<Doc01>
Setlamo sa Aforikaborwa sa Tshireletsego mo Loagong
Tšhata ya Tlhokomelo ya Dikhasetomara
O amogetswe go Tšhata ya rona ya Dikhasetomara
Re batla gore wena, jaaka khasetomara ya rona, o re atlhole ka boleng jwa tirelo e re e tlhalosang mo tšhateng eno.
Re tla go tshwarwa ka tlotlo le go go direla tirelo e e siameng go ya ka melametheo ya BATHO PELE.
Re a itlama jaaka bongwe jwa maikarabelo a rona go tlamela ka tirelo ya boleng jo bo kwa godimo, go go naya tshedimosetso e e nepagetseng, kgakololo le thuso ka ditirelo tsotlhe tsa rona.
Boikaelelo jwa Tšhata Eno
Tšhata eno e go bolelela ka boleng jwa tirelo e o ka lebelelang go e direlwa ke Setlamo sa Aforikaborwa sa Tshireletsego mo Loagong kgotsa South African Social Security Agency (SASSA).
SASSA ke lephata le go okeditsweng ka lone la puso la ditirelo le le tlamelang baagi ba Aforikaborwa ka thuso ya madi a a tswang kwa pusong.
Re ikemisetsa
Go tlamela ka ditirelo tsa loago tsa tshireletso tsa boleng jo bo kwa godimo, ka go dirisa mekgwa e e somarelang madi le e e mosola.
Se o ka se lebelelang mo go rona
Go buelela le go sireletsa seriti sa botho, Bosephiri, Boikanyegi, Go sa gobelele, Go dira dilo kwantle ga bofitlha le ka Go Tshwara Batho ka Tekatekano.
Mo Setlamong sotlhe sa Aforikaborwa sa Tshireletsego mo Loagong, re tla
Go naya tshedimosetso le kgakololo ka dithuso tsotlhe tsa madi tse o ka dirang kopo ya tsone.
Re tla go romela kwa ditheong tse dingwe tse di ka go thusang ka se o se tlhokang.
Go go thusa go tlatsa diforomo tsa rona le go dira kopo ya thuso ya madi a a tswang kwa pusong.
Go boloka tshedimosetso e o re nayang yone e le khupamarama.
Go tshegetsa ka metlha Molaotheo wa Aforikaborwa, melao e e laolang tirelosetšhaba le molawana wa boitshwaro wa tirelosetšhaba
Go go thusa ka puo e o tlhophang go thusiwa ka yone
Go dirisana mmogo le batho ba re ba direlang le baamegi.
Go kgaratlhela go tokafatsa tirelosetšhaba rya rona gore re go direle se o neng o se lebeletse
Go ikgolaganya le rona
Nako le nako fa o ikgolaganya le rona ka namana, ka mogala, ka lekwalo kgotsa ka imeile go tla direga dilo tse di latelang:
Moemedi yo o thusang dikhasetomara yo o buang le ene o tla ikitsise gore ke ene mang.
Re tla araba ka bonako dipotso tse o di botsang ka mogala kgotsa ka namana.
Fa re sa kgone go di araba ka bonako re tla naya khasetomara mabaka re bo re e bolelela gore e ka lebelela leng go bona karabo.
Re tla go naya nomoretshupetso go go thusa gore o kgone go dira tatediso ka potso ya gago
Re tla go itsise fa re amogetse puisano epe fela e o re romelelang yone mme re tla araba potso ya gago mo malatsing a le 7.
Fa re sa kgone go go araba ka botlalo mo malatsing a le 7 re tla go bolelela lebaka le gore o ka lebelela karabo leng.
Re tla leka go rarabolola bothata jwa gago mo malatsing a le 21.
Fa o re leletsa mogala, re ikaelela go araba mogala wa gago ka bonako jo go kgonegang ka jone ka puo ya semmuso e o e tlhophileng.
Re tla go bolelela tshwetso nngwe le nngwe ka thuso ya madi a gago go tswa kwa pusong ka go go kwalela lekwalo
Kwa diofising tsa SASSA
Fa o goroga mo go nngwe ya diofisi tsa rona, badiri ba rona ba lefapha la thuso ba tla go thusa ka bonako.
Diofisi tsotlhe tsa rona di bulwa ka 08h00 go fitlha ka 16h30, Mantaga go fitlha ka Labone le ka 08h00 go fitlha ka 14h00 ka Labotlhano.
Kwa diofising tsa rona le kwa mafelong a go duela o tla fitlhela go na le dilo tse di latelang:
Boporaefete
Mafelo a go leta
Matlwana a boithomelo
Thuso ya tsa kalafi fa re boleletswe ka seo go sa ntse go na le nako
Re tla tla kwa go wena fa o sa kgone go tlwa kwa diofising tsa rona ka ntlha ya mabaka kalafi.
O ka nna wa re leletsa mogala mme re tla rulaganyetsa go go etela kwa gae.
Go berekana le kopo ya gago ya thuso ya madi a a tswang kwa pusong
Re tla simolola go berekana le kopo ya gago ka letsatsi le o e dirileng ka lone.
Re tshwanetse go tlhomamisa gore o tshwanelegela semolao go e newa.
Re ipeela mekgele ya go berekana le tleleimi ya gago le go duela thuso ya madi a gago a a tswang kwa pusong mo malatsing a le 90.
Re tla go bolelela ka tshwanelo ya gago ya go dira boikuelo fa e gannwe, e kgaoseditswe ka nakwana le fa e khansetswe.
Go dira ditshwetso.
Fa re dira tshwetso ka kopo ya gago ya go bona thuso ya madi go tswa kwa pusong mme o akanya gore tshwetso e e dirilweng ga e a siama, kgotsa fa o batla tshedimosetso go ya pele ka tshwetso e e dirilweng, o ka dira dilo tse di latelang:
O ka re kopa gore re go tlhalosetse tshwetso ka botlalo mme re tla ikobela kopo ya gago.
O ka dira boikuelo malebana le tshwetso ya rona mo malatsing a le 30 go simolola ka letlha la tshwetso e e mo lekwalong la rona.
O ka newa faele go bona tshedimosetso epe e o ka tswang o e tlhoka.
Boikarabelo jwa gago e tla nna
Go re naya:
Aterese ya gago e e nepagetseng ya poso le ya bonno.
Diphetogo tsa maemo a gago ka namana jaaka lotseno lwa madi, aterese, maemo a tsa kalafi jj.
Tshedimosetso e e boammaaruri, e e nepagetseng le e e feletseng kgotsa tlhaloso ka dinako tsotlhe.
Go araba ka bonako makwalo otlhe a re go kwalelang one go akaretsa le dipoeletso kgotsa tshedimosetso epe e e kopilweng mo go wena.
A ga o itumelele tirelo ya rona?
Fa o sa itumelele tirelo ya rona ka gonne:
Re tsere lobaka lo lo leele thata go berekana le thuso ya gago ya madi a a tswang kwa pusong le/kgotsa ga o a amogela tuelo ya gago ka nako.
Boitshwaro jwa mongwe wa batlhankedi ba rona bo ne bo sa tshwanela.
Badiri ba rona ba dirile phoso mo kopong ya gago kgotsa ba go neile kgakololo e e sa nepagalang.
Go dirilwe phoso nngwe ka boomo/e se ka boomo ka fa letlhakoreng la rona
Re bolelele ka yone mme phoso eo e re e dirileng re tla e baakanya ka bonako.
Fa o batla go tlhagisa ngongorego, tsweetswee re kwalele kgotsa re leletse mogala mme o kope go romelwa kwa lephateng la tlhokomelo ya dikhasetomara.
Re tla tlotla tirelo ya rona le wena
Re kgatlhegela go utlwa maikutlo a gago ka ditirelo tsa rona
Re tla dirisetsa tshedimosetso e o re nayang yone go tokafatsa ditirelo tsa rona.
Re kopa gore o re romelele pegelokarabo ka mekgwa epe fela e e fa tlase fano:
Leletsa nomore ya rona ya mahala ya go kopa thuso ya - 0800 601 011
Tlatsa karata ya ditshwaelo ya dikhasetomara e e kwa diofising tsa rona le kwa mafelong a go duela.
Etela webosaete ya rona mo go www.sassa.gov.za
Etela lepe la mafelo a go ikgolaganya le rona.
(Kgaolo, la selegae, la tirelo le a go duelwang mo go one)
Romela ngongorego ka lekwalo kwa go epe ya diofisi tsa rona.
Dipotso kgotsa ditshwaelo ka tšhata eno
Fa o tlhoka tshedimosetso epe go ya pele ka tšhata eno, tla mo go nngwe ya diofisi tsa rona.
O ka bona tšhata eno ka Mokwalo wa Difofu, ka theipi e e gatisitsweng le ka CD, fa o e kopa.
Tšhata eno e tla simolola ka 01/04/2007 mme e tla tlhabololwa ngwaga le ngwaga go tsenya ditshwaelo tsa gago.
<Doc02>
Dikgang tsa Lefapha la Mananepalo la Aforikaborwa
Ka ga Dipalopalo: Go tlhokega ga dipalo go tla oketsega fa puso ya temokerasi e ntse e gola
Athikele eno e ne e gatitsitswe la ntlha go Business Report ya 05 Diphalane 2004
Mo bekeng e e fetileng ke ne ke le mo kopanong ya kgaolo ya boto ya bagakolodi ya the East African Statistical Training Centre kwa Tanzania, koo ke ileng ka nna le tshono ya go nna teng mo moletlong wa kalogo wa bo 39 wa senthara eno wa ngwaga le ngwaga, e maloko a le tlhano a Lefapha la Mananepalo la Aforikaborwa a nnileng le seabe mo go one.
Setlamo seno se rata thata go katisa badiri ba Lefapha la Mananepalo la SA.
Ka bonako fela fa ke sena go tlhomiwa go nna radipalopalo-kakaretso, Lefapha la Mananepalo la SA le ne la dirisana mmogo le Lekgotla la Dipalopalo, la simolola go batlana le ditheo tse di katisetsang batho tshedimetso e e maleba ya semmuso.
Re ne ra bona ditheo tse pedi: senthara ya katiso kwa Dar es Salaam, Tanzania, le Setheo sa Mananepalo le sa Go Tsenngwa Tirisong ga Dithuto tsa Ikonomi kwa Uganda.
Senthara ya katiso e ne ya tlhongwa ka 1965 ke UN Economic Commission for Africa, East African Common Services Organisation le Lenaneo la UN la Tlhabololo.
Ka 1977, puso ya Thanzania e ne e le yone e okametseng senthara eno, mme ya oketsa dinaga tsa Aforika tse e neng e di thusa gore di nne 13.
Setheo se se kwa Uganda se ne sa tlhongwa ka 1969, go ya ka thulaganyo ya semolao ya Yunibesiti ya Makerere.
Mokgele o mogolo wa sone e ne e le go naya baporofešenale katiso ya maemo a a kwa godimo ka dipalopalo le go tsenngwa tirisong ga dithuto tsa ikonomi.
Dingwaga di le tharo tse di fetileng. Lefapha la Mananepalo la SA le ntse le romela badiri kwa ditheong tseno.
Go alogile setlhopha sa ntlha ngogola.
Fa e sa le ba sena go boa, ba bontshitse kgatelopele e e seng kana ka sepe mo tirong ya bone, mme bangwe ba bone ba mo maemong a botsamaisi.
Mme Lefapha la Mananepalo la SA le lebane le dikgwetlho tse diša.
Tlhokego ya tshedimosetso ya dipalopalo ya go dira ditshwetso mo mafapheng otlhe a mararo a puso e oketsegile fela thata.
Sentlentle, go tlhokega fela thata batho ba ba katisediwang go kokoanya tshedimosetso ya dipalopalo le go dira ka tsone.
Gore re kgone go nna le bone, re tla tshwanelwa ke go katisa batho ba ka nna 2000 ka ngwaga.
Sethara ya katiso ya kwa Tanzania le Setheo sa Ungana sa Lefapha la Mananepalo le sa Go Tsenngwa Tirisong ga Dithuto tsa Ikonomi ga e kgone go lepalepana le palo e e kwa godimo thata jalo.
Fa Tona ya Matlotlo e leng Trevor Manuel a ne a bula khonferense ya Lekgotla la Dipalopalo la SA mo ngwageng o o fetileng, o ne a kopa diyunibesiti tsa Aforikaborwa go rarabolola bothata jwa tlhaelo ya bokgoni jwa go dira ka dipalo jo re nang le jone go thusa puso go dira ditshwetso ka kitso tse di theilweng go tshedimosetsong e e nepagetseng ya dipalopalo.
Lefapha la Mananepalo la SA le simolotse metlotlo le diyunibesiti ka boikaelelo jwa go simolola katiso eo.
Mme ga jaanong jaana ga go na yunibesiti epe mo Aforikaborwa e e rutang khoso ka dipalopalo tsa semmuso.
Lefapha la Mananepalo la SA le rulaganyetsa go tlhoma setheo sa go katisediwa dipalo mo bogautshwaneng, go katisetsa badiri ba mo teng ga setheo le badiri ba mafapha a mangwe dipalopalo tsa semmuso.
Go simolola ga tsamaiso ya dipalopalo tsa bosetšhaba go tla dira gore go nne le tlhokego ya go tlhoma diyuniti tsa dipalopalo mo mafapheng a a farologaneng a puso, le go dira gore go nne le tlhokego e kgolo go feta ya bokgoni jwa go dira ka dipalo.
Le fa go ntse jalo, go tlhama bokgoni jwa go dira ka dipalo go golaganngwa le se se fetang fela go tlhoka ga puso tshedimosetso e e nepagetseng.
Dipalopalo di botlhokwa thata go puso ya temokerasi
Kwa tshimologong ya lekgolo la dingwaga la bo 20, HG Wells o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe gore mo isagweng, dipalopalo di tla nna botlhokwa fela thata mo baaging fela jaaka go itse go buisa le go kwala.
Dipalopalo mo setšhabeng ke phitlhelelo ya bošeng e e neng ya tlhamiwa fa go nna le puso ya temokerasi.
Mo dinageng tsa Aforika, tse bošeng jaana di nnileng le dipuso tsa temokerasi, re tla bona koketsego e kgolo thata ya dipalopalo tsa mo pusong fa puso ya temokerasi e ntse e gola.
Bomankge ba tsa dipalo ke bone ba elang tlhoko gore go ikobelwa melaometheo ya temokerasi ya go se nne bofitlha, ya tekanyo le phitlhelelo, le go sikara maikarabelo.
Ke sone se se botlhokwa thata mo letsholong la go oketsa bokgoni jwa go dira ka dipalo, le go tlhoma ditheo tse di tlhokegang tsa go oketsa thata ka potlako thuto ya tshedimosetso ya semmuso.
Pali Lehohla ke modira ka dipalopalo wa ka kakaretso gape ke mookamedi wa Stats SA.
Go bona tshedimosetso go ya pele ka Lefapha la Mananepalo la SA le dipholo tsa lone, etela www.statssa.gov.za kgotsa leletsa (012) 310-8600
<Doc03>
Malatsi a le 16 a go Lwela Diphetogo: A o ne o itse?
Fa e sa le ka 1994, Puso e tlhamile molao wa go baakanya diphoso tse di amang basadi le bana.
Molao wa Thotloetso ya Go Tshwarwa ka Tekatekano le Thibelo ya Kgethololo e e sa Siamang, wa bo 2000 o ne wa tlhomiwa go tlhamamisa gore mongwe le mongwe o ipelela ditshwanelo tsa Molaotheo.
Molao ono o tlhomamisa gore basadi ba ipelela ditshwanelo le kgololesego ka tekatekano, mo go baakanyeng diphoso tsa nako e e fetileng.
Molao wa Go Tshwarwa ga Badiri ka Tekatekano mo Tirong, wa ka 1998 o tlhomamisa gore go fokodiwa kgethololo e e bakilweng ke melao ya apareteiti fa go thapiwa badiri, mo tirong le gore motho o amogela bokae mo mmarakeng wa badiri.
O rotloetsa gore basadi le batho ba ba kileng ba bo ba tlodisiwa matlho ba emelwa ka tekatekano mo maemong otlhe a ditlamo tsa puso le tsa poraefete.
Molao wa go tlamela bana, wa ka 1998 o tlhomamisa gore bana ba tla nna le ditshwanelo tsa maemo a botshelo a a lekaneng gore ba gole mo mmeleng, mo tlhaloganyong, mo moweng le mo loagong.
Molao o tlhomamisa gore madi a go tlamela ga ngwana a tswa mo batsading kgotsa mo bathong ba ba nang le maikarabelo a go tlhokomela ngwana ka madi.
Molao wa Tirisodikgoka mo Lapeng, wa ka 1998 o ne wa tlhomelwa go naya batho ba ba falolang tiriso-dikgoka tshireletsego ka botlalo mo tirisong-dikgoka.
Basadi ba ba itemogelang tiriso-dikgoka, jaanong ba kgona go bona thuso ya semolao e e tla tlhomamisang tshireletsego ya bone.
Molao wa bana, wa ka 2005 le Molao o o Tlhabolotsweng wa Bana, wa ka 2007 o ne, gareng ga mabaka a mangwe, wa tlhomelwa go sireletsa ngwana yo o tshwarwang makgwakgwa, yo o tlhokomologilweng, yo o sotlwang kgotsa go tlontlololwa.
Puso e tlhomile dikgatotharabololo di le dintsi le go di tshegetsa tse di sireletsang seriti sa botho sa basadi le bana.
Tšhata ya Ditshwanelo tsa Bana e a sekasekwa le go tlhabololwa gore gape e akaretse dikgwetlho tse di tsogang tse di jaaka go dirisetsa bana ditshwantsho tsa bone ba le mamponampona.
Puso e tsibogetse kgwetlho ya go patelediwa ga bana go nyalwa ke bagolo ka boitshemo jwa gore go latelelwa ngwao e e bidiwang "Ukuthwala".
Puso e ikemiseditse go tlhoamamisa gore ngwao le ditlwaelo tse dingwe di tsamaisana le Molaotheo le melao e e tlhomilweng ke kgotlatheomolao.
Go tsweletswe ka go tlhomiwa gape ga diyuniti tse di kgethegileng tsa sepodisi tse di rarabololang ditlolomolao tsa mo lapeng le tsa thobalano le ditlolomolao tse di direlwang basadi le bana.
Go tlhomiwa ga diyuniti tse di kgethegileng go tla tlamela ka bokgoni jo bo tlhokegang go tokafatsa le go atlegisa tsamaiso ya dikatlholelo tsa tlolomolao e e dirwang kgatlhanong le basadi le bana.
Ga jaanong jaana go na le Disenthara tsa Tlhokomelo di le 17 tsa Thuthuzela tse di tlhomilweng mo nageng yotlhe mo gare ga baagi ba go nang le tiriso-dikgoka e ntsi thata mo gare ga bone ka tsa thobalano.
Disenthara tseno di tlamela ka ditirelo tsa pholo le tsa katlaatlelo-loago e bile di tlhama dithulaganyo tse di dirang sentle tsa go bega ditlolomolao ka seriti le ka tlhokomelo ya baporofešenale ba ba tshwanelegang.
Matlole a Pusetso ya Matlotlo a a Latlhegileng ka Ntlha ya Bokebekwa a ne a dirisiwa go tshegetsa diporojeke di le 19 tsa go tlhomelela ba ba amilweng ke bokebekwa jono.
Go ne ga tlhomiwa Lefapha la Ditirelo tsa ba ba Amilweng ke Tiriso-Dikgoka la ditirelo tse dipuso di le 1 500 le mekgatlho ya baagi mo setšhabeng di tlamelang ka tsone.
Lefapha leno le tlhomelela batho gore ba kgone go bona ditirelo tse di leng teng mo lefelong la bone.
Go tlhomilwe mafelo a go thusa ba ba amiwang ke bokebekwa mo diteišeneng tsa mapodise tse bokebekwa bo begwang thata kwa go tsone
Go ne ga tlhomiwa Dikgotlatshekelo Tse di Dirang fela ka Ditlolomolao tsa Thobalano.
Molao wa Tirisodikgoka mo Lapeng o ne wa laela gore go tlhomiwe mafelo a botshabelo.
Ga jaanong jaana go na le mafelo a le 96 a botshabelo mo Aforikaborwa, go simolola ka a le 39 ka 2001.
Batswa-setlhabelo ba bokebekwa ba ba dirisang Tsamaiso ya Tshiamiso ya Bokebekwa ba newa ditshwanelo tsa bone, e leng Ditshwanelo tsa Tšhata
Tšhata eno e akaretsa Ditekanyetso-Potlana tsa Ditirelo tsa Batswa-Setlhabelo ba Bokebekwa, tse di tlhalosang thulaganyo ya semolao ya gore batswa-setlhabelo ba gagamalalele ditshwanelo tsa bone
Ka go tsenngwa tirisong ga Tšhata ya Bokebelwa, palo ya malatsi a go a tsereng go feleletse kgetse kwa Kgotlatshekelong ya Ditlolomolao tsa Thabalano e ne ya fokotsega go tswa go 285 go fitlha go 142.
Tšhata gape ke kopo ya gore Puso ya Aforikaborwa e fitlhelele mokgele wa yone wa boditšhabatšhaba o o amanang le Maitlamo a United Nations (UN) wa Melaometheo ya Go Direla Batswa-Setlhabelo ba Bokebekwa Tshiamiso le Go Dirisa Taolo ka tsela e e sa Siamang.
Tirisanommogo ya boditšhabatšhaba ya go rarabolola mathata a tiriso-dikgoka kgatlhanong le basadi lebana.
Aforikaborwa e ne ya romela pego ya yone ka ga kgatelopele e e dirilweng ya go tlhomiwa ga Melao ya go Fedisa Bothata jono le jwa go kgethololwa ga basadi kwa komiting ya UN CEDAW.
Aforika Boswa e ile ya tshwara Kopano ya Bodiredi ya Southern African Development Community (SADC) (Diphalane 09) go feleletsa thulaganyo ya leano la kgaolo la dingwaga di le 10 la go tsaya kgato ya go lwantsha go utswa batho le go ba romela ka dinageng di sele, segolobogolo basadi le bana.
Porothokholo ya SADC e e buang ka Bong le Tlhabololo e tlhalosa gore ka 2015 Dinaga tse e leng Maloko a SADC di tla bo di tlhomile molao wa go lwantsha go tshwenya basadi ka thobalano.
Aforikaborwa e ne ya tshwara Gender Justice Regional Summit (9–10 Ngwanaatsele 2009), e mo go yone go neng go na le baemedi go tswa kwa dinageng tsa Aforika go tla go abelana maitemogelo a bone le mekgwa e e siameng go e gaisa yotlhe ya go dira tiro ya go fedisa tiriso-dikgoka malebana le thabalano le bong.
Se lebe go sele fa o bona tshotlo, e lwantshe
<Doc04>
Polelo ya Polokodiphiri
Lefaphala Tlamelo ka Matlo le ineetse go sireletsa diphiri tsa gago le go tlhama thekenoloji e e go nayang maitemogelo a a maatla a a sireletsegileng o inthaneteng.
Polelo eno ya Polokodiphiri e ama webosaete ya Lefapha la Tlamelo ka Matlo e bile e laola go kokoanngwa ga tshedimosetso le tiriso ya yone.
Ka go dirisa webosate ya Lefapha la Tlamelo ka Matlo, o dumalana le mekgwa ya deitha e e tlhalosiwang mo polelong eno
Go kokoanngwa Tshedimsetso ya gago ya Botho
Lefapha la Tlamelo ka Matlo le kokoanya tshedimosetso e e go tlhaolang ka namana, jaaka aterese ya gago ya imeile, leina, legae kgotsa aterese ya tiro kgotsa nomore ya founo.
Gape Lefapha la Tlamelo ka Matlo le kokoanya tshedimosetso e e amanang le wena kwantle ga go go senola ka leina, tshedimosetso e e seng wena fela o nang le yone, jaaka Khoutu ya poso, dingwaga tsa gago, bong, dilo tse o di eletsang, dilo tse o di kgatlhegelang le dilo tse o di ratang thata.
Gape go na le tshedimosetso ka karolotshwarwa ya khomphiutha ya gago le karolofefo e e kokoanngwang ntle le tetla ya gago ke Lefapha la Tlamelo ka Matlo.
Tshedimosetso eno e ka akaretsa: Aterese ya gago ya IP, mofuta wa go fenena tshedimosetso mo khomphiutheng, maina a didomeine,
Tshedimosetso eno e dirisiwa ke Lefapha la Tlamelo ka Matlo gore le kgone go dira tirelo, go boloka boleng jwa tirelo, le go tlamela ka dipalopalo-kakaretso ka ga go dirisa webosaete ya Lefapha la Tlamelo ka Matlo.
Tsweetswee gakologelwa gore fa o senola tshedimosetso e e go tlhaolang ka namana kgotsa deitha ya gago ka namana e e masisi ka diboto tsa melaetsa ya phatlalatsa ya Lefapha la Tlamelo ka Matlo, tshedimosetso eno e ka kokoanngwa le go dirisiwa ke ba bangwe.
Ela tlhoko: Lefapha la Tlamelo ka Matlo ga le buise ditlhaeletsano dipe tsa gago tsa poraefete mo inthaneteng.
Lefapha la Tlamelo ka Matlo le go rotloetsa go sekaseka dipolelo tsa polokodiphiri tsa diwebosaete tse di tlhophang go golagana le tsone go tswa go Lefafapha la Tlamelo ka Matlo gore o tlhaloganye ka fa diwebosaete tseo di kokoanyang, di dirisang le go tlhakanela tshedimosetso ya gago ka gone.
Lefapha la Tlamelo ka Matlo ga le sikare maikarabelo ape ka dipolelo tsa polokodiphiri kgotsa ka diteng tse dingwe mo diwebosaeteng ka kwa ntle ga Diwebosaete tsa Lefapha la Tlamelo ka Matlo.
Tiriso ya Tshedimosetso ya gago ya Botho
Lefapha la Tlamelo ka Matlo le kokoanya tshedimoseto ya gago ya botho le go e dirisa gore le dirise Webosaetse ya Lefapha la Tlamelo ka Matlo le go dira ditirelo tse o di kopileng.
Lefapha la Tlamelo ka Matlo gape le dirisa tshedimosetso e e go tlhaolang ka namana go go bolelela ka dikuno tse dingwe kgotsa ditirelo tse Lefapha la Tlamelo ka Matlo le mafapha a a dirisanang le lone a nang le tsone.
Gape Lefapha la Tlamelo ka Matlo le ka nna la ikgolaganya le wena ka manaane a dipotso gore le dire patlisiso ka maikutlo a gago ka ditirelo tsa ga jaanong kgotsa ka ditirelo tse go ka diregang gore go tlamelwe ka tsone.
Lefapha la Tlamelo ka Matlo ga le rekise, ga le rente kgotsa ga le hirise manaane a lone a dikhasetomara go makoko a boraro.
Nako le nako, lefapha la Tlamelo ka Matlo le ka nna la ikgolaganya le wena mo boemong jwa bagwebisani ba ba kwa ntle ka sengwe se ba tlamelang ka sone se se ka nnang sa go kgatlha.
Mo mabakeng a a ntseng jalo, tshedimosetso ya gago e e tlhomologileng e e go tlhaolang ka namana (imeile, leina, aterese, nomore ya founo) ga e fetisediwe go motho wa boraro.
Mo godimo ga moo, Lefapha la Tlamelo ka Matlo le ka nna la tlhakanela deitha le bagwebisani ba ba ikanyegang go re thusa go dira tshekatsheko ya dipalo, go romela imeile kgotsa molaetsa ka poso, go tlamela ka tshegetso ya dikhasetomara, kgotsa go rulaganyetsa go romelela dikuno.
Batho ba ba ntseng jalo ba boraro ba ileditswe go dirisa tshedimosetso ya gago ya poraefete mme ba letlwa fela go e naya Lefapha la Tlamelo ka Matlo, e bile ba kopiwa go boloka tshedimosetso ya gago e le khupamarama.
Lefapha la Tlamelo ka Matlo ga le dirise kgotsa ga le senole tshedimosetso e e masisi ya botho, jaaka lotso, bodumedi, kgotsa mekgatlho ya sepolotiki e o golaganeng le yone, kwantle ga tumelelo ya gago e e dirilweng ka tsela e e utlwalang sentle.
Lefapha la Tlamelo ka Matlo le boloka motlhala wa Diwebosaetse le ditsebe tse dikhasetomara tsa rona di di etelang mo teng ga Lefapha la Tlamelo ka Matlo, go tlhotlhomisa gore ke ditirelo dife tsa Lefapha la Tlamelo ka Matlo tse di ratwang thata.
Deitha eno e dirisediwa go go naya diteng tse di rulagantsweng ka mokgwa o o o batlang le dipapatso mo teng ga Lefapha la Tlamelo ka Matlo, e leng diteng tsa dikhasetomara tse boitshwaro jwa tsone bo supang gore ba kgatlhegela setlhogo se se rileng.
Diwebosaete tsa Lefapha la Tlamelo ka Matlo di tla senola tshedimosetso ya gago ya botho, kwantle ga go go itsise, fa fela molao o batla gore di dire jalo kgotsa fa go dumelwa thata gore kgato e e ntseng jalo e a tlhokega go: (a) dumalana le ditaelo tsa molao kgotsa go tsamaisana le dithulaganyo tsa semolao tsa Lefapha la Tlamelo ka Matlo kgotsa saete; (b) sireletsa le go femela ditshwanelo kgotsa thoto ya Lefapha la Tlamelo ka Matlo; le, (c) go tsaya kgato ka fa tlase ga maemo a a potlakileng go sireletsa tshireletsego ya badirisi ba Lefapha la Tlamelo ka Matlo, kgotsa ya setšhaba.
Tiriso ya Dikhukhi
Webosaete ya Lefapha la Tlamelo ka Matlo e dirisa "dikhukhi" go go thusa go dira gore maitemogelo a gago mo inthaneteng a nne ka fa o a batlang ka gone.
Khukhi ke faele ya mokwalo e sefara ya tsebe ya Webo e e tsenyang mo teng ga disiki ya gago e e thata.
Dikhukhi ga di kgone go dirisediwa go tsamaisa porokeramo kgotsa go romela dibaerase mo khomphiutheng ya gago.
O abelwa dikhukhi ka tsela e e kgethegileng, mme di kgona go buisiwa fela ke sefara ya webo mo domeineng e e go neileng khukhi.
Lengwe la maikaelelo-magolo a dikhukhi ke go go naya tiriso e e senang matsapa le go go bolokela nako.
Boikaelelo jwa dikhukhi ke go bolelela sefara ya Webo gore o boetse go tsebe e e rileng.
Ka sekai, fa o rulaganya ditsebe tsa Lefapha la Tlamelo ka Matlo ka tsela ya gago, kgotsa o ikwadisa mo saeteng kgotsa mo ditirelong tsa Lefapha la Tlamelo ka Matlo, khukhi e thusa Lefapha la Tlamelo ka Matlo go gakologelwa tshedimosetso e e rileng ya gago mo maetong a gago a a latelang.
Seno se tlhofofatsa thulaganyo ya go rekota tshedimosetso ya gago ya botho, jaaka diaterese tsa tshupamolato, diaterese tsa thomelodithoto, jalo le jalo.
Fa o boela go Webosaete eo ya Lefapha la Tlamelo ka Matlo, tshedimosetso e o neng o tlametse ka yone mo nakong e e fetileng e ka bonwa gape, ka jalo o ka dirisa ditiriso tse o di rulagantseng ka tsela ya gago tsa Lefapha la Tlamelo ka Matlo.
O na le kgono ya go amogela dikhukhi kgotsa go di gana.
Dibatli tse dintsi tsa Webo di amogela dikhukhi ka go itirisa, mme gantsi o ka fetola seting ya dibatli tsa sebatli sa gago go gana dikhukhi fa o eletsa jalo.
Fa o tlhopha go gana dikhukhi, o ka nna wa se ka wa kgona go nna la maitemogelo ka botlalo a ditiriso tsa tshedimosetsano tsa ditirelo tsa Lefapha la Tlamelo ka Matlo kgotsa Diwebosaete tse o di etelang.
Tshireletsego ya Tshedimosetso ya gago ya Botho
Lefapha la Tlamelo ka Matlo le sireletsa tshedimosetso ya gago ya botho gore e se ka ya bonwa, ya dirisiwa kgotsa ya senolwa ke ba ba sa tshwanelang.
Lefapha la Tlamelo ka Matlo le sireletsa tshedimosetso e e go tlhaolang ka namana e e tlamelang ka yone mo disefareng tsa khomphiutha mo tikologong e e laolwang sentle, e e sireletsegileng, e sireletsegile gore ba ba sa letlelelwang go e bona ba se k aba e bona, ba se k aba e dirisa kgotsa go e senola.
Fa tshedimosetso ya botho (jaaka ya karata ya keretiti) e romelwa kwa diwebosaeteng tse dingwe, e sirelediwa ka tiriso ya mokgwatshireletso, jaaka ka porotokholo ya the Secure Socket Layer (SSL).
Diphetogo tsa polelo eno
Lefapha la Tlamelo ka Matlo le tla ntšhwafatsa gangwe le gape Polelo eno ya Polokodiphiri go supa khamphani le pegelokarabo ya dikhasetomara.
Lefapha la Tlamelo ka Matlo le go rotloetsa go sekaseka Polelo eno nako le nako gore o itse ka fa Lefapha la Tlamelo ka Matlo le sireletsang tshedimosetso ya gago ka gone.
Dintlhakgokagano
Lefapha la Tlamelo ka Matlo le ka itumelelela ditshwaelo tsa gago ka Polelo eno ya Polokodiphiri.
Fa o dumela gore Lefapha la Tlamelo ka Matlo ga le a diragatsa polelo eno, tsweetswee ikgolaganye le Lefapha la Tlamelo ka Matlo mo atereseng ya webmaster@kznhousing.gov.za.
Re tla dirisa maiteko ka mo go lekaneng go tlhotlhomisa bothata le go bo rarabolola ka bonako.
<Doc05>
Puo ya ga Poremia Ebrahim Rasool kwa Ketekong-Moletlo ya Baithuti ba Materiki
Re tlile fano gompieno go tla go akgola baithuti ba rona ba materiki ba ba fitlheletseng dipholo tse di kwa godimo.
Re ba raya re re: Lo dirile go tlala seatla! Re motlotlo ka lona, Porofense le Naga yotlhe di motlotlo ka lona, batsadi ba lona ba motlotlo ka lona, mme sa botlhokwa le go feta, lo tshwanetse go nna motlotlo ka lona.
Lebaka la go bo re le motlotlo ka tsela eno mo motsotsong ono, ke la go lemoga gore motsotso wa phitlhelelo o tla morago ga lobaka lo lo leele lwa manthata le go ikentsha setlhabelo, gore letsatsi la gompieno le emela motsotso o dilo di sedimogang ka one go tswa mo maemong ao a ka tlhalosiwang jaaka a a rarraneng.
Materiki e raraane.
Mo dingwageng di le some tse di fetileng re ne ra tshwanelwa ke go fetola tsamaiso yotlhe gore e se ka ya nna e e laolwang ke mowa wa apareteiti.
Re kgone go ya bokgakaleng jo bo rileng ka go kopanya bontsi, go nna le silabase e le nngwe le tlhatlhobo, palo e kgolo ya ba ba kwalang materiki le go e falola, le go tswa letsholo la gore thuto gape e tlamela motho ka dilo tse di fetang tse a di tlhokang – gore ikonomi yotlhe e ikaegile ka bokgoni jo tsamaiso ya thuto e tlamelang ka jone.
Ruri materiki e raraane.
Baeteledipele ba rona ba ba phuthegetseng mono mo Leeuwenhof ke ba ba molemo tota ba re nang le bone, ba ba fitlheletseng dilo tse di molemo, le ba ba tshwanelwang ke go newa dikabelokhuno tsotlhe tse Porofense eno e nang le bokgoni jwa go nna le tsone.
Mme gape ga re lebale 71% ya baagi ba ba kwa godimo ga dingwaga di le 20 ba ba sa fetsang thuto ya sekontari, mo e ka nnang halofo ya 80 000 ya ba ba neng ba simolola Mophato 1 le lona dingwaga di le 12 tse di fetileng ba bo ba sa kgone go kwala tlhatlhobo ka 2004 ka gonne ba ne ba tlogela sekolo, le ba bantsi ba ba ileng ba kwala, mme ka ntlha ya go tlhopha dirutwa tse di rileng mo mephatong e e rileng, ba na le ditifekeiti tsa materiki tse di sa amogelweng ke ikonomi kgotsa ke thuto ya thešiari.
Materiki e raraane le go feta ka gonne re tlile go tsaya malebela mo go lona.
Setšhaba se atlhola isagwe ya rona ka tsela e lo dirang ka yone.
Go itekanela ga lona go dira gore ba nne le tsholofelo.
Ba aega tsholofelo ya bone mo isagweng ka ntlha ya tsela re dirang ka yone mo thutong, e leng tsela e e bonalang sentle mo motsotsong ono wa go keteka.
Ee, bontsi jwa madi a ditekanyetsokabo tsa bosetšhaba le tsa porofense a dirisediwa thuto.
Mo ngwageng eno fela, go sireletsa tiro ya barutisi ba le 2000, re ne ra tshwanelwa ke dira gore madi a se ka a dirisediwa dilo tse dingwe tsa porofense mme a dirisediwe thuto.
Re tshwanetse go dira ka natla go beeletsa madi gore a dirisediwe dikolo tsa bahumanegi gore fa dipalo tsa bone di gola botlhe ba newe thuto ka tekatekano mo sekolong sengwe le sengwe mo makeisheng.
Sa botlhokwa le go feta, Tona Dugmore le Mosuporithendete-Kakaretso Swartz, re tshwanetse go dira maiteko a go loga leano la Lefapha la tsa Badiri go tshegetsa peeletso-madio eno yothe ka mabaka.
Re batla go tlhagisa bafalodi ba materiki ba ba nang le mekgwa e mentle, ba maduo a bone a tlhomologileng, ba tshwanelang ikonomi, ba ba ikanyegang mo setšhabeng sa bone, e bile e le ba ba solegelang batho molemo.
Seno ke sone se re se tletseng moletlong gompieno.
Lo emela ditsholofelo tseno jaaka fa re ntse re aga Legae la rona la Botlhe.
Re keteka diphitlhelelo tsa lona ka gonne lo ikentshitse setlhabelo le go dira ka natla, batsadi ba lona ba ikentshitse setlhabelo mme ba lo boloka kwa sekolong, mme setšhaba sa lona se ikentshitse setlhabelo le go aga isagwe ya lona.
Ba le bantsi ba na le dipelaelo ka go keteka diphitlhelelo tsa materiki ka ntlha ya go raraana ga yone le gore e sa ntse e ka nna le masaledi mangwe mo go yone a a supang apareteiti.
Ke wena fela o ka fenyang bothata jono ka go tlhagafala le go tlhoafalela go agela Botlhe Legae, le le senang tlhaolele la batho ba ba tshwarwang ka tekatekano.
Seno se tshwanetse go bonala sentle mo ditlhophong tsotlhe tsa gago go simolola jaanong go ya pele.
Go tla go fitlha jaanong o ne o tshwanela go tlhopha gore o tla dira ka natla go le go kae.
Setifikeiti sa gago sa materiki se go kgontsha le go go patelela go dira tshwetso le ditlhopho ka ga mofuta wa motho yo o batlang go nna ene le mofuta wa botshelo jo o batlang go bo tshela.
Re a lo akgola le go lo eleletsa tsotlhe tse di molemo.
<Doc06>
Maikaelelo a Botsamaisi jwa Porojeke ya 2010 ya Ditlhaeletsano mo Pusong ke go:
Tlhofofatsa go fitlhelelwa ga mekgele ya tlhaeletsano e e logetsweng leano ya Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa ntlha mo Aforika
Sola tshono eno molemo go bontsha le go rotloetsa go nna seoposengwe ga Ba-Aforikaborwa
Rotloetsa baša ba rona
Maketa naga ya rona kwa dinageng di sele
tlhama maemo a a siametseng gore go ka tshwarwa ditlhaeletsano mo go one a a thusang go dirisa tshono eno go akofisa tlhabololo le oketsa ditshono
go dira gore Aforika e nne seoposengwe
Seno se tla fitlhelelwa ka:
go tlamela ka boeteledipele le go okamelwa ga ditlhaeletsano mo pusong tsa Sejana sa Lefatshe sa 2010
go aga tirisano-mmogo ya bosetšhaba fa gare ga batlhaeletsani ba puso le ba poraefete ba dirutwa tsotlhe, le go bopa dikgolagano le batlhaeletsani mo kontinenteng le kwa dinageng di sele gore naga mmogo le kontinente yotlhe di sole molemo tšhono eno e e di gaisang tsotlhe ya ditlhaeletsano
Go dira diporojeke tsa konokono tsa puso tsa ditlhaeletsano tsa Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya Dinao sa 2010.
<Doc07>
Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano e Tlhabolotswe gore go tokafadiwe tshireletsego mo mebileng
POLOKWANE: Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano e tlhabolotswe.
E bidiwa Tlhabololo ya Bosomesupa mme e ne ya tsenngwa mo kgatisong.
Lefapha la Ditsela le Dipalangwa le bolelela bakgweetsi ka ditlhabololo e leng:
Gore dikoloi tse dintšha tse di kwadisitsweng morago ga 01 Phatwe 2010 di nne le dipoleiti tsa dinomore tse di tsentsweng ka pop rivets kgotsa dikurufu.
Fa e sa kgone go tsennga mo koloing e tshwanetse go tsenngwa mo boraketeng jo bo tsamaisanang le SANS 973.
Tlhabololo eno e tla fokotsa bokebekwa le ditlolomolao tsa pharakano tsa bakgweetsi ba ba ntshang poleiti ya dinomore motlhofo fela gore ba se ka ba kgona go tsewa ka motlhala.
Ga go kitla go nna motlhofo go ntsha poleiti ya dinomore le go e busetsa gape morago ga go dira tlolomolao ka gonne e tla baka ditshenyegelo tse di oketsegileng.
Poleiti ya dinomore di dirilwe ka aluminiamo gore go nne thata go e fisa gore e se ka ya lemotshega mo lefelong le go dirilweng bokebekwa mo go lone.
Go simolola ka 1 Tlhakole 2011 batho ba ba newang dilaesense tsa go kgweetsa tsa khoutu C, C1, EC kgotsa EC1 ga ba kitla ba letlwa go kgweetsa koloi e e batlang khouto B kgotsa laesene ya khoutu EB (ka mantswe a mangwe â€" motho yo o nang le laesense ya khouto 10, 11, 13 kgotsa 14 a ka se kgweetse koloi ya laesene ya khoutu 08).
Seno se tla ama fela ba ba sa tswang go nna le dilaesense.
Go na le palo e kgolo thata ya ba ba ithutang go kgweetsa b aba dirang kopo ya go newa laesense ya dilori gore ba tile teko ya go phaka koloi ka matlhakore, ka sekai.
Boammaaruri ke gore fa ba setse ba na le laesense ya dilori, ba kgweetsa koloi e nnye e ba sa tlwaelang gore e laolwa jang mme ba feleletsa ba amegile mo kotsing ya tsela.
Gape go lebeletswe gore bakgweetsi bao botlhe ba ba nang le dilaesense tsa dilori ba nne le Makwalotetla a Seporofešenale a go Kgweetsa mme, dipalopalo di bontsha gore ga ba na one.
Seno se re naya bosupi jwa gore badirakopo ba ne ba batla dilaesense tsa go kgweetsa tsa koloi e nnye mme e seng ya lori.
Directional Stability Control Devices tsa mini le tsa diminibase di ntshediwa ditifikeiti tse di ntshiwang morago ga teko ya go siamela tsela ga koloi.
Di ntshediwa dimini le diminibase tsotlhe mme e seng fela dikoloi tse di ntšha tse di sa tswang go dirwa.
Mong wa koloi yo o kwadisitsweng kgotsa moemedi wa gagwe o tshwanetse go tla ka foromo e e tladitsweng sentle ya DSCD kwa seteišeneng sa teko.
A Directional Stability Control Device ke sediriswa se se thibelang thaere go gokaganyologa mo remeng fa thaere e thubega koloi e ntse e tsamaya.
Go ne ga gatisiwa tlhabololo ya Molao 332 mme ya nna le manaane a a ntshang bosupi jwa diteko tsa mohemo tse di ka dirisediwang go kokoanya disampole tsa mohemo le setifikeiti se se ntshitsweng ke motlhami kgotsa ke motlamela ka sone di ka nna t sa dirisiwa jaaka bosupi mo dikgetseng, ka go di tlhagisa fela.
Boikaelelo jwa tlhabololo eno ke go rarabolola bothata jo bo neng jwa tlhagisiwa malebana le gore a didirisiwa tsa go leka mohemo go ya ka karolo 65(7) ya Molao wa Bosetšhaba wa Pharakano, wa ka 1996 e bile go dumalana SABS 1973 e bile bo ka dirisediwa go tlhotlhomisa gore nnotagi e kana kang mo mohemong.
Go latela fano didirisiwa tse di laoletsweng go dirisiwa:
"Seno se tlile go dirwa thata mo pakeng eno ya meletlo ka gonne e re naya tshono e e oketsegileng ya go ya go lwantsha bothata jwa batho ba ba kgweetsang ba itshietse mo ditseleng tsa rona", go bolela jalo MEC wa Ditsela le Dipalangwa e leng Pinky Kekana.
<Doc08>
Ditirelo tsa Pholo tsa Tlhokomelo ya Baimana (Pele ba Tshola Ngwana)
Basetsana le basadi ba ba imileng ba romelwa go ya go newa ditirelo tsa boimana kgotsa Midwife Obstetric Units (DiMOU) kwa metsesetoropog, le kwa ditliliniking tse di etelang mafelo a a farologaneg kgotsa tse di leng mo lefelong le le lengwe fela mo metseselegaeng.
DiMOU ke mafapha a tsalo a a tsamaisiwang ke babelegisi mo baaging gore ba tlhokomele balwetse ba ba tlhokang tlhokomelo.
Go tshitshinngwa gore bomme ba ba imileng ba rulaganye leeto la bone la ntlha la go ya tliliniking pele ga beke ya bo 20 kgotsa ka bonako fela morago ga yone.
Mme o newa tlhatlhobo ya ntlha ka botlalo le kgakololo fa a tla leetong la gagwe la ntlha la tlhokomelo ya baimana, le gape le bidiwang leeto la go tla go buka.
Boimana bo bewa leitlho ka maeto a ka gale a tatediso.
Pholo ya mme le yone e bewa leitlho fela thata.
Go tla metwa boima jwa mmele wa gagwe, kgatelelo ya gagwe ya madi le go dirwa teko ya motlhapo.
Fa go sena mathata ape, o tshwanetse go boa go tla leetong la gagwe la ntlha la tatediso morago ga dibeke tse pedi go tla go bona dipholo tsa diteko tse di tserweng mo leetong la go tla go buka.
Morago ga seno, o tshwanetse go boela mo tliliniking morago ga dibeke dingwe le dingwe di le thataro go fitlha go beke ya bo 28, morago ga moo a tle ka beke ya bo 34, mme a bo a tla fa a laetswe ke tliliniki/badiri ba MOU (makgetlo a go tla leetong leno a farologana go ya ka mafelo)
Bomme ba baimana ba tlhatlhobelwa go bona gore a pholo ya bone le ya lesea le le iseng le belegwe ga e mo kotsing.
Basetsana ba baša le bomme ba ba kwa godimo ga dingwaga di le 35 ba ba imileng ba lejwa e le ba go nang le kgonego e e kwa godimo ya gore boimana jwa bone bo nne kotsi.
Seno se raya gore go na le kgonego e kgolo ya gore boimana jwa bone le go belega ga bone go raraane.
Gape go na le kgonego e kgolo ya gore basadi ba ba imileng ba lejwe e le ba boimana jwa bone bo ka nnang kotsi fa ba na le kgatelelo e e kwa godimo ya madi, hisitori ya mathata a dijini, go ima gangwe le gape lefa ba kile ba belegisiwa ka karo.
Bomme ba ba lejwang e le ba go nang le kgonego ya gore boimana jwa bone bo nne kotsi ba romelwa kwa ditliliniking tsa go tlhokomela baimana ba ba sa robadiweng mo bookelong kwa maokelong a sekontari kgotsa a thešiari, koo go dirwang dipatlisiso le diteko go ya pele gone.
Bomme bao go nang le kgonego e kgolo ya gore boimana jwa bone bo nne kotsi ba gakololwa go ya kwa ditliliniking tsa tlhokomelo ya baimana ba ba sa robadiwang mo bookelong gantsi ka fa go tlhokegang ka gone.
Fa e le leeto la gago la ntlha kwa lefelong la pholo, o tla kopiwa go tlatsa foromo mme o tla bulelwa setsholadifaele.
Tla ka buka ya gago ya ID, molemo ope wa kalafi o o o nwang le karata ya gago ya kwa tliliniking kgotsa ya kwa bookelong, fa e le gore o kile wa kwadisiwa kwa lefelong leo mo nakong e e fetileng.
Boimana jo bo seng kotsi bo tlhokomelwa kwa di MOU (diyuniti tsa pelegiso tse di tlhokometsweng ke babelegisi ba tlhokomelo e e botlhokwa ya balwetse mo baaging) mo metsesetoropong, le kwa ditliliniking tse di etelang mafelo a a farologaneng mmogo le tse di mo lefelong le le tlhomameng kwa metseselegaeng.
Boimana jo go nang le kgonego ya gore bo nne kotsi bo okiwa kwa ditliliniking tsa balwetse ba ba sa robadiweng mo bookelong kwa maokelong a dikgaolo a metsesetoropo le metseselegae le kwa maokelong a thešiari.
<Doc09>
Lenaneo la Botlhe la Dijo tse di Nang le Dikotla
Boikaelelo jwa Lenaneo la Botlhe la Dijo tse di Nang le Dikotla kgotsa Integrated Nutrition Programme (INP) ke go tokafatsa boemo jwa go ja dijo tse di nang le dikotla tsa batho botlhe ba ba nnang kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba.
Lenaneo leo le na le dikarolo tse di farologaneng.
Phepelotlase ke eng?
Phepelotlase ke bothata jo bo masisi mo Aforikaborwa e bile ke bongwe jwa mathata a magolo a a lwatsang bana le go ba bolaya.
Go fopholediwa gore mo e ka nnang 30% ya bana ba Ba-Aforikaborwa ga ba gole ka ntlha ya go tlhoka dikotla tse di lekaneng mo dingwageng tsa fa ba sa ntse ba simolola botshelo.
Go sa je dijo tse di lekaneng, bolwetse le mathata a tlhaloganyo le a loago/go tshwenyega thata mo tlhaloganyong ke dilo tse gantsi di bakang phepelotlase.
Lehuma le go tlhoka ditsompelo ke mabaka a konokono a a bakang phepelotlase.
INP e leka go raraboola kgogodi eno e e ganyaolang matshelo e didimetse ka ditsela tse di farologaneng.
Ditlaleletsi tsa dijo tsa bana
Bana ba ba tlhokang go newa tlhokomelo ya pholo ba ba tlhatlhobiwang le go kaiwa ba na le phepelotlase (go akaretsa le bana le bagolo ba ba nang le HIV le bolwetse jwa lehuba) ba tla newa ditlaleletsi tsa dijo tse di akaretsang phaletšhe e e loileng le senô se se nayang mmele maikatlapelo a mantsi.
Ditlaleletsi di newa ba go bonweng gore ba a di tlhoka go ya ka ditlhopha tsa bone tse di farologaneng.
Badira ba pholo le bone ba tlamela ka kgakololo, tshedimosetso le thuto ka dijo tse di nang le dikotla le tsela e e itekanetseng go di feta ya go apa ya dijo.
Bagakolodi ka tsa dijo ba tlamela baagi ka ditirelo tse di kgethegileng.
Go anyisa ngwana lebele
Go thusa go lwantsha phepelotlase ngwana a santse a le monnye. Badiredi ba tsa pholo ba rotloetsa basadi gore ba anyise bana ba bone lebele fela go fitlha ba tshwara dikgwedi di le thataro mme morago ga moo go tswelela ba ba anyisa lebele le go tlaleletsa seo ka dijo tse di tshwanetseng, go fitlha ngwana a tshwara dingwaga di le pedi.
Bommaabana ba ba nang le HIV ba bolelelwa ka ditsela tse dingwe di sele tsa go fepa bana.
Bookelo jwa Vredendal le Senthara ya Baimana ya Groote Schuur ke Maokelo a a Tlhokomelang Masea mo porofenseng tumalanong le letsholo la go tlhokomela bana le Bookelo.
Go baya kgolo ya bone leitlho
Boima jwa mmele wa bana bo metwa ka dinako tsotlhe jaaka lenaneo la go baya kgolo ya bone leitlho.
Boima jono bo kwalwa mo Karateng ya Road to Health.
Go lejwa dilo tse di bakang go fokotsega ga boima jwa mmele wa bone jaaka malwetse a a tshwaetsang, tlhalelo ya dijo kwa gae le go tlhokomologiwa ga bana.
Malwetse a a tshelanwang a bakwa thata ke phepelotlase mme malwetse ano a okwa ka go dirisa thulaganyo ya konokono ya go tlhokomela pholo.
Malwetse a a bakang letshololo a amana thata le tikologo e e leswe (go olelwa ga leswe la matlwana a boithomelo le go tlamela ka metsi) le go sa neye masea dijo tse di nang le dikotla, se gape se dirang gore a se ka a sireletsega mo letshololong le le masisi le le tsayang nako e telele.
Go fokotsa lehuma
Go batlanwa le malapa a a aparetsweng ke lehuma a bo a romelwa kwa mananeong a go fokotsa lehuma.
Tshireletsego ya dijo mo lapeng e rarabololwa mo teng ga setheo e bile go tlamelwa ka ditharabololo tse di tshwanetseng le tshegetso.
Ditlaleletsi tsa Dibitamine
Ditlhaelo tsa taolo ya dikotlapotlana ke karolo e e botlhokwa ya tirelo.
Dikotlapotlana ke dire tsa tlhago tse di jaaka dibitamine le diminerale, tse di bonwang di le ka selekanyo se sennye mo dijong e bile di botlhokwa thata go boloka pholo e e itekanetseng.
INP e tlamela bana ba ba e newang ka tlaleletso ya Bitamine A.
Bana ba ba tlhaelang Bitamine A ba latlhegelwa ke boima jwa mmele, ga ba gole ka tshwanelo e bile ga go pelaelo gore ba tlile go tshwaetsega le go bolawa ke tshwaetso eo.
Go tlhaela Bitamine A gape go gobatsa matlho, ke gone go bakang thata bofofu mo baneng.
Bana ba ba belegwang ba na la boima jo bo kwa tlase jwa mmele ba newa dipilisi tsa Bitamine A, e e nonotshang masole a mmele le go thusa bana go gola.
Masea a dikgwedi di le 6-11 a newa tekanyetsomolemo e le nngwe ya Bitamine A (100 000 IU) go thibela bolwetse jo bo masisi.
Bana go simolola ka ba dingwaga di le 12 go fitlha go dingwaga di le tlhano ba newa tekanyesomolemo e le nngwe ya 200 000 IU fa ba dikgwedi dingwe le dingwe di le thataro go fitlha ba tshwara dingwaga di le tlhano.
Ditekanyetsomolemo tse di oketsegileng tsa Bitamine A di newa bana bao phepelotlase ya bone e leng maswe thata, kgotsa ba ba nang malwetse a a tshelanwang a a sa kgaotseng a a jaaka letshololo, mmokwane kgotsa tshwaetso ya HIV.
Go tlosa dibokwana mo mmeleng
Go fokotsega ga boima jwa mmele mo baneng gape go ka bakwa ke go nna le dibokwana mo mmeleng mme ba okwa kwa tliliniking ka molemo wa go tlosa dibokwana mo mmeleng.
Kgakololo ka dijo tse di nang le dikotla mo maemong a a khethegileng
Thuto ka dijo tse di nang le dikotla, tshedimosetso le go newa kgakololo di newa batho ba ba kileng ba swa mohama, ba ba nang le kgatelelo e e kwa godimo ya madi, bolwetse jwa sukiri, HIV/AIDS le Bolwetse jwa lehuba.
Lenaneo la dijo tsa dikotla la sekolo sa poraemari
Lenaneo la Dijo tsa Dikotla la Sekolo sa Poraemari.
Ga jaanong jaana dikema tseno di tshwaraganetswe le Lefapha la Thuto.
Boikaelelo jwa puso ya porofense ke go fitlhelela bana ba le 125 000 kwa dikolong tsa poaraemari di le 847 mo porofenseng ka 2004 ka lenaneo la lone la go fepa bana mo dikolong.
Dijo mo ditheong
Gape INP e tlatseletsa ka go thusa go tlhokomela ditlelaente ka ditirelo tsa dijo gore ba tlamelwe ka dijo tse di nang le dikotla tsotlhe.
Ditaelo:
Ba ba etelang tliliniki/bookelo jwa sekontari kgotsa thešiari ba tla kopiwa go tlatsa foromo mme molwetse o tla bulelwa setsholadifaele.
Tlaya ka buka ya gago ya ID.
Go tla batliwa lekwalo le le tswang kwa tliliniking fa o etela bookelo.
Bookelo bo tla go kopa go ba naya selipi sa gago sa bošeng se se bontshang gore o amogela bokae/tshekatsheko ya madi a lotseno (IRP5).
Tlaya ka karata ya gago ya bookelo fa o ne o kwadisitswe kwa bookelong mo nakong e e fetileng.
<Doc10>
Puo ka Motlatsa-Tona wa Ditiro tsa Setšhaba, Rre Ntopile Kganyago, MP, ka nako ya go thankgololwa ga ntlha ga Tshwane Inner City Programme, South African Reserve Bank Building, Tshwane
Batlhankedi-bagolo ba bangwe ba puso
Bomma le Borra ba metswedi ya dikgang
Baeng ba ba tlotlegang
Tshwetso e e tserweng ke Kabinete ka 1997 go rotloetsa mafapha a bosetšhaba a puso go dira gore karolo e e fa gare ga toropo ya Tshwane e nne le legae la bone la leruri e ne e le go bontsha isagwe e e molemo thata e e larileng kwa pele; ka nako eo le jaanong.
Diphelelo tsa seno ke thulaganyo e e dirilweng ka maatlametlo go golaganya tlhabololo ya ditoropo tsa rona le kopo e e dirilweng ke puso ya gore metsesetoropo e tlhabololwe le matsholo a mangwe a go tlhabololwa ga dibaka tse di bulegileng a boikaelelo jwa one e leng go rotloetsa mowa wa go tlhoma metsesetoropo go ya ka ditshwanelo tsa batho, go bontsha botsalano, go tlhabolola ikonomi le go kitlanya setšhaba.
E re ka re setse re fitlheletse mokgele wa rona wa ntlha, gape re ipelela maitemogelo otlhe a re nnileng le one go tla go fitlha gompieno jaana.
Dikgakololano tse di tseneletseng tse gantsi di dirwang ka go tshwara ditherisano tse di tseneletseng ka se se tlhokwang ke mafapha a puso le ditshono tse di e bulegetseng go laola mafapha malebana le tikologo ya one, e leng go tokafatsa maemo a go berekwang ka fa tlase ga one mo mafapheng a puso mo teng ga toropo ya Tshwane.
Mme re tshwanetse go thusa le rona ka thuso ya go tlhabololwa ga karolo e e mo teng ga toropo.
Mekgele e mengwe e e leng botlhokwa e akaretsa letsholo la go ngoka peeletsomadi ya ditheo tsa poraefete, go direla Tshwane leina le ntle jaaka e le motsemošate o o botlhokwa mo Aforika le go rotloetsa go matlafadiwa ga batho-bantsho seikonomi.
Puso ke yone e e di fetang tsotlhe ka go nna le Porophati e bile e di goga kwa pele ka go nna Babeeletsi ba madi mo go tsa ikonomi ya Pusoselegae segolobogolo mo Johannesburg le mo Ditoropongkgolo tsa Tshwane le Gauteng.
Mafapha a batla diofisi tse di dirang sentle tse di nang le sebaka se se lekaneng gore a kgone go diragatsa maikarabelo a one a tirelosetšhaba.
Botlhe ba a itse gore gantsi dikago tsa puso di wela mo setlhopheng sa tse di siameng go ya go tse di seng maswe go le kalo mme ga di wele mo go tse di siameng go di gaisa tsotlhe.
Ditlhabololokago, go ntšhwafadiwa ga dikago le go baakanngwa go tla etelela pele tiriso ya madi le go thusa lefapha la BEE la Porojeke ya Karolo e e fa Gare ga Toropo ya Tshwane.
Ngwaga le ngwaga puso ya bosetšhaba ka Lefapha la Ditiro tsa Puso dirisa bokana ka dibilione di le pedi tsa diranta (R2 bilione) go duelela dikhiro le dituediso tse dingwe tsa botsamaisi jwa dikago jaaka direiti le ditirelo mo nageng yotlhe, mme go tla solegelwa molemo setlamo sa poraefete le pusoselegae.
Mme go lebeletswe gore thulaganyo ya go tlhabolola toropo ya Tshwane e etelelwe pele ke baamegi ba le bangwe fela ba ba ntseng ba e etelela pele, ka kgonego ya gore Puso ya Porofense ya Gauteng e nne le seabe mo tlhabololong eno ka diporojeke tsa bone tse dikgolo tsa peeletsomadi jaaka e tshegediwa ke Gauteng Economic Development Agency (GEDA).
Malebana le Lananeo la Tshwane Inner City, le go tloga jaanong le tla bidiwang "Re Kgabisa Tshwane" le le tla ranolwang ka go re "A Better Place to Work", go tlhomiwa mogopolo thata mo bathong (mo badireding puso le mo setšhabeng), ka gonne ba agile mo mafelong a a direlwang ditirelo tsa puso le go di amogela.
Fa a ne a dira kitsiso ya Lenaneo la Puso la go Tsaya Kgato la 2004, Poresidente Rre Thabo Mbeki o ne a kopa mafapha a bosetšhaba a Ditiro tsa Setšhaba le Ditirelo tsa Puso le Tsamaiso gore a tsweletse porojeke pele ka go e tshwaraganela go tokafatsa tikologo e go berekelwang mo go yone ya mafapha a puso le badiredipuso.
Dikago tsa puso ke tsone tse di fetlhang ditirelo mme batlhankedi ba puso ke bone ba dirang gore enjene e dume mme e dumele kwa godimo ka bonako, le ka modumo o o seng maswe.
Ka nako ya kgato ya porojeke ya go dira ditshekatsheko tsa se se thokegang, badiri ba le bantsi ba kwa pusong ba go neng ga ikgolaganngwa le bone ba ne ba gatelela botlhokwa jwa go nna le lefelo le le siameng go a gaisa otlhe la go berekela, le le tshwanelang mofuta wa tiro ya bone mme seno se akaretsa tikologo ya ka fa teng le ya kafa ntle e leng lone lebaka la go bo go tlhokega gore ba tshwaraganele seno le Tshwane Metro, e e ikarabelang ka go laola dikarolo tse dintsi tsa motsesetoropo jaaka pharakano, bophepa, tshireletsego le mekgwabiso.
Mma ke dirisetse tshono eno go leboga setlhopha sa botsamaisi sa Tshwane le baeteledipele ba ba kgonang go bonela dilo pele ka go amogela porojeke eno le go e dira karolo ya Dithulaganyo tse di Kopantsweng tsa Tlhabololo.
Tota e bile, Memorantamo wa Tumalano kgotsa Memorandum of Understanding (MOU) o re tla tlogang re o saenela gompieno jaana fa gare ga Lefapha la bosetšhaba la Ditiro tsa Setšhaba le City of Tshwane Metro, ke netefatso ya gore re dirile tumalano e re tlileng go dirisana ka yone.
Ke maikano a maikaelelo a go dirisana mmogo mo matsholong le mo diporojekeng tse di tla solegelang maloko a mabedi ano molemo.
Molaetsa o re o fetisetsang go lona gompieno ke wa go re "tiro e simolotse" mme dingwaga di le 10 tse di tlang di tlile go nna le diranta di le dibilione di le robedi (R8 bilione) tse di tswang mo pusong le kwa setlamong sa poraefete ka ditekanyetsokabo, go tokafadiwa ga dilisi le ditirisanommogo fa gare ga ditlamo tsa poraefete mo setšhabeng.
Malebana le Botsamaisi jwa Porokeramo, go tlhomilwe Komiti e e Eteletseng Pele fa gare ga Lefapha la Bodiredipuso le Botsamaisi, Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba, Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le City of Tshwane.
Se sengwe se Komiti e tla se dirang ke go etelela lenaneo pele, go le okamela le go baya leitlho go tsenngwa ga lone tirisong, go feleletsa leano la go le tshegetsa ka madi le go tlhomamisa gore le tsenngwa tirisong ka go tshwaraganelwa.
Lefapha le tlhomile Rre Dumisani Dlamini jaaka Mothusi wa Mokaedi-Kakaretso yo o ikarabelang ka go laola lenaneo leno lotlhe.
Ke a lo leboga.
<Doc11>
Mme Mmusakgotla, Tonakgolo e e Tlotlegang, Badirimmogo mo Kabineteng, Maloko a Ntlo, Baeng ba ba tlotlegang, batlhankedi ba lefapha la tlamelo ka matlo, maloko a ba metswedi ya dikgang le maloko otlhe a setšhaba, lo amogelwa ka diatla tsoopedi.
Mafoko ano bomma le borra a bua sengwe ka dipolotiki tsa Aforikaborwa, segolobogolo kwa Kapa Bophirima.
Go sa kgathalasege gore batho ba ba ineetseng ba ba ratang kgatelopele ba naga eno ba dira ka natla go le go kana kang, maikaelelo a batho bangwe ke go nyenyefatsa tiro e e molemo e e dirilweng ke puso eno e e amegang ka batho mo lobakeng lo lo khutshwanyane fela lwa fa e sena go simolola go busa.
Bomma le borra, batho ba le bantsi ba ile ba ngangisana gore tlamela ka matlo ke eng, mme ntetlang go lo naya tlhaloso e nngwe.
Mo go nna, go tlamela ka matlo ga se fela go naya batho bonno.
Go amana le batho ka bobone ba ba sikarang maikarabelo a go somarela tikologo ya bone le go rulaganyetsa isagwe.
Ke go tlhama mafelo a baagi a a solofetsang le tikologo e e siameng ya bonno e e tshwarelelang.
Ke go tsamaelwa ke dilo sentle mmogo ka tirisanommogo fa gare ga setheo sa poraefete, setheo sa puso, Mekgatlho e e Seng ya Puso, mme sa botlhokwa le go feta, ke ka ga baagi.
Mo go nna, tlamelo ka matlo e ka tlhalosiwa botoka e le thulaganyo, e e akaretsang go rulaganya le batho mo boemong jwa go rulaganyetsa batho.
Tlamelo ka Matlo mo Aforikaborwa ga se kuno fela, mme gape ke thulaganyo e e theilweng mo mekgweng ya puso ya temokerasi e batho ba naga eno ba ileng ba e lwela ka natla.
Ke thulaganyo e e reetsang batho, e e letlang batho go diragatsa tshwanelo ya bone ya temokerasi ya go tlhopha mofuta wa ntlo le lefelo le ba batlang ntlo ya bone e agiwa kwa go lone.
Ga go na sepe se se maswe jaaka go tshwara batho makgwakgwa le go thulana le temokerasi jaaka go ba amoga tshwanelo ya bone e e botlhokwa ya go itlhophela.
Go farologana le puso ya apareteiti, nna jaaka molweladiphetogo mo loagong, batho ba fitlheletse maikaelelo a me le leano la me la go ba tlamela ka matlo.
Bomma le borra, ke itumelela go lo neela puo ya me ya bobedi mo thapameng eno ya tekanyetsokabo jaaka Tona ya Porofense ya Tlamelo ka Matlo.
Gape ke motlotlo go lo neela puo eno ya tekanyetsokabo letsatsi pele ga puso ya rona ya temokerasi e tshwarwa Dingwaga di le 10.
Go na le bosupi jo bo nonofileng jwa gore puso e e eteletsweng pele ke ANC e fitlheletse go le gontsi ka fa tlase ga dingwaga di le lesome fela tsa puso ya temokerasi go feta naga epe fela e e kileng ya dira seno mo lefatsheng ka bophara
Sisebenzile - Re fitlheletse sengwe.
Go tlhalosa dilo ka tlhamalalo, mo gare ga matlo a le 1.4 milione a puso e tlametseng ka one, ke motlotlo go dira kitsiso ya gore mo dingwageng di le robonngwe tse di fetileng, porofense ya rona e tlametse ka diyuniti di le 167 000, tse e leng 11% e e neng ya ipelelwa ke naga yotlhe.
Go ya ka nna, eno ke tiro e e dirilweng ka mabogo a a duleng diatla.
Ke batla go lo itsise gape gore ngwaga o o fetileng o ne o tletse dikgwetlho, tse di eng tsa ama tlamelo ka matlo ka tsela e e sa siamang mo nageng yotlhe, mme segolobogolo mo porofenseng ya rona.
Dikgwetlho tseno di bakilwe ke go tsenngwa ga ditaelo tsa pholisi e ntšha le dithulaganyo tsa gore ba ba tlileng go newa matlo ba ntshe R2 479 le ke go simololwa ga Sekema sa Bosetšhaba sa Lekgotla la Go Ikwadisa la Homebuilders sa matlo a puso e thusang ka go duela bontlhanngwe jwa madi a yone.
Boikaelelo jwa dikgato tseno ga se go dira gore tlamelo ka matlo e nne bonya mme ke go dira gore setšhaba sa rona se amogele matlo a a sa tureng a boleng jo bo kwa godimo.
Go ithuta ka se se re diragalelang ga jaanong fa re tsenya dipholisi tseno tirisong gone go fokotse tlamela ka matlo.
Se se dirang boemo maswe le go feta e ne e le ntlha ya gore lefapha la me le ne le dira le sena Mokaedi-Mogolo dikgwedi di le robonngwe.
Seno se ne sa dira gore kgatelopele ya rona e nne bonya fela thata.
Fa e sa le seo se direga, ke ile ka mo tlhoma, e leng Rre Seth Maqethuka, yo o belegetsweng le go golela kwa Cape Town e bile o na le maitemogelo a puso ya bosetšhaba le puso-selegae, mme ke rata go mo akgola le go mo amogela le fa ke setse ke dirile jalo makgetlo a le mantsi.
Go sa kgathalasege dikgwetlho le mathata ano, ke motlotlo go itsise setšhaba sa rona gore lefapha la me le kgonne go dirisa R348 milione, e e rayang gore re dirisitse 92% ya rona go tlamela ka matlo kwa Kapa Bophirima.
Dingwe tsa diporofense ga di a kgona go dirisa 52% ya ditekanyetsokabo tsa tsone.
Seno se ne sa felela ka go amogelwa semmuso ga matlo a ka nna 25 000 a puso e thusitseng go duelela bontlhanngwe jwa madi a one.
Malapa a le mantsi a bahumanegi a tla nna le tshono ya go ipelela maungo a puso ya rona ya temokerasi.
Bomme le borre bano, ba emela koketsego e e seng kana ka sepe ya diyuniti di le 3000 fa di bapisiwa le tsa ngwaga o o fetileng.
Malebana le seno, ke rata go leboga seabe se se botlhokwa se bommasepala ba nnileng le sone mo porofenseng ya rona.
Kwantle ga boikemisetso jwa bone le tiro e e molemo e ba e dirileng, re ka bo re sa kgona go dirisa madi ano.
Re sa ntse re le foo, ke rata go akgola Lekgotlatoropo la Cape Town le le dirisitseng 70% ya tekanyetsokabo ya rona.
Gape ga ke lebale tiro ya ka natla ya batlhankedi ba me le thuso ya bone mo maikemisetsong a rona a go tlamela setšhaba ka matlo.
Bomma le borra, ke tla bo ke sa bue boammaaruri fa ke ka tlhokomologa segakolodi sa me sa gore gape ke bue ka dilo tse di seng monate tse di amanang le thulaganyo ya tlamelo ka matlo.
Go sa ntse go na le dilo dingwe tse re tshwanetseng go di dira mo thulaganyong ya rona ya tlamelo ka matlo.
Go tla go fitlha jaanong, re sa ntse re tshwanelwa ke go tokafatsa mo dilong tse di latelang tse di re tlamang thata:
Bontsi jwa matlo a rona ga a ise a tsamaisane le pholisi ya go tlamela e seng ka matlo a mantsi mme ka matlo a boleng jo bo kwa godimo.
Re sa ntse re tshwanelwa ke go fetola thulaganyo ya tlamelo ka matlo gore e se ka ya nna ya go tlamela ka bonno mme e ne ya go tlamela ka bonno jo bo nnelang ruri.
Re tshwanetse go fetola mokgwa wa go tsaya karolo ga ba ba solegelwang molemo ke thulaganyo eno gore e se ka ya nna ka moloko fela mme ba tseye karolo ka tlhamalalo.
Re tshwanetse go fetola seemo sa megopolo ya setšhaba sa rona gore ba simolole go leba matlo a puso e thusitseng go duelela bontlhanngwe jwa one e seng jaaka dikuno fela mme jaaka matlotlo.
<Doc12>
DITIRO TSA BODISA MO KGAOLONG
Tlalelo e mme le ngwana ba neng ba le mo go yone e ne ya neyelela fa James Busakwe wa dingwaga di le16 a ne a kopanngwa gape le mmaagwe yo a mo tsetseng ka di 7 Moranang 2006.
Tlalelo eno e ne ya simoloa fa mmaagwe lesea James a ne a goroga kwa Bookelong jwa Klerksdorp ka di 6 Moranang a tla go etela morwawe, mme baoki ke fa ba lemoga gore ngwana o neilwe mosadi o sele, a itshema gore ke ene mmaagwe ngwana yo a mo tsetseng mo letsatsing le le fetileng.
Ka bonako fa seno se sena go lemogwa, baoki ba ne ba bolelela Seteišene sa Mapodisi sa Kanana ka gonne mosadi yo o neng a tlile go tsaya ngwana a ne a neile baoki aterese ya kwa Kanana.
Aterese eo e ne ya tlholwa kwantle ga katlego epe.
Go ne go sena ope wa leina la mosadi yoo kgotsa yo o tshwanang le ka fa mosadi yoo a neng a tlhalosiwa ka teng.
Mo maitseboweng a di 6 tsa Moranang CPF ya kwa Kanana e ne ya tshwara kopano.
Mokomišinari wa seteišene wa nama o tshwere o ne a bolelela ba ba neng ba tlile mo kopanong ya ngwana yo o utswitsweng le go bakopa gore ba nne ba ntshitse matlho dinameng le go bula ditsebe.
Mo e ka nnang ka 23:00, monwe wa leloko la baagi o ne a leletsa mapodisi mogala ka tshedimosetso ya gore mosadi mongwe yo o nnang mo kgaolong ya gagwe, yo go sa itsiweng a ne a imile, o bonwe fela a setse a na le ngwana wa mosimane.
Mapodisi a ne a sala kgang eno morago mme a fitlhela mosadi yoo ka ngwana.
Badiri ba kwa bookelong ba ne ba bidiwa go tla go supa gore a ngwana ke ene, le mosadi yo o mo utswitseng kwa bookelong gore a ke ene.
Go ne ga fitlhelwa dilo tse di farologaneng tse di ntshang bosupi, go akaretsa le leseka la polasetiki kwa ntlong ya mmelaelwa.
Mosadi yono o ne a tshwarwa mme ngwana yo o neng a sa gobala o ne a busediwa kwa bookelong, koo a neng a kopanngwa le mmaagwe wa mmatota mo mosong o o latelang.
Ditiro tse maloko a baagi a neng a di dira tsa go bonwa ga ngwana, di tshwanetse go akgolwa, ka gonne di supa botlhokwa jwa Tiro ya Bodisa mo Baaging.
Botlhokwa jwa Tiro ya Bodisa mo Kgaolong e e tlhomilweng le go tlhokomelwa sentle, ga e a tshwanela go lebelwa kwa tlase.
Tshwarang fela jalo, Kanana CPF!
Mohumagadi yo o rategang
Ke tsaya gore e ne e le ka lesego le le seng kana ka sepe ke ileng ka feta fa seteišeneng sa lona sa mapodisi kwa Mondeor, mme ka bona Lekwalopaka la lona la SAPS.
Ke tsaya gore le gatisiwa gangwe ka kgwedi, mme ke fitlhela le buisega monate tota.
Nna le mosadi wa me re sa tswa go simolola kgwebo e ntšha mme re rata go laletsa botlhe, kgotsa bangwe ba badiri ba gago fa ba le mo lefelong la rona, go tla go nwa kopi ya kofi kgotsa ya tee mahala e bile re solofela gore ba tla e nwela ka dibisikitinyana.
E re ka ke itse gore o tla tlhaloganya, ga go motlhofo go simolola kgwebo e ntšha e bile go tsaya tiro e e seng kana ka sepe le madi.
Le fa go ntse jalo, re santse re dumela gore mapodisi le mafapha a mangwe a botlhoma-molao a botlhokwa thata mo baaging botlhe ba Aforikaborwa.
Eno ke mphonyana e nnye fela e re ratang go lo naya yone lotlhe go lo lebogela go intsha setlhabelo ga lona go tlhomamisa gore rona, baagi, re kgone go tswelela pele ka matshelo a rona a letsatsi le letsatsi.
Re lebile pele go utlwa go tswa kwa go wena, gongwe se se botoka, e tla nna go bona bangwe ba badiri ba gago ba apere yunifomo, ba tsena mo lebenkeleng la rona le lennye gore re kgone go ba itse botoka.
Re lo leboga gape, batlhoma-molao ba mo Aforikaborwa, ka ntlha ya tiro ya lona ya ka natla le boineelo jwa lona jwa go boloka Aforikaborwa e babalesegile.
Makwalo a makhutshwane, a a tobang dintlha a ka romelwa ka fekese kgotsa ka imeile kwa Motseleganying.
Re na le tshwanelo ya go tseleganya kgotsa go khutshwafatsa makwalo.
<Doc13>
TALETSO YA GO TSAYA KGATO
Ka di 14 Seetebosigo 2007, nngwe ya diathikele tsa Lekwalopaka la SAPS mo inthaneteng (www.sapsjournalon-line.gov.za) le ne la tlhalosa kafa batlhankedi ba babedi ba mapodisi ba Lephata la go Tlhaola Dikoloi tse di Utswitsweng kwa Welkom ba neng ba tshwarelwa bonweenwee le tsietso ka gone.
Go begwa gore bobedi jono, suporithendete le insipeketara, ba ne ba rekisa dikoloi tse di neng di utswitswe fa di sena go bonwa ke mapodisi ba bo ba itseela madi a tsone.
Babelaelwa ba babedi bano ba ne ba tlhaga kwa kgotlatshekelong ka di 12 Seetebosigo mme kgetse e ne ya busediwa morago go di 21 Phatwe 2007.
Letsatsi morago ga moo, ka di 15 Seetebosigo 2007, setlhogo sa dikgang sa News24 se ne sa bolela jaana: "Mapodisi a mabedi a batshwarapoo ".
Mo nakong eno e ne e le konsetabole wa moithuti le insipeketara ba go begwang gore ba ne ba tsenelela lebenkele la diaparo kwa Marble Hall, ba utswa madi, marokgwe le hemepe.
Bonweenwee bo tshwanetse go fela mo gare ga mapodisi.
Le fa bontsi jwa rona re ikanyega, re le baagi ba ba dirang ka natla, batlhankedi ba le mmalwa ba mapodisi ga ba itlotle, ga ba tlotle yunifomo e ba e apereng kgotsa Moono wa Boitshwaro wa Mapodisi.
Ke nako ya gore re tlose mapodisi otlhe ano a a kgopo mo gare ga SAPS.
Jaanong o ka thusa ka go tlosa mapodisi a a tletseng bonweenwee ka go a senola mo nomoreng e ntšha ya go bega bokebekwa.
Kwantle ga go itshenola ka leina!
Fa o belaela gore mongwe wa badiri-ka-wena o na le ditironyana tsa bofitlha, kgotsa fa o itse mongwe yo o dirang jalo, e ka tswa e le batlhankedi ba mapodisi, maloko a lelapa, badiri-ka-wena, baagelani ba gago kgotsa batho ba o sa ba itseng ba ba dirang ditiro tsa bokebekwa kgotsa ba ba rulaganyetsang go dira ditiro tsa bokebekwa, sotlhe se o tlhokang go se dira ke go romela SMS go 32211.
Ke nomore e ntšha ya bosetšhaba ya go bega bokebekwa e e neng ya tlhomiwa bošeng jaana ke Primedia kwa Sandton.
O ka nna wa romela SMS go 32211 (ka R1 fela) kgotsa leba www.crime-line.co.za.
Batlanyi tshedimosetso ba ba katisitsweng ba letetse go fetisetsa tshedimosetso kwa mapodising, a a tla e tseelang kgato ka bonako!
Se se monate ke gore ga o kitla o senolwa ka leina.
Jaanong o na le maatla a go thusa go lwantsha bokebekwa kwantle ga go itsenya mo kotsing.
Letsholo la Primedia le solofetsa gore tiro e tla dirwa kwantle ga diphoso.
Yusuf Abramjee, Mookamedi wa porojeke ya Go Thibela bokebkewa, o ne a re: "Ga re batle leina kgotsa aterese ya gago ntle le fa o ithaopela go re naya tsone e bile o sa batle go kwala diteitemente dipe kgotsa go ya go tlhaga kwa kgotlatshekelong.
Se re se batlang fela ke tshedimosetso ka dikebekwa gore mapodisi a di tseele kgato."
Letsholo le le ntšha leno la bosetšhaba la dimilionemilione tsa diranta la go thibela bokebekwa le ne la thankgololwa ke Primedia kwa Sandton ka di 7 June 2007.
E theilwe go tsamaiso ya Crime Stoppers International.
Crime Stoppers e simolotse kwa Albuquerque, New Mexico, ka Lwetse 1976.
Ke tirisanommogo fa gare ga baagi, ga metswedi ya dikgang le ditlamo tsa batlhoma-molao mme e ne e diretswe go lwantsha bokebekwa le go boloka baagi ba sireletsegile.
Gompieno, go na le mananeothuto a go Thibela Bokebekwa a le 1 200 mo lefatsheng lotlhe a a dirang mo dinageng di le 20 a a dirisang tshedimosetso e a e newang ke baagi.
Go ya ka Mokhuduthamaga-Mogolo wa Primedia Ltd, e leng Rre William Kirsh, mananeo ano a thusitse go tshwara dikebekwa di le 600 000!
Se motlhankedi mongwe le mongwe wa mapodisi a tshwanetseng go se itse ke letsholo leno la go lwantsha bokebekwa, ke gore le tshegediwa ka botlalo ke Tona ya Tshireletsego le Pabalesego, e leng Rre Charles Nqakula le Mokomišinari wa Bosetšhaba wa SAPS, mokomišinari Jackie Selebi.
Mokomišinari Selebi o ne a solofetsa gore "jaaka setlamo, re tlile go dira sotlhe se re ka se kgonang gore porojeke eno e dire."
Potso ke gore wena o tlile go dirang ka gone?
Re tlhoka tshegetso ya mongwe le mongwe ka botlalo, e seng fela gore o tsiboge ka bonako fa a amogela tshedimosetso go tswa kwa senthareng ya tsa bokebekwa, mme gape go maketa letsholo leno gongwe le gongwe kwa o leng gone.
Bolelela batho, di CPF, dikolo, lelapa la gaeno le ditsala ka letsholo leno.
Tlhomamisa gore ba a tlhaloganya gore letsholo leno le solofetsa go nna le le senang diphoso, gore ga ba kitla ba senolwa ka leina go sa kgathalasege gore go diregang.
Gape gakologelwa gore mogala ono ga se wa maemo a tshoganyetso.
Batho ba sa ntse ba tshwanelwa ke go bega maemo a tshoganyetso kwa nomoreng ya 10111 kgotsa kwa seteišeneng sa mapodisi se se gaufi le bone.
Ka letsholo leno la go lwantsha bokebekwa ba metswedi ya dikgang ba ne ba thusa mapodisi.
Ba batla go re thusa go dira gore Aforikaborwa e nne lefelo le le sireletsegileng la botlhe.
Fa go ne go thankgolwa letsholo la mogala wa go bega bokebekwa, John Robbie, motshwari wa lenaneo la mo mosong la Talk Radio 702, o ne a naya SAPS metšhini ya 65 ID Tool.
Rre Robbie o ne a dira boikuelo mo moweng a bua le bareetsi gore ba dire maikano ka metšhini eno ya ID Tool.
Morekisi wa motšhini ono, Face Technology, le ene o ne a tsenela letsholo leno, a fokotsa tlhwatlhwa ya metšhini go thusa ditlamo tse kwa tshimologong di neng tsa ikanela go koleka madi a le mantsi a motšhini o le mongwe gore di reke e le mebedi.
Primedia le John Robbie ga se bone fela ba ba thusang mapodisi mo go lwantsheng bokebekwa.
Buisa kgang epe fela ya go atlega mo Lekwalongpaka la SAPS kgotsa mo Lekwalongpaka la Inthanete la SAPS mme o tla bona ka fa dikgetsi di neng tsa rarabololwa ka gone ka thusa ya maloko a baagi.
Ka go tlhomiwa ga letsholo le le ntšha leno la go lwantsha bokebekwa, dikebekwa, go akaretsa le ba le mmalwa ba ba nang le bonweenwee mo tirong, ba tla itse selo se le sengwe... gore malatsi a bone a badilwe.
<Doc14>
Go newa tetlelelo-semmuso ga motlamela ka ditirelo wa ETQA
Ditirelo tsa Puso ya Aforikaborwa
Go dira kopo e e yang go ETQA ya go newa tetlelelo-semmuso ya go nna motlamela ka thuto le katiso
Tlhaloso
Melawana e e amang ditlamo tsa Tlhomamiso ka Tsa Boleng jwa Thuto le Katiso kgotsa Education and Training Quality Assurance (ETQA) ka fa tlase ga Lefapha la Taolo ya Dithutego la Aforikaborwa kgotsa South African Qualifications Authority (SAQA) e batla gore batlamela ka thuto le katiso ba dire kopo ya go newa tetlelelo-semmuso malebana le ETQA.
Gore ba newe tetlelelo-semmuso, batlamela ka thuto le katiso ba tshwanetse go kwadisiwa go ya ka molao o o maleba o o tlhomilweng ke kgotlatheomolao.
Molao o o tlhomilweng ke kgotlatheomolao o o amanang le Thuto-godimo le Go Tsweletsa Dithuto Pele o batla gore batlamela ka thuto le katiso e e tlamelang ka dithutego tsotlhe ba kwadisiwe kwa Lefapheng la Thuto.
Motlamela ka thuto le katiso o tshwanetse gore gape a tlamele ka ditekanyetso tsa yuniti le/kgotsa dithutego tse di welang mo karolong e go tlhomilweng mogolo mo go yone ya setlamo sa Tlhomamiso ka tsa Boleng jwa Thuto le Katiso kgotsa Education and Training Quality Assurance (ETQA) sa Sector Education and Training Authority (SETA) kgotsa Setlamo sa Seporofešenale.
Dipatlafalo tsa go newa tetlelelo-semmuso:
* Dipatlafalo tsa go newa tetlelelo-semmuso di mo tokomaneng ya setlhogo se se reng Maemokatlhodi le Dikaedi tsa Batlamela ka Ditirelo mme e ka bonwa mo webosaeteng ya SAQA.
* Mananeothuto (le/kgotsa ditekolo) tse motlamela ka thuto le katiso a tlamelang ka tsone di felela e le ditekanyetso tsa yuniti le/kgotsa dithutego tse di kwadisitsweng mo Thulaganyong ya Bosetšhaba ya Dithutego kgotsa National Qualifications Framework (NQF).
* Kharikhulamo (thadiso, diteng le dintlha tse go rutwang ka tsone) e tsamaisanngwa le ditekanyetso tsa yuniti le/kgotsa dithutego.
* Go na le badiri ba ba tshwanelegang ka mo go lekaneng (batlhatlheledi le balekodi ba ba kwadisitsweng).
* Baithuti ba kgona go bona ditirelo tse di lekaneng tsa kemonokeng tsa go ithuta.
* Mekgwa ya tekolo le didirisiwa tse di dirisediwang go lekanya dipatlafalo tsa tekanyetso ya yuniti le/kgotsa thutego ga e gobelele, e siame e bile e a ikanyega, e bile e dirisediwa go tokafatsa go ithuta.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
* Romela lekwalo le le tlhalosang maikaelelo a gago a go newa tetlelelosemmuso jaaka motlamedo wa ETQA ka thuto le katiso e e maleba.
* Romela foromo ya go itshekatsheka le ya go dira kopo kwa ETQA.
* Fa o sa newe tetlelelo-semmuso mme o akanya gore thulaganyo e e latetsweng e ne e sa siama, o na le tshwanelo ya go dira boikuelo.
* Lenaane la di ETQA le dinomore tsa go ikgolaganya le yone di teng mo webosaeteng ya SAQA.
E ka nna ya tsaya dikgwedi di le 6.
Tirelo ke ya mahala.
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Diforomo tsa kopo ya go newa tetlelelosemmuso le ditokomane tse di amanang le tsone di ka bonwa go tswa go ETQA e e maleba.
Dintlha tsa go ikgolaganya le yone - Tsweetswee tlhopha seitlhophelwa se le sengwe fela:
