<Doc01>
Setheo sa Pabalesego ya Loago ya Aforikaborwa
Tšhata ya Tlhokomelo ya Badirisi
O amogetswe mo Tšhateng ya Badirisi
Re batla gore, wena modirisi wa rona, o re atlhole go ya ka maemo a re a beetseng tirelo ya rona mo tšhateng e.
Re tla go tshwara ka tlotlo, mme re go bontshe tirelo ya metheo ya BATHO PELE e mentle.
Re ikana go go naya tirelo ya maemo a a kwa godimo jaaka e le nngwe ya maikarabelo a rona, re go naye tshedimosetso e e nepagetseng, keletso le thuso mo ditirelong tsotlhe tsa rona.
Maikaelelo a Tšhata
Tšhata e re itsise ka ga maemo a re ka a solofelang go tswa go Setheo sa Pabalesego ya Loago ya Aforikaborwa (SASSA).
SASSA ke tsweletso ya letsogo la ditirelo la puso le le laolang tirelo ya dikerante tsa loago go ya go baagi ba Aforikaborwa.
Re ikana
Go rebola ditirelo tsa boleng tsa tshireletso ya baagi, re dirisa bokgoni jo bo tlhotlhwa e e kwa godimo le boleng.
Se o ka se solofelang mo go rona
Tsweletso le tshireletso ya seriti sa setho, Boitshepo, Thokgamo, Botshepegi, Ponalo le Tekatekano.
Ka gotlhe Setheo sa Pabalesego ya Loago ya Aforikaborwa, se tla
Naya tshedimosetso le kgakololo ka ga dikerante tsotlhe tse o ka di direlang kopo.
Re ka go romela kwa ditheong tse di ka kgonang ditlhokwa tsa gago.
Re ka go thusa go tlatsa diforomo le go dira kopo ya kerante.
Go dira tshedimosetso e e o re neileng yona ya sephiri.
Le go somarela Molaotheo wa Repapholiki ya Aforikaborwa, melao e e busang ditirelo tsa baagi le thulaganyo ya maitsholo a ditirelo tsa baagi
Go thuswa ka puo ya boikgethelo jwa gago.
Go dira ka tshwaraganelo le batho ba re ba direlang le batsayakarolo ba bangwe.
Re tla kgaratlhela tokafalo e e tswelelang ya tiragatso ya ditirelo gore re fitlhelele dikeletso tsa gago
Go ikgolaganya le rona
Fa o ikgolaganya le rona ka tlhamalalo, ka mogala, ka lekwalo kgotsa emeilego tla diragala se se latelang:
Modiredi wa ditirelo tsa badirisi yo o dirisanang le ena o tla ikitsise gore ke mang.
Mabapi le dikopo tsa megala le tsa batho, dikopo tsa lona di tla rarabololwa ka bonako
Fa re ka se kgone go rarabolola ka bonako re tla lo naya mabaka le itsise badirisi gore ba solofele karabo leng.
Re tla go naya palo ya tshupetso e e tla go kgontshang go sala morago tlhotlhomiso ya gago
Re tla tsibogela kamogelo ya tlhaeletsano nngwe le nngwe e re e rometsweng, mme re tla sekaseka potso mo matsatsing a a 7 a tiro.
Fa re ka se go arabe ka botlalo mo matsatsing a a 7 re tla go bolelela gore goreng le gore o ka solofela karabo leng.
Re tla leka go rarabolola potso ya gago mo matsatsing a a 21 a tiro.
Fa o re leletsa, re solofetsa go araba mogala wa g ago ka bonako jo bo kgonegang ka puo ya semmuso ya boikgethelo jwa gago.
Re tla go itsise tshwetso nngwe le nngwe mabapi le kerante ka go e kwala
Kwa diofising tsa SASSA
Fa o goroga mo go nngwe ya diofisi, modiredi wa rona mo tafoleng ya thuso o tla go thusa ka bonako.
Diofisi tsa rona di bulwa ka 08h00 go fitlha ka 16h30, Mosupologo go fitlha ka Labone le go tloga ka 08h00 go fitlha ka 16h00 ka Labotlhano.
Kwa diofising le kwa go duelwangkwa teng o tla kgona go fitlhelela tse di latelang:
Phitlhelo
Mafelo a boletelo a a nametshang
Ditirelo tsa ntlwanaboithusetso
Thuso ya pholo fa e le gore kitsiso ya tlhokego e dirilwe pele ga nako
Re tla tla kwa go wena fa e le gore ka ntlha ya mabaka a pholo ga o kgone go tla kwa diofising tsa rona.
O ka re leletsa mogala mme re tla rulaganya ketelo ya kwa gae.
Go dira kopo ya kerante ya loago
Re tla simolola go sekaseka kopo ya gago ka lona letsatsi leo.
Re tla netefatsa gore o tshwanetswe ke kerante ka molao.
Re itirela dipeelo tsa go dira kopo ya gago le go go duela kerante ya gago mo matsatsing a a 90
Re tla go gakolola ka tshwanelo ya gago ya go dira boikuelo mabapi le go ganelwa, dipeelothoko le diphimolo
Go tsaya tshwetso.
Fa re ka dira tshwetso ka kopo ya gago ya kerante e o naganang gore e fosagetse, kgotsa o tlhoka tshedimosetso e nngwe gape mabapi le tshwetso, o ka dira tse di latelang:
Re kope gore re tlhalose tshwetso ka botlalo, mme re tla nna le tirisanommogo ka ga kopo ya gago.
Oka dira boikuelo ka ga tshwetso ya rona mo matsatsing a a 30 mo letlheng le le leng mo lekwalong la tshwetso.
O ka fitlhela faele ya gago fa o batla tshedimosetso nngwe le nngwe.
Maikarabelo a gago e tla nna
Go re naya:
Aterese e e nepagetseng ya poso le bonno.
Diphetogo mo maemong a gago jaaka lotseno, aterese, maemo a pholo, jalojalo.
Botshepegi, boammaaruri, tshedimosetso e e nepagetseng le e e feletseng kgotsa tlhaloso ka dinako tsotlhe.
Karabo ka nako mo ditlhaeletsanong tsotlhe go akaretsa ditshekatsheko kgotsa tshedimosetso nngwe le nngwe e e ka kopiwang mo go wena.
Aga o kgotsofalele ditirelo tsa rona?
Fa o sa kgotsofalele ditirelo tsa rona ka ntlha ya:
Re tsere nako e telele go sekaseka kerante ya gago le/kgotsa ga o a fitlhela kopo ya gago ka nako.
Maitsholo a badiredi ba rona e ne e le a a sa eletsegeng.
Modiredi wa rona a dirile phoso mo kopong ya gago kgotsa a go neile kgakololo e e fosagetseng.
Phoso nngwe le nngwe e le ka maikemisetso kgotsa e se ka maikemisetso mo letlhakoreng la rona
re itsise ka ga yona mme re tla e baakanya phoso ya rona e re e dirileng ka bonako.
Fa o batla go ngongorega, re kwalele tsweetswee kgotsa re leletse mogala, mme o kope go golaganngwa le yuniti ya tlhokomelo ya badirisi ya rona.
Re tla buisana le wena ka ga ditirelo tsa rona
Re na le kgatlhegelo ya dikakanyo tsa gago ka ga ditirelo tsa rona.
Re tla dirisetsa tshedimosetso e o re nayang yona go tokafatsa ditirelo tsa rona.
Tsweetswee re romele ditshwaelo tsa gago ka mekgwa mengwe le mengwe e e latelang ka fa tlase:
Leletsa lefelo la mogala wa nomoro ya mahala ya botlhe - 0800 601 011
Tlatsa karata ya ditshwaelo ya badirisi e e fitlhelwang kwa diofising le mafelo a dituelo a rona.
Etela webosaete ya rona ya www.sassa.gov.za
Etela nngwe le nngwe ya mafelo a re fitlhelwang kwa go ona.
(Sedika, selegae, ditirelo le mafelo a dituelo)
Romela tshwaelo e e kwadilweng kwa go nngwe le nngwe ya diofisi tsa rona.
Dipotso kgotsa ditshwaelo ka ga tšhata
Fa o tlhoka tshedimosetso e nngwe ka ga tšhata e, etela nngwe ya diofisi tsa rona.
Fa o ka kopa, o ka fitlhela tšhata ka Boreile, odiotheipi le CD.
Tšhata e tla simolola ka 01 Moranang 2007, mme e tla sekasekwa gape ngwaga mongwe le mongwe go akaretsa ditshwaelo tsa lona.
<Doc02>
Dipalopalo tsa Aforikaborwa - Dikgang
Mabapi le Dipalopalo:Tlhokego ya dipalopalo e tla oketsega fa temokerasi e gola
Athikele e, e phasaladitswe lwa ntlha mo go Business Report ka 05 Phatwe 2004
Beke e e fetileng ke tsene kopano ya sedika ya boto ya dikgakololo ya Tikatikweng ya Katiso ya Dpalopalo ya Aforika Botlhaba kwa Tanzania, kwa ke nnileng le tšhono ya ya go tsenela moletlo wa bo39 wa dikalogo wa ngwaga kwa setheong, kwa moletlong wa dikalogo wa bomasome a mararo le borobobgwe wa tikatikwe, kwa maloko a matlhano a badiri ba Dipalopalo SA ditokololo tsa badiri di neng tsa tsaya karolo.
Katiso ya badiri ba Stats SA ke mmamoratwa wa setheo.
Morago ga go tlhojwa go nna mmalabatho-kakaretso, Stats SA, ka tshwaragano le Lekgotla la Dipalopalo, re ne ra tlhoma phatlisiso ya bonako ya ditheo tse di nang le katiso e e maleba ya metswedi ya semmuso.
Re ne ra fitlhela ditheo di le pedi: lefelo la katiso ya Dar es Salaam, Tanzania, le Lefelo la Dipalopalo le Ikonomi e e Dirisegang kwa Uganda.
Lefelo la katiso e agilwe ka 1965 ke Khomišene ya Ikonomi ya UN, Setheo sa ditirelo tsa Go tshwana tsa Aforika Botlhaba le the Lenane la Tlhabololo la UN.
Ka ngwaga wa 1977, puso ya Tanzania e ne ya tsaya tsamaiso ya lefelo, mme ya oketsa palo ya dinaga tse e di direlang go 13.
Setheo sa kwa Uganda se tlhomilwe ka 1969, ka motheo wa semolao wa yunibesiti ya Makerere.
Maikaelelo a a tlhagisitsweng ke katiso ya maemo a a kwa godimo a barutegi ba dipalopalo le ikonomi e e mo tirisong.
Mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, Stats SA e ntse e romela ditokololo tsa badirammogo kwa ditheong tseo.
Ngwaga o o fetileng, setlhopha sa ntlha se ne sa aloga.
Fa e sa le ba boa, ba bontshitse tokafalo e kgolo mo tirong, ba bangwe ba bona ba tshware maemo a botsamaisi jaanong.
Fela, Stats SA e aparetswe ke dikgwetlho tse dintšhwa.
Tlhokego ya tshedimosetso ya dipalopalo mo go tseong ya ditshwetso, mo dikemong tse tharo tsa puso, e oketsegile thata.
Bogolosegolo, batho ba ba katisitsweng go kgobokanya le go dirisa tshedimosetso ya dipalopalo kwa maemong a mmasepala a nna a a masisi.
Go fitlhelela tlhokego e, re tshwanetse go katisa batho ka seelo se se kana ka 2000 ka ngwaga.
Lefelo la katiso la Tanzania le Setheo sa Uganda sa Dipalopalo le ikonomi e e dirisitsweng e ka se kgone go samagana le tlhokego e e kwa godimo.
Fa go bulwa Khoferense ya Tshwaragano ya Dipalopalo ya SA ngwaga o o fetileng, tona ya ditšhelete Trevor Manuel o ne a gwetlha diyunibesiti gore di samagane le tlhokego ya dikgono tsa dipalopalo e e leng teng go thusa puso go tsaya ditshwetso tsa nnete tse di ikaegileng ka tshedimosetso e e nepagetseng ya dipalopalo.
Dipalopalo SA e simolotse dipuisano le diyunibesiti ka maikaelelo a go simolola katiso eo.
Fela, ga go na yunibesiti ya Aforikaborwa e e nang le khoso ya dipalopalo tsa semmuso jaanong.
Stats SA e loga maano a go tlhoma setheo sa katiso sa dipalopalo ma matsatsing a a tlang, e e tla nayang katiso mo dipalopalong tsa semmuso ya badiredi ba ka fa gare le badiri ba mafapha a mangwe.
Tshimologo ya thulaganyo ya bosetšhaba ya dipalopalo e tla tlhola tlhokego ya go tlhoma diyuniti tsa dipalopalo mo mafapheng a a farologaneng a puso, a a tla tlholang tlhokego e kgolo ya boemo jwa bokgoni jwa dipalopalo.
Fela, tlhabololo ya maemo a dipalopalo a tshwaragane le go feta tlhokego ya puso ya tshedimosetso e e nepagetseng.
Dipalopalo ke motheo wa temokerasi.
HG Wells, ka tshimologo ya Sentšhuari ya bo 20, o akantse gore mo bokamosong, dipalopalo di tla nna botlhokwa mo boaging go tshwana le bokgoni jwa go buisa le go kwala.
Dipalopalo tsa botlhe ke dipoelo tsa setso tsa jaanog tse di agegileng le tshimologo ya temokerasi.
Ka mokgwa wa Aforika, mo temokerasi e leng tiragalo ya jaanong, re tla bona koketso e e bonagalang ya tlhokego ya dipalopalo tsa botlhe fa temokerasi e ntse e gola.
Badipalopalo ke beng ba metheo ya temokerasi e e bonagalang ka palo le bofitlhelelo, ka jalo le ka maikarabelo.
Seo ke se se tlhokegang mo tshosometsong ya go oketsa boemo a dipalopalo, le go aga ditheo tse di tlhokegang katoloso e kgolo le bonako ya go ruta metswedi ya semmuso.
Pali Lehohla ke mmalabatho-kakaretso le tlhogo ya Stats SA.
Fa o batla tshedimosetso e nngwe ya Stats SA le dipoelo tsa yona, etela www.statssa.gov.za kgotsa leletsa (012) 310-8600
<Doc03>
Matsatsi a 16 a Matlhagatlhaga a Kemokgatlhanong le tshotlo: a o ne o itse?
Go tloga ka 1994, Puso e dirile melao go baakanya diphoso tse di amang basadi le bana.
Molao wa Tswelediso ya Tekatekano le Thibelo ya Kgethololo e e sa Siamang, ka 2000 o ne wa bewa go netefatsa gore mongwe le mongwe o itumelela ditshwanelo tsa Molaotheo.
Molao o, o netefatsa gore basadi ba na le boitumelo le dikgololosego tse di lekanang,mo go baakanyeng diphoso tse di fetileng.
Molao wa Tekatekano ya Bothapi, ka 1998 o netefatsa gore pharologanyo mo bothaping, tirong le lotseno mo mmarakeng wa ditiro tseo di nnileng teng ka nako ya melao ya kgethololo di a thibelwa.
E rotloetsa kemedi e e lekalekanang ya basadi le batho bao ka tlhago ba siamololetsweng mo maemong otlhe a loago le ditheo tsa poraefete.
Molao wa Tlamelo, ngwaga wa 1998 o sireletsa ditshwanelo tsa ngwana ya maemo a botshelo a a leng maleba mo kgolong ya mmele, tlhaloganyo, moya le loago.
Molao o netefatsa gore tlamelo ya ngwana e fitlhelwa go tswa go batsadi le batho bangwe le bangwe ba ba maikarabelo a a amanang le madi.
Molao wa Tirisodikgoka ya ka fa Gae, 1998 o ne wa atlegeniswa go naya batswasetlhabelo ba tirisodikgoka.
Basadi, ba e leng batswasetlhabelo ba tirisodikgoka ya ka fa gae, jaanong ba na le tshwanelo ya semolao e e tla netefatsang tshireletso ya bona.
Molao wa Bana , 2005 le Molao o o Tlhabolotsweng wa Bana, 2007 e ne ya atlegeniswa gore magareng ga tse dingwe, e sireletse bana kgatlhanong le pogiso, boikgatholoso, tshotlo kgotsa tlontlololo.
Puso e dirisitse le go tshegetsa ditsereganyo tse dintsi tsa go sireletsa seriti sa botho sa basadi le bana.
Tšhata ya Ditshwanelo tsa Bana e sekesekilwe gape le go tlhabololwa go akaretsa mathata a a tlhagelelang jaaka tiriso ya bana mo kgang ya pornography le tlhagiso ya bana mo ditshwantshong tsa thobalano.
Puso e tsibogetse mathata a lenyalo la kgapeletso la bana le bagolo le le dirwang ka maiphitlho a tiragatso practice ya setso e e bidiwang "Ukuthwala".
Puso e ikanne go netefatsa ditiragatso practices tsa setso le tse dingwe gore di latela Molaotheo le melao e e maleba.
Tsamaiso e mo tseleng ya go tlhoma gape diyuniti tsa sephodisa se se kgethegileng se se tla tshwaraganang le tlolomolao ya selegae le ya thobalano le bosenyi mengwe kgatlhanong le basadi le bana.
Tlhomo ya diuniti tsa sephodisa se se kgethegileng se tla dirisa bokgoni jo bo tlhokegang go tsholetsa botsamaisi le botšhotšhisi jo bo atlegileng jwa bosenyi kgatlhanong le basadi le bana.
Jaanong go na le Ditheo tsa Tlhokomelo tsa Thuthuzela tse di 17 tse di agilweng go kgabaganya lefatshe mo baaging ba ba nang le ditirgalo tse dintsi tsa tirisodikgoka ya thobalano.
Mafelo a naya ditirelo tsa boitekanelo le welfare ditlhokwa le go tsweletsa dikgato tsa pegelo tse di matlhagatlhaga le botšhotšhisi jwa ditlolomolao ka mokgwa wa seriti le maemo a tlhokomelo ka barutegi ba ba nonofileng.
Matlole a Pusetso ya Dithoto tsa Bosenyi e ne ya diriswa go etleetsa dipojeke tsa maatlafatso ya batswasetlhabelo ba ba 19.
Bokaedi jwa Ditirelo tsa Batswasetlhabelo ba Tirisodikgoka le Bosenyi jo bo nang le ditirelo tse di neetsweng ke ditheo tsa puso le baagi ba selegae tse di fetang 1 500 mo diporofenseng e ne ya tlhamiwa.
Bokaedi bo maatlafatsa batho go fitlhelela ditirelo tse di leng teng mo lefelong la bona.
Didiriswa tse di bonolo go diriswa ke batswasetlhabelo di agilwe mo diteišeneng tsa maphodisa tse di nang le palo e e kwa godimo ya bosenyi.
Dikgotlatshekelo tsa Ditlolomolao tsa Thobalano tse Kgethegileng di ne tsa agwa.
Molao wa Tirisodikgoka tsa ka fa Gae di ne tsa dira gore ditheo tsa tshireletso di agwe.
Jaanong go na le ditheo tsa tshireletso di le 96 mo Aforikaborwa, go tswa go di le 39 ka 2001.
Ditshwanelo tsa Tšhata ya Batswasetlhabelo di fetoletswe go nna tsa mmatota mo go batswasetlhabelo ba bosenyi bo bo ikamanyang le Thulaganyo ya Tshiamiso ya Bosenyi
Tšhata e akaretsa Maemo a a lekanetseng a Ditirelo tsa Batswasetlhabelo ba Bosenyi, tse di beilweng mo setheong sa semolao sa batswasetlhabelo go netefatsa ditshwanelo tsa bona mo ditirelong tse di solofetsweng mo go Thulaganyo ya Tshiamiso ya Bosenyi.
Ka tiragatso ya Tšhata ya Batswasetlhabelo, palo ya matsatsi a e neng e a tsaya go wetsa kgetse mo Dikgotlatshekelo tsa Melato ya Thobalano a fokotsegile go tswa go 285 go ya go 142.
Tšhata gape ke tlhokego ya Puso ya Aforikaborwa go fitlhelela nngwe ya ditlhokego tsa Bosetšhabatšhaba go ya ka Melawana ya Motheo wa Tlhomamiso tsa Bosiamisi tsa Batswasetlhabelo ba Bosenyi le Tirisobotlhaswa jwa Maatla (UN).
Tirisanommogo ya bosetšhabatšhaba go samagana le dikgwetlho tsa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana.
Aforikaborwa e file pegelo ya tsweletso e e dirilweng mo tiragatsong ya Kokoano ya Phediso ya kgethololo kgatlhanong le basadi go komiti ya UN CEDAW.
Aforikaborwa e amogetse Kopano ya Ditona (Diphalane 09) ya Tlhabololo ya Baagi ya Aforika e e kwa Borwa (SADC) go tsaya tshwetso ka togamaano ya sedika ya dingwaga di le lesomeya go kgweba ka batho, segolobogolo basadi le bana.
Tatelano ya SADC ya Bong le Tlhabololo ya re ditokololo tsa SADC di tla ntsha molao ka ngwaga wa 2015 o o tla nnang kgatlhanong le tlhokofatso ya thobalano.
Aforikaborwa e tshwere Kopano ya Sedika ya Bosiamisi ya Bong (9-10 Ngwanaitseele 2009), go kopane baemedi ba dinaga tsa Aforika go abelana maitemogelo le mekgwa e e botoka ya go fedisa tirisodikgoka e e amanang le thobalano le bong.
O se ke wa leba kwa morago, ema kgatlhanong le tshotlo
<Doc04>
Polelo ya Poraefete
Lefapha la Kagomatlo le ikaeletse go sireletsa bowena le go aga thekenoloji e e tla go nayang maitemogelo a tlhaeletsano online e e maatla thata le e e sireletsegileng.
Polelo ya Poraefete e amana le Webosaete Lefapha la Kagomatlo, mme le laola kgobokanyo ya metswedi le tiriso.
Go dirisa webosaete ya Lefapha la Kagomatlo, o dumelana le ditiragatso tsa metswedi tse di tlhalositsweng mo polelong e.
Kokoanyo ya tshedimosetso ya bowena
Lefapha la Kagomatlo le kokoanya tshedimosetso e e bonalang ya bowena, jaaka aterese ya emeile ya gago, leina, aterese ya kwa gae kgotsa ya kwa tirong kgotsa nomoro ya mogala.
Lefapha la Kagomatlo le kokoanya gape tshedimosetso ya palo ya batho le kwa ba nnang teng e e sa itsegeng, e e leng gore ga e ntšhwa unique go wena, jaaka khoutu ya ZIP, dingwaga, bong, diithatelwa preferences, diakanyetsopele, dikgatlhego le diratwa.
Go na gape le tshedimosetso ya tshipi le e e boleta ya khomphiutha e e kokoanngwang ke Lefapha la Kagomatlo ka go itirisa.
Tshedimosetso e, e akaretsa: aterese ya IP ya gago, mokgwa wa go patlo, maina a mafelo, phitlhelelo ya dinako le diaterese tsa Webosaete tse di kailweng.
Tshedimosetso e diriswa ke Lefapha la Kagomatlo mo tirisong ya ditirelo, go somarela boleng jwa ditirelo, le go naya dipalopalo ka kakaretso mabapi le tiriso ya Webosaete ya Lefapha la Kagomatlo.
Tsweetswee ela tlhoko gore fa o ka phatlalatsa ka tlhamalalo tshedimosetso e e bonalang ya bowena kgotsa metswedi e e masisi ka bowena ka tiriso ya diboto tsa melaetsa ya botlhe ya Lefapha la Dintlo, tshedimosetso eo e ka tsewa, mme ya diriswa ke bangwe.
Ela tlhoko: Lefapha la Kagomatlo ga le buise epe ya ditlhaeletsano tsa mogala tsa gago tsa poraefete.
Diwebosaete le go rotloetsa go sekaseka gape dipolelo tsa Poraefete tsa Diwebosaete tse o ikgethelang go golagana go tswa go Lefapha la Kagomatlo gore o kgone go tlhaloganya gore Diwebosaete di kgona go kokoanya, go dirisa le go abelana tshedimosetso ya gago.
Lefapha la Kagomatlo ga le na maikarabelo a dipolelo tsa Poraefete kgotsa diteng dingwe tsa Diwebosaete tse di kwa ntle ga Lefapha la Kagomatlo le Diwebosaete tsa Lefapha la Dintlo.
Dirisa Tshedimosetso ya bowena ya gago
Lefapha la Kagomatla le kokoanya le go dirisa tshedimosetso ya bowena go laola Diwebosaete tsa Lefapha la Dintlo le go romela ditirelo tse o di kopileng.
Lefapha la Kagomatlo le dirisa gape tshedimosetso e e bonalang ya bowena go go itsise ka ga dikuno dingwe le ditirelo tse di leng teng go tswa go Lefapha la Dintlo le ba ba kgolaganang le bona.
Lefapha la Kagomatlo gape le ka ikgolaganya le wena ka surveys tsa go dira patlisiso ka kakanyo ya gago ka ga ditirelo tsa jaanong kgotsa ditirelo tse dintšhwa tse di ka nnang teng tseo e leng gore di ka rebolwang.
Lefapha la Kagomatlo ga le rekise, rentise kgotsa hirise lenaneo la badirisi mo go batho ba bangwe.
Lefapha la Kagomatlo le ka, nako nngwe le nngwe, leka ikgolaganya le wena mo boemong jwa bakgwebi ba badirammogo ba kwa ntle mabapi le kabelo nngwe e o ka nnang le kgatlhegelo mo go yona.
Mo mabakeng a, tshedimosetso e e bonalang ya bowena e e kgethegileng (emeile, leina, aterese, nomoro ya mogala) ga e fetisediwe go go batho ba bangwe.
Gape, Lefapha la Kagomatlo le ka abelana ka metswedi le badirammogo ba ba tshepagalang go re thusa go dira tshekatsheko ya dipalopalo, go go romela emeile, go go naya kemonokeng ya bodirisi, kgotsa go rulaganya diromelwa.
Batho ba bangwe botlhe ba ilediwa go dirisa tshedimosetso ka ga bowena kwa ntle ga ba naya Lefapha la Kagomatlo ditirelo, mme di tlhokega go somarela sephiri sa tshedimosetso ya gago.
Lefapha la Kagomatlo ga le dirise kgotsa go ntsha tshedimosetso e e masisi ya bowena, jaaka lotso, bodumedi, kgotsa botokololo jwa politiki, kwa ntle ga tumelelo ya gago e e tlhamaletseng.
Lefapha la Kagomatlo le somarela Diwebosaete le ditsebe tsa diketelo tsa badirisi ka fat eng ga Lefapha la Kagomatlo, go bona gore ke ditirelo dife tsa Lefapha la Kagomatlo tse di itsegeng.
Metswedi e tla dirisetswa go romela le go itsise diteng tse di tlhotlhilweng mo Lefapheng la Kagomatlo go badirisi ba maitsholo a bona a bontshang gore ban a le keletso mo mofuteng wa serutwa se se rileng.
Webosaete ya Lefapha la Kagomatlo di ka se ntshe tshedimosetso ya sephiri, kwa ntle ga kitsiso, fa e se fela ba laelwa ke go dira ke molao kgotsa ka tumelo ya ya boitshepo e ntle gore tiro eo e botlhokwa go: (a) go diragatsa ditlhokego tsa molao kgotsa go ikamanya le dikgato tsa molao tse di tlhokwang mo Lefapheng la Kagomatlo kgotsa mafelo; (b) e sireletsa le go lwanela ditshwanelo kgotsa dithoto tsa Lefapha la Kagomatlo; le, (c) go tsiboga mo maemong a tshoganyetso go sireletsa pabalesego ya botho ya badirisi ba Lefapha la Kagomatlo, kgotsa setšhaba.
Tiriso ya Dikokisi
Webosaete ya Lefapha la Kagomatlo e dirisa "dikokisi" go thusa go tlhaola maitemogelo a mogala a gago.
Kokisi ke faele ya sekwalwa e e bewang mo disking e popota ke boneedi jwa tsebe ya Webo.
Dikokisi di ka se tsamaise manane go go tlisa dibaerase mo khomphitareng ya gago.
Dikokisi di go neetswe ka tshekelogo, mme di ka buiswa fela ke boneedi jwa webo mo maemong a a neelwang ke kokisi mo go wena.
Nngwe ya mabaka a poraemari ke go neela sekao se se kgotsofatsang go go bolokela nako.
Lebaka la kokisi ke go bolelela boneedi jwa webo gore o boetse kwa tsebeng e e rileng.
Sekao, fa o tlhaola ditsebe tsa Lefapha la Kagomatlo, kgotsa o ikwadisa le saete ya Lefapha la Kagomatlo kgotsa ditirelo, kokisi e thusa Lefapha la Kagomatlo go gakologelwa tshedimosetso ya gago e e totobetseng mo diketelong tse di latelang.
Se se dira kgato ya go gatisa tshedimosetso ya gago bonolo, jaaka diaterese tsa go go duedisa, diaterese tsa thomelodithoto, jalo le jalo.
Fa o buela kwa go yona saete ya Lefapha la Kagomatlo, tshedimosetso e o e neetseng pele e tla ntshiwa, gore mefuta ya Lefapha la Kagomatlo e kgone go e dirisa bonolo jaaka o baakantse gore e dirisege.
O na le tetla ya go amogela kgotsa go gana dikokisi.
Badirisi ba bantsi ba Webo ba kgona go amogela dikokisi ka tlhamalalo, mme ka gale o kgona go kaonafatsa sebopego sa tebelelo ya gago go gana kokisi fa o rata.
Fa o kgetha go gana dikokisi, o ka nna wa se kgone go lemoga ka botlalo matlhagatlhaga a dibopego tsa ditirelo tsa Lefapha la Kagomatlo kgotsa Diwebosaete tse o di etelang.
Tshireletsego ya Tshedimosetso ya Gago
Lefapha la Kagomatlo le sireletsa tshedimosetso ya gago mo phitlhelelong e e sa dumelelwang, tiriso le go ntsha sephiri.
Lefapha la Kagomatlo le sireletsa tshedimosetso ya gago e e kgethegileng e o e neelang mo baneeding ba khomphiuta ka taolo, mokgwa o o sireletsegileng, go sireletsa mo phitlhelelong e e sa dumelelwang, tiriso le go ntsha sephiri.
Fa tshedimosetso ya gago (jaaka karata ya keretiti) e fetisetswa go Webosaete e nngwe, e sireleditswe go ya kabokwadi, jaaka tatelano ya Leyara ya Sokete ya Tshireletso (SSL).
Diphetogo tsa Polelo e
Lefapha la Kagomatlo dinako tsotlhe e tla tlhabolola Polelo e, ya Sephiri go bontsha poelo ya khamphani le badirisi.
Lefapha la Kagomatlo le go rotloetsa gore ka dinako o sekeseke gape Polelo gore o lemoswe gore Lefapha la Kagomatlo e sireletsa tshedimosetso ya gago.
Tshedimosetso ya Tlhaeletsano
Lefapha la Kagomatlo le amogela ditshwaelo tsa gagomabapi le Polelo ya Sephiri.
Fa e le gore o dumela gore Lefapha la Kagomatlo ga le a ikamanya le Polelo, ikgolaganye le Lefapha la Kagomatlo mo go webmaster@kznhousing.gov.za.
Re tla dirisa maiteko a a botlhokwa go tlhomamisa ka bonako le go baakanya mathata.
<Doc05>
Puo ya Tonakgolo Ebrahim Rasool kwa Modirong wa Moletlo wa Materiki
Gompieno re tlile fano go akgola barutwana ba materiki dipholo tse di kwa godimo.
Re re kwa go bona: Lo dirile sentle! Re motlotlo ka lona, Porofense le Naga di motlotlo ka lona, batsadi ba lona ba motlotlo ka lona, mme se se botlhokwa thata le tshwanetse go motlotlo ka lona.
Lebaka le le dirang gore re nne motlotlo mo nakong e e ntseng jaana, ke temogo ya gore ntlha ya phitlhelelo e e tswang kwa nakong e telele ya mathata le boineelo, tse gompieno di emelang motlha wa tlhaloso ya mabaka a a ka tlhalosegang botoka jaaka tharaano.
Materiki e marara.
Mo dingwageng tse dI 10 tse di fetileng re ne re tshwanetse go tswa mo thulaganyong ya thuto yotlhe e e tlwaelegileng ya kgethololo.
Bogolosegolo re kgonne mo melawaneng ya kgolagano e kgolo, lenanathuto le le lengwe le tlhatlhobo, palo e e kwa godimo ya ba ba kwalang le ba ba falolang materiki, le temogo ya gore thuto gape e direla ditlhokwa tse di kwa godimo ga mongwe - gore ikonomi yotlhe e ikaegile ka setlhopha sa bokgoni jo bo swang mo thulaganyong ya thuto.
Materiki e raraane tota.
Baeteledipele ba rona ba ba kokoaneng fa Leeuwenhof ba re nang le bona ke ba ba itumedisang ka gotlhe, ba ba fitlheletseng tse dintle, ba ba tshwanetseng ke dikakgolo tsotlhe tse porofense e ka dirang.
Fela megopolo ya rona e ya gape kwa go 71% masome a supa tsa baagi ba ba leng kwa godimo ga dingwaga di le 20 ba ba sa fetsa thuto ya thuto e kgolwane, e e ka nnang seripa sa 80 000 ba ba dirileng mophato wa Kereiti 1 le wena digwaga di le 12 tse di fetileng ba e leng gore ga ba kgona le go kwala tlhatlhobo ka ngwaga wa 2004 ka gonne ba tlogetse sekolo mo tseleng, mme ba bantsi ba ba kwadileng, fela ka gonne boitlhophelo jwa dirutwa le maemo, ba na le ditifikeiti tsa materiki tse di ka se kgoneng go diriswa ke ikonomi kgotsa thuto e kgolo.
Materiki e raraane thata ka ntlha ya gore ke lona re iponang ka lona.
Setšhaba se atlhola bokamoso jwa rona ka tiro ya lona.
Ba baya bokgoni mo go nneng teng ga lona.
Ba baya tsholofelo ya bona ya bokamoso mo tsadisong ya thulaganyo ya thuto e e kokoanang mo motlheng wa moletlo.
Ee, semika se segolo sa ditekanyetso tsotlhe tsa naga le ya porofense e ya kwa thutong.
Ngwaga o fela, go sireletsa bothapi jwa barutabana ba ba 2000 re ne re tshwanetse go faposa madi go tswa kwa medirong e mengwe ya porofense go ya kwa thutong.
Re tshwanetse go tiisa tsadiso ya rona mo dikolong tse di dilang gore fa re oketsa palo ya ya tekatekano mo thutong e utlwagale ka tumedi e kgolo mo bokamosong mo sekolo sengwe le sengwe sa mo motse-setoropong.
Se se botlhokwa thata, Tona Dugmore le Mookamedi-Kakaretso Swartz, re na le maatla a le mangwe a go ntsha Togamaano ya Didiriswa tsa Bothapi.
Re batla go ntsha barutwana ba materiki ba ba nang le boleng, dipholo tse di tlhotlhwa, tse di maleba le ikonomi, ba ikanyega mo setšhabeng, le go nna mosola mo bothong.
Se ke seo se tlileng go se keteka fa gompieno.
Le emetse ditsholofelo tse fa re aga Legae la rona la Botlhe.
Re keteka diphitlhelelo tsa lona ka gonne le intshitse setlhabelo le go dira ka natla, batsadi ba lona ba intshitse setlhabelo, mme ba le isa sekolong, le morafe wa lona o intshitse setlhabelo le go ipeela mo bokamosong jwa lona.
Ba bantsi ba belaela mosola wa keteka diphitlhelelo tsa materiki le marara a yona le gore ntlha e ka nna ya bontsha masaledi a thualaganyo ya kgethololo.
Ke wena fela o kgonang go nna matlhagatlhaga le go ikemisetsa ka botswapelo le go aga Legae la Botlhe, le le seng la semorafe, le na le tekatekano e kgolo.
Se se tla bonagala mo ditlhophong tsotlhe tse o tla di dirang go simolola jaanong go ya go ile.
Go fitlha jaanong o tshwanetse fela go tlhopha gore o tla dira ka natla.
Setifikeiti sa gago sa materiki se go kgontsha le go go pateletsa go tsaya ditshwetso le ditlhopho tsa gore o batla go nna motho yo o ntseng jang le gore o batla go tshela botshelo jo bo ntseng jang.
Dikakgolo le keleletsomasego.
<Doc06>
Maikemisetso a Botsamaisi jwa Porojeke ya Tlhaeletsano ya Puso ya ngwaga wa 2010 ke:
go nolofatsa maikemisetso a maano phitlhelelo ya tlhaeletsano ya Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa Aforika sa ntlha
e nne le tšhono e e farologaneng thata go tlhalosa thadisa gape le go aga tshwaragano le boipelo magareng ga BaAforikaborwa
go tlhotlholetsa bašwa
go bapatsa naga mo lefatsheng
go tlhola mokgwa wa tlhaeletsano o o tla thusang go nako go itlhaganedisa go aga le go oketsa ditšhono
go aga kitlano ya Aforika.
Se se tla fitlhelwa ka:
go naya boeteledipele le kgolagano ya tlhaeletsano ya puso ya Sejana sa Lefatshe sa 2010
go aga kgolagano ya bosetšhaba ya batlhaeletsani ba setšhaba le poraefete mo dikarolong tsotlhe, le go tlhola botsalano le batlhaeletsani mo kontinenteng le mo diaseporeng, gore naga ka tshwaraganelo le kontinente di ka tsaya tshiamelo ya tšhono ya tlhaeletsano ya botshelo jotlhe.
go tsaya diporojeke tsa motheo tsa tlhaeletsano tsa puso ya Sejana sa Lefatshe sa Kgwele ya dinao sa 2010.
<Doc07>
Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano ya Tsela e e Tlhabolotsweng go tokafatsa pabalesego ya tsela
POLOKWANE: Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano ya Tsela e tlhabolotswe.
E bidiwa Tlhabololo ya Bolesomesupa, mme e ne ya tsena mo tirisong morago ga phasalatso
Lefapha la Ditsela le Dipalangwa le itsise boradikoloi ka ditlhabololo tse e leng:
Dikoloi tse dintšhwa tse di kwadisitsweng morago ga 01 Phatwe 2010 di tshwanetse go nna le nomoropolata tse di tsentsweng ka dipoporibete le dikurufu.
Fa e ka se tsenngwe mo koloing e tshwanetse e tsenngwe mo boraketeng e e dumeletsweng ke SANS 973.
Tlhabololo e, e tla fokotsa bosenyi le ditlolomolao tsa pharakano ya tsela tse boradikoloi ba tlosang dinomoropolata bonolo gore ba se ke ba kgona go latelwa.
Go ka se nne bonolo go tlosa nomoropolata le go e busetsa gape morago ga tiro ya bosenyi ka gore e tla tlhola ditshenyegelo tse dingwe.
Nomoropolata e dirile ka aluminiamo e e tla e dirang gore go nne bothata go e fisa gore o se ke wa itse gore ke yona mo lefelong la kotsi.
Go simolola ka 1 Tlhakole 2011 batho ba ba fitlhelang makwalo a go kgweetsa a khouto C, C1, EC kgotsa EC1 laesense ba ka se dumelelwe go kgweetsa dikoloi tse di batlang khouto ya B kgotsa EB laesense (ka mareo a kgale â€" motho yo o nang le khouto 10, 11, 13 kgotsa 14 ya laesense a ka se kgweetse koloi e e leng gore o tla batla khouto 08 ya laesense).
Se, se tla diragadiwa mo go batshwari ba tetla ya go kgweetsa ba bašwa.
Palo e e kwa godimo ya baithuti ba bakgweetsi e kopa dilaesense tsa dikoloi tse di bokete go na le dikoloi tse di botlhofo gore, sekao, ba efoge diteko tsa go phaka ka matlhakore a a bapileng.
Bommannete ke gore fela fa ba se na go fitlhela dilaesense tsa dikoloi tse di bokete, ba kgweetsa dikoloi tse di botlhofo tse e leng gore ga ba tlwaela ditaolo tsa tsona tsa go kgweetsa, mme ba feleletsa ba amegile mo dikotsing.
Gape go solofetswe gore bakgweetsi botlhe ba ba fitlhetseng dilaesense dikoloi tse di bokete ba tshwanetse go nna le Ditetlelelo tsa Boithutelo jwa Kgweetso fela, dipalopalo di bontsha sengwe se se farologaneng.
Se se netefatsa ntlha ya gore bakopi ba ne ba ipatlela dilaesense dikoloi tse di botlhofo e seng tsa dikoloi tse di bokete.
Didiriswa tsa Taolo tsa Tshupetso ya Tlhomamo tsa dibese tse dinnye le dikgolo di itsisitswe ka kgato ya setifikeiti se se nna karolo ya teko ya boleng jwa tshiamelo ya tsela.
E akaretsa dibese tse dinnye le dikgolo, mme e seng fela dikoloi tse di dirilweng sešwa.
Mong wa koloi yo o kwadisitsweng kgotsa moemedi o tshwanetse e tlise foromo e e tladitsweng tota ya DSCD kwa seteišeneng sa diteko.
Sediriswa sa Taolo sa Tshupetso ya Tlhomamo ke sediriswa se se thibelang go kgaogana ga thaere le rimo fa thaere e thunya, mme koloi e le tsamaong.
Tlhabololo ya Molawana 332 e phasaladitswe, mme o bala didiriswa tsa bopaki jwa khemo tse di ka diriswang go kgobokanya bopaki jwa ditshupo tsa khemo le setifikeiti se se neetsweng ke badiri kgotsa barekisi se se ka dirsiwang jaaka bopaki mo dikgetseng, fela ka go di ntsha.
Tlhabololo e, e batla go sekaseka tlhagiso e e neng ya ntshwa mabapi le bosemolao jwa didiriswa tsa khemo go ya ka diteng tsa dikarolo tya 65(7) ya Molao wa Bosetšhaba ya Pharakano ya Tsela, 1996, mme e dumelelana le SABS 1793 le go ka diriswa go netefatsa kokoano ya nnotagi mo khemong.
Didiriswa tse di tlhaotsweng ke tse di latelang:
"Se, se maleba thata mo nakong ya meletlo ka gore e oketsa maatla mo ditekong tsa rona tsa go lwantsha go kgweetsa go tagilwe mo ditseleng tsa rona", go buile Pinky Kekana, MEC ya Ditsela le Dipalangwa.
<Doc08>
Ditirelo tsa Boitekanelo tsa Ketetsopele ya Pelego
Basetsana ba ba imileng le basadi ba iswa kwa ditirelong tsa pelegiso kgotsa Diyuniti tsa Babelegisi ba Pelegiso (diMOUng) mo tikologong ya setoropo, le ditleliniki tsa satelaete kgotsa tsa leruri mo tikologong ya selegae.
DiMOU ke diyuniti tsa pelegiso tse di eteletsweng pele ke babelegisi mo baaging ba balwetse ba tlhokomelo ya boitekanelo e kgolo.
Ke kgakololo mo go bomme ba ba imileng go beeletsa ketelo ya ntlha kwa tleleniking pele ga dibeke di masome a mabedi kgotsa ka bonako jo bo ka kgonagalang morago ga moo.
Mme o newa tlhatlhabo ya pele le tshegetso le kgakololo fa e le ketelo ya Ketetsopele ya Pelego ya ntlha, e gape e itsegeng ka ketelo ya peeletso.
Boimana bo lebelelwa ka diketelo tsa tatelano tsa ka metlha.
Boitekanelo jwa mme le bona bo lebelelwa ka kelotlhoko.
O tla kalwa, tsamao ya madi e tla tsewa le moroto wa tlhatlhojwa.
Fa go na le mathata, o tla boa gape ka ketelo ya tatelano ya metlha morago ga dibeke di le pedi tsa dipoelo tsa diteko tse di dirilweng ka nako ya ketelo ya peeletso.
Morago ga fa, o tshwanetse a boele kwa tleliniking morago ga dibeke dingwe le dingwe di le thataro go fitlhelela ka dibeke di le 28 le borobedi, mme ka dibeke di le 34, mme jaanong jaaka go kaiwa ke tleliniki/modiri wa MOU (palo ya diketelo e tla farologana go ya karolo le karolo).
Bomme ba ba imileng ba tlholelwa matshosetsi a a ka nnang teng mo boitekanelong jwa bona le boitekanelo jwa ngwana.
Botlhe basetsana ba bašwa le basadi ba ba dingwaga tse di kwa godimo ga masome a mararo le botlhanoba ba imileng ba kaiwa jaaka dikgetse tsa matshosetsi a a kwa godimo.
Se se kaya gore go na le kgonakgalo ya go nna la mathata ka nako ya boimana le pelego.
Basadi ba ba imileng gape ba ka bonwa ban a le matshosetsi a a kwa godimo fa ba na le kgatelelo ya tsamao ya madi e e tlhatlogileng, hisetori ya tlhakatlhakano ya, boimana jo bontsi le fa ba kile ba nna le karo pele jaaka karolo ya karo ya pelego.
Bomme ba ba kailweng jaaka matshosetsi a a kwa godimo ba iswa kwa tseleng ya kwa ditleleniking tsa balwetse ba kwa ntle ba ketetsopele ya pelegiso kwa maokelong a a maemo a bobedi kgotsa a boraro, kwa diteko tse dingwe le go tlholwa di ka dirwang.
Bomme ba ba nang le matshosetsi a a kwa godimo a boimana ba kgakololwang go ya kwa ditleleniking tsa balwetse ba kwa ntle ba ketetsopele ya pelegiso kgapetsakgapetsa fa go tlhokagala.
Fa o le moeti lwa ntlha mo bodirelong jwa boitekanelo, o tla kopiwa go tlatsa foromo , mme o tla bulelwa foletara.
Tlaya le buka ya ID, melemo e o e dirisang le karataya tleleniki kgotsa ya sepetlele, fa e le gore o kile wa bo o ikwadisitswe mo lefelong.
Boimana jwa matshosetsi a a kwa tlase bo tsamaiswa kwa diMOUng (diyuniting tsa pelegiso tse di tsamaiswang ke babelegisi ba balwetse ba tlhokomelo ya boitekanelo jwa kwa tlase jwa baagi) mo mafelong a seteropo, le satalaete le ditleliniki tse di agilweng mo mafelong a selegae.
Boimana jwa matshosetsi a a kwa godimo bo tsamaiswa kwa ditleleniking tsa balwetse ba kwa ntle kwa ditikologong setoropo le tsa selegae kwa maokelong a dikgaolo le maokelo a maemo a boraro.
<Doc09>
Lenane la Phepo e e Kopantsweng
Lenane la Phepo e e Kopantsweng (INP) e ikaeletse go tokafatsa seemo sa phepo ya batho ba ba tshelang kwa porofense ya Bokone Bophirima.
Go na le dintlha tse dintsi mo lenaneng.
Phepompe ke eng?
Phepompe ke bothata jo bogolo mo Aforikaborwa gape ke nngwe ya tse di tlholang malwetse le dintsho.
Go lekanyediwa gore di ka nna 30% tsa bana ba Aforikaborwa ba na le kgolo e e kwa tlase ka ntlha ya tlhokego ya phepo e e lekaneng mo dingwageng tsa ntlha tsa matshelo a bona.
Go ja dijo tse di sa lekanang, bolwetse le kgatelelo ya loago ya monagano/manokonoko ke dilo tse di bonagalang tsa fa gaufi thata tse di tlholang phepompe.
Bodidi le tlhokego ya didiriswa ke mabaka a motheo a a oketsang phepompe.
INP e leka go samagana le kotsi e e didimetseng ka ditsela tse di mmalwa.
Dikokeletso tsa bana
Mo maemong a tlhokomelo ya boitekanelo jwa bana ba ba tlhatlhobilweng le go kaiwa jaaka ba ba fepelwang kwa tlase jo bonnye (se, se akaretsa bana le bagolo ba ba nang le mogare wa HIV le bolwetse jwa mafatlha) ba tla newa dikokeletso tsa dijo tse di akaretsang bogobe jo bo thatafaditswang le seno se se nang le eneji e e kwa godimo.
Dikokeletso tsa dijo di tla newa badirisi ba ba kailweng go ya ka seelo se se beilweng.
Badiri ba tsa boitekanelo ba tla neelana ka thobo ya maikutlo, tshedimisetso le thuto ka ga dijo tse di itekanetseng le ditsela tse di itekanetseng tsa go apaya dijo.
Batho ba ba itseng ka ga dijo tse di itekanetseng ba naya ditirelo e e kgethegileng mo baaging.
Go anyisa
Go thusa go lwantsha phepompe mo dingwageng tsa ntlha tsa bongwana badirediloago ba rotloetsa basadi go anyisa bana ba bona fela go fitlhelela dikgwedi di le thataro tsa bogolo, mme morago ga moo go tswelela go ba anyisa le tshimologo ya dijo tsa tlaleletso tse di maleba, go fitlhelela ngwana a na le dingwaga di le pedi.
Mekgwa e mengwe ya phepo e buiwa le bomme ba ba nang le mogare wa HIV.
Sepetlele sa Vredendal le Lefelo la Bobelegiso jwa Groote Schuur ke Maokelo a a Siametseng Bana mo porofenseng go ya ka Itshimololelo ya Maokelo a a Siametseng Bana.
Tebelelo ya kgolo
Bana botlhe ba kadiwa ka dinako tsotlhe jaaka karolo ya lenane la bona la tebelelo ya kgolo, sebontshi se se boitshegang sa go bona fa ngwana a gola.
Boima bo tsenngwa mo Karateng ya Tsela ya Boitekanelo.
Mabaka a a leng teng a go latlhegelwa ke boima jaaka malwetse a a fetelang, tlhokego ya dijo kwa gae le boikgatholoso jwa ngwana a a sekwasekwa.
Malwetse a a fetelang a tsaya karolo e kgolo mo phepong e e kwa tlase, mme malwetse a alašwa kwa maemong a tlhokomelo ya boitekanelo e e kwa tlase.
Malwetse a letshololo a tsalana thata le boitekanelo jwa tikologo e e maswe(kabelo ya kgeleloleswe le metsi) le phepo e e kwa tlase- kgotsa- e mpe ya ngwana, e e mo dirang gore a tshabelelwe ke malwetse a a tseneletseng le letshololo le el sa feleng.
Phokotso ya bodidi
Magae a a tlhasetsweng ke bodidi a supilweng le go fetisediwa kwa go lengwe la menane a puso a a dirang ka phokotso ya bodidi.
Pabalesego ya dijo ts lelapa e sekasekwa ka mafapha le go newa ditsereganyo tse di maleba le tshegetso.
Dikokeletso tsa dibithamini
Go laola tlhokego ya diphepo tse dinnye ke karolo e e botlhokwa ya tirelo.
Diphepo tse dinnye ke dikuno tse di jaaka dibithamini le diminerale, tse di fitlhelwang ka palo e nnye mo dijong, mme di botlhokwa thata go somarela boitekanelo jo bo siameng.
INP e naya kokelesto ya Bithamini A e e lebisitsweng mo baneng.
Bana ba ba tlhaeleng Bithamini A ba latlhegelwa ke boima, ba retelelwa ke go gola sentle le le gore ba ka fitlhela ditshwaetsego, mme ba swa ka ntlha ya tsona.
Tlhokego ya Bithamini A gape e ka koafatsa matlho, mm eke nngwe ya mabaka a magolo a a tlholang bofofu mo baneng.
Bana ba ba nang le boima jo bo kwa tlase ba newa dikhepusole tsa Bithamini A, tse di tla maatlafatsang thulaganyo ya tshouto le go thusa tsweletso ya kgolo ya ngwana.
Masea a dikgwedi di le 6 go ya go 11 ba newa touse e le nngwe ya Bithamini A (100 000 IU) go thibela malwetse a a kotsi.
Bana ba dikgwedi di le 12 go ya go dingwaga di le tlhano ba newa touse e le nngwe ya 200 000 IU fa ba le dikgwedi di le 12, mme morago touse ya 200 000 IU dikgwedi di le thataro dingwe le dingwe go fitlhelela ba le dingwaga di le tlhano.
Ditouse tse dingwe tsa Bithamini A di newa bana ba ba nang le phepo e e kwa tlase thata, kgotsa ba ba nang le malwetse a a tswaetsanang a a sa feleng jaaka letshololo, mmoko kgotsa tshwaetso ya HIV.
Go bolaya diboko
Phokotso ya boima mo baneng e ka tlholwa gape ke tshwaetso ya diboko, mme se, se ka alašwa kwa tleliniking ka melemo ya go bolaya diboko.
Kgakololo ya dijo ya mabaka a a totobetseng
Thuto ya dijo, tshedimosetso le thobo ya maikutlo e newa mo maemong otlhe a tlhokomelo mo bathing ba ba nang le setorouko, haepatenšene, kgatelelo ya madi e e kwa godimo, diebetesi , HIV/AIDS le bolwetse jwa mafatlha.
Lenane la phepo la Sekolo la Maemo a kwa tlase
Lenane la phepo la Sekolo la Maemo a kwa tlase le teng mo dikolong tse di tlhophilweng tse di dirileng tsa ikonomi e e kwa tlase.
Dikema tseno di tsamaiswa ka tshwaraganelo le Lefapha la Thuto.
Puso ya porofense e ikaeletse go fitlhelela bana ba le 125 000 mo dikolong tse di potlana di le 847 mo porofenseng ka ngwaga wa 2004 ka lenane la phepo mo sekolong.
Dijo mo ditheong
INP gape e abela tlhokomelo ya badirisi mo ditheong ka thualaganyo ya ditirelo tsa dijo mo thebolong ya dijo tse di lekanelang.
Ditaelo:
Baeti ba e leng la ntlha bay a kwa ditleliniking/dipetlele tse dikgolo kgotsa tsa maemo a boraro ba tla kopiwa go tlatsa diforomo le foletara e tla bulelwa molwetse.
Tlaya le bukana ya ID.
Lekwalo la go fetisediwa le le tswang kwa tleleniking le tla batlega fa sepetlele se etelwa.
Dipetlele di tla go kopa ditshupo tsa tuelo/tekanyetso ya lotseno (IRP5).
Tlaya le karata ya sepetlele fa e le gore o ne o ikwadisitswe mo nakong e e fetileng.
<Doc10>
Puo ka Motlatsa Tona wa Ditiro tsa Bosetšhaba, Rre Ntopile Kganyago, MP, ka nako ya kgakolo ya ntlha ya setšhaba ya Lenane la Teropo ya ka fa Gare ya Tshwane, Kago ya Polokelo ya Rasefe ya Aforikaborwa, Tshwane
Bangwe ba bagolwane ba Bakantoro ba puso
Bomme le borre ba bobegakgang
Baeti ba ba kgethegileng
Tshwetso e e tserweng ke Kabinete ka ngwaga wa sekete le makgolo a masome a marobongwe le bosupa go tlhotlheletsa mafapha a puso ya bosetšhaba go dira teropo ya ka fa gare ya Tshwane legae la leruri la bona e ne e le sesupo sa pono e kgolo; maloba le gompieno.
Dipoelo ke leano le le tlhamilweng sentle go tshwaraganya le ntšhwafatsa ditoropo tsa rona go ya ka pitso ya puso ya ntšhwafatso ya metse setoropo le boitshimololelo bongwe jwa mafelo a a golang a a beetsweng go godisa mekgwa ya botsamaisi jwa metse setoropo tse di ikarabelang mo ditshwanelong tsa botho, bonno jo bo nang le kamogelesego, kgodiso ya ikonomi le kgolagano ya loago.
Gompieno re latlhela letlapa la ntlha mo temogong ya pono eo, gape re keteka leeto le re le tsamaileng go fitlha jaanong.
Ditherisano tse di tseneletseng tse e leng gore gore di ne di bonagala ka go lekana ka dingangisano tse di tseneletseng ka ga ditlhokego tsa le maikgethelo a a buletsweng mo mafapheng a puso mabapi kamano ya popego ya tikologo ga di a ntsha mo tseleng maikaelelo a pele, jaaka go tokafatsa popego ya tikologo ya mafapha a puso ya badiri ba puso ya teropo ya ka fa gare ya Tshwane.
Gape re batla gore ka nako e le nngwe re abele le mo ntšhwafatsong le tsosolosong ya teropo ya ka fa gare.
Maikaelelo a mangwe a e leng gore ga se a a seng botlhokwa a akaretsa tshusumetso go ngoka peeletso ya madirelo a poraefete, go godisa sebopego sa Tshwane jaaka teropo e kgolo ya botlhokwa mo Aforika le go godisa maatlafatso ya ikonomi ya bantsho.
Puso ke yona mong wa dikago yo mogolo le yo o eteletseng kwa pele mo babeeletsing mo botshelong jwa ikonoming ya puso ya selegae segolobogolo mo Johannesburg le Diteropokgolo tsa Tshwane mo Gauteng.
Mafapha a batla go diragatsa le bonno jwa diofisi go fitlhelela thebolelo ya ditirelo tsa bona tsa setšhaba go arabela ditlamego tsa dithomo tsa bona.
Ke kitso e e tlwaelesegileng gore dikago tse dintsi tsa puso di siame le go nna kaone ka setlhopha go na le go nna a a gaisang ka ntlha ya maemo a ona.
Dintšhwafatso, dikgodiso le dipaakanyo e tla etelela pele ditshenyegelo le go abela dikarolo tsa BEE tsa Porojeke ya Teropo ya ka fa Gare ya Tshwane.
Ka ngwaga puso ya bosetšhaba ka thuso ya Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba ba dirisa madi a a fetang diranta di le dibilione tse pedi (R2 dibilione) go duela madi khiriso le dikelotefo tse di amanang le botsamaisi jwa dithoto tse di jaaka direitse le ditirelo, lefatshe lotlhe, le dikarolo tsa poraefete le tsa puso ya selegae tsotlhe jaaka bajaboswa.
Pharologantsho ke batsayakarolo ba ba tshwanetseng go tsweledisa tsosoloso ya teropo ya ka fa gare ya Tshwane, ka kgonggalo ya botsayakarolo jwa Puso ya Porofense ya Gauteng ka diporojeke tse dikgolo tsa bobeeletsi jaaka di tlhagiswa ke Setheo sa Tlhabololo ya Ikonomi ya Gauteng (GEDA).
Mo tirisong ya Lenane la Teropo ya ka fa Gare ya Tshwane, e jalo e itsegeng ka "Re Kgabisa Tshwane" le ka setlhogo sa tlaleletso "Lefelo le le Botoka la Tiro", tsepamo e mo bathing thata (badiredi ba puso le setšhaba botlhe), jaaka e le mo ditsheng tse di bonagalang tse ba nnang mo go tsona mo tsamaong ya go fitlhela thebolo le ditirelo tsa setšhaba tse di leng botlhokwa.
Fa a begwa Lenane la Tiro la puso ka 2004, Moporesidente, Rre Thabo Mbeki o biditswe mafapha a bosetšhaba a Ditiro tsa Setšhaba le Ditirelo tsa Bosetšhaba le Tsamaiso go tsamaisa mmogo porojeke go tokafatsa lefelo la popego ya tikologo la mafapha a puso le badiredi ba puso.
Dipopego tsa dikago tsa setšhaba ke enjene ya thebolo ya ditirelo, mme badiri ke leokwane le le futswelang le go dira gore e rage ka bonako, ka bokgoni le ka nonofo.
Mo nakong ya ditlhokwa tsa tekanyetso ya porojeke, badiri ba puso ba bantsi ba ba go rerisanweng le bona ba gateletse botlhokwa jwa go nna le mafelo a a tiro a a gaisang, a a tshwanelang mokgwa wa ditiro tsa bona, mme seo se akaretsa ditikologo tsa kwa ntle le tsa ka fa gare ka jalo go botlhokwa go dirisana le Teropokgolo ya Tshwane, e e nang le maikarabelo a dintlha tsa botsamaisi tsa seteropo jaaka pharakano, bophepa, pabalesego, tshireletso le temogo ya bontle.
Ga re tseye tšhono e, go leboga botsamaisi le boeteledipele jwa Tshwane ka ponelopele ya go amogela porojeke e ka go amanya le Maano a Tlhabololo e e Kopanetsweng ya bona.
Ka jalo Memorantamo wa Tumalano (MOU) o re tla bong re tsena mo ona fa gompieno magareng ga Ditiro tsa Bosetšhaba le Teropokgolo ya Tshwane, ke netefatso e e e re e fitlhetseng ka tumelano e etshwanang e re simololang ka yona.
Ke tlhomamiso ya maikaelelo go dirisana mmogo mo ditlhomong le diporojeke tse di mosola ka tumelano ya ditlhopha tsotlhe.
Molaetsa wa rona gompieno ke gore "tiro e simologile", mme dingwaga di le 10 tse di tlang di tla bona kabelo ya go feta diranta di le dibilione di le robedi (R8 dibilione) go tswa go puso ya bosetšhaba le ditheo tsa poraefete ka ditekanyetso tsa madi, ditokafatso tsa mafelo a khiriso le ditirisano-mmogo-setšhaba
Ka Lenane la Botsamaisi, Komiti ya Tsamaiso e tlhamilwe magareng ga Lefapha la Ditirelo tsa Setšhaba le Bolaodi, Lefapha la Ditiro tsa Bosetšhaba, Matlotlo a setšhaba le Teropo ya Tshwane.
Mo gare gat se dingwe Komiti e tla tlhokomela lenane, disa le go lebelela tiragatso, swetsa ka leano la go kgokanya matlotlo le go netefatsa tiragatso e e kgolaganeng.
Lefapha le thapile Rre Dumisani Dlamini jaaka Mokaedi-Kakaretso yo o nang le maikarabelo a botsamaisi jwa lenane lotlhe.
Ke a le leboga.
<Doc11>
Mme Mmusakgotla, Tonakgolo e e Tlotlegang, Badirammogo ba Kabinete, Ditokololo tsa Ntlo, Baeti ba Tlotlo, bakantoro ba lefapha la kagomatlo, ditokololo tsa bobegakgang le setšhaba ka bophara, kamogelo e e bothitho.
Bomme le borre, mafoko a, a bontsha dipolitiki tsa Aforikaborwa, segolo mo Western Cape.
Go sa kgathalasege gore batho ba ba ikaeletseng thata le batho ba ba ratang tswelelopele ba lefatshe le, pono ya batho ba bangwe ke go nyenyefatsa tiro e ntle e e dirlweng ke puso e e nang le tlhokomelo mo nakong e khutshwane ka mo go kganagalang fa e se na go tsena mo ofising.
Bomme le borre, batho ba bantsi ba ngangisana ka seo kagomatlo e leng ka ga sona, fela ntetleleleng go le naya pono e nngwe.
Mo go nna, kagomatlo ga se fela moriti.
Ke ka ga batho ka bobona ba tsaya maikarabelo a go sireletsa tikologo ya bona e e tshwanang le go betla bokamoso.
Ke ka go bopa baagi ba ba matlhagatlhaga le go sireletsa mekgwa ya botshelo.
Ke ka go tshwaraganelo ya khumo ka tirisanommogo magareng ga dikarolo tsa poraefete, dikarolo tsa setšhaba, Ditheo tse e seng tsa Puso, fela se se botlhokwa, thata tsa baagi.
Kagomatlo mo go nna e ka tlhaloswa sentle jaaka kgato, e e amanang le thulaganyo ka batho kgatlhanong le thulaganyo ya batho.
Kagomatlo ka mokgwa wa Aforikaborwa ga se fela kumo, ke kgato e e ikaegileng ka mesola ya temokerasi e batho ba lefatshe le ba e lwanetseng ka thata.
Ke kgato e e utlwelelang batho, dumelelang batho go diragatsa tshwanelo ya bona ya temokerasi go tlhopha mofuta wa kagomatlo le mafelo ao ba batlang go agelwa dintlo mo go ona.
Ga go na selo se se dirang batho go se nne le botho le go se nne temokerasi jaaka go ganetsa batho tshwanelo ya motheo ya go tlhopha.
Go se tshwane le puso ya kgethololo, jaaka mopolitiki, batho ba mo gare ga pono le maano a me a thebolo ya kagomatlo.
Bomme le borre, thapama e, ke itumelela go lo naya puo ya me ya bobedi ya tekanyetso jaaka Tona ya Kagomatlo ya Porofense.
Gape ke motlotlo gore ke lo naya puo ya tekanyetso pele ga Anibesari ya bolesome ya temokerasi ya rona.
Se ke bopaki jo bo totobetseng jwa gore puso e e eteletsweng ke ANC e fitlhetse tse dintsi mo tlase ga dingwaga di le lesome tsa puso ya ona ya temokerasi go na le se se kileng sa dirwa ke naga nngwe mo lefatsheng.
Sisebenzile – Re fitlheleletse.
Ka mmatota, mo ditšhonong tse di dimilione di le 1.4 tsa kagomatlo tse puso e di rebotseng, ke motlotlo go bega gore porofense ya rona mo dingwageng di le robongwe tse di fetileng, e rebotse diyuniti tse di 167 000, tse e leng 11% tsa sediko ya bosetšhaba.
Se, ka kakanyo ya me ke tiragatso e e gaisang ka maemo mangwe le mangwe.
Ke rata gape go tlhomamisa gore dingwaga tse di fetileng di ne di tletse dikgwetlho, tse di nnileng le kutlwalo e e bosula mo thebolong ya kagomatlo mo nageng yotlhe, fela mo porofense ka tlhamalalo.
Dikgwetlho di ne di tlhodilwe ke tshimologo ya ditaelo tsa maikemisetso e ntšhwa le mekgwa jaaka kabelo ya bojaboswa jwa R2 479 le tshimologo ya Sekema sa boditšhabaditšhaba sa Kwadiso ya Waranti sa Baagi ba matlo mo dintlong tse di etleediwang ke puso.
Dikelo tse ga se maikaelelo a sona go diegisa thebolo fela ke go netefatsa gore batho ba rona ba bone dintlo tse di nang le boleng e bile di rekega.
Lekutlopu la go ithuta e re e itemogelang fa re diragatsa dipholisi le fa go ntse jalo e diegisitse thebolo.
Go dira mabaka go se nne botoka ke ntlha ya gore lefapha la me le ne le dira dikgwedi di le robongwe kwa ntle ga Mokaedimogolo.
Se se koafaditse tsweletso godimo thatathata.
Ke ne ka tlhopha, Rre. Seth Maqethuka, yoe leng motho yo o tsaletsweng a bo a golela kwa Kapa a na le maitemogelo a bosetšhaba le puso selegae, yo ke ratang go mo akgola le go mo amogela le fa e le gore ke dirile jalo ka dinako tsotlhe.
Kwa ntle ga dikgwetlho le maparego a, ke motlotlo go itsise batho ba rona gore lefapha la me le kgonne go dirisa (R348 million), e e leng 92% ya kabo ya kagomatlo ya Kapa Bophirima.
Dingwe tsa diporofense ga ise ba dirise 52% le bobedi a tekanyetso ya bona.
Se se tlhodile tumelelo ya diketleetso tsa dintlo tse di ka nnang 25 000.
Malapa a mantsintsi a bahumanegi a tla fitlhela tšhono ya go itumelela maungo a temokerasi ya rona.
Se bomme le borre, se emela koketso ya diyuniti di le 3000 go na le tsa ngwaga o o fetileng.
Ka jalo, ke rata go amogela botsayakarolo jwa bammasepala mo porofenseng ya rona.
Kwa ntle ga ditlamego tsa bona le tiro e e matsetseleko, re ne re ka se kgone go dirisa madi.
Ka mokgwa ono, ke rata go akgola Teropo ya Teropo ya Kapa e e dirisitseng bo kana ka 70% tsa tekanyetso ya rona.
Gape ga ke lebale bakantoro ba me ka go dira ka natla ga bona le kabelo ya bona mo ponong ya kagomatlo ya setšhaba.
Bomme le borre, nka se nne le botshepegi mo boipiletsong jwa letswalo la me fa nka lo naya fela tse di itumedisang mo kgatong ya thebolo ya kagomatlo.
Go na le diphatlha tse di sa setseng mo kgatong ya thebolo.
Go fitlha fa, re tlhoka go tokafalo mo dintlheng tse di tshwenyang tse di latelang:
Dintlo di dintsi tsa rona ga di ise di nne maleba le pholising ya go tloga kwa bontsing go ya go boleng jwa kagomatlo.
Re sa ntse re batla gape go fetola kgato ya thebolo ya kagomatlo go tswa go ya go naya moriti go ya go ya manno a batho a a tswelelang.
Re tlhoka go fetola botsayakarolo jwa bajaboswa go tswa mo go botsayakarolo jo bo bonya go ya go jo bo matlhagatlhaga.
Re tshwanetse go fetola kakanyo ya batho gore ba simolole go tsaya dintlo tse di etleediwang ke puso e seng jaaka dikumo fela jaaka matlotlo.
<Doc12>
DITIRO TSA SETLAMO SA BOPODISA
Go nnile kwelo e kgolo ya makgwafo go mme le ngwana fa James Busakwe wa matsatsi a le 16 a golaganngwa gape le mme wa gagwe wa botsalo ka 7 Moranang 2006.
Matshwenyego a simologile fa mmagwe ngwana James a goroga kwa bookelong jwa Klerksdorp ka 6 Moranang go etela ngwana wa gagwe, badiri ba booki ba lemoga gore ngwana o filwe mosadi yo mongwe, yo o rileng ke mmaagwe ngwana wa botsalo letsatsi le le fetileng.
Ka bonako fa se, se se na go lemogwa, baoki ba ne ba begela Seteišene sa Maphodisa sa Kanana, gonne mosadi yo o tsereng James o neile aterese ya kwa Kanana.
Aterese e ne ya batlwa fela ga se nne le katlego.
Ga go ope wa leina kgotsa tlhaloso ya mosadi o ne a itsege mo atereseng eo.
Maitseboa a 6 Moranang CPF ya Kanana e ne ya tshwara kopano.
Mokomišinara wa seteišene a itsise kopano ka ga ngwana yo o gapilweng ka dikgoka, mme a kopa gore mongwe le mongwe a bule matlho le ditsebe.
Ka ura ya borobongwe bona bosigo joo, mongwe wa ditokololo tsa baagi a letsetsa maphodisa ka tshedimosetso ya gore mosadi yo o nnang mo karolong ya gagwe, le yo o go itsegeng gore ga a a ima, ka tshoganyetso o na le ngwana wa mosimane mo go ena.
Maphodisa a ne a sala morago tshedimosetso, mme ka nnete ba fitlhela mosadi le ngwana.
Badiri ba sepetlele ba ne ba bitswa, mme ka bonako ba supa ngwana, ga mmogo le mosadi yo o gapilweng ka dikgoka kwa bookelong.
Bopaki jo bo farologaneng, go akaretsa leseka la polasetiki la sepetlele, le fitlhetswe kwa ntlong ya mmelaelwa.
Mosadi yo o ne a tshwarwa, mme ngwana yo o sa utlwisiwang botlhoko o ne a busetswa kwa sepetleleng, kwa o neng a golagana gape le mmaagwe wa nnete mo letsatsing le le latelang.
Ditiro tsa ditokololo tsa baagi ba ba amegileng mo phitlhelong ya ngwana ba ne ba akgolwa, jaaka e bontsha mosola wa Bophodisa jwa baagi.
Mosola wa Setlamo sa Bophodisa fa o ka tsenngwa tirisong le go tshegetswa sentle, o se ke wa nyenyefatswa le ka motlha ope.
Tswelelang ka tiro e ntle, Kanana CPF!
Mme yo o Rategang
Ke nagana gore ke ka letlhogonolo kgotsa gongwe ka lesego le lentle gore ke fete mo seteišeneng ssa maphodisa sa lona mo Mondeor, mme ka bona Jenale ya lona ya SAPS.
Ke nagana gore e phasalediwe gangwe ka kgwedi, mm eke fitlhela go itumedisa go e buisa.
Nna le mosadi wa me re sa tswa go simolola kgwebo e ntšhwa, mm eke rata go lo laletsa lotlhe, kgotsa mongwe le mongwe wa bothapi ba gago fa ba le mo lefelong la rona, ba tle go nwa kofi ya sesolo kgotsa tee, mm eke solofela gore re tla nna le bisikiti kgotsa tse pedi tsa gago le tsa bona.
Ke tshepa gore le tla tlhaloganya gore, go simolola kgwebo e ntšhwa ga go bonolo gape go tsaya nako e ntsi le madi.
Le fa go ntse jalo, ke sa ntse ke tshepa gore maphodisa le mafapha otlhe a mangwe a badiragatsi ba molao ba botlhokwa thata mo baaging ba Aforikaborwa.
Se ke sengwe fela se sennye se ke ratang go le se neela botlhe go le lebogela seo le se intshitseng setlhabelo go netefatsa gore rona, baagi,re ka tswelela ka matshelo a rona a ka metlha.
Re solofetse go utlwa mo go lona, kgotsa botoka gape, go bona bangwe ba bathapiwa ka yunifomo, ba tsena mo lebenkeleng la rona le lennye le go itsane le botoka.
Ke le leboga gape, bothapi ba badiragatsi ba molao ba Aforikaborwa, go dira ka thata ga lona le boineelo jwa go tshola Aforikaborwa e sireletsegile.
Makwalo a makhutshwane, a a nang le dintlha a ka romelwa ka fekese kgotsa emeile go Motseleganyi.
Re boloka tshwanelo ya go tseleganya le ga ngotla makwalo.
<Doc13>
KGOELETSO YA TIRO
Ka 14 Seetebosigo 2007, nngwe ya diathikele tsa Jenale ya Tlhaeletsano ya SAPS (www.sapsjournalon-line.gov.za) e tlhalositse gore bakantoro ba maphodisa ba babedi ba Lephata la Bosupi ba Dikoloi ya Welkom ba tshwerwetswe bosenyi le bonweenwee.
Go begwa gore ba babedi ba, mookamedi le sepeketere, ba rekisitse dikoloi tse di fitlhetsweng ke maphodisa, go ikhumisa.
Babelaelwa botlhe ba tla tlhagelela kwa kgotla ka 12 Seetebosigo, mme kgetse e ne ya pegwa go fitlha ka 21 Phatwe 2007.
Letsatsi morago ga moo, ka 15 Seetebosigo, ditlhogo tsa News24 di ne tsa re: "Maphodisa a mabedi ba kwa godimo ka ntlha kgothoso ba tshwere dithunya".
Motlha o, e ne e le mokonsetabole wa moithuti le sepeketere ba go begwang gore ba kgothositse lebenkele la diaparo kwa Marble Hall, go utswa madi, marokgwe le hempe.
Bobodu ba maphodisa bo tshwanetse go fedisiwa.
Fa bontsi ba rona re tshepagala, re le baagi ba ba dirang ka natla, bakantoro ba maphodisa ba ba mmalwa gab a itlotle, yunifomo ya bona kgotsa Khouto ya Maitsholo ya Sephodisa.
Ke nakokgolo ya gore re fedise SAPS gotlhelele le bangwe botlhe ba ba bosula.
Mme o ka thusa go fedisa maphodisa a a bobodu ka go ba senola mo mogaleng o mošwa wa bosenyi.
Ka botlhokaina!
Fa o belaela gore mongwe wa badirammogo le wena ga a a siama, kgotsa fa o itse mongwe fela, e ka nna bakantoro ba maphodisa, ditokololo tsa lesika, badirammogo, baagisane kgotsa ba o sa baitseng, ba ba amanang le kgotsa ba loga maano a go amana le ditiro tsa bosenyi, se o tshwanetseng go se dira ke, go romela SMS go 32211.
E ke nomoro ya mogala e ntšhwa ya bosenyi jwa bosetšhaba e e neng ya itsisiwe ke Primedia kwa Sandton.
O ka romela SMS kwa go 32211 (ka tlhotlhwa ya R1 e le nngwe) kgotsa wa ya go www.crime-line.co.za.
Batsei ba metswedi ba ba katisitsweng ba emetse go fetisetsa tshedimosetso go maphodisa, ba ba tla tsibogang ka bonako!
Se se botlhokwa ke gore o tla nna tlhokaina.
Jaanong o na le maatla a go thusa go lwantsha bosenyi kwa ntle ga go se itsenye mo kotsing.
Boitshimololedi ba Primedia ga bo solofetsa dituelo.
Yusuf Abramjee, Mogokaganyi wa porojeke ya go Lwantsha bosenyi ya Primedia, o rile: "Ga re batle leina la gago kgotsa aterese gongwe fa o ithaopa goe re naya, mme ga go tlhokege go ntsha dintlha kgotsa go iponatsa kwa kgotla.
Se re se tlhokang ke tshedimosetso ka ga basenyi gore maphodisa a kgone go e sala morago."
E ntšhwa e, diranta tsa dimilione tse dintsi, letsholo la go lwantsha bosenyi la bosetšhaba le itsisitswe ke Primedia kwa Sandton ka 7 Seetebosigo 2007.
E ikaegile thulaganyo ya Thibelo ya Bosenyi ya Boditšhabatšhaba.
Thibelo ya Bosenyi e simolotse kwa Albuquerque, New Mexico, ka Lwetse 1976.
Ke kgolagano magareng ga baagi, bobegakgang le ditheo tsa tshegetso ya molao, mme e ne e diretswe go thibela bosenyi le go tshola baagi ba sireletsegile.
Gompieno, go na le manane a Thibelo ya Bosenyi a a kana ka 12000 fa gotlhe e e dirang mo dinageng a le 20 tse di dirisang tshedimosetsoe e ba e neilweng ke baagi go thusa go rarabolola bosenyi.
Go ya ka CEO ya Primedia LTD, Rre William Kirsh, manae a, a thusitse go tshwara diseni tse di 600 000.
Se mongwe le mongwe wa bakantoro ba maphodisa a ka itse ka ga letsholo la go lwantsha bosenyi le lešwa, ke gore e na le tshegetso e e tletseng ya Tona ya Pabalesego le Bosireletsi, Rre, Charles Nqakula le Mokomišinare wa Bosetšhaba wa SAPS, Mokomišinare Jackie Selebi.
Mokomišinare Jackie Selebi o solofeditse gore "jaaka setheo, re ile go dira sengwe le sengwe mo maatleng a rona go dira gore porojeke e, e dire."
Potso ke gore re ile go dira eng ka se?
Tshegetso ya mongwe le mongwe e e tletseng e a tlhokega, e seng fela go tsiboga ka bonako fa o fitlhela tshedimosetso mogala wa bosenyi go tswa mo setheong , mme gape le go bapatsa boitshimololedi jo gongwe le gongwe kwa o ka kgonang.
Bolelela batho,ba CPF, dikolo, ba lesika le ditsala ka ga boitshimololedi jo.
Netefatsa gore ba tlhaloganya gore letsholo ga le solofetse dituelo, gore bat la nna botlhokaina go sa kgathalesege gore eng.
Le go gakologelwa gore se ga se mogala wa tshoganyetso.
Batho ba sa ntse ba tshwanetse go bega ditshoganyetso mo go 10111 kgotsa kwa diteišeneng tsa maphodisa tse di gaufi tsa bona.
Ka letsholo le la go lwantsha bosenyi bobegadikgang bo atolositse thuso go maphodisa.
Ba batla gore thusa go dira Aforikaborwa lefelo le le babalesegileng la botlhe.
Kwa kgakolong ya boitshimololedi jwa mogala wa bosenyi, John Robbie, mong-gae wa pontsho ya mo mosong Puo ya Radio 702, o neelang ka metšhini ya Sediriswa sa 65 ID go SAPS.
Rre Robbie o dirile boikuelo mo moweng jaanong go bareetsi go thusa mabapi le metšhini ya Sediriswa sa ID.
Morekisi wa metšhini, Thekenoloji ya Sefatlhego, le yona e ne ya tlhagelela, e fokotsa tlhotlhwa ya metšhini go fitlha kwa tlase ga tuelo, e e kgontshang dikhamphani ba kwa tshimologong ba thusitseng ka madi a a lekaneng mo go motšhini o le mongwe go reka e mebedi.
Primedia le John Robbie ga se bona fela ba e leng gore ke bona ka nnete ba thusang maphodisa mo twantshong ya bosenyi.
Buisa dikgang tsa katlego mo Jenaleng ya SAPS kgotsa Mogala wa Jenale ya SAPS, mme o tla bona gore dikgetse di rarabolotswe ka thuso ya ditokololo tsa baagi.
Ka letsholo la go lwantsha bosenyi le lešwa le ntse sentle, disenyi, go akaretsa bangwe ba ba mmalwa ba ba bobodu mo ditirelong, ba ka itse selo se le sengwe ka tota … matsatsi a bona a badilwe.
<Doc14>
ETQA katlenegiso ya motlamedi wa ditirelo
Ditirelo tsa Puso ya Aforikaborwa
Kopo go ETQA ya katlenegiso jaaka motlamedi wa thuto le katiso
Tlhaloso
Melawana e e mabapi le Thuto le Katiso ya Netefatso ya Boleng (ETQA) mo mafapheng a a ka fa tlase ga Puso ya Dithutego tsa Aforikaborwa (SAQA) e tlhoka batlamedi ba thuto le katiso go kopa go atlenegiswa kwa go ETQA.
Go ka atlenegiswa, batlamedi ba thuto le katiso tlhoka go kwadiswa go ka melawana e e diriswang.
Molawana o o mabapi e Thuto e Kgolo le Thuto ya Tsweletso e tlhoka gore batlamedi ba thuto le katiso ba ba neelanang ka dithutego tse di tletseng ba kwadiswe le Lefapha la Thuto.
Motlamedi wa thuto le katiso o tshwanetse a neelana ka diyuniti tsa tekanyetso / kgotsa dithutego tse di welang mo tsepamong ya poraemari ya Thuto le Katiso ya Netefatso ya Boleng (ETQA) karolo ya Setlamo sa Thuto le Puso ya Katiso (SETA) kgotsa Mafapha a Boithutelo.
Ditlhokego tsa katlenegiso:
* Ditlhokego tsa katlenegiso di ka fa gare ga lekwalo la setlhogo sa Melao le Dikaelo tsa Batlamedi, mme e fitlhelwa mo webosaeteng ya SAQA.
* Manane (le/kgotsa tekanyetso) e e neelwang ke motlamedi wa thuto le katiso e e felelang mo diyuniti tsa tekanyetso le/kgotsa dithutego tse di kwadisitsweng mo go Letlhomeso la Dithutego tsa Bosetšhaba (NQF).
* Kharikhulamo (botlhami, diteng le didiriswa tsa go ithuta) e ikaegile ka diyuniti tsa tekanyetso le/kgotsa dithutego.
* Go na le badiredi ba ba rutegileng ba ba maleba (barutisi le balekanyetsi ba ba kwadisitsweng).
* Baithuti ba na le phitlhelelo ya ditirelo tsa thuso tse di lekaneng tsa go ithuta.
* Mekgwa ya tekanyetso le didiriswa tse di diriswang go lekanyetsa ditlhokego tsa mo diyuniti tsa tekanyetso le/kgotsa dithutego tse di itekanetse, bonnete le go ikanyega, mme di diriswa to tokafatsa go ithuta.
Dikgato tse di latelwang:
* Romela lekwalo la maikaelelo a gago a go atlenegiswa jaaka motlamedi wa thuto le katiso kwa go ETQA tse di maleba.
* Romela foromo ya boitekanyetso ya gago le kopo go ETQA.
* Fa o sa newa katlenegiso, mme o tsaya gore tirego e ne e se e e itekanetseng, o na le tshwanelo ya go ikuela.
* Lenaneo la diETQA le malotle a kgolagano a teng mo webosaeteng ya SAQA.
Go ka nna ga tsaya dikgwedi di le thataro.
Tirelo ga e duelelwe.
Diforomo tse di tlatswang
Diforomo tsa kopo tsa katlenegiso ya motlamedi le makwalo a a tsamaelanang le tsona di ka fitlhelwa kwa go ETQA e e maleba.
Malotle a kgolagano – Tlhopha kgetho e le nngwe tsweetswee:
