<Doc01>
Kemedi ya Tshireletso ya Loago ya Aforikaborwa
Setheo sa Tlhokomelo ya Bareki
O amogetswe go Tšhata ya Tlhokomelo ya Bareki ya rona
Re batla gore wena, moreki wa rona, o re atlhole go ya ka seemo sa ditirelo seo re se tlhagisang mo teng ga tšhata eno.
Re tla go tshola ka tlotlo le go go neela tirelo e e maleba go ya ka meetlo ya BATHO PELE.
Jaaka karolo ya maikarabelo a rona, re ineela go tlamelana ka tirelo ya maemo a kwa godimo, go go neela tshedimosetso e e nepagetseng, dikeletso le thuso mo ditirelong tsa rona tsotlhe.
Maikaelelo a Tšhata
Tšhata eno e go bolelela ka seemo sa ditirelo tseo o ka di amogelang go tswa go Kemedi ya Tshireletso ya Aforikaborwa (SASSA).
SASSA ke katoloso ya letsogo la ditirelo la puso leo le laolang kgoroso ya madithebolo a loago go baagi ba Aforikaborwa.
Re ineela
Go laola ditirelo tsa tshireletso ya loago tsa maemo a kwa godimo, ka tsela e e tlhwatlhwatlase e bile re dirisa mekgwatsamaiso e e gaisang.
O ka solofela eng go tswa mo go rona
Tsweletso ya tshireletso ya seriti sa botho, Bohupamarama, Tshiamo, Tolamo, Ponalatso le Tekatekanelo.
Go ralala Kemedi ya Tshireletso ya Aforikaborwa, re tla
Go neela tshedimosetso le dikeletso mabapi le madithebolo o tlhe a o ka dirang kopo ya ona.
Go fetisetsa go ditheo tse dingwe tseo di ka sekegelang ditlhokego tsa gago.
Go thusa go tlatsa diforomo le go dira kopo ya go bona madithebolo.
Tshola tshedimosetso e o re neelang yona e le sephiri.
Diragatsa Molaotheo wa Aforikaborwa ka gale, melao e e laolang ditirelo tsa setšhaba le molao wa maitsholo a ditirelo tsa setšhaba.
Neela tirelo ka puo e o e tlhophileng.
Dira mmogo le batho bao re ba direlang mmogo le botlhe ba ba amegang.
Leka ka gale go tlhabolola neelano ka ditirelo ya rona go kgona go kgotsofatsa ditsholofelo tsa gago
Go ikgolaganya le rona
Fa o ikgolaganya le rona ka nama, ka mogal, ka lekwalo kgotsa ka imeile, go tla diragala tse di latelang:
Kmedi ya ditirelo tsa bareki yo o dirang nae o tla ikitsise.
Dingongorego ka mogala mabapi le motho ka nosi, di tla rarabolola ka yona nako eo.
Fa re sa kgone go di rarabolola ka yona nako eo, re tla neela mabaka le go bolelela modirelwa gore a ka solofela karabo neng.
Re tla go neela nomoro ya referense go go letla go latedisa ngongorego ya gago.
Re tla dumela kamogelo ya tlhaeletsano efe e o e romelang mme re tla mekamekana le ngongorego ya gago mo teng ga malatsi a le 7 a tiro.
Fa re sa kgone go go araba mo teng ga malatsi a le 7 a tiro, re tla go tlhalosetsa gore goreng le gore o ka solofela karabo ya gago neng.
Re tla leka go rarabolola ngongorego ya gago mo teng ga malatsi a le 21.
Fa o re leletsa mogala, re ikaelela go go araba ka bonako jo bo kgonagalang ka puo ya semmuso e o e tlhophileng.
Re tla go kwalela mabapi le tshwetsho nngwe le nngwe ka ga madithebolo a gago.
Kwa dikantorong tsa SASSA
Fa o goroga mo go nngwe ya tsona, badiri ba rona batla go thusa ka potlako.
Dikantoro tsa rona tsotlhe di bulwa ka 08h00 go fitlha ka 16h30, Mantaga go fitlha ka Labone le go tloga ka 08h00 go fitlha ka 16h00 ka Labotlhano.
Dikantoro tsa rona le mafelo a dituelo a tla nna le phitlhelelo ya tse di lateng:
Bohupamarama
Mafela a a boiketlo a go leta
Matlwanaboithusetso
Thuso ya kalafo fa re boleletswe go sa le gale ka tlhokego eo
Re tla tla kwa go wena fa e le gore ga o kgone go tla kwa go rona ka ntlha ya mabaka a boitekanelo.
O ka re leletsa mme re tla rulaganya ketelo ya kwa gae.
Go mekamekana le kopo ya gago ya madithebolo
Re tla simolola go itebanya le kopo ya gago ka lona letsatsi leo.
Re tshwanetse go netefatsa gore o na le tshwanelo ya semolao ya go bona madithebolo.
Re ipeela diphisegelo tsa go itebagaya le tleleimi ya gago le go duela madithebolo a gago mo teng ga malatsi a le 90.
Re tla go itsise ka tshwanelo ya gago ya go dira boikuelo fa go ka nna le go ganwa, go fegwa mmogo le go khanselwa.
Go tsaya ditshwetso.
Fa re tsaya tshwetso ka kopo ya gago ya go bona madithebolo, mme o bona ekete e fosagetse, kgotsa o batla tshedimosetso ya tlaleletso ka ga tshwetso, o ka dira tse di latelang:
Go re kopa gore re tlhalose tshwetso ka botlalo mme re tla go direala jaaka o kopa
O ka dira boikuelo kgatlhanong le tshwetso fela mo teng ga malatsi a le 30 a letlha la lekwalo la tshwetso.
O ka fitlhelela tshedimosetso ya gago go bona tshedimisetso efe e o ka bong o e tlhoka.
Maikarabelo a gago e tla nna
Go re tlamela ka:
Aterese ya gago ya bonno le ya poso e e nepagetseng.
Diphetogo mo botshelong jwa gago jaaka lotseno, aterese, maemo a kalafo, jalo le jalo.
Tshedimosetso kgotsa tlhaloso e e ikanyegang, ya nnete mmogo le e e nepagetseng ka dinako tsotlhe.
Go tsibogela ka bonako makwalo a rona otlhe go akarediwa dithadiso ya tshedimosetso nngwe gape e e batliwang mo go wena.
A ga o a itumelela ditirelo tsa rona?
Fa e le gore ga o a itumela ka ntlha ya gore:
Re tsere lobaka go leba kopo ya gago ya madithebolo mme/kgotsa ga o a amogela madi a gago ka nako.
Maitsholo a motlhankedi wa rona a ne a itumedise
Modiri wa rona o dirile phoso mo kopong ya gago kgotsa o go neetse maele a a fosagetseng.
Phoso efe ka maikaelelo kgotsa e se ka maikaelelo mo letlhakoreng la rona
re itsise ka yona mme rona re tla phososlola phoso efe e re e dirileng.
Fa o batla go gorosa ngongorego, tsweetswee re kwalele kgotsa o re leletse mme o kope go fetisediwa go yuniti ya tlhokomelo ya bareki.
Re tla sekaseka ditirelo tsa rona le wena.
Re na le kgatlhego mo dikgopolong tsa gago mabapi le ditirelo tsa rona.
Re tla dirisa tshedimosetso e o re neelang yona go tokafatsa ditirelo tsa rona.
Tswee tswee re romelele ditshwaelo ka tsela nngwe ya tse di latelang ka fa tlase:
Leletsa nomoro ya rona ya mahala ya setheo sa metseletsele ya megala mo go 0800 601 011
Tlatsa karata ya ditshwaelo tsa moreki e e fitlhelegang kwa dikantorong tsa rona le kwa mafelong a dituelo.
Etela webesaete ya rona mo go www.sassa.gov.za
Etela lefelo lefe kgotsa lefe la rona la ikgolaganyo.
(Mafelo a dituelo a didika, selegae le ditirelo)
Gorosa tlhagiso e e kwadileng kwa go nngwe ya dikantoro tsa rona.
Dipotso le ditswaelo mabapi le tšhata
Fa o batla tshedimosetso nngwe ya tlaleletso mabapi le tšhata eno, leletsa nngwe ya dikantoro tsa rona.
O ka bona tšhata eno ka Braille, kgatiso ya kutlopono le CD, fa o kopa jalo.
Tšhata e tla tsenngwa tirisong ka la 01/04/2007 mme e tla lekolwa ngwaga le ngwaga go akaretsa ditshwaelo tsa gago.
<Doc02>
Setheo sa Mananeopalo sa Aforikaborwa - Dikgang
Inside Statistics: Tlhokego ya mananepalo e tla oketsega jaaka temokerasi e itsepepela
Atikele eno e phasaladitswe la ntlha mo teng ga Business Report ka la 05 Phatwe 2004
Mo bekeng e e fetileng ke ne ka tsenela kopano ya kgaolo ya bogakolodi ba lekgotla la East African Statistical Training Centre kwa Tanzania, moo ke neng ka nna le tshono ya tsenela moletlo wa ngwaga le ngwaga dialogane wa bo 39, moo badiri ba le batlhano ba Setheo sa Mananepalo sa Aforikaborwa, ba neng ba tsaya karolo.
Katiso ya badiri ba Stats SA ke phisego ya setheo.
Fela morago ga gore ke thapiwe jaaka mmaladipalo –kakaretso, Stats SA, mmogo le Lekgotla la Mananepalo (Statistics Council), ba ne ba tlhagisa letsholopalo la ka bonako la go batla ditheo tseo di neng di neelana ka thuto e e maleba ka ga tshedimosetso ya semmuso.
Re ne sa tlhaola ditheo di le pedi: setheo sa katiso kwa Dar es Salaam kwa Tanzania, mmogo le Institute of Statistics and Applied Economics kwa Uganda.
Setheo se tlhomilwe ka 1965 ke UN Economic Commission for Africa, East African Common Services Organisation mmogo le UN Development Programme.
Ka 1997, puso ya Tanzania e ne e setse e tsere taolo ya setheo, mme ya atolosa palo ya dinaga tseo e neng e di direla go 13.
Setheo sa kwa Uganda se tlhomilwe ka 1969, mo teng ga letlhomeso la semmuso la Yunibesithi ya Makerekere.
Maikaelelo a yona e ne e le katiso ya maemo a a kwa godimo a baporofešenale ka dithuto tsa mananepalo le ikonomiki e e diragadiwang.
Mo dingwageng di le tharo tse di fetileng, Stats SA e ntse e romela badiri ba yona kwa ditheong tseno.
Setlhopha sa ntlha se ne sa aloga mo ngwageng o o fetileng.
Fa e sale ba boa, ba bontshitse tokafalo e tona mo ditirong tsa bona e bile ba bangwe ba bona ga jaana ba mo maemong a botsamaisi.
Le fa gontse jalo, Stats SA se lebagane le dikgwetlho tse dintšha.
Tlhokego ya tshedimosetso ya dipalopalo go tsaya ditshwetso mo maphateng a le mnararo a palamente, e oketsegile thata.
Bogolosegolo, tlhokego ya batho ba ba katisitsweng mo go kokoanyeng le go dirisa tshedimosetso ya mananepalo kwa bommasepaleng, e nna masisi.
Go kgotsofatsa tlhokego e, re tla tshwanelwa ke go katisa batho ka seelo sa bonnye ba le 2000 ka ngwaga.
Setheo sa katiso sa kwa Tanzania mmogo le Ugandan Institute of Statistics and Applied Economics, gankitla ba kgona go emelana le topo e e kwa godimo jaana.
Fa a ne a bula khonferense ya SA Statistical Association mo ngwageng o o fetileng, tona ya matlole Trvor Manuel o ne a gwetlha diyunibesithi tsa Aforikaborwa go itebaganya le tlhaelo ya dinonofo tsa mananepalo tseo di leng teng go thusa puso go tsaya ditshwetso tseo di nang le tshedimosetso eo e ikaegileng ka tshedimosetso e e nepagetseng ya mananeopalo.
Stats SA e simolotse dipuisano le diyubesithi ka maikaelelo a go simolola katiso ya go nna jalo.
Le fa gontse jalo, ga jaana ga go yunibesithi mo Aforikaborwa e e nelanang ke dithuto tsa mananepalo a semmuso.
Stats SA e rulaganya go tlhoma setheo sa katiso ya mananepalo mo isagweng, seo se tla neelanang ka katiso ya mananepalo a semmuso go bobedi badiri ba mo teng ga setheo le ba mafapha a mangwe a puso.
Go tsenngwa tirisong ga tsamaiso ya mananepalo a boditšhabatšhaba go tla tlisa tlhokego ya go tlhoma diyuniti tsa mananepalo mo mafapeheng a a farologaneng a puso, sengwe seo se tla tlisang tlhokego e tona ya batho bao ba nang le dinonofo tsa mananepalo.
Le fa gontse jalo, kgodiso ya batho bao ba nang le bokgoni ba mananepalo e golaganngwa le go feta tlhokego ya tshedimosetso e e nepagetseng mo pusong.
Mananepalo ke pianagare ya temokerasi.
HG Wells, mo tshimologong ya ngwagakgolo wa bo 20, o bonetsepele gore mo isagweng , mananepalo a tla nna botlhokwa go baagi fela jaaka bokgoni ba go buisa le go kwala.
Mananepalo a setšhaba ke phitlhelelo ya setso ya ga jaana eo e tlholegileng mo tshimologong ya temokerasi.
Mo mabakeng a Aforika, moo temokerasi e leng sengwe sa sešweng, re tla bona koketsego ya topo ya mananepalo a setšhaba jaaka temokerasi e itsetsepela.
Babaladipalo ke batlhokomedi ba melwana le metheo ya ponalatso ya temokeratiki mabapi le tekanyetso le phitlhelelo, mmogo le boikarabelo.
Ke seo se tshwanetseng go dirwa mabapi le matsholo a go oketsa palo ya batho bao ba nang le bokgoni ba mananepalo, le go tlhoma ditheo tseo di tlhokokegang gore di gole ka bonako mabapi le go ruta tshedimosetso ya semmuso.
Pali Lehlola Mmalamananepalo-Kakaretso le tlhogo ya Stats SA.
Go bona tshedimosetso e nngwe ka ga Stats SA mmogo le seo e se dirang, etela www.statssa.gov.za kgotsa leletsa (012) 310-8600
<Doc03>
Malatsi a le 16 a Letsholokgaratlho: A o ne o itse?
Go tloga ka 1994, Puso e tlhamile molao go phosolola diphoso tseo di amang basadi le bana.
Molao wa go Tsweletsa Tekatekano le go Thibela Kgethololo e e sa Lolamang wa 2000, o phasaditswe go netefatsa gore mongwe le mongwe o itumelela ditshwanelo tsa Molaotheo.
Molao o netefatsa gore basadi ba itumelela ditshwanelo le kgololosego ka go lekana mme seno o se ne se dirwa ka maikaelelo a go itebaganya le diphoso tsa mo nakong e e fetileng.
Molao wa Tekatekano ya Thapo wa 1998, o netefatsa gore kgethololo ka thapo, tiro le lotseno mo mmarakeng wa bodiri tseo di nnileng teng ka ntlha ya tlhaolele, di a ripitlwa.
O rotloetsa kemedi e e lekalekaneng ya basadi le batho bangwe bao ba neng ba kgaphetshwe kwa thoko mo malobeng mo maemong otlhe a ditheo tsa setšhaba le tsa poraefete.
Molao wa Tlamelo wa 1998, o netefatsa ditshwanelo tsa ngwana go seemo sa go tshela seo se lekaneng mabapi le kgolo ya mmele, tlhaloganyo, mowa le loago.
Molao o netefatsa gore madi a tlamelo ya ngwana a bonwa go tswa mo batsading kgotsa mo bathong ba bangwe bao ba rwalang maikarabelo a go tlamela ngwana.
Molao wa Tirisodikgoka mo teng ga Lelapa wa 1998, o diretswe go tlamela bafalodi ba tirisodikgoka ka tshireletso e ntsi go gaisa kgatlhanong le tirisoboatla ya mo lelapeng.
Basadi bao ba itemogelang tirisodikgoka mo teng ga lelapa, jaanong ba na le seikokotlelo sa semolao seo e tla netefatsang tshireletso ya bona.
Molao wa Bana wa 2005, le Molao o o Fetotsweng wa Bana wa 2007, o diretswe, gareng ga tse dingwe, go sireletsa ngwana kgatlhanong le tsholomakgwakgwa, tlhokomologo, tirisoboatla kgotsa lenyatso.
Puso e tsentse tirisong le go tshegetsa ditlhagiso tseo di sireletsang seriti sa botho sa basadi le bana.
Tšhata ya Ditshwanelo tsa Bana ga jaana e a lekolwa le go ntšhafatswa go akaretsa le dikgwetlho tseo di runyang jaaka tiriso ya bana jaaka didiriswa tsa ditshwantsho tsa thobalano le go ba sedimosa go matheriale wa tsa thobalano.
Puso e tsibogetse kgwetlho ya manyalo a bana go bagolo, a a gapelediwang ka fa tlase ga tiragalo ya setso eo e bidiwang "Ukuthwala".
Puso e ineela go netefatsa gore ditirwana tsa setso le tse dingwe di maleba le Molaotheo mmogo le melao mengwe e e maleba.
Go tshwaraganwe le tiragalo ya go tlhoma gape diyuniti tse di kgethegileng tsa sepodisi tseo di itebaganyang le melato ya mo teng ga lelapa le ya thobalano, kgatlhanong le basadi le bana.
Go tlhama diyuniti tse di kgethegileng go tla etleetsa bokgoni bo bo tlhokegang go tsweletsa bolaodi le botšhotšhisi jo bo atlegileng ba melato kgatlhanong le basadi le bana.
Ga jaana go na le Ditheo tsa Tlhokomelo tsa Thuthuzela di le 17 tseo di tlhomilweng go ralala naga mo ditikilong tsa baagi tseo di itemogelang palo e e kwa godimo ya tirisodikgoka ya thobalano.
Ditheo di tla neelana ka ditirelo tsa boitekanelo le katlaatlelo. Ditheo di tla simolola le ditiragalo tsa bobegi le botšhotšhisi bo bo nonofileng ba melato mo tikologong e e botsalano e e tlhokomelwang ke baporofešenale.
Matlole a Pusetso ya Dithoto tsa Bosenyi a dirisitswe go tshegetsa ka matlole diporojeke tsa go matlafatsa batswasetlhabelo ba le 19.
Lefapha la Ditirelo go Batswasetlhabelo ba Tiridikgoka le Bosenyi leo le nang le ditirelo tseo di tlamelwang ke mekgatlho ya puso le eo e seng ya puso e feta 1500 mo diporofenseng tsotlhe, le tlhomilwe.
Lefapha le matlafatsa batho go fitlhelela ditirelo tseo di leng teng mo ditokologong tsa bona.
Go mafelo a a botsalano go batswasetlhabelo a a tlhodilweng mo diteišeneg tsa mapodisi tseo di itemogelang pego ya melato e mentsi.
Go tlhomilwe gape le Dikgotlatshekelo tseo di itebaganyang le Melato ya Thobalano fela.
Molao wa Tirisodikgoka ya mo teng ga Lelapa o tlametse gore go agiwe mafelobonno.
Ga jaana go na le mafelobonno a le 96 mo Aforikaborwa go tloga go a le 39 ka 2001.
Ditshwanelo tsa Tšhata ya Batswasetlhabelo di fetoga go nna boammaruri go batswasetlhabelo ba bosenyi bao ba dirisanang le Tsamaiso ya Tshiamiso ya Bosenyi.
Tšhata eno e akaretsa Dieelopotlana tsa Ditirelo go Batswasetlhabelo ba Bosenyi, tseo di tlhalosang letlhomeso la semolao la batswasetlhabelo go gatelela ditshwanelo tsa bona mmogo le ditirelo tse di solofetsweng go tswa go Tsamaiso ya Tshiamiso ya Bosenyi.
Ka go tsenngwa tirisong ga Tšhata ya Batswasetlhabelo, palo ya malatsi a a tsewang go konosetsa kgetsi mo teng Kgotlatshekelo ya Melato ya Thobalano, e wetse tlase go tswa go 285 go ya go 142.
Tšhata gape ke tlhokego ya puso ya Aforikaborwa go kgotsofatsa ditlamego tsa yona tsa boditšhabatšhaba. Seno ke go ya ka Kgoeletso ya Melawana ya Motheo ya Tshiamiso go batswasetlhabelo ba Bosenyi le Tiroboatla ya Maatla ya Ditšhaba tse di kopaneng (UN).
Tirisanommogo ya boditšhabatšhaba e itebaganya le dikgwetlho tsa tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana.
Aforikaborwa e gorositse pego go komiti ya UN ya CEDAW mabapi le kgatelopele e e dirilweng mo go tsenyetirisong Tumalano ya Phediso mmogo le kgatelopele e e dirilweng ka kgethololo kgatlhanong le basadi..
Aforikaborwa e ne ya tsholabaeng ba Kopano ya Ditona tsa Dinaga tse di kwa Borwa jwa Aforika tseo di Tlhabologang (SADC) ka la 9 Ngwanaitsele, go konosetsa togamaano ya kgaolo ya dingwaga di le 10 mabapi le go thopa batho, bogolosegolo basadi le bana.
Motlhagolatsela wa SADC ka ga Bong le Tlhabololo o kaya gore Dinaga tseo e leng Ditokolo tsa SADC di tshwanetse go bo di dirile molao o o lwantshang pogiso ka thobalano.
Aforikaborwa e tshotsebaeng ba Samiti ya Kgaolo ya Tshiamiso ya Bong (9-10 Ngwanaitsele 2009), e e neng ya tlisa mmogo dikemedi go tswa go dinaga tsa Aforika go abelana ka maitemogelo le tseo di ka dirwang go fedisa tirisodikgoka ya thobalano le bong.
Se lebe kwa thoko tsaya kgato kgatlhanong le dirisoboatla.
<Doc04>
Polelo ya Bohupamarama
Lefapha la Kago ya Matlo le ineela go sireletsa bohupamarama le tlhoma thekenoloji e e go nayang maitemogelo a a sireletsegileng le e maatla go gaisa a letloatiriso.
Polelo ya Bohupamarama e mabapi le webesaete ya Lefapha la Kago ya Matlo mme e laola kgobokanyo le tiriso ya tshedimosetso.
Ka go dirisa webesaete ya Lefapha la Kago ya Matlo, o dumelana le ditiragalo tsa go kgobokanya tshedimosetso tseo di tlhaloswang mo polelong e.
Kgobokanyo ya Tshedimosetso ya Motho
Lefapha la Kago ya matlo le kgobokanya tshedimosetso e e tlhaolegang ya motho, jaaka aterse ya gago ya imeile, leina, aterese ya kwa gae kgotsa ya kwa tirong kgotsa nomoro ya mogala.
Lefapha la Kago ya matlo le kgobokanya tshedimosetso ya batho ya sephiri, eo e leng gore ga e maleba le wena, jaaka khoutu ya ZIP (lefelobonno), dingwaga, bong, dilo tse o di ratang le dikgatlhegelo.
Go na gape le tshedimosetso ka ga serwethata kgotsa serweboleta sa khomphuthara ya gago eo le yona e kgobokanngwang ke Lefapha la Kago ya Matlo ka itiriso.
Tshedimosetso eno e ka akaretsa: aterese ya gago ya IP, mofuta wa go batla, maina a tomeine, dinako tsa phitlhelelo mmogo le diaterese tsa diWebesaete tse di fetisetsang pele.
Tshedimosetso eno e diriswa ke Lefapha la Kago ya Matlo mo go diragatseng tirelo, go tsweletsa boleng ba tirelo le go neelana ka mananepalo ka kakaretso mabapi le tiriso ya Webesaete ya Lefapha la Kago ya Matlo.
Tsweetswee gakologelwa gore fa o neelana ka tshedimosetso e e tlhaolegang kgotsa e e masisi ka mafelo a melaetsa ya botlhe ya Lefapha la Kago ya Matlo, tshedimosetso eno e ka tsewa le go diriswa ke bagwe.
Ela tlhoko: Lefapha la Kago ya Matlo ga le buise tlhaeletsano epe ya gago ya bohupamarama e e mo letloatirisong.
Lefapha la Kago ya Matlo le go rotloetsa go lekola dipolelo tsa bohupamarama tsa diWebesaete tseo o tlhophang go golagana le tsona go tswa go Lefapha la Kago ya Matlo gore o kgone go tlhaloganya gore diWebesaete tseo di kgobokanyang jang, di dirisa le go abelana ka tshedimosetso ya gago jang.
Lefapha la Kago ya Matlo ga le rwale maikarabelo a dipolelo tsa bohupamarama kgotsa diteng tse dingwe mo diWebesaeteng kwa ntle ga diWebesaete tsa Lefapha la Kago ya Matlo.
Tiriso ya Tshedimosetso ya gago
Lefapha la Kago ya Matlo le kgobokanya le go dirisa tshedimosetso ya gago go tsamaisa Webesaete ya Lefapha la Kago ya Matlo le go neelana ka ditirelo tse o di kopileng.
Lefapha la kago ya Matlo le dirisa gape tsedimosetso ya gago e e tlhaotsweng go go itsise ka dikuno tse dingwe kgotsa ditirelo tseo di fitlhelegang go tswa go Lefapha la Kago ya Matlo.
Lefapha al Matlo le ka ikgolaganya gape le wena ka ditlhotlhomiso go dira dipatlisiso ka ga dikgopolo tsa gago mabapi le ditirelo tsa nako eo kgotsa ka ditirelo tseo di ka rebolwang mo isagweng.
Lefapha la Kago ya Matlo ga le rekise, kgotsa la hirisetsa maphata a boraro manaane a bareki ba lona.
Lefapha la Kago ya Matlo le ka ikgolaganya le wena mo boemong jwa balekane ba kgwebo ba kwa ntle mabapi le thebolo eo o ka e kgatlhegelang.
Mo mabakeng ao , tshedimosetso ya gago e e tlhaolegileng (imeile, leina, aterese, nomoro ya mogala) ga e fetisediwe go lephata la boraro.
Go tlalelelatsa seo, Lefapha la Kago ya Matlo le ka abelana ka tshedimosetso go balekane ba ba ikaenyegang go re thusa go dira ditshekatsheko tsa mananepalo, go go romela imeile kgotsa makwalo ka poso, go go tlamela ka tshegetso ya moreki, kgotsa go rulaganyetsa dikgoroso.
Maphata otlhe a boraro a go nna jalo, a ilediwa go dirisa tshedimosetso eo kwa ntle ga fa ba tlamelana ka ditirelo tseno go Lefapha la Kago ya Matlo mme e bile ba kopiwa go tsweletsa bohupamarama ba tshedimosetso ya gago.
Lefapha la kago ya Matlo ga le dirise kgotsa la senola tshedimosetso e e masisi ya motho, jaaka lotso, tumelo, kgotsa ikamanyo ya sepolotiki, ntle le tetla e e totobetseng.
Lefapha la Kago ya Matlo le latelela diWebesaete le ditsebe tseo bareki ba rona ba di etelang mo teng ga Lefapha la Kago ya Matlo go tlhotlhomisa gore ke ditirelo dife tsa Lefapha la Kago ya Matlo tseo di ratiwang go gaisa.
Tshedimosetso eno e dirisetswa go neelana ka diteng le diphasalatso tse di tsamaelang le ditlhokego tsa bareki mo teng ga Lefapha la Matlo, go bareki bao maitsholo a bona a bontshitseng fa ba na le kgatlhego mo setlhogong se se rileng.
DiWebesaete tsa Lefapha la Kago ya Matlo di tla senola tshedimosetso ya gago ntle le go go itsise pele, fa fela le tlhoka go dira jalo ka ntlha ya molao kgotsa ka tumelo e ntle ya gore kgato ya go nna jalo e botlhokwa go: (a) obamela molao kgotsa go ikamanya le ditiragalo tsa semolao tseo Lefapha la Kago ya Matlo kgotsa Webesaete ya lona e tshwanetseng go di tlotla; (b) sireletsa le go femela ditshwanelo kgotsa thoto ya Lefapha la Boitekanelo; le (c) tsaya dikgato tsa tshoganyetso go sireletsa pabalesego ya badirisi ba Lefapha la Kago ya Matlo kgotsa setšhaba.
Tiriso ya dikuki
Lefapha la Kago ya Matlo le dirisa "dikuki" go go thusa go dira boitshupo ba maiteko a gago a letloatiriso.
Kuki ke temana e e bewang mo disiking ya gago e e popota ke sefara ya tsebe ya gago ya letloa.
Dikuki gankitla di diriswa go tsamaisa lenaneo kgotsa go gorosa divaerase mo khomphuthareng ya gago.
Dikuki tseno di neelwa we na ka tsela e e tlhaolegileng, mme di ka buiswa fela ke sefara ya letloa mo lefelong leo le go reboletseng kuki.
Nngwe ya maikaelelomagolo a dikuki ke go go neela sediriswa se se tla go somarelelang nako.
Maikalelo a kuki ke go go bolelela sefara ya Webe gore o boetse kwa tsebeng e e rileng.
Sekao, fa o dira boitshupo mo ditsebeng tsa Lefapha la Kago ya Matlo, kgotsa o kwadisa le mafelotloa kgotsa ditirelo tsa Lefapha la Dikago tsa Matlo, dikuki di thusa Lefapha la Kago ya Matlo go gakologelwa tshedimosetso e e kgathegileng mo diketelong tse di tla latelang.
Seno se nolofatsa tiragalo ya go rekota tshedimosetso ya gago jaaka aterese ya go go romelela tshupamolato, aterese ya go romelela dithoto, jalo le jalo
Fa o boela kwa Webesaeteng ya Lefapha la Kago ya Matlo, tshedimosetso e o neelaneng ka yona mo nakong e e fetileng e ka bonwa gape, gore o kgone go dirisa didiriswa tsa Lefapha la Kago ya Matlo tseo o di dirileng tsa gago bonolo fela.
O kgona go amogela kgotsa go gana dikuki.
Bontsi ba bafati mo letloeng ba amogela dikuki ka itiriso, fela ka kgona go dira gore sefati sa gago se gane dikuki fa o rata jalo.
Fa o tlhopha go gana dikuki, gankitla o kgona go itemogela ka botlalo tiriso ya sediriswa sa tlhaeletsano sa ditirelo tsa Lefapha la Kago ya Matlo kgotsa ya diWebesaete tse o di etelang.
Tshireletso ya Tshedimosetso ya Motho
Lefapha la Boitekanelo le sireletsa tshedimosetso ya motho kgatlhanong le phitlhelelo, tiriso le tshenolo e e seng mo molaong.
Lefapha la Kago ya Matlo le sireleetsa tshedimosetso ya gago e e tlhaotsweng ya motho e o tlamelanang ka yona mo disefareng tsa dikhomphuthara, ka tsela e e laolegang, mo tikologong e e sireletsegileng, e e sireleditsweng kgatlhanong le phitlhelelo, tiriso kgotsa tshenolo e e seng mo molaong.
Fa tshedimosetso ya motho (jaaka karata ya nomoro ya kerediti) e fetisewa go diWebesaete tse dingwe, e sireleditswe ka tiriso ya mokwalotshireletso jaaka porotokolo ya SSL.
Diphetogo go Polelo eno
Lefapha la Kago ya Matlo le tla ntšhafatsa Polelo ya Bohupamarama ka gale go bontsha pegelo ya setlamo le bareki.
Lefapha la Kago ya Matlo le go rotloetsa go lekola ka gale Polelo eno go bona tshedimosetso ya gore Lefapha la Kago ya Matlo le sireletsa jang tshedimosetso ya gago.
Tshedimosetso ya ikgolagano
Lefapha la Kago ya Matlo le ka itumelela go amogela ditshwaelo tsa gago mabapi le Polelo ya Bohupamarama.
Fa o dumela gore Lefapha la Matlo ga le a ikamanya le Polelo eno, tsweetswee ikgolaganye le Lefapha la Matlo mo go webmaster@kznhousing.gov.za.
Re tla dirisa matsapa a kgwebo e e amogelesegang go tlhotlhomisa bothata le go bo rarabolola. ka bonako
<Doc05>
Puo ka Moprimiri Ebrahim Rasool kwa Moletlong wa go Keteka dipholo tsa baithuti ba Materiki
Gompieno re kokoane fano go tla go akgola baithuti ba rona ba materiki bao aba dirileng go gaisa.
Re re mo go bona: Le dirile sentle! Re ipela ka lona, Porofense le Naga di ipela ka lona, batsadi ba lona ba ipela ka lona, mme se se botlhokwa go gaisa ke gore le tshwanetse go ipela ka bolona.
Lebaka la gore re tsololose boipelo mo nakong e e tshwanang le e, ke kantlha ya fa re lemoga le go amogela gore paka ya phitlhelelo e bonwa morago ga paka e telele ya mathata le ditlhabelo, eo gompieno e tlhalosang maemo a re ka a tlhalosang a le marara
Materiki e marara.
Mo dingwageng di le lesome tese di fetileng re ne ra tshwanelwa ke go fetola tsamaiso yotlhe ya thuto go tswa tebanyong ya yona ya tlhaolele.
Re bone katlego e e namatshang mabapi le tsenyeletso e kgolwane, tlhatlhobo ya lenanathuto le le lengwe, dipalo tse dikgolwane tsa bao ba falolang materiki, le temogo ya gore thuto e sekegela ditlhokego go feta tsa motho ka nosi le gore ikonomi yotlhe e ikaegile ka bokgoni boo bo tlamelwang ke tsamaiso ya thuto.
Tota materiki e marara.
Baetapele ba rona bao ba kokoaneng fano mo Lewenhof ke ba ba gaisang go feta, bao ba fitlheletseng tse dintle le bao ba tshwanelwang ke diabo tseo Porofense eno e ka neelanang ka tsona.
Re gopola gape diperesente di le 71 tsa setšhaba, eleng baithuti ba dingwaga tse di fetang 20, bao ba sa konosetsang dithuto tsa sekontari. Go bokana ka halofo ya 80 000 boo bo simolotseng Grade 1 le lona dingwaga di le 12 tse di fetileng, me bo sa kwala ditlhatlhobo ka 2004 ka ntlha ya fa bo tswile sekolo. Fela bontsintsi jo bo kwadileng, bo na le ditifikeiti tsa materiki tseo di ka se dirisweng go tsaya karolo mo ikonoming kgotsa mo dithutong tse dikgolwane ka ntlha ya tlhopho e ba e dirileng ya dirutwa.
Materiki e raraantshwa le go feta ke ntlha ya gore ga re kgona go iteba mo go lona.
Setšhaba se atlhola bokamoso ba rona ka gore lona le dira jang.
Se baya ponelopele ya sona e e siameng mo boitekanelong jwa lona.
Se baya tsholofelo ya sona ya bokamoso mo peeletsong ya rona mo tsamaisong ya thuto e e tlisang nako eno ya keteko.
Ee, karolo e tona ya ditekanyetsokabo tsa diporofense le puso ya bosetšhaba e ya kwa thutong.
Mo ngwageng ono o le nosi, ka go leka go somarela thapo ya barutabana ba le 2000, re tsere madi go tswa ditirong tse dingwe tsa porofense mme ra a isa kwa thutong.
Re tshwanetse go gagamatsa dipeeletso tsa rona mo dikolong tse di humanegileng gore tekatekano ya thuto e kgone go utlwala ka tumelo e ntsi mo bokamosong ba sekolo sengwe le sengwe sa kwa makeišeneng.
Se se botlhokwa go gaisa,Tona Dugmore le Mookamedi-Kakarateso Swartz,re ikaelela go rebola Togamaano ya Metswedi ya Botho go lolamisa peeletso e.
Re tshwanetse go rebola baithuti ba materiki bao ba itsetsepetseng mo ditlhotlhweng tsa bona, ba gaisa ka dipholo tsa bona, ba le maleba le ikonomi, ba ikanyega mo setšhabeng, mme ba le mosola go loago le botho.
Seo ke se re tlileng go se keteka gompieno.
Le emela ditsholofelo tse jaaka re aga Legae la Botlhe.
Re keteka diphitlhelo tsa lona ka gonne le dirile ka natla le go intsha ditlhabelo, batsadi ba lona ba itimile tse dintsi go le tsenya dikolo, mme le setšhaba se itimile tse dintsi go beeletsa mo bokamosong ba lona.
Bontsi ga bo itumelele ntlha e ya go keteka diphitlhelelo tsa materiki ka ntlha ya marara a materiki le ntlha ya gore tsamaiso e ya materiki gongwe e santse e bontsha masalela a nako ya tlhaolele.
Ke lona fela le ka kgonang go fenya seo ka go nna le boineelo ba go tswelela go aga Legae la Botlhe, leo le sa tlhaoleng go ya ka bosetšhaba mme e le le le lekalekaneng.
Seno se tshwanetse go bonagala mo ditlhophong tsotlhe tseo le tla di dirang go ya pele.
Go fitlha ga jaana, le ne la tshwanelwa fela ke go tlhopha gore le tla dira ka thata go le kana kang.
Setifikeiti sa gago sa Materiki se go thusa le go gapeletsa go dira ditshwetso le ditlhopho mabapi le gore o batla go nna motho wa mofuta mang le gore o batla go tshela botshelo jo bo ntseng jang.
Re a le akgola mme re le eleletsa masego.
<Doc06>
Maitlhomo a Taoloya Porojeke ya Puso ya Tlhaeletsano ka 2010 ke go:
fatlhosa phitlhelelo ya togamaano ya maikaelelo a tlhaeletsano a Sejana sa Lefatshe sa FIFA
dirisa tshono e e sa tlwaelang eno go tlhagisa le go aga kitlano le boipelo magareng ga Ma Aforikaborwa
rotloetsa baša
bapatsa naga mo lefatsheng
tlhola tlelaemete ya tlhaeletsano e e re thusang go dirisa tshono eno go itlhaganisetsa kgolo le katoloso ya ditshono
go aga boutlwelano ba Aforika.
Seno se tla fitlhelelwa ka go:
tlamelana ka boetapele le tsamasio ya tlhaeletsano ya puso mabapi le Sejana sa Lefatshe sa 2010
go aga bodirisanimmogo ba bosetšhaba ba batlhaeletsani ba poraefete le ba setšhaba, mmogo le go tsweletsa boemanokeng le batlhaeletsani mo kontinenteng le diaseporeng, gore mmogo naga le kontinente di kgone go dirisa tshono eno ya botshelo ya go tlhaeletsana.
Diragatsa diporojeke dikgolo tsa tlhaeletsano ya puso mabapi le Sejana sa Lefatshe sa 2010.
<Doc07>
Melawana ya Pharakano mo Ditseleng tsa Bosetšhaba e Fetotswe go tokafatsa pabalesego mo ditseleng.
POLOKWANE: Melawana ya Pharakano mo Ditseleng tsa Bosetšhabae fetotswe.
E bidiwa Phetolo ya bo Somesupa mme e tsentswe tirisong morago ga go phasala diwa.
Lefapha la Ditsela le Dipalangwa le itsise beng ba dikoloi diphetolo tse di latang:
Dikoloi tse dintšha tseo di tla kwadiswang morago ga 10 Phatwe 2010 di tshwanetse go nna le dinomoropolata tse di tsentsweng ka dikurufu kgotsa dilo dingwe tsa go tshwara.
Fa e le gore ga e kgone go tsenngwa mo koloing e tshwanetse go tsenngwa mo lesakaneng leo le tsamaisanang le SANS 973.
Phetolo eno e tla fokotsa bosenyi mmogo le melato ya mo pharakanong ya tsela e e dirwang ke beng ba dikoloi bao ba tlosang dinomoropolata bonolo fela go timeletsa motlhala.
Gankitla go nna bonolo go tlosa dinomoropolata le go di busetsa morago ga tiro ya bosenyi ka gonne se se tla tlhoka ditshenyegelo tsa tlaleleletso.
Nomoropolata e dirilwe ka aluminiamo e leng sengwe se se tla dirang gore go nne thata go ša moo e ka se lemogiweng ka nako ya kotsi.
Go tloga ka Ferikgong 2011, motho yo boneng laesense ya go kgweetsa ya khoutu C,C1,EC kgotsa EC1 gankitla a letlwa go kgweetsa koloi e e tlhokang laesense ya khoutu ya B kgotsa ya EB ( ka mareo a bogologolo motho wa laesense ya khoutu 10,11,13 kgotsa 14 gankitla a kgweetsa koloi e e tlhokang laesense ya khoutu ya 8.
Seno se tla diragadiwa fela go batsholadilaesense ba baša.
Palo e ntsi ya baithuti ba bakgweetsi ba dira kopo ya go kgweetsa dirori tse ditona boemong jwa dikoloi tse di botlhofo go tila diteko tsa go phaka mo meleng e e bapileng.
Nnete ke gore fela morago ga go bona dilaesense tsa go kgweetsa dirori tse ditona, ba kgweetsa dikoloi tse di botlhofo tseo ba sa di tlwaelang mme ba feleletse ba amega mo dikotsing tsa tsela.
Go solofelwa gape gore bakgweetsi botlhe bao ba boneng dilaesense tsa go kgweetsa dirori tse ditona ba tshwanetse go nna le Makwalotetla a go Kgweetsa a Porofešenale mme fela dipalopalo di kaya sengwe se se farologaneng.
Seno ke bosupi ba gore bakopi ba ne ba tlhoka dilaesense tsa go kgweetsa dikoloi tse di botlhofo mme e seng dirori tse ditona.
Didiriswa tsa Taolo ya Tsepamiso ya Dintlha tsa dibese tse dinnye le tsa magareng di tlhagisitswe jaaka tiragalo ya go bona setifikeiti seo e leng karolo ya teko ya go tlhatlhoba fa koloi e siametse tsela.
Di diragatswa go dibese tse di nnye le tsa magareng mme e seng fela mo dikoloing tseo di sa tswang go dirwa.
Mong wa koloi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go gorosa foromo ya DSCD e e tladitsweng kwa seteišeneng sa diteko.
Sediriswa sa Taolo ya Tsepamiso ya Dintlha ke sediriswa seo se thibelang thaere gore e se ke ya tswa mo riming fa thaere e ka thunya koloi e tse e tsamaya.
Phetolo ya Molawana 332 e phasaladitswe mme e neelana ka lenanetema la diteko tsa bosupi ka mowa tseo di ka diriswang go kgobokanya dikai tsa bosupi ka mowa. Setifikeiti seo se rebolwang ke modiri wa koloi kgotsa morekisi se ka diriswa jaaka bosupi mo dikgetseng fela fa se ka bontshwa.
Phetolo eno e batla go itebaganya le ntlha e e tlhagisitsweng mabapi le go nna mo moalong ga dinkgamowa go ya ka karolo 65(7) ya Molao wa Pharakano mo Ditseleng tsa Bosetšhaba wa 1996, mme e tsamaisana le SABS 1793 e bile e ka diriswa go netefatsa bontsi ba nnotagi mo moweng.
Dilo tse di latelang ke didiriswa tse di laetsweng:
"Seno se maleba thata mo nakong eno ya meletlo ka gonne se matlafatsa matsapa a rona a go lwantsha go kgweetsa ka fa tlase ga nnotagi mo ditseleng tsa rona", go bua MEC wa Ditsela le Dipalangwa, Pinky Kekana
<Doc08>
Ditirelo tsa Boitekanelo tsa Pele ga Pelego
Basetsana ba baimana le basadi ba fetisediwa go ditirelo tsa pelegiso kgotsa Diyuniti tsa Bobelegisi le Kaenokholoji (Midwife Obstetric Units -MOUs) mo ditoropong, le go ditliliniki tsa sathalaete kgotsa tse di sa suteng kwa magaeng.
DiMoU ke diyuniti tsa pelegiso tseo di tsamaiswang ke babelegisi mo ditikolong tsa baagi mo mabakeng a go thusa balwetse ba tlhokomelo ya motheo.
Go siame gore mme yo o imileng a dire peelano ya ketelo ya gagwe ya ntlha kwa tliliniking pele ga dibeke di le 20 kgotsa ka bonako jo bo kgonagalang morago ga foo.
Mme o tla fiwa tekolo e e tletseng ya ntlha le thobomaikutlo fa a eta lantlha pele ga pelego e leng sengwe se se itsiweng jaaka ketelo ya go beeletsa sebaka.
Mpa e elwa tlhoko ka diketelo tsa tatediso tsa ka gale.
Boitekanelo jwa mme le bona bo a tlhokomelwa.
O tla kalwa, kgatelelo ya madi a gagwe ya tsewa mme le motlhapologo wa gagwe wa lekolwa.
Fa go sena mathata, o tshwanetse go boa gape dibeke di le pedi morago ga ketelo ya gagwe ya ntlha go amogela dipoelo tsa diteko tse di dirilweng ka nako ya ketelo ya ntlha ya go beeletsa sebaka.
Morago ga se, o tshwanetse go tla kwa tliliniking dibeke dingwe le dingwe di le thataro go fitlhela di le 28, morago fa a le dikgwedi di le 34, morago ga foo jaaka go tla kaiwa ke tliliniki/ badiri ba MOU (palo ya diketelo e ka farologana go tswa mo lieelong le lengwe go ya go le lengwe).
Bomme ba ba imileng ba tlhatlhobelwa matshosetsi a a ka nnang teng mo boitekanelong jwa bona le jwa lesea.
Bobedi basetsana ba diolamelora le basadi ba dingwaga tse di ka fa godimo ga 35 bao ba imileng ba tsewa ba na le kgonagalo e ntsi ya go ka tsena mo kotsing
Se se raya gore ba ka nna le mathata ka nako ya pelego.
Basadi ba ba imileng ba ka tsewa e le matshosetsi a a kwa godimo fa ba na le kgatelelo ya madi e e tlhatlogileng, hisetori ya mathata mangwe mo lelapeng, mpa ya bana ba bantsi le fa ba kile ba nna le karo jaaka karo ya go belega.
Bomme baphekotsweng jaaka matshosetsi a kwa godimo ba fetisediwa go ditliliniki tsa baimana tsa letsatsi le letsatsi kwa maokelong a a maleba, mmo go dirwang diteko tse dingwe tsa tlaleletso.
Bomme ba dimpa tsa matshosetsi a a kwa godimo ba eletswa go etela ditliliniki tsa letsatsi le letsatsi tsa baimana kgafetsakgafetsa ka moo go tlhokegang.
Fa e le lantlha o etela setheo sa boitekanelo, o tla kopiwa go tlatsa foromo mme wa bulelwa faele.
Tlaya le ID ya gago, melemo efe e o kabong o e nwa, karata ya kwa tliliniking kgotsa bookelong fa e le gore o ne o kile wa ikwadisa kwa setheong.
Dimpa tsa matshosetsi a mannye di laolwa kwa di MoU (diyuniti tsa pelegiso tseo di laolwang ke babelegisi tsa balwetse ya tlhokomelo ya motheo) mo ditliliniking tsa kwa ditoropong, tsa disathalaete le tseo di sa suteng mo metsemagaeng.
Dimpa tsa matshosetsi a kwa godimo di laolwa kwa ditliliniking tsa balwetsi ba letsatsi le letsatsi kwa maokelong a kwa ditoropong le kwa maokelong a dikgaolo kwa magaeng mmogo le maokelo a maemo a kwa godimo.
<Doc09>
Lenaneo le le Lotanang la Kotlo
Lenaneo le le Lotanang la Kotlo (INP) le ikaelela go tokafatsa boemo ba kotlo ba batho botlhe ba ba tshelang mo porofenseng ya Kapabotlhaba.
Go dikarolo tse di farologaneng tsa lenaneo le.
Phepelotlase ke eng?
Phepelotlase ke bothata jo botona mo Aforikaborwa mme ke yona e tlisang malwetse le dintsho tsa bana go fetisisa.
Go fopholediwa gore bokana ka 30% ba bana ba Aforikaborwa ba itemogela tlhokego ya kotlo e e lekaneng mo dingwageng tsa go sa le gale tsa matshelo a bona.
Go se je dijo tse di lekaneng, malwetse mmogo le kgatelelo ya maikutlo tlhaloganyo le loago/manokonoko ke metlhodi e e botlhokwa ya ka bonako ya phepelotlase.
Bohuma le tlhokego ya metswedi ke dintlha tsa motheo tseo di tlisang phepelotlase.
INP e leka go itebaganya le leroborobo leno le le senang modumo ka ditsela tse di farologaneng.
Dikotlatlaleletso tsa bana
Mo boemong ba tlhokomelo ya boitekanelo ya motheo, bana bao ba tlhatlhobilweng e bile ba tlhaotswe ba na le phepelotlase (seno se akaretsa bana le bagolo bao ba nang le tshwaetso ya HIV go akarediwa le bolwetse ba mafatlha) ba tla newa dikotlatlaleletso tsa dijo go akarediwa bupi jo bo nolofaditsweng le seno sa eneji e ntsi.
Dikotlatlaleletso di newa batho ba ba tlhaotsweng go ya ka ditlhokego tse di rileng.
Badiredi ba boitekanelo ba neelana gape ka dikeletso, tshedimosetso le thuto ka ga ditsela tse di itekanetseng go gaisa tsa go ja le tsa go apaya dijo.
Dingaka tsa manenjo le tsona di neelana ka ditirelo tse di kgethegileng go baagi.
Go amusa lesea
Go thusa go lwantsha phepelotlase mo dingwageng tsa bonyana, badiredi ba boitekanelo ba rotloetsa basadi go amusa masea a bona letsele fela, dikgwedi di ka nna thataro mme morago ga foo, ba tswelele go amusa go tlaleletsa tlhagiso ya dijo tse dingwe tse di maleba, go fitlhela ngwana a na le dingwaga di le pedi.
Ditlhopho tse dingwe tsa go fepa lesea di sekasekwa le bomme bao ba nang le tshwaetso ya HIV.
Bookelo baVrendendal le Karolo ya Baimana kwa Grote Schuur ke maokelo a a Botsalano go Bana go ya ka Kgopolo ya Maokelo a a Botsalano go Bana.
Tlhokomelo le tekolo ya kgolo.
Bana botlhe ba kalwa ka gale jaaka karolo ya lenaeo la tlhokomelo le tekolo, e leng sesupo se se masisi se se bontshang fa e le gore ngwana o a gola.
Boima bo tsenngwa mo Karateng ya Tsela go ya Boitekanelong.
Mabaka a a tlholang phokotsego ya mmele a a tlhokomelwa jaaka malwetse a a tshelanwang, tlhaelo ya dijo kwa gae le tlhokomologo ya ngwana.
Malwetse a a tshelanwang a tsaya karolo e tona mo go phepelotlase mme ona a phekolwa mo boemong ba tlhokomelo ya motheo.
Letshololo le amana thata le maemo a a bokoa a bophepa jwa tikologo (kelelo ya leswe le metsi) le phepelotlase kgotsa phepo e e bokoa ya lesea, eo e leng gore e mo tsenya matshosetsi a letshololo la nako e telele.
Phokotso ya bohuma
Malapa a a humanegileng a a tlhaolwa mme a fetisediwa go mananeo a puso a phokotso ya bohuma.
Tshireletso ya dijo mo malapeng le yona e a lekolwa mme go tlamelwa ka ditsereganyo le ditshegetso tse di maleba.
Dithusadikotla tsa dibithamini
Go laola tlhaelo ya dikotla ke karolo e e botlhokwa ya tirelo.
Dikotla ke dilo tsa tlhago jaaka dibithamini le diminerale, tseo di fitlhelwang ka bonnye mo dijong mme di botlhokwa go tsweletsa boitekanelo jo bontle.
INP e neelana ka ditlaleletsadikotla tsa Bithamini A go bana ba ba lepilweng.
Bana bao ba tlhokang Bithamini A ba fokotsega mmele, ga ba kgone go gola sentle mme e bile ba ka bona ditshwaetsho le go swa ka ntlha ya tsona.
Tlhaelo ya Bithamini A e senya le matlho mme ka gale ke motlhodi wa bofofu mo baneng.
Bana ba boima bo bo kwa tlase ba tsalo ba newa dipilisi tsa Bithamini A, tseo di thusang tshoutiso ya mmele le go thusa ka kgolo ya ngwana.
Masea go tloga ka dikgwedi tsa 6-11 ba newa mothamo (tose) e le nngwe ya Bithamini (100 000 IU) go thibela malwetse a a tseneletseng.
Bana go tloga ka dikgwedi di le 12 go ya go dingwaga di le 5 ba newa mothamo e le nngwe ya 200 000 IU fa ba le dikgwedi di le 12 mme morago mothamo wa 200 000 IU , dikgwedi dingwe le dingwe di le thataro go fitlhela ngwana a nna le dingwaga di le 5.
Methamo e mengwe ya tlaleletso ya Bithamini A e fiwa bana ba ba fepetsweng tlase thata, kgotsa bao ba nang le malwetse a a tshelanwang jaaka letshololo, mmoko kgotsa tshwaetso ya HIV.
Go ntsha diboko
Phokotsego ya mmele mo baneng e ka nna gape ka ntlha ya dibokwana mme seno se ka phekolwa kwa tliliniking ka melemo ya go ntsha diboko.
Keletso ya kotlo mo maemong a a kgethegileng.
Thuto ya dikotla, tshedimosetso le thobomaikutlo di newa mo maemong otlhe a tlhokomelo go batho bao ba suleng mhama, ba ba nang ke kgatelelo e e kwa godimo ya madi, bolwetse jwa sukiri, HIV/AIDS le Mafatlha.
Lenaeokotlo la kwa dikolong tsa poraemari
Lenaeokotlo la Kwa Dikolong tsa Poraemari le fitlhelega kwa dikolong tse di tlhaotsweng go ya ka maemo a ikonomi ya tsona.
Ga jaana dikema di tsamiswa le Lefaoha la thuto.
Puso ya porofense e ikaelela go fitlhelela bana ba le 125 000 mo dikolong tsa poraemari di le 847 mo porofenseng ka 2004 ka lenaneophepo la yona.
Dijo mo ditheong
INP le yona e tsaya karolo mo go tlhokomeleng badirelwa ka tsamaiso ya dijo go tlamelana ka kotlo e e lekanyeditsweng.
Ditaelo:
Baeng ba ba etang la ntlha kwa tliliniking/bookelong ba sekontari ba tla kopiwa go tlatsa diforomo mme molwetse o tla bulelwa faele.
Tlaya le ID ya gago.
Lekwalophetisetso go tswa kwa tliliniking le tla tlhokega fa o tela bookelo.
Maokelo a tla go kopa setlankana sa gago se sentšha sa tekolo ya mogolo/lotseno (IRP5.
Tlaya le karata ya gago ya kwa bookelong fa o ne o kile wa ikwadisa kwa bookelong.
<Doc10>
Puo ka Motlatsa Tona wa Ditiro tsa Setšhaba, Rre Ntopile Kganyago, yo e leng Tokololo ya Palamente, fa go ne go kgakolwa Lenaneo la Bogare ba Tshwane kwa Kagong ya Banka ya Resefe ya Aforikaborwa, mo Tshwane.
Batlhankedi bagolwane ba bangwe ba puso
Borre le bomme ba bobegakgang
Baeng ba ba tlhaotsweng
Tshwetso e e tserweng ke Kabinete ka 1997 go rotloetsa mafapha a puso ya bosetšhaba go dira bogare ba toropo ya Tshwane go nna magae a ona la leruri, e ne e le go bontsha ponelopele e ntle, ya nako eo le ya jaanong.
Ditlamorago tsa leano le le rulagantsweng sentle go golaganya ntšhafatso ya ditoropo tsa rona le boikuelo ba puso ba tsosoloso ya ditoropo mmogo le ditlhagiso tse dingwe tsa tlhabololo ya dibaka tseo di ikaelelang go rotloetsa mekgwataolo ya ditoropo eo e tsibogelang ditshwanelo tsa botho, bonno bo bo siameng, tlhabololo ya ikonomi le tshwaragano ya loago.
Gompieno re itemogela go diragala ga ponelopele eo, e bile re keteka leeto leo re le tsamaileng go fitlha ga jaana.
Go nnile le ditherisano tseo ka gale di neng di tletse diponagalo tsa dingangisano mabapi le ditlhokego le ditlhopho tseo mafapha a puso a nang natso mabapi le ditikologo tsea a iphitlhelang mo go tsona. Fela tsena ga di a ka tsa re faposa mo maikaelelong a rona a motheo, eleng go tlhabolola mafelo le ditikologo tsa tiro tsa mafapha a puso mo bogareng jwa Tswane.
Le fa gontse jalo re tlhoka go tsaya karolo mo go ntšhafatseng toropo le go e tsosolosa.
Maikaelelo a mangwe ao e leng gore le ona a botlhokwa a akaretsa go leka go ngoka dipeeletso tsa ditheo tsa poraefete, go tlhabolola setshwano sa Tshwane jaaka motsemogolo o o botlhokwa mo Aforika le go tsweletsa matlafatso ya ikonomi ya bantsho.
Puso ke mong wa dithoto yo motona mme e bile ke meeletsi yo o kwa pele mo botshelong ba ikonomi ya pusoselegae bogolosegolo go bomassepala ba Johannesburg le Tshwane mo Gauteng.
Mafapha a tlhoka dikantoro go kgona go sekege la ditlamego tsa bona tsa go tlamela baagi ka ditirelo go kgotsofatsa thomo ya bona.
Go mo pepeneneng gore bontsi ba dikago tsa puso di wela mo maemong a a amogelesegang mme eseng a a gaisang.
Dintšhafatso, ditlhabololo le dipaakanyo di tla tlisa ditshenyegelo tsa matlole le go tsaya karolo go karolo ya BEE ya Porojeke ya Bogare jwa Tshwane.
Ngwaga mongwe le mongwe, puso ya bosetšhaba ka Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba, e dirisa go feta dibilione di le pedi tsa diranta (R2 billion) go duelela dikhiro mmogo le ditefelo tse dingwe tsa taolo ya dikago jaaka makgetho a ditirelo mo setšhabeng ka bophara moo bobedi ditheo tsa poraefete le dipusoselegae e leng baamogeladipoelo.
Le fa gontse jalo ke batsayakarolo bano bao ba solofetsweng go etelela pele tiragalo ya go tsosolosa bogare ba toropo ya Tshwane. Seno gongwe se ka akaretsa botsayakarolo jwa Puso ya Porofense ya Gauteng ka diporojeke tsa bona tse ditona tsa dipeeletso jaaka di tlhagiswa ke Kemedi ya Tlhabololo ya Ikonomi mo Gauteng (Gauteng Economic Development Agency -GEDA).
Go ya ka Lenaneo la Bogare jwa Tshwane, leo le tla itseweng jaaka "Re kgabisa Tshwane" mme le filwe setlhogo khutshwe sa "Lefelo le le Botoka go ka Dira mo go lona" tsepo e mo bathong thata (bobedi badiredipuso le setšhaba), ka ntlha ya fa e le mafelong a ba direlang mo go na moo ba kgonang go neelana le go amogela ditirelo tse di botlhokwa tsa setšhaba.
Fa re ne re itsise Leano la Dikgato tsa puso la 2004, Moporesidente Rre Thabo Mbeki o kopile gore Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba le la Ditirelo tsa Setšhaba le Tsamaiso mmogo a etele pele porojeke ya go tlhabolola ditikologo tsa mafelo a tiro tsa mafapha a puso le a badiredipuso.
Dikago tsa puso tsa setšhaba ke enjene ya neelano ka ditirelo mme batlhankedi ba puso ke lookwane leo le dirang gore enjene e tsamaye ka bonako, ka bokgoni le ka katlego.
Ka paka ya tekolo ya ditlhokego tsa porojeke, bontsi ba badiredipuso ba go neng ga ikgolaganngwa le bona ba gateletse botlhokwa jwa mafelo a a siametseng tiro ao a leng maleba le ditiro tsa bona mme ona a karetsa mafelo a ka fa teng le a kwa ntle, ke ka moo go leng botlhokwa go dirisanammogo le Tshwane Metro, eo e rwalang maikarabelo a taolo e ntsi ya dilo tsa toropo jaaka pharakano, bophepa, tshireletso, pabalesego le go ithabisa.
Ntetleng gore ke tseye tshono eno go leboga boetapele le bolaodi jwa Tshwane ka ponelopele ya bona ya go amogela porojeke eno ka go e lolamisa le Maano Tlhabololo a a Tswakaneng a bona (IPDs).
Tumalano ya maphata (MOU) eo go tla tsenwang mo go yona moragonyana gompieno fa gare ga Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba le Toropo ya Tshwane, ke netefaletso ya gore jaanong re bone lefelo leo ka bobedi re ka dirang go tloga fa go lona.
Ke kgoeletso ya maikaelelo go dirisanammogo mo dikgopolong le mo diporojekeng tseo di re tswelang mosola ka bobedi.
Molaetsa wa rona gompieno mo go lona ke gore "tiro e simolotse" mme dingwaga di le 10 tse di latelang di tla itemogela kamogelo ya dibilione di le robedi tsa diranta(R8 billion) go tswa go puso ya bosetšhaba le ditheo tsa poraefete ka ditekanyetsokabo tsa matlole, ditlhabololo tsa mannokhiro mmogo le ditirisanommogo tsa setšhaba le poraefete.
Go ya kaTaolo ya Lenaneo, go tlhomilwe Komititsamaiso magareng ga Lefapha la Ditirelo tsa Setšhaba le Taolo, Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba, Matlole a Bosetšhaba le Toropo ya Tshwane.
Gareng gat se dingwe, Komiti e tla etelela lenaneo pele, ya tlhopkomela le go lekola go tsenngwa tirisong , ya konosetsa togamamno ya tshegetso ka matlole le go netefatsa go tsenngwa tirisong go go nyalantsweng.
Lefapha le thapile Rre Dumisani Dlamini jaaka Mothusa Mokaedi Kakaretso yo o rwalang maikarabelo a taolo yotlhe ya lenaneo.
Ke a le leboga
<Doc11>
Mme Mmusakgotla, Mopimiri yo o tlotlegang, ditokololo tsa badikaranna ba bakibinete, Ditokololo tsa Ntlo, baeng ba ba tlotlegang, batlhankedi ba lefapha la kago ya matlo, bobegakgang mmogo le setšhaba ka kakaretso, le amogetswe.
Mafoko ano bagaetsho a bontsha dipolotiki tsa Aforikaborwa, bogolosegolo dipolotiki kwa Kapa Bophirima.
Le fa batho ba naga eno ba ba tletseng boineelo, e bile ba rata kgatelopele, ba dira ka natla, go batho ba maitlhomo a bona ka gale e leng go nyatsa tiro e ntle e e dirilweng ke puso ya rona e e tshwenyegang e bile e tlhokomela, mo nakong e khutshwane thata e puso e nnileng mo kantorong ka yona.
Bagaetsho, batho ba le bantsi ba ngangisane ka gore kago ya matlo ke eng, fela ntetleng ke le neele thaloso e nngwe gape.
Mo go nna kago ya matlo ga se fela ka ga mafelobonno.
Ke ka ga batho ba tsaya maikarabelo a go tsweletsa tikologo ya bona le go bopa bokamoso ba bona.
Ke ka ga go tlhola ditikologo tsa baagi tse di eletsegang mmogo le mafelobonno a a tsweletsegang.
Ke ka ga tswelelopele ka tshwaragano le tirisanommogo magareng ga ditheo tsa poraefete, ditheo tsa puso, Mekgatlho e e seng ya Puso, bogolosegolo baagi.
Kago ya matlo mo go nna e ka tlhaloswa sentle e le tiragalo eo e akaretsang go diradithulaganyo le batho boemong ba go direla batho dithulaganyo.
Kago ya matlo mo maemong a Aforikaborwa ga se kuno fela, fela ke tiragalo e e kailweng mo dikgopolotlhotlhweng tsa temokeratiki tseo batho ba naga eno ba di lwetseng thata.
Ke tiragalo e e reetsang batho, e letla batho go diragatsa ditshwanelo tsa setho tsa go tlhopha mofuta wa ntlo le kefelo leo ba batlang ntlo ya bona e agiwa mo go lona.
Ka tsela eo ga go tsela e e tlosang seriti eo eseng ya temokeratiki go tshwana le go amoga batho tshwanelo ya bona ya go tlhopha.
Ga farologana le ka nako ya tlhaolelele, jaaka mokgaretlhelaloago, batho ke pinagare ya ponelopele le togamaano ya neelano ka ditirelo.
Bagaetsho, ke ka boitumelo mo tshokologong eno go neelana ka puo ya tekanyetso ya me ya bobedi jaaka Tona ya Porofense ya Kago ya Matlo.
Ke motlotlo gape gore ke neelana ka puo eno ya tekanyetsokabo letsatsi pele ga segopotso sa dingwaga di le lesome tsa temokerasi.
Go bosupi bo bo totobetseng ba gore puso e e eteletsweng pele ke ANC e fitlheletse go le gontsi mo nakong e e kwa tlase ga dingwaga di le lesome tsa puso ya yona ya temokeratiki.
Sizenbezile - Re dirile go tlala seatla.
Ka dipalo tse di totebetseng, go tswa go ditshono tsa dikago tsa matlo di le 1.4 million tseo puso e di gorositseng, ke motlotlo go bega gore porofense ya rona e neelane ka yuniti di le 167 000, mo dingwageng di le robongwe tse di fetileng eleng 11% ya kuku ya bosetšhaba.
Se go ya ka nna, ke tiragatso e e gaisang ya seelo sefe kgotsa sefe.
Ke batla gape go bua gore ngwaga o o fetileng o ne o tletse dikgwetlho, tseo di neng tsa khuetsa neelano ya matlo ka tsela e e sa siamang mo nageng ka bophara segolobogolo mo porofenseng.
Dikgwetlho tseno di tlisitswe ke tlhagiso ya melawana le ditlamelo tsa pholisi e ntšha jaaka karolotuelo ya moamogeladipoelo ya R2 479 mmogo le tlhagiso ya Sekema sa Netefaletso ya Khansele ya Ikwadiso ya Baagamatlo ba Bosetšhaba.
Dikgato tseno ga di a ikaelela go diegisa neelano ka ditirelo fela go netefatsa gore batho ba rona ba amogela matlo a boleng bo bo rekegang.
Thuto e re ithutang yo naka go tsenya tirisong dipholisi tse le fa gontse jalo di diegidisitse neelano ka ditirelo.
Go etegetsa maemo pele, e nnile ntlha ya gore lefapha la me le ne la tswelela go dira ntle le Moakedimogolo dikgwedi di le robongwe.
Seno se ne diegisa tswelelopele thata.
Ka jalo ke thapile Mokaedimogolo, Rre Setha Maqethuka, ngwana yo o belegetsweng le go golela kwa Motse Kapa mme o na le maitemogelo a puso selegae le puso ya bosetšhaba, yo ke ratang go mo akgola le go mo amogela le fa ke setse ke dirile seo makgetlonyana a le mmalwa.
Le fa re nnile le dikgwetlho le mathata otlhe a, ke ka boipelo go itsise batho ba rona gore lefapha la me le kgonne go dirisa dimilione di le R348 , eleng 92% ya kabelo ya kago ya matlo mo Kapa Bophirima.
Diporofense dingwe ga di a dirisa le 52% ya ditekanyetsokabo tsa bona.
Seno se tlisistse tetlelelo le kamogelo ya bokana ka ditshegetso ka matlole tsa matlo di le 25 000.
Malapa a le mantsi a a humanegileng a tla bona tshono ya go itumelela maungo a temokerasi.
Seno bagaetsho se bontsha tlhatlogo e ntsi ya diyuniti di le 3000 fa go bapiswa le ngwaga o o fetileng.
Mo lebakeng le, ke rata go sekegela karolo e e botlhokwa e e tsewang ke bo mmasepala mo teng ga porofense ya rona.
Ntle le boineelo ba tiro ya lona e ntle, re ne re ka se kgone go dirisa madi.
Ke batla gape go akgola City Of Cape Town ka go dirisa 70% ya tekanyetsokabo ya rona.
Ga ke lebale batlhankedi ba me ka tiro ya bona e e tswileng diatla mmogo le go tsaya karolo ga bona mo ponelopeleng ya rona ya go agela setšhaba matlo.
Bagaetsho, nkabo ke sa bue nnete fa nka bua tse dintle fela kar tiragalo ya go neelean ka matlo.
Go santse go na le diphatlha mo tiragalong ya rona ya go neelana ka matlo.
Go fitlha ga jaana re santse re tshwanelwa ke go tokafatsa dintlha tse di masisi tse di lateng:
Bontsi ba matlo a rona ga bo ise bo ikamaganye le go suta ga pholisi- go tloga go bontsi ba matlo go ya go boleng ba matlo.
Re santse re tshwanelwa ke go fetola tiragalo ya go nnelana ka matlo go tswa go ya go neelana ka manno go ya go ya go tlhoma mafelobonno a baagi a a tsweletsegang.
Re tshwanetse go fetola botsayakarolo ba baamogeladipolelo
Re tlhoka go fetola megopolo ya batho ba rona gore ba simolole go leba matlo a a tshegeditsweng ka matlole ke puso jaaka dithoto mme seng dikuno fela.
<Doc12>
DITIRO TSA BOPODISI BA TIKOLOGO
E nnile kimologo e tona mo go mme le ngwana fa James Busakwe wa dingwaga di le 16 a ne a kopana gape le mmagwe wa tsalo ka la 7 Moranang 2006.
Mathata a simolotse fa mmagwe James a goroga kwa bookelong ba Klerksdorp ka la 6 Moranang go etela morwa wa gagwe. Baoki ba ne ba lemoga fa ngwana a filwe mosadi yo mongwe mo letsatsing le le fetileng yo o neng a re ke ena mmagwe ngwana.
Ka ponyo ya leitlho morago ga gore seo se lemogwe, baoki ba ne ba itsise Seiteišene sa Mapodisi kwa Kanana ka gonne mosadi yo o neng a tshotse ngwana a ne a file aterese ya kwa Kanana.
Ba ne ba leka go netefatsa aterese ntle le katlego.
Ga go ope wa tlhaloso ya mosadi yo o neng a itsiwe ma tereseng eno.
Maitseboa a la 6 Moranang CPF e ne ya tshwara kopano.
Mokomisenara wa nama o sa tshwere wa seteišene o ne a itsise kopano ka ga ngwana yo o utswitsweng mme a kopa mongwe le mongwe go bule matlho le ditsebe tsa bona.
Ka bo ura ya 23: 00 bona bosigo joo, mongwe wa baagi o ne a leletsa sepodisi ka tshedimosetso mabapi le mosadi yo o nnang mo tikologong ya gagwe, yo go neng go sa itsiwe fa a ne a le moimana, fela jaanong a na le ngwana wa mosimane.
Mapodisi a ne a latedisa tshedimosetso mme ka nnete ba fitlhela mosadi le ngwana.
Badiri ba bookelo ba ne ba bidiwa mme ka ponyo ya leitlho ba tlhaola ngwana mmogo le mosadi yo o neng a mo utswa go tswa kwa bookelong.
Bosupi jo bo farologaneng , go akarediwa leseka la polasetiki la kwa bookelong , bo ne ba fitlhelwa mo teng ga ntlo ya mmelaelwa.
Mosadi o ne a tshwarwa mme ngwana yo o neng a sa tswa kotsi a busediwa morago kwa bookelong koo a neng a kopana gape le maagwe moso o o latelang.
Ditiro tsa ditokololo tsa baagi mabapi le go tsaya karolo mo go fitlheleleng ngwana, di tshwanetse go akgolwa jaaka e le boleng jwa Bopodisi jwa Baagi.
Boleng jwa Bopodisi mo Tikologong fa bo ka tsenngwa tirisong le go tsweletswa ka nepo, ga bo a tshwanela go tseelwa kwa tlase.
Tswelelang ka tiro e ntle, CPF ya kwa Kanana!
Mme yo o rategang
Ke tsaya gore ke ka lesego gore ke bo ke fetile kwa seteišeneng sa lona sa mapodisi kwa Mondeor moo ke neng ka bona Jenale ya SAPS.
Ke tsaya gore e phasaladiwa gangwe ka kgwedi, mme ke fitlhetse e le puiso e e kgatlhisang.
Nna le mosadi wa me re sa tswa go simolola kgwebo e ntšha mme re rata go laletsa badiri botlhe ba gago kgotsa ba bangwe ba bona mo tikologong ya gago, go tla go nwa le rona teenyana mme gongwe re ka nna le dibesikitinyana gape.
Jaaka o itse, go simolola kgwebo e ntšha ga go bonolo mme go tlhoka nako e ntsi le matlole.
Le fa gontse jalo, re santse re dumela gore mapodisi le mafapha a mangwe otlhe a a gapeletsang molao, a botlhokwa thata go baagi ba Aforikaborwa.
Se ke sengwe fela se sennye se re ratang go go neela sona go le leboga lotlhe ka go intsha ditlhabelo go netefatsa gore rona baagi, re ka tswela ka matshelo a rona a letsatsi le letsatsi.
Re solofela go utlwa go tswa go badiri ba gago kgotsa go ba bona ka yunifomo mo lebenkeleng la rona le le potlana gore re tle itsane sentle.
Ditebogo go wena gape le go badiri botlhe ba kgapeletso ya molao mo Aforikaborwa ka boineelo ba lona le go dira ka natla go dira Aforikaborwa yo o babalesegileng.
Makwalo a makhutshwane a a nang le dintlha a ka fekesetswa kgots a imelelwa go Motseleganyi.
Re na le tshiamelo ya go tseleganya kgotsa go khutshwafatsa makwalo.
<Doc13>
PITSO YA GO TSAYA DIKGATO
Ka la 14 Motsheganong 2007, nngwe ya diatikele go tswa go SAPS Journal Online (www.sapsjournalon-line.gov.za) e ne ya tlhalosa gore batlhankedi ba le babedi ba sepodisi ba Karolo ya go Tlhaola Dirori ba tshwerwe ka ntlha ya tshenyo le tsietso. (www.sapsjournalon-line.gov.za)
Go ya ka dipego, bobedi jo, mookamedi le motlhatlhobi, bo rekisitse dirori tseo di neng di bonwe ke sepodisi morago ga go utswiwa, mme ba iponela madi.
Babelaelwa ka bobedi ba tlhageletse mo kgotlatshekelo ka la 12 Motsheganong mme kgetse e buseditswe morago go fitlha ka la 21 Phwatwe 2007.
Letsatsi morago ga foo, ka la 15 Motsheganong 2007, molatlhogo wa News 24 wa buisega jaana: "Mapodisi a le mabedi a tshwaretswe go tsaya ka dikgoka o tlhometse".
Mo nakong eno konsetabole wa moithuti le motlhatlhobi bao go begwang gore ba tshoganyeditse lebenkele la diaparo kwa Marble Hall, ba utswa madi, borukgwe le hempe.
Bosenyi mo sepodising bo tshwanetse go khutla.
Fa botsi ba rona re le baagi ba ba ikanyegang e bile ba dira ka natla, bonnye ba batlhankedi ba sepodisi ga bo itlotle, ga bo tlotle yunifomo ya bona kgotssa Molao wa Maitsholo a Mapodisi.
Ke nako jaanong ya gore re tlose dilo tsotlhe tse di sa siamang mo go SAPS go ya go ile.
Mme jaanong le ka thusa go tlosa mapodisi a a tletseng tshenyo ka go senola mo mogaleng o moša.
Ntle le go itsiwe
Fa o belaela gore mongwe wa badirikawena o dira tse di seng mo molaong, kgotsa fa o itse mongwe gape, e ka nna batlhankedi ba sepodisi, badirikawena, baagisani kgotsa batho bao o sa ba itseng, bao ba amegang kgotsa ba rulaganya go tsaya karolo mo ditirwaneng tsa bokebekwa, se o tshwanetseng go se dira fela ke go romela SMS go 32211.
Ke mogala wa bosetšhaba wa bosenyi o moša o o sa tswang go tlhagiswa ke Primedia kwa Sandton.
O ka romela SMS go 32211 ( ka tshenyegelo ya R1 SMS e le nngwe) kgotsa ya go www.crime-line.co.za.
Batsenya tshedimosetso mo dikhomphuthareng ba emetse go fetisetsa tshedimosetso kwa sepodising, seo se tla dirang sengwe ka ponyo ya leitho!
Se se itumedisang go gaisa ke gore gankitla o itsiwe.
Jaanong o na le maatla a go thusa go lwantsha bosenyi ntle le go itsenya mo kotsing.
Kgopolo eno ya Primedia ga e solofetse meputso.
Yusuf Abramjee, Morulaganyi wa Porojeke ya Kgatlhanong le Bosenyi kwa Primedia, o rile: Ga re batle leina kgotsa aterese kwa ntle ga fa o ineela go re neela tsona mme e bile ga go tlhokege ditatamente tsa sepodisi kgotsa go tlhagelela kwa kgotlatshekelo.
Seo re se batlang fela ke tshedimosetso ka disenyi gore mapodisi ba dire sengwe ka seo."
Letsholo le leša , la dimilione tsa diranta, la bosetšhaba kgatlhanong le bosenyi le kgakotswe ke Primedia kwa Sandton ka la 7 Motsheganong 2007.
Le theilwe mo tsamaisong ya Baemisabosenyi ya Boditšhabatšhaba.
Baemisabosenyi ba simolotse kwa Albuquerque, New Mexico, ka Phatwe 1976.
Ke tirisanommogo magareng ga baagi, bobegakgang le dikemedi tseo di gapeletsang molao mme le ruganyeditswe go khutlisa bosenyi le go tshola baagi ba babalesegile.
Gompieno go na le mananeo a le kana ka 1200 a Baemisabosenyi mo lefatsheng ka bophara ao a dirang mo dinageng di le 20 tseo di dirisang tshedimosetso eo ba e neetsweng ke baagi go thusa go rarabolola mathata.
Go ya ka Mokhuduthamaga wa Primedia Ltd, Rre Willima Kirsh, mananeo ano a thusitse go tshwara dikebekwa di le 600 000!
Seo motlhankedi mongwe le mongwe wa sepodisi a tshwanelwang ke go se itse mabapi le letsholo kgatlhanong le bosenyi le leša leno, ke gore le na le tshegetso ka botlalo ya Tona ya Tshireletso le Pabalesego, Rre Charles Nqakula, le Mokomisenare wa Bosetšhaba wa SAPS Jackie Selebi.
Mokomisenare Selebi o solofeditse gore " jaaka mokgatlho, re tla dira sengwe le sengwe se se mo maatleng a rona go dira gore porojeke eno e atlege."
Potso ke gore le ya go dirang ka seo?
Go tlhokega tshegetso e e tletseng ya mongwe le mongwe, eseng fela gore go nne le tsibogo ya ka potlako fa le ka amogela tshedimosetso go tswa go setheo sa megala ya bosenyi, fela le gore le bapatse kgopolo eno ka moo le ka kgonang.
Bolelelang batho botlhe, diCPF, dikolo, bamalapa la lona le ditsala ka ga tlhagiso e.
Netefatsang gore letsholo ga le solofetse meputso epe, le gore ba tla nna ba sa itsiwe le fa go ka diragala eng.
Gakologelwang gore seno ga se mogala wa tshoganyetso.
Batho ba santse ba tshwanelwa ke go bega tsa tshoganyetso kwa go 10111 kgotsa kwa diteišeneng tsa mapodisi tse di gaufi.
Ka letsholo-kgatlhanong le bosenyi leno, bobegakgang bo atoloseditse letsogo la lona go sepodisi.
Ba batla go re thusa go dira Aforikaborwa lefelo le le babalesileng go botlhe.
Fa go ne go kgakolwa tlhagisi eno ya mogala wa bosenyi, John Robbie, mogasi wa Talk Radio 702, o ne a neelana ka metšhene e le 65 ya di ID Tool.
Rre Robbie o ne a dira boikuelo mo moweng gore bareetsi ba rebole madi a go reka didiriswa tse tsa metšhene ya di ID Tool.
Barekisi wa metšhene eno, Face Technology, le bona ba ne ba thusa ka go fokoletsa tlhwatlhwa ya metšhene go ditshenyegelo tsa go e dira, e leng sengwe se se neng sa thusa ditlamo tseo di neng di rebotse madi a a lekaneng a go reka motšhene o l emongwe go bona e le mebedi.
Primedia le John Robbie ga se bona fela ba thusang sepodisi mo ntweng kgatlhanong le bosenyi.
Buisa dikgang dingwe tsa katlego mo teng ga Jenale ya SAPS kgotsa SAPS Journal Online mme o tla bona ka moo dikgetse di neng tsa rarabololwa ka thuso ya baagi.
Ka go nna teng ga letsholokgatlhanong le bosenyi, basenyi, go akarediwa bao ba leng mo tirelong ya sepodisi, ba tshwanetse go nna le netefaletso ya selo sengwe…..malatsi a bona a badilwe.
<Doc14>
Kamogelo ya ETQA ya motlamela ka ditirelo
Ditirelo tsa Puso ya Aforikaborwa
Go dira kopo go ya go ETQA go nna motlamedi wa thuto le katiso yo o amogetsweng
Tlhaloso
Melao e e mabapi le ditheo tsa Netefaletso ya Boleng ba Thuto le Katiso (ETQA) ka fa tlase Bothati jwa Borutegi e kaya gore batlamedi ba thuto le katiso ba dire kopo ya kamogelo go ETQA.
Go amogelwa, batlamedi ba thuto le katiso ba tshwanetse go kwadiswa go ya molao o o maleba.
Molao wa Dithuto tse Dikgolwane le Dithuto tsa Tlaleletso o kaya gore batlamedi ba thuto le katiso bao ba neelenang ka dithuto (dikhwalifikheišene) tse di tletseng ba kwadiswe le Lefapha la Thuto.
Motlamedi wa thuto le katiso o tshwanetse go neelana ka dielo tsa thuto /dikhwalifikheišene tseo di welang mo teng ga karolo e e tsepilweng ya setheo sa Netefaletso ya Boleng ba Thuto le Katiso (ETQA) ya Bolaodi ba Thuto le Katiso ba Karolo kgotsa Mokgatlho wa Porofešene.
Ditlhokego tsa kamogelo
* Ditlhokego tsa kamogelo di fitlhelwa mo teng ga tokomane e ebidiwang Ditlhokego le Dikaelo tsa Batlamedi mme yona e bonwa mo webesaeteng ya SAQA.
* Dithuto (le/ditekolo) tseo di neelwang ke motlamedi wa thuto le katiso di dira dieelo tsa thuto le /kgotsa dikhwalifikheišene tseo di kwadisitsweng mo Letlhomesong la Borutegi jwa Setšhaba.
* Kharikhulomo (thulaganyo, dikwalo taa diteng le tsa go ithuta) di nyalatshwa le dieelo tsa thuto le kgotsa dikhwalifikheišene.
* Go na le badiri ba ba nang le borutegi jo bo tlhokagalang ( bafatlhosi le baatlhodisi b aba kwadisitsweng
* Baithuti ba na le phitlhelelo ya tshegetso e e lekaneng ya go ithuta.
* Didiriswa le mekgwa ya ditekolo tse di diriswang go lekanyetsa ditlhokego tsa seelo sa thuto le/ khwalifikheišene di lolame , ke tsa nnete e bile di a ikanyega, mme di diriswa go etleetsa go ithuta.
Dikgato tse di tshwanetseng go latelwa
* Romela lekwalo la maikaeleo a gago a go amogelwa jaaka motlamedi wa thuto le katiso go ETQA e e maleba.
* Gorosa foromo ya kopo e mo go yona o itlhotlhwafaditseng go ETQA.
* Fa o sa newa kamogelo mme o gopola gore tiragatso ya go swetsa seo ga e a lolama, o na le tshwanelo ya go dira boikuelo.
* Leanaane la dintllhaikgolaganyo tsa diETQA le ka fitlhelwa mo webesaeteng ya SAQA.
Seno se ka tsaya go fitlha dikgwedi di le 6
Ditirelo ke mahala
Diforomo tse di tshwanetseng go tladiwa
Diforomo tsa kopo ya kamogelo ya motlamela ka ditirelo le ditokomane dingwe tse di maleba di ka bonwa go tswa go ETQA e e maleba.
Dintlhaikgolaganyo - Tsweetswee dira tlhopho e le nngwe:
