwa mo tirelong e.
Ditlaleletsi tsa dikotla ke dingwe tsa divithamine le dimenerale tsa tlhago tse dinnye tse di fitlhelwang mo dijong, mme di botlhokwa go somarela pholo le boitekanelo.
INP e neela tlaleletso ya Vitamin A go bana ba ba totilweng.
Bana ba ba tlhokang Vitamin A ba a ota, ba palelwa ke go gola, mme ba tshabelwa ke megare e e ka ba bolayang.
Go tlhoka Vitamin A go gobatsa le matlho, mme ke motlhodi o mogolo wa bofofu mo baneng.
Bana ba ba tsalwang ka boima jwa tlase ba neelwa dipilisi tsa Vitamin A tse di tsosolosang masole a bona go ba thusa ka kgolo ya bona.
Masea a dikgwedi di le 6-11 a fiwa mothamo o le mongwe wa Vitamin A (100 000 IU) go thibela malwetse a a makete.
Bana ba go tloga go dikgwedi di le 12 go ya go dingwaga di le tlhano ba fiwa mothamo o le mongwe 200 000 IU mo dikgweding dingwe le dingwe tse thataro, go fitlhela ba nna dingwaga di le tlhano.
Methamo e e okeditsweng ya Vitamin A, e neelwa bana ba phepompe e e makete, kgotsa ba ba nang le malwetse a a fetelang jaaka letshololo, mmoko kgotsa tshwaetso ya HIV.
Go ntsha dibokwana
Go ota ga bana go ka tlholwa ke dibokwana mo maleng, mme maemo a, a ka alafiwa kwa tleliniking ka molemo o o fedisang dibokwana.
Keletso ya dijo tse di otlang malebana le maemo a a rileng
Thuto ya go otla, tshedimosetso le keletsosengaka di neelwa mo dikgatong tsotlhe tsa botlhokomedi go batho ba ba kileng ba nna le go swa bokidi, ba ba nang le kgatelelo ya madi, bolwetse jwa sukiri, HIV/AIDS le lohuba.
Lenaane la go otla kwa dikolopotlaneng
Lenaane la go Otla kwa Dikolopotlaneng le fitlhelwa kwa dikolong dingwe tsa magae.
Gajaana manaane a, a tsamaisiwa ka tirisano le Lefapha la Thuto.
Puso ya diporofense e ikaelela go fitlhelela bana ba le 125 000 kwa dikolopotlaneng di le 847 mo porofenseng ka ngwaga wa 2004, ka tiriso ya lenaane la yona la phepo kwa dikolong.
Dijo mo ditheong
INP e bile e na le seabe mo tlhokomelong ya barekedi, ka thulagano ya tirelo ya dijo e e neelang mokgwadijo o o lekalekaneng.
Ditaelo:
Batho ba ba etelang tleliniki /bookelo la ntlha, ba tlaa lopiwa go tlatsa foromo mme ba bulelwa faele ya balwetse.
Tlaa le bukana ya ID ya gago.
Fa o etela bookelo, go ya go tlhokega lekwalothebolo go tswa tleliniking.
Bookelo bo ya go tlhoka setlankana sa sešweng se se supang tuelo/tlhatlhobo ya lotseno (IRP5).
Tlaa le karata ya gago ya bookelo fa o kile wa ikwadisa kwa bookelong.
<Doc10>
Puo ka Motlatsatona wa Ditirelopuso, Rre Ntopile Kganyago, MP, ka motsi wa kgakolo ya ntlha ya bosetšhaba ya Lenaane la Bogare jwa Toropo ya Tshwane, Kago ya Bankakgolo ya Aforikaborwa, Tshwane
Bagolo ba bangwe ba bodiredipuso
Bomma le borra ba kgaso
Baeng ba ba tlotlegang
Tshwetso e e tserweng ke khabinete ka 1997, ya go rotloetsa mafapha a puso go re bogare jwa toropo ya Tshwane e nne legae la bona la leruri, e nnile bosupi jwa maikaelelo a magolwane; ka motsi oo le gajaana.
Dipoelo tsa se, e nnile togamaano e e weditsweng ka tolamo, ya go gokaganya tsosoloso ya ditoropo tsa rona mmogo le kgoeletso ya puso ya go ntšhwafatsa metsesetoropo mmogo le ditlhabololo tse dingwe, ka maikaelelo a go rotloesa mowa wa taolo ya metsesetoropo o o tsibogelang ditshwanelo tsa botho, bodulo jo bo isegang, tlhabololo ya ikonomi le nyalano ya seloago.
Ka tsatsi le, jaaka re itemogela thibololo ya maikaelelo a, re bile re keteka tema e re e beileng go fitlha gajaana.
Ditherisano tse di tseneletseng, tse gantsi di neng di akaretsa dingangisano ka ga ditlhokego le ditlhotšho tsa mafapha a puso malebana le tikologo ya ona, ga di a ka tsa re kgalosa go maikaelelomagolong a rona, e bong go tokafatsa tikologo ya tiro mo mafapheng a puso mo bogareng jwa toropo ya Tshwane.
Re tshwanetse gape go nna le seabe mo tlhabololong le tsosolosong ya bogare jwa toropo.
Maikaelelo a mangwe a le ona a leng botlhokwa a akaretsa tshusumetso ya go ngoka peeletso ya lekala la poraefete mo go tlhabololeng Tshwane gore e nne motsemogolo wa botlhokwa mo Aforika, mmogo le go rotloetsa maatlafatso ya seikonomi ya Maaforika.
Puso e tshotse seabe se segolo sa ikonomi mo pusongselegae mo Metsesetoropong ya Johannesburg le Tshwane mo Gauteng.
Mafapha a tlhoka sebakatirelo mmogo le sebaka sa dikantoro gore a fitlhelele dikgwetlho tsa ona tsa go wetsa thomo ya ona.
Go a itsege gore maemo a bontsi jwa dikago tsa puso a bokoa kgotsa a magareng, boemong jwa gore a nne maemogodimo.
Go tlhabolola, go ntšhwafatsa le go baakanya go ya go ja madi a le mantsi mme ga khuetsa Porojeke e kgolo ya BEE ya Bogare jwa Toropo ya Tshwane.
Lefapha la Ditirelo tsa Setšhaba le senyegetswe go feta diranta di le dibilione tse pedi (2 bilione) ka ngwaga, go duela rente le ditirelo tse dingwe jaaka motlakase, metsi le go roriwa ga matlakala, gore batlamedi ba selegae le ba poraefete ba ungwe.
E bile ke banaleseabe bona ba, ba ba tshwanetseng go diragatsa tlhabololo ya bogare jwa toropo ya Tshwane, gongwe ka tirisano le Puso ya Porofense ya Gauteng, ka mosele wa diporojeke tsa yona tse dikgolo tsa dipeeletso, o o ikaegileng ka Gauteng Economic Development Agency (GEDA).
Go ya ka bokao ya Lenaane la Bogare jwa Toropo ya Tshwane, le go simolola gajaana le tlaa bidiwang "Re Kgabisa Tshwane" mme le neelwa setlhogwana sa "Tulo e e Botoka go ka Dira go Yona", go lebilwe bogolosegolo batho (badiredipuso le baagi), ka gobo lenaane le, le totile tulo e ba leng go yona ka nako ya go aba kgotsa go amogela ditirelo tsa baagi.
Fa a ne a itsise Lenaane la puso la Bodiri, Moporesidente, Rre Thabo Mbeki o gwetlhile mafapha a Bodiredipuso mmogo le Ditirelo le Botsamaisi, go dira mmogo mo botsamaising jwa porojeke, go ntšhwafatsa tikologo e e kgongwang ya bodiredi ya mafapha a puso le badiredipuso.
Dithulaganyetso tsa baagi tse di kgongwang ke enjene ya tirelo go batho mme badiredipuso ke molelo o o fetlhang enjene e, gore e dire ka pele, ka go lekanela le ka go nonofa.
Mo tsamaong ya paka ya tlhatlhobo ya ditlhokwa ya porojeke e, bontsi jwa badiredipuso ba re buileng nabo ba gateletse botlhokwa jwa go nna le sebaka sa tiro se se isegang go gaisa, se se tshwanelang tiro ya bona, mme se, se akaretsa maemo a bokafagare le a bokafantle, ka jalo go botlhokwa go dirisana le Tshwane Metro, e e rweleng maikarabelo a bogolo jwa dikarolo tsa taolo jaaka pharakano, bophepa, pabalesego, polokesego le bokgabo.
Nte ke dirise tšhono eno go leboga bolaodi le boeteledipele jwa Tshwane ka ponelopele ya bona ya go atlarela porojeke e, ka go dira gore e inaakanye le Maano a bona a Tlhabololo.
Totatota, Kutlwanelo ya Tirisano (MOU) e re yang go tsena go yona kgantele, magareng a Lefapha la Bosetšhaba la Ditiro le Tshwane Metro, ke netefatso ya gore re fitlheletse motheo o o tshwanang wa go ragoga go ona.
Se ke maikano a tirisano malebana le maragogo le diporojeke tse di mosola go makoko oomabedi.
Molaetsa wa rona go lona ka tsatsi le ke gore "tiro e simolotse" mme dingwaga di le 10 tse di latelang di ya go itemogela lotseno lwa go feta diranta di le dibilione di le robedi (R8 bilione) go tswa go puso le lekala la poraefete ka tekanyetsokabo, ntšhwafatso ya madi a khiro le semphato sa setšhaba-seporaefete.
Malebana le Taolo ya Lenaane, go tlhomilwe Komititsamaiso magareng a Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso, Lefapha la Ditiro tsa Botlhe, Matlotlo a Bosetšhaba le Toropo ya Tshwane.
Gareng ga tse dingwe, Komiti e e ya go tsweletsa lenaane, ya disa le go sala morago go tsenngwa tirisong ga lona, ya konosetsa maano a go le fa matlole le go netefatsa tiragatso ya lona e e ruaneng.
Lefapha le thapile Rre Dumisani Dlamini jaaka Motlatsamolaodikakaretso, go laola lenaane lotlhe.
Ke a leboga.
<Doc11>
Mme Sebui, Tonakgolo e e Tlotlegang, badirisani ba Kabinete, Ditokololo tsa Ntlo e, bobegakgang, Baeng, le baagi ka kakaretso, ke a lo amogela.
Bagaetsho, se se tlhalosa dipolotiki tsa Aforikaborwa, segolo mo Kapa Bophirima.
Le fa batho ba ba boineelo e bile ba rata tswelopele ba naga ba dira ka natla, go batho bangwe ba morero wa bona e leng go nyenyefatsa tiro e ntle e e dirilweng ke puso e mo pakeng e khutshwane.
Bagaetsho, batho ba le bantsi ba ngangisana ka ga se thebolelo ya matlo e leng ka ga sona, fela ntetleng gore ke le fe tlhaloso e nngwe.
Go ya ka nna, matlo ga se fela kwa motho a latsang tlhogo teng.
Ke ka ga batho ba tsaya maikarabelo a go tsweletsa tikologo le go bopa isago ya bona.
Ke ka ga go tlhola tikologo e go ka tshelwang sentle go yona, ya maemo a a edileng.
Ke ka ga tsweletso ya semphato magareng ga lekala la poraefete, lekala la puso, mekgatlho e e seng ya puso le baagi.
Go ya ka nna, thebolelo ya matlo e ka ga go letla batho go nna le seabe mo dithulaganyong e seng go rulaganyetsa batho kwantle le seabe sa bona.
Thebolelo ya matlo mo Aforikaborwa ga se fela setlhagiswa, e akaretsa tsamaiso ya meono ya demokerasi e Maaforikaborwa a e lwetseng ka natla.
Ke tiragalo ya go reetsa batho le go ba letla go diragatsa ditshwanelo tsa bona tsa demokerasi go ka itlhophela mefuta ya matlo le mafelo a ba batlang go agelwa mo go ona.
Ka jalo, ga go sepe se se sotlang go tshwana le go iletsa batho tshwanelo ya bona ya go itlhophela.
Gajaana, batho ke bona motheo wa ponelopele le leano la me la thebolelo ya matlo, e leng sengwe se se neng se sa diragale ka puso ya tlhaolele.
Bagaetsho, gompijeno ke motlotlo go bo ke lo anegela puo ya me ya bobedi jaaka Tona ya Matlo ya Porofense.
Ke motlotlo gape gore ke ala puo e re lebile go keteka dingwaga di le lesome tsa demokerasi ya rona.
Go a itshupa gore puso ya ANC e fitlheletse go le gontsi mo dingwageng di ka nna lesome tsa demokerasi, e leng sengwe se se iseng se diragale gope mo lefatsheng.
Re dirile go tlala seatla.
Ke motlotlo go lo itsise gore mo matlong a le dimilione di le 1.4 a puso e a agileng mo dingwageng di le robongwe, porofense ya rona e agile a le 167 000, e bong 11% ya palo eo.
Se, go ya ka nna, ke tiragatso ya maemo a a kwa godimo.
Ke rata go tlhalosa gape gore ngogola go nnile le dikgwetlho di le mmalwa mo thebolelong ya matlo mo nageng, bogolosegolo mo porofenseng e.
Dikgwetlho tse di bakilwe ke go tlhongwa ga dipholisi le ditsamaiso tse dišwa tse di jaaka ntlha ya gore moamogedi o tshwanetse go ntsha R2 479 le go akarediwa ga Lekgotla la Bosetšhaba la Kwadiso ya Kago ya Matlo (NHBRC) mo matlong a a rebolwang ke puso.
Mekgwa e ga se ya go diegisa thebolo ya matlo mme ke ya go netefatsa gore batho ba newa matlo a a nang le boleng.
Fela jaaka re santse re ithuta go tsenya tirisong dipholisi tse, thebolo ya matlo e nna bonya.
Maemo a a etegeditswe ke gore lefapha la me le ntse dikgwedi di le robongwe le se na Mokaedimogolwane.
Se se bakile tiego e kgolo.
Gajaana ke thapile Rre Seth Maqethuka yo o totang a na le maitemogelo mo pusong ya bosetšhaba le ya selegae, mme ke rata go mo akgola le go mo amogela gape.
Le fa go nnile le dikgwetlho, ke motlotlo go lo itsise gore lefapha la me le dirisitse R348 ya dimilione, e leng 92% tsa thebolelo ya matlo mo Kapabophirima.
Diporofense tse dingwe di dirisitse 52% ya ditekanyetsokabo tsa tsona.
Se se tlisitse dithuso tsa thebolelo ya matlo di le 25 000.
Malapa a le mantsi a tlaa itumelela maungo a demokerasi ya rona.
Se se supa koketsego ya matlo a le 3 000 fa go bapisiwa le ngogola.
Ke rata go akgola bommasepala ba porofense ya rona ka seabe sa bona mo ntlheng e.
Ntle le tiro ya bona e e duleng diatla, re ne re ka se kgone go dirisa matlole.
Ke rata gape le go akgola Toropokgolo ya Motsekapa ka go dirisa 70% ya tekanyetsokabo ya rona.
Ga ke lebale le badiri ba me ka tiro e e manontlhotlho go netefatsa gore setšhaba sa rona se bona matlo.
Ke tlaa bo ke sa tlhagise boammaaruri jo bo tletseng fa nka bua fela ka diphitlhelelo tsa thebolelo ya matlo.
Go santse go na le dikgwetlho tse di rileng.
Re tshwanetse go tokafatsa mo dintlheng tse di latelang:
Bontsi jwa matlo a rona bo santse bo sa ikobele pholisi ya gajaana – go leba boleng go na le bontsi.
Re tshwanetse go fetola thebolo ya matlo go nna e e tlamelang ka mafelobonno a a tswelelang, go na le go tlamela fela ka lefelo la go latsa tlhogo.
Re tlhoka go fetolela botsaakarolo jwa baamogedi go tswa go jwa go leta, go ya go jwa go nna le seabe.
Re tshwanetse go fetola ka moo batho ba rona ba akanyang ka teng le gore ba simolole go bona matlo a ba a newang ke puso e le dithoto tse di nang le boleng, e seng ditlhagiswa fela.
<Doc12>
TIRO YA SEPODISI SA MAKALA
Ka la 7 Moranang 2006 mme le ngwana ba itumetse go penologa fa James Busakwe wa matsatsi a le 16 a gokaganngwa le mmaagwe yo o mmelegeng.
Matsapa a, a simolotse fa mmaagwe James a goroga kwa bookelong jwa Klerksdorp ka la 6 Moranang go etela morwaagwe, mme baoki ba lemoga gore ngwana yo, o tserwe ke mosadi mongwe ka la maabane yo o kaileng fa e le ena mmaagwe.
Ka pele fela morago ga go lemoga se, baoki ba ne ba itsise Seteišene sa mapodisi ka gobo mosadi yo o tsereng James a ba neetse aterese ya kwa Kanana.
Go ne ga tlholwa aterese e, mme ga itewa sefololetse.
Go ne go se ope wa leina leo le tshobotsi e e tlhalositsweng, kwa atereseng ya kwa Kanana.
Maitseboa a la 6 Moranang, CPF ya Kanana ya tsena pitso.
Mokomišenara wa namaotshwere wa seteišene a itsise pitso ka ga ngwana yo o thopilweng mme a lopa botlhe go bula matlho le ditsebe.
Ka bo 23:00 bosigo jona joo, mongwe wa baagi a letsetsa mapodisi go ba itsise gore mosadi mongwe mo karolong ya bona, yo ba iseng ba mmone a imile, o tshotse lesea la mosimane.
Mapodisi a sala motlhala o morago mme ka nnete a fitlhela mosadi le lesea.
Ga bidiwa badiri ba bookelo mme ka pele, ba lemoga lesea mmogo le mosadi yo o le thopileng.
Go fitlhetswe bosupi jo bongwe kwa ntlong ya mmelaelwa, go akarediwa le leseka la polasetiki la bookelo.
Mosadi yo o ne a golegwa mme lesea, le le neng le sa gobala, la busetswa kwa bookelong, fao le golagantsweng gape le mmaalo wa nnete moso o o latelang.
Re akgola karolo e e tserweng ke baagi mo go fitlheleleng lesea le. Ba supile boleng jwa Sepodisi sa Baagi.
Re se nyatse boleng jwa Sepodisi sa Makala se se dirisiwang le go tsholwa ka tlhomamo.
Tshwarang jalo, CPF ya Kanana!
Mmaabo
Gongwe ke ka lesego kgotsa ka kwelano gore ke kgabole gaufi le seteišene sa gago sa mapodisi mo Mondeor, mme ke wele Jenale ya lona ya SAPS.
Ke akanya gore e phasalatswa gangwe ka kgwedi, mm eke fitlhetse e itumedisa tota.
Nna le mogatsake re sena re bula kgwebo e ntšhwa mme re lo laletsa lotlhe kgotsa bangwe ba lona, go kgabola kwa teng fa lo le gaufi, go nwa mogodungwana le rona, gongwe le dikuku fa di le teng.
Ke solofela fa o itse gore go simolola kgwebo e ntšhwa go matsapa mme go tlhoka boineelo le madi.
Le gale, re santse re dumela gore mapodisi le mafapha a mangwe a kgapeletso ya molao, a botlhokwa mo baaging botlhe ba Aforikaborwa.
Seno ke lemme le re lo le neelang go lo leboga lotlhe ka boineelo jwa lona go netefatsa gore re le baagi, re ka tswelela pele ka botshelo jwa rona jwa tsatsi le letsatsi.
Re tlaa itumela fa lo ka re letsetsa kgotsa go bona badiredi ba lona mo lebenkeleng la rona le lennye, ba apere yunifomo, gore re ba itse botoka.
Re leboga gape badiredi ba tsa molao ba Aforikaborwa, ka tiro ya lona e kgolo ya go tshola Aforikaborwa e bolokesegile.
Makwalo a makhutshwane, a a nang le diteng tsotlhe, a ka romelwa ka fekese kgotsa imeile go Motseleganyi.
Re na le tetla ya go tseleganya kgotsa go ngotla ditlhaka.
<Doc13>
KGWETLHO YA GO TSIBOGA
Ka la 14 Seetebosigo 2007, athikele nngwe mo Inthaneteng ya Jenale ya SAPS (www.sapsjournalon-line.gov.za) e tlhalositse gore badiredi ba le babedi ba sepodisi sa Karolo ya Tlhaolo ya Dipalangwa ba Welkom ba golegetswe bosenyi le botsietsi.
Go begwa gore bobedi jo, superintendente le insepeketara, ba rekisitse dikoloi tse di gapilweng ke mapodisi, mme ba ipha madi ao.
Boobabedi ba tlhageletse kwa kgotlatshekelo ka la 12 Seetebosigo mme kgetse ya sutisediwa go la 21 Phatwe 2007.
Tsatsi le le latelang, ka la 15 Seetebosigo 2007, setlhogo sa News24 sa kwala gore: "Two cops up for armed robbery". Se se rayang gore "mapodisi a le mabedi a tshwaretswe thukutho".
Motsing o, ya bo e le mokonsetabole yo o rupelelwang le insepeketara, ba go begilweng fa ba thukuthile lebenkele la diaparo kwa Marble Hall, ba utswa madi marukgwe le hempe.
Bosenyi mo sepodising bo tshwanetse go khutla.
Le fa bontsi jwa rona re le baagi ba ba ikanyegang, re dira ka natla, go mapodisi a le mmalwa a a sa itlotleng, a sa tlotleng yunifomo ya bona kgotsa Khoutu ya Boitsholo ya Sepodisi.
Eno ke nako ya go tlosa ga leruri dilabe tseno go SAPS.
Jaanong o ka thusa go tlosa mapodisi a bosenyi ka go ba tlalea mo mogaleng o mošwa wa go tlalea bosenyi.
O le tlhokaina!
Fa o akanya gore mongwe fela yo o mo itseng o dira bosenyi, kgotsa o rulaganya go dira bosenyi, e ka nna modirisani, lepodisi, moagisani, balosika kgotsa mongwe fela yo o sa mo itseng jalo, se o tshwanetseng go se dira fela ke go romela SMS go 32211.
Eno ke nomore e ntšhwa ya go tlalea bosenyi e e kgakotsweng maloba jaana kwa Sandton ke ba Primedia.
O ka romela SMS go 32211 (ka tlhotlhwa ya R1 SMS e le nngwe) kgotsa wa ya go www.crime-line.co.za.
Batshodi ba datha ba ba rupisitsweng ba letile go fetisetsa tshedimosetso e go mapodisi, a a tlaa tsibogang ka ponyo ya leitlho!
Sa botlhokwa ke gore o ya go nna o le tlhokaina.
Ka jalo o na le maatla a go lwesa bosenyi kwantle ga go tsenya botshelo jwa gago kotsing.
Maiteko a Primedia ga a solofetse tuelo epe.
Yusuf Abramjee, Mogokaganyi wa Porojeke ya Twantsho ya Bosenyi ya Primedia, o rile: (N.B. re fetolela puo ya gagwe) "Ga re tlhoke leina kgotsa aterese ya gago, kwantle ga fa o ithaopa go re e neela, e bile ga go tlhokege polelo kgotsa go tla kwa kgotlatshekelo.
Se re se tlhokang fela ke tshedimosetso ka ga basenyi gore mapodisi a tsiboge."
Kgoeletso e ntšhwa e ya bosetšhaba, ya go thibela bosenyi, e e jeleng dimilionemilione tsa madi, e begilwe ke Primedia kwa Sandton ka la 7 Seetebosigo 2007.
E ikaegile ka thulaganyo ya Thibelo ya Bosenyi ya Boditšhabatšhaba, e e bidiwang "Crime Stoppers"
"Crime Stoppers" e simolotse kwa Albuquerque, New Mexico, ka Lwetse, 1976.
Ke tirisano magareng a baagi, kgaso, le badiredi ba kgapeletso ya molao, mme e tlhamilwe ka maikaelelo a go thibela bosenyi le go sireletsa baagi.
Gajaana, go manaane a ka nna 1 200 a "Crime Stoppers" lefatshe lotlhe, mme a dira mo dinageng di le 20 tse di dirisang tshedimosetso e e neelwang ke baagi go thusa ka tharabololo ya bosenyi..
Go ya ka CEO ya Primedia Ltd, Rre William Kirsh, manaane a, a thusitse go golega basenyi ba le 600 000!
Batlhankedi botlhe ba sepodisi ba tshwanetse go itse gore kgoeletso eno ya kemo kgatlhanong le bosenyi, e tshegetswa ka botlalo ke Tona ya Pabalesego le Polokesego, Rre Charles Nqakula, le Mokhomišenara wa Bosetšhaba wa SAPS, Jackie Selebi.
Mokhomišenara Selebi o solofeditse gore (fa re fetolela puo ya gagwe) "re le mokgatlho, re ya go dira bojotlhe go netefatsa katlego ya porojeke e."
Potso ke gore wena o ya go nna le seabe sefe?
Go tlhokega tshegetso ya botlhe, e seng fela ka go tsiboga ka bonako fa o sena go amogela tshedimosetso go tswa go senthara ya bosenyi, mme le ka go phasalatsa maiteko ano gotlhe.
Itsise batho, diCPF, dikolo, balelapa le ditsala ka ga maiteko ano.
Netefatsa gore ba tlhaloganya gore kgoeletso eno ga e solofetse go duela ope, le gore ba tlaa nna e le botlhokaina goyagoile.
Mme gakologelwa gore mogala o ga se wa tshoganyetso.
Batho ba tshwanetse go tswelela go bega tsa tshoganyetso go 10111 kgotsa kwa diteišeneng tsa mapodisi tse di gaufi.
Kgaso e leka go thusa mapodisi ka kgoeletso eno ya kgatlhanong le bosenyi.
Kgaso e eletsa go thusa gore Aforikaborwa e bolokesege go botlhe.
Ka nako ya kgakolo ya maiteko a mogala wa tsa bosenyi, John Robbie, mogasi wa Talk Radio 702, o neetse ba SAPS metšhine e le 65 ya Didirisiwa tsa ID.
Gautshwane jaana, Rre Robbie o ikuetse mo moweng go bareetsi, gore ba neele kabelo malebana le metšhine e.
Barekisi ba metšhine, Face Technology, le bona ba a dirisana, ba fokoditse tlhotlhwa ya metšhine tota, me se se kgontshitse ditlamo tse di neng di itlamile go reka motšhine o le mongwe, go reka e le mebedi.
Ga se Primedia le John Robbie fela ba thusang sepodisi ka twantsho ya bosenyi.
Buisa dikanelo tsa katlego ya rona mo Jenaleng ya SAPS, kgotsa mo Jenaleng ya SAPS ya Inthanete, o bone gore dikgetse di rarabololwa jang ka thuso ya baagi.
Ka tiriso ya kgoeletso eno e ntšhwa e e leng kgatlhanong le bosenyi, basenyi, go akarediwa le ba le mmalwa ba ba leng mo tirelong eno, ba ya go itse se le sengwe fela… matsatsi a bona a badilwe.
<Doc14>
Thebolo ya motlameladitirelo wa ETQA
Ditirelo tsa Puso tsa Aforikaborwa
Kopo go ETQA ya go rebolelwa botlamedi jwa thuto le thupelelo
Tlhalosetso
Melawana ya ditheo tsa Netefatso ya Boleng jwa Thuto leThupelelo (ETQA), ka tsamaiso ya Bothati jwa Borutegi jwa Aforikaborwa, e tlhoka gore batlameladitirelo ba thuto le thupelelo ba ikwadisetse thebolo go ETQA.
Gore ba rebolwe, batlamedi ba thuto le thupelelo ba tlhoka go ikwadisa, go ya ka molawana o o maleba.
Molawana o o malebana le Thutokgolwane le Thutotsweledi o tlhoka gore batlamedi botlhe ba thuto le thupelelo ba ba neelang borutegi jo bo tletseng, ba ikwadise le Lefapha la Thuto.
Motlamedi wa thuto le thupelelo o tshwanetse go neela borutegi jo bo totileng karolo ya Netefatso ya Boleng jwa Thuto le Thupelelo (ETQA), ya Bothati jwa Karolo ya Thuto le Thupelelo (SETA) kgotsa Setheo sa Seporofešenale.
Ditlhokego tsa thebolo:
* Ditlhokego tsa thebolo di fitlhelwa mo tokomaneng e e bidiwang "Criteria and Guidelines for Providers" mme yona e mo webesaeteng ya SAQA.
* Manaane (le/kgotsa tlhatlhobo e e neelwang ke motlamedi wa thuto le thupelelo, a felela ka borutegi jo bo kwadisitsweng go Letlhomeso la Borutegi jwa Bosetšhaba (NQF).
* Lenaneothuto (tlhamego, diteng le dilwana tsa boithuti), le inaakanya le borutegi jo.
* Go na le batlhankedi ba ba tshwanelang (batsamaisi le batlhatlhobi ba ba kwadisitsweng semmuso).
* Baithuti ba fitlhelela ditirelo tse di lekanetseng tsa dithusathuto.
* Mekgwa ya tlhatlhobo le didirisiwa tse di dirisetswang go lekanyetsa ditlhokego tsa borutegi di lekanetse, ke tsa boleng mme di a ikanyega, mme di dirisiwa go rotloetsa boithuti.
Dikgato tse di tshwanetseng go tsewa
* Romela lekwalo la gago la maikaelelo a go rebolwa jaaka motlamedi wa thuto le thupelelo go ETQA e e maleba.
* Neela ETQA foromo ya boitlhatlhobi le kopo.
* Fa o sa neelwe thebolo mme o bona e kete tsamaiso e ne e gobelela, o na le tetla ya go ikuela.
* Lenaane la ETQA le dikgokagano tsa bona di fitlhelwa go webesaete ya SAQA.
O ka tshwanelwa ke go leta dikgwedi di le 6.
Tirelo e ke ya mahala.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Diforomo tsa kopo ya go nna moabi wa ditirelo, mmogo le ditokomane tse di maleba, di ka fitlhelwa go ETQA e e maleba.
Dintlhakgokagano – Tlhopha e le nngwe:
